Kgaolo ya Bosupa
Direla Jehofa Go ya Ka Melao ya Gagwe ya Maemo a a Kwa Godimo
1. Mo motlheng wa ga Sefania, batho ba ba neng ba le kwa Jerusalema ba ne ba ikutlwa jang ka melao ya ga Jehofa?
“JEHOFA ga a kitla a dira molemo, e bile ga a kitla a dira bosula.” Ke kafa batho kwa Jerusalema ba neng ba ikutlwa ka teng mo motlheng wa ga Sefania. Ba ne ba ipolelela gore Jehofa ga a re sepe ka tsela e ba tshelang ka yone. Sefania o ne a bolela gore ba ne ba ‘itshekile mo dintsheng tsa bone,’ e leng dilo tse di ikgatang kwa tlase mo beineng fa e beilwe. O ne a kaya gore batho bano ba ne ba batla go iketla fela mo tseleng ya bone ya botshelo, ba sa batle go tshwenngwa ka dikgang tsa gore Modimo o tla tsaya kgato ka se ba se dirang. Mme Modimo o ne a bolelela Bajuda bao gore o ne a tla ‘hukutsa Jerusalema ka kelotlhoko ka dipone,’ a bo a ‘ela tlhoko’ ba ba tlhokomologang melao ya gagwe. Ee, Jehofa o na le melao, mme o amega ka gore batho ba gagwe ba e leba jang.—Sefania 1:12.
2. Mo o nnang teng, batho ba ikutlwa jang ka go beelwa melao?
2 Le gompieno, batho ba le bantsi ga ba rate kgang ya gore ba tshwanetse ba tshela ka melao mengwe. O ka utlwa ba re, “Dira se o se ratang!” Ba bangwe bone ba re, ‘Fa ke se na madi a a lekaneng kgotsa ke sa kgone go bona se ke se eletsang, go siame gore nka dira sengwe le sengwe fela gore ke bone se ke se batlang.’ Ga ba na sepe le gore Modimo o ikutlwa jang kgotsa gore Modimo o batla ba dirang. Go tweng ka wena? A o itumelela gore Mmopi o re beela melao e re tshwanetseng ra tshela ka yone?
3, 4. Ke ka ntlha yang fa o anaanela go tlhomelwa melao?
3 Batho ba le bantsi ba ba sa rateng go tshela ka melao ya Modimo ba bonako go dumela go tshela ka melao ya batho mo dilong dingwe. Ka sekai, akanya ka melao e e bewang malebana le boleng jwa metsi. Bontsi jwa dipuso di tlhoma melao e e laolang boleng jwa metsi a a nowang. Mme go tweng fa melao eo e dira gore metsi e nne a boleng jo bo kwa tlase? Metsi ao a ka baka letshololo le malwetse a mangwe a a anamang ka metsi, mme bana e le bone ba amegang thata. Le fa go ntse jalo, o tshwanetse wa bo o solegelwa molemo ke melao ya maemo a a kwa godimo e e tlhometsweng go laola boleng jwa metsi. Setheo se se tlhomang melao malebana le go dirisiwa ga dilo e leng, International Organization for Standardization, sa re: “Fa go ka bo go se na melao, re ne re tla utlwa manokonoko a gone. Gantsi ga re lemoge kafa melao e thusang ka teng gore dilo di nne le boleng jo bo botoka, di babalesege, di ikanyege, di bereke sentle go bo go nne motlhofo go di emisetsa ka tse dingwe—mme e dira melemo eno ka tlhwatlhwa e e kwa tlase.”
4 Fa o dumela gore go nna le melao e e laolang dilo tse di farologaneng mo botshelong go mosola, a ga go utlwale go lebelela gore Modimo a beele batho ba ba bidiwang ka leina la gagwe melao ya maemo a a kwa godimo?—Ditiro 15:14.
A GO KA KGONEGA GO TSHELA KA MELAO YA MODIMO?
5. Jehofa o ne a bontsha botlhokwa jwa go tshela ka melao ya gagwe jang a dirisa Amose?
5 Fa o aga ntlo, o tshwanetse wa latela melao e e rileng. Fa lebota lengwe le sa tlhamalala, ntlo yotlhe e ka sekama. Kgotsa fa go na le diphatlha fa gare ga dipota, ntlo eo e ka nna kotsi go nna mo go yone. Eo e ne e le yone ntlha ya ponatshegelo e Amose—yo o neng a porofeta mo lekgolong la borobongwe la dingwaga B.C.E.—a nnileng le yone malebana le seemo sa setšhaba sa Iseraele sa ditso tse di lesome. Amose o ne a bona Jehofa a eme mo loboteng, “go na le setlhamalatsalobota mo seatleng sa gagwe.” Modimo o ne a re: “Bona, ke baya setlhamalatsalobota mo gare ga batho ba me ba Iseraele. Ga ke tlhole ke tla ba itshwarela gape.” (Amose 7:7, 8) Setlhamalatsalobota ke selo se se bokete se se akgegang mo mogaleng; se dirisediwa go bona gore a lobota lo tlhamaletse. Lobota lwa tshwantshetso lo Amose a boneng Jehofa a eme mo go lone lo ne lo ‘dirilwe ka setlhamalatsalobota.’ Lobota loo lo ne lo tlhamaletse tota. Le fa go ntse jalo, mo motlheng wa ga Amose, Baiseraele ba ne ba sa tlhole ba tlhamaletse semoyeng—ba ne ba ntse jaaka lobota lo lo sekameng lo lo neng lo tshwanetse go tlhatlhamololwa, pele lo ikwela ka bolone.
6. (a) Ntlha ya konokono ke efe mo dibukeng tsa baporofeti ba ba 12? (b) Ke eng se se go bontshang gore go a kgonega go tshela ka melao ya Modimo?
6 Fa o ntse o ithuta dibuka tse 12 tsa baporofeti, o tla lemoga ntlha eno gangwe le gape: Go botlhokwa go tshela ka melao ya Modimo. Ga se gore melaetsa yotlhe e e mo dibukeng tseo e ne e kgala batho ba ba sa tsheleng go ya ka melao ya Modimo ya maemo a a kwa godimo. Ka dinako tse dingwe fa Jehofa a tlhatlhoba batho ba gagwe, o ne a fitlhela ba tshela go ya ka melao ya gagwe. Lebaka la go bo ba ne ba kgona go dira jalo le supa gore melao ya gagwe e ka latelwa; go ka kgonega gore batho ba ba sa itekanelang ba ba tshwanang le rona ba tshele ka yone. Sekaseka sekai seno.
7. Sekarea o re thusa jang go bona gore go ka kgonega gore batho ba ba sa itekanelang ba latele melao ya ga Jehofa?
7 Fa Bajuda ba ba boileng kwa botshwarwa ba sena go thaya motheo wa tempele, tiro ya bone ya go aga sesha e ne ya ema tsi. Ka jalo Modimo o ne a romela baporofeti ba gagwe e bong Hagai le Sekarea gore ba ye go kgothaletsa batho go tsweletsa tiro pele. Mo ponatshegelong nngwe e Jehofa a neng a e naya Sekarea, o ne a tlhalosa Serubabele, mmusi wa Juda, a tshwere “selo se se tlhamalatsang lobota mo seatleng” fa a ne a baya leje la motheo le le neng le wetsa tiro ya go aga tempele. Tempele eno e ne ya agiwa go ya ka melao ya Modimo. (Sekarea 4:10) Mme ela tlhoko ntlha eno e e kgatlhang malebana le tempele e e weditsweng: “A a supa ano ke matlho a ga Jehofa. A ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe.” Modimo o ne a bona Serubabele a baya leje la motheo fa le tshwanetseng go nna teng, mme ka matlho a gagwe a a bonang sengwe le sengwe, o ne a bona gore tempele e e agilweng sesha e ne e tsamaisana le melao ya gagwe! Ntlha ke gore le fa melao ya ga Jehofa e le ya maemo a a kwa godimo, batho ba ka kgona go e latela. Serubabele le batho ba gagwe ba ne ba kgonne go dira jalo ba kgothadiwa ke Hagai le Sekarea. Fela jaaka Serubabele, le wena o ka kgona go dira se Modimo a se lebeletseng. A bo go kgothatsa jang go itse seo!
KE KA NTLHA YANG FA RE TSHWANETSE GO TSHELA KA MELAO YA GA JEHOFA?
8, 9. (a) Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore Jehofa a beele batho melao? (b) Ke ka ntlha yang fa go tshwanela go bo Modimo a ne a batla Baiseraele ba ikobela melao ya gagwe?
8 E re ka Modimo e le ene Mmopi, o na le tshwanelo ya go beela batho melao le go lebelela gore ba e latele. (Tshenolo 4:11) Jehofa ga a tlhoke go tlhalosa sengwe le sengwe ka botlalo se se tshwanetseng go dirwa, ka gonne o neile batho segakolodi gore se ba kaele sentle. (Baroma 2:14, 15) Gone Modimo o ne a bolelela batho ba ntlha gore ba se ka ba ja leungo la “setlhare sa kitso ya molemo le bosula,” se se neng se emela tshwanelo ya Modimo ya go tlhoma melao ya se se molemo le se se bosula. O a itse gore go ile ga diragala eng. (Genesise 2:17; 3:1-19) Hosea o ne a kwala jaana a bua ka tshwetso e e phoso e Adame a neng a e dirile: “Bone [Baiseraele], jaaka motho, ba tlodile kgolagano.” (Hosea 6:7) Ka jalo Hosea o bontsha kafa boleo jwa Baiseraele e leng jwa ka boomo ka teng.
9 Boleo joo e ne e le eng? “Ba robile kgolagano [ya Molao].” (New International Version) Ka go namola batho ba gagwe kwa Egepeto, Modimo o ne a nna mong wa bone mme kwantle ga pelaelo o ne a na le tshwanelo ya go ba tlhomela melao. Baiseraele ba ile ba dumela go dira kgolagano le Jehofa, ka go rialo ba dumela go tshela ka melao eo. (Ekesodo 24:3; Isaia 54:5) Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ga ba a ka ba tshela ka Molao. Ba ne ba tsholola madi, ba bolaya e bile ba dira boaka.—Hosea 6:8-10.
10. Modimo o ne a leka jang go thusa batho ba ba neng ba sa tshele ka melao ya gagwe?
10 Jehofa o ne a romela barongwa ba ba jaaka Hosea go ya go thusa batho ba ba ineetseng mo go ene. Hosea o ne a konela buka ya gagwe ya boporofeti ka go bolela jaana: “Ke mang yo o botlhale, gore a tle a tlhaloganye dilo tseno? Yo o bonokopela, gore a tle a di itse? Gonne ditsela tsa ga Jehofa di thokgame, mme basiami ke bone ba tla tsamayang mo go tsone; mme batlodi ke bone ba tla kgotšwang mo go tsone.” (Hosea 14:9) Kwa godimonyana mo go Hosea kgaolo 14, re bona gore moporofeti o ne a gatelela kafa go tlhokegang ka gone gore batho ba boele mo go Jehofa. Ba ba botlhale ba ne ba tla tlhaloganya gore Jehofa o bontsha ditsela tse di siameng tse batho ba gagwe ba tshwanetseng go tsamaya ka tsone. E re ka o le motlhanka yo o ineetseng wa Modimo, kwantle ga pelaelo o eletsa go tswelela pele o le mo seemong seo, o tsamaya mo ditseleng tsa ga Jehofa.
11. Ke ka ntlha yang fa o batla go tshela ka melao ya Modimo?
11 Gape Hosea 14:9 e re bontsha melemo ya go latela tsela e e siameng. Re solegelwa molemo thata fa re tshela ka melao ya Modimo. E re ka e le ene Mmopi, o itse kafa re bopegileng ka teng. Se a lebeletseng gore re se dire, se tla re solegela molemo. Re ka tshwantsha kamano ya rona le Modimo le koloi le motlhami wa yone. Modiri wa koloi o itse kafa e dirilweng ka teng le kafa e momagantsweng ka teng. O a itse gore koloi eno e tshwanetse go tshelwa oli e ntšha gangwe le gape. Go ne go ka direga eng fa o ne o ka itlhokomolosa seo, gongwe o re koloi ga e na bothata? Enjene e ne e tla senyega e bo e swa ka bonako go feta jaaka fa e ka bo e tlhokometswe. Go ntse jalo le ka batho. Mmopi wa rona o re neile ditaelo. Fa re di latela re solegelwa molemo. (Isaia 48:17, 18) Fa re lemoga gore tota re solegelwa molemo, re nna le mabaka a a oketsegileng a go tshela ka melao ya gagwe.—Pesalema 112:1.
12. Go tsamaya mo leineng la Modimo go ka nonotsha kamano ya rona le ene jang?
12 Molemo o mogolo wa go latela melao ya Modimo ke gore re nna le kamano e e molemolemo le ene. Fa re tshela ka melao ya gagwe mme re bona ka fa e siameng e bile e leng molemo ka teng, re rata Mong wa yone le e leng go feta. Moporofeti Mika o ne a tlhalosa sentle kamano eo e e molemo: “Ditšhaba tsotlhe, di tla tsamaya sengwe le sengwe mo leineng la modimo wa sone; mme fa e le rona, re tla tsamaya mo leineng la ga Jehofa Modimo wa rona ka bosakhutleng, le ka bosaengkae.” (Mika 4:5) A bo re na le tshiamelo e e molemo jang ne ya go tsamaya mo leineng la ga Jehofa, re ema leina la gagwe nokeng e bile re amogela taolo e a nang le yone mo botshelong jwa rona! Ka ntlha ya seo, re batla go nna le dinonofo tse a nang le tsone. A mongwe le mongwe wa rona a leke go nonotsha kamano ya gagwe le Modimo.—Pesalema 9:10.
13. Ke ka ntlha yang fa go boifa leina la Modimo e se selo se se maswe kgotsa se se bosula?
13 Batho ba ba tshelang ka melao ya Modimo e bile ba tsamaya mo leineng la gagwe ba tlhalosiwa e le ba ba boifang leina la Modimo. Eo ga se poifo e e maswe kgotsa e e sa siamang. Jehofa o tlhomamisetsa batho bao jaana: “Lona ba lo boifang leina la me letsatsi la tshiamo le tla lo phatsimela, ka phodiso mo diphukeng tsa lone; mme tota lo tla tswa lo ya go tiba ka tlhako fa fatshe jaaka dinamane tse di nontshitsweng.” (Malaki 4:2) Mo tiragatsong ya boporofeti jono, “letsatsi la tshiamo” ke Jesu Keresete. (Tshenolo 1:16) Gone jaanong o phatsima ka phodiso ya semoya, mme fa nako e ntse e ya o tla phatsima ka phodiso ya senama mo bathong. Boitumelo jwa batho ba ba fodisitsweng bo tshwantshiwa le jwa dinamane tse di nontshitsweng tse di yang “go tiba ka tlhako fa fatshe,” di itumeletse go gololesega. O tshwanetse wa bo o setse o bone kgololesego eo ka selekanyo se segolo.—Johane 8:32.
14, 15. Go tshela ka melao ya ga Jehofa go go solegela molemo ka ditsela dife?
14 Tsela e nngwe e go latela melao ya Modimo go ka go solegelang molemo ka yone ke go nna le kamano e e botoka le batho ba bangwe. Habakuke o ne a bolela melaetsa e metlhano ya tatlhego—e e neng e tlile go wela batho ba ba neng ba le bohula, ba ba neng ba bapala ka tsietso, ba ba neng ba tsholola madi, ba ba neng ba loga maano a go nna le boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, le ba ba neng ba obamela medingwana. (Habakuke 2:6-19) Go bo Jehofa a ne a bolela melaetsa eno ya tatlhego go bontsha sentle gore o tlhomile melao ya kafa re tshwanetseng go tshela ka teng. Mme ela ntlha eno tlhoko: Melato e le menè e e umakilweng e amana le kafa re tshwarang batho ba bangwe ka teng. Fa re leba dilo ka tsela ya Modimo, ga re ne re ntsha baagelani ba rona kotsi. Ka jalo, kamano ya rona le bontsi jwa bone e tla tokafala.
15 Tsela ya boraro e re solegelwang molemo ka yone e ama boitumelo jwa lelapa. Gompieno, gantsi batho ba leba tlhalo e le yone tharabololo ya mathata a lenyalo. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a bolela jaana a dirisa moporofeti Malaki: “O tlhoile tlhalo.” (Malaki 2:16) Re tla sekaseka Malaki 2:16 ka botlalo moragonyana, mme ga jaanong, lemoga gore temana eno e re bontsha gore Modimo o re beetse melao e malapa a tshwanetseng go e latela; mme fa a e latela a tla nna le kagiso. (Baefeso 5:28, 33; 6:1-4) Gone ke boammaaruri gore rotlhe ga re a itekanela, ka jalo mathata one a tla nna teng. Le fa go ntse jalo, mo bukeng ya Hosea, Ene “yo lelapa lengwe le lengwe kwa legodimong le mo lefatsheng le bidiwang ka ene,” o ne a dirisa ditiragalo dingwe go ruta thuto malebana le go rarabolola tota le mathata mangwe a a masisi a lenyalo. Seo le sone se tla sekasekwa mo kgaolong e e kwa pelenyana ya buka eno. (Baefeso 3:15) Jaanong a re boneng gore go tshela ka melao ya Modimo go akaretsa le eng gape.
“TLHOANG SE SE BOSULA, MME LO RATE SE SE MOLEMO”
16. Amose 5:15 e amana jang le melao ya Modimo?
16 Monna wa ntlha e bong Adame, o ne a dira tshwetso ya boeleele fa a ne a tlhopha gore ke melao ya ga mang e e tshwanetseng go laola gore se se molemo le se se bosula ke sefe. A rona re tla tlhopha ka botlhale? Amose o ne a re gakolola gore re nne le maikutlo a a tlhomameng ka kgang eno, a re: “Tlhoang se se bosula, mme lo rate se se molemo.” (Amose 5:15) William Rainey Harper, yo fa a sa ntse a tshela e neng e le porofesa wa dipuo le dibuka tsa dipuo tsa Se-Semite kwa Yunibesithing ya Chicago o ne a akgela jaana ka temana eno: “Go ya ka [Amose], fa go tla twe motho o tshela go ya ka melao ya se se siameng le se se sa siamang, ke fa a tshela tumalanong le thato ya ga Yahweh.” Eno ke kgang ya konokono e re ka ithutang yone fa re bala dibuka tse 12 tsa baporofeti. A re iketleeditse go latela melao ya ga Jehofa ya se se molemo le se se bosula? Melao eo ya maemo a a kwa godimo re e senoletswe mo Baebeleng, re bo re e tlhalosediwa ke Bakeresete ba ba godileng ba ba nang le maitemogelo ba setlhopha sa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.”—Mathaio 24:45-47.
17, 18. (a) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go tlhoa se se bosula? (b) Dirisa sekai go bontsha se re tshwanetseng go se dira gore re tlhoe bosula.
17 Fa re tlhoile se se bosula re tla kgona go ithiba mo dilong tse di sa itumediseng Modimo. Ka sekai, motho a ka tswa a itse ka dikotsi tsa ditshwantsho tse di hepisang tse di mo Internet a bo a leka go ithiba gore a se ka a di lebelela. Le fa go ntse jalo, ‘motho yo a leng ene mo teng’ o ikutlwa jang ka dilo tse di fitlhelwang mo diatereseng tsa Internet tsa ditshwantsho tse di hepisang? (Baefeso 3:16) Fa a dirisa kgakololo ya Modimo e e mo go Amose 5:15, o tla fitlhela go le motlhofo go tlhoa se se bosula. Ka jalo a ka fenya ntwa ya gagwe ya semoya.
18 Akanya ka sekai se sengwe. A o ka akanya fela o khubame fa pele ga medingwana ya kobamelo ya tlhakanelodikobo? Go akanya fela ka gone go ferosa sebete, a ga go jalo? Le fa go ntse jalo, Hosea o ne a re bagologolwane ba Baiseraele ba ne ba dira boitsholo jo bo sa siamang fa pele ga ga Baale wa Peore. (Dipalo 25:1-3; Hosea 9:10) Go lebega Hosea a ne a umaka tiragalo eno ka gonne kobamelo ya ga Baale e ne e le boleo jo bogolo mo bogosing jwa Iseraele jwa ditso tse di lesome. (2 Dikgosi 17:16-18; Hosea 2:8, 13) Re ka akanya fela tiragalo eno e e ferosang sebete: Baiseraele ba ne ba inametse medingwana ba dira ditiro tse di makgapha tsa tlhakanelodikobo. Fa re itse kafa Modimo a neng a kgala seo ka gone, re ka kgona go lwantsha dirai tse Satane a di dirisang ka Internet. Gompieno, batho ba le bantsi ba tlotlomatsa ka tsela e e feteletseng banna le basadi ba bantle ba ba bonwang mo mefuteng e e rategang ya boitlosobodutu. Le fa go ntse jalo, a bo rona re tla dira se se farologaneng jang ne ka gonne re ithutile mo ditlhagisong tsa baporofeti kaga kobamelo ya medingwana!
NNA O AKANTSE KA LEFOKO LA MODIMO
19. O ka ithuta eng mo go se Jona a neng a se dira a le mo mpeng ya tlhapi e kgolo?
19 Fa o ntse o leka go tshela ka melao ya Modimo ya maemo a a kwa godimo le fa o lebane le dithaelo le mathata, ka dinako tse dingwe o ka ikutlwa o sa itse gore o direng. Fa maatla a gago a tlhaloganyo le a maikutlo a lebega a sa lekana, o ka kgona jang go lebana le maemo a a masisi? (Diane 24:10) Ebu, go na le sengwe se re ka se ithutang mo go Jona, yo re itseng gore e ne e le motho yo o sa itekanelang yo o nang le diphoso. Gakologelwa gore o ne a dirang mo mpeng ya tlhapi e kgolo. O ne a rapela Jehofa. Ela tlhoko mafoko a thapelo ya gagwe.
20. O ka ipaakanya jang gore o dire se Jona a se dirileng?
20 Fa Jona a ne a rapela Modimo a le “mo mpeng ya Sheole,” o ne a dirisa mafoko le dipolelwana tse dintsi tse a neng a di itse, mafoko a dipesalema. (Jona 2:2) Jona o ne a tlaletswe thata e bile a kopa gore Jehofa a mo utlwele botlhoko, mme o ne a gopola a ba a bua mafoko a ga Dafide. Ka sekai, bapisa mafoko a a mo go Jona 2:3, 5 le a a mo go Pesalema 69:1, 2.a Ruri Jona o ne a itse dipesalema tsa ga Dafide sentle tse di neng di le teng ka nako eo. Mafoko a dipesalema tse di tlhotlheleditsweng a ne a phophoma mo go ene. Jona o ne a itse lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng, ka tsela nngwe le le ‘mo teng ga gagwe.’ (Pesalema 40:8) Fa o le mo seemong sengwe se se go tlogelang o tapetegile maikutlo, a o ka gopola mafoko mangwe a Modimo a a tshwanelang seemo seo? Fa o ntse o oketsa kitso ya gago ka Lefoko la Modimo, seo se ka go thusa thata mo isagweng fa o lebana le ditshwetso e bile o rarabolola mathata go dumalana le melao ya Modimo.
BOIFA MODIMO KA TSELA E E TSHWANETSENG
21. Ke eng se o tlhokang go nna le sone gore o ngaparele melao ya Modimo?
21 Gone ke boammaaruri gore go nna o akantse ka Lefoko la Modimo ga go a lekana gore o ngaparele melao ya ga Jehofa. Moporofeti Mika o naya tshedimosetso e e oketsegileng malebana le se motho a se tlhokang gore a dirise Lefoko la Modimo: “Motho yo o nang le botlhale jo bo mosola o tla boifa leina la gago.” (Mika 6:9) Fa o batla go nna motho yo o nang le botlhale jo bo mosola, yo o ka dirisang se a se itseng mo botshelong jwa gagwe, o tshwanetse go boifa leina la Modimo.
22, 23. (a) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a romela Hagai kwa Bajudeng ba ba boileng kwa botshwarwa? (b) Ke lebaka lefe le o nang le lone la go dumela gore o tla kgona go tshela ka melao ya Modimo?
22 O ka ithuta jang go boifa leina la Modimo? Ithute go tswa go moporofeti wa motlha wa fa Baiseraele ba sena go boa kwa botshwarwa e bong Hagai. Mo bukeng ya gagwe e khutshwanyane, ya ditemana tse 38 fela, o ne a dirisa leina Jehofa makgetlho a le 35! Fa Jehofa a ne a roma Hagai gore a porofete, ka 520 B.C.E., go ne go fetile dingwaga di le 16 mme go sa dirwa sepe se se kalo mo tirong ya go aga tempele sesha kwa Jerusalema. Batho ba Modimo ba ne ba kgobegile marapo ka ntlha ya go ganediwa ke baba ba bone. (Esera 4:4, 5) Batho ba ne ba akanya gore nako ya go aga tempele sesha e ne e ise e tle. Jehofa o ne a ba gakolola jaana: “Tlhomang pelo ya lona mo ditseleng tsa lona. . . . Lo age ntlo, gore ke tle ke e ipelele le gore ke tle ke galalediwe.”—Hagai 1:2-8.
23 Mmusi Serubabele, Moperesiti yo Mogolo Joshua, le “batho botlhe ba ba setseng ba simolola go reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa bone, . . . mme batho ba simolola go boifa ka ntlha ya ga Jehofa.” Foo, Modimo a araba a re: “Ke na le lona.” A bo seo se ne sa ba kgothatsa jang ne! Ka thuso ya moya wa Modimo, batho ba ne “ba simolola go tsena le go dira tiro mo ntlong ya ga Jehofa.” (Hagai 1:12-14) Poifo e e tshwanetseng ya go boifa go utlwisa Modimo botlhoko e ne ya tlhotlheletsa batho ba ba neng ba ntse ba tshaba go aga gore ba tseye kgato le fa ba ne ba ganediwa.
24, 25. Dirisa dikai go bontsha kafa o ka dirisang ka teng melaometheo e e tlhalositsweng mo kgaolong eno.
24 Go tweng ka wena? Fa o lemoga gore ke melao efe ya Modimo e e amegang mo seemong se o leng mo go sone, a o tla nna le bopelokgale jo bo tlhokegang go boifa Jehofa go na le batho? A re re o morweetsana, mme kwa o berekang teng go na le monna yo o sa tsheleng ka melaometheo ya Modimo jaaka wena. Mme le fa go ntse jalo, o pelontle e bile o go tsaya tsia. A o tla gopola temana nngwe e e go gakololang melao ya ga Jehofa le dikotsi tsa go e tlhokomologa? A re re, Hosea 4:11: “Kgokafalo le beine le beine e e monate ke dilo tse di tlosang boitlhomo jo bo molemo.” A temana eno mmogo le go boifa Modimo ga gago di tla go tlhotlheletsa gore o ngaparele melao ya gagwe mme o gane fa monna yono a go laletsa go intsha le ene? Fa a simolola go bontsha go go kgatlhegela, lebaka la go bo o boifa go utlwisa Modimo wa gago botlhoko le ka go thusa gore o ‘tshabe.’—Genesise 39:12; Jeremia 17:9.
25 Jaanong a re boeleng kwa sekaing sa monna yo o lekang go gana thaelo ya gore a lebelele ditshwantsho tse di hepisang mo Internet. A o tla gopola mafoko a thapelo e e mo go Pesalema 119:37? “Dira gore matlho a me a fete a sa bona se se se nang mosola.” A mme o tla nna a akanya ka mafoko a ga Jesu a Thero ya kwa Thabeng? “Mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.” (Mathaio 5:28) Go boifa Jehofa le go eletsa go tshela ka melao ya gagwe go tshwanetse ga tlhotlheletsa Mokeresete gore a tlogele sepe fela se se ka mo kgotlelang. Nako le nako fela fa o raelesega go akanya kgotsa go dira ka tsela e e sa tsamaisaneng le melao ya Modimo, leka go oketsa poifomodimo ya gago. Mme gopola se Jehofa a se go bolelelang a dirisa Hagai: ‘Ke na le wena.’
26. Ke eng se re sa ntseng re tla se sekaseka?
26 Ee, o ka direla Jehofa go ya ka melao ya gagwe ya maemo a a kwa godimo mme wa solegelwa molemo ke go dira jalo. Fa o ntse o sekaseka dibuka tse 12 tsa boporofeti, lesedi le tla oketsega malebana le melao ya Modimo, kgotsa malebana le se a se batlang mo go mongwe le mongwe wa rona. Karolo e e latelang ya buka eno e tla tlhalosa maemo a mararo a konokono a Jehofa a re beelang melao e e molemo mo go one: boitshwaro jwa rona, ditirisano tsa rona le ba bangwe, le botshelo jwa lelapa.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Gape bapisa Jona 2:2, 4-9 le Pesalema 18:6; 31:22; 30:3; 142:3; 31:6; le 3:8 ka tatelano e Jona a di umakileng ka yone.
O NE O KA ARABA JANG?
• Modimo o ikutlwa jang fa o ikobela melao ya gagwe kgotsa o sa e ikobele?—Amose 7:7-9.
• Ke ka ntlha yang fa o ka re re ka kgona go tshela ka melao ya ga Jehofa?—Sekarea 4:10.
• O na le mabaka afe a a dirang gore o amogele melao ya Modimo?—Mika 4:5; Malaki 4:2; 2 Bakorintha 5:15; Tshenolo 4:11.
DINTLHA TSE DI LATELANG DI KA GO THUSA JANG GO TSHELA KA MELAO YA MODIMO?
• Go tlhoa bosula—Amose 5:15.
• Go nna o akantse ka Lefoko la Modimo—Jona 2:4-9.
• Go boifa Jehofa—Hagai 1:12-14.
[Setshwantsho mo go tsebe 87]
Ke ka ntlha yang fa o latela melao e modiri wa rona a e tlhomileng e bile a batla re e latela?
[Setshwantsho mo go tsebe 90]
Go reetsa kgakololo ya baporofeti ba ba 12 go ka thusa motho jang gore a gane ditshwantsho tse di hepisang?
[Setshwantsho mo go tsebe 95]
Go boifa Modimo go thusa jang mo seemong se se jaaka seno?