Se se Neng se Bonetswe Pele ka Bogosi Jwa Modimo se Nna Selo sa Mmatota
“Lo dira sentle go le ela tlhoko [lefoko la boporofeti] jaaka lobone lo lo phatsimang mo lefelong le le lefifi.”—2 PETERE 1:19.
1. Ke dilo dife tse di sa tshwaneng tse re di bonang mo lefatsheng gompieno?
GOMPIENO lefatshe le tletse ka masetlapelo a a sa feleng. Mathata a batho a oketsega ka tsela e e sa laolegeng, go tloga ka masetlapelo a a amanang le tikologo go ya go a a amanang le borukhutlhi jwa lefatshe lotlhe. Tota le madumedi a lefatshe a paletswe ke go thusa. Tota e bile, ke one a gantsi a gakatsang dilo ka go rotloetsa dilo tse di bakang dikgaogano mo bathong, tse di jaaka manganga, letlhoo le boratanaga. Ee, “letobo le lentshontsho” le aparetse “ditlhopha tsa ditšhaba” fela jaaka go boleletswe pele. (Isaiah 60:2) Mme kafa letlhakoreng le lengwe, dimilione tsa batho di letetse isagwe ka tsholofelo. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ela tlhoko lefoko la Modimo la boporofeti “jaaka lobone lo lo phatsimang mo lefelong le le lefifi.” Ba letla gore “lefoko” la Modimo kana molaetsa, o jaanong o fitlhelwang mo Baebeleng, o kaele dikgato tsa bone.—2 Petere 1:19.
2. Go ya ka boporofeti jwa ga Daniele jo bo kaga “motlha wa bokhutlo,” ke bomang ba e leng bone fela ba ba newang kitso ya semoya?
2 Moporofeti Daniele o ile a kwala jaana malebana le “motlha wa bokhutlo”: “Ba bantsi ba tla ya kwa le kwa, mme kitso ya boammaaruri e tla nna ntsi. Ba le bantsi ba tla intlafatsa le go itshweufatsa mme ba tla itshekisiwa. Mme ba ba boikepo ruri ba tla dira ka boikepo, mme ga go na bape gotlhelele ba ba boikepo ba ba tla tlhaloganyang; mme ba ba nang le temogo ba tla tlhaloganya.” (Daniele 12:4, 10) Batho ba ba ‘yang kwa le kwa’ kana ba ba ithutang Lefoko la Modimo ka tlhoafalo, ba ikokobeletsa melao ya gagwe le go lwela go dira thato ya gagwe, ke bone fela ba ba newang kitso ya semoya.—Mathaio 13:11-15; 1 Johane 5:20.
3. Ka bo1870, ke boammaaruri bofe jwa botlhokwa jo baithuti ba pele ba Baebele ba neng ba bo lemoga?
3 Bogologolo ka bo1870, pele ga ‘metlha ya bofelo’ e simologa, Jehofa Modimo o ne a simolola go senola tshedimosetso e e kaga “diphiri tse di boitshepo tsa bogosi jwa magodimo.” (2 Timotheo 3:1-5; Mathaio 13:11) Ka nako eo setlhopha sengwe sa baithuti ba Baebele se ne sa lemoga gore go farologana le kafa bontsi bo neng bo akanya ka gone, go boa ga ga Keresete go ne go se kitla go bonwa ka matlho. Fa Jesu a sena go tlhongwa kwa legodimong, o ne a tla boa gape ka tsela ya gore o ne a tla lebisa tlhokomelo ya gagwe mo lefatsheng e le kgosi. Sesupo se se bonwang ka matlho se se dikarolo dintsi se ne se tla lemotsha barutwa ba gagwe gore go nna gone ga gagwe go go sa bonweng ka matlho go simologile.—Mathaio 24:3-14.
Fa se Se Bonetsweng Pele se Nna Selo sa Mmatota
4. Jehofa o nonotshitse tumelo ya batlhanka ba gagwe ba gompieno jang?
4 Ponatshegelo ya go fetolwa ponalo e ne e le ponelopele e e molemo ya kgalalelo ya ga Keresete fa a le mo Bogosing. (Mathaio 17:1-9) Ponatshegelo eo e ne ya nonotsha tumelo ya ga Petere, Jakobe le Johane ka nako ya fa batho ba le bantsi ba ne ba tlogetse go nna balatedi ba ga Jesu ka gonne a ne a sa dira dilo tse ba neng ba lebeletse gore a di dire. Le gompieno, mo nakong eno ya bofelo, Jehofa o nonotshitse tumelo ya batlhanka ba gagwe ba gompieno ka go ba thusa go nna le tshedimosetso e e oketsegileng ka ga go diragadiwa ga ponatshegelo eo e e gakgamatsang le dipolelelopele tse dingwe tse dintsi tse di amanang le yone. Jaanong a re sekasekeng dingwe tsa dilo tseno tsa mmatota tsa semoya tse di nonotshang tumelo.
5. Ke mang yo o neng a itshupa e le Mphatlalatsane, mme o ne a “tlhaba” leng mme ka tsela efe?
5 Moaposetoloi Petere o ile a kwala jaana a bua ka ponatshegelo ya go fetolwa ponalo: “Ka gone re na le lefoko la boporofeti le tlhomamisitswe segolo; e bile lo dira sentle go le ela tlhoko jaaka lobone lo lo phatsimang mo lefelong le le lefifi, go fitlha letsatsi le tloga le tswa le mphatlalatsane a tlhaba, mo dipelong tsa lona.” (2 Petere 1:19) Mphatlalatsane oo wa tshwantshetso, kana “naledi ya moso e e phatsimang,” ke Jesu Keresete. (Tshenolo 22:16) O ne a “tlhaba” ka 1914 fa Bogosi jwa Modimo bo ne bo tlhongwa kwa legodimong, e leng se se neng se supa go simologa ga motlha o mosha. (Tshenolo 11:15) Mo ponatshegelong ya go fetolwa ponalo, Moshe le Elija ba ne ba tlhaga ba na le Jesu, ba tlotla le ene. Ba ne ba tshwantshetsa mang?
6, 7. Moshe le Elija ba tshwantshetsa bomang mo ponatshegelong ya go fetolwa ponalo, mme ke tshedimosetso efe ya botlhokwa e Dikwalo di e senolang ka batho bano ba ba ba tshwantshetsang?
6 E re ka Moshe le Elija ba ile ba bonala mo kgalalelong ya ga Keresete, basupi bano ba babedi ba ba ikanyegang ba tshwanetse ba bo ba tshwantshetsa batho ba ba busang le Jesu mo Bogosing jwa gagwe. Kgang eno ya gore Jesu o na le batho ba ba tla busang le ene e dumalana le ponatshegelo e e neng ya bonwa ke moporofeti Daniele ya go tlhongwa ga Mesia mo setulong sa bogosi. Daniele o ne a bona “mongwe yo o tshwanang le morwa motho” a newa “bobusi jo bo nnang ka bosakhutleng” ke “Mogologolo wa Malatsi,” Jehofa Modimo. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko se Daniele a se bontshiwang ka bonako fela morago ga foo. O kwala jaana: “Bogosi le bobusi le bogolo jwa magosi kafa tlase ga magodimo otlhe a newa baitshepi ba Mogodimodimo.” (Daniele 7:13, 14, 27) Ee, dingwaga di feta makgolo a le matlhano pele ga ponatshegelo ya go fetolwa ponalo, Modimo o ne a senola gore “baitshepi” bangwe ba ne ba tla thusa Keresete mo bolaoding jwa bogosi.
7 Baitshepi bano ba go buiwang ka bone mo ponatshegelong ya ga Daniele ke bomang? Ke bone ba moaposetoloi Paulo a buang jaana ka bone: “Moya ka boone o supela moya wa rona gore re bana ba Modimo. Jaanong, fa re le bana, gape re baruaboswa: baruaboswa eleruri ba Modimo, mme re baruaboswammogo le Keresete, fa fela re boga mmogo le ene gore gape re galalediwe mmogo le ene.” (Baroma 8:16, 17) Tota baitshepi bano ke barutwa ba ga Jesu ba ba tloditsweng ka moya. Jesu o bua jaana mo bukeng ya Tshenolo: “Yo o fenyang ke tla dira gore a nne le nna mo setulong sa me sa bogosi, fela jaaka ke ne ka fenya mme ka nna le Rre mo setulong sa gagwe sa bogosi.” ‘Bafenyi’ bano ba ba tsositsweng mo baswing ba palo ya bone e leng 144 000, ba tla busa lefatshe lotlhe le Jesu.—Tshenolo 3:21; 5:9, 10; 14:1, 3, 4; 1 Bakorintha 15:53.
8. Barutwa ba ga Jesu ba ba tloditsweng ba nnile le seabe jang mo tirong e e tshwanang le ya ga Moshe le Elija, mme go nnile le matswela afe?
8 Mme gone, ke ka ntlha yang fa Moshe le Elija ba tshwantshetsa Bakeresete ba ba tloditsweng? Ke ka gonne Bakeresete bano, fa ba sa ntse ba tshela mo lefatsheng, ba dira tiro e e tshwanang le e e neng e dirwa ke Moshe le Elija. Ka sekai, ba dira tiro ya go nna basupi ba ga Jehofa, tota le fa ba lebana le pogiso. (Isaia 43:10; Ditiro 8:1-8; Tshenolo 11:2-12) Jaaka Moshe le Elija, ba pelokgale go senola bodumedi jwa maaka fa kafa letlhakoreng le lengwe ba kgothaletsa batho ba ba dipelo di ikanyegang go neela Modimo kobamelo e e feletseng. (Ekesodo 32:19, 20; Duteronome 4:22-24; 1 Dikgosi 18:18-40) A tiro eno ya bone e nnile le matswela? Ee! Mo godimo ga go tsenya letsogo mo tirong ya go kokoanya palo e e setseng ya batlodiwa, ba ile ba thusa dimilione tsa “dinku tse dingwe” gore di bontshe go ikokobeletsa Jesu Keresete ka go rata.—Johane 10:16; Tshenolo 7:4.
Keresete o Digela Phenyo ya Gagwe
9. Tshenolo 6:2 e tlhalosa Jesu jang go ya kafa a leng ka gone gompieno?
9 Jaanong Jesu ke Kgosi e e maatla, ga e tlhole e le motho fela wa maemo a a kwa tlase yo o palameng eselana. O tlhalosiwa a palame pitse—e mo Baebeleng e tshwantshetsang ntwa. (Diane 21:31) Tshenolo 6:2 ya re: “Bona! pitse e tshweu; mme yo o e pagameng o ne a tshotse bora; a newa serwalo, mme a tsamaya a fenya a ba a digela phenyo ya gagwe.” Mo godimo ga moo, mopesalema Dafide o ne a kwala jaana malebana le Jesu: “Jehofa o tla romela thobane ya nonofo ya gago e tswa Siona, a re: ‘Tsamaya o fenye mo gare ga baba ba gago.’”—Pesalema 110:2.
10. (a) Go palama ga ga Jesu ka phenyo go ile ga simolola ka tsela efe e e itumedisang? (b) Phenyo ya ntlha ya ga Keresete e ne ya ama lefatshe lotlhe jang?
10 Jesu o ne a simolola phenyo ya gagwe ka go fenya baba ba gagwe ba ba maatla go gaisa—Satane le badimona. O ne a ba leleka kwa legodimong ka go ba latlhela mo lefatsheng. E re ka meya eno e e boikepo e itse gore nako ya yone e khutshwafetse, e ile ya galefela batho ka kgalefo e e setlhogo, e baka masetlapelo a magolo. Mo bukeng ya Tshenolo masetlapelo ano a tshwantshediwa ke go palama ga bapalami ba bangwe ba bararo ba dipitse. (Tshenolo 6:3-8; 12:7-12) Go dumalana le boporofeti jwa ga Jesu jo bo malebana le ‘sesupo sa go nna gone ga gagwe le sa bokhutlo jwa lefatshe,’ go palama ga bone go feletse ka ntwa, leuba le leroborobo le le setlhogo. (Mathaio 24:3, 7; Luke 21:7-11) Fela jaaka ditlhabi tsa mmatota tsa pelegi, ga go pelaelo gore “ditlhabi” tseno tsa “tlalelo” di tla nna di gakala go fitlha Keresete a “digela phenyo ya gagwe” ka go nyeletsa phuthego yotlhe e e bonalang ya ga Satane.a—Mathaio 24:8.
11. Hisitori ya phuthego ya Bokeresete e supa jang taolo ya segosi ya ga Keresete?
11 Taolo ya segosi ya ga Jesu gape e bonala ka tsela ya gore o ile a boloka phuthego ya Bokeresete e ntse e le gone e le gore e kgone go diragatsa boikarabelo jwa yone jwa go rera molaetsa wa Bogosi mo lefatsheng lotlhe. Ga se fela gore tiro ya go rera e ile ya tswelela pele mme gape e ile ya oketsega ka selekanyo se e iseng e ko e oketsege ka sone mo hisitoring yotlhe ya lefatshe le mororo e ile ya ganediwa setlhogo ke Babelona yo Mogolo—mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka—le ke dipuso tse di seng botsalano. (Tshenolo 17:5, 6) A bosupi jo bo maatla ruri jwa bolaodi jwa ga Keresete!—Pesalema 110:3.
12. Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba sa kgone go lemoga go nna gone ga ga Keresete go go sa bonaleng?
12 Le fa go ntse jalo, ka maswabi, batho ba le bantsi, go akaretsa le dimilionemilione tsa ba ba ipitsang Bakeresete, ga ba kgone go lemoga gore ditiragalo tse di botlhokwa tse di diregang mo lefatsheng di bontsha dilo tsa mmatota tse di sa bonaleng. Tota e bile ba sotla ka ba ba neelang bosupi ka Bogosi jwa Modimo. (2 Petere 3:3, 4) Ke ka ntlha yang fa ba dira jalo? Ke ka gonne Satane o foufaditse megopolo ya bone. (2 Bakorintha 4:3, 4) Tota e bile, o ne a simolola go foufatsa batho ba ba ipitsang Bakeresete ka lefifi la semoya mo makgolokgolong a dingwaga a a fetileng, a dira gore ba latlhegelwe ke tsholofelo e e botlhokwa ya Bogosi.
Ba Latlhegelwa ke Tsholofelo ya Bogosi
13. Lefifi la semoya le ne la felela ka eng?
13 Jesu o ne a bolelela pele gore batlhanogi, fela jaaka mefero e e jetsweng mo tshimong ya korong, ba ne ba tla kukunela mo phuthegong ya Bokeresete mme ba timetsa batho ba le bantsi. (Mathaio 13:24-30, 36-43; Ditiro 20:29-31; Jude 4) Fa nako e ntse e ya, batho bano ba ba ipitsang Bakeresete ba ne ba simolola go amogela mekete, mekgwa le dithuto tsa seheitane ba bo ba feteletsa dilo ka go bolela gore dilo tseno di ka tsewa e le tsa “Bokeresete.” Ka sekai, Keresemose e simologile e le mokete o o akaretsang kobamelo ya medingwana ya seheitene e bong Mithra le Saturn. Mme ke eng se se neng sa dira gore batho bano ba ba ipitsang Bakeresete ba amogele mekete eno e e seng ya Bokeresete? The New Encyclopædia Britannica (1974) ya re: “Keresemose, e e leng mokete wa go keteka botsalo jwa ga Jesu Keresete, e ne ya tlhomiwa ka ntlha ya fa batho ba le bantsi ba ne ba sa tlhole ba dumela gore Keresete o tla boa gape.”
14. Dithuto tsa ga Origen le Augustine di ne tsa fetola jang thuto ya boammaaruri kaga Bogosi?
14 Akanya gape ka tsela e e sokameng e lefoko “bogosi” le tlhalosiwang ka yone. Buka ya The Kingdom of God in 20th-Century Interpretation e bolela jaana: “Origen [moithutabodumedi wa lekgolo la boraro la dingwaga] ke ene yo o neng a fetola tsela e Bakeresete ba dirisang lefoko ‘bogosi’ ka yone ka go bolela gore lefoko leno le kaya puso ya Modimo mo pelong ya motho.” Origen o ne a tshegetsa thuto eno ya gagwe ka eng? E seng ka Dikwalo, go na le moo, ka “tlhaloso ya filosofi le tsela ya lefatshe ya go leba dilo e e farologaneng gotlhelele le tsela e Jesu le kereke ya gagwe ya pele ba neng ba leba dilo ka yone.” Augustine wa kwa Hippo (354-430 C.E.) mo bukeng ya gagwe ya De Civitate Dei (Motse wa Modimo) o ne a bolela gore kereke ka boyone ke Bogosi jwa Modimo. Tsela e e ntseng jalo e e seng ya Dikwalo ya go akanya e ne ya dira gore dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete di nne le mabaka a bodumedi a gore di simolole go nna le taolo ya sepolotiki. Mme di ne tsa fetsa makgolokgolo a dingwaga di na le taolo eo, mme gantsi di laola jalo ka tsela e e setlhogo.—Tshenolo 17:5, 18.
15. Bagalatia 6:7 e ile ya diragadiwa jang malebana le bontsi jwa dikereke tsa madumedi a a ipitsang a Bokeresete?
15 Le fa go ntse jalo, gompieno dikereke di roba se di se jetseng. (Bagalatia 6:7) Bontsi jwa tsone di latlhegelwa ke taolo le ke balatedi ba tsone. Seno se bonala thata kwa Yuropa. Go ya ka lekwalodikgang la Christianity Today, “jaanong dikago tse dikgolo tsa dikereke tsa Yuropa ga e tlhole [e le] dikago tsa kobamelo go na le moo ke dimusiamo, tse gantsi di etelwang fela ke bajanala.” Go ntse jalo le kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. Seno se bontsha eng ka bodumedi jwa maaka? A bo tla phutlhamisiwa ke go tlhoka tshegetso ya madi le ya balatedi ba jone? Mme seno se tla ama kobamelo ya boammaaruri jang?
Ipaakanyetse Letsatsi le Legolo la Modimo
16. Ke eng fa letlhoo le le ntseng le gola ka Babelona o Mogolo le supa sengwe?
16 Fela jaaka go kuelela ga mosi le melora mo thabeng ya lekgwamolelo e e ntseng e itidimaletse go ka bontsha gore e ka nna ya thunya nako nngwe le nngwe, letlhoo le le ntseng le oketsega kgatlhanong le bodumedi mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe ke sesupo sa gore bodumedi jwa maaka bo tla tloga bo fedisiwa. Go ise go ye kae, Jehofa o tla tlhotlheletsa ba tsa dipolotiki go nna seoposengwe mo maitekong a bone a go senola seaka sa semoya e bong Babelona yo Mogolo le go se nyeletsa. (Tshenolo 17:15-17; 18:21) A Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go boifa tiragalo eo le ditiragalo tse dingwe tsa “pitlagano e kgolo” tse di tla latelang? (Mathaio 24:21) Legoka! Tota ba tla nna le mabaka a go itumela fa Modimo a tsaya kgato go nyeletsa baikepi. (Tshenolo 18:20; 19:1, 2) Akanya ka sekai sa Jerusalema wa lekgolo la ntlha la dingwaga le Bakeresete ba ba neng ba nna teng.
17. Ke eng fa batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ka lebana le bokhutlo jwa tsamaiso eno ka tsholofelo?
17 Fa masole a Roma a ne a tlhasela Jerusalema ka 66 C.E., seo se ne sa se ka sa gakgamatsa le go tshosa Bakeresete ba ba neng ba le kelotlhoko semoyeng. E re ka ba ne ba tlhoafaletse go ithuta Lefoko la Modimo, ba ne ba itse gore ‘go kgakgabadiwa ga gagwe go ne go atametse.’ (Luke 21:20) Gape ba ne ba itse gore Modimo o ne a tla bula tsela ya gore ba tshabele kwa lefelong le le babalesegileng. Fa tsela eo e ne e bulega, Bakeresete bao ba ne ba tshaba. (Daniele 9:26; Mathaio 24:15-19; Luke 21:21) Le gompieno, batho ba ba itseng Modimo le ba ba ikobelang Morwawe ba ka lebana le bokhutlo jwa tsamaiso eno ka tsholofelo. (2 Bathesalonika 1:6-9) Tota e bile, fa pitlagano e kgolo e fitlha, ba tla ‘ema ba tlhamaletse ka boipelo le go tsholetsa ditlhogo tsa bone, ka gonne ba itse gore kgololo ya bone e atametse.’—Luke 21:28.
18. Go tla direga eng fa Gogo a tlhasela batlhanka ba ga Jehofa?
18 Fa Babelona o Mogolo a sena go senngwa, Satane, yo e leng Gogo wa Magogo, o tla simolola go tlhasela Basupi ba ba ratang kagiso ba ga Jehofa ka tlhaselo e kgolo. E re ka matsholo a ga Gogo a tla ba thologela jaaka “maru a a bipang lefatshe,” a tla solofela go ba fenya motlhofo fela. A bo a tlile go garoga pelo jang ne! (Esekiele 38:14-16, 18-23) Moaposetoloi Johane o kwala jaana: “Ka bona legodimo le bulega, mme, bona! pitse e tshweu. Mme yo o ntseng mo go yone o bidiwa Boikanngo le Boammaaruri . . . Mo molomong wa gagwe go tswa tšhaka e e bogale e telele, gore a tle a iteye ditšhaba ka yone.” ‘Kgosi eno ya dikgosi’ e e ka se kang ya fenngwa e tla namola baobamedi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa le go nyeletsa baba botlhe ba bone. (Tshenolo 19:11-21) A bo go diragadiwa ga ponatshegelo ya go fetolwa ponalo go tla felela ka tiragalo e e itumedisang jang ne!
19. Go fenya ga ga Keresete ka botlalo go tla ama jang barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang, mme ba tshwanetse go lwela go dira eng gone jaanong?
19 Jesu o tla “lejwa ka kgakgamalo mo letsatsing leo malebana le botlhe ba ba neng ba supa tumelo.” (2 Bathesalonika 1:10) A o batla go nna mongwe wa batho ba ka nako eo ba tla tlotlomatsang Morwa Modimo ka tlotlo e e boteng? Fa go le jalo, tswelela pele o nonotsha tumelo ya gago le go ‘itshupa o iketleeleditse, ka gonne ka ura e o sa akanyeng gore ke yone, Morwa motho o tla tla ka yone.’—Mathaio 24:43, 44.
Nna o Thantse
20. (a) Re ka bontsha jang gore re anaanela “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” yo re mo abetsweng ke Modimo? (b) Ke dipotso dife tse re tshwanetseng go ipotsa tsone?
20 Ka metlha “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o kgothaletsa batho ba Modimo go nna ba le kelotlhoko semoyeng le go ipoloka ba thantse. (Mathaio 24:45, 46; 1 Bathesalonika 5:6) A o anaanela dikgakololo tseno tse di molemo? A o a di dirisa go ipeela mekgele ya dilo tse di botlhokwa mo botshelong? Ke eng fa o sa ipotse jaana: ‘A ke kgona go lemoga sentle bokao jwa semoya jwa ditiragalo tsa lefatshe le gore Morwa Modimo o a busa kwa legodimong? A ke kgona go lemoga gore o tla tloga a tsaya kgato go atlhola Babelona o Mogolo le tsamaiso yotlhe ya dilo ya ga Satane?’
21. Ke eng fa bangwe ba ka tswa ba letlile gore pono ya bone ya semoya e fifale, mme ba tshwanetse go dira eng ka bonako?
21 Batho bangwe ba gone jaanong ba kopanelang le phuthego ya ga Jehofa ba letlile gore pono ya bone ya semoya e fifale. A e ka tswa e le gore ba tlhaela bopelotelele kana boitshoko jaaka bangwe ba barutwa ba pele ba ga Jesu? A ba ka tswa ba amilwe ke ditlhobaelo tsa botshelo, go rata dikhumo kana pogiso? (Mathaio 13:3-8, 18-23; Luke 21:34-36) Gongwe bangwe ba bone ba dirilwe ke gore ba fitlhetse go le thata go tlhaloganya tshedimosetso nngwe e e gatisitsweng ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” Fa o amilwe ke nngwe ya dilo tseno, re go kgothaletsa go bala Lefoko la Modimo ka tlhagafalo e ntšha le go kopa Jehofa ka tlhoafalo gore a go thuse go boa o nna le kamano e e molemo le e e nonofileng le ene.—2 Petere 3:11-15.
22. Go sekaseka ponatshegelo ya go fetolwa ponalo le dipolelelopele tse dingwe tse di amanang le yone go go amile jang?
22 Barutwa ba ga Jesu ba ne ba newa ponatshegelo ya go fetolwa ponalo ka nako ya fa ba ne ba tlhoka kgothatso. Gompieno, re na le sengwe se segolo go e feta se se ka re nonotshang—go diragadiwa ga ponelopele eo e e gakgamatsang le dipolelelopele tse dingwe tse dintsi tse di amanang le yone. Fa re ntse re akanya ka dilo tseno tsa mmatota tse di molemolemo le bokao jwa tsone jwa mo isagweng, e kete le rona re ka bua ka pelo yotlhe mafoko ano a a neng a buiwa ke moaposetoloi Johane: “Amen! Tla, Morena Jesu.”—Tshenolo 22:20.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mo Segerikeng sa ntlhantlha, lefoko le le ranotsweng “ditlhabi tsa tlalelo” totatota le kaya “ditlhabi tsa pelegi.” (Mathaio 24:8, Kingdom Interlinear) Seno se naya kgopolo ya gore fela jaaka ditlhabi tsa pelegi, mathata a lefatshe a tla oketsega ka palo, ka bogolo le ka lobaka lo a diregang ka lone, mme a tla felela ka pitlagano e kgolo.
A o A Gakologelwa?
• Ka bo1870, setlhopha se sennye sa baithuti ba Baebele se ne sa simolola go tlhaloganya eng malebana le go boa gape ga ga Keresete?
• Ponatshegelo ya go fetolwa ponalo e ne ya diragadiwa jang?
• Go palama ga ga Jesu ka phenyo go ama lefatshe le phuthego ya Bokeresete jang?
• Re tshwanetse go dira eng gore re nne bangwe ba batho ba ba tla falolang fa Jesu a digela phenyo ya gagwe?
[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]
Se se bonetsweng pele se nna selo sa mmatota
[Ditshwantsho mo go tsebe 18]
A o itse gore go ne ga direga eng fa Keresete a ne a simolola phenyo ya gagwe?