-
O ne A Ithuta Thuto ya go Nna PelotlhomogiTora ya Tebelo—2009 | April 1
-
-
Kgosi le yone e ne ya simolola go boifa Modimo. Kgosi e ne ya ema mo setulong sa yone sa bogosi, ya apola diaparo tsa yone tse di tlhwatlhwakgolo tsa segosi, mme ya apara letsela la kgetsi le batho ba yone ba neng ba le apere a bo a “nna fa fatshe mo meloreng.” Kgosi le “ba bagolo” ba yone kgotsa batlotlegi ba ne ba laela gore go itima dijo go batho ba neng ba simolotse go go dira jaanong go dirwe semolao. O ne a laela gore batho botlhe ba apare letsela la kgetsi le diruiwa tota.c O ne a dumela ka boikokobetso gore batho ba gagwe ba ne ba na le molato wa go dira dilo tse di bosula le thubakanyo. Gape o ne a bontsha gore o na le tsholofelo ya gore Modimo wa boammaaruri o tla ba utlwela botlhoko fa a bona ba ikwatlhaya, fa a ne a re: “Modimo . . . a ka nna a boela morago mo bogaleng jwa gagwe jo bo tukang, gore re se ka ra nyelela.”—Jona 3:6-9.
-
-
O ne A Ithuta Thuto ya go Nna PelotlhomogiTora ya Tebelo—2009 | April 1
-
-
c Selo seno se ka lebega se sa tlwaelega, mme se ile sa direga mo metlheng ya bogologolo. Mokwalahisitori wa Mogerika Herodotus o ne a lemoga gore Baperesia ba bogologolo ba ne ba hutsafalela loso lwa mojenerale yo o neng a ratiwa ke batho ba bantsi mme ba ne ba akaretsa leruo la bone mo mekgweng ya bone ya go hutsafala.
-