Kgaolo ya Masomeamabedirobongwe
Tumelo ya Kgosi e a Duelwa
1, 2. Hesekia o ne a itshupa jang e le kgosi e e botoka mo go Ahase?
HESEKIA o ne a na le dingwaga di le 25 fa a ne a nna kgosi ya Juda. O ne a tla nna mmusi yo o ntseng jang? A o ne a tla latela dikgato tsa ga rraagwe, e bong Kgosi Ahase, a bo a tlhotlheletsa gore babusiwa ba gagwe ba sale medimo ya maaka morago? Kgotsa a o ne a tla etelela batho pele mo kobamelong ya ga Jehofa, jaaka go ne ga dira rraagwemogolo e bong Kgosi Dafide?—2 Dikgosi 16:2.
2 Fela fa Hesekia a se na go bewa bogosi, go ne ga bonala sentle gore o ne a ikaeletse “go dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa.” (2 Dikgosi 18:2, 3) Mo ngwageng wa gagwe wa ntlha, o ne a laela gore tempele ya ga Jehofa e baakanngwe mme ditiro tsa kwa tempeleng di boe di dirwe gape. (2 Ditiragalo 29:3, 7, 11) Go tswa foo o ne a rulaganya mokete o mogolo wa Tlolaganyo o setšhaba sotlhe se neng sa lalediwa kwa go one—go akaretsa le ditso tse di lesome tsa bokone tsa Iseraele. A bo e ne e le mokete o mogolo jang ne! Go ne go ise go ke go nne le ope o o tshwanang le one e sa le mo metlheng ya ga Kgosi Solomone.—2 Ditiragalo 30:1, 25, 26.
3. (a) Banni ba Iseraele le Juda ba ba neng ba ile kwa Tlolaganyong e e neng e rulagantswe ke Hesekia ba ne ba tsaya kgato efe? (b) Bakeresete gompieno ba ithuta eng mo kgatong e e tserweng ka go ititaya sebete ke batho ba ba neng ba ile Tlolaganyong eo?
3 Fa moletlo wa Tlolaganyo o fela, ba ba neng ba tlile ba ne ba tlhotlheletsega gore ba reme dikota tse di boitshepo, ba thube dipilara tse di boitshepo, ba dige mafelo a a kwa godimo le dibeso tsa medimo ya bone ya maaka, mme morago ga moo ba boela kwa metseng ya bone, ba ititeile sehuba gore ba tla direla Modimo wa boammaaruri. (2 Ditiragalo 31:1) A bo seo se ne se farologane jang ne le boikutlo jwa bone jwa pele ka bodumedi! Seno se ka ruta Bakeresete ba boammaaruri gompieno kafa go leng botlhokwa ka gone gore ‘ba se ka ba lesa go phuthega mmogo ga bone.’ Dikokoano tse di ntseng jalo, e ka tswa e le tsa phuthego ya lefelo la bone kana e le tse dikgolwane jaaka dikopano tse di nnye le tse dikgolo, di thusa thata gore ba amogele kgothatso le go rotloediwa ke bakaulengwe mmogo le ke moya o o boitshepo wa Modimo gore ba ‘tlhotlheletsane mo loratong le mo ditirong tse di molemo.’—Bahebera 10:23-25.
Tumelo e a Lekwa
4, 5. (a) Hesekia o bontshitse jang gore ga a ikaega ka Asiria? (b) Senakeribe o tsere kgato efe kgatlhanong le Juda, mme Hesekia o dira eng go tila tlhaselo ya ka bofefo mo Jerusalema? (c) Hesekia o ipaakanyetsa go sireletsa Jerusalema jang mo Baasirieng?
4 Jerusalema o tlile go nna le diteko tse di masisi. Hesekia o sentse kgolagano e rraagwe yo o se nang tumelo e bong Ahase a neng a e dirile le Baasiria. E bile o fentse Bafilisitia, ba e leng ditsala tsa Asiria. (2 Dikgosi 18:7, 8) Seno se galefisitse kgosi ya Asiria. Ka gone, re bala jaana: “Ga diragala mo ngwageng wa bolesome le bonè wa ga Kgosi Hesekia gore Senakeribe kgosi ya Asiria a tsogologele metse yotlhe e e sireletsegileng ya Juda mme a e gapa.” (Isaia 36:1) Hesekia o dumela go duela Senakeribe sehuba sa madi a a boitshegang a ditalenta tsa selefera di le 300 le ditalenta tsa gouta di le 30, gongwe a solofetse gore o tla sireletsa Jerusalema mo tlhaselong ya ka bofefo ya masole a a sa boeleng morago a Baasiria.a—2 Dikgosi 18:14.
5 E re ka go se na gouta le selefera tse di lekaneng mo letlotlong la segosi go ntsha sehuba, Hesekia o kgobokanya dimetale tsotlhe tse di tlhwatlhwakgolo tse a ka di bonang mo tempeleng. Gape o sega ditswalo tsa tempele, tse di ntseng di manegilwe ka gouta, a bo a di romela kwa go Senakeribe. Seno se kgotsofatsa Moasiria, mme e le ka nakwana fela. (2 Dikgosi 18:15, 16) Go bonala sentle gore, Hesekia o lemoga gore Baasiria ga ba ne ba tlogela Jerusalema ka nako e telele ba sa e tshwenye. Ka jalo, ba tshwanetse go ipaakanya. Batho ba thiba metswedi ya metsi e e neng e ka nosa Baasiria ba ba tlhaselang. Gape Hesekia o nonotsha dilo tse Jerusalema e itshireletsang ka tsone a bo a kgobokanya dibetsa, go akaretsa le “dibetsa tse dintsi tse di konopiwang le dithebe.”—2 Ditiragalo 32:4, 5.
6. Hesekia o ikanya mang?
6 Le fa go ntse jalo, Hesekia ga a ikanye mekgwa ya matlhajana ya go lwa kana disireletsi, mme o ikanya Jehofa wa masomosomo. O gakolola dikgosana tsa gagwe tsa masole jaana: “Nnang pelokgale lo nonofe. Lo se ka lwa boifa le fa e le go tshoga ka ntlha ya kgosi ya Asiria le ka ntlha ya boidiidi jotlhe jo bo nang le ene; gonne ba ba nang le rona ba bantsi go feta ba ba nang le ene. O na le lebogo la nama, mme rona re na le Jehofa Modimo wa rona go re thusa le go tlhabana ditlhabano tsa rona.” Mme batho ba arabela ka go simolola “go itshegeletsa ka mafoko a ga Hesekia kgosi ya Juda.” (2 Ditiragalo 32:7, 8) Bona ka matlho a mogopolo ditiragalo tse di kgatlhang tse di latelang fa re tlhatlhoba dikgaolo 36 go ya go 39 tsa boporofeti jwa ga Isaia.
Rabeshake o Tlisa Kgang ya Gagwe
7. Rabeshake ke mang, mme ke eng fa a romelwa kwa Jerusalema?
7 Senakeribe o roma Rabeshake (ke sereto sa sesole, ga se leina) le batlotlegi ba bangwe ba babedi kwa Jerusalema gore ba ye go laela gore motse ono o ineele. (2 Dikgosi 18:17) Batho bano ba kopana kwantle ga motse le baemedi ba ga Hesekia ba le bararo, Eliakime molebedi wa ba ntlo ya ga Hesekia, Shebena mokwaledi, le Joa morwa Asafe mokwadi.—Isaia 36:2, 3.
8. Rabeshake o leka go kgoba Jerusalema marapo jang?
8 Boikaelelo jwa ga Rabeshake bo bongwe fela—go dira gore Jerusalema a dumele go ineela kwantle ga go lwa. O simolola ka go goa jaana, ka Sehebera: “Tshepo e o e ikantseng eno ke eng? . . . O tshepile mang, go bo o ntsuologetse?” (Isaia 36:4, 5) Go tswa foo Rabeshake o sotla Bajuda ba ba tshogileng, a ba gakolola gore ga ba na tshegetso epe. Ba ka batla tshegetso kae? Kwa ‘lotlhakeng lole lo lo phitsegileng,’ Egepeto? (Isaia 36:6) Ka nako eno, ruri Egepeto o tshwana le lotlhaka lo lo phitsegileng; e bile tota naga eo e e kileng ya bo e le mmusomogolo wa lefatshe e fentswe ka nakwana ke Ethiopia, mme yo e leng Faro wa Egepeto jaanong e bong Kgosi Tirehaka, ga se Moegepeto mme ke Moethiopia. Mme o tla tloga a fenngwa ke Asiria. (2 Dikgosi 19:8, 9) E re ka Egepeto a sa kgone go ipoloka, ga a kitla a thusa Juda ka sepe.
9. Ke eng se go bonalang se tlhotlheletsa Rabeshake go swetsa ka gore Jehofa o ne a tla latlha batho ba Gagwe, mme tota boammaaruri ke bofe?
9 Jaanong Rabeshake o ntsha mabaka a gore Jehofa ga a ne a tlhabanela batho ba Gagwe ka gonne ba Mo hutsafaditse. Rabeshake a re: “Fa lo ka nthaya lwa re, ‘Re ikantse Jehofa Modimo wa rona,’ a ga se ene yo Hesekia a tlositseng mafelo a gagwe a a kwa godimo le dibeso tsa gagwe?” (Isaia 36:7) Mme gone ga se gore Bajuda ba latlhile Jehofa ka go diga mafelo a a kwa godimo le dibeso mo nageng eo, go na le moo, tota ba boetse kwa go Jehofa.
10. Ke ka ntlha yang fa go sa kgathalesege gore a bafemedi ba Juda ba bantsi kana ba mmalwa?
10 Go tswa foo Rabeshake o gakolola Bajuda gore fa go tliwa mo bosoleng ba bokoa tota. O ba gwetlha jaana ka lenyatso: “Mma ke lo neyeng dipitse di le dikete di le pedi go bona gore a lo kgona go pega bapalami mo go tsone.” (Isaia 36:8) Le fa go ntse jalo, a tota go a kgathalesega gore masole a Juda a a thapisitsweng a mantsi kana ga a mantsi? Nnyaa, gonne poloko ya Juda ga e a ikaega ka maatla a magolo a sesole. Diane 21:31 e tlhalosa dilo jaana: “Pitse ke selo se se baakanyediwang letsatsi la tlhabano, mme poloko ke ya ga Jehofa.” Go tswa foo, Rabeshake o bolela gore Jehofa o tla segofatsa Baasiria, e seng Bajuda. A re, fa go ne go sa nna jalo Baasiria ba ka bo ba sa tsenelela kwa teng jaana mo nageng ya Juda.—Isaia 36:9, 10.
11, 12. (a) Ke ka ntlha yang fa Rabeshake a tswelela pele a bua ka “puo ya Bajuda,” mme o leka go gogela Bajuda ba ba reeditseng jang? (b) Mafoko a ga Rabeshake a ka tswa a ama Bajuda jang?
11 Baemedi ba ga Hesekia ba amegile ka tsela e mafoko a ga Rabeshake a tla amang ka teng banna ba ba kgonang go mo utlwa ba ba kwa godimo ga lobota lwa motse. Batlhankedi bano ba Bajuda ba kopa jaana: “Bua le batlhanka ba gago, tsweetswee, ka puo ya Sesiria, gonne re reeditse; mme o se ka wa bua le rona ka puo ya Bajuda batho ba ba mo loboteng ba utlwa.” (Isaia 36:11) Mme tota Rabeshake ga a ikaelela go bua ka puo ya Sesiria. O batla go tsenya dipelaelo le poifo mo Bajudeng gore ba ineele mme Jerusalema a gapiwe go sa lowa! (Isaia 36:12) Ka gone Moasiria yono o bua gape ka “puo ya Bajuda.” O tlhagisa banni ba Jerusalema jaana: “Lo se ka lwa letla Hesekia a lo tsietsa, gonne ga a kgone go lo golola.” Morago ga moo, o leka go gogela ba ba mo reeditseng ka go tshwantsha kafa botshelo bo ka nnang ka teng mo Bajudeng fa ba busiwa ke Asiria: “Ineeleng mo go nna, mme lo tswele kwa go nna, mme mongwe le mongwe a je mo mofineng wa gagwe le mongwe le mongwe mo setlhareng sa gagwe sa mofeige gape mongwe le mongwe a nwe metsi a mogobe wa gagwe, go fitlha ke tla ke bo ke lo isa kwa lefatsheng le le tshwanang le lefatshe la lona, lefatshe la dijo tsa ditlhaka le beine e ntšha, lefatshe la senkgwe le masimo a mofine.”—Isaia 36:13-17.
12 Bajuda ga ba ne ba bona thobo monongwaga—tlhaselo ya Baasiria e ba thibetse go lema. Go utlwa gore ba ka ja merara e e monate le go nwa metsi a a monate go ka tswa go kgatlha banna ba ba reeditseng mo loboteng thata. Mme Rabeshake ga a ise a fetse go leka go koafatsa Bajuda.
13, 14. Le fa Rabeshake a leka go ntsha mabaka, ke ka ntlha yang fa se se diragaletseng Samarea se ka se bapisiwe le boemo jwa Juda?
13 Rabeshake o dirisa sebetsa se sengwe gape go ba tlhaba ka mafoko. O tlhagisa Bajuda gore ba se ka ba dumela Hesekia fa a ka re: “Jehofa ka boene o tla re golola.” Rabeshake o gakolola Bajuda gore medimo ya Samarea ga e a ka ya kgona go thibela ditso tse di lesome gore di fenngwe ke Baasiria. Mme go tweng ka medimo ya ditšhaba tse dingwe tse Asiria a di fentseng? “E kae medimo ya Hamathe le Arepade?” o botsa jalo. “E kae medimo ya Sefarefaime? A e golotse Samarea mo seatleng sa me?”—Isaia 36:18-20.
14 Gone ke boammaaruri, Rabeshake, yo o obamelang medimo ya maaka, ga a tlhaloganye gore go na le pharologanyo e kgolo fa gare ga Samarea wa motlhanogi le Jerusalema yo o busiwang ke Hesekia. Medimo ya maaka ya Samarea e ne e se na maatla a go boloka bogosi jwa ditso tse di lesome. (2 Dikgosi 17:7, 17, 18) Ka fa letlhakoreng le lengwe, Jerusalema e e busiwang ke Hesekia e tlhanogetse medimo ya maaka mme e boetse kwa go direleng Jehofa. Le fa go ntse jalo, baemedi bano ba bararo ba Juda ga ba leke go tlhalosetsa Rabeshake seno. “Ba nna ba didimala ba se ka ba mo araba ka lefoko lepe, gonne taelo ya kgosi e ne e re: ‘Lo se ka lwa mo araba.’” (Isaia 36:21) Eliakime, Shebena le Joa ba boela kwa go Hesekia mme ba bega mafoko a ga Rabeshake semmuso.—Isaia 36:22.
Hesekia o Dira Tshwetso
15. (a) Jaanong Hesekia o lebanwe ke tshwetso efe? (b) Jehofa o tlhomamisetsa batho ba gagwe jang?
15 Jaanong Kgosi Hesekia o na le tshwetso e a tshwanetseng go e dira. A Jerusalema o tla ineela mo Baasirieng? o tla ikgolaganya le Egepeto? kgotsa o tla ikemela a ba a itwela? Hesekia o mo bothateng jo bogolo. O ya kwa tempeleng ya ga Jehofa, fa a ntse a roma Eliakime le Shebena mmogo le banna ba bagolwane ba baperesiti, gore ba ye go botsa Jehofa ka moporofeti Isaia. (Isaia 37:1, 2) Barongwa ba kgosi ba atamela Isaia, ba apere letsela la kgetsi, ba re: “Letsatsi leno ke letsatsi la matshwenyego le la kgalemo le la go tlhoka maitseo ga tshotlo . . . Gongwe Jehofa Modimo wa gago o tla utlwa mafoko a ga Rabeshake, yo morena wa gagwe kgosi ya Asiria a mo romileng go ya go kgoba Modimo yo o tshelang, mme o tla mo sekisa ka ntlha ya mafoko a Jehofa Modimo wa gago a a utlwileng.” (Isaia 37:3-5) Ee, Baasiria ba kgotla Modimo yo o tshelang! A Jehofa o tla reetsa ditshotlo tsa bone? Jehofa o dirisa Isaia go tlhomamisetsa Bajuda jaana: “O se ka wa boifa ka ntlha ya mafoko a o a utlwileng a batlhokomedi ba kgosi ya Asiria ba a buileng ka nna ka go kgoba. Bona, ke tsenya moya mo go ene, mme o tla utlwa pego a bo a boela kwa lefatsheng la gagabo; eleruri ke tla dira gore a we ka tšhaka mo lefatsheng la gagabo.”—Isaia 37:6, 7.
16. Senakeribe o romela makwalo afe?
16 Fa go sa ntse go le jalo, Rabeshake o bilediwa go ya go ema Senakeribe nokeng fa kgosi e lwa kwa Libena. Senakeribe o tla bona Jerusalema moragonyana. (Isaia 37:8) Le fa go ntse jalo, go tsamaya ga ga Rabeshake ga go tlisetse Hesekia boikhutso. Senakeribe o romela makwalo a a tshosang a a tlhalosang se banni ba Jerusalema ba ka lebelelang gore se tla ba diragalela fa ba gana go ineela: “Wena ka bowena o utlwile se dikgosi tsa Asiria di se dirileng mafatshe otlhe ka go a neelela tshenyego, a mme wena o tla gololwa? A medimo ya ditšhaba tse borremogologolwane ba di sentseng e ba golotse? . . . Kgosi ya Hamathe e kae le kgosi ya Arepade le kgosi ya motse wa Sefarefaime—ya Hena le ya Ifaha?” (Isaia 37:9-13) Totatota, Moasiria yono a re ga go thuse sepe go itwela—go itwela go tla oketsa mathata fela!
17, 18. (a) Ke eng se se tlhotlheletsang Hesekia go kopa gore Jehofa a mo sireletse? (b) Jehofa o araba Moasiria jang a dirisa Isaia?
17 E re ka Hesekia a tshwenyegile thata ka ditlamorago tsa tshwetso e a tshwanetseng go e dira, o ala makwalo a ga Senakeribe fa pele ga ga Jehofa mo tempeleng. (Isaia 37:14) O rapela Jehofa go tswa pelong a mo kopa gore a reetse matshosetsi a Baasiria, a bo a konela thapelo ya gagwe ka mafoko ano: “Mme jaanong, tlhe Jehofa Modimo wa rona, re boloke mo seatleng sa gagwe, gore magosi otlhe a lefatshe a tle a itse gore wena, Jehofa, o Modimo o le nosi.” (Isaia 37:15-20) Seno se bontsha sentle gore Hesekia ga a tshwenyege thata ka gore ene a bolokwe, mme o tshwenyegile ka kgobo e e tla tlelang leina la ga Jehofa fa Asiria a ka fenya Jerusalema.
18 Karabo ya ga Jehofa ya thapelo ya ga Hesekia e tla ka Isaia. Jerusalema ga a tshwanela go ineela mo go Asiria; o tshwanetse a ikemela. Isaia o bua jaaka e kete o bua le Senakeribe, a bolela ka bopelokgale molaetsa wa ga Jehofa mo Moasirieng yono: “Morwadia Siona wa kgarebane o go nyaditse, o go sotlile. Morwadia Jerusalema o thukuthile tlhogo morago ga gago [a sotla].” (Isaia 37:21, 22) Go tswa foo Jehofa o oketsa ka mafoko a tota a rayang gore: ‘O mang wena gore o bo o ka sotla Moitshepi wa Iseraele? Ke itse ditiro tsa gago. O rata go nna le maemo a magolo; o ikgantsha thata. O ikantse maatla a gago a sesole mme o gapile naga e ntsi. Mme o ka tlholwa. Ke tla dira gore maikaelelo a gago a iteye se fololetse. Ke tla go fenya. Go tswa foo ke tla go dira jaaka o dirile ba bangwe. Ke tla go tsenya sekgoge mo nkong ke bo ke go busetsa kwa Asiria!’—Isaia 37:23-29.
“Seno e Tla Nna Sesupo sa Gago”
19. Jehofa o naya Hesekia sesupo sefe, mme se bolela eng?
19 Hesekia o tlhomamisediwa ke eng gore boporofeti jwa ga Isaia bo tla diragadiwa? Jehofa o araba jaana: “Seno e tla nna sesupo sa gago: Mo ngwageng ono go tla jewa mo go medileng mo ditlhakeng tse di tshologileng, mo ngwageng wa bobedi dijo tsa ditlhaka tse di ijetseng; mo ngwageng wa boraro lo jale peo, lo robe lo bo lo jale masimo a mofine lo je maungo a one.” (Isaia 37:30) Jehofa o tla fepa Bajuda ba ba kganeletsweng. Le fa ba sa kgone go jala peo ka ntlha ya Baasiria ba ba ba dikaganyeditseng, ba tla kgona go ja mo maronopong a thobo ya ngwaga o o fetileng. Ngwaga o o latelang, ngwaga wa sabata, ba tshwanetse ba tlogela masimo a bone a sa lengwa, lemororo ba le mo bothateng jaana. (Ekesodo 23:11) Jehofa o solofetsa gore fa batho ba utlwa lentswe la gagwe, go tla tlhoga mabele a a lekaneng mo masimong go ba tshedisa. Mme mo ngwageng o o latelang, batho ba tla jala peo ka tsela e e tlwaelegileng ba bo ba itumelele maungo a tiro ya bone.
20. Ba ba falolang tlhaselo ya Baasiria ba tla “mela medi go ya kwa tlase mme ba ntshetse maungo kwa godimo” ka tsela efe?
20 Jaanong Jehofa o tshwantsha batho ba gagwe le sejalo se se ka se kang sa kumolwa motlhofo: “Ba ba falolang ba ntlo ya Juda . . . ba tla mela medi go ya kwa tlase mme ba ntshetse maungo kwa godimo.” (Isaia 37:31, 32) Ee, ba ba ikanyang Jehofa ga ba boife sepe. Bone le bana ba bone ba tla nna ba tlhomame mo nageng.
21, 22. (a) Ke eng se se bolelelwang pele malebana le Senakeribe? (b) Mafoko a ga Jehofa a a malebana le Senakeribe a diragadiwa jang le gone leng?
21 Go tweng ka matshosetsi a Asiria kgatlhanong le Jerusalema? Jehofa o araba jaana: “Ga a na go tsena mo motseng ono le fa e le go hulela motswi teng, le fa e le go lebana le one ka thebe le fa e le go tlhoma lorako lwa phemelo kgatlhanong le one. O tla boa ka tsela e a tlileng ka yone, mme ga a na go tla mo motseng ono.” (Isaia 37:33, 34) Ke foo he Asiria a ka se ka a tlhabana le Jerusalema. Se se gakgamatsang ke gore, Baasiria, e seng Bajuda, ke bone ba tla fenngwang ba sa lwa.
22 Fela jaaka Jehofa a ne a boletse gore o tla dira, o romela moengele yo o kgemethang masole a a ikantsweng thata mo sesoleng sa ga Senakeribe—banna ba le 185 000. Go bonala seno se diragala kwa Libena, mme fa Senakeribe a tsoga o fitlhela baeteledipele, dikgosana le banna ba ba nonofileng ba masole a gagwe ba sule. O boela kwa Ninife a tlhabilwe ke ditlhong, mme le fa a fentswe thata jaana, ka botlhogoethata o nna a ntse a ineetse mo modimong wa gagwe wa maaka e bong Niseroke. Dingwaga di le mmalwa moragonyana, fa a ntse a obame kwa tempeleng ya ga Niseroke, Senakeribe o bolawa ke barwa ba gagwe ba babedi. Le fano gape, Niseroke yo o sa tsheleng ga a kgone go mmoloka.—Isaia 37:35-38.
Tumelo ya ga Hesekia e Nonotshiwa go ya Pele
23. Hesekia o lebana le kgwetlho efe fa Senakeribe a tlhasela Juda la ntlha, mme bothata jono bo kaya eng?
23 Mo e ka nnang ka nako ya fa Senakeribe a simolola go tlhasela Juda, Hesekia o lwala fela thata. Isaia o mmolelela gore o tlile go swa. (Isaia 38:1) Kgosi eno ya dingwaga tse 39 e utlwa botlhoko thata. Ga e a amega fela ka botsogo jwa yone mme e amegile le ka isagwe ya batho. Jerusalema le Juda di mo kotsing ya go tlhaselwa ke Baasiria. Fa Hesekia a ka swa, ke mang yo o tla etelelang ntwa pele? Ka nako eo, Hesekia ga a na morwa yo o ka tsayang bogosi. Hesekia o rapela ka tlhoafalo gore Jehofa a mo utlwele botlhoko.—Isaia 38:2, 3.
24, 25. (a) Jehofa o araba thapelo ya ga Hesekia jang ka tsela e ntle? (b) Jehofa o dira kgakgamatso efe, jaaka go tlhalositswe mo go Isaia 38:7, 8?
24 Isaia ga a ise a tswe mo malwapaneng a ntlo ya bogosi fa Jehofa a mo romela gape kwa bolaong jwa kgosi e e lwalang ka molaetsa o mongwe: “Ke utlwile thapelo ya gago. Ke bone dikeledi tsa gago. Bona, ke oketsa malatsi a gago ka dingwaga di le lesome le botlhano; mme ke tla golola wena le motse ono mo seatleng sa kgosi ya Asiria, mme ke tla femela motse ono.” (Isaia 38:4-6; 2 Dikgosi 20:4, 5) Jehofa o tla tlhomamisa tsholofetso ya gagwe ka sesupo se se sa tlwaelegang: “Bona, ke dira gore moriti wa ditepisi o o neng o ile kwa tlase mo ditepising tsa mapalamelelo a ga Ahase ka ntlha ya letsatsi o boele kwa morago ditepisi di le lesome.”—Isaia 38:7, 8a.
25 Go ya ka rahisitori wa Mojuda e bong Josephus, go ne go na le ditepise mo teng ga ntlo ya segosi, gongwe go na le pilara go bapa le tsone. Fa marang a letsatsi a phatsima mo pilareng, a ne a dira moriti mo ditepising. Motho o ne a ka bona nako ya letsatsi ka go lepa tsamao ya moriti o o mo ditepising. Jaanong Jehofa o tla dira kgakgamatso. Fa moriti o se na go wela mo ditepising ka tsela e e tlwaelegileng, o tla boela morago ka dikgato di le lesome. Ke mang yo o kileng a utlwela selo se se ntseng jalo? Baebele ya re: “Mme letsatsi la boela morago ka iketlo ditepisi di le lesome mo ditepising tsa mapalamelelo tse le neng le ile kwa tlase ka tsone.” (Isaia 38:8b) Nakwana fela morago ga foo, Hesekia o fola mo bolwetsing jwa gagwe. Dikgang tsa gone di anamela le go fitlha kwa Babelona. Fa kgosi ya Babelona e utlwalela ka gone, e romela barongwa kwa Jerusalema go ya go ikutlwela.
26. Phelelo nngwe ya go okediwa ga botshelo jwa ga Hesekia e nna efe?
26 Dingwaga di ka nna tharo Hesekia a se na go fola ka kgakgamatso, morwa wa gagwe wa ntlha e bong Manase o a tsholwa. Fa Manase a gola, ga a bontshe go anaanela mautlwelobotlhoko a Modimo, a fa e ka bo e se ka one, a ka bong a sa tsholwa! Go na le moo, mo nakong e ntsi ya botshelo jwa gagwe, Manase o dira se se bosula thata mo matlhong a ga Jehofa.—2 Ditiragalo 32:24; 33:1-6.
Go Tsaya Tsela e e Phoso
27. Hesekia o bontsha go anaanela Jehofa ka ditsela dife?
27 Hesekia ke monna wa tumelo, fela jaaka rraagwemogologolwane e bong Dafide. O tseela Lefoko la Modimo kwa godimo. Go ya ka Diane 25:1, o ne a rulaganya gore go kwalwe tshedimosetso e jaanong re e fitlhelang mo go Diane dikgaolo 25 go ya go 29. Bangwe ba dumela gore gape o ne a tlhama Pesalema ya bo119. Pina e e amang maikutlo ya ditebogo e Hesekia a e tlhamang fa a se na go fola mo bolwetsing jwa gagwe e bontsha gore ke motho yo o anaanelang tota. O konela ka gore selo sa botlhokwa thata mo botshelong ke go kgona go baka Jehofa kwa tempeleng ya Gagwe “malatsi otlhe a botshelo jwa rona.” (Isaia 38:9-20) E kete rotlhe re ka ikutlwa fela jalo ka kobamelo e e itshekileng!
28. Nakwana morago ga gore Hesekia a fodisiwe ka kgakgamatso, o tsaya tsela efe e e phoso?
28 Le fa Hesekia a ikanyega, ga a itekanela. O tsaya tsela e e phoso tota nakonyana morago ga gore Jehofa a mo fodise. Isaia o tlhalosa jaana: “Ka nako eo Merodake-baladane morwa Baladane kgosi ya Babelona a romela makwalo le mpho kwa go Hesekia, fa a sena go utlwa gore o ne a ntse a bobola mme o ne a nonofile gape. Ka jalo Hesekia a simolola go ba ipelela mme a ba bontsha ntlo ya gagwe ya matlotlo, selefera le gouta le leokwane la balema le leokwane le le molemo le dibetsa tsa gagwe tsotlhe le sotlhe se se neng se fitlhelwa mo matlotlong a gagwe. Go ne go se na sepe se Hesekia a sa se ba bontshang mo ntlong ya gagwe le mo pusong yotlhe ya gagwe.”—Isaia 39:1, 2.b
29. (a) Boikaelelo jwa ga Hesekia e ka tswa e le bofe fa a bontsha barongwa ba Babelona khumo ya gagwe? (b) Diphelelo tsa tsela e e phoso e Hesekia a e tsereng e tla nna dife?
29 Tota le morago ga go fenngwa botlhoko ke moengele wa ga Jehofa, Asiria o sa ntse a tshosetsa ditšhaba di le dintsi, go akaretsa le Babelona. Hesekia a ka tswa a ne a batla go kgatlha kgosi ya Babelona gore gongwe a dire kgolagano le yone mo isagweng. Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a batle banni ba Juda ba dirisana le baba ba bone; o batla gore ba ikanye ene! Jehofa o dirisa moporofeti Isaia go senolela Hesekia isagwe: “Metlha e etla, mme sengwe le sengwe se se mo ntlong ya gago le se borragomogologolwane ba se bolokileng go tla go fitlha mo letsatsing leno se tla isiwa Babelona. Ga go na sepe se se tla tlogelwang . . . Mme bangwe ba bomorwao ba ba tla tswang mo go wena, ba o tla nnang rraabone ba tla tsewa mme ba nne badiredi ba ntlo ya kgosi mo ntlong ya segosi ya kgosi ya Babelona.” (Isaia 39:3-7) Ee, sone setšhaba se Hesekia a neng a batla go se kgatlha kgabagare se tla thopa dikhumo tsa Jerusalema le go isa banni ba yone kwa bokgobeng. Go bontsha Bababelona letlotlo ga ga Hesekia go dira fela gore keletso ya bone ya bogagapa e gole.
30. Hesekia o ne a bontsha boikutlo jo bo siameng jang?
30 Lokwalo lwa 2 Ditiragalo 32:26 lo tshwanetse lwa bo lo lebisitse mo tiragalong ya fa Hesekia a ne a bontsha Bababelona khumo ya gagwe fa lo re: “Hesekia a ikokobetsa mo go nneng mabela ga pelo ya gagwe, ene le banni ba Jerusalema, mme tšhakgalo ya ga Jehofa ya se ka ya tla mo go bone mo metlheng ya ga Hesekia.”
31. Go ile ga diragala eng ka Hesekia, mme seno se re ruta eng?
31 Le fa Hesekia a ne a sa itekanela, e ne e le monna wa tumelo. O ne a itse gore Modimo wa gagwe, Jehofa, ke motho wa mmatota yo o nang le maikutlo. Fa a ne a le mo mathateng, Hesekia o ne a rapela Jehofa ka tlhoafalo, mme Jehofa o ne a mo araba. Jehofa Modimo o ne a dira gore Hesekia a nne ka kagiso mo botshelong jotlhe jwa gagwe, mme o ne a lebogela seo. (Isaia 39:8) Jehofa o tshwanetse a nna motho wa mmatota fela jalo le mo go rona gompieno. Fa re nna le mathata, e kete re ka leba kwa go Jehofa fela jaaka Hesekia, gore a re neye botlhale le tsela ya botso, “gonne o naya botlhe ka bopelotshweu e bile a sa kgobe.” (Jakobe 1:5) Fa re tswelela pele re itshoka e bile re nna le tumelo mo go Jehofa, re ka tlhomamisa gore o tla nna “moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo,” jaanong le mo isagweng.—Bahebera 11:6.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go ya ka madi a a dirisiwang mo metlheng eno a feta dimilione tsa diranta di le 58,3
b Fa Senakeribe a sena go fenngwa, ditšhaba tse di dikologileng di ne tsa tlisa dimpho tsa gouta, selefera, le dilo tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo kwa go Hesekia. Mo go 2 Ditiragalo 32:22, 23, 27, re bala gore “Hesekia [o ne] a nna le dikhumo le kgalalelo e kgolo thata” le gore o ne “a godisiwa mo matlhong a ditšhaba tsotlhe.” Dimpho tseno di ka tswa di ile tsa dira gore a kgone go tlatsa ntlo ya gagwe ya matlotlo gape, e a neng a e kgaritlhile fa a ne a ntshetsa Baasiria sehuba.
[Setshwantsho mo go tsebe 383]
Kgosi Hesekia o ikanya Jehofa fa a lebane le Asiria yo o nonofileng
[Setshwantsho se se tletseng ka tsebe 384]
[Setshwantsho mo go tsebe 389]
Kgosi e romela barongwa kwa go Isaia gore ba ye go utlwa kgakololo ya ga Jehofa
[Setshwantsho mo go tsebe 390]
Hesekia o rapelela gore leina la ga Jehofa le godisiwe ka go fenngwa ga Asiria
[Setshwantsho mo go tsebe 393]
Moengele wa ga Jehofa o bolaya Baasiria ba le 185 000