KGAOLO 27
“Ruri Molemo wa Gagwe o Mogolo!”
1, 2. Molemo wa Modimo o akaretsa go le kana kang, mme Baebele e gatelela nonofo eno jang?
BATHO ba sekae ba e sa bolong go nna ditsala ba dutse kwa ntle mo bothithong jwa letsatsi fa le phirima ba itumelela dijo mmogo, ba tlotla monate e bile ba a tshega fa ba ntse ba lebeletse popego ya naga. Kgakala le foo, molemi o leba masimo a gagwe mme o nyenya a kgotsofetse ka gonne maru a mantsho a ikgobokantse mme marothodi a ntlha a pula a wela mo dijalong tse di nyoretsweng metsi. Felo gongwe go sele monna le mosadi wa gagwe ba itumelela go bona ngwana wa bone a simolola go ithuta go tsamaya.
2 Batho bano botlhe, ba itse kana ba sa itse, ba solegelwa molemo ke selo se se tshwanang—molemo wa ga Jehofa Modimo. Batho bangwe ba ba ratang bodumedi ba tle ba boaboeletse mafoko a a reng “Modimo o molemo.” Mme Baebele yone e gatelela seo le e leng go feta. Ya re: “Ruri molemo wa gagwe o mogolo!” (Sekarea 9:17) Mme go bonala batho ba bantsi gompieno ba sa itse se mafoko ao a se kayang. Totatota molemo wa ga Jehofa Modimo o akaretsa eng, mme nonofo eno ya Modimo e ama mongwe le mongwe wa rona jang?
Karolo e e Tlhomologileng ya Lorato Lwa Modimo
3, 4. Molemo ke eng, mme ke eng fa go nna molemo ga ga Jehofa go ka tlhalosiwa e le tsela e Modimo a bontshang lorato lwa gagwe ka yone?
3 Mo dipuong di le dintsi tsa segompieno, lefoko “molemo” le akaretsa dilo di le dintsi. Le fa go ntse jalo go ya kafa Baebele e le dirisang ka teng, ga le akaretse dilo tse dintsi. Thatathata lefoko molemo le kaya go nna le boitshwaro jo bo maatlametlo. Ka gone, ka tsela nngwe re ka re, Jehofa o tletse ka go nna molemo. Dinonofo tsotlhe tsa gagwe—go akaretsa le maatla, tshiamiso, le botlhale jwa gagwe—di molemo ka botlalo. Mme gone, molemo o ka tlhalosiwa botoka fa go twe ke tsela e Jehofa a bontshang lorato lwa gagwe ka yone. Ka ntlha yang?
4 Molemo ke nonofo e e bontshiwang ka ditiro. Moaposetoloi Paulo o ile a bontsha gore nonofo eno mo bathong e ikuela thata go feta tshiamo. (Baroma 5:7) Motho yo o ratang tshiamo a ka ikanngwa gore o tla kgomarela ka boikanyegi mo go se molao o se batlang mo go ene, mme motho yo o molemo ene o dira se se fetang seo. O tsaya kgato pele, a senka ditsela tsa go solegela batho ba bangwe molemo. Jaaka fa re tla bona, totatota Jehofa o molemo ka yone tsela eo. Ga go pelaelo gore, Jehofa o molemo ka tsela eo ka go bo a tlhotlhelediwa ke lorato lwa gagwe lo lo senang selekanyo.
5-7. Ke eng fa Jesu a ile a gana go bidiwa “Morutisi yo o Molemo,” mme ka go dira jalo o ne a gatelela ntlha efe ya botlhokwa e e boammaaruri?
5 Gape Jehofa o molemo ka tsela e e sa tshwaneng le epe. Go ne go setse nako e khutshwane pele Jesu a swa fa monna mongwe a tla kwa go ene go tla go mmotsa potso a mmitsa “Moruti yo o Molemo.” Jesu o ne a araba ka go re: “Ke ka ntlha yang fa o mpitsa yo o molemo? Ga go na ope yo o molemo, fa e se Modimo fela.” (Mareko 10:17, 18) Karabo eno e ka nna ya go gakgamatsa thata. Ke eng fa Jesu a ile a kgalema monna yono? A Jesu e ne e se “Moruti yo o Molemo”?
6 Go bonala monna yono a ne a dirisa mafoko “Moruti yo o Molemo” ka tsela ya go fora. Jesu o ne a bontsha bori ka go bolela gore tlotlo eo e tshwanela Rraagwe yo o kwa legodimong, yo o leng molemo ka tsela ya maemo a a kwa godimo. (Diane 11:2) Mme gape Jesu o ne a batla go gatelela ntlha nngwe ya botlhokwa e e boammaaruri. E re ka Jehofa e le Mmusi yo o Kwa Godimodimo, ke ene fela yo o nang le tshwanelo ya baya melao ya gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. Fa Adame le Efa ba ne ba sa ikobele taelo ya ga Jehofa ya gore ba se ka ba ja leungo la setlhare sa kitso ya molemo le bosula, ba ne ba bontsha gore batla gore tshwanelo eo e nne ya bone. Jesu ga a tshwane le bone, ene ka boikokobetso o letla Rraagwe e nna ene yo o tlhomang melao ya se se molemo.
7 Mo godimo ga moo, Jesu o ne a itse gore Jehofa ke ene Motswedi wa dilo tsotlhe tse di leng molemo tota. Ke Monei wa “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng.” (Jakobe 1:17) Mma re sekaseke kafa go nna molemo ga ga Jehofa go bonalang ka teng mo go nneng pelotshweu ga gagwe.
Bosupi Jwa Gore Jehofa o Molemo Thata
8. Jehofa o bontshitse batho botlhe molemo jang?
8 Mongwe le mongwe yo o kileng a tshela o solegetswe molemo ke molemo wa ga Jehofa. Pesalema 145:9 ya re: “Jehofa o molemo mo ditsheding tsotlhe.” Dingwe tsa dikai tsa go nna molemo ga gagwe go go akaretsang dilo di le dintsi ke dife? Baebele ya re: “[O] ile a itshupa gore ke mang ka go dira dilo tse di molemo, a lo nesetsa dipula go tswa kwa legodimong e bile a lo naya dipaka tsa thobo e ntsi, gore lo nne le dijo tse lo ka di jang gore lo kgotsofale le gore lo itumele.” (Ditiro 14:17) A o kile wa itumela fa o ntse o ja dijo tse di monate? Fa go nna molemo ga ga Jehofa go ne go sa mo tlhotlheletsa go bopa lefatshe leno le le nang le dithulaganyo tse di sa kgaotseng tsa modikologo wa metsi a a phepa le “dipaka tsa thobo e ntsi” gore di tlhagise motlele wa dijo, go ka bo go se na dijo. Jehofa o diretse batho botlhe molemo ono, e seng fela ba ba mo ratang. Jesu o ile a re: “O tlhabisetsa ba ba bosula le ba ba molemo letsatsi la gagwe e bile o nesetsa ba ba siameng le ba ba sa siamang pula.”—Mathaio 5:45.
9. Apole e bontsha jang go nna molemo ga ga Jehofa?
9 Batho ba le bantsi ga ba tseele tlhogong bopelotshweu jo bontsi jo batho ba bo direlwang ka ntlha ya modikologo o o sa kgaotseng wa letsatsi, pula le dipaka tsa maungo. Ka sekai akanya ka apole. Kwa mafelong otlhe a lefatshe a a mogote o o mo magareng, ke leungo le le tlwaelegileng. Le fa go ntse jalo, e a kgatlha, e monate, e bile e tletse metsi a a lapolosang le dikotla tse di botlhokwa. A o ne o itse gore lefatshe ka bophara go na le mefutafuta ya diapole e le 7 500, go tloga ka tsa mmala o mohibidu, go ya go wa gouta, o o serolwana, le o motala le tsa bogolo jwa go tloga ka tse di fetang leungo la tšheri go sekae go ya go tsa bogolo jwa lekatane? Fa o tshwere peo e nnye ya apole ka letsogo e lebega e se botlhokwa. Le fa go ntse jalo, go tswa mo go yone go tlhoga sengwe sa ditlhare tse di rategang thata. (Sefela sa Difela 2:3) Ka dikgakologo dingwe le dingwe setlhare sa diapole se tlala dithunya tse dintle tse di galalelang; ka letlhabula lengwe le lengwe se tlhagisa maungo. Ngwaga mongwe le mongwe—go fitlha ka dingwaga di le 75—setlhare se se tlwaelegileng sa apole se tlhagisa maungo a a lekaneng go ka tlatsa mabokoso a le 20 a lengwe le lengwe la one le leng bokete jwa dikilogerama di le 19!
Jehofa o ‘lo nesetsa dipula go tswa kwa legodimong e bile o lo naya dipaka tsa thobo e ntsi’
10, 11. Ditemosi tsa rona di bontsha jang gore Modimo o molemo?
10 E re ka Jehofa a le molemo ka tsela e e se nang selekanyo, o re abetse mmele o o ‘dirilweng ka tsela e e gakgamatsang,’ ka ditemosi tse di diretsweng go re thusa go lemoga ditiro tsa gagwe le go di itumelela. (Pesalema 139:14) Akanya gape ka ditiragalo tse di umakilweng kwa tshimologong ya kgaolo eno. Ke dilo dife tse di bonwang ka matlho tse di dirang gore motho a itumele mo ditiragalong tseo? Maramanyana a a phatsimang a ngwana yo o itumetseng. Pula e e tshologelang mo masimong. Mebala e mehibidu, e e tshwanang le gouta le e e mehibitswana ya phirimo ya letsatsi. Leitlho la motho le dirilwe ka tsela ya gore le kgone go lemoga mebala e e farologaneng e le dikete di le makgolokgolo, gongwe e bile e le dimilionemilione! Mme temosi ya rona ya kutlo e dira gore re kgone go utlwa medumonyana e e farologaneng ya lentswe le le monate, go tsubutla ga phefo mo ditlhareng le go khinkhinyega ga lesea. Ke eng fa re kgona go itumelela dilo tseno tse re di bonang le tse re di utlwang? Baebele ya re: “Tsebe e e utlwang le leitlho le le bonang, tsotlhe di dirilwe ke Jehofa.” (Diane 20:12) Mme tseno ke ditemosi di le pedi fela mo go tse re nang le tsone.
11 Temosi ya go dupa ke bosupi jo bongwe jwa gore Jehofa o molemo. Nko ya motho e kgona go dupa menko e le mentsi e e farologaneng—go fopholediwa gore e kgona go dupa menko e le diketekete go ya go e le dibilione di le 1000. Akanya ka e sekae fela ya yone: monko wa dijo tse o di ratang thata fa di ntse di apeilwe, dithunya, matlhare a a wetseng fa fatshe le monkonyana wa mosi wa molelo o o gotsitsweng. Mme temosi ya gago ya go kgoma e go thusa go utlwa pheswana e e go tlhabatlhabang mo sefatlhegong, go tlamparelwa ka lorato ke yo o mo ratang, borethe jo bo kgotsofatsang jwa leungo mo seatleng sa gago. Fa o ngatha, temosi ya gago ya go latswa e nna le seabe. O utlwa meutlwalo e mentsi e e farologaneng fa dikgeleswa tsa gago tsa tatso di ntse di utlwa ditatso tse di bofitlha tse di tswakaneng mo leungong le le nang le thulaganyo e e raraaneng ya dikhemikale. Ee, re na le mabaka a a utlwalang a go bua jaana ka Jehofa: “Ruri molemo wa gago o mogolo! O o boloketse batho ba ba go boifang.” (Pesalema 31:19) Le fa go ntse jalo, Jehofa o boloketse batho ba ba mmoifang molemo wa gagwe ka tsela efe?
Go Nna Molemo mo Dilong Tse di Mosola o o Nnetseng Ruri
12. Ke dilo dife tsa botlhokwa thata tse Jehofa a re tlamelang ka tsone, mme ka ntlha yang?
12 Jesu o ile a re: “Go kwadilwe jaana: ‘Motho ga a tshwanela go tshela ka senkgwe fela, mme o tshwanetse go tshela ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa ga Jehofa.’” (Mathaio 4:4) Mafoko a ga Jehofa a a fitlhelwang mo Baebeleng a re solegela molemo go feta dijo tsa mmatota, ka gonne a kgona go re thusa gore re bone botshelo jo bo sa khutleng. Mo go Kgaolo 8 ya buka eno, re lemogile gore mo malatsing ano a bofelo Jehofa o dirisitse maatla a gagwe a go tsosolosa go dira gore go nne le paradaise ya tshwantshetso e e ntseng e gola. Selo sa konokono mo paradaiseng eno ke dithuto tsa boammaaruri tse di re thusang go atamalana le ene.
13, 14. (a) Moporofeti Esekiele o bone eng mo ponatshegelong, mme seo se kaya eng mo go rona gompieno? (b) Ke dilo dife tse di nayang botshelo tse Jehofa a di abelang batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang?
13 Mo go nngwe ya dipolelelopele tse dikgolo tsa Baebele tsa go tsosolosiwa, moporofeti Esekiele o ne a newa ponatshegelo ya tempele e e tsosolositsweng le e e galaleditsweng. Go tswa mo tempeleng eo go ne go elela molatswana wa metsi, o boatlhamo le boteng jwa one di neng di ntse di oketsega fa o ntse o elela go fitlha o nna molatswana o o penologang. Gongwe le gongwe kwa noka eno e neng e elelela teng, e ne e dira gore go nne le diphelelo tse di molemo. Mo dintshing tsa yone go ne go tlhoga ditlhare tse di neng di tlhagisa dijo le phodiso. Tota e bile noka eno e ne ya dira gore Lewatle le le Suleng le le tletseng letswai le nne le ditshedi gape! (Esekiele 47:1-12) Mme gone dilo tseno tsotlhe di ne di kaya eng?
14 Ponatshegelo eno ya tempele e ne e kaya gore Jehofa o ne a tla tsosolosa kobamelo e e itshekileng. E ne e tla boa e dumalana le melao ya gagwe e e siameng. Fela jaaka noka eo ya ponatshegelo, dimpho tse di nayang botshelo tse Modimo a re tlamelang ka tsone di tla tshologela ka bontsi jo bogolo kwa bathong ba gagwe. Fa e sa le kobamelo ya boammaaruri e tsosolosiwa ka 1919, Jehofa o segofaditse batho ba gagwe ka dimpho tse di nayang botshelo. Jang? Dibaebele, dibuka tsa Baebele, dipokano le dikopano, tsotlhe di thusitse gore dimilione tsa batho di itse boammaaruri jo bo botlhokwa. Jehofa o dirisitse dilo tseno go ruta batho ka mpho ya botshelo e e botlhokwa go gaisa tsotlhe tse a re tlamelang ka tsone—setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete, se se dirang gore batho ba ba ratang Modimo e bile ba mmoifa ba nne le kamano e e molemo le Modimo le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng.a Ka gone, mo malatsing ano a bofelo, fa lefatshe le bolawa ke leuba la tshwantshetso, batho ba ga Jehofa bone ba itumetse ka gonne ba na le sengwe le sengwe se ba se tlhokang gore tumelo ya bone e nne e nonofile.—Isaia 65:13.
15. Go nna molemo ga ga Jehofa go tla fetela ka tsela efe mo bathong ba ba ikanyegang ka nako ya Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete?
15 Mme gone noka ya ponatshegelo ya ga Esekiele ga e kgaotse go elela fa tsamaiso eno e kgologolo ya dilo e ntse e ya kwa bofelong. Go na le moo, e tla elela le e leng go feta foo ka nako ya Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete. Ka nako eo, Jehofa o tla dirisa boleng jwa setlhabelo sa ga Jesu ka botlalo ka Bogosi jwa ga Mesia, a itekanedisa batho ba ba ikanyegang kgato ka kgato. Ruri re tla itumelela go bo Jehofa a le molemo!
Dikarolo Tse Dingwe Tsa Molemo wa ga Jehofa
16. Baebele e bontsha jang gore go nna molemo ga ga Jehofa go akaretsa dinonofo tse dingwe, mme dingwe tsa tsone ke dife?
16 Molemo wa ga Jehofa ga o akaretse bopelotshweu fela. Modimo o ne a bolelela Moshe jaana: “Ke tla dira gore kgalalelo [kgotsa molemo] ya me yotlhe e fete fa pele ga sefatlhego sa gago, mme ke tla bolela leina la me e bong Jehofa.” Moragonyana pego eno ya re: “Jehofa o ne a feta fa pele ga gagwe mme a re: ‘Ke nna Jehofa, ke nna Jehofa, Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelontle, yo o sa galefeng ka bonako le yo o nang le lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng le boammaaruri.’” (Ekesodo 33:19; 34:6, ntlha e e kwa tlase) Ka jalo, go nna molemo ga ga Jehofa go akaretsa dinonofo di le mmalwa tse di siameng. A re sekasekeng di le pedi fela tsa tsone.
17. Bopelontle ke eng, mme Jehofa o bo bontshitse jang mo bathong fela ba ba sa itekanelang?
17 “O pelontle.” Nonofo eno, e e tswang mo lefokong le gape le ranolwang e le ‘bopelotlhomogi,’ e re bolelela go le gontsi ka tsela e Jehofa a dirisanang le dibopiwa tsa gagwe ka yone. Jehofa o bonolo e bile o pelonomi, ga a makgwakgwa le gone ga se mokgokgontshi ka tsela e gantsi batho ba ba nang le taolo ba leng ka yone. Ka sekai, Jehofa o ne a raya Aborahame a re: “Tsweetswee, leba kwa bokone le kwa borwa, kwa botlhaba le kwa bophirima.” (Genesise 13:14) Dithanolo di le dintsi di tlogela lefoko “tsweetswee.” Mme gone, bakanoki ba Baebele ba bolela gore tsela e mafoko a beilweng ka yone mo Sehebereng sa ntlhantlha e akaretsa lefoko le le fetolang polelwana eno go nna kopo ya maitseo e se taelo fela. Go na le makgetlo a mangwe a le one a ntseng jalo. (Genesise 31:12; Esekiele 8:5) Akanya fela, Molaodi wa lobopo o raya batho fela ba e seng ba sepe a re “tsweetswee”! Mo lefatsheng leno le le tletseng ka dikgoka, le le makgwakgwa, le le tletseng ka go tlhoka maitseo, a ga se selo se se itumedisang go bona kafa Modimo wa rona Jehofa a leng pelontle ka teng?
18. Jehofa o ‘na le boammaaruri’ ka tsela efe, mme ke eng fa mafoko ao a nametsa pelo?
18 “Yo o nang le boammaaruri.” Go se ikanyege e setse e le selo se se tlwaelegileng mo lefatsheng gompieno. Le fa go ntse jalo, Baebele e re gakolola jaana: “Modimo ga se motho gore a ka bua maaka.” (Dipalo 23:19) Tota e bile, Tito 1:2 ya re ‘Modimo a ka se ka a aka.’ O molemo thata mo a ka se kang a dira selo se se ntseng jalo. Ka gone, ditsholofetso tsa ga Jehofa di ikanyega ka botlalo; se a se buang ka metlha se a diragala. E bile Jehofa o bidiwa gore ke “Modimo wa boammaaruri.” (Pesalema 31:5) Ga se fela gore o tila go bua maaka mme gape o aba boammaaruri jo bontsi. Ga a bofitlha, ga a timane ka tshedimosetso; go na le moo, o abela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang tshedimosetso ka bontsi go tswa mo bobolokelong jwa gagwe jwa botlhale jo bontsi.b E bile o ba ruta kafa ba ka tshelang ka teng ka go ba naya dithuto tsa boammaaruri e le gore ba ka “tshela go dumalana le boammaaruri.” (3 Johane 3) Ka kakaretso, go nna molemo ga ga Jehofa go tshwanetse ga ama mongwe le mongwe wa rona jang?
‘Itumelele Bomolemo Jwa ga Jehofa’
19, 20. (a) Satane o ne a dira jang gore Efa a belaele go nna molemo ga ga Jehofa, mme go ile ga felela ka eng? (b) Go nna molemo ga ga Jehofa go tshwanetse ga re ama jang, mme ka ntlha yang?
19 Fa Satane a ne a raela Efa kwa tshimong ya Edene, o ne a simolola ka go dirisa tsela e e bofitlha go mo dira gore a se ka a tshepa gore Jehofa o molemo. Jehofa o ne a laetse Adame jaana: “O ka nna wa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana gore o bo o kgotsofale.” Mo ditlhareng di ka nna diketekete tse di ka tswang di ne di kgabisitse tshimo eo, ke se le sengwe fela se Jehofa a neng a laetse gore se se ka sa jewa. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko kafa Satane a ileng a baya potso ya ntlha e a neng a e botsa Efa ka teng: “A tota Modimo o rile lo se ka lwa ja leungo la setlhare sengwe le sengwe se se mo tshingwaneng?” (Genesise 2:9, 16; 3:1) Satane o ile a fetola se Jehofa a neng a se buile go dira gore Efa a nne le kakanyo ya gore Jehofa o ne a mo iletsa sengwe se se molemo. Ka maswabi, leano leno le ne la atlega. Efa, fela jaaka go ile ga direga ka banna le basadi ba bantsi morago ga gagwe, o ne a simolola go belaela go nna molemo ga Modimo, yo a neng a mo abetse sengwe le sengwe se a neng a na le sone.
20 Re a itse gore dipelaelo tseo di ne tsa felela ka mahutsana le kutlobotlhoko e kgolo go le kana kang. Ka jalo, a re sekegele tsebe mafoko ano a Jeremia 31:12: “Ba tla itumelela bomolemo jwa ga Jehofa.” Go nna molemo ga ga Jehofa go tshwanetse ga dira gore re itumele. Le ka motlha ga re a tshwanela go belaela maitlhomo a Modimo wa rona yo o molemo thata. Re ka mo ikanya ka botlalo, ka gonne o batlela batho ba ba mo ratang dilo tse di molemo fela.
21, 22. (a) Dingwe tsa ditsela tse o ka ratang go tsibogela go nna molemo ga ga Jehofa ka tsone ke dife? (b) Re tla sekaseka nonofo efe mo kgaolong e e latelang, mme e farologana jang le ya go nna molemo?
21 Mo godimo ga moo, re a itumela fa re nna le tshono ya go bua le batho ba bangwe ka go nna molemo ga ga Jehofa. Pesalema 145:7 e bua jaana ka batho ba ga Jehofa: “[Ba] tla bua ka matlhagatlhaga fa [ba] gopola molemo wa gago o mogolo.” Molemo wa ga Jehofa o re tswela mosola ka tsela nngwe letsatsi le letsatsi fa re ntse re le mo botshelong. Ke eng fa o sa itlwaetse gore letsatsi le letsatsi o lebogele Jehofa go bo a le molemo, o umaka dilo dingwe ka tlhamalalo ka mo o ka kgonang ka teng? Go akanya ka nonofo eno, re leboga Jehofa ka yone letsatsi lengwe le lengwe, le go bolelela ba bangwe ka yone go tla re thusa go etsa Modimo wa rona yo o molemo. Mme fa re ntse re senka ditsela tsa go dira molemo jaaka Jehofa, re tla atamalana thata le ene. Moaposetoloi Johane yo o tsofetseng o ne a kwala jaana: “Moratwa, o se ka wa latela sekao sa batho ba ba dirang dilo tse di bosula, mme latela sekao sa batho ba ba dirang dilo tse di molemo. Yo o dirang dilo tse di molemo ke wa Modimo.”—3 Johane 11.
22 Go nna molemo ga ga Jehofa go amanngwa le dinonofo tse dingwe. Ka sekai, Modimo o na le “lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng.” (Ekesodo 34:6) Nonofo eno yone ga e akaretse batho botlhe jaaka ya go nna molemo, ka gonne Jehofa o e bontsha segolobogolo batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Mo kgaolong e e latelang re tla bona gore o dira seo jang.
a Ga go na sekai se se bontshang tsela e Jehofa a leng molemo ka yone go feta thekololo. Mo dimilioneng tsotlhe tsa baengele ba Jehofa a neng a ka tlhopha mo go bone, o ne a tlhopha Morwawe yo o tsetsweng a le esi yo a mo ratang gore a re swele.
b Go a tshwanela go bo Baebele e amanya boammaaruri le lesedi. Mopesalema o ne a opela jaana: “Romela lesedi la gago le boammaaruri jwa gago.” (Pesalema 43:3) Batho ba ba ratang go ithuta kana ba ba ratang gore Jehofa a ba sedimosetse, o ba abela lesedi le lentsi kgotsa boammaaruri.—2 Bakorintha 4:6; 1 Johane 1:5.