Buka ya Bibela ya bo 27—Daniele
Mokwadi: Daniele
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Babelona
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 536 B.C.E.
Lobaka Lo Lo Tserweng: 618–mo e ka nnang ka 536 B.C.E.
1. Mo bukeng ya Daniele go kwadilwe ditiragalo dife, mme e tlotlomatsa eng?
MO MOTLHENG ono o merafe yotlhe ya lefatshe e tlogang e welwa ke masetlapelo mo go one, buka ya Daniele e re tlhokomedisa melaetsa ya boperofeti e eleng botlhokwa fela thata. Lemororo dibuka tsa Bibela tsa Samuele, Dikgosi, le Ditihalō di thailwe mo direkotong tsa batho ba ba boneng ditiragalo tseo ka matlho tsa hisitori ya setshwani sa bogosi jwa Modimo (bogosi jwa boora Dafide), Daniele ene o remeletse thata mo merafeng ya lefatshe mme o neela dipolelelopele tsa kafa magosi a magolo a tla sukasukanang ka gone go simolola ka motlha wa ga Daniele go fitlha “kwa motlheñ oa bokhutlō.” Seno ke ditiragalo tsa lefatshe tse di kwadilweng pele ga di ise di diragale. Di fitlha kwa tiragalong e kgolo e e gapang tlhokomelo ka go bontsha se se diragalang “mo metlheñ ea bohèlō.” Fela jaaka Nebukadenesare, merafe e tshwanetse go itse ka tsela e e botlhoko “ha Mogodimodimo a busa mo bogosiñ yoa batho” le gore kwa bokhutlong o bo naya “eo o chwanañ le moñwe morwa motho,” Mesia le Moeteledipele, Keresete Jesu. (Dan. 12:4; 10:14; 4:25; 7:13, 14; 9:25; Yoh. 3:13-16) Fa re elatlhoko ka botlalo ditiragatso tsa boperofeti tsa buka ya Daniele, re tla anaanela ka botlalo maatla a ga Jehofa a go bolelela dilo pele le gore o tlhomamisa gore o tla sireletsa le go segofatsa batho ba gagwe.—2 Pet. 1:19.
2. Ke eng se se tiisetsang gore Daniele e ne e le motho wa mmatota, mme o ne a perofesa mo motlheng wa ditiragalo dife?
2 Buka eno e reeletswe ka mokwadi wa yone. Leina “Daniele” (Sehebera, Da·ni·yeʼlʹ) le raya “Moatlhodi Wa Me Ke Modimo.” Esekiele, yo o neng a tshela ka nako e le nngwe fela le ene, o tlhomamisa gore Daniele e ne e le motho wa mmatota, a mo umaka ka nako e le nngwe fela le Noa le Jobe. (Esek. 14:14, 20; 28:3) Daniele o bolela gore buka ya gagwe e simolotswe go kwalwa ka “ñwaga oa boraro oa pushō ea ga Yehoiakime kgosi ea Yuda.” E ne e le ka ngwaga wa 618 B.C.E., ngwaga wa boraro o kgosi Jehoiakime a neng a busa jaaka kgosi ya moemela mofenyi Nebukadenesare.a Diponatshegelo tsa boperofeti tsa ga Daniele di ne tsa tswelela go fitlha ka ngwaga wa boraro wa ga Kurose, mo e ka nnang ka 536 B.C.E. (Dan. 1:1; 2:1; 10:1, 4) Abo mo botshelong jwa ga Daniele go ne ga diragala dilo tse dikgolo jang ne! Fa a santse a le monana o ne a nna kwa Juda go busa bogosi jwa Modimo. Go tswa foo, fa a le kgosana yo mosha, o ne a isiwa kwa Babelona le balekane ba gagwe ba ba tlotlegang ba Bajuda koo ba nnileng teng mo nakong ya go tlhogonolofala le go wa ga puso eo ya boraro ya lefatshe ya ditiragalo tsa Bibela ba le badirelapuso. Daniele o ne a ntse a direla jaaka modirelapuso mo pusong ya bonè ya lefatshe, eleng Medo-Persia. Daniele o tshwanetse a bo a ne a tshela mo e ka nnang dingwaga di le lekgolo.
3. Ke eng se se supang gore buka ya Daniele ke karolo ya Dikwalo le gore gape e boammaaruri?
3 Buka ya Daniele e ne e ntse e le mo tlhatlhamanong ya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tsa Sejuda. Manathwana a Daniele a fitlhetswe mo dibukeng tse dingwe tse eleng karolo ya Dikwalo tsa Memeno ya Lewatle je le Suleng, dingwe tsa tseo di kwadilweng mo sephatlong sa ntlha sa lekgolo la ntlha la dingwaga B.C.E. Lefa go ntse jalo, bosupi jo e bileng e le jwa botlhokwa jwa gore buka eno e boammaaruri bo bonwa fa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di tsopola mo go yone. Jesu o umaka Daniele ka tlhamalalo mo boperofeting jwa gagwe jwa “bokhutlō yoa lehatshe,” moo a tsopolang makgetlo a le mmalwa mo bukeng eno.—Math. 24:3; bona le Dan. 9:27; 11:31; le 12:11—Math. 24:15 le Mar. 13:14; Dan. 12:1—Math. 24:21; Dan. 7:13, 14—Math. 24:30.
4, 5. Dilo tse di fatolotsweng di latofaditse jang dipolelo tsa batshwayadiphoso ba bagolo malebana le Daniele?
4 Lemororo batshwayadiphoso ba bagolo ba Bibela ba ile ba belaela gore a ditiragalo tse di bolelwang mo bukeng ya Daniele di boammaaruri, dilo tse di bonweng ke baepamarope di ile tsa latofatsa dipolelo tsa bone gotlhelele. Ka sekai, batshwayadiphoso bano ba ne ba sotla ka mafoko a ga Daniele a gore Beleshasare o ne a le kgosi mo Babelona ka nako ya fa Nabonidase a ne a tumile jaaka mmusi. (Dan. 5:1) Thutamarope jaanong e tlhomamisitse kwantle ga pelaelo gore Beleshasare e ne e le motho wa mmatota le gore o ne a le mmusimmogo le Nabonidase mo dingwageng tsa bofelo tsa Mmusomogolo wa Babelona. Ka sekai, mokwalo mongwe wa bogologolo wa dimapo o o tlhalosiwang jaaka “Polelo e Khutshwane ya ga Nabonidase” o tlhomamisa ka phepafalo gore Beleshasare o ne a busa kwa Babelona a bo a tlhalosa mokgwa oo a neng a nna mmusimmogo le Nabonidase ka gone.b Bosupi jo bongwe jwa mokwalo wa dimapo bo tshegetsa gore Beleshasare o ne a dira ditiro tsa bogosi. Letlapanakwalelo, le le kwadilweng ka ngwaga wa bo 12 wa puso ya ga Nabonidase, le na le ikano e e kwadilweng leina la ga Nabonidase, kgosi, le Beleshasare, morwa kgosi eo, ka go rialo le bontsha gore Beleshasare o ne a le mo maemong a le mangwe fela le rraagwe.c Ntlha eno gape ke ya botlhokwa ka e tlhalosa gore ke ka ntlhayang fa Beleshasare a ne a batla go dira Daniele “molaodi oa boraro mo bogosiñ” fa a ne a ka kgona go phutholola mokwalo o o neng o le mo lekotswaneng. Nabonidase o ne a tla tsewa jaaka wa ntlha, Beleshasare o ne a tla nna wa bobedi, mme Daniele ene o ne a tla newa maemo a go nna mmusi wa boraro. (5:16, 29) Mmatlisisi mongwe o ne a re: “Go umaka Beleshasare ga mekwalo ya dimapo go sedifatsa seabe sa gagwe mo maemo a gagwe mo ditiragalong a tlhomologang ka phepafalo. Go na le ditemana di le dintsi tse di supang gore Beleshasare o ne a batla a lekana le Nabonidase ka maemo le seriti. Gore mo pusong e Ntšha ya Babelona go ne go busa batho ba babedi ke boammaaruri jo bo tlhomameng. Nabonidase o ne a na le maemo a magolo kwa ntlong ya gagwe ya segosi kwa Tema mo Arabia, fa Beleshasare ene a ne a direla jaaka mmusimmogo nae kwa nagagaeng ya gagabo mme a dirisa maatla a gagwe thata kwa Babelona. Go lemotshega sentle gore Beleshasare o ne a se mothusammusi wa maemo a a kwa tlase; o ne a neilwe ‘puso.’”d
5 Batho bangwe ba ile ba bolela gore polelo ya Daniele ya bokepiso jwa molelo ga e boammaaruri (kgao. 3), ba bolela gore ke leinane fela le le itlhametsweng. Karolo nngwe ya lekwalo la Babelona wa Bogologolo e balega jaana: “Morena wa gago Rîm-Sin o bolela jaana: Ereka a latlhetse mosimanyana wa motlhanka mo pesetsong, o latlhele motlhanka mo bokepisong jwa molelo.” Ka mo go kgatlhisang, fa G. R. Driver a bua ka kotlhao eno, o bolela gore “e tlhaga mo polelong ya Banna ba Bararo ba ba Boitshepo (Dan. III 6, 15, 19-27).”e
6. Ke dikarolo dife tse pedi tse di bopang buka ya Daniele?
6 Bajuda ba ne ba akaretsa buka ya Daniele le Mekwalo mme e seng le Baperofeti. Mo letlhakoreng le lengwe, mo Bibeleng ya Seesemane go kwadilwe tlhatlhamano ya dikwalo ka tsela e di rulagantsweng ka yone mo go Septuagint ya Segerika le Vulgate ya Selatine ka go kwala Daniele fa gare ga baperofeti ba bagolo le ba babotlana. Tota buka eno e na le dikarolo di le pedi. Karolo ya ntlha ya tseno, kgaolo 1 go ya go 6, e bolela maitemogelo a ga Daniele le balekane ba gagwe fa ba ne ba direla puso go ya ka go tlhomagana ga dingwaga go simolola ka ngwaga wa 617 B.C.E. go ya go 538 B.C.E. (Dan. 1:1, 21) Karolo ya bobedi, e go nang le kgaolo 7 go ya go kgaolo 12 mo go yone, e kwadilwe ke sebui se eleng Daniele ka boene mme e tlhalosa diponatshegelo tse Daniele a neng a di bona a le nosi le fa a ne a botsolotswa ke baengele go simolola mo e ka nnang ka 553 B.C.E.f go ya go mo e ka nnang ka 536 B.C.E. (7:2, 28; 8:2; 9:2; 12:5, 7, 8) Dikarolo tse pedi tseo fa di kopana di dira buka e le nngwe fela e e sa ikganetseng ya Daniele.
SEO SE LENG MO GO DANIELE
7. Go tla jang gore Daniele le balekane ba gagwe ba nne badirelapuso ba Babelona?
7 Go baakanyetsa tirelo ya Puso (1:1-21). Ka 617 B.C.E. Daniele o ne a goroga mo Babelona a na le Bajuda ba ba neng ba tlile botshwarwa. Dijana tse di boitshepo tse di neng di tswa kwa tempeleng e e kwa Jerusalema le tsone di a goroga, di tla go bolokwa mo ntlong ya polokelo ya seheitane. Daniele le balekane ba gagwe ba bararo ba Bahebera ke bangwe ba Bajuda ba basha ba segosi ba ba neng ba tlhophiwa go ya go thapisiwa ka dingwaga di le tharo go bereka kwa ntlong ya kgosi. Ereka a ne a dirile phetso mo pelong ya gagwe gore o ne a se kitla a iteswafatsa ka dijo tse di monate tsa kgosi le beine, Daniele o kopa gore go dirwe tekeletso ya malatsi a le lesome ba fiwa dijo tsa merogo fela. Kwa bokhutlong tekeletso eo e supa fa se Daniele le balekane ba gagwe ba se dirileng e le sone se se siameng, mme Modimo o ba naya kitso le botlhale. Nebukadenesare o tlhoma batho ba banè bao go ema fa pele ga bagakolodi. Temana ya bofelo ya kgaolo 1, eo e ka nnang ya bo e ne ya kwalwa ka nako e telele morago ga ditemana tse di tlang pele ga yone di sena go kwalwa, e supa gore Daniele o ne a santse e le modirela kgosi dingwaga di le 80 morago ga a sena go fudusediwa kwa lefatsheng le sele, mo e ka nnang ka ngwaga wa 538 B.C.E.
8. Modimo o senolela Daniele toro efe le phuthololo ya yone, mme Nebukadenesare o bontsha jang gore o anaanela seo?
8 Toro ya setshwantsho se se boitshegang (2:1-49). Mo ngwageng wa bobedi wa puso ya gagwe (e gongwe e neng ya simologa ka nako ya go senngwa ga Jerusalema ka 607 B.C.E.), Nebukadenesare o tshwentswe ke toro nngwe. Baperesiti ba gagwe ba maselamose ga ba kgone go mmolelela toro ya gagwe le phuthololo ya yone. O ba solofetsa gore o tla ba naya dimpho tse dikgolo, mme ba bolela gore ga go na ope yo o ka bolelelang kgosi se e se batlang fa e se medimo fela. Kgosi eo e a gakala e bo e laela gore banna ba ba botlhale ba bolawe. Ereka Bahebera ba banè bao ba kopanyelediwa mo taolong eo, Daniele o kopa gore a fiwe nako ya go senola toro eo. Daniele le balekane ba gagwe ba rapela Jehofa gore a ba kaele. Jehofa o senolela Daniele le balekane ba gagwe toro eo le seo e se kayang, mme morago o ya fa pele ga kgosi eo a bo a mo raya a re: “Go na le Modimo kwa legodimoñ o o senolañ tse di sa itsiweñ, me ōna o itsisitse kgosi Nebukadenesare se se tla dihalañ mo metlheñ ea kwa boheloñ.” (2:28) Daniele o tlhalosa toro eo. O ne a lorile a bona setshwantsho se segolo. Tlhogo ya setshwantsho seo ke gouta, sehuba sa yone le mabogo ke selefera, mpa ya sone le dirope tsa sone ke kgotlho, mme maoto a sone ke tshipi, dinao tsa sone ke tshipi e e tlhakaneng le mmopa. Tshilo nngwe e itaya setshwantsho seo e ba e se thubaganya e ba e nna thaba e kgolo e e tlalang mo lefatsheng lotlhe. Seno se kaya eng? Daniele o itsise gore kgosi ya Babelona ke tlhogo ya gouda. Morago ga bogosi jwa gagwe go tla latela jwa bobedi, jwa boraro, le jwa bonè. Kwa bokhutlong, “Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi yo bo se ketlañ bo señwa gopè, . . . me bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō aotlhe, me bo tla èma ka bosakhutleñ.” (2:44) Kgosi eo e tlotlomatsa Modimo wa ga Daniele ka tebogo le kanaanelo, e mmitsa “Modimo oa medimo” a bo a dira Daniele “molaodi oa kgaolō eotlhe ea lehatshe ya Babelona, le tlhōgō ea batlhale botlhe ba Babelona.” Balekane ba bararo ba ga Daniele ba dirwa balaodi mo bogosing joo.—2:47, 48.
9. Go gana go obamela setshwantsho ka bopelokgale ga Bahebera ba bararo go felela ka eng?
9 Bahebera ba bararo ba falola bokepiso jwa molelo (3:1-30). Nebukadenesare o aga setshwantsho se segolo sa gouta, sa bogodimo jwa dimetara di le 26,7, a bo a laela babusi ba mmusomogolo oo go phuthega mmogo go tla go se kgakola. Botlhe ba ne ba tshwanetse go wela fa fatshe ba bo ba obamela setshwantsho seo fa ba ne ba utlwa mmino o o kgethegileng. Motho ope fela yo o ka sekang a dira jalo o tshwanetse go latlhelwa mo bokepisong jo bo tukang molelo. Go begwa gore balekane ba bararo ba ga Daniele, Shaderake, Meshake, le Abedenego, ga baa dira jaaka go laotswe. Ba tlisiwa fa pele ga kgosi e e gaketseng, koo ba buang ka bopelokgale ba re: “Modimo oa rona o re o dihèlañ, o nonohile go re golola . . . re gana . . . go ōbamèla sechwanchō sa gouda se u se tlhomileñ.” (3:17, 18) Kgosi eo e laela gore bokepiso joo bo gotediwe ga supa go feta kafa go tlwaelegileng ka gone, a tletse bogale, le gore Bahebera ba bararo bao ba golegwe ba bo ba latlhelwe mo kgabong ya molelo. Fa batho ba ba neng ba tla nna babolai ba dira seno ba bolawa ke kgabo ya molelo. Nebukadenesare o a tshoga. Ke eng se a se bonang mo bokepisong joo? O bona banna ba le banè ba tsamaya fa gare ga molelo oo ba sa gobala ka gope, mme ‘wa bonè o ntse jaaka mongwe morwa medimo.’ (3:25) Kgosi eo e bitsa Bahebera ba bararo bao gore ba tswe mo molelong oo. Ba tswela kwantle, go sena lefa e le gope fa ba babogileng gone, le gone ba sa nkge molelo gope! Ka baka la go emela kobamelo ya boammaaruri ga bone ka bopelokgale, Nebukadenesare o letlelela Bajuda mo mmusomogolong otlhe oo go obamela ka kgololesego.
10. Ke toro efe e e tshosang malebana le “metlha e shupa” eo Nebukadenesare a neng a e lora, mme a e ne ya diragadiwa mo go ene?
10 Toro ya “metlha e shupa” (4:1-37). Toro eno e tlhaga mo pegong eno jaaka mokwalo wa ga Daniele wa mafoko a puso ya Babelona. E ne ya kwalwa ke kgosi Nebukadenesare yo o neng a kokobeditswe. Santlha Nebukadenesare o bolela ka maatla le bogosi jwa Modimo Mogodimodimo. Go tswa foo o anela ka toro e e tshosang le kafa e neng ya diragadiwa mo go ene ka gone. O ne a bona setlhare se se neng se fitlha kwa legodimong se e neng e le bonno le dijo tsa sebopiwa sengwe le sengwe sa nama. Molebeledi mongwe o goa a re: ‘Kgaola setlhare. Bofa sesepi sa sone ka tshipi le kgotlho. Mma go fete metlha e supa pele, gore go tle go itsiwe gore Mogodimodimo ke Mmusi mo bogosing jwa setho le gore o tlhoma motho yo o kwa tlase mo maemong mo go jone.’ (4:14-17) Daniele o phutholola toro eo, a itsise gore setlhare seo se emela Nebukadenesare. Ka bokhutshwane fela go ne ga latela tiragatso ya toro eno ya boperofeti. Ka nako ya fa boikgogomoso jwa kgosi eno bo ne bo le bogolo thata, o ne a itewa ka botsenwa; mme o ne a nna mo nageng dingwaga di le supa a tshwana le sebatana. Morago ga moo, o ne a busediwa a nna motho yo o siameng gape, mme a dumela fa Jehofa a le mogolo.
11. Beleshasare o bona mokwalo wa makgaolakgang fa ba le mo boitlhapedisong bofe, Daniele o o phutholola a reng, mme o diragadiwa jang?
11 Moletlo wa dijo wa ga Beleshasare: go phuthololwa ga mokwalo (5:1-31). Ke bosigo jwa makgaolakgang jwa October 5, 539 B.C.E. Kgosi Beleshasare, morwa Nabonidase, jaaka motlhakanelapuso wa Babelona, o direla bagolwane ba gagwe moletlo o mogolo wa dijo. Kgosi eo, ka baka la bojalwa jwa mofine jo a bo noleng, o laela gore go tlisiwe dijana tse di boitshepo tsa gouda le selefera tse di tswang kwa tempeleng ya ga Jehofa, mme Beleshasare le baeng ba gagwe ba nwa ka tsone, mo maitlhapedisong a bone, fa ba ntse ba baka medimo ya bone ya seheitane. Ka bokhutshwane fela go bonala seatla sengwe se bo se kwala molaetsa o o sa itsiweng mo lekotswaneng. Kgosi eo e tsenwa ke letshogo. Banna ba gagwe ba ba botlhale ga ba kgone go phutholola mokwalo oo. Kwa bokhutlong go tlisiwa Daniele. Kgosi eo e solofetsa gore e tla mo dira mmusi wa boraro mo bogosing joo fa a ka kgona go bala le go phutholola mokwalo oo, mme Daniele o mmolelela gore a seka a mo fa dimpho tse a neng a re o a di mo fa. Go tswa foo o tswelela a bolela gore mokwalo oo wa reng le se o se kayang: “MENE, MENE, TEKELE, UPHARASINE. . . . Modimo o sekasekile bogosi yoa gago, me o bo khutlisitse. . . . U lekancwe mo dilekanyoñ tsa pègō, me u hitlhecwe u tlhaetse. . . . Bogosi jwa gago bo kgaogancwe, me bo neilwe Bameda le Baperesia.” (5:25-28) Beleshasare o bolawa mo go jone bosigo joo, mme Dario wa Momeda o tsaya bogosi.
12. Segwenegwene sa go bolaya Daniele se senngwa jang, mme go tswa foo Dario o ntsha taolo efe?
12 Daniele o mo mongobong wa ditau (6:1-28). Batlhankedi ba maemo a a kwa godimo ba puso ya ga Dario ba logela Daniele segwenegwene ka go dira gore kgosi eo e ntshe molao o o thibelang gore ope a seka a rapela modimo ope kana motho ope fela kwantle ga kgosi ka malatsi a le 30. Motho ope fela yo o o tlolang o tshwanetse go latlhelwa mo ditaung. Daniele o gana go utlwa molao ono o o amang kobamelo ya gagwe mme o ya go Jehofa ka thapelo. O latlhelwa mo mongobong wa ditau. Ka dikgakgamatso, moengele wa ga Jehofa o thiba ditau tseo melomo, mme mo letsatsing le le latelang Kgosi Dario o itumelela go fitlhela Daniele a sa gobala ka gope. Jaanong baba ba gagwe ke bone ba ba neelwang ditau tseo, mme kgosi eo e ntsha taolo ya gore go boifiwe Modimo wa ga Daniele, ereka jaana e le “Modimo o o tshedileñ.” (6:26) Daniele o a tlhogonolofala fa a ntse a direla puso go fitlha mo pusong ya ga Kurose.
13. Mo torong eo a sa e bolelelang ope, Daniele o bona ponatshegelo ya eng malebana le dibatana tse nnè le puso ya Bogosi?
13 Diponatshegelo tsa dibatana (7:1–8:27). Re boela kwa “[ngwageng] oa ntlha oa ga Beleshasare,” yo go bonalang puso ya gagwe e ne ya simologa ka 553 B.C.E. Daniele o lora toro nngwe a le nosi fela, a bo a e kwala ka Searamaika.g O bona dibatana tse dikgolo tse nnè tse di boitshegang tse di tlhagang ka go latelelana ga tsone. Ya bonè e nonofile ka mo go sa tlwaelegang, mme e tlhoga lonakanyana fa gare ga dinaka tsa yone ‘lo bua dilo tse dikgolo.’ (7:8) Go tlhaga Mogologolo a bo a nna mo setulong. “Ba ba makgolo a makgolo kgolo” baa mo direla. “Moñwe eo o chwanañ le moñwe morwa motho” o tla fa pele ga gagwe mme o “nèwa pushō, le kgalalèlō, le bogosi, gore batho botlhe ba dichaba, le ba merahe, le ba dipuō ba mo dihèlè.” (7:10, 13, 14) Go tswa foo Daniele o phuthololelwa ponatshegelo ya dibatana tse nnè. Di emela dikgosi tse nnè, kana magosi. Go tlhoga lonakanyana gareng ga dinaka tse di lesome tsa sebatana sa bonè. Lo nna le maatla lo bo lo lwantsha baitshepi. Lefa go ntse jalo, Kgotlatshekelo ya selegodimo e kgaosetsa seo e ba e naya “bogosi le pushō, le bogolo yoa magosi a a tlhatse ga legodimo yeotlhe, . . . ba ga bōnè baitshepi ba Mogodimodimo.”—7:27.
14. Daniele o bona ponatshegelo ya eng e go bonalang phoko le phelehu e e dinaka di pedi mo go yone? Gabariele o e tlhalosa jang?
14 Dingwaga di le pedi moragonyana, Babelona a sa bolo go wa, Daniele o bona ponatshegelo e nngwe, eo a e kwalang ka Sehebera. O bona phoko e e nang le lonaka lo lo tlhomologileng fa gare ga matlho a yone e lwa le phelehu e e nang le dinaka di le pedi, e ba e e henya. Lonaka lo logolo lwa phoko eo lo a robega, mme go tlhoga a mabotlana a le manè. Mo go lengwe la ano go tlhoga lonakanyana lo longwe lo lo golang lo nna logolo, mo lo bileng lo gwetlha masole a selegodimo. Go bolelelwa pele gore go tla feta lobaka lwa malatsi a le 2 300 lefelo le le boitshepo le bo le “ntlahadiwa.” (8:14) Gabariele o tlhalosetsa Daniele ponatshegelo eo. Phelehu eo e emela dikgosi tsa Media le Peresia. Phoko yone ke kgosi ya Gerika, yo bogosi jwa gagwe bo tla thubaganngwang bo nna bonè. Moragonyana, kgosi nngwe ya sefatlhego se se boitshegang e tla “èmalana le kgōsana ea dikgōsana.” Ereka go tla feta “metlha e le mentsi” ponatshegelo eo e ise e diragale, Daniele o tshwanetse go nama a e bolokile e le sephiri.—8:25, 26.
15. Ke eng se se dirang gore Daniele a rapele Jehofa, mme ke eng se Gabariele jaanong a se itsiseng malebana le “diweke di shupa”?
15 Go bolelelwa pele ka Moeteledipele Mesia (9:1-27). “Ǹwaga oa ntlha oa ga Dario . . . oa losika loa Bameda” ke o Daniele a tlhatlhobisang boperofeti jwa ga Jeremia mo go one. Fa a lemoga gore dingwaga tse 70 tse di boleletsweng pele tsa tshwafalo ya Jerusalema di tloga di wela, Daniele o rapela Jehofa a ipolela dibe tsa gagwe le tsa Iseraele. (Dan. 9:1-4; Yer. 29:10) Go tlhaga Gabariele a tla go itsise gore go tla nna le “diweke di le mashomè a shupa, tsa go wetsa tlolō, le go khutlisa maleo, le go dihèla boikèpō tetlanyō.” Moeteledipele Mesia o tla tla kwa bokhutlong jwa dibeke tse 69, mme morago ga tsone o tla kgaolwa. Kgolagano eo e tla nna e dira mo bathong ba le bantsi go fitlha kwa bokhutlong jwa beke ya bo 70, mme kwa bokhutlong, go tla tla tshwahalo le tshenyo.—Dan. 9:24-27.
16. Moengele o bonala kwa go Daniele mo maemong afe gape?
16 Bokone kgatlhanong le borwa, Mikaele o ema ka dinao (10:1–12:13). Ke “ñwaga oa boraro oa ga Kurose,” mo go rayang gore ke mo e ka nnang ka ngwaga wa 536 B.C.E., lobaka lo lokhutshwane fela morago ga Bajuda ba sena go boela kwa Jerusalema. Morago ga go itima dijo ka dibeke di le tharo, Daniele o fa lotshitshing lwa noka ya Hidekela. (Dan. 10:1, 4; Gen. 2:14) Moengele o bonala kwa go ene a bo a mo tlhalosetsa gore ‘kgosana ya Peresia’ o ne a mo thibela go tla kwa go Daniele mme “Mikaele, moñwe oa dikgōsana tse dikgolo,” o ne a mo thusa. Go tswa foo o neela Daniele ponatshegelo nngwe e e tla diragalang “mo metlheñ ea bohèlō.”—Dan. 10:13, 14.
17. Jaanong Daniele o kwala hisitori efe ya boperofeti kaga kgosi ya bokone le kgosi ya borwa?
17 Fa ponatshegelo eno e e kgatlhisang e simologa, e bua ka ba losika lwa bogosi jwa Peresia le tlhabano e e tlang kgatlhanong le Gerika. Go tla tsoga kgosi e kgolo eo e tla nnang le puso e kgolo, mme bogosi jwa gagwe bo tla kgaoganngwa ganè. Kwa bokhutlong go tla nna le metseletsele e mebedi ya dikgosi tse di tla busang ka lobaka lo loleele, kgosi ya borwa e le kgatlhanong le kgosi ya bokone. Magosi ao a tla nna a tsogologelana a lwela bogosi. Dikgosi tse di bosula jo bo feteletseng tseno di tla nnela go bua maaka di le mo tafoleng e le nngwe fela. “E tla re mo lobakeñ lo lo laocweñ,” ntwa e tla tsoga gape. Tempele ya Modimo e tla leswafadiwa, mme go tla ‘tlhongwa makgapha a a swafatsang’ mo seemong sa yone. (11:29-31) Kgosi ya bokone e tla bua dilo tse di gakgamatsang kgatlhanong le Modimo wa medimo e bo e galaletse modimo wa dikago tsa phemelo. Fa “mo motlheñ oa bokhutlō” kgosi ya borwa e lwa le ya bokone, kgosi ya bokone e tla ralala mafatshe a le mantsi, e tsena gape le mo “lehatshiñ ye le galalèlañ.” Ereka a tla bo a tshwentswe ke dipego tse di tswang kwa botlhaba le kwa bokone, o tla bolola ka bogale a ya go tlhoma “megope ea ntlo ea eōna ea bogosi ha gare ga lewatlè le thaba e e boitshèpō e e galalèlañ.” Mme “e tla hitlha mo bokhutloñ yoa eōna, me go se opè eo o tla e thusañ.”—11:40, 41, 45.
18. Ke dilo dife tse di diragalang fa Mikaele a emela ‘bana ba batho ba Modimo’?
18 Ponatshegelo e kgolo eo e a tswelela: Mikaele o bonwa a emela ‘bana ba batho ba Modimo.’ Go tshwanetse ga nna le “motlha oa khuduègō” o o iseng o ke o nne mo hisitoring yotlhe ya batho, mme ba ba fitlhelwang ba kwadilwe mo lokwalong ba tla falola. Batho ba le bantsi ba tla tsoga mo loroleng ba tsogela botshelo jo bosakhutleng, “me ba ba botlhale ba tla phatsima yaka phatsimō ea phuthologō ea loapi.” Ba tla dira batho ba le bantsi basiami. Daniele o tshwanetse go kana lokwalo “go ea go hitlha hèla kwa motlheñ oa bokhutlō.” “E tla nna lobaka lo lo kaee go ea bokhutloñ yoa dikgakgamaco tse?” Moengele o bolela gore e tla nna lobaka lwa metlha e meraro le sephatlo, malatsi a le 1 290, le a le 1 335 a bo a re “ba ba botlhale bōnè, ba tla tlhaloganya.” Abo bao ba itumela jang ne! Kwa bokhutlong, moengele yoo o bolelela Daniele tsholofetso e e tlhomamisegang ya gore o tla nama a sa ikhuditse mme morago o tla emela kabelo ya gagwe “kwa bokhutloñ yoa metlha.”—12:1, 3, 4, 6, 10, 13.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
19. Ke dikai dife tse di molemo tsa go boloka bothokgami le go ikaega ka Jehofa ka thapelo tse di fitlhelwang mo bukeng ya Daniele?
19 Batho botlhe ba ba ikemiseditseng go boloka bothokgami mo lefatsheng le ba leng baeng mo go lone ba dira sentle go akanyetsa sekao se se molemo sa ga Daniele le balekane ba gagwe ba bararo. Go sa kgathalesege gore matshosetsi a ka tswa a le maswe go le kana kang, batho bano ba ile ba tswelela go tshela go ya ka melaometheo ya Modimo. Fa matshelo a bone a ne a le mo kotsing, Daniele o ne a dira “ka boikgakololō le botlhale” mme a tlotla taolo e e kwa godimo ya kgosi. (2:14-16) Fa ba ne ba patelediwa, Bahebera ba bararo bao ba ne ba bona fa go le botoka go jewa ke molelo wa bokepiso jwa molelo go na le go obamela medimo ya disetwa, mme Daniele ene o ne a bona fa go le botoka go latlhelwa mo mongobong wa ditau go na le go lesa tshiamelo ya gagwe ya go rapela Jehofa. Mo kgannyeng nngwe le nngwe Jehofa o ne a ba sireletsa. (3:4-6, 16-18, 27; 6:10, 11, 23) Daniele ka boene o neela sekai se se molemo sa go ikaega ka Jehofa Modimo ka thapelo.—2:19-23; 9:3-23; 10:12.
20. Ke diponatshegelo dife tse nnè tse di kwadilweng malebana le babusi ba lefatshe, mme ke ka ntlhayang fa go nonotsha tumelo go akanyetsa dilo tseno gompieno?
20 Diponatshegelo tsa ga Daniele di a kgatlhisa ebile di nonotsha tumelo fa di akanyediwa. Santlha, akanyetsa diponatshegelo tse nnè tse di malebana le magosi a lefatshe: (1) Go na le ponatshegelo ya setshwantsho se se boitshegang, seo tlhogo ya sone ya gouda e emelang bogosi jwa Babelona jwa dikgosi tse di simologang ka Nebukadenesare, joo bo latelwang ke magosi a mangwe a mararo, jaaka a tshwantshediwa ke dikarolo tse dingwe tsa setshwantsho seo. Magosi ano ke one a a thubaganngwang ke “tshilō,” eo morago e fetogang “bogosi yo bo se ketlañ bo señwa gopè,” Bogosi jwa Modimo. (2:31-45) (2) Morago ga foo go latela diponatshegelo tsa ga Daniele tse a neng a di bona a le nosi, ya ntlha e le ya dibatana tse nnè, tse di emelang “dikgosi di le nnè.” Dibatana tseno di tshwana le tau, bera, nkwe e e nang le ditlhogo di le nnè, le sebatana se se nang le meno a eketeng tshipi, dinaka tse di lesome, mme morago sa tswa lonakanyana lo longwe. (7:1-8, 17-28) (3) Ponatshegelo e e latelang ke ya phelehu (Medo-Persia), phoko (Gerika), le lonakanyana. (8:1-27) (4) Kwa bokhutlong, re na le ponatshegelo ya kgosi ya borwa le kgosi ya bokone. Daniele 11:5-19 e tlhalosa go lwantshana ga batlhatlhami ba ga Alexander ba Baegepeto le ba-Seleucia ba Mmusomogolo wa gagwe wa Gerika morago ga loso lwa ga Alexander ka 323 B.C.E. Go simolola ka temana ya 20 boperofeti joo bo tswelela ka go tlhalosa ditiragalo tsa merafe ya borwa le ya bokone e e neng ya tla kwa morago. Fa Jesu a umaka “makgapha a a shwahatsañ” (11:31), mo boperofeting jwa gagwe kaga sesupo sa go nna gone ga gagwe, o bontsha gore go lwela bogosi mono ga dikgosi tse pedi go tswelela fela go ya go fitlha kwa “bokhutlo[ng] yoa lehatshe.” (Math. 24:3) Abo tlhomamiso ya boperofeti jono e gomotsa jang ne ya gore ka “motlha oa khuduègō, o e sa leñ ka go nna morahe le go tla mo go lōna lobaka louō go e se go ke go nne opè o o nntseñ yalo,” Mikaele ka boene o tla ema ka dinao go tlosa merafe e e boikepo le go tlisetsa batho ba ba kutlo kagiso!—Dan. 11:20–12:1.
21. Boperofeti jwa ga Daniele jwa “diweke di shupa” bo ne jwa diragadiwa jang ka mo go kgatlhisang?
21 Go tswa foo, go na le boperofeti jwa ga Daniele jwa “diweke di shupa.” ‘Moeteledipele Mesia’ o ne a tshwanetse go bonala morago ga dibeke tse 69. Ka mo go gakgamatsang, dingwaga tse 483 (69 a ntsifadiwa ka 7) morago ga “go thaèga ga go cwa ga taolō” ya go aga Jerusalema sesha, go ya ka taolo ya ga Aretaserese mo ngwageng wa bo 20 wa go busa ga gagwe eo e neng ya dirisiwa ke Nehemia mo Jerusalema, Jesu wa Nasaretha o ne a kolobelediwa mo Nokeng ya Joredane a bo a tlodiwa ka moya o o boitshepo, a nna Keresete, kana Mesia (ke gore, Motlodiwa).h E ne e le ka ngwaga wa 29 C.E. Morago ga foo, jaaka Daniele a ne a bolelela pele, go ne ga nna le “chwahalō” fa Jerusalema a ne a shwafadiwa ka 70 C.E.—Dan. 9:24-27; Luke 3:21-23; 21:20.
22. Ke thuto efe eo re e ithutang mo go kokobediweng ga ga Nebukadenesare?
22 Mo torong ya ga Nebukadenesare kaga setlhare se se neng sa rengwa, jaaka e kwadilwe ke Daniele mo go kgaolo 4, go bolelwa gore kgosi eo, eo e neng ya ipoka ka diphitlhelelo tsa gagwe a bile a tshepile maatla a gagwe, o ne a kokobediwa ke Jehofa Modimo. O ne a dirwa gore a tshele jaaka sebatana sa naga go fitlhela a lemoga “ha Mogodimodimo a busa mo bogosiñ yoa batho, me o tla a bo nee moñwe hèla eo o mo ratañ.” (Dan. 4:32) A rona gompieno re tla tshwana le Nebukadenesare, re ikgantsha ka diphitlhelelo tsa rona mme re tshepa batho ba ba nang le thata, mo Modimo o patelesegang go re otlhaya, kana a ka botlhale re tla lemoga gore Ke Mmusi mo bogosing jwa batho re ba re tshepa Bogosi jwa gagwe?
23. (a) Tsholofelo ya Bogosi e gatelelwa jang mo bukeng yotlhe ya Daniele? (b) Buka eno ya boperofeti e tshwanetse go re tlhotlheletsa go dira eng?
23 Tsholofelo ya Bogosi e gatelelwa mo bukeng yotlhe ya Daniele ka tsela e e tlhotlheletsang tumelo! Go bontshiwa fa Jehofa Modimo e le Molaodi yo Mogolo yo o tlhomang Bogosi jo bo se kitlang bo senngwa gope le jo bo tla thubaganyang magosi otlhe a mangwe. (2:19-23, 44; 4:25) Le eleng dikgosi tsa baheitane Nebukadenesare le Dario ba ne ba patelesega go itsise fa Jehofa a le mogolo. (3:28, 29; 4:2, 3, 37; 6:25-27) Jehofa o tlotlomadiwa le go galalediwa jaaka yo Mogologolo yo o atlholang kgang ya Bogosi a bo a naya “moñwe eo o chwanañ le moñwe morwa motho” “pushō, le kgalalèlō, le bogosi, [tsa bosakhutleng] gore batho botlhe ba dichaba, le ba merahe, le ba dipuō ba mo dihèlè.” “Baitshepi ba Mogodimodimo” ke bone ba ba arolang le Keresete Jesu, “Morwa Motho,” mo Bogosing. (Dan. 7:13, 14, 18, 22; Math. 24:30; Tshen. 14:14) Ke ene Mikaele, kgosana e kgolo, yo o dirisang maatla a gagwe a Bogosi go thubaganya le go nyeletsa magosi otlhe a lefatshe leno le legologolo. (Dan. 12:1; 2:44; Math. 24:3, 21; Tshen. 12:7-10) Fa barati ba tshiamo ba tlhaloganya boperofeti jono le diponatshegelo ba tshwanetse go kgothatsega go akofa ba hukutsa mo Lefokong la Modimo go batla “dikgakgamaco” tsa boammaaruri tsa boikaelelo jwa Bogosi jwa Modimo tseo re di senolelwang mo bukeng e e tlhotlheleditsweng le e e nang le mosola ya Daniele.—Dan. 12:2, 3, 6.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Insight on the Scriptures, Bol. 1, tsebe 1269.
b Insight on the Scriptures, Bol. 1, tsebe 283.
c Archaeology and the Bible, 1949, George A. Barton, tsebe 483.
d The Yale Oriental Series · Researches, Bol. XV, 1929.
e Archiv für Orientforschung, Bol. 18, 1957-58, tsebe 129.
f Go bonala Beleshasare a ne a simolola go busa jaaka motlhakanelabogosi go simolola ka ngwaga wa boraro wa ga Nabonidase. Ereka go dumelwa gore Nabonidase o ne a simolola go busa ka 556 B.C.E., go bonala gore ngwaga wa boraro wa go busa ga gagwe le “ñwaga oa ntlha oa ga Beleshasare” e ne e le wa 553 B.C.E.—Daniele 7:1; bona Insight on the Scriptures, Bol. 1, tsebe 283; Bol. 2, tsebe 457.
g Daniele 2:4b–7:28 e ne ya kwalwa ka Searamaika, fa buka eo yotlhe e ne ya kwalwa ka Sehebera.
h Nehemia 2:1-8; bona le Insight on the Scriptures, Bol. 2, ditsebe 899-901.