Kgaolo ya Botlhano
‘Batla Jehofa’ Ka go Mo Obamela ka Tsela E a E Amogelang
1. O itumelela masego afe ka go nna mongwe wa batho ba Modimo?
A BO o na le tshiamelo e kgolo jang ne ya go itse Modimo yo o diragatsang dipolelelopele! O ka nna mo seemong se moporofeti Hosea a neng a kwala ka sone fa a ne a re: “Ke tla go beelela ka boikanyegi; mme ruri o tla itse Jehofa.” Hosea o ne a tlhalosa seemo se se sireletsegileng, se se jaaka paradaise se batho ba Modimo ba neng ba tla nna mo go sone fa ba boa kwa botshwarwa jwa Babelona. Le mo metlheng ya gompieno, batho ba Modimo ba a atlega e bile ba sireletsegile semoyeng; ba mo seemong se se tshwanang le sa paradaise. (Hosea 2:18-20) Jaanong o sikere leina la Modimo ka go nna mongwe wa batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng—mongwe wa Basupi ba ga Jehofa—mme o tshwanetse go tswelela o dira jalo.—Isaia 43:10, 12; Ditiro 15:14.
2, 3. (a) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ile a simolola go tlhoa tsela e batho ba gagwe ba bogologolo ba neng ba obamela ka yone? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go sekaseka melaetsa ya baporofeti?
2 Setšhaba sa Iseraele wa bogologolo se ne se ineetse mo go Jehofa, mme o ne a se naya melao ya boitshwaro e e neng e ise nke e newe setšhaba sepe se sele. (Duteronome 4:33-35) Le fa go ntse jalo, kwa bofelong jwa lekgolo la borobongwe la dingwaga, seemo sa Baiseraele se ne se fetogile thata mo Modimo a neng a dira gore moporofeti Amose a ba reye a re: “Ke tlhoile meletlo ya lona, ke e ganne . . . Fa lo nkisetsa ditshupelo tse di fisiwang di feletse, le ditshupelo tsa lona tsa mpho ga nkitla ke di ipelela.” (Amose 5:21, 22) Le fa gone Modimo a sa bue jalo ka phuthego ya gagwe ya lefatshe lotlhe gompieno, akanya fela gore o ne o ka ikutlwa jang fa kobamelo ya gago e ne e ka tlhalosiwa jalo? A rotlhe re ka ithuta sengwe fano?
3 Mo metlheng eo, batho ba Modimo ba ne ba iphaka gore ba obamela Jehofa ka tsela e a e amogelang. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba ne ba direla medimo ya boheitane, e e jaaka Baale wa Bakanana le ditshwantsho tsa dinamane, kgotsa ba ntsha ditlhabelo mo mafelong a a kwa godimo. Ba ne ba ikobela masomosomo a magodimo mme ba ntse ba direla Jehofa maikano. Ka gone, Modimo wa boammaaruri o ne a romela baporofeti gore ba kgothaletse batho go boela mo go ene ka kobamelo e e itshekileng. (2 Dikgosi 17:7-17; 21:3; Amose 5:26) Ka jalo, go bonala sentle gore tota le batlhanka ba ba ineetseng ba Modimo, ba ka tswa ba na le dilo dingwe tse ba tshwanetseng go di ela tlhoko—ditiro kgotsa maikutlo a ba tshwanetseng go a sekaseka go tlhomamisa gore ba obamela Jehofa ka tsela e a e amogelang.
“KITSO YA MODIMO”
4. Seemo e ne e le sefe ka nako ya fa go ne go busa Kgosi Jeroboame II?
4 Akanya ka nako ya fa baporofeti ba ntlha mo go bano ba ba 12 ba ne ba bua melaetsa ya Modimo. Ba ne ba bolelela pele gore letsatsi la ga Jehofa le tla wela bogosi jwa ditso tse di lesome jwa Iseraele. Le fa go ntse jalo, go ne go lebega e kete dilo di tsamaela bogosi jono sentle. Fela jaaka Jona a ne a boleletse pele, Kgosi Jeroboame II o ne a busetsa molelwane wa Iseraele gore o simolole kwa bokone gaufi le Damaseko go ya go fitlha kwa Lewatleng le le Suleng. (2 Dikgosi 14:24-27) Le fa Jeroboame a ne a dira se se bosula, Jehofa o ne a nna pelotelele, a sa batle go fedisa Baiseraele gotlhelele. Modimo o ne a letla nako ya gore Baiseraele ba ikwatlhaye, ba ‘batle Jehofa, mme ba nne ba tshele.’—Amose 5:6.
5. Ke eng se Baiseraele ba neng ba se na sone se se neng sa dira gore Jehofa a ba latlhe?
5 Baiseraele bao ba go neng go bonala e kete dilo di ba tsamaela sentle ba ka bo ba dirisitse nako eo go boela kwa go Jehofa ka go mo itse botoka le go leka go dira se a se amogelang. Mo boemong jwa moo, ba ne ba itshepile, ba akanya gore ‘masetlapelo ga a kitla a atamela kgotsa a fitlha fa go bone.’ (Amose 9:10) O ka nna wa re ba ne ba lebala Jehofa ka gonne “ba ne ba kgotsofala mme pelo ya bone ya simolola go ikgodisa.” (Hosea 13:6) Ga re a tshwanela go akanya gore seno ke hisitori ya bogologolo fela e e sa re ameng. Ela tlhoko lebaka la go bo Jehofa a ne a na le kgetsi ya molao le Baiseraele: “Ka gonne wena ka bowena o ganne kitso, gape ke tla go gana gore o se ka wa tlhola o ntirela jaaka moperesiti.” Ba ne ba ineetse mo go Jehofa e bile ba nna le ba malapa a bone ba ba ineetseng. Le fa go ntse jalo, fa ba lejwa motho ka bongwe, ba ne ba se na “kitso ya Modimo” ya boammaaruri.—Hosea 4:1, 6.
6. Baiseraele ba ne ba se na kitso ya Modimo ka tsela efe?
6 Go ka se ka ga twe ba ne ba ise ba ko ba utlwe mafoko a Modimo, ka gonne batsadi ba Baiseraele ba ne ba tshwanetse go a tlhalosetsa bana ba bone. Bontsi jwa bone ba tshwanetse ba bo ba ile ba utlwa dipego dingwe tsa Baebele mo batsading ba bone, fa ba tlotla le batho ba bangwe, kgotsa ka nako ya dikokoano tsa setšhaba. (Ekesodo 20:4, 5; Duteronome 6:6-9; 31:11-13) Ka sekai, ba ne ba utlwile gore go ile ga diragalang fa Arone a ne a dira namane ya gouta fa Moshe a le kwa Thabeng ya Sinai a ile go amogela Melao e e Lesome. (Ekesodo 31:18–32:9) Ka gone, Baiseraele ba motlha wa baporofeti ba ne ba itse sengwe ka Molao e bile ba ne ba utlwile dipego tsa hisitori. Le fa go ntse jalo, kitso ya bone e ne e se na mosola ka gonne e ne e sa ba tlhotlheletse go obamela Modimo ka tsela e ene a e batlang.
7. (a) Go ne ga tla jang gore Baiseraele ba tlhoke kutlo motlhofo jaana? (b) Mokeresete a ka ‘simolola go lebala Modiri wa gagwe’ jang?
7 O ka nna wa ipotsa jaana, ‘Ke ka ntlha yang fa go nnile motlhofo jaana gore Baiseraele ba raelesege go se nne kutlo?’ Hosea o ne a tlhalosa se se diragetseng jaana: “Iseraele a simolola go lebala Modiri wa gagwe.” (Hosea 8:14) Popego ya lediri leno la Sehebera sa ntlhantlha e ranotswe sentle go twe “a simolola go lebala.” Baiseraele ga ba a ka ba iphitlhela fela ba setse ba lebetse Jehofa ka tshoganyetso. Mo boemong jwa moo, ka iketlo ba ne ba lebala botlhokwa jwa go mo obamela ka tsela e a e amogelang. A o akanya gore Mokeresete a ka wela mo serung seo? Ka sekai, akanya ka rre yo o dirang ka natla go tlamela ba lelapa la gagwe. (1 Timotheo 5:8) Go a tshwanela gore a tseye tiro ya gagwe e le botlhokwa e le gore a kgone go tlamela ba lelapa la gagwe. A re re go tlhaga seemo sengwe, a bo a akanya gore o tshwanetse a ya tirong go na le go ya dipokanong tsa Bokeresete. Fa nako e ntse e ya, go nna motlhofo go se ye dipokanong, mme o simolola go fetwa ke dipokano gantsi. Ka bonya ka bonya, kamano ya gagwe le Modimo e a koafala—o ‘simolola go lebala Modiri wa gagwe.’ Go ka direga sengwe se se tshwanang ka Mokeresete yo batsadi ba gagwe kgotsa ba bangwe ba losika ba sa dumeleng. O lebane le dikgang tse di jaaka: A iphe nako e kana kang a na le bone, mme a iphe yone leng? (Ekesodo 20:12; Mathaio 10:37) Go tweng ka gore o tla dirisa nako e kana kang mo mesepeleng, mo ditirong tsa go itlosa bodutu kgotsa tsa go itapolosa?
8. Mo motlheng wa ga Amose, go nna le “bophepa jwa meno” go ne go kaya eng?
8 Re ithutile Lefoko la Modimo ra bo ra dirisa kitso eo e re e ithutileng. Le fa go ntse jalo, rotlhe re ka sekaseka polelwana nngwe e e dirisitsweng mo bukeng ya Amose: “bophepa jwa meno.” Modimo o ne a dirisa Amose go tlhagisa batho ba Gagwe jaana: “Fa e le nna, ke ne ka lo naya bophepa jwa meno mo metseng yotlhe ya lona le go tlhoka senkgwe mo mafelong otlhe a lona.” (Amose 4:6) Bophepa joo bo ne bo sa bakwe ke go tlhapa meno. Bo ne bo bakwa ke go tlhoka dijo, go nna mo leubeng. Mo godimo ga moo, e ne e le tlhagiso ya gore go tla nna “leuba, e seng la dijo, le lenyora, e seng la metsi, mme la go utlwa mafoko a ga Jehofa.”—Amose 8:11.
9, 10. (a) Go ka direga jang gore Mokeresete a felele a bolawa ke tlala semoyeng? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna re ntshitse matlho dinameng malebana le dikotsi tsa tlala ya semoya?
9 Ka tsela ya semoya, se Amose a neng a se tlhalosa se diragadiwa ke seemo se se utlwisang botlhoko sa ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete. Mme fa e le batho ba Modimo ba ba mo lefatsheng lotlhe bone, ba bulegetswe ke “dikgoro tsa morwalela tsa magodimo.” Ba na le letlepu la dijo tsa semoya. (Malaki 3:10; Isaia 65:13, 14) Le fa go ntse jalo, Mokeresete a ka nna a botsa jaana, ‘Nna ke ja selekanyo se se kana kang sa dijo tseo tsa semoya?’ Ntlha nngwe e e kgatlhang ke gore babatlisisi bangwe ba lemogile gore diphologolo tsa kwa laboratoring tse di neng di gobetse karolo ya boboko e e laolang tlala di ne di felelwa ke keletso ya dijo mo di neng di ka nna tsa swa ka ntlha ya tlala le mororo di ne di na le dijo tse dintsi! A mme tsela e Mokeresete a kgonang go utlwa tlala ya semoya ka yone e ka amega thata mo a simololang go bolawa ke tlala a ntse a le mo letlepung la dijo tsa semoya?
10 Akanyetsa seno o ntse o akantse ka seemo sa gago: Jehofa o ne a naya Baiseraele dijo tse dintsi tsa semoya. Ba ne ba na le Molao, o o neng o ka nonotsha kamano ya bone le ene; ba ne ba na le thulaganyo ya thuto e e neng e tla naya bana ba bone kitso kaga Modimo; gape ba ne ba na le baporofeti ba ba neng ba ka ba thusa go tlhaloganya thato ya Modimo. Le fa go ntse jalo, ba ne ba simolola go lebala Jehofa. Baebele ya re mo metlheng ya ga Hosea, “ba ne ba kgotsofala [ka dilo tsa senama] mme pelo ya bone ya simolola go ikgodisa.” (Hosea 13:6; Duteronome 8:11; 31:20) Fa re sa batle maemo a rona a a amanang le dilo tsa nama a nna botlhokwa go feta kamano ya rona le Modimo, re tshwanetse go nna re iketse tlhoko ka metlha gore re se wele mo kotsing eo.—Sefania 2:3.
TSAYA DILO TSA BOTLHOKWA TSIA
11, 12. (a) Fa go ne go busa Kgosi Usia, ke ka ntlha yang fa baporofeti ba ne ba tshwanelwa ke go kgothatsa batho gore ba boele kwa go Jehofa? (b) Joele o ne a bontsha gore go ne go tlhokega eng?
11 Fa Jeroboame II a ntse a busa kwa Iseraele, Usia (yo gape a bidiwang Asaria) o ne a busa kwa Juda. O ne a oketsa naga ya gagwe mme a atolosa Jerusalema. Usia o ne “a bontsha nonofo ka selekanyo se se sa tlwaelegang” ka gonne “Modimo wa boammaaruri [o ne] a tswelela go mo thusa.” O ne “a nna a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa” mme “a sekamela mo go batleng Modimo.” Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi kwa Juda bone ba ne ba tswelela pele ba kuisa mosi wa ditlhabelo mo mafelong a a kwa godimo.—2 Ditiragalo 26:4-9.
12 Seno se ka go bontsha gore le fa batho ba kwa Juda le Iseraele ba ne ba sikere leina la Modimo, gantsi kobamelo ya bone e ne e akaretsa dilo tse a neng a sa di amogele. Baporofeti ba ne ba leka go ba thusa go farologanya kobamelo ya boammaaruri le ya maaka. Modimo o ne a ikuela jaana a dirisa Joele: “Boelang mo go nna ka dipelo tsa lona tsotlhe, le ka go itima dijo le ka go lela le ka go hutsafala.” (Joele 2:12) Ela tlhoko: Modimo o ne a batla gore batho ba gagwe ba tle kwa go ene ‘ka dipelo tsa bone tsotlhe.’ Ee, bothata e ne e le gore ga ba mo obamele ka pelo yotlhe. (Duteronome 6:5) Ka tsela nngwe, ba ne ba obamela Jehofa ka go ikgoga fela, dipelo tsa bone di se kafa go ene ka botlalo. Gangwe le gape o ne a dirisa baporofeti go gatelela botlhokwa jwa bopelonomi jo bo lorato, tshiamiso le bopelonolo—tsotlhe e le dinonofo tse di amanang le pelo.—Mathaio 23:23.
13. Bajuda ba ba neng ba boa kwa botshwarwa jwa Babelona ba ne ba tshwanetse go ela eng tlhoko?
13 Jaanong ela tlhoko se se ileng sa direga fa Bajuda ba sena go boela kwa nageng ya bone. Le fa kobamelo ya boammaaruri e e tsamaisanang le Molao e ne e buseditswe, dilo di ne di sa tsamaye sentle. Bajuda ba ne ba itima dijo ka malatsi a segopotso sa ditiragalo tsa fa go ne go senngwa Jerusalema. Jehofa o ne a botsa a re: “A tota lo ne lo itimela nna dijo, e leng nna?” Motse oo o ne o swafaditswe ka gonne Modimo a dira tshiamiso, mme seo e ne e se selo sa go hutsafalelwa. Mo boemong jwa go ikgopotsa ditiragalo tseo tsa nako e e fetileng le go nnela go itima dijo ka khutsafalo, Bajuda bao ba ne ba tshwanetse go ipela, ba itumelela dipaka tsa mekete ka ntlha ya masego a ba neng ba a bona mo kobamelong ya boammaaruri. (Sekarea 7:3-7; 8:16, 19) Gape ba ne ba tshwanetse go ela dilo tse dingwe tlhoko. Tse di tshwanang le dife? “Dirang katlholo ya lona ka tshiamiso ya boammaaruri; mme lo direlane bopelonomi jwa lorato le mautlwelobotlhoko . . . le gone lo se ka lwa logelana maano a a bosula mo dipelong tsa lona.” (Sekarea 7:9, 10) Rotlhe re ka solegelwa molemo ke se baporofeti bao ba neng ba se ruta batho ba Modimo kaga kobamelo ya Modimo e e dirwang ka pelo yotlhe.
14. (a) Batho ba ba boileng kwa botshwarwa ba ne ba tshwanetse go akaretsa le eng mo kobamelong ya bone? (b) Baporofeti ba ne ba gatelela jang dilo tse di botlhokwa mo kobamelong?
14 Kobamelo e e dirwang ka pelo yotlhe e akaretsa eng? Ke eng se se neng se tshwanetse sa dirwa ke batho ba Modimo pele ba ya botshwarwa le morago ga moo? O a itse gore ba ne ba tshwanetse go tshela ka melao ya Modimo ya boitsholo. Go ne go na le ditiro tse dingwe gape tse di neng di batliwa ke Molao, go akaretsa gore ba kopane mmogo ba tle go utlwa le go ithuta thato ya Modimo. Le fa go ntse jalo, Modimo gape o ne a dira gore baporofeti ba gagwe ba gatelele botlhokwa jwa gore batho ba nne le dinonofo tseno ba bo ba di bontshe: bopelonomi jwa lorato, tshiamiso, bopelonolo, bopelotlhomogi le boingotlo. Ela tlhoko kafa Jehofa a ileng a gatelela dinonofo tseno ka teng: “Ke natefeletswe ke bopelonomi jwa lorato, mme e seng ke setlhabelo; le ke kitso ya Modimo go na le ditshupelo tse di fisiwang di feletse.” “Ijaleleng peo mo tshiamong; robang tumalanong le bopelonomi jwa lorato.” (Hosea 6:6; 10:12; 12:6) Mika o ne a bolela jaana: “Jehofa o kopa eng mo go wena fa e se gore o dire tshiamiso le go rata bopelonomi le go nna boingotlo fa o tsamaya le Modimo wa gago?” (Mika 6:6-8) Mme moporofeti Sefania o ne a rotloetsa batho ba Modimo jaana: “Batlang Jehofa, lona lotlhe ba ba pelonolo ba lefatshe . . . Batlang tshiamo, batlang bopelonolo.” (Sefania 2:3) Boikutlo jo bo ntseng jalo bo botlhokwa gore motho a obamele Modimo ka tsela e a e amogelang.
15. Go dumalana le se baporofeti ba neng ba se kgothaletsa, Bakeresete ba tshwanetse go dira eng mo kobamelong ya bone?
15 Boikutlo joo bo na le seabe sefe mo kobamelong ya rona? O a itse gore go botlhokwa go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (Mathaio 24:14; Ditiro 1:8) Mme o ka nna wa ipotsa jaana: ‘A ke tsaya tiro ya go rera mo tshimong ya rona e le tiro e e thata, e le mokgweleo? A kgotsa ke e tsaya e le sebaka sa go thusa batho ba ba tlhokang go utlwa molaetsa wa Baebele o o bolokang matshelo? A ke ba bontsha bopelotlhomogi?’ Ee, bopelotlhomogi le bopelonomi jo bo lorato bo tshwanetse jwa re tlhotlheletsa go tlhagisa ba bangwe ka letsatsi la ga Jehofa. Tshiamiso le tshiamo le tsone di a tlhokega fa re ntse re leka go neela batho ba mefuta yotlhe molaetsa oo.—1 Timotheo 2:4.
16, 17. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go nna pelonolo le go ikokobetsa mo kobamelong ya gago?
16 Akanya ka sekai se sengwe: boikarabelo jo bo botlhokwa jwa go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete. (Bahebera 10:24, 25) A o kile wa akanya gore seo se amana jang le bopelonolo le boingotlo? Batho ba ba pelonolo ba ikokobeditse mo ba ka kgonang go amogela kaelo le go dirisa se ba se ithutang, ka jalo ba dirisa ditshwetso tsa ga Jehofa tsa boatlhodi. Motho yo o boingotlo, yo o ikitseng bokoa, o tla lemoga gore o tlhoka go kgothadiwa e bile o tlhoka le kitso e a ka e bonang kwa dipokanong.
17 Dikai tseno di bontsha kafa re ka solegelwang molemo ka teng ke se baporofeti ba neng ba se ruta. Mme go tweng fa o lemoga gore o tlhoka go dira diphetogo mo go sengwe sa dilo tse di umakilweng fa godimo kgotsa mo go di le mmalwa tsa tsone? Kgotsa go tweng fa e le gore o dirile diphoso tse di masisi, tse o a tleng o tshwenyege fa o di gopola? Dibuka tse 12 tsa baporofeti di ka go gomotsa le go go thusa.
BOELA KWA GO JEHOFA
18. (a) Molaetsa wa baporofeti ba ba 12 o kgothatsa bomang segolobogolo? (b) O ikutlwa jang ka Jehofa, yo o ikuelang mo bathong gore ba boele kwa go ene?
18 Jaaka fa re setse re bone, baporofeti ba re tlotlang ka bone ba ne ba sa bue mafoko a a kgalang fela. Ba ne ba bontsha fa Jehofa a rotloetsa batho gore ba boele kwa go ene. Akanya ka maikutlo a Hosea a neng a a bontsha fa a ne a kgothatsa jaana: “Tlang, lona batho, mme a re boeleng kwa go Jehofa, gonne o gagogantse le fa go ntse jalo o tla re fodisa. O ne a nna a itaya, le fa go ntse jalo o tla re hapa. . . . Mme re tla itse, re tla batla go itse Jehofa.” (Hosea 6:1-3) Ke boammaaruri gore Jehofa Modimo o ne a dirisa tshiamiso ya gagwe go otlhaya Baiseraele mme moragonyana a e dirisa go otlhaya Juda. Le fa go ntse jalo, batho ba gagwe ba ka bo ba ile ba tsaya kotlhao eo e le e e ba thusang go boela mo botsogong jo bo siameng jwa semoya. (Bahebera 12:7-13) Fa batho ba ga Jehofa ba ba diganana ba ne ba ka boa, o ne a tla ba ‘fodisa’ a bo a ba ‘hapa.’ Akanya fela ka monna a khubame gore a hape mongwe ka ene yo o gobetseng. Jaanong akanya Jehofa e le ene a dirang jalo. A bo Jehofa e le Modimo yo o pelotlhomogi jang ne, yo o hapang ba ba iketleeleditseng go boela kwa go ene! A seo ga se re kgothaletse gore re batle go boela kwa go ene fa re mo leofela?—Joele 2:13.
19. Go itse Jehofa go akaretsa eng?
19 Go boela kwa Modimong go akaretsa eng? Hosea o re gopotsa gore ga re tlhoke fela go “itse” Modimo mme re tshwanetse go “batla go itse Jehofa.” Buka nngwe ya bosheng ya ditshupiso e bolela jaana malebana le Hosea 6:3: “Go na le pharologanyo e kgolo fa gare ga go itse kaga Modimo le go itse Modimo. Pharologanyo eno e tshwana le e e leng teng fa gare ga go bala ka ga lorato le go nna le maikutlo a go rata mongwe.” Re tlhoka kitso e e boteng ka ga Jehofa. O tshwanetse a nna motho wa mmatota mo go rona, Tsala e re e ikanyang e re ka buang le yone nako nngwe le nngwe. (Jeremia 3:4) Fa o na le kamano e e ntseng jalo le ene, o ka kgona go tlhaloganya kafa a ikutlwang ka teng fa o dira ka tsela nngwe, mme seo se tla go thusa thata gore o mo obamele ka tsela e a e batlang.
20, 21. Kgosi Josia o ne a dirisa jang kitso e a neng a na le yone ka Modimo?
20 Kgosi Josia e ne e le sekao se se molemo thata sa go obamela ka tsela ya boammaaruri. Tswelela o sekaseke se se neng sa mo diragalela. Fa Josia a tla go nna kgosi, setšhaba se ne se setse se kgotletswe ke kobamelo ya medingwana, thubakanyo le tsietso tse di neng di aname ka nako ya fa go ne go busa Manase le fa go ne go busa Amone. (2 Dikgosi 21:1-6, 19-21) Kgakololo ya ga Sefania ya gore ba ‘batle Jehofa’ e tshwanetse ya bo e ile ya kgothatsa Josia fela thata, ka gonne o ne “a simolola go batla Modimo wa ga Dafide.” Josia o ne a simolola letsholo la go fedisa kobamelo ya medingwana mo Juda, mme a dira jalo le kwa nageng e pele e neng e le ya bogosi jwa bokone.—Sefania 1:1, 14-18; 2:1-3; 3:1-4; 2 Ditiragalo 34:3-7.
21 Morago ga go phepafatsa jalo, Josia o ne a tswelela pele a batla Jehofa. O ne a laela gore tempele e baakanngwe. Fa tiro eo e ntse e dirwa, go ne ga bonwa “buka ya molao wa ga Jehofa o o neetsweng ka seatla sa ga Moshe,” e e tshwanetseng ya bo e ne e le mokwalo wa ntlhantlha wa Molao. Josia o ne a itshwara jang fa buka eo e balwa? E ne “ya re fela fa kgosi e sena go utlwa mafoko a molao, ka yone nako eo ya gagoganya diaparo tsa yone.” Gape o ne a ‘gagoganya pelo ya gagwe’ mme ka bonako a diragatsa se se neng se balwa. Ga a ka a leka go tla ka diipato, a re o setse a dirile diphetogo di le dintsi. A o gopola gore diphetogo tse a di dirileng di ne tsa felela jang? “Malatsi otlhe a gagwe [bomorwa Iseraele] ba ne ba se ka ba fapoga mo go saleng Jehofa Modimo wa borraabonemogologolwane morago.”—2 Ditiragalo 34:8, 14, 19, 21, 30-33; Joele 2:13.
22. Sekai sa ga Josia se ka re solegela molemo jang?
22 O ka nna wa ipotsa jaana: ‘Nna nkabo ke dirile jang?’ A le wena fela jaaka Josia o ka bo o ile wa reetsa mafoko a baporofeti mme wa dira diphetogo tse di tlhokegang mo ditirong tsa gago kgotsa mo tseleng e o akanyang ka yone? Le fa re sa tshele mo metlheng ya ga Sefania le Josia, re kgona go bona kafa go tlhokegang ka teng gore re tseye kgato ka melaetsa le kgakololo ya Modimo gompieno. Ka jalo fa Mokeresete a utlwa mo pelong ya gagwe gore o tlhoka go fetola tsela ya gagwe ya botshelo kgotsa kobamelo ya gagwe, go sekaseka dibuka tsa baporofeti ba ba 12 go ka mo tsibosa gore a dire sengwe ka gone.—Bahebera 2:1.
23. Fa o ikutlwa o tlhoka go tokafatsa sengwe, o ka dira eng?
23 Ka dinako tse dingwe o ka nna wa ikutlwa jaaka Jona a ne a ikutlwa fa a le mo mpeng ya tlhapi e kgolo: “Ke leleketswe kgakala le matlho a gago! Ke tla tlhoma tempele ya gago e e boitshepo matlho jang gape?” (Jona 2:4) Mme a bo mafoko a ga Jehofa a ka re kgothatsa jang ne, rona batho ba ba sa itekanelang ba ba nang le go dira diphoso! “Boelang mo go nna, mme ke tla boela mo go lona.” (Malaki 3:7) Fa o bona o tlhoka go nonotsha kamano ya gago le Jehofa, bagolwane ba phuthego ya lona ba ka itumelela go go thusa. Fela jaaka go kgweetsa koloi, o tshwanetse wa simolola ka iketlo. Fa o ntse o ya, go tla nna motlhofo go oketsa lobelo. O ka tlhomamisega gore Jehofa o tla go amogela le go go thusa, ka gonne o “pelontle le kutlwelobotlhoko, o bonya go galefa e bile o tletse bopelonomi jwa lorato.” (Joele 2:12-14) Ee ruri, melaetsa ya baporofeti e ka kgothatsa botlhe ba ba lekang go obamela Modimo ka tsela e a e amogelang.
FA RE BOELETSA
• Batho ba Modimo ba ne ba tshwanetse go dira eng, tumalanong le molaetsa wa baporofeti ba ba 12?—Sefania 2:3.
• Batho ba Modimo ba bogologolo ba ne ba mo lebala jang?—Hosea 8:14.
• Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go nna ba ntshitse matlho dinameng le fa ba le mo letlepung la semoya?—Amose 4:6; 8:11.
O IKUTLWA JANG?
• Go obamela Jehofa ka pelo yotlhe ka tsela e ene a e amogelang go akaretsa eng?—Hosea 6:6; Mika 6:8.
• Fa go ka direga gore o ikutlwe e kete o kgakala le Jehofa, o ka boela kwa go ene jang?—Hosea 6:1-3.
• O ka etsa Kgosi Josia jang ka go batla Jehofa?—2 Ditiragalo 34:19-21; Joele 2:13.
[Setshwantsho mo go tsebe 57]
Amose
[Setshwantsho mo go tsebe 58]
Go ka direga jang gore motho a simolole go lebala Jehofa?
[Setshwantsho mo go tsebe 60]
A Mokeresete a ka bolawa ke tlala mme a le mo letlepung la semoya?
[Setshwantsho mo go tsebe 64]
A o leka go rerela batho ba mefuta yotlhe dikgang tse di molemo?
[Ditshwantsho mo go tsebe 66]
Josia ga a ka a dira diipato fa a ne a tshwanetse go ntlafatsa kobamelo
[Setshwantsho mo go tsebe 67]
A go na le diphetogo tse o tla di dirang go dumalana le melao ya Baebele?
[Setshwantsho mo go tsebe 68]
Bangwe ba tshwanetse go ‘batla Jehofa’ ka go boela kwa go ene