Kgaolo ya Masomeamabedithataro
“Ga go Na Monni Ope yo o Tla Reng: ‘Ke a Bobola’”
1. Ke eng fa mafoko a Isaia 33:24 a gomotsa?
“POPO yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo go fitlha jaanong.” Moaposetoloi Paulo o ne a rialo. (Baroma 8:22) Le fa saense ya tsa kalafi e ntse e gatela pele, bolwetse le loso di tswelela pele go tshwenya batho. Ka gone, a bo tsholofetso e e konelang karolo eno ya boporofeti jwa ga Isaia e le molemo jang ne! Akanya fela ka nako e ka yone go se kitlang go nna le “monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24) Tsholofetso eno e tla diragadiwa leng le gone jang?
2, 3. (a) Setšhaba sa Iseraele se lwala ka tsela efe? (b) Asiria o dirisiwa go nna “thobane” ya Modimo ya kotlhao ka tsela efe?
2 Ka nako ya fa Isaia a kwala jaana batho ba ba nang le kgolagano le Modimo ba lwala semoyeng. (Isaia 1:5, 6) Ba tseneletse kwa teng thata mo botlhanoging le mo boitsholong jo bo sa siamang mo e leng gore ba tlhoka go otlhaiwa thata ke Jehofa Modimo. Asiria o dirisiwa jaaka “thobane” ya ga Jehofa ya go diragatsa kotlhao eo. (Isaia 7:17; 10:5, 15) La ntlha, bogosi jwa ditso tse di lesome jwa bokone jwa Iseraele bo digwa ke Baasiria ka ngwaga wa 740 B.C.E. (2 Dikgosi 17:1-18; 18:9-11) Dingwaga di se kae moragonyana, Kgosi Senakeribe wa Asiria o tlhasela bogosi jwa borwa jwa Juda ka tlhaselo e e mashetla. (2 Dikgosi 18:13; Isaia 36:1) Fa sesole se se nonofileng sa Asiria se ntse se ralala naga, go lebega go se na pelaelo epe gore Juda o tla fedisiwa gotlhelele.
3 Mme Asiria, o dira se se fetang se a filweng maatla a go se dira e leng go otlhaya batho ba Modimo, jaanong o diragatsa keletso ya gagwe ya bopelotshetlha ya go gapa lefatshe. (Isaia 10:7-11) A Jehofa o tla letla gore a nne fela a sa otlhaelwa go tshwara batho ba gagwe setlhogo? A bolwetse jwa semoya jwa setšhaba seno bo tla fodisiwa? Mo go Isaia kgaolo 33, re bala dikarabo tsa ga Jehofa tsa dipotso tseno.
Go Thopa Mothopi
4, 5. (a) Dilo di tla fetogela Asiria ka tsela efe? (b) Isaia o rapelela batho ba ga Jehofa thapelo efe?
4 Boporofeti bo simolola jaana: “A bo go latlhega wena yo o thopang, wena o sa thopiwe, le wena yo o dirang ka boferefere, mme ba bangwe ba sa go direla ka boferefere! Fela fa o fetsa go thopa, o tla thopiwa. Fela fa o fetsa go dira ka boferefere, ba tla go direla ka boferefere.” (Isaia 33:1) Isaia o bua le Asiria wa mothopi ka tlhamalalo. E re ka jaanong setšhaba seo se se ratang ntwa se na le maatla a magolo, se lebega se ka se ka sa fenngwa. Se ile sa ‘thopa mme se sa thopiwe,’ se ripitla metse ya Juda, e bile se gapela ntlo ya ga Jehofa khumo ya yone—e bile go lebega se sa go otlhaelwe! (2 Dikgosi 18:14-16; 2 Ditiragalo 28:21) Le fa go ntse jalo, jaanong dilo di tla fetoga. “O tla thopiwa,” Isaia o bolela jalo ka bopelokgale. A bo molaetsa ono o gomotsa jang ne mo bathong ba ba ikanyegang!
5 Mo nakong eo e e tshosang, baobamedi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba tla tshwanelwa ke go batla thuso kwa go ene. Ka gone, Isaia o rapela jaana: “Ao Jehofa, re bontshe kutlwelobotlhoko. Re solofetse mo go wena. Nna lebogo la rona [la maatla le tshegetso] moso mongwe le mongwe, ee, poloko ya rona mo nakong ya matshwenyego. Ditšhaba di tshabile fa go nna le modumo wa pheretlhego. Ditšhaba di phatlaladitswe ka nako ya go tsoga ga gago.” (Isaia 33:2, 3) Go a tshwanela go bo Isaia a rapela gore Jehofa a golole batho ba Gagwe jaaka A ile a dira gantsi mo nakong e e fetileng. (Pesalema 44:3; 68:1) Fela fa Isaia a se na go rapela jalo o bolelela pele karabo e e tswang kwa go Jehofa ya thapelo eo!
6. Asiria o tla diragalelwa ke eng, mme ke ka ntlha yang fa seno se tshwanela?
6 “Thopo ya lona [Baasiria] e tla phuthiwa jaaka fa mafele a kokoanya, jaaka tsie e phomesegela fa e gatlhamela motho.” (Isaia 33:4) Juda o itse ditlhaselo tse di senyang tsa ditshenekegi. Le fa go ntse jalo, jaanong baba ba Juda ke bone ba ba tla bong ba senngwa. Asiria o tla fenngwa mo go botlhoko, mme masole a yone a tla patelediwa go sia, a tlogela thopo e kgolo gore banni ba Juda ba e kokoanye! Go a tshwanela he gore Asiria, yo o itsegeng ka bosetlhogo, a utlwe gore go thopiwa go ntse jang.—Isaia 37:36.
Asiria wa Motlha wa Segompieno
7. (a) Ke bomang gompieno ba ba ka tshwantshiwang le setšhaba sa Iseraele se se lwalang semoyeng? (b) Ke mang yo o tla dirisiwang jaaka “thobane” ya ga Jehofa go senya Labokeresete?
7 Boporofeti jwa ga Isaia bo diragala jang mo motlheng wa rona? Setšhaba se se lwalang semoyeng sa Iseraele se ka tshwantshiwa le Labokeresete yo o sa ikanyegeng. Fela jaaka Jehofa a ne a dirisa Asiria jaaka “thobane” go otlhaya Iseraele, fela jalo o tla dirisa “thobane” go otlhaya Labokeresete—mmogo le dikarolo tse dingwe tsa mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka, “Babelona o Mogolo.” (Isaia 10:5; Tshenolo 18:2-8) “Thobane” eo e tla bo e le ditšhaba tse e leng maloko a lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng—mokgatlho o mo go Tshenolo o tshwantshiwang le sebatana se se ditlhogo di supa, dinaka tse di lesome, se le mmala o o bohibidu jo bo letlhololo.—Tshenolo 17:3, 15-17.
8. (a) Ke bomang ba gompieno ba ka tshwantshiwang le Senakeribe? (b) Senakeribe wa motlha wa segompieno o tla nna le sebete sa go tlhasela mang, mme go tla felela ka eng?
8 Fa Moasiria wa motlha wa segompieno a ripitla bodumedi jwa maaka, o tla lebega e kete a ka se thibiwe. E re ka a na le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga Senakeribe, Satane Diabolo o tla nna le sebete sa go tlhasela—a tlhasela le Bakeresete ba boammaaruri e seng fela mekgatlho ya batlhanogi e e tlhokang go otlhaiwa. Dimilione tsa batho ba ba duleng mo lefatsheng la ga Satane, le le akaretsang Babelona o Mogolo, ba ema kafa letlhakoreng la Bogosi jwa ga Jehofa mmogo le masalela a barwa ba ba tloditsweng ba semoya ba ga Jehofa. E re ka a galefisitswe ke gore Bakeresete ba boammaaruri ba gana go mo tlotla, “modimo wa tsamaiso eno ya dilo,” Satane, o tla ba tlhasela tota. (2 Bakorintha 4:4; Esekiele 38:10-16) Kwantle ga pelaelo tlhaselo eno e tla bo e tshosa tota, mme batho ba ga Jehofa ga ba ne ba tlhoka go kotlomana pelo ka ntlha ya go boifa. (Isaia 10:24, 25) Modimo o ba tlhomamiseditse gore o tla nna ‘poloko ya bone mo nakong ya matshwenyego.’ O tla tsenelela, a fedisa Satane le boidiidi jwa gagwe. (Esekiele 38:18-23) Fela jaaka mo metlheng ya bogologolo, ba ba lekang go thopa batho ba Modimo, go tla thopiwa bone! (Bapisa Diane 13:22b.) Leina la ga Jehofa le tla itshepisiwa, mme bafalodi ba tla duelelwa gore ba batlile “botlhale le kitso, [le] go boifa Jehofa.”—Bala Isaia 33:5, 6.
Tlhagiso Mo go Ba ba Se Nang Tumelo
9. (a) “Bagaka” le “barongwa ba kagiso” ba Juda ba tla dira eng? (b) Moasiria o tla itshwara jang fa Juda a leka go dira kagiso?
9 Le fa go ntse jalo, go tla diragala eng ka batho ba ba se nang tumelo kwa Juda? Isaia o tlhalosa tiragalo e e botlhoko ya matlhotlhapelo a a tlileng go ba wela a tlisiwa ke Asiria. (Bala Isaia 33:7.) “Bagaka” ba masole a Juda ba goa ka ntlha ya go boifa Asiria yo o ntseng a tla. “Barongwa ba kagiso,” e leng boraditherisanyo ba ba rometsweng gore ba ye go rerisanela kagiso le Baasiria ba ba ratang ntwa, ba tlile go sotliwa le go tlhabisiwa ditlhong. Ba tla lela mo go botlhoko ka ba tla bo ba paletswe. (Bapisa Jeremia 8:15.) Moasiria yo o setlhogo ga a ne a ba utlwela botlhoko. (Bala Isaia 33:8, 9.) O tla tlhokomologa ka bosetlhogo ditumalano tse a di dirileng le banni ba Juda. (2 Dikgosi 18:14-16) Moasiria o tla ‘nyatsa metse’ ya Juda, a e leba ka lonyatso le lesotlo, a sa kgathalele botshelo jwa batho. Boemo bo tla bo bo le masisi mo e leng gore lefatshe ka bolone le tla hutsafala, jaaka go ka tualo. Lebanona, Sharona, Bashana le Karemele le tsone di tla hutsafadiwa ke tshwafatso eo.
10. (a) “Bagaka” ba Labokeresete ba tla bonala jang gore ga ba na mosola? (b) Ke mang yo o tla sireletsang Bakeresete ba boammaaruri ka motlha wa matshwenyego wa Labokeresete?
10 Kwantle ga pelaelo go tla nna le maemo a a ntseng jalo gautshwane mo isagweng fa ditšhaba di simolola go tlhasela bodumedi. Fela jaaka mo motlheng wa ga Hesekia, go lwantsha masole ano a a senyang ga go kitla go thusa sepe. “Bagaka” ba Labokeresete—boradipolotiki, ba tsa madi, le batho ba bangwe ba ba nang le tlhotlheletso mo go yone—ga ba ne ba kgona go e thusa. ‘Dikgolagano’ kana ditumalano tsa bopolotiki le tsa madi tse di diretsweng go sireletsa dithoto tsa Labokeresete, di tla tlhokomologiwa. (Isaia 28:15-18) Maiteko a motsotso wa bofelo a go thibela tshenyego ka ditherisano a tla itaya se fololetse. Tsa papadi di tla ema, fa dithoto le madi tsa Labokeresete di gapiwa kana di senngwa. Batho bape ba ba sa ntseng ba na le botsalano le Labokeresete ba tla emela kgakajana fela ba hutsafaletse go fela ga gagwe. (Tshenolo 18:9-19) A Bokeresete jwa boammaaruri bo tla fedisiwa mmogo le jwa maaka? Nnyaa, gonne Jehofa ka boene o re tlhomamisetsa jaana: “‘Jaanong ke tla nanoga,’ go bua Jehofa, ‘jaanong ke tla itlotlomatsa; jaanong ke tla itsholetsa.’” (Isaia 33:10) La bofelo, Jehofa o tla tsenelela go namola batho ba ba ikanyegang, ba ba jaaka Hesekia, a bo a thibela tlhaselo ya Moasiria.—Pesalema 12:5.
11, 12. (a) Mafoko a Isaia 33:11-14 a diragadiwa leng le gone jang? (b) Mafoko a ga Jehofa a naya tlhagiso efe ya gompieno?
11 Batho ba ba sa ikanyegeng ba ka se ka ba solofela go sirelediwa jalo. Jehofa a re: “Lona lo ima bojang jo bo omileng; lo tla belega serite. Moya wa lona o tla lo laila jaaka molelo. Mme ditšhaba di tla nna jaaka go tuka ga kalaka. Di tla tshubiwa ka molelo jaaka mitlwa e e kgaotsweng. Utlwang se ke tshwanetseng ka se dira, lona ba lo kgakala! Mme lo itse thata ya me, lona ba lo gaufi. Baleofi ba a boifa kwa Siona; batlhanogi ba a roroma: ‘Ke mang wa rona yo o ka nnang ka lobaka lope lwa nako le molelo o o lailang? Ke mang wa rona yo o ka nnang ka lobaka lope lwa nako le dikgabo tse di nnetseng ruri tsa molelo?’” (Isaia 33:11-14) Go bonala gore mafoko ano a lebisitse mo nakong e Juda a tla bong a lebane le mmaba yo mosha, Babelona ka yone. Fa Hesekia a sena go swa, Juda o boela kwa ditirong tsa gagwe tse di boikepo. Mo masomeng a se kae a dingwaga a a latelang, maemo a kwa Juda a senyegela pele go fitlha setšhaba sotlhe se tshwanelwa ke go utlwa bogale jo bo tukang jwa Modimo.—Duteronome 32:22.
12 Maano a a boikepo a a logwang ke batho ba ba sa utlweng a go tila katlholo ya Modimo a itshupa a se na mosola fela jaaka serite. E bile tota, moya wa boikgodiso le botsuolodi wa setšhaba o tla dira gore se simolole ditiro tse di tla felelang ka gore se senngwe. (Jeremia 52:3-11) Baikepi ba tla “nna jaaka go tuka ga kalaka”—ba senngwa gotlhelele! Fa ba ntse ba akanya ka matlhotlhapelo ano a a tlang, banni ba ba tsuologang ba Juda ba nna le poifo e e tsitlisang marapo. Mafoko ao Jehofa a a rayang Juda yo o sa ikanyegeng a tshwantshetsa seemo sa maloko a Labokeresete gompieno. Fa ba sa utlwe tlhagiso ya Modimo, ba emetswe ke isagwe e e botlhoko.
‘Go Tsamaya ka Tshiamo e e Tswelelang Pele’
13. Motho “yo o tsamayang ka tshiamo e e tswelelang pele,” o newa tsholofetso efe, mme e ne ya diragadiwa jang mo go Jeremia?
13 Go tswa foo Jehofa o bolela jaana go bontsha pharologano: “Go na le motho yo o tsamayang ka tshiamo e e tswelelang pele e bile a bua se se thokgameng, yo o ganang papadi ya tshiamololo go tswa mo ditirong tsa boferefere, yo o tlhotlhorang diatla tsa gagwe gore a se ka a tshwara pipamolomo, yo o thibang tsebe ya gagwe gore e se ka ya reetsa tshololo ya madi, yo o tswalang matlho a gagwe gore a se ka a bona se se bosula. Ke ene yo o tla agang mo bogodimong; bogodimo jwa gagwe jo bo bolokesegileng e tla nna mafelo a mafika a magolo a go leng thata go a atamela. O tla newa senkgwe sa gagwe; metsi a gagwe a tla nna a ntse a le teng.” (Isaia 33:15, 16) Fela jaaka moaposetoloi Petere a bolela moragonyana, “Jehofa o itse kafa a ka gololang batho ba boineelo jwa bomodimo mo tekong ka gone, mme a beele batho ba ba sa siamang letsatsi la katlholo gore ba kgaolwe.” (2 Petere 2:9) Jeremia o ne a gololwa ka tsela e e ntseng jalo. Ka nako ya fa Bababelona ba ba dikanyeditse, batho ba ne ba tshwanelwa ke “go ja senkgwe sa bokete jo bo lekanyeditsweng le ka go tshwenyega ka tlhobaelo.” (Esekiele 4:16) Basadi bangwe e bile ba ne ba ja nama ya bana ba bone tota. (Dikhutsafalo 2:20) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a tlhomamisa gore Jeremia o nna a sireletsegile.
14. Bakeresete gompieno ba ka tswelela jang ba ‘tsamaya ka tshiamo e e tswelelang pele’?
14 Bakeresete gompieno le bone ba tshwanetse ba ‘tsamaya ka tshiamo e e tswelelang pele,’ ba latela ditaelo tsa ga Jehofa malatsi otlhe. (Pesalema 15:1-5) Ba tshwanetse ba “bua se se thokgameng” mme ba gane go aka le se e seng boammaaruri. (Diane 3:32) Tsietso le pipamolomo di ka tswa di tlwaelegile mo dinageng di le dintsi, mme “yo o tsamayang ka tshiamo e e tswelelang pele” di mo ferosa sebete. Gape Bakeresete ba tshwanetse ba nna le “segakolodi se se ikanyegang” mo go tsa kgwebo, ba tila ka tlhoafalo go tsena mo ditumalanong tse di belaetsang kana tsa tsietso. (Bahebera 13:18; 1 Timotheo 6:9, 10) Mme ‘yo o thibileng tsebe ya gagwe gore e se ka ya reetsa tshololo ya madi e bile a tswetse matlho a gagwe gore a se ka a bona se se bosula’ o tla tlhopha mmino le boitlosobodutu ka kelotlhoko. (Pesalema 119:37) Mo letsatsing la gagwe la katlholo, Jehofa o tla sireletsa le go tshegetsa baobamedi ba gagwe, ba ba tshelang tumalanong le ditaelo tseo.—Sefania 2:3.
Ba Bona Kgosi ya Bone
15. Batshwarwa ba ba ikanyegang ba Bajuda ba tla kgothadiwa ke tsholofetso efe?
15 Go tswa foo Isaia o naya lesedi leno le le galalelang ka isagwe: “Matlho a gago a tla bona kgosi mo bontleng jwa yone; a tla bona lefatshe le le kgakala. Pelo ya gago e tla akgela ka lentswe le le kwa tlase ka selo se se tshosang: ‘Mokwaledi o kae? Yo o duelang o kae? Yo o balang ditora o kae?’ Ga o kitla o bona setšhaba se se se nang maitseo, setšhaba se se nang le puo e e boteng thata go ka reediwa, sa loleme lo lo kwakwaetsang mo e bileng o sa lo tlhaloganye.” (Isaia 33:17-19) Tsholofetso ya gore mo isagweng go tla nna le Kgosi ya Bomesia le Bogosi jwa gagwe e tla kgothatsa Bajuda ba ba ikanyegang mo lobakeng lo loleele lwa masome a dingwaga a go isiwa botshwarwa kwa Babelona, le mororo ba bonela Bogosi joo kgakala fela. (Bahebera 11:13) Fa kgabagare puso ya ga Mesia e busa, puso e e gatelelang ya Babelona e tla bo e fetetse ruri. Bafalodi ba tlhaselo ya Moasiria ba tla botsa jaana ka boitumelo: “Batlhankedi ba mogateledi ba kae, ba ba neng ba re ntshisa lekgetho, ba re duedisa, ba tsaya sehuba mo go rona?”—Isaia 33:18, Moffatt.
16. Batho ba Modimo ba simolotse leng go kgona go “bona” Kgosi ya Bomesia, mme seo se feletse ka eng?
16 Le mororo mafoko a ga Isaia a tlhomamisa gore ba tla busiwa kwa botshwarweng jwa Babelona, mongwe le mongwe wa batshwarwa ba Bajuda o tla tshwanelwa ke go leta tsogo gore a bone karolo eno ya boporofeti e diragadiwa ka botlalo. Go tweng ka batlhanka ba Modimo gompieno? Fa e sa le ka 1914, batho ba ga Jehofa ba ntse ba kgona go “bona,” kana go lemoga, Kgosi ya Bomesia, Jesu Keresete, mo bontleng jotlhe jwa gagwe jwa semoya. (Pesalema 45:2; 118:22-26) Seo se ile sa felela ka gore ba gololwe mo kgatelelong le mo taolong ya tsamaiso e e boikepo ya ga Satane. Ba na le polokesego ya boammaaruri ya semoya ba le kafa tlase ga Siona, bonno jwa Bogosi jwa Modimo.
17. (a) Go solofediwa dilo dife malebana le Siona? (b) Dilo tse Jehofa a di solofetsang kaga Siona di diragadiwa jang mo Bogosing jwa Bomesia le mo batshegetsing ba jone ba ba mo lefatsheng?
17 Isaia o tswelela pele jaana: “Bona Siona, motse wa dinako tsa rona tsa meletlo! Matlho a gago a tla bona Jerusalema lefelo la bonno le le nnang le sa tshwenyege, mogope o o se kitlang o phuthiwa ke ope. Dimapo tsa one tsa mogope ga di kitla di somolwa, mme ga go na megala epe ya one e e tla kgaoganngwang sebedi. Mme koo Yo o Tlotlometseng e bong Jehofa o tla nna lefelo la dinoka mo go rona, la mesele e e atlhameng. Mo go lone ga go kitla go tsamaya sekepe sepe se se tsamaisiwang ka dikankase, e bile ga go kitla go kgabaganya sekepe sepe se segolo mo go lone.” (Isaia 33:20, 21) Isaia o re tlhomamisetsa gore Bogosi jwa Modimo jwa Bomesia ga bo ka ke jwa kumolwa le fa e le go senngwa. Mo godimo ga moo, go phepafetse gore tshireletso e e ntseng jalo e ya le mo batshegetsing ba ba ikanyegang ba Bogosi ba ba mo lefatsheng gompieno. Tota le fa ba le bantsi ba bone ba bona diteko tse di setlhogo, batho ba ba laolwang ke Bogosi jwa Modimo ba tlhomamisediwa gore ga go na maiteko ape a go ba fedisa jaaka phuthego a a ka atlegang. (Isaia 54:17) Jehofa o tla sireletsa batho ba gagwe jaaka mosele kana kanale e sireletsa motse. Mmaba ope yo o ba tlhaselang—tota le yo o nonofileng jaaka ‘sekepe se se tsamaisiwang ka dikankase’ kana ‘sekepe se segolo’—o tla senngwa!
18. Jehofa o amogela boikarabelo bofe?
18 Le fa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa batho ba ba ratang Bogosi jwa Modimo ba ka ikutlwa ba tshepile tshireletso ya Modimo jaana? Isaia o tlhalosa jaana: “Jehofa ke Moatlhodi wa rona, Jehofa ke Moneimolao wa rona, Jehofa ke Kgosi ya rona; ene o tla re boloka.” (Isaia 33:22) Jehofa o amogela boikarabelo jwa go sireletsa le go kaela batho ba gagwe, ba ba amogelang maemo a gagwe a go nna Molaodi yo Mogolo. Ba ineela ka go rata mo pusong ya gagwe e e tla bong e eteletswe pele ke Kgosi ya gagwe ya Bomesia, ba lemoga gore Jehofa o na le thata e seng fela ya go dira melao mme le ya go e diragatsa. Le fa go ntse jalo, ka gonne Jehofa a rata tshiamo le tshiamiso, puso ya gagwe, ka Morwawe, ga se mokgweleo mo baobameding ba gagwe. Go na le moo ba ‘solegelwa molemo’ ke go ikobela taolo ya gagwe. (Isaia 48:17) Le ka motlha ga a kitla a latlha batho ba gagwe ba ba ikanyegang.—Pesalema 37:28.
19. Isaia o tlhalosa jang kafa baba ba batho ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba tla tlhokang mosola ka teng?
19 Isaia o raya baba ba batho ba ga Jehofa ba ba ikanyegang a re: “Megala ya gago e tla repa; ga e kitla e tshwara pinagare ya yone thata; ga e a tsharolola saile. Ka nako eo le yone thopo e ntsi e tla tshwanelwa ke go kgaoganngwa; ba ba tlhotsang ba tla tsaya kgapo e kgolo.” (Isaia 33:23) Mmaba ope fela yo o tlang o tla bo a se na mosola fa a eme kgatlhanong le Jehofa fela jaaka sekepe sa ntwa se megala ya sone e repang, pinagare ya sone e kgwetlhang e bile se se na saile ya pinagare ya sekepe. Go senngwa ga baba ba Modimo go tla felela ka thopo e ntsi mo e leng gore le batho ba ba digole ba tla kgona go gapa. Ka jalo re ka tlhomamisega gore ka Kgosi Jesu Keresete, Jehofa o tla fenya baba ba gagwe mo “pitlaganong e kgolo” e e tlang.—Tshenolo 7:14.
Phodiso
20. Batho ba Modimo ba tla fodisiwa ka tsela efe, mme leng?
20 Karolo eno ya boporofeti jwa ga Isaia e konela ka tsholofetso e e itumedisang: “Ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’ Batho ba ba nnang mo lefatsheng ba tla bo ba itshwaretswe tlolo ya bone.” (Isaia 33:24) Bolwetse jo Isaia a buang ka jone tota ke jwa semoya, ka gonne bo amana le boleo, kana “tlolo.” Mo tiragatsong ya ntlha ya mafoko ano, Jehofa o solofetsa gore fa setšhaba seno se sena go gololwa mo botshwarong jwa Babelona, se tla fodisiwa semoyeng. (Isaia 35:5, 6; Jeremia 33:6; bapisa Pesalema 103:1-5.) E re ka Bajuda ba ba boang ba tla bo ba itshwaretswe maleo a bone a pele, ba tla tlhoma kobamelo e e itshekileng sesha kwa Jerusalema.
21. Baobamedi ba ga Jehofa gompieno ba fodisiwa semoyeng ka ditsela dife?
21 Le fa go ntse jalo, go na le tsela e boporofeti jwa ga Isaia bo diragadiwang ka yone gompieno. Batho ba ga Jehofa gompieno le bone ba ile ba fodisiwa semoyeng. Ba golotswe mo dithutong tsa maaka tse di jaaka go sa sweng ga moya, Tharonngwe le molelo wa dihele. Ba newa kaelo ya boitsholo, e e ba gololang mo mekgweng ya boitsholo jo bo sa siamang e bile e ba thusa go dira ditshwetso tse di siameng. Mme ka thuso ya setlhabelo sa ga Jesu Keresete sa thekololo, ba na le leina le lentle fa pele ga Modimo e bile ba na le segakolodi se se phepa. (Bakolosa 1:13, 14; 1 Petere 2:24; 1 Johane 4:10) Phodiso eno ya semoya e na le mesola mo mmeleng wa motho. Ka sekai, go tila tlhakanelodikobo ya boitsholo jo bo sa siamang le go tila go dirisa metsoko go sireletsa Bakeresete mo malwetseng a a tshelanwang a tlhakanelodikobo le mefuta mengwe ya kankere.—1 Bakorintha 6:18; 2 Bakorintha 7:1.
22, 23. (a) Isaia 33:24 e tla diragadiwa jang ka tsela e kgolo mo isagweng? (b) Gompieno baobamedi ba boammaaruri ba ititeile sehuba go dira eng?
22 Mo godimo ga moo, mafoko a Isaia 33:24 a tla diragadiwa ka tsela e kgolwane morago ga Haramagedona, mo lefatsheng le lesha la Modimo. Fa go busa Bogosi jwa Bomesia, batho ba tla bona phodiso e kgolo ya mo mmeleng fa ba ntse ba fodisiwa semoyeng. (Tshenolo 21:3, 4) Morago fela ga go senngwa ga tsamaiso ya ga Satane ya dilo, dikgakgamatso tse di tshwanang le tse Jesu a di dirileng fa a ne a le mo lefatsheng eleruri di tla diragala mo lefatsheng lotlhe. Difofu di tla bona, bosusu ba tla utlwa, digole di tla tsamaya! (Isaia 35:5, 6) Seno se tla dira gore botlhe ba ba falolang pitlagano e kgolo ba kgone go nna le seabe mo tirong e kgolo ya go dira lefatshe paradaise.
23 Moragonyana, fa tsogo e simologa, kwantle ga pelaelo ba ba boelang mo botshelong gape ba tla tsosiwa ba na le botsogo jo bontle jwa mo mmeleng. Mme fa tlhwatlhwa ya setlhabelo sa thekololo e ntse e diragadiwa go ya pele, go tla latela melemo e mengwe gape ya mo mmeleng, go fitlha batho ba itekanela. Go tswa foo, basiami ba tla “tshela” ka botlalo. (Tshenolo 20:5, 6) Ka nako eo, ka tsela ya semoya le ka tsela ya senama, “Ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” A tsholofetso e e itumedisang jang ne! E kete baobamedi botlhe ba boammaaruri gompieno ba ka ititaya sehuba gore ba nne bangwe ba ba ba tla bonang fa e diragadiwa!
[Setshwantsho mo go tsebe 344]
Isaia o rapela Jehofa a na le tsholofelo
[Ditshwantsho mo go tsebe 353]
Ka thuso ya setlhabelo sa thekololo, batho ba ga Jehofa ba na le leina le lentle fa pele ga gagwe
[Setshwantsho mo go tsebe 354]
Mo lefatsheng le lesha, go tla nna le phodiso e kgolo ya mo mmeleng