Kgaolo ya Masomeamabedirobedi
Paradaise e Tsosolositswe!
1. Ke ka ntlha yang fa ditumelo tse dintsi di bolela ka tsholofelo ya go tshela mo paradaiseng?
“GO ELETSA paradaise ke nngwe ya dikeletso tse di maatla thata tse go lebegang di sa fele mo bathong. E ka tswa e le yone e e maatla go di feta e bile e nna lobaka go di feta tsotlhe. Go eletsa Paradaise ka tsela nngwe go bonala mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa bodumedi.” Go rialo The Encyclopedia of Religion. Keletso e e ntseng jalo ke ya tlholego, ka gonne Baebele e re bolelela gore batho ba simolotse ba tshela mo Paradaiseng—tshingwana e ntle e e se nang bolwetse le loso. (Genesise 2:8-15) Ga go gakgamatse go bo ditumelo tse dintsi mo lefatsheng di bolela ka tsholofelo ya go tshela mo paradaiseng ya mofuta mongwe mo isagweng.
2. Re ka bona kae tsholofelo ya mmatota ya Paradaise ya mo isagweng?
2 Mo dikarolong di le dintsi tsa Baebele, re bala ka tsholofelo ya boammaaruri ya Paradaise ya mo isagweng. (Isaia 51:3) Ka sekai, karolo ya boporofeti jwa ga Isaia e e kwadilweng mo go kgaolo 35 e tlhalosa ka go fetolwa ga dikgaolo tse di tshwanang le sekaka di dirwa diparaka tse di tshwanang le ditshingwana le masimo a a ungwang. Difofu di simolola go bona, dimumu di kgona go bua, le bosusu ba a utlwa. Mo Paradaiseng eno e e solofeditsweng, ga go na kutlobotlhoko le fa e le go fegelwa, se se bolelang gore le loso tota ga lo tlhole lo le teng. A tsholofetso e e molemo jang ne! Mafoko ano a tshwanetse a tlhaloganngwa jang? A go na le sengwe se a re solofetsang sone gompieno? Fa re tlhatlhoba kgaolo eno ya Isaia re tla bona dikarabo tsa dipotso tseno.
Naga e e Swafetseng e a Ipela
3. Go ya ka boporofeti jwa ga Isaia, naga e tla fetolwa jang?
3 Boporofeti jwa ga Isaia jo bo tlhotlheleditsweng jwa Paradaise e e tsosolositsweng bo simolola ka mafoko ano: “Naga le kgaolo e e se nang metsi di tla itumela, le lebala le le sekaka le tla ipela le bo le ntsha dithunya jaaka saferone. Ruri le tla ntsha dithunya, mme le tla ipela ka boipelo le ka selelo sa boitumelo. Le tla newa kgalalelo ya Lebanona, le bontlentle jwa Karemele le Sharona. Go tla nna le ba ba tla bonang kgalalelo ya ga Jehofa, bontlentle jwa Modimo wa rona.”—Isaia 35:1, 2.
4. Nagagae ya Bajuda e simolola go tshwana le sekaka leng le gone jang?
4 Isaia o kwala mafoko ano mo e ka nnang ka ngwaga wa 732 B.C.E. Dingwaga di ka nna 125 moragonyana, Bababelona ba senya Jerusalema mme batho ba Juda ba isiwa botshwarwa. Nagagae ya bone e sala e se na banni, e swafetse. (2 Dikgosi 25:8-11, 21-26) Ka tsela eno go diragadiwa tlhagiso ya ga Jehofa ya gore batho ba Iseraele ba ne ba tla ya botshwarwa fa ba ne ba ka se ikanyege. (Duteronome 28:15, 36, 37; 1 Dikgosi 9:6-8) Fa setšhaba sa Bahebera se ya botshwarwa kwa nageng e sele, masimo a bone a a neng a nosediwa sentle le ditshingwana tsa maungo di tlogelwa fela di sa tlhokomelwe ka dingwaga di le 70 di bo di tshwana le sekaka.—Isaia 64:10; Jeremia 4:23-27; 9:10-12.
5. (a) Maemo a paradaise a busediwa jang mo nageng? (b) Batho ba ‘bona kgalalelo ya ga Jehofa’ ka tsela efe?
5 Le fa go ntse jalo, boporofeti jwa ga Isaia bo bolelela pele gore naga eno ga e kitla e swafala ka bosakhutleng. E tla tsosolosiwa go nna paradaise ya mmatota. E tla newa “kgalalelo ya Lebanona” le “bontlentle jwa Karemele le Sharona.”a Jang? Fa ba boa kwa botshwarwa, Bajuda ba boa gape ba kgona go lema le go nosetsa masimo a bone, mme naga ya bone e boa e nna e e nonneng jaaka pele. Jehofa ke ene fela a ka lebogelwang seno. Bajuda ba simolola go itumelela maemo ano a a tshwanang le paradaise ka ntlha ya go rata ga gagwe le tshegetso le tshegofatso ya gagwe. Batho ba kgona go bona “kgalalelo ya ga Jehofa, bontlentle jwa Modimo wa [bone]” fa ba dumela gore Jehofa ke ene a fetotseng naga ya bone ka tsela e e gakgamatsang jalo.
6. Re bona tiragatso efe ya botlhokwa ya mafoko a ga Isaia?
6 Le fa go ntse jalo, mo nageng e e tsosolositsweng ya Iseraele, go na le tiragatso ya mafoko a ga Isaia, e e botlhokwa go gaisa. Ka tsela ya semoya, Iseraele o ntse a le mo komelelong e e jaaka ya sekaka ka dingwaga di le dintsi. Fa batshwarwa ba ne ba le kwa Babelona, kobamelo e e itshekileng e ne e thibetswe tota. Go ne go se na tempele, go se na sebeso, e bile go se na thulaganyo epe ya boperesiti. Go ne go sa tlhole go dirwa ditlhabelo tsa letsatsi le letsatsi. Jaanong Isaia o porofeta phetogo. Ka kaelo ya banna ba ba tshwanang le Serubabele, Esera le Nehemia, baemedi ba ditso tsotlhe tse 12 tsa Iseraele ba boela kwa Jerusalema, ba aga tempele sesha le go obamela Jehofa ka kgololesego. (Esera 2:1, 2) Seno ruri ke paradaise ya semoya!
Go Nna le Moya wa Tlhagafalo
7, 8. Ke ka ntlha yang fa batshwarwa ba Bajuda ba tlhoka go nna le pono e e siameng, mme mafoko a ga Isaia a kgothatsa jang?
7 Mafoko a Isaia kgaolo 35 a utlwala a na le boipelo. Moporofeti o bolela isagwe e ntle malebana le setšhaba se se ikwatlhayang. Eleruri, o bua ka tshepo le tsholofelo. Makgolo a le mabedi a dingwaga moragonyana, fa Bajuda ba ba isitsweng botshwarwa ba tloga fela ba tsosolosiwa, ba tlhoka tshepo le tsholofelo e e ntseng fela jalo. Jehofa o dirisa Isaia go ba kgothatsa jaana ka tsela ya boporofeti: “Nonotshang diatla tse di bokoa, lo nitamise mangole a a kgwetlhang. Rayang ba ba pelo e tlhobaelang lo re: ‘Nonofang. Lo se ka lwa boifa. Bonang! Modimo wa lona o tla tla ka pusoloso, Modimo o tla tla le ka tuelo. O tla tla go lo boloka.’”—Isaia 35:3, 4.
8 Bofelo jwa nako e telele ya botshwarwa ke nako ya go tsaya kgato. Kgosi Kurose wa Peresia, yo Jehofa a mo dirisang go ntshetsa Babelona bogale, o boletse gore kobamelo ya ga Jehofa e tshwanetse ya busediwa kwa Jerusalema. (2 Ditiragalo 36:22, 23) Malapa a Bahebera a le diketekete a tshwanetse go ithulaganya gore a kgone go tsaya mosepele o o kotsi go tloga kwa Babelona go ya kwa Jerusalema. Fa ba goroga koo, ba tla tshwanelwa ke go aga mafelo a bonno a a lekaneng le go baakanyetsa tiro e e boitshegang ya go aga tempele le motse sesha. Bajuda bangwe kwa Babelona ba ka bona sotlhe seno e le namane e tona ya tiro. Le fa go ntse jalo, ga se nako ya go nna bokoa le go boifa. Bajuda ba tshwanetse ba nonotshana le go tshepa Jehofa. O ba tlhomamisetsa gore ba tla bolokwa.
9. Bajuda ba ba boang ba newa tsholofetso efe e e itumedisang?
9 Ba ba golotsweng kwa botshwarong jwa Babelona ba tla nna le lebaka le le utlwalang la go ipela, gonne ba tla nna le isagwe e e itumedisang fa ba boela kwa Jerusalema. Isaia o bolelela pele jaana: “Ka nako eo matlho a difofu a tla bulwa, le ditsebe tsa bosusu di tla thibololwa. Ka nako eo setlhotsa se tla palama fela jaaka kgama e tonanyana, le loleme lwa yo o sa kgoneng go bua lo tla goa ka boitumelo.”—Isaia 35:5, 6a.
10, 11. Mo Bajudeng ba ba boang, ke ka ntlha yang fa mafoko a ga Isaia a na le bokao jwa semoya, mme a kaya eng?
10 Go bonala sentle gore Jehofa o akantse ka seemo sa semoya sa batho ba gagwe. Ba ile ba otlhaiwa ka go isiwa botshwarwa dingwaga di le 70 ka ntlha ya botlhanogi jwa bone jwa pelenyana. Le fa go ntse jalo, fa Jehofa a diragatsa kotlhao ya gagwe, ga a ka a foufatsa batho ba gagwe, a ba dira bosusu, digole, kana dimumu. Ka gone, go tsosolosa setšhaba sa Iseraele ga go tlhoke gore ba fodisiwe makoa a mo mmeleng. Jehofa o tsosolosa se se neng se ba latlhegetse, e leng botsogo jwa semoya.
11 Bajuda ba ba ikwatlhayang ba fodisiwa ka tsela ya gore ba boa ba nna le ditemosi tsa bone tsa semoya—pono ya bone ya semoya le go kgona go utlwa, go ikobela le go bua lefoko la ga Jehofa. Ba simolola go lemoga gore ba tlhoka go nna ba le gaufi le Jehofa. Ka boitshwaro jwa bone jo bo molemo, ba “goa” ba baka Modimo wa bone ka boipelo. Yo pele e neng e le “setlhotsa” o simolola go tlhoafala le go nna matlhagatlhaga mo kobamelong ya gagwe go Jehofa. Ka tsela ya tshwantshetso, o tla “palama fela jaaka kgama e tonanyana.”
Jehofa o Lapolosa Batho ba Gagwe
12. Jehofa o tla segofatsa naga ka metsi go le kana kang?
12 Go thata go akanya ka paradaise e e se nang metsi. Paradaise ya kwa tshimologong kwa Edena e ne e na le metsi a mantsi. (Genesise 2:10-14) Naga e e neilweng Iseraele le yone e ne e le “lefatshe la mekgatšha e e phothoselang ya metsi, metswedi le madiba a a boteng a metsi.” (Duteronome 8:7) Go a tshwanela he go bo Isaia a solofetsa jaana ka tsela e e lapolosang: “Metsi a tla bo a pomponyegile mo nageng, le melatswana e e phothoselang mo lebaleng le le sekaka. Mme mmu o o phaphaladitsweng ke mogote o tla nna jaaka mogobe o o tletseng lotlhaka, le mmu o o nyorilweng o tla nna jaaka metswedi ya metsi. Mo lefelong le bophokoje ba nnang mo go lone, lefelo la bone la go ikhutsa, go tla nna le bojang jo botala le lotlhaka le dimela tsa koma.” (Isaia 35:6b, 7) Fa Baiseraele ba boa ba tlhokomela naga, mafelo a a swafetseng a bophokoje ba kileng ba bo ba tletse mo go one a tla tlala dimela tse di tala, tse di golang sentle. Naga e e omeletseng e e dithole e tla fetolwa “lefelo le le loraga” moo semela sa koma le matlhaka a mangwe a a ratang metsi a ka golang teng.—Jobe 8:11.
13. Ke metsi afe a semoya a mantsi a setšhaba se se tsosolositsweng se tla nnang le one?
13 Le fa go ntse jalo, selo sa botlhokwa le go feta ke metsi a semoya a boammaaruri, a Bajuda ba ba boelang gae ba tla a bonang ka bontsi. Jehofa o tla ba naya kitso, kgothatso le kgomotso ka Lefoko la gagwe. Mo godimo ga moo, banna ba ba ikanyegang ba bagolwane le dikgosana ba tla nna “jaaka melatswana ya metsi mo nageng e e se nang metsi.” (Isaia 32:1, 2) Batho ba ba rotloetsang kobamelo e e itshekileng, ba ba jaaka Esera, Hagai, Jeshua, Nehemia, Sekarea, Serubabele, ruri ba tla bo ba le bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore boporofeti jwa ga Isaia bo a diragadiwa.—Esera 5:1, 2; 7:6, 10; Nehemia 12:47.
“Tsela ya Boitshepo”
14. Tlhalosa mosepele wa go tswa Babelona go ya Jerusalema.
14 Le fa go ntse jalo, pele Bajuda ba ba ileng botshwarwa ba ka itumelela maemo ano a paradaise ya senama le ya semoya, ba tla tshwanelwa ke go tsaya mosepele o moleele o o kotsi go tswa Babelona go ya Jerusalema. Fa ba tsaya tsela e e tlhamaletseng seo se ne se tla raya gore ba ralale dikilometara di ka nna 800 tsa naga e e omeletseng e e sa tsamaegeng. Tsela e nngwe e e neng e se kitla e nna bokete thata e ne e tla ba tlhoka mosepele wa dikilometara di le 1 600. Mesepele eo ka bobedi e ne e tla dira gore ba tsamaye dikgwedi tse dintsi ba sa sireletsega e bile ba le mo kotsing ya go kopana le dibatana tsa naga mmogo le batho ba sekadibatana. Le fa go ntse jalo, ba ba dumelang boporofeti jwa ga Isaia ga ba tshwenyege thata. Ka ntlha yang?
15, 16. (a) Jehofa o naya Bajuda ba ba ikanyegang tshireletso efe fa ba le mo mosepeleng wa go ya gae? (b) Jehofa o naya Bajuda tsela e kgolo e e sireletsegileng ka kgopolo efe e nngwe?
15 Jehofa o solofetsa jaana a dirisa Isaia: “Go tla nna le tsela e kgolo teng, tsela ka boyone; mme e tla bidiwa Tsela ya Boitshepo. Yo o seng phepa ga a kitla a e kgabaganya. Mme e tla nna ya yo o tsamayang mo tseleng, mme ga go bape ba ba dieleele ba ba tla kgarakgatshegang mo go yone. Ga go kitla go nna le tau teng, mme mofuta o o garolakang wa dibatana tsa naga ga o kitla o tla mo go yone. Ga go kitla go fitlhelwa dipe teng; mme ba ba rekolotsweng ba tla tsamaya teng.” (Isaia 35:8, 9) Jehofa o tsere batho ba gagwe gape! Ke batho ba gagwe “ba ba rekolotsweng,” mme o ba tlhomamisetsa gore ba tla tsamaya ba babalesegile go ya gae. A go na le tsela ya mmatota e e papannweng, e e agetsweng kwa godimo, e e ageletsweng, go tswa Babelona go ya Jerusalema? Nnyaa, mme tshireletso ya ga Jehofa mo bathong ba gagwe mo mosepeleng wa bone e tlhomamisegile tota mo e leng gore go ntse jaaka e kete ba tsamaya mo tseleng e kgolo.—Bapisa Pesalema 91:1-16.
16 Bajuda ba sireleditswe le mo dikotsing tsa semoya. Tsela e kgolo ya tshwantshetso ke “Tsela ya Boitshepo.” Batho ba ba sa tlotleng dilo tse di boitshepo kana ba ba seng phepa semoyeng ga ba tshwanelege go tsamaya ka yone. Ga ba batlege mo nageng e e tsosolositsweng. Go a tshwanela go bo seno se kgothatsa batho ba ba amogelwang. Ga ba boele kwa Juda le Jerusalema ka boikgantsho jwa bosetšhaba kana ba ipatlela dilo dingwe. Bajuda ba ba lebang dilo ka tsela ya semoya ba lemoga gore lebaka la konokono la go boa ga bone ke gore ba ye go tlhomamisa sesha kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa mo nageng eo.—Esera 1:1-3.
Batho ba ga Jehofa ba a Ipela
17. Boporofeti jwa ga Isaia bo ile jwa gomotsa Bajuda ba ba ikanyegang jang fa ba ntse ba ile botshwarwa ka lobaka lo loleele?
17 Kgaolo 35 ya boporofeti jwa ga Isaia e felela ka kgang e e itumedisang: “Ba ba golotsweng ke Jehofa ba tla boa mme ba tle mo Siona ba goa ka boipelo; mme go ipela ka bosakhutleng go tla nna mo tlhogong ya bone. Ba tla bona boitumelo le boipelo, mme khutsafalo le go fegelwa di tla tshaba.” (Isaia 35:10) Bajuda ba ba isitsweng botshwarwa ba ba ntseng ba ikgomotsa le go inaya tsholofelo ka boporofeti jono fa ba ntse ba le kwa botshwarwa ba ka tswa ba ile ba ipotsa gore dikarolo tsa jone tse di farologaneng di tla diragadiwa jang. Ba ka tswa ba sa tlhaloganya dikarolo tse dintsi tsa boporofeti jono. Le fa go ntse jalo, go ntse go bonala sentle gore ba ne ba tla “boa mme ba tle mo Siona.”
18. Go hutsafala le go fegelwa kwa Babelona go fetoga boitumelo le boipelo jang mo lefatsheng le le tsosolositsweng?
18 Ka gone, ka ngwaga wa 537 B.C.E., banna ba ka nna 50 000 (go akaretsa le batlhanka ba feta 7 000) mmogo le basadi le bana ba tsaya mosepele wa dikgwedi tse nnè go boela kwa Jerusalema, ba tshepile Jehofa ka botlalo. (Esera 2:64, 65) Dikgwedi di se kae fela moragonyana, sebeso sa ga Jehofa se agiwa sesha, e le kgato ya ntlha ya go agiwa ga tempele e feletse. Boporofeti jwa ga Isaia jo bo nang le dingwaga tse 200 bo a diragadiwa. Go hutsafala le go fegelwa ga setšhaba fa se ne se le kwa Babelona go fetoga boitumelo le boipelo mo lefatsheng le le tsosolositsweng. Jehofa o diragaditse tsholofetso ya gagwe. Paradaise—ya mmatota mmogo le ya semoya—e tsosolositswe!
Go Tsalwa ga Setšhaba se Sesha
19. Ke ka ntlha yang fa go tshwanetse ga bolelwa gore boporofeti jwa ga Isaia bo diragadiwa ka tsela e potlana fela mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E.?
19 Gone ke boammaaruri gore mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E., Isaia kgaolo 35 e diragadiwa ka tsela e potlana. Maemo a e keteng paradaise a Bajuda ba ba boetseng gae ba leng mo go one ga a nnele ruri. Fa nako e ntse e ya, dithuto tsa bodumedi jwa maaka le bosetšhaba di kgotlela kobamelo e e itshekileng. Ka tsela ya semoya, Bajuda ba boa ba hutsafala le go fegelwa gape. Kgabagare Jehofa o a ba latlha gore e se tlhole e nna batho ba gagwe. (Mathaio 21:43) Ka ntlha ya go tlhoka kutlo gape, boitumelo jwa bone bo a fela. Seno sotlhe se lebisa kwa go diragadiweng ga Isaia kgaolo 35 ka tsela e kgolwane.
20. Ke Iseraele ofe yo mosha yo o neng a nna gone ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E.?
20 Ka nako ya ga Jehofa e e tshwanetseng, go ne ga nna le Iseraele yo mosha, wa semoya. (Bagalatia 6:16) Jesu o ne a baakanyetsa go tsalwa ga Iseraele yono yo mosha ka nako ya bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng. O ne a tsosolosa kobamelo e e itshekileng, mme ka dithuto tsa gagwe, metsi a boammaaruri a ne a boa a elela gape. O ne a fodisa balwetse, ba ba lwalang mo mmeleng le ba ba lwalang semoyeng. Go ne ga goiwa ka boipelo fa mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo a ntse a rerwa. Dibeke di le supa morago ga loso le tsogo ya gagwe, Jesu yo o galaleditsweng o ne a tlhoma phuthego ya Bokeresete, Iseraele wa semoya yo o bopilweng ka Bajuda le ba bangwe ba ba rekolotsweng ka madi a ga Jesu a a tsholotsweng, ba ba tsetsweng e le barwa ba Modimo ba semoya le bomonnawe Jesu, mme ba tlodiwa ka moya o o boitshepo.—Ditiro 2:1-4; Baroma 8:16, 17; 1 Petere 1:18, 19.
21. Malebana le phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga, ke ditiragalo dife tse di ka tsewang e le go diragadiwa ga dikarolo dingwe tsa boporofeti jwa ga Isaia?
21 Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela maloko a Iseraele wa semoya, o ne a umaka mafoko a Isaia 35:3 a re: “Tlhamalatsang diatla tse di lepeletseng le mangole a a koafaditsweng.” (Bahebera 12:12) Go bonala sentle he gore, mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., mafoko a Isaia kgaolo 35 a ne a diragadiwa. Ka tsela ya mmatota, Jesu le barutwa ba gagwe ka kgakgamatso ba ne ba dira gore difofu di bone le bosusu ba utlwe. Ba ne ba dira gore ‘ditlhotsa’ di kgone go tsamaya le dimumu di kgone go bua gape. (Mathaio 9:32; 11:5; Luke 10:9) Sa botlhokwa le go feta, batho ba ba dipelo di siameng ba ne ba tswa mo bodumeding jwa maaka mme ba ipelela paradaise ya semoya mo teng ga phuthego ya Bokeresete. (Isaia 52:11; 2 Bakorintha 6:17) Fela jaaka Bajuda ba ba neng ba boa kwa Babelona, bafalodi bano ba ne ba lemoga gore go botlhokwa go nna le moya o o siameng wa bopelokgale.—Baroma 12:11.
22. Bakeresete ba ba peloephepa ba ba batlang boammaaruri mo metlheng ya gompieno ba ile ba tsena jang mo botshwarong jwa Babelona?
22 Go tweng ka motlha wa rona? A boporofeti jwa ga Isaia bo diragadiwa ka tsela e nngwe, e e feletseng e e amang phuthego ya Bokeresete gompieno? Ee. Fa baaposetoloi ba se na go tlhokafala, palo ya Bakeresete ba ba tloditsweng ba boammaaruri e ne ya fokotsega thata, mme Bakeresete ba maaka, “mefero,” ba ne ba ata mo lefatsheng. (Mathaio 13:36-43; Ditiro 20:30; 2 Petere 2:1-3) Tota le mo lekgolong la bo19 la dingwaga, fa batho ba ba dipelo di ikanyegang ba ne ba simolola go ikgaoganya le Labokeresete mme ba batla kobamelo e e itshekileng, tsela e ba neng ba tlhaloganya dilo ka yone e ne ya nna e kgotletswe ke dithuto tse e seng tsa dikwalo. Ka 1914, Jesu o ne a tlhomiwa mo setulong sa bogosi e le Kgosi ya Bomesia, mme nakwana fela morago ga moo, batho bano ba ba neng ba senka boammaaruri ka bopeloephepa ba ne ba bonala ba na le isagwe e e letobo. Fela jaaka boporofeti bo ne bo boletse, ditšhaba di ne tsa ‘lwa le bone mme tsa fenya,’ mme maiteko a Bakeresete bano ba ba peloephepa a go rera dikgang tse di molemo a ne a kgaupediwa. Totatota, ba ne ba tsena mo botshwarong jwa Babelona.—Tshenolo 11:7, 8.
23, 24. Mafoko a ga Isaia a ile a diragadiwa ka ditsela dife mo bathong ba Modimo fa e sa le ka 1919?
23 Le fa go ntse jalo, ka 1919 dilo di ne tsa fetoga. Jehofa o ne a ntsha batho ba gagwe mo botshwarong. Ba ne ba simolola go tlogela dithuto tsa maaka tse di neng di kgotletse kobamelo ya bone pelenyana. Ka gone ba ne ba fodisiwa. Ba ne ba nna mo paradaiseng ya semoya, eo le gompieno e ntseng e anamela mo lefatsheng lotlhe. Ka tsela ya semoya, difofu di ithuta go bona le bosusu go utlwa—ba lemoga ka botlalo kafa moya o o boitshepo wa Modimo o dirang ka teng, ka metlha ba lemoga kafa ba tlhokang ka teng gore ba nne ba le gaufi le Jehofa. (1 Bathesalonika 5:6; 2 Timotheo 4:5) E re ka Bakeresete ba boammaaruri ba sa tlhole ba le dimumu, ba tlhagafaletse go “goa,” ba bolelela ba bangwe boammaaruri jwa Baebele. (Baroma 1:15) Batho ba ba neng ba le bokoa semoyeng, kana ba ‘tlhotsa,’ jaanong ba bontsha tlhoafalo le boipelo. Ka tsela ya tshwantshetso, ba kgona go “palama fela jaaka kgama e tonanyana.”
24 Bakeresete bano ba ba tsosolositsweng ba tsamaya mo ‘Tseleng ya Boitshepo.’ “Tsela” eno, e e ntshang batho mo Babelona o Mogolo e ba isa mo paradaiseng ya semoya, e bulegetse baobamedi botlhe ba ba phepa semoyeng. (1 Petere 1:13-16) Ba ka ikaega ka Jehofa gore a ba sireletse mme ba tshepe gore Satane ga a ne a atlega mo ditlhaselong tsa gagwe tsa bophologolo tsa go leka go fedisa kobamelo ya boammaaruri. (1 Petere 5:8) Batho ba ba sa utlweng le bape fela ba ba itshwarang jaaka dibatana tsa naga tse di gagolakang ga ba letlelelwe go kgotlela batho ba ba mo tseleng e kgolo ya Modimo ya boitshepo. (1 Bakorintha 5:11) E re ka ba sireleditswe jalo, batho ba Jehofa a ba rekolotseng—batlodiwa le ba “dinku tse dingwe”—ba ipelela go direla Modimo o o osi wa boammaaruri.—Johane 10:16.
25. A Isaia kgaolo 35 e tla diragadiwa ka tsela ya mmatota? Tlhalosa.
25 Go tweng ka isagwe? A boporofeti jwa ga Isaia bo tla tsamaya bo diragadiwa ka tsela ya mmatota? Ee. Diphodiso tsa dikgakgamatso tse di neng tsa dirwa ke Jesu le baaposetoloi ba gagwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga di ne di bontsha keletso ya ga Jehofa le bokgoni jwa gagwe jwa go ka diragatsa diphodiso tse di ntseng jalo ka selekanyo se segolo mo isagweng. Dipesalema tse di kwadilweng ka tlhotlheletso di bua ka botshelo jo bo sa khutleng mo maemong a kagiso mo lefatsheng. (Pesalema 37:9, 11, 29) Jesu o ne a solofetsa botshelo mo Paradaiseng. (Luke 23:43) Go fitlha fela kwa bukeng ya yone ya bofelo, Baebele e naya tsholofelo ya paradaise ya mmatota. Ka nako eo, difofu, bosusu, digole le dimumu di tla fodisiwa makoa a tsone a mmele e bile e le ka tsela e e nnelang ruri. Khutsafalo le go fegelwa di tla nyelela. Go tla ipelwa tota ka bosakhutleng.—Tshenolo 7:9, 16, 17; 21:3, 4.
26. Mafoko a ga Isaia a nonotsha Bakeresete jang gompieno?
26 Fa Bakeresete ba boammaaruri ba ntse ba emetse go tsosolosiwa ga Paradaise ya mmatota ya mo lefatsheng, tota le gone jaanong ba itumelela masego a paradaise ya semoya. Ba lebana le diteko le dipitlagano ka tsholofelo. E re ka ba tshepa Jehofa ka nitamo, ba a kgothatsana, ba ikobela kgakololo e e reng: “Nonotshang diatla tse di bokoa, lo nitamise mangole a a kgwetlhang. Rayang ba ba pelo e tlhobaelang lo re: ‘Nonofang. Lo se ka lwa boifa.’” Ba ikanya tsholofetso eno ya boporofeti ka botlalo: “Bonang! Modimo wa lona o tla tla ka pusoloso, Modimo o tla tla le ka tuelo. O tla tla go lo boloka.”—Isaia 35:3, 4.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Dikwalo di tlhalosa Lebanona wa bogologolo e le naga e e ungwang e e nang le dikgwa tse di kitlaneng le ditlhare tse dikgolo tsa masedara, fela jaaka Tshimo ya Edena. (Pesalema 29:5; 72:16; Esekiele 28:11-13) Sharona e ne e itsege ka melatswana ya yone le dikgwa tsa yone tsa ditlhare tsa moakere; Karamele e ne e itsege ka masimo a yone a mofine, ditshingwana tsa maungo, le mekgokolosa ya teng e e apesitsweng ka ditšheshe.
[Setshwantsho se se tletseng ka tsebe 370]
[Ditshwantsho mo go tsebe 375]
Mafelo a a dikaka a fetoga mafelo a lotlhaka le dimela tsa koma a a nang le metsi a mantsi
[Setshwantsho mo go tsebe 378]
Jesu o ne a fodisa balwetse, ka tsela ya semoya le ka tsela ya mmatota