Kgaolo ya Botlhano
Jehofa o Kokobetsa ba ba Ikgodisang
1, 2. Ke ka ntlha yang fa molaetsa wa boporofeti o Isaia a neng a o naya Bajuda ba motlha wa gagwe o re ama?
JAANONG moporofeti Isaia o itebaganya le Jehofa Modimo ka go bua jaana a tennwe ke maemo a Jerusalema le Juda: “O latlhile batho ba gago, ntlo ya ga Jakobe.” (Isaia 2:6a) Ke eng se se tlhotlheleditseng Modimo gore a gane batho ba ene ka boene a neng a ba tlhophile go nna “thuo [ya gagwe] e e kgethegileng”?—Duteronome 14:2.
2 Kgang ya go bo Isaia a ile a kgala Bajuda ba motlha wa gagwe e re ama tota gompieno. Ka ntlha yang? Ka gonne seemo sa Labokeresete gompieno se tshwana thata le sa batho ba gaabo Isaia, le yone katlholo e Jehofa a e bolelang. Go ela tlhoko mafoko a ga Isaia go tla re thusa gore re tlhaloganye sentle se Modimo a se kgalang e bile go tla re thusa go ikgogona mo mekgweng e a sa e amogeleng. Ka tebelelo e kgolo he, a re tlhatlhobeng mafoko a ga Jehofa a boporofeti jaaka a kwadilwe mo go Isaia 2:6–4:1.
Ba Ikoba ka Boikgogomoso
3. Isaia o ipobola phoso efe ya batho ba gaabo?
3 Isaia o bolela jaana a ipobola phoso ya batho ba gaabo: “Ba tletse ka se se tswang kwa Botlhaba, ba dira maselamose jaaka Bafilisitia, mme ba totetswe ke bana ba batswakwa.” (Isaia 2:6b) Dingwaga di ka nna 800 pelenyana, Jehofa o ne a laetse batho ba a ba tlhophileng a re: “Lo se ka lwa iitshekolola ka sepe sa dilo tseno, [tse] ditšhaba tse ke di lelekang fa pele ga lona di [itshekolotseng ka tsone].” (Lefitiko 18:24) Jehofa o ne a pateletsa Balaame go bua jaana kaga batho ba a neng a ba tlhophile go nna thuo ya gagwe e e kgethegileng: “Ke ba bona ke le mo godimo ga mafika, e bile ke ba bona ke le mo dithoteng. Ke bale ba ntse mo metlaaganeng ba le bosi jaaka setšhaba, e bile ga ba ipalele mo gare ga ditšhaba.” (Dipalo 23:9, 12) Le fa go ntse jalo, mo motlheng wa ga Isaia batho ba ga Jehofa ba a ba tlhophileng ba tsere mekgwa e e makgapha ya ditšhaba tse di ba dikologileng e bile ba “tletse ka se se tswang kwa Botlhaba.” Go na le go tshepa Jehofa le lefoko la gagwe, ba dira “maselamose jaaka Bafilisitia.” Mo boemong jwa go nna ba itlhaotse mo merafeng, lefatshe le ‘totetswe’ ke “bana ba batswakwa”—kwantle ga pelaelo, ke batswakwa ba ba tshwaetsang batho ba Modimo ka mekgwa e e sa siamang.
4. Dikhumo le nonofo ya sesole di ama Bajuda jang mo boemong jwa go ba dira gore ba leboge Jehofa?
4 Fa Isaia a bua ka katlego ya nako eo ya tsa ikonomi le nonofo ya sesole ya Juda fa go busa Kgosi Usia, a re: “Lefatshe la bone le tletse selefera le gouta, le matlotlo a bone ga a na tekano. Lefatshe la bone le tletse dipitse, le dikara tsa bone ga di na tekano.” (Isaia 2:7) A batho ba lebogela Jehofa khumo eo le nonofo ya sesole? (2 Ditiragalo 26:1, 6-15) Le eseng! Go na le moo, ba ikanya khumo ka boyone mme ba latlha Motswedi wa yone, Jehofa Modimo. Seo se felele ka eng? “Lefatshe la bone le tletse ka medimo e e se nang mosola. Ba ikobela tiro ya diatla tsa motho, e leng se se dirilweng ke menwana ya motho. Motho wa mo lefatsheng o a obega, mme motho o a kokobediwa, e bile o ka se ka wa kgona go ba itshwarela.” (Isaia 2:8, 9) Ba faposa difatlhego tsa bone mo Modimong yo o tshelang mme ba ikobela medimo ya disetwa e e sa tsheleng.
5. Ke ka ntlha yang fa go ikobela medimo ya disetwa go sa supe boikokobetso?
5 Go ikoba e ka nna sesupo sa go ikokobetsa. Mme go ikobela dilo tse di sa tsheleng ga go na mosola, go dira gore moobamedi wa medimo ya disetwa a ‘kokobediwe,’ e nne wa maemo a a kwa tlase. Jehofa a ka itshwarela jang boleo jo bo ntseng jalo? Baobamedi bano ba medimo ya disetwa ba tla dira eng fa Jehofa a ba sekisetsa se ba se dirileng?
‘Matlho a a Mabela a Tla Kokobediwa’
6, 7. (a) Ka letsatsi la ga Jehofa la katlholo, go diragala eng ka batho ba ba ikgodisang? (b) Jehofa o tla bontsha go galefela eng le mang, mme ka ntlha yang?
6 Isaia o tswelela jaana: “Tsena mo lefikeng o iphitlhe mo loroleng ka ntlha ya go boifisa ga ga Jehofa, le ka ntlha ya tlotlomalo ya gagwe e ntlentle.” (Isaia 2:10) Mme ga go kitla go nna le letlapa lepe le legolo mo le ka ba sireletsang, le fa e le sepe se sekima mo se ka ba bipang gore Jehofa, Mothatayotlhe a se ka a ba bona. Fa a tla go diragatsa katlholo ya gagwe, “matlho a a mabela a motho wa mo lefatsheng a tla kokobediwa, le go ipega ga batho go tla kokobediwa; mme Jehofa a le esi o tla tlotlomadiwa mo letsatsing leo.”—Isaia 2:11.
7 “Letsatsi la ga Jehofa wa masomosomo” le etla. E tla bo e le nako ya gore Modimo a bontshe go galefela “masedara otlhe a Lebanona a a kwa godimo le a a tsholeditsweng le ditlhare tsotlhe tse dikgolo thata tsa Bashana; le dithaba tsotlhe tse di kwa godimo le dithota tsotlhe tse di tsholetsegileng; le tora nngwe le nngwe e e kwa godimo le lobota longwe le longwe lo lo sireletsegileng; le dikepe tsotlhe tsa Tareshishe le mekoro yotlhe e e rategang.” (Isaia 2:12-16) Ee, mokgatlho mongwe le mongwe o o dirilweng ke motho go supa boikgogomoso le motho mongwe le mongwe yo o bosula o tla elwa tlhoko mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa. Ka jalo “mabela a motho wa mo lefatsheng a tla kokobediwa, le go ipega ga batho go tla kokobediwa; mme Jehofa a le esi o tla tlotlomadiwa mo letsatsing leo.”—Isaia 2:17.
8. Letsatsi le le boleletsweng pele la katlholo le tlela Jerusalema jang ka 607 B.C.E.?
8 Letsatsi la katlholo le le boleletsweng pele le tlela Bajuda ka 607 B.C.E. fa Kgosi Nebukadenesare wa Babelona a senya Jerusalema. Banni ba koo ba bona motse wa bone o ba o ratang o tuka, dikago tsa one tse di tlotlometseng di senngwa, lebota la one le le nonofileng le thubaganngwa. Tempele ya ga Jehofa e sala e le thotobolo fela. Letlotlo la bone le fa e le dikara tsa bone ga se sepe ka “letsatsi la ga Jehofa wa masomosomo.” Medimo ya bone ya disetwa yone? Go diragala fela jaaka Isaia a bolelela pele: “Medimo e e se nang mosola e tla fetela ruri.” (Isaia 2:18) Bajuda—go akaretsa le dikgosana le banna ba ba nonofileng—ba isiwa botshwarwa kwa Babelona. Jerusalema o tla nna a swafetse dingwaga di le 70.
9. Seemo sa Labokeresete se tshwana jang le sa Jerusalema le Juda mo motlheng wa ga Isaia?
9 A bo seemo sa Labokeresete se tshwana jang ne le sa Jerusalema le Juda mo motlheng wa ga Isaia! Eleruri Labokeresete o itiretse botsala jo bogolo le ditšhaba tsa lefatshe leno. O tshegetsa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ka tlhoafalo e bile o tladitse ntlo ya gagwe ka medimo ya disetwa le ka mekgwa e e seng ya Dikwalo. Balatedi ba gagwe ba rata dikhumo mme ba tshepile nonofo ya sesole. A mme ga ba lebe baruti ba bone jaaka ba ba tshwanelwang ke tlotlo e e kwa godimo, ba ba naya maina a a ba tlotlomatsang? Ruri go ikgodisa ga Labokeresete go tla fedisiwa. Leng?
“Letsatsi la ga Jehofa” le le Atamelang
10. Moaposetoloi Paulo le moaposetoloi Petere ba bua ka ‘letsatsi la ga Jehofa’ lefe?
10 Dikwalo di bua ka “letsatsi la ga Jehofa” le le tla nnang botlhokwa thata go feta letsatsi la katlholo mo Jerusalema wa bogologolo le Juda. Moaposetoloi Paulo, o ne a tlhotlhelediwa ke moya go amanya “letsatsi la ga Jehofa” le le tlang le go nna gone ga ga Kgosi Jesu Keresete yo o beilweng bogosi. (2 Bathesalonika 2:1, 2) Petere o ne a bua ka letsatsi leo fa a ne a bua ka go tlhomiwa ga ‘magodimo a masha le lefatshe le lesha tse go tla nnang tshiamo mo go tsone.’ (2 Petere 3:10-13) Ke letsatsi le ka lone Jehofa a tla diragatsang katlholo ya gagwe mo tsamaisong yotlhe e e bosula ya dilo, go akaretsa Labokeresete.
11. (a) Ke mang yo o tla “itshokelang” “letsatsi la ga Jehofa” le le tlang? (b) Re ka dira Jehofa botshabelo jwa rona jang?
11 “Ijoo, matlhotlhapelo mo letsatsing leo,” go bua moporofeti Joele, “ka gonne letsatsi la ga Jehofa le gaufi, mme le tla tla jaaka thopo e e tswang go Yo e leng Mothatayotlhe!” E re ka “letsatsi” leo le atametse thata, a batho botlhe ga ba a tshwanela go tshwenyega kaga go bolokesega mo nakong eo e e boifisang? “Ke mang yo o ka le itshokelang?” go botsa Joele. O araba jaana: “Jehofa o tla nna botshabelo jwa batho ba gagwe.” (Joele 1:15; 2:11; 3:16) A Jehofa Modimo o tla nna botshabelo jwa batho ba ba nang le moya wa boikgodiso le ba ba tshepang dikhumo, nonofo ya sesole, le medimo e e dirilweng ke batho? Legoka! Modimo o ne a latlha le bone batho ba gagwe ba a ba tlhophileng fa ba ne ba itshwara ka tsela eno. A bo go le botlhokwa jang ne gore batlhanka botlhe ba Modimo ‘ba batle tshiamo, ba batle bopelonolo,’ mme ba tlhatlhobe ka bomasisi seabe se kobamelo ya ga Jehofa e nang le sone mo matshelong a bone!—Sefania 2:2, 3.
“Kwa Dirathing le Kwa go Bommamanthwane”
12, 13. Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore baobamedi ba medimo ya disetwa ba latlhele medimo ya bone “kwa dirathing le kwa go bommamanthwane” mo letsatsing la ga Jehofa?
12 Baobamedi ba medimo ya disetwa ba tla leba medimo ya bone ya disetwa jang mo letsatsing la ga Jehofa le legolo? Isaia o araba jaana: “Batho ba tla tsena mo dikgageng tsa mafika le mo mesimeng ya mmu ka ntlha ya go boifisa ga ga Jehofa le tlotlomalo ya gagwe e ntlentle, fa a ema gore lefatshe le rorome. Mo letsatsing leo motho wa mo lefatsheng o tla latlha medimo ya gagwe ya selefera e e se nang mosola le medimo ya gagwe ya gouta e e se nang mosola . . . a e latlhela kwa dirathing le kwa go bommamanthwane, gore a tsene mo mesimeng mo mafikeng le mo mapharong a mafika a magolo, ka ntlha ya go boifisa ga ga Jehofa le tlotlomalo ya gagwe e ntlentle, fa a ema gore lefatshe le rorome. Gore lo solegelwe molemo, tlogelang motho wa mo lefatsheng, yo mohemo wa gagwe o mo marobeng a gagwe a dinko, gonne a ka tsewa tsia ka lebaka lefe?”—Isaia 2:19-22.
13 Dirathi di nna mo mesimeng mo mmung, mme bommamanthwane ba nna mo dikgageng tse di lefifi tse di swafetseng. Mo godimo ga moo, kwa bommamanthwane ba nnang gone ba le bantsi, go nna le monko o o maswe le mekoa ya mantle. Go a tshwanela go latlhela medimo ya disetwa mo mafelong a a ntseng jalo. E tshwanelwa fela ke lefelo la lefifi le leswe. Fa e le batho bone, ba tla tshabela mo dikgageng le mo mapharong mo lefikeng ka letsatsi la katlholo ya ga Jehofa. Ka jalo medimo ya disetwa le baobamedi ba yone ba tla diragalelwa ke se se tshwanang. Fela jaaka boporofeti jwa ga Isaia bo ne bo boletse, medimo ya disetwa e e sa tsheleng ga e a ka ya falotsa baobamedi ba yone le fa e le Jerusalema mo diatleng tsa ga Nebukadenesare ka 607 B.C.E.
14. Mo letsatsing le le tlang la katlholo ya ga Jehofa a atlhola mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka, batho ba ba nang le megopolo ya lefatshe ba tla dira eng?
14 Mo letsatsing le le tlang la katlholo ya ga Jehofa a atlhola Labokeresete le dikarolo tse dingwe tsa mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka, batho ba tla dira eng? Fa batho ba setse ba lebane le maemo a a nnelang maswe go ya pele mo lefatsheng lotlhe, go ka nna ga direga gore bontsi bo lemoge gore medimo ya bone ya disetwa ga e na mosola. Mo boemong jwa yone, go ka nna ga direga gore ba batle botshabelo le tshireletso mo mekgatlhong ya lefatshe e e sa rateng dilo tsa semoya, gongwe go akaretsa le lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, ‘sebatana sa naga sa mmala wa bohibidu jo bo letlhololo’ sa Tshenolo kgaolo 17. ‘Dinaka tse di lesome’ tsa sebatana seo sa tshwantshetso ke tsone tse di tla senyang Babelona o Mogolo, mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka, o Labokeresete e leng karolo e kgolo ya one.—Tshenolo 17:3, 8-12, 16, 17.
15. Jehofa o tla “tlotlomadiwa” jang a le esi mo letsatsing la gagwe la katlholo?
15 Le fa go senngwa le go fisiwa ga Babelona o Mogolo go ka tswa go dirwa ka tlhamalalo ke dinaka tseo tse di lesome tsa tshwantshetso, gone tota di tla bo di diragatsa katlholo ya ga Jehofa. Tshenolo 18:8 e bolela jaana ka Babelona o Mogolo: “Ke gone ka moo dipetso tsa gagwe di tla tlang ka letsatsi le le lengwe, loso le khutsafalo le leuba, mme o tla jewa gotlhelele ka molelo, ka gonne Jehofa Modimo, yo o mo atlhotseng, o nonofile.” Ka jalo Jehofa Modimo, Mothatayotlhe, o tshwanelwa ke tlotlo ka ntlha ya go golola batho mo go gatelelweng ke bodumedi jwa maaka. Jaaka Isaia a bolela, “Jehofa a le esi o tla tlotlomadiwa mo letsatsing leo. Gonne ke letsatsi la ga Jehofa wa masomosomo.”—Isaia 2:11b, 12a.
‘Bagogi Ba a Lo Kgarakgatsha’
16. (a) “Setshegetso le seikokotlelo” sa setšhaba sa batho ke eng? (b) Batho ba ga Isaia ba tla boga jang fa go tlosiwa “setshegetso le seikokotlelo” sa setšhaba sa bone?
16 Gore setšhaba sa batho se kgone go tlhomama, se tshwanetse sa nna le “setshegetso le seikokotlelo” sa sone—dilo tse di tlhokegang tse di jaaka dijo le metsi, mme sa botlhokwa le go feta, baeteledipele ba ba ikanyegang ba ba kgonang go kaela batho le go dira gore go nne le tolamo mo setšhabeng. Le fa go ntse jalo, Isaia o bolelela pele jaana malebana le Iseraele wa bogologolo: “Bona! Morena wa boammaaruri, Jehofa wa masomosomo, o tlosa setshegetso le seikokotlelo mo Jerusalema le mo Juda, setshegetso sotlhe sa senkgwe le setshegetso sotlhe sa metsi, monna yo o thata le motlhabani, moatlhodi le moporofeti, le yo o dirang boitseanape le monna yo mogolwane, molaodi wa ba ba masome a matlhano le monna yo o tlotliwang thata le mogakolodi le setswerere mo tirong ya maselamose, le motshereanyi yo o setswerere.” (Isaia 3:1-3) Basimane fela e tla nna dikgosana mme ba tla busa ka go rata. Ga se fela gore baeteledipele ba tla gatelela batho mme “ruri batho ba tla patikana . . . Ba tla tlhasela, mosimane a tlhasela monnamogolo, le yo o nyatsegang a tlhasela yo o tlotliwang.” (Isaia 3:4, 5) Bana ba “tlhasela” bagolo ba bone, ba sa ba tlotle. Seemo sa botshelo se tla bo se le bosula mo e leng gore mongwe o tla raya yo mongwe yo o sa tshwanelegeng go busa a re: “O na le seaparo. O tshwanetse wa nna mmusaesi wa rona, mme batho bano ba ba menotsweng ba tshwanetse go nna kafa tlase ga seatla sa gago.” (Isaia 3:6) Mme ba ba lalediwang jalo ba tla gana, ba bolela gore ga ba na bokgoni jwa go fodisa naga e e gobaditsweng le fa e le khumo ya go sikara boikarabelo joo. Ba tla re: “Ga nkitla ke nna mohapa ntho; mme mo ntlong ya me ga go na senkgwe le fa e le seaparo. Lo se ka lwa ntlhoma go nna mmusaesi wa batho.”—Isaia 3:7.
17. (a) Boleo jwa Jerusalema le jwa Juda bo ne bo ntse “jaaka jwa Sodoma” ka tsela efe? (b) Isaia o tshwaya bomang phoso ka seemo sa batho ba gaabo?
17 Isaia o tswelela pele jaana: “Jerusalema o kgopilwe, le Juda o ole, ka gonne loleme lwa bone le ditiro tsa bone di kgatlhanong le Jehofa, ka go itshwara ka botsuolodi mo matlhong a kgalalelo ya gagwe. Tebego ya difatlhego tsa bone e supa kgatlhanong le bone, mme ba bolela ka boleo jwa bone jaaka jwa Sodoma. Ga ba a bo fitlha. A bo go latlhega moya wa bone! Gonne ba itiretse masetlapelo.” (Isaia 3:8, 9) Batho ba Modimo ba tsuologetse Modimo wa boammaaruri ka mafoko le ka ditiro. Tota le go se tlhabiwe ke ditlhong le go se ikwatlhae mo go bonalang mo difatlhegong tsa bone go senola maleo a bone a a leng makgapha fela jaaka a Sodoma. Ba mo kgolaganong le Jehofa Modimo, le fa go ntse jalo ga a kitla a fetola ditekanyetso tsa gagwe ka ntlha ya bone. “Go tla nna molemo ka mosiami, gonne ba tla ja maungo a ditiro tsa bone. A bo go latlhega moikepi!—Masetlapelo; gonne tsela e diatla tsa gagwe di neng tsa tshwara ba bangwe ka yone le ene o tla tshwarwa fela jalo! Fa e le batho ba me, baabi ba bone ba tiro ba dira ka bosetlhogo, le gone ba busiwa ke basadi. Oo, batho ba me, batho ba ba lo gogang ba a lo kgarakgatsha, mme ba tlhakatlhakantse tsela ya ditselana tsa lona.”—Isaia 3:10-12.
18. (a) Jehofa o bolela katlholo efe kgatlhanong le bagolwane le dikgosana tsa motlha wa ga Isaia? (b) Re ithuta thuto efe mo katlholong ya ga Jehofa a atlhola bagolwane le dikgosana?
18 Jehofa o ‘atlhola’ a bo a ‘tsena mo katlholong’ le bagolwane le dikgosana tsa Juda: “Lona lo fisitse tshimo ya mofine. Se se tserweng ka bonokwane mo go ba ba bogisiwang se mo matlong a lona. Lo kaya eng fa lo thubaganya batho ba me, e bile lo sila difatlhego tsa ba ba bogisiwang?” (Isaia 3:13-15) Go na le go dira gore batho ba solegelwe molemo, baeteledipele ba dira ditiro tsa tsietso. Ba dirisa thata ya bone kafa go sa tshwanelang ka teng ka go ikhumisa mme ba amoga bahumanegi le batlhoki. Mme baeteledipele bano ba tshwanetse ba ikarabela mo go Jehofa wa masomosomo ka ntlha ya go gatelela ga bone batho ba ba sotlegang. A bo seno e le tlhagiso mo go ba ba nang le maemo a boikarabelo gompieno! E kete ba ka ela tlhoko ka metlha gore ba se dirise thata ya bone ka tsela e e sa tshwanelang.
19. Labokeresete o ntse a le molato ka go gatelela le go bogisa bomang?
19 Labokeresete—segolobogolo baruti ba gagwe le batho ba gagwe ba maemo—o ile a itseela ka tsietso dilo tse dintsi tse e neng e tshwanetse ya nna tsa batho fela, ba a ba gateletseng e bile a tswelela pele a ba gatelela. Gape o iteile, a bogisa, a ba a tshwara batho ba Modimo setlhogo e bile o lerile kgobo e kgolo mo leineng la ga Jehofa. Ka nako ya gagwe e e tshwanetseng, Jehofa ruri o tla tsena mo katlholong kgatlhanong le ene.
“Letshwao la Pabolo mo Boemong Jwa Bontle”
20. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a kgala “bomorwadia Siona”?
20 Fa Jehofa a sena go kgala diphoso tsa baeteledipele, jaanong o bua le basadi ba Siona, kana Jerusalema. “Bomorwadia Siona” ba rwala “dikeetanenyana tsa maoto,” kooteng ba ikgabisa ka tsone—dikeetane tse dinnye tse ba di gokelang mo magwejaneng—tse di tsirimang ka molodi wa pina. Basadi bano ba tsaya dikgato tse dikhutshwane mme ba tsamaya “ka dikgato tse di tlang di kgopiwa,” ba tsamaya ka se se ka lejwang e le motsamao o o tlotlegang wa basadi. Mme phoso ke eng ka seno, fa e le gore yone e teng? Ke boikutlo jwa basadi bano. Jehofa a re: “Bomorwadia Siona jaanong ba mabela e bile ba tsamaya ba goleditse dithamo tsa bone e bile ba shadikanya matlho.” (Isaia 3:16) Mabela a a ntseng jalo ga a ka ke a tlhoka go otlhaelwa.
21. Basadi ba Bajuda ba amiwa jang ke katlholo ya ga Jehofa ka Jerusalema?
21 Ka gone, fa katlholo ya ga Jehofa e tla mo lefatsheng, “bomorwadia Siona” bano ba ba mabela ba tla latlhegelwa ke sengwe le sengwe—tota le ke bontle jo ba ikgogomosang jaana ka jone. Jehofa o porofeta jaana: “Jehofa o tla dira gore phogo ya tlhogo ya bomorwadia Siona e tlale magogo, mme Jehofa o tla bipolola phatla ya bone. Mo letsatsing leo Jehofa o tla tlosa bontle jwa mefitshane le meitlamo ya tlhogo le mekgabisa ya sekangwedi, manyena a a lepelelang le maseka le masire, dirwalo tsa tlhogo le dikeetanenyana tsa maoto le meitlamo ya sehuba le ‘matlo a moya’ [gongwe e ne e le dijana tsa dinkgisamonate] le dikgapetla tse di kgabisang tse di sumang [kgotsa dipheko], dipalamonwana le mehitshana ya nko, diaparo tse ditelele tsa maemo le diaparo tsa fa godimo le dikobo le dikgwama, le diipone tsa diatla le diaparo tsa kafa teng le dithathelela tlhogo le masire a magolo.” (Isaia 3:17-23; bona dintlha tse di kwa tlase mo NW.) A phetogo e e botlhoko!
22. Basadi ba Jerusalema ba latlhegelwa ke eng gape, kwantle ga mekgabisa ya bone?
22 Molaetsa wa boporofeti o tswelela o re: “Mo boemong jwa leokwane la balema go tla nkga mouta fela; mo boemong jwa moitlamo, go tla nna le mogala; mo boemong jwa moriri o o kgabisitsweng, go tla nna lefatla; mo boemong jwa seaparo se se tlhwatlhwakgolo, go tla nna le moikgatlho wa letsela la kgetsi; mme mo boemong jwa bontle go nne le letshwao la pabolo.” (Isaia 3:24) Ka 607 B.C.E., basadi ba ba ikgogomosang ba Jerusalema ba felelwa ke khumo mme ba a humanega. Ba latlhegelwa ke kgololesego ya bone mme ba bewa “letshwao la pabolo” la bokgoba.
“Ruri o Tla Tlosiwa”
23. Jehofa o bolela eng malebana le Jerusalema?
23 Jaanong Jehofa o bolela jaana a bua le motse wa Jerusalema: “Banna ba gago ba tla digwa ke tšhaka, le thata ya gago e tla digwa ke ntwa. Dikgoro tsa gagwe di tla hutsafala di bo di utlwe botlhoko, mme ruri o tla tlosiwa. O tla nna fa fatshe mo go lone lefatshe.” (Isaia 3:25, 26) Banna ba Jerusalema, tota le bathata ba gagwe, ba tla bolawa kwa ntweng. Motse o tla ribegediwa fa fatshe. Mo ‘dikgorong tsa gagwe,’ e tla bo e le nako ya go ‘hutsafala le go utlwa botlhoko.’ Jerusalema o tla “tlosiwa” le go tlogelwa a swafetse.
24. Go swa ga banna ka tšhaka go nna le diphelelo dife tse di botlhoko mo basading ba Jerusalema?
24 Go swa ga banna ka tšhaka go tla nna le diphelelo tse di botlhoko mo basading ba Jerusalema. Fa a konela karolo eno ya buka ya gagwe ya boporofeti, Isaia o bolelela pele jaana: “Basadi ba supa ba tla tshwara monna a le mongwe mo letsatsing leo, ba re: ‘Re tla ja senkgwe sa rona re bo re apara diaparo tsa rona; mme fela e kete re ka bidiwa ka leina la gago go tlosa kgobo ya rona.’” (Isaia 4:1) Go tlhaela ga banna ba ba mo dingwageng tsa go nyala go tla nna gogolo mo e leng gore basadi ba le bantsi ba tla ikgolaganya le monna a le mongwe fela gore ba bidiwe ka leina la gagwe—ke gore, ba itsewe phatlalatsa gore ke basadi ba gagwe—mme ka jalo ba se ka ba kgobiwa ka gore ga ba na monna. Molao wa ga Moshe o ne o batla gore monna a tlamele mosadi wa gagwe ka dijo le diaparo. (Ekesodo 21:10) Le fa go ntse jalo, e re ka basadi bano ba dumela gore ba tla ‘ja senkgwe sa bone ba bo ba apare diaparo tsa bone,’ ba iketleeditse go golola monna yoo mo maikarabelong a gagwe a semolao. A bo “bomorwadia Siona” ba ba kileng ba bo ba le mabela jaanong ba le mo bothateng jo bogolo jang ne!
25. Batho ba ba ikgodisang ba tla tloga ba diragalelwa ke eng?
25 Jehofa o kokobetsa batho ba ba ikgodisang. Ka 607 B.C.E., ruri o dira gore boikgodiso jwa batho ba gagwe ba a ba itlhophetseng bo ‘ikobe’ mme a dira gore “go ipega” ga bone go ‘kokobediwe.’ E kete le ka motlha Bakeresete ba boammaaruri ba ka se lebale gore “Modimo o ganetsa ba ba mabela, mme o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa ba tshwanelang.”—Jakobe 4:6.
[Setshwantsho mo go tsebe 50]
Medimo ya disetwa, dikhumo, le nonofo ya sesole ga di boloke Jerusalema ka letsatsi la ga Jehofa la katlholo
[Setshwantsho mo go tsebe 55]
Ka “letsatsi la ga Jehofa,” mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka o tla senngwa