-
“Yo o Tlhophilweng wa Me, Yo Moya Wa me O mo Amogetseng!”2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
-
-
3. Jehofa o dirisa Isaia go porofeta eng ka ga “motlhanka wa me”?
3 Jehofa o dirisa Isaia go porofeta gore go tla motlhanka mongwe yo ene a tla mo itlhophelang: “Bona! Motlhanka wa me, yo ke mo ngangatletseng! Yo o tlhophilweng wa me, yo moya wa me o mo amogetseng! Ke tsentse moya wa me mo go ene. O tla tlisa tshiamiso mo ditšhabeng. Ga a kitla a goa kgotsa a tsholetsa lentswe la gagwe, e bile ga a kitla a dira gore lentswe la gagwe le utlwiwe mo mmileng. Ga a kitla a robaganya lotlhaka lope lo lo phitsegileng; mme fa e le mogala wa lodi o o letobo, ga a kitla a o tima. O tla tlisa tshiamiso ka boammaaruri. Ga a kitla a nna letobo kgotsa a gatelelwa go fitlha a baya tshiamiso mo lefatsheng; mme ditlhaketlhake di tla nna di emetse molao wa gagwe.”—Isaia 42:1-4.
-
-
“Yo o Tlhophilweng wa Me, Yo Moya Wa me O mo Amogetseng!”2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
-
-
6. Jesu o ne a itsise tshiamiso ya boammaaruri ka ditsela dife?
6 Go fapaana le bone, Jesu o ne a senola tsela e Modimo a lebang tshiamiso ka yone. Jesu o ne a bontsha ka se a neng a se ruta le ka tsela e a neng a tshela ka yone gore tshiamiso ya boammaaruri e na le bopelotlhomogi le kutlwelobotlhoko. Akanya fela ka Thero ya gagwe e e tumileng ya kwa Thabeng. (Mathaio, dikgaolo 5-7) A tsela e e botswerere ya go tlhalosa kafa tshiamiso le tshiamo di tshwanetseng tsa dirisiwa ka teng! Fa re bala dipego tsa Efangele, a ga re amiwe ke kutlwelobotlhoko ya ga Jesu mo bathong ba ba humanegileng le ba ba mo botlhokong? (Mathaio 20:34; Mareko 1:41; 6:34; Luke 7:13) O ne a isa molaetsa wa gagwe o o gomotsang kwa bathong ba le bantsi ba ba neng ba ntse jaaka matlhaka a a phitsegileng, a obilwe e bile a ntaakilwe. Ba ne ba ntse jaaka mogala wa lodi o o timang, tlhasenyana ya bofelo ya botshelo jwa bone e setse e tloga e timela ruri. Jesu ga a ka a roba “lotlhaka . . . lo lo phitsegileng” le fa e le go tima “mogala wa lodi o o letobo.” Go na le moo, mafoko a gagwe le ditiro tsa gagwe tsa lorato le bopelotlhomogi di ne tsa kgothatsa batho ba ba pelonomi.—Mathaio 11:28-30.
-