Kgaolo ya Bosomennè
O ka Solegelwa Molemo ke Kgolagano e Ntšha
1. Jeremia o ne a diragatsa taelo efe e e gabedi?
JEHOFA o ne a naya Jeremia taelo e e gabedi. Ya ntlha e ne e le ‘gore a kumole le go rutla le gore a senye le go rutlolola.’ E nngwe e ne e le ‘gore a age le gore a jale.’ Moporofeti yono o ne a diragatsa taelo ya ntlha ka go senola tsela e Bajuda ba ba ikgodisang ba neng ba le boikepo ka yone, a itsise katlholo e Modimo a neng a tla ba e tlisetsa le e a neng a tla e tlisetsa Babelona. Mme gape dipolelelopele tsa ga Jeremia di ne di na le molaetsa o o bontshang gore go na le tsholofelo ka isagwe. O ne a bolelelapele ka go agiwa ga se Modimo a neng a ikaeletse gore se agiwe le go jalwa ga se a ikaeletseng gore se jalwe. Ka sekai, Jeremia o ne a diragatsa karolo ya bobedi ya kabelo e a neng a e neilwe fa a ne a bua ka go busediwa ga Bajuda kwa nagagaeng ya bone.—Jer. 1:10; 30:17, 18.
2. Ke eng fa Jehofa a ile a atlhola batho ba gagwe, mme o ne a dira seo ka selekanyo se se kana kang?
2 Fa Jeremia a ne a bua ka tsosoloso o ne a sa reye gore Modimo o ne a tla mpampetsa pele dilo tse batho ba gagwe ba neng ba di dira kgotsa a ba tlogele fela fa ba tlola melao ya gagwe ya tshiamiso. Tota o ne a tlile go atlhola Bajuda bao ba ba seng kutlo. (Bala Jeremia 16:17, 18.) Mo motlheng wa ga Jeremia, batho ba le bantsi kwa Jerusalema ba ne ba sa ‘dire tshiamiso’ e bile ba sa ‘batle go ikanyega’ mme jaanong Jehofa o ne a sa tlhole a kgona go ba itshokela. O ne a re: “Ke lapisitswe ke go ikwatlhaya.” (Jer. 5:1; 15:6, 7) Bajuda bao ba ne ba “boetse kwa ditlolong tsa borraabonemogologolwane, ba ntlha, ba ba neng ba gana go utlwa” mafoko a ga Jehofa. Mo godimo ga moo, ba ne ba galefisa Modimo ka go akafala le medingwana ya maaka. (Jer. 11:10; 34:18) Jehofa o ne a tla kgalemela batho ba gagwe le go ba otlhaya “ka selekanyo se se tshwanetseng.” Gongwe seo se ne se tla dira gore bangwe ba bone ba itharabologelwe mme ba boele kwa go ene.—Jer. 30:11; 46:28.
3. Ke eng fa o tshwanetse go sekaseka boporofeti jo bo amanang le kgolagano e ntšha?
3 Modimo o ile a dirisa Jeremia gore a bolelele pele sengwe se se neng se tla ba leretse melemo e mentsi le e e nnelang ruri—kgolagano e ntšha. Fa re ntse re sekaseka dibuka tsa boporofeti tse Jeremia a di kwadileng, re na le mabaka a le mantsi a a re thusang gore re tlhome megopolo mo kgolaganong eno e e re nayang tsholofelo: kgolagano e ntšha. E ne e tshwanetse go tsena mo boemong jwa kgolagano e e neng e dirilwe le Baiseraele morago ga Khudugo, e Moshe e neng e le motsereganyi mo go yone. (Bala Jeremia 31:31, 32.) Fa Jesu Keresete a ne a tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa o ile a bua ka kgolagano eno e ntšha, ka jalo ga go pelaelo gore e botlhokwa le mo go rona. (Luke 22:20) Moaposetoloi Paulo le ene o ne a umaka kgolagano eno fa a ne a kwalela Bahebera. O ne a nopola boporofeti jwa ga Jeremia mme a gatelela botlhokwa jwa kgolagano e ntšha. (Baheb. 8:7-9) Mme gone, totatota kgolagano e ntšha ke eng? Ke eng fa e ne e tlhokega? Ke bomang ba ba leng mo go yone mme wena e ka go solegela molemo jang? Mma re bone.
KE ENG FA GO NE GO TLHOKEGA KGOLAGANO E NTŠHA?
4. Kgolagano ya Molao e ne ya fitlhelela eng?
4 Gore re kgone go tlhaloganya kgolagano e ntšha, re tshwanetse go tlhaloganya pele boikaelelo jwa kgolagano ya ntlha, e leng kgolagano ya Molao. E ne e tla fitlhelela dilo di le mmalwa tse di molemo tse di neng di tlhokwa ke setšhaba se se neng se letile Losika lo lo solofeditsweng, lo ba le bantsi ba neng ba tla itshegofatsa ka lone. (Gen. 22:17, 18) Fa Baiseraele ba ne ba amogela kgolagano ya Molao, ba ne ba nna ‘thuo e e kgethegileng’ ya Modimo. Mo kgolaganong eo, baperesiti ba ba direlang setšhaba ba ne ba tla tswa mo lotsong lwa ga Lefi. Fa Jehofa a ne a dira kgolagano le setšhaba sa Iseraele kwa Thabeng ya Sinai, o ne a umaka ‘bogosi jwa baperesiti le setšhaba se se boitshepo’ mme gone ga a ka a tlhalosa gore seo se ne se tla direga leng le gore se tla direga jang. (Ekes. 19:5-8) Go fitlha seo se direga, kgolagano eo e ne ya bontsha sentle gore Baiseraele ba ne ba sa kgone go ikobela Molao ka botlalo. Ka jalo, e ne e senola maleo a bone. Go ya ka Molao, Baiseraele ba ne ba tshwanetse go ntsha ditlhabelo ka metlha gore ba itshwarelwe maleo. Le fa go ntse jalo, go ne go bonala gore go tlhokega sengwe se se fetang seo; setlhabelo se se itekanetseng se go neng go se kitla go tlhokega gore se nne se boaboelediwa. Ee, tota go ne go tlhokega sengwe se se tla dirang gore maleo a itshwarelwe ka bosakhutleng.—Bagal. 3:19-22.
5. Ke eng fa Jehofa a ile a bolelelapele ka kgolagano e ntšha?
5 Jaanong re kgona go bona lebaka la go bo Modimo a ile a laela Jeremia gore a bolelele pele ka kgolagano e ntšha le fa gone kgolagano ya Molao e ne e sa ntse e dirisiwa. E re ka Jehofa a le lorato e bile a le pelonomi, o ne a batla gore go nne le sengwe se se tla solegelang ditšhaba tsotlhe molemo ka bosakhutleng. Modimo o ne a dirisa Jeremia gore a bolelele pele jaana ka ba ba tla bong ba le mo kgolaganong eo ya mo isagweng: “Ke tla itshwarela tlolo ya bone, le boleo jwa bone ga nkitla ke tlhola ke bo gakologelwa.” (Jer. 31:34) Le fa tsholofetso eo e ile ya dirwa mo motlheng wa ga Jeremia, e tshwaretse batho botlhe tsholofelo e e molemolemo. Ka tsela efe?
6, 7. (a) Batho bangwe ba ikutlwa jang ka maleo a bone? (b) Ke eng fa go ithuta ka kgolagano e ntšha go ka go kgothatsa?
6 Le jaanong ga re a itekanela, mme gantsi go nna le dilo tse di re lemotshang bosaitekanelang jwa rona. Seo se ne sa tlhalosiwa ke mokaulengwe mongwe yo o neng a lwantsha bokoa bongwe jo bo masisi jo a neng a na le jone. A re: “Fa ke fenngwa ke bokoa jono, ke ne ke utlwa botlhoko fela thata. Ke ne ke akanya gore ga nkitla ke kgona go baakanya dilo. Go ne go le thata gore ke rapele. Ke ne ke a tle ke simolole ka gore, ‘Jehofa ga ke itse gore a o tla reetsa thapelo eno, mme gone . . . . ’” Batho bangwe ba ba kileng ba fenngwa ke bokoa jo ba neng ba lwantshana le jone kgotsa ba ba dirileng boleo bongwe, ba ne ba utlwa e kete go na le “leru le legolo” le le neng le thibile dithapelo tsa bone gore di se ka tsa fitlha kwa Modimong. (Dikhu. 3:44) Bangwe ba ile ba tshwenngwa thata ke go nna ba gopola maleo a ba ileng ba a dira mo nakong e e fetileng, tota le fa go fetile dingwagangwaga seo se diragetse. Tota le Bakeresete bangwe ba ba tlhomang sekao ba ka nna ba bua dilo dingwe tse morago ba di ikwatlhaelang.—Jak. 3:5-10.
7 Ga go ope wa rona yo o tshwanetseng go akanya gore ga a na go tsamaya a itshwara ka tsela e e sa siamang. (1 Bakor. 10:12) Tota le moaposetoloi Paulo o ne a itse gore o dira diphoso. (Bala Baroma 7:21-25.) Dilo tseno tsotlhe di re lemotsha gore re tlhoka kgolagano e ntšha. Modimo o solofeditse gore sengwe sa dilo tsa botlhokwa ka kgolagano e ntšha ke gore ga a kitla a tlhola a gopola maleo gape. Ruri eo ke mpho e e molemolemo go di gaisa tsotlhe! Jeremia o tshwanetse a bo a ne a amegile maikutlo tota fa a bolelelapele ka kgolagano eno, le rona re ka nna ra ikutlwa jalo fa re ntse re ithuta dilo tse dingwe ka kgolagano e ntšha le go lemoga kafa e tla re solegelang molemo ka gone.
Ke ka ntlha yang fa Modimo a ile a tlhoma kgolagano e ntšha?
KGOLAGANO E NTŠHA KE ENG?
8, 9. Jehofa o ile a latlhegelwa ke eng gore batho ba kgone go itshwarelwa maleo?
8 Fa kitso ya gago ka Jehofa e ntse e oketsega, o nna o lemoga kafa a bontshang batho ba ba sa itekanelang bopelonomi le bopelotlhomogi ka gone. (Pes. 103:13, 14) Fa Jeremia a ne a bolelelapele kgolagano e ntšha, o ne a gatelela gore Jehofa o tla “itshwarela tlolo ya bone” mme ga a kitla a tlhola a gakologelwa maleo gape. (Jer. 31:34) Gongwe o akanya gore Jeremia o tshwanetse a bo a ne a ipotsa gore Modimo o tla kgona jang go ba itshwarela ka tsela eo. Mme gone, o ne a tlhaloganya gore fa Modimo a bua ka kgolagano e ntšha, o ne a kaya gore go tla nna le tumalano fa gare ga Gagwe le batho. Ka tsela nngwe, Jehofa o ne a tla dirisa kgolagano eo go diragatsa se a neng a tlhotlheleditse Jeremia gore a se tlhalose, go akaretsa le kgang ya go itshwarela. Dintlha tse dingwe tse di amanang le kgang eno di ne di tla leta go fitlha Modimo a senola gape boikaelelo jwa gagwe, jo bo akaretsang le se Mesia a neng a tla se dira.
9 O ka tswa o itse batsadi bangwe ba ba tlekeetsang bana ba bone, ba sa ba kgalemele. A o lebeletse gore Jehofa le ene a nne jalo? Nnyaa, le e seng! Seno se bonala sentle mo tseleng e kgolagano e ntšha e ileng ya dira ka yone. Go na le gore Modimo a phimole fela maleo, o ne a dirisa melao ya gagwe ya tshiamiso ka boikanyegi ka go rulaganya tsela e e tshwanetseng ya go itshwarela maleo mme tsela eo e ne e tla dira gore a latlhegelwe fela thata. Gore o kgone go tlhaloganya seno, ela tlhoko se Paulo a ileng a se kwala fa a ne a tlhalosa kgolagano e ntšha. (Bala Bahebera 9:15, 22, 28.) Paulo o ne a umaka go ‘gololwa ka thekololo’ a bo a re, “kwantle ga fa madi a tsholotswe ga go boitshwarelo jo bo nnang gone.” Mo kgolaganong e ntšha, seno se ne se sa kaye madi a dipoo kgotsa a dipodi a a neng a ntshiwa setlhabelo mo kgolaganong ya Molao. Madi a ga Jesu ke one a neng a tla dirisiwa mo kgolaganong e ntšha. Jehofa o ne a tla dirisa setlhabelo seo se se itekanetseng go ‘itshwarela diphoso le maleo’ ka bosakhutleng. (Dit. 2:38; 3:19) Mme gone, ke bomang ba ba tla bong ba le mo kgolaganong eno e ntšha le go itshwarelwa ka tsela eo? Ga se setšhaba sa Bajuda. Jesu o ile a re Modimo o tla latlha Bajuda ba ba neng ba ntsha ditlhabelo tsa diphologolo mo kgolaganong ya Molao, mme o ne a tla ya kwa setšhabeng se sengwe. (Math. 21:43; Dit. 3:13-15) Go bonala setšhaba seo e ile ya nna “Iseraele wa Modimo” o o nang le Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya o o boitshepo. Tota re ka re kgolagano ya Molao e ne e le gareng ga Modimo le Iseraele wa tlholego, fa kgolagano e ntšha yone e le gareng ga Jehofa Modimo le Iseraele wa semoya, mme Jesu ke Motsereganyi mo go yone.—Bagal. 6:16; Bar. 9:6.
10. (a) “Letlhogela” la ga Dafide ke mang? (b) Batho ba ka solegelwa molemo jang ke “letlhogela” leno?
10 Jeremia o ne a re, Yo o tlang e bong Mesia, ke “letlhogela” la ga Dafide. Ruri seo se a tshwanela. Tota le mo nakong e ka yone Jeremia a neng a direla e le moporofeti, losika lwa segosi lwa ga Dafide lo ne lwa nyelela. Le fa go ntse jalo, ga lo a ka lwa nyelelela ruri. Fa nako e ntse e tsamaya, Jesu o ne a tsholwa mo losikeng lwa ga Kgosi Dafide. O ne a ka bidiwa “Jehofa ke Tshiamo ya Rona” go bontsha kafa Modimo a ratang nonofo eo thata ka gone. (Bala Jeremia 23:5, 6.) Jehofa o ne a letla gore Morwawe yo o tsetsweng a le esi a boge mo lefatsheng a bo a swe. Mme Jehofa—go dumalana le tshiamiso ya gagwe—o ne a ka dirisa boleng jwa setlhabelo sa thekololo sa “letlhogela” la ga Dafide e le tsela ya go itshwarela. (Jer. 33:15) Seno se ne sa dira gore batho bangwe ba tsewe e le ba ba “siametseng botshelo” mme ba tlodiwe ka moya o o boitshepo gore ba nne maloko a kgolagano e ntšha. Sengwe gape se se bontshang gore Modimo o rata tshiamo ke gore bangwe ba ba seng mo kgolaganong eno ka tlhamalalo le bone e ka ba solegela molemo jaaka re tla bona.—Bar. 5:18.
11. (a) Molao wa kgolagano e ntšha o kwadilwe kae? (b) Ke eng fa “dinku tse dingwe” di kgatlhegela molao wa kgolagano e ntšha?
11 A o ka rata go itse dikarolo tse dingwe tse di kgethegileng tsa kgolagano e ntšha? Pharologano nngwe e kgolo e e leng teng fa gare ga kgolagano eno le kgolagano ya Molao wa ga Moshe ke mo di neng di kwadilwe gone. (Bala Jeremia 31:33.) Melao e e Lesome ya kgolagano ya Molao e ne e kwadilwe mo dikwalelong tsa leje, tse kgabagare di ileng tsa nyelela. Mme Jeremia ene o ne a bolelelapele gore molao wa kgolagano e ntšha one o ne o tla kwalwa mo dipelong tsa batho mme o nnele ruri. Bakeresete ba ba tloditsweng ba e leng maloko a kgolagano e ntšha, ba anaanela molao ono fela thata. Go tweng ka ba kgolagano eno e ntšha e sa ba ameng ka tlhamalalo; “dinku tse dingwe” tse di nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng? (Joh. 10:16) Bano le bone ba ipelela molao wa Modimo. Tota re ka re ba tshwana le baagi ba baeng kwa Iseraele ba ba ileng ba amogela Molao wa ga Moshe mme wa ba solegela molemo.—Lefi. 24:22; Dipa. 15:15.
12, 13. (a) Molao wa kgolagano e ntšha ke eng? (b) Ke eng fa motho a sa ikutlwe a patelediwa go direla Modimo fa a le mo ‘molaong wa ga Keresete’?
12 O ne o tla reng fa o ne o ka bodiwa gore, ‘molao ono o o gabilweng mo dipelong tsa Bakeresete ba ba tloditsweng ke ofe?’ Aitsane, gape molao ono o bidiwa “molao wa ga Keresete.” O ne wa newa pele Iseraele wa semoya, e leng bao ba leng mo kgolaganong e ntšha. (Bagal. 6:2; Bar. 2:28, 29) Fa re sobokanya ‘molao ono wa ga Keresete’ re ka re ke: lorato. (Math. 22:36-39) Bakeresete bano ba ba tloditsweng ba dira jang gore molao ono o kwalwe mo dipelong tsa bone? Ditsela tsa konokono tse ba ka di dirisang ke gore ba ithute Lefoko la Modimo mme ba bue le Jehofa ka thapelo. Tota e bile, Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba tshwanetse gore ka metlha ba dire dikarolo tseno tse di amanang le kobamelo ya boammaaruri, tota le ba ba seng mo kgolaganong e ntšha mme gone ba batla gore e ba solegele molemo.
13 “Molao wa ga Keresete” o bidiwa ‘molao o o itekanetseng wa kgololesego’ le “molao wa batho ba ba gololesegileng.” (Jak. 1:25; 2:12) Ba le bantsi ba ne ba tsholetswe mo Molaong wa ga Moshe, mme ga go ope yo o tsholelwang mo kgolaganong e ntšha kgotsa mo molaong wa ga Keresete. Batho ba ba ikobelang molao wa ga Keresete ga ba patelediwe go direla Modimo. Go na le moo, ba itumelela go itse gore Molao wa Modimo o ka kwalwa mo dipelong tsa bone le gore le gompieno batho ba ka solegelwa molemo ke melemo e e nnelang ruri ya kgolagano e Jeremia a ileng a bolelelapele ka yone.
Modimo o ne a dirisa jang kgolagano e ntšha gore batho ba kgone go itshwarelwa? Ke ditsela dife tse o ka di dirisang go ithuta ka molao o o kwadilweng mo dipelong?
BA BA SOLEGELWANG MOLEMO KE KGOLAGANO E NTŠHA
14. Tota ke bomang ba ba solegelwang molemo ke kgolagano e ntšha?
14 Fa bangwe ba se na go lemoga gore Bakeresete ba ba 144 000 ba mo kgolaganong e ntšha, ba ka tswa ba ile ba akanya gore bano ke bone fela ba ba solegelwang molemo ke kgolagano eno. Gongwe ba ile ba akanya jalo gonne batlodiwa e le bone fela ba jang ditshwantshetso kwa Segopotsong sa ngwaga le ngwaga sa loso lwa ga Keresete, mo beine e emelang “madi a kgolagano.” (Mar. 14:24) Mme gone, se lebale gore ba ba leng mo kgolaganong e ntšha ba tla nna mmogo le Jesu e le “losika” lwa ga Aborahame, lo ditšhaba tsotlhe di tla segofadiwang ka lone. (Bagal. 3:8, 9, 29; Gen. 12:3) Ka tsela nngwe, Jehofa o tla dirisa kgolagano e ntšha go diragatsa tsholofetso ya gagwe ya go segofatsa batho botlhe ka “losika” lwa ga Aborahame.
15. Ke tiro efe e go boleletsweng pele gore batlodiwa ba tla e dira?
15 Jesu Keresete, yo e leng karolo ya konokono ya losika lwa ga Aborahame, o direla e le Moperesiti yo Mogolo, mme o ile a ntsha setlhabelo se se itekanetseng se se dirang gore batho ba kgone go itshwarelwa diphoso le maleo. (Bala Bahebera 2:17, 18.) Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a sa bolo go bolelelapele ka ‘bogosi jwa baperesiti le setšhaba se se boitshepo.’ (Ekes. 19:6) Mo Iseraeleng wa tlholego, baperesiti ba ne ba tswa mo lotsong lo le longwe mme dikgosi di ne di tswa mo go lo longwe. Jaanong, setšhaba seno se se solofeditsweng sa dikgosi le baperesiti se ne se tla nna teng jang? Lekwalo la ntlha la ga moaposetoloi Petere le ne le ya kwa go ba ba itshepisitsweng ka moya. (1 Pet. 1:1, 2) O ile a re batho bao ke “boperesiti jwa segosi, setšhaba se se boitshepo, setlhopha sa batho ba ba ruilweng ka tsela e e kgethegileng.” (1 Pet. 2:9) Ka jalo, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba mo kgolaganong e ntšha e ne e tla nna baperesiti ba ba kaelwang ke Keresete! Akanya fela gore seo se kaya eng! Letsatsi le letsatsi re a kgaratlha ka ntlha ya boleo jo bo sa ntseng bo “busa jaaka kgosi.” Baperesiti ba ba kaelwang ke Keresete le bone ba ile ba lebana le maemo a a tshwanang. (Bar. 5:21) Ba tla itse gore go ntse jang go dira diphoso le go lwantshana le maikutlo a go nna molato. Ka jalo, bone mmogo le Keresete ba tla kgona go re utlwela botlhoko fa re ntse re leka go fenya tshekamelo e re nang le yone ya go dira boleo.
16. Ba “boidiidi jo bogolo” ba ka kgothadiwa jang ke Tshenolo 7:9, 14?
16 Mo go Tshenolo 7:9, 14, “boidiidi jo bogolo” bo bonwa bo ‘apere diaparo tse di telele tse di ditshweu’ tse di bontshang gore ba na le boemo jo bo phepa fa pele ga Modimo. Gone jaanong go ntse go phuthwa boidiidi joo jo bogolo gore bo falole ‘pitlagano e kgolo.’ Ke gone ka moo le gone jaanong bano ba kgonang go nna le seemo se se siameng mo Modimong. Ba bolelwa ba siame, e le ditsala tsa ga Jehofa. (Bar. 4:2, 3; Jak. 2:23) A bo seo se le molemo jang ne! Fa e le gore le wena o mongwe wa boidiidi jo bogolo, o ka tlhomamisega gore Modimo o iketleeditse go go thusa fa o ntse o leka ka natla go nna o le phepa mo matlhong a gagwe.
17. Ke ka tsela efe Jehofa a sa ‘gakologelweng’ maleo gape?
17 Go direga eng ka maleo a batho ba Modimo a ba amogelang? Jaaka go bontshitswe pelenyana, Jehofa o ile a bua jaana ka Jeremia: “Ke tla itshwarela tlolo ya bone, le boleo jwa bone ga nkitla ke tlhola ke bo gakologelwa.” (Jer. 31:34) Modimo o itshwarela batlodiwa a dirisa setlhabelo sa ga Jesu. Ka tsela e e tshwanang, Modimo a ka itshwarela maleo a boidiidi jo bogolo a dirisa ‘madi ao a kgolagano.’ Fa Jeremia a re Modimo ga a kitla a tlhola a “gakologelwa” maleo, seo ga se kaye gore Jehofa o tla fifalelwa ka nakwana a bo a sa tlhole a kgona go gopola maleo. Go na le moo, seo se bontsha gore fa Jehofa a sena go naya moleofi yo o ikwatlhayang kgalemo e a e tlhokang le go mo itshwarela, o lebala gotlhelele ka seo. Akanya ka maleo a Kgosi Dafide a neng a a dira a a amanang le Bathe-sheba le Uria. Dafide o ne a kgalemelwa a bo a boga ditlamorago tsa maleo a gagwe. (2 Sam. 11:4, 15, 27; 12:9-14; Isa. 38:17) Le fa go ntse jalo, Modimo ga a ka a nnela go gopotsa Dafide maleo ao. (Bala 2 Ditiragalo 7:17, 18.) Jaaka go bontshitswe mo kgolaganong e ntšha, fa Jehofa a itshwaretse maleo ka setlhabelo sa ga Jesu, ga a tlhole a tla a gakologelwa gape.—Esek. 18:21, 22.
18, 19. Kgolagano e ntšha e na le dithuto dife tse di amanang le go itshwarela ba bangwe?
18 Ka jalo, kgolagano e ntšha e gatelela tsela e e molemo e Jehofa a dirisanang ka yone le batho ba ba nang le boleo, batlodiwa ba ba leng mo kgolaganong mmogo le batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. O ka tlhomamisega gore fa Jehofa a go itshwaretse maleo a gago, ga a kitla a tlhola a go gopotsa one gape. Ka gone, tsholofetso e Modimo a e dirileng ka kgolagano e ntšha e ruta mongwe le mongwe wa rona thuto ya botlhokwa. Ipotse, ‘A ke leka go etsa Jehofa ka go se nne ke gopotsa ba bangwe diphoso tse ke rileng ke ba itshwaretse tsone?’ (Math. 6:14, 15) Seno se akaretsa le diphoso tse dinnye mmogo le tse di masisi tse di jaaka fa molekane wa Mokeresete a dirile boleo jwa boaka. Fa molekane yo o seng molato a dumela go itshwarela moakafadi yo o ikwatlhayang, a ga go molemo gore a se ‘tlhole a gakologelwa boleo joo gape’? Gone ke boammaaruri gore go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go lebala diphoso, mme gone ke tsela e nngwe e re ka etsang Jehofa ka yone.a
19 Re ka dirisa thuto eno e e amanang le kgolagano e ntšha tota le mo mothong yo o neng a kgaotswe mme a ikwatlhaya le go busediwa mo phuthegong. Go tweng fa motho yoo a ne a go utlwisitse botlhoko thata kgotsa a go sentse leina ka tsela nngwe? Jaanong o buseditswe gape mo phuthegong. Se re se balang mo go Jeremia 31:34, se tla ama jang tsela e re akanyang ka yone le e re tla itshwarang ka yone? A re tla itshwarela moleofi yoo mme re tlogele go nna re mo gopotsa phoso e a e dirileng? (2 Bakor. 2:6-8) Eleruri seo ke se botlhe ba ba anaanelang kgolagano e ntšha ba tshwanetseng go leka ka natla go se dira letsatsi le letsatsi mo matshelong a bone.
O ka dirisa jang thuto e e bontshitsweng mo kgolaganong e ntšha e e malebana le go itshwarela?
MASEGO A KGOLAGANO E NTŠHA, A GONE JAANONG LE A MO ISAGWENG
20. Boikutlo jwa gago bo farologana jang le jwa batho ba le bantsi ba mo motlheng wa ga Jeremia?
20 Mo motlheng wa ga Jeremia, tota Bajuda ba le bantsi ba ne ba re: “Jehofa ga a kitla a dira molemo, e bile ga a kitla a dira bosula.” (Sefa. 1:12) Le fa ba ne ba itse gore Jehofa ke mang e bile ba itse botho jwa gagwe, ba ne ba ithaya ba re ga a kitla a tsaya kgato ka ditiro tsa bone; e bile ga a lebelela gore ba tshele ka melao mengwe. Mme gone, wena o itse sentle gore Modimo o bona sengwe le sengwe. O boifa Modimo ka tsela e e tlotlegang e bile o leka ka natla gore o se ka wa dira bosula. (Jer. 16:17) Mme gone, o itse sentle gore Jehofa ke Rre yo o molemolemo. O bona ditiro tsa rona tse di molemo, go sa kgathalesege gore ba bangwe ba a di bona kgotsa ga ba di bone.—2 Ditir. 16:9.
21, 22. Ke eng fa go sa tlhole go tlhokega gore o bolelelwe gore: ‘Itse Jehofa’?
21 Karolo e nngwe ya botlhokwa ya kgolagano e ntšha ke eno: “Ke tla tsenya molao wa me mo go bone, e bile ke tla o kwala mo dipelong tsa bone. Ke tla nna Modimo wa bone, . . . Mme mongwe le mongwe ga a kitla a tlhola a ruta molekane wa gagwe le mongwe le mongwe morwarraagwe, a re, ‘Itseng Jehofa!’ gonne botlhe ba tla nkitse.” (Jer. 31:33, 34) Batlodiwa ba ba leng mo lefatsheng gompieno ba bontshitse gore ba na le molao wa Modimo mo go bone. Ba rata boammaaruri jo bo mo Baebeleng go na le go ikaega ka dithuto tsa batho. Mme ba itumelela go abela ba boidiidi jo bogolo kitso ya Dikwalo. Ka jalo, batho bano ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng le bone ba setse ba itse Jehofa e bile ba a mo rata. Ba ikobela kaelo ya gagwe ka go rata mme ba ikanya ditsholofetso tsa gagwe. Le wena o tshwanetse wa bo o ntse jalo. O itse Jehofa sentle mme o na le kamano e e gaufi thata le ene. A bo seo se le molemo jang ne!
22 Ke dilo dife tse o di dirileng gore o kgone go nonotsha kamano ya gago le Jehofa? Ga go pelaelo gore o gopola makgetlo mangwe a mo go one o ileng wa bona gore o arabile dithapelo tsa gago. Fa seo se go diragalela, o ile wa anaanela le go feta tsela e Modimo a leng ka yone. O ka tswa o ile wa lemoga kafa a go thusitseng ka gone fa o ne o gopola temana nngwe e e neng ya go thusa gore o kgone go lebana le mathata mangwe. O se ka wa tseela dilo tseo kwa tlase. Fa o ntse o ithuta Lefoko la gagwe, kitso e o nnang le yone ka ene e tla nna e oketsega—mme seo ke molemo o o nneleng ruri.
23. Go itse Jehofa go ka go golola jang mo maikutlong a a go tshwenyang go sa tlhokege?
23 Go na le tshegofatso e nngwe gape e e amanang le kgolagano e ntšha e re ka e itumelelang gone jaanong. Go itse gore Jehofa ke ene a itshwarelang a dirisa kgolagano eno go ka re thusa gore re se tlhole re tshwenngwa ke go nna re ikutlwa re le molato. Ka sekai, bangwe ba ba kileng ba senya mpa pele ba itse melao ya Modimo ba ka ikutlwa ba le molato ba bo ba hutsafadiwa ke go bo ba ile ba fedisa botshelo jwa motho yo o iseng a tsholwe. Bangwe ba ikutlwa jalo gonne ba ile ba nna le seabe mo dintweng mme ba bolaya batho. Setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo—se e leng sone sa botlhokwatlhokwa mo kgolaganong e ntšha—se thusa gore batho ba tota ba ikwatlhayang ba itshwarelwe. Ruri seo se tshwanetse go re tlhomamisetsa gore fa Jehofa a itshwaretse boleo, go raya gore go fedile ka kgang eo. Ka jalo, ga re a tshwanela go nnela go akanya ka maleo a Jehofa a re itshwaretseng one ka botlalo.
24. Pego e e mo go Jeremia 31:20, e ka go kgothatsa jang?
24 Mo go Jeremia 31:20, go na le bosupi jo bo bontshang sentle tsela e Jehofa a itshwarelang ka yone. (E bale.) Masomesome a dingwaga pele ga motlha wa ga Jeremia, Jehofa o ne a otlhaya bogosi jwa Iseraele jwa kwa bokone jwa ditso tse di lesome (jo bo emelwang ke Eferaime e e neng e le lotso lo lo itsegeng thata) gonne ba ne ba obamela medingwana. Ba ne ba isiwa botshwarwa. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a rata setšhaba seno fela thata mme o ne a ba bontsha bopelonomi jo bo lorato. O ne a sa ntse a ba rata jaaka “ngwana yo o tshwarwang ka lorato.” Fa a akanya ka bone, mala a gagwe a ne a ‘fuduega’ go bontsha gore o ne a amega thata ka bone. Pego eno e re e fitlhelang fa re ithuta ka kgolagano e ntšha, e bontsha kafa Jehofa a leng boutlwelobotlhoko ka gone le kafa a itshwarelang ka gone batho ba ba ikwatlhaelang ditiro tse di bosula tse ba di dirileng mo nakong e fetileng.
25. Ke eng fa o tshwanetse go leboga Jehofa ka ntlha ya kgolagano e ntšha?
25 Tsholofetso e Jehofa a e dirileng ya gore o tla itshwarela maleo a dirisa kgolagano e ntšha, e tla diragadiwa ka botlalo kwa bofelong jwa Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete. Jesu Keresete, mmogo le ba ba 144 000, ba tla bo ba dirile gore batho ba ba ikanyegang ba boe ba itekanele. Morago ga teko ya bofelo, batho ba tla nna karolo ya lelapa la ga Jehofa la lobopo lotlhe. (Bala Baroma 8:19-22.) Go setse go fetile makgolokgolo a dingwaga batho ba ntse ba fegelwa gonne ba imelwa ke boleo. Le fa go ntse jalo, ka nako eo batho ba Jehofa a ba bopileng ba tla nna le “kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo,” ba gololesegile mo boleong le mo losong. Ka jalo, o ka tlhomamisega gore o tla solegelwa molemo fela thata ke thulaganyo e e lorato ya kgolagano e ntšha. O ka solegelwa molemo gone jaanong le ka bosakhutleng ke “letlhogela” la ga Dafide mme o ipelele “tshiamo mo lefatsheng.”—Jer. 33:15.
O ka solegelwa molemo jang ke kgolagano e ntšha gone jaanong le mo isagweng?
a Tsela e Modimo a iketleeleditseng go itshwarela ka yone e ne ya bontshiwa mo kgannyeng ya ga Hosea le Gomere. Bona dintlha tsa Hosea 2:14-16 mo bukeng ya Nna o Gopotse Letsatsi la ga Jehofa, tsebe 128-130.