Leka go Leba Batho ba Bangwe Jaaka Jehofa a ba Leba
“Modimo ga a bone kafa motho a bonang ka gone.”—1 SAMUELE 16:7.
1, 2. Tsela e Jehofa a neng a leba Eliabe ka yone e farologane jang le e Samuele a neng a mo leba ka yone mme re ka ithuta eng mo go seno?
KA LEKGOLO la bo11 la dingwaga B.C.E., Jehofa o ne a romela moporofeti Samuele go ya go dira sengwe sa sephiri. O ne a laela moporofeti yono gore a ye kwa ntlong ya monna mongwe yo o bidiwang Jese mme a tlotse mongwe wa bomorwa Jese gore a tle a nne kgosi ya Iseraele mo nakong e e tlang. E rile Samuele a bona leitibolo la ga Jese e bong Eliabe, a tlhomamisega gore o bone ene yo Modimo a neng a mo tlhophile. Mme Jehofa o ne a re: “O se ka wa leba ponalo ya gagwe le boleele jwa gagwe, gonne ke mo ganne. Gonne Modimo ga a bone kafa motho a bonang ka gone, ka gonne motho fela o bona se se bonalang mo matlhong; mme Jehofa ene, o bona se pelo e leng sone.” (1 Samuele 16:6, 7) Samuele ga a ka a leba Eliabe jaaka Jehofa a ne a mo leba.a
2 A bo go le motlhofo jang ne gore batho ba dire phoso malebana le tsela e ba lebang ba bangwe ka yone! Ka fa letlhakoreng le lengwe, re ka nna ra tsiediwa ke batho ba ka fa ntle ba lebegang ba le molemo mme tota ba le bosula. Mme mo gongwe re ka nna ra se ka ra leba sentle batho ba ba peloephepa ba ba nang le botho jo bo re tenang.
3, 4. (a) Fa Bakeresete ba babedi ba nna le bothata, mongwe le mongwe wa bone o tshwanetse go dirang? (b) Re tshwanetse ra ipotsa dipotso dife fa re na le kgotlhang e e masisi le modumedi ka rona?
3 Go ka nna le mathata fa re itlhaganelela go atlhola ba bangwe—tota le ba re nang le dingwaga di le dintsi re ba itse. Gongwe o omane mo go botlhoko le Mokeresete mongwe yo e neng e le tsala ya gago e kgolo. A o ka rata go baakanya boemo? Ke eng se se tla go thusang go dira jalo?
4 Ke ka ntlha yang fa o sa iphe nako ya go sekaseka mokaulengwe kgotsa kgaitsadi wa gago wa Mokeresete ka tsela e e siameng? Mme o dire seno o akantse ka mafoko ano a ga Jesu: “Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge.” (Johane 6:44) Go tswa foo ipotse jaana: ‘Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a gogela motho yono kwa go Morwawe? Motho yo o na le dinonofo dife tse di molemo? A ke ntse ke tlodisa dinonofo tseno matlho kgotsa ke di tseela kwa tlase? Ke eng se se dirileng gore re nne ditsala kwa tshimologong? Ke ratile eng mo mothong yo?’ La ntlha, o ka nna wa fitlhela go le thata go akanya ka dinonofo tse di molemo, bogolo jang fa e le gore o ntse o utlwile botlhoko ka lobakanyana. Le fa go ntse jalo, eno ke kgato ya botlhokwa gore lo fedise kgotlhang ya lona. Go tshwantsha kafa seno se ka dirwang ka gone, a re batleng dinonofo tse di molemo mo banneng ba babedi ba ka dinako tse dingwe ba sa lebiweng sentle. Bone ke moporofeti Jona le moaposetoloi Petere.
Go Leba Jona Fela Jaaka a Ntse
5. Jona o ne a romiwa go ya go dirang, mme o ne a itshwara jang?
5 Jona e ne e le moporofeti mo bogosing jwa Iseraele jo bo neng bo le kwa bokone mo metlheng ya ga Kgosi Jeroboame II, morwa Jehoashe. (2 Dikgosi 14:23-25) Letsatsi lengwe, Jehofa o ne a laela Jona gore a tswe mo Iseraele a tseye mosepele go ya kwa Ninife, motsemogolo wa Mmusomogolo o o nonofileng wa Baasiria. O ne a tshwanetse go ya go dirang teng? Go tlhagisa banni ba koo gore motse wa bone o mogolo o ne o tlile go senngwa. (Jona 1:1, 2) Mo boemong jwa go latela kaelo ya Modimo, Jona o ne a sia! O ne a palama sekepe se se neng se ya kwa Tareshishe, kgakala le Ninife.—Jona 1:3.
6. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a tlhopha Jona gore a ye Ninife?
6 O akanyang fa go buiwa ka Jona? A o tsaya gore e ne e le moporofeti yo o sa utlweng? Go mo leba o feta fela, go ka dira gore o mo tseye jalo. A mme Modimo o ne a tlhoma Jona go nna moporofeti ka gonne a ne a sa utlwe? Legoka! Jona o tshwanetse a bo a ne a na le dinonofo dingwe tse di molemo. Akanya ka rekoto ya gagwe ya go nna moporofeti.
7. Jona o ne a ntse a direla Jehofa mo maemong afe kwa Iseraele, mme go itse seo go ama jang tsela e o mo lebang ka yone?
7 Jona o ne a dira tiro ya gagwe ka boikanyegi kwa Iseraele, mo lefelong la batho ba ba neng ba sa rate go amogela molaetsa wa gagwe. Moporofeti Amose, yo o neng a tshela mo e ka nnang ka nako e le nngwe fela le Jona, o ne a tlhalosa Baiseraele ba motlha oo e le barati ba menate le dikhumo.b Go ne go diragala dilo tse di bosula mo nageng eno, mme Baiseraele ba ne ba di itlhokomolositse. (Amose 3:13-15; 4:4; 6:4-6) Le fa go ntse jalo, Jona o ne a diragatsa thomo ya gagwe ya gore a ba rerele ka boikanyegi, a sa kgaotse. Fa o le mmoledi wa dikgang tse di molemo, o a itse gore go bokete go le kana kang go bua le batho ba ba sa tlhokeng sepe e bile ba sa kgatlhege. Ka jalo he, le fa re dumela gore Jona o ne a na le makoa, a re se lebaleng dinonofo tsa gagwe tsa boikanyegi le boitshoko jaaka fa a ne a ntse a rera mo Baiseraeleng ba ba se nang tumelo.
8. Moporofeti wa Moiseraele o ne a tla lebana le dikgwetlho dife kwa Ninife?
8 Thomo ya gore a ye kwa Ninife e ne e na le kgwetlho e e bokete le go feta. Gore Jona a fitlhe kwa motseng oo, o ne a tshwanelwa ke go tsamaya dikilometara di le 800 ka dinao—mosepele o moleele o o neng o tla tsaya sebaka se e ka nnang kgwedi. Fa a le koo, moporofeti yono o ne a tla tshwanelwa ke go rerela Baasiria, ba ba neng ba itsege ka bosetlhogo jwa bone. Mo dintweng tsa bone ba ne ba atisa go bogisa batho ka tsela e e setlhogo. E bile ba ne ba ikgantsha ka bolalome jwa bone. Ga go gane Ninife e ne e bidiwa “motse wa tshololo ya madi”!—Nahume 3:1, 7.
9. Fa batsamaisasekepe ba ne ba tshosediwa ke sefefo, Jona o ne a bontsha dinonofo dife?
9 E re ka Jona a ne a okaoka go utlwa taelo ya ga Jehofa, o ne a palama sekepe se se neng sa mo isa kgakala thata le kabelo ya gagwe. Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a tlhoboga moporofeti wa gagwe kgotsa a rulaganya go mo emisetsa ka motho o sele. Mo boemong jwa moo, Jehofa o ne a dira gore Jona a bone kafa kabelo ya gagwe e leng masisi ka teng. Modimo o ne a dira gore go nne le sefefo se segolo mo lewatleng. Sekepe se Jona a neng a le mo go sone se ne sa heheutlelwa kwa le kwa ke makhubu. Batho ba ba se nang molato ba ne ba tla tloga ba swa ka ntlha fela ya ga Jona! (Jona 1:4) Jona o ne a tla dirang? E re ka Jona a ne a sa batle gore batho ba ba mo sekepeng ba swe fela ka ntlha ya gagwe, o ne a ba raya a re: “Ntsholetseng mme lo ntatlhele mo lewatleng, mme lewatle le tla lo sisibalela.” (Jona 1:12) Fa kgabagare batsamaisasekepe ba latlhela Jona mo lewatleng, go ne go se na sepe se se ka dirang gore a akanye gore Jehofa o tla mo namola mo lewatleng. (Jona 1:15) Le fa go ntse jalo, Jona o ne a iketleeleditse go swa gore batsamaisasekepe ba se ka ba swa. A fano ga re bone dinonofo tsa bopelokgale, boikokobetso le lorato?
10. Go ne ga diragala eng fa Jehofa a sena go boa gape a roma Jona?
10 Kgabagare, Jehofa o ne a namola Jona. A se Jona a neng a sa tswa go se dira se ne sa dira gore a se ka a tlhola a tshwanelega go nna moemedi wa Modimo? Nnyaa, Jehofa ka bopelotlhomogi le lorato o ne a mo roma gape gore a ye go rerela Baninife. Fa Jona a fitlha kwa Ninife, o ne a bolelela banni ba motse oo ka bopelokgale gore Modimo o ne a bone bosula jwa bone le gore motse wa bone o ne o tla senngwa mo malatsing a le 40. (Jona 1:2; 3:4) Fa Baninife ba sena go utlwa molaetsa wa ga Jona o o tlhamaletseng, ba ne ba ikwatlhaya mme motse wa bone o ne wa se ka wa senngwa.
11. Ke eng se se supang gore Jona o ne a ithuta thuto e e mosola?
11 Jona o ne a ntse a sa lebe dilo ka tsela e e tshwanetseng. Le fa go ntse jalo, Jehofa ka bopelotelele o ne a dirisa thuto e e molemo go thusa Jona go bona gore Ene ga a lebe bokafantle fela. O hukutsa pelo. (Jona 4:5-11) Pego e e buang dilo jaaka di ntse e Jona a e kwadileng e bontsha gore o ne a ithuta thuto e e mosola. Lebaka la go bo a ne a iketleeleditse go bega makoa a gagwe go akaretsa le dilo tse di tlhabisang ditlhong le gone go supa gore o ne a ikokobeditse. Go tlhoka bopelokgale gore motho a dumele phoso ya gagwe!
12. (a) Re itse jang gore Jesu o leba batho fela jaaka Jehofa a ba leba? (b) Re kgothalediwa go leba jang batho ba re ba rerelang dikgang tse di molemo? (Bona lebokose le le mo tsebeng 18.)
12 Makgolo a dingwaga moragonyana, Jesu Keresete o ne a bolela mafoko a a kgothatsang ka tiragalo nngwe mo botshelong jwa ga Jona. O ne a re: “Fela jaaka Jona a ne a le mo mpeng ya tlhapi e kgolo thata malatsi a le mararo le masigo a le mararo, jalo Morwa motho o tla nna mo pelong ya lefatshe malatsi a le mararo le masigo a le mararo.” (Mathaio 12:40) Fa Jona a sena go tsosiwa, o tla utlwa gore Jesu o ne a tshwantsha nako e a e ntseng mo lebitleng le nako eno e ka yone moporofeti a neng a sa diragatse thomo ya gagwe. A ga re itumelele go direla Modimo yo o sa tlhobogeng batlhanka ba gagwe fa ba dira diphoso? Mopesalema o ne a kwala jaana: “Fela jaaka rre a bontsha bomorwawe kutlwelobotlhoko, Jehofa o bontshitse ba ba mmoifang kutlwelobotlhoko. Gonne o itse popego ya rona sentle, a gakologelwa gore re lorole.” (Pesalema 103:13, 14) Eleruri “lorole” lono—go akaretsa batho ba ba sa itekanelang gompieno—lo ka dira go le gontsi lo tshegediwa ke moya o o boitshepo wa Modimo!
Go Leba Petere ka Tsela e e Tshwanetseng
13. Re ka gopola mekgwa efe ya ga Petere, mme ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a mo tlhopha gore e nne moaposetoloi?
13 Jaanong a re sekasekeng ka bokhutshwane sekai sa bobedi, sa ga moaposetoloi Petere. Fa o ne o ka kopiwa gore o tlhalose Petere, a o ne o tla itlhaganelela go akanya ka ene e le motho yo o mafega, gongwe e bile a rata go ipagololela mogodu? Gone Petere o ne a tle a nne le mekgwa e e ntseng jalo ka dinako tse dingwe. Le fa go ntse jalo, a Jesu o ka bo a ile a tlhopha Petere go nna mongwe wa baaposetoloi ba gagwe ba ba 12 fa tota Petere e ne e le motho yo o mafega kgotsa a rata go ipagololela mogodu? (Luke 6:12-14) Nnyaa le e seng! Jesu o ne a tlodisa makoa ano matlho mme a bona dinonofo tse di molemo tsa ga Petere.
14. (a) Lebaka la go bo go lebega Petere a ne a rata go bua puo phaa e ka tswa e le lefe? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go lebogela gore Petere o ne a rata go botsa dipotso?
14 Ka dinako tse dingwe Petere o ne a nna mmueledi wa baaposetoloi ba bangwe. Bangwe ba ka tsaya gore seno se ne se bontsha go tlhoka boingotlo. A mme tota go ntse jalo? Bangwe ba akantsha gore Petere a ka tswa a ne a le mogolo mo baaposetoloing ba bangwe—gongwe a le mogolo le mo go Jesu tota. Fa e le gore go ntse jalo, leo e ka tswa e le lone lebaka la go bo gantsi Petere e ne e nna ene wa ntlha go bua. (Mathaio 16:22) Le fa go ntse jalo, go na le ntlha e nngwe gape e re ka e akanyetsang. Petere o ne a rata dilo tsa semoya. Go rata go itse go ne go dira gore a botse dipotso. Seno se re solegetse molemo. Jesu o ne a bua mafoko a botlhokwa ka makgetlhonyana a araba dipotso tsa ga Petere, mme a kwadilwe mo Baebeleng. Ka sekai, Jesu o ne a araba mafoko a ga Petere fa a tla bua ka “molebedi yo o boikanyego.” (Luke 12:41-44) Akanya gape ka potso eno e Petere a e boditseng: “Re tlogetse dilo tsotlhe ra go sala morago; tota re tla bona eng?” Seno se ne sa felela ka gore Jesu a dire tsholofetso eno e e kgothatsang: “Mongwe le mongwe yo o tlogetseng matlo kgotsa bomorwarraagwe kgotsa bomorwadiarraagwe kgotsa rraagwe kgotsa mmaagwe kgotsa bana kgotsa masimo ka ntlha ya leina la me o tla amogela go menagane gantsi e bile o tla rua botshelo jo bo sa khutleng.”—Mathaio 15:15; 18:21, 22; 19:27-29.
15. Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore Petere o ne a ikanyega tota?
15 Petere o ne a na le nonofo e nngwe e e molemo—o ne a ikanyega. Fa barutwa ba ga Jesu ba le bantsi ba ne ba tlogela go mo sala morago ka gonne ba ne ba sa tlhaloganye nngwe ya dithuto tsa gagwe, Petere ke ene a neng a buelela baaposetoloi ba ba 12 mme a re: “Morena, re tla tsamaya re ya kwa go mang? Wena o na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 6:66-68) A bo mafoko ao a tshwanetse a bo a ile a ipedisa pelo ya ga Jesu jang ne! Moragonyana, bontsi jwa baaposetoloi ba ile ba tshaba fa segopa sa batho se ne sa tla go tshwara Mong wa bone. Le fa go ntse jalo, Petere o ne a latela boidiidi jwa batho a tsamaela kwa morago mme a tsena mo teng ga lolwapa lwa moperesiti yo mogolo. O ne a ya koo ka ntlha ya bopelokgale, e seng bogatlapa. Fa Jesu a ntse a botsolodiwa, Petere o ne a tsena mo setlhopheng sa Bajuda ba ba neng ba ikomosa fa molelong. Mongwe wa batlhanka ba moperesiti yo mogolo o ne a mo lemoga mme a mo latofatsa ka gore o ne a ntse a na le Jesu. Ee, Petere o ne a itatola Mong wa gagwe, mme a re se ka ra lebala gore tota go ikanyega le go amega ka Jesu ke gone go dirileng gore Petere a nne mo seemong se se kotsi seo, e le seemo se bontsi jwa baaposetoloi ba neng ba tshabile go tsena mo go sone.—Johane 18:15-27.
16. Ke ka ntlha yang fa re sekasekile dinonofo tse di molemo tsa ga Jona le Petere?
16 Dinonofo tse di molemo tsa ga Petere di feta makoa a gagwe kgakala. Go ntse jalo le ka Jona. Fela jaaka re bone Jona le Petere ka tsela e e siameng go feta jaaka re a tle re dire, re tshwanetse ra ithapisa go leba bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba semoya mo motlheng ono wa rona ka tsela e e siameng. Go dira jalo go tla dira gore re dirisane botoka le bone. Ke ka ntlha yang fa seno se tlhokega thata?
Go Dirisa Thuto eo Gompieno
17, 18. (a) Ke ka ntlha yang fa go ka nna le dikgotlhang fa gare ga Bakeresete? (b) Ke kgakololo efe ya Baebele e e ka re thusang go rarabolola mathata a re nang le one le badumedi ka rona?
17 Banna, basadi le bana ba ba nang le maemo a a farologaneng a itsholelo le thuto e bile e le ba merafe yotlhe ba direla Jehofa ka kutlwano gompieno. (Tshenolo 7:9, 10) A bo go na le batho ba botho jo bo farologaneng thata jang ne mo phuthegong ya Bokeresete! E re ka re direla Modimo mmogo, go ka direga gore re nne le dikgotlhang ka dinako tse dingwe.—Baroma 12:10; Bafilipi 2:3.
18 Le fa gone re bona diphoso tsa bakaulengwe ba rona, ga re tlhome mogopolo mo go tsone. Re leka go etsa Jehofa, yo mopesalema a neng a opela jaana ka ene: “Fa nkabo o lebelela ditlolo, wena Jah, Jehofa, ke mang yo o neng a ka ema?” (Pesalema 130:3) Go na le gore re tlhome mogopolo thata mo mekgweng ya batho ba bangwe e e ka re kgaoganyang, “re [latelela] dilo tse di isang kagisong le dilo tse di bakang go agana.” (Baroma 14:19) Re leka go leba batho ka tsela e Jehofa a ba lebang ka yone, re tlodisa makoa a bone matlho mme re tlhoma mogopolo mo dinonofong tsa bone tse di molemo. Fa re dira seno, go re thusa go ‘tswelela re itshokelana.’—Bakolosa 3:13.
19. Tlhalosa dikgato tse di siameng tse Mokeresete a ka di tsayang go rarabolola dikgotlhang tse di masisi.
19 Go tweng fa go ka tlhaga dikgotlhang tse re sa kgoneng go di ntsha mo mogopolong? (Pesalema 4:4) A o na le kgotlhang e e ntseng jalo le modumedi ka wena? Ke eng fa o sa leke go rarabolola kgang? (Genesise 32:13-15) Sa ntlha, atamela Jehofa ka thapelo, o kope kaelo ya gagwe. Go tswa foo, bua le motho yoo ka “bori jo e leng jwa botlhale,” o ntse o akantse ka dinonofo tsa gagwe tse di molemo. (Jakobe 3:13) Mmolelele gore o batla go dira kagiso le ene. Gakologelwa kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng: “Nna bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go shakgala.” (Jakobe 1:19) Kgakololo ya gore o nne “bonya go shakgala” e kaya gore motho yo mongwe a ka nna a dira kgotsa a bua sengwe se se ka go galefisang. Fa go direga, kopa Jehofa gore a go thuse gore o nne le boikgapo. (Bagalatia 5:22, 23) Letla mokaulengwe wa gago a bule mafatlha, mme o reetse ka kelotlhoko. O se ka wa mo tsena ganong, le fa o ka tswa o sa dumalane le sengwe le sengwe se a se buang. A ka tswa a na le mogopolo o o phoso, mme gone ke kafa a ikutlwang ka teng. Leka go leba bothata ka tsela e ene a bo lebang ka yone. Seo se ka nna sa raya gore o itebe ka tsela e mokaulengwe wa gago a go lebang ka yone.—Diane 18:17.
20. Fa o rarabolola dikgotlhang, ke dilo dife tse o ka di dirang tse di ka thusang gore lo agisane?
20 Fa e setse e le nako ya gore go bue wena, bua ka bopelontle. (Bakolosa 4:6) Bolelela mokaulengwe wa gago gore ke eng se o se ratang ka ene. Kopa maitshwarelo ka sepe se o ka tswang o se dirile go baka kgotlhang. Fa maiteko a gago a boikokobetso a felela ka gore lo agisane, leboga Jehofa. Fa go sa nne jalo, nna o kope gore Jehofa a go kaele fa o ntse o batla ditsela tse dingwe tsa go dira kagiso.—Baroma 12:18.
21. Thuto eno e go thusitse jang gore o lebe ba bangwe jaaka Jehofa a ba leba?
21 Jehofa o rata batlhanka ba gagwe botlhe. O itumelela go re dirisa rotlhe mo tirelong ya gagwe le fa re sa itekanela. Fa re ntse re ithuta mo go oketsegileng ka tsela e a lebang batho ka yone, lorato lo re ratang bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ka lone lo tla gola. Fa lorato lo re ratang Mokeresete ka rona ka lone lo tsidifetse, lo ka tsosolosiwa. Re tla segofadiwa tota fa re leka ka natla go leba ba bangwe ka tsela e e siameng—ee, go ba leba jaaka Jehofa a ba leba!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Morago go ile ga bonala gore Eliabe yo montle o ne a sa tshwanelege go nna kgosi e e tshwanetseng ya Iseraele. Fa mokaloba wa Mofilisitia e bong Goliathe a ne a gwetlha Baiseraele gore ba lwe le ene, Eliabe le banna ba bangwe ba Iseraele ba ne ba boifa.—1 Samuele 17:11, 28-30.
b Ka ntlha ya diphenyo dingwe tse dikgolo le go tsosolosiwa ga naga e e neng e le ya bone pele le dimpho tse a tshwanetseng a bo a ile a nna a di fiwa, go lebega Jeroboame II a ile a oketsa khumo ya bogosi jwa bokone.—2 Samuele 8:6; 2 Dikgosi 14:23-28; 2 Ditiragalo 8:3, 4; Amose 6:2.
O ka Araba Jang?
• Jehofa o leba jang makoa a batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang?
• O ka umaka dinonofo dife tse di molemo tsa ga Jona le Petere?
• O ikemiseditse go leba bakaulengwe ba gago ba Bakeresete jang?
[Lebokoso mo go tsebe 18]
Akanya Kafa Modimo a Lebang Batho ba Bangwe ka Teng
Fa o ntse o tlhatlhanya ka pego ya ga Jona e e mo Baebeleng, a o bona go tlhokega go nna le boikutlo jo bo farologaneng ka batho ba o tlholang o ba rerela dikgang tse di molemo? Ba ka nna ba bo ba lebega ba sa tlhoke sepe kgotsa ba se na kgatlhego jaaka Baiseraele, kgotsa ba ka nna ba bo ba ganetsa molaetsa wa Modimo. Le fa go ntse jalo, Jehofa Modimo o ba leba jang? Tota le batho bangwe ba ba nang le maemo mo tsamaisong eno, letsatsi lengwe ba ka retologela kwa go Jehofa, fela jaaka kgosi ya Ninife e ile ya ikwatlhaya ka ntlha ya go rera ga ga Jona.—Jona 3:6, 7.
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
A o leba ba bangwe jaaka Jehofa a ba leba?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Jesu o ne a bona sengwe se se molemo se a neng a ka se bolela ka se se diragaletseng Jona