Kgaolo ya Lesometharo
“Bolelang Seno mo Ditšhabeng”
1. Ke ka ntlha yang fa go bua ga ga Jehofa le moporofeti wa gagwe go ka tshwantshiwa le go kurutla ga tau?
A O KILE wa utlwa tau e kurutla? Modumo wa yone o mogolo thata mo o ka e utlwang o le kgakala. O ne o ka dira eng fa o ne o ka utlwa tau e kurutla fa gaufi bosigo, go didimetse? O ne o tla tsaya kgato gone fela foo. Amose, mongwe wa baporofeti ba ba 12 ba re tlotlang ka dibuka tsa bone, o ne a dirisa tshwantshiso eno: “Go na le tau e e kurutlileng! Ke mang yo o se kitlang a boifa? Morena Molaodimogolo Jehofa ka boene o buile! Ke mang yo o se kitlang a porofeta?” (Amose 3:3-8) Fa o ne o ka utlwa Jehofa ka boene a bua, a o ne o se kitla o tsaya kgato jaaka Amose a dirile? O ne a tsaya kgato gone fela foo mme a porofeta kgatlhanong le setšhaba sa Iseraele sa ditso tse di lesome.
2. (a) O ka etsa Amose jang fa a ne a diragatsa thomo ya go porofeta? (b) Re tla sekaseka eng mo kgaolong eno?
2 O ka nna wa re, ‘Nna ga ke moporofeti!’ O ka tswa o ikutlwa o sa tshwanelege ka gonne o sa thapisediwa go nna moporofeti. Le fa go ntse jalo, gopola Amose. Fa Amose a ne a lebane le moperesiti yo o obamelang namane e bong Amasia, Amose o ne a re: “Ke ne ke se moporofeti, le gone ke ne ke se morwa moporofeti; mme ke ne ke le modisa e bile ke le mopomi wa difeige tsa ditlhare tsa mosikamore.” (Amose 7:14) Le fa Amose a ne a sa tswe mo lelapeng la batho ba maemo, o ne a iketleeditse go dira tiro e a e romilweng ya go nna moporofeti wa ga Jehofa. Go tweng ka wena? A o lemoga gore o neilwe thomo e e tshwanang le ya baporofeti ba ba 12 ka ditsela dingwe? O tshwanetse go bolela molaetsa wa gompieno wa Modimo le go ruta batho le go ba dira barutwa. O tsaya kabelo eo e e masisi jang? Ke molaetsa ofe o o tshwanetseng wa o bolela mo ditšhabeng? O dira tiro eno ka botlalo go le kana kang? Ke eng se se bontshang gore a tiro ya gago e a atlega? A re sekasekeng dikarabo.
‘DIPOWANA TSA DIPOUNAMA TSA LONA’
3. O ka dira jang tiro e e tshwanang le ya baporofeti ba re ithutang dibuka tsa bone gone jaanong?
3 A ruri o dira tiro e e tshwanang le ya baporofeti? O ka tswa o sa utlwa tau e kurutla ka kgopolo ya gore wena ga wa tlhotlhelediwa ke Jehofa ka tlhamalalo. Le fa go ntse jalo, o utlwile mo Lefokong la gagwe e leng Baebele, molaetsa wa potlako kaga letsatsi le le tlang la ga Jehofa. Jaaka re bone mo go Kgaolo 1 ya buka eno, mafoko a a reng “moporofeti” le “boporofeti” a kaya dilo di le mmalwa. Le fa o ka tswa o se moporofeti ka tsela e e tshwanang le ya ga Amose le baporofeti ba bangwe ba bogologolo, o sa ntse o ka bua ka isagwe. Jang? O ka bolela melaetsa ya boporofeti e o ithutileng yone mo Dikwalong Tse di Boitshepo, tse di akaretsang dibuka tsa baporofeti ba ba 12. Mme eno ke nako ya go dira sone fela seo.
4. Boporofeti jwa Joele 2:28-32 bo diragadiwa ka tsela efe gompieno?
4 Leba kgang eno ka tsela e nngwe. Jehofa Modimo o ne a bolelela moporofeti Joele ka nako e ka yone batho ba mefuta yotlhe ba neng ba tla porofeta, jaaka go ka tualo: “Morago ga moo go tla diragala gore ke tshololele moya wa me mo nameng ya mofuta mongwe le mongwe, mme bomorwaalona le bomorwadialona ba tla porofeta. Fa e le bannabagolo ba lona bone, ba tla lora ditoro. Fa e le makau a lona, a tla bona diponatshegelo.” (Joele 2:28-32) Ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E., moaposetoloi Petere o ne a dirisa temana eno a bua ka nako ya fa moya o o boitshepo o ne o tshololelwa mo bathong ba ba neng ba kokoane mo phaposing e e kwa godimo mo Jerusalema mme morago ga moo ba bo ba rera “dilo tse dikgolo tsa Modimo.” (Ditiro 1:12-14; 2:1-4, 11, 14-21) Jaanong akanya ka motlha wa rona. Boporofeti jwa ga Joele bo ntse bo diragadiwa ka tsela e kgolwane fa e sa le kwa tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga. Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya—banna le basadi, bagolo le basha—ba ne ba simolola go “porofeta,” ke gore, go bolela “dilo tse dikgolo tsa Modimo,” go akaretsa dikgang tse di molemo tsa Bogosi, jo jaanong bo tlhomilweng kwa magodimong.
5. (a) Ke tshiamelo efe e rotlhe re nang le yone? (b) Go ntsha “dipowana tsa dipounama tsa [gago]” go kaya eng mo go wena e bile go go ama jang?
5 Le fa ba “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe” ba sa tlodiwa ka moya o o boitshepo gore e nne bomorwa Modimo, ba bolelela balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu Keresete ba re: “Re tla tsamaya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.” (Tshenolo 7:9; Johane 10:16; Sekarea 8:23) Le fa o ka tswa o na le tsholofelo ya go tshelela ruri kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng, o na le tshiamelo ya go ntsha ‘dipowana tsa dipounama tsa gago.’ (Hosea 14:2) Polelwana eo mo boporofeting jwa ga Hosea e kaya eng? Mokanoki mongwe wa Baebele e bong C. F. Keil a re: “Dipowana . . . e ne e le diphologolo tse di siametseng thata go ntsha ditshupelo tsa ditebogo ka tsone.” Moaposetoloi Paulo o ne a umaka mafoko a Hosea 14:2, fa a ne a re: “A ka metlha re isetseng Modimo setlhabelo . . . sa pako, ke gore, leungo la dipounama tse di bolelang leina la gagwe phatlalatsa.” (Bahebera 13:15) Ee, polelwana e e reng “dipowana tsa dipounama tsa rona,” e kaya se se molemolemo sa dipounama tsa rona, ke gore, mafoko a re a buang re baka Jehofa.
6. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go sekaseka boleng jwa ditlhabelo tsa rona tsa pako?
6 O naya Jehofa ditlhabelo tsa pako fa o mo rapela go tswa pelong, o akgela ka ene ka tsela e e bontshang go mo leboga kwa dipokanong tsa Bokeresete, o bo o bua ka tlhoafalo le ba bangwe mo bodireding jwa tshimo. Le fa go ntse jalo, mongwe le mongwe wa rona a ka botsa jaana, ‘Fa ke nna le seabe mo ditirong tseno, setlhabelo sa me e a bo e le sa boleng bofe?’ Se o se ithutileng se tshwanetse sa bo se dirile gore o tlhoe baperesiti ba motlha wa ga Malaki ba ka lonyatso ba neng ba tlisa diphologolo tse di golafetseng mo sebesong sa Modimo. Jehofa o ne a tshwanelwa ke go dirisa Malaki go ba bontsha kafa ditlhabelo tsa bone e neng e le tsa boleng jo bo kwa tlase ka teng, ka gonne bone ba ne ba sa bone ba nyatsa tafole ya ga Jehofa. (Malaki 1:8) Ka gone go a tshwanela gore re sekaseke boleng jwa ditlhabelo tsa rona go tlhomamisa gore ke tsa boleng jo bo kwa godimo tota le gore ga di na bogole ka tsela epe.
MOLAETSA O RE TSHWANETSENG GO O BOLELA
7. Re tlhoka bopelokgale go bolela karolo efe ya molaetsa wa rona o o gabedi?
7 Go isa “dipowana tsa dipounama tsa rona” mo bodireding go tlhoka bopelokgale, a ga go jalo? Seo ke ka gonne molaetsa o re o isang kwa bathong o gabedi, mme karolo e nngwe ya one ruri ga e ratege. Moporofeti Joele o ne a raya batho ba Modimo a re: “Bolelang seno mo ditšhabeng, ‘Itshepiseng ntwa! Kurusang banna ba ba maatla! A ba atamele! A ba tle, banna botlhe ba ntwa!’” (Joele 3:9) Mo tiragatsong ya yone ya gompieno, a bo e le kgwetlho jang mo ditšhabeng! Ke mafoko a a itsiseng ka ntwa e e siameng ya ga Jehofa kgatlhanong le batho ba ba mo nyatsang. Jehofa o laela batho ba gagwe gore ba ‘thule ditšhaka tsa bone ba di dire magale a megoma le marumo a bone ba a dire dikere tse di pomang,’ mme ditšhaba tsa baba ba gagwe tsone a re di ‘thule magale a megoma ya tsone go nna ditšhaka le dikere tsa tsone tse di pomang go nna marumo.’ (Mika 4:3; Joele 3:10) Ee, baba ba Modimo ba tshwanetse go ipaakanyetsa go kopana le Mmopi wa lobopo kwa ntweng. Re tshwanetse ra isa molaetsa ono o o seng monate.
8. Ke ka ntlha yang fa “ba ba setseng ba ga Jakobe” ba tshwantshiwa le tau?
8 Mo molaetseng wa ga moporofeti Mika, batho ba ba isang ‘dipowana tsa dipounama tsa bone’ ba tshwantshiwa le tau. O ne a kwala jaana: “Ba ba setseng ba ga Jakobe ba tla nna jaaka tau mo gare ga diphologolo tsa sekgwa, jaaka tawana e e seriri mo gare ga matsomane a dinku, e e reng fa e ralala, e bo e gataka e bile e gagoganya; mme go se na mogolodi.” (Mika 5:8) Ke eng fa tshwantshiso eno e tshwanela? Mo motlheng wa rona, batho ba Modimo, ba eteletswe pele ke masalela a a tloditsweng, ba tshwanetse ba bontsha bopelokgale jo bo tshwanang le jwa tau fa ba ntse ba bolela molaetsa wa tlhagiso mo ditšhabeng.a
9. (a) Ke leng mo o tlhokang go dirisa bopelokgale jo e keteng jwa tau? (b) O ka nna pelokgale jang le fa batho ba go ganetsa kgotsa ba sa kgatlhegele molaetsa?
9 A o pelokgale jaaka tau fa o bolela mafoko a tlhagiso a molaetsa ono? O ka tlhoka bopelokgale jono e seng fela fa o ema fa pele ga batho ba ba nang le taolo mme le fa o bua le balekane ba gago kwa sekolong kgotsa kwa tirong kgotsa fa o bua le ba masika a gago ba ba sa dumeleng. (Mika 7:5-7; Mathaio 10:17-21) O ka nna pelokgale jang fa o lebane le batho ba ba ganetsang kgotsa ba ba sa kgatlhegeng? Reetsa kafa Mika a ileng a kgona ka teng go dira tiro e e boitshegang ya go tlhagisa ka go senngwa ga Samarea mmogo le Jerusalema: “Nna ke tletse maatla, ka ntlha ya moya wa ga Jehofa, le ka tshiamiso le thata, gore ke tle ke bolelele Jakobe botlhanogi jwa gagwe le Iseraele boleo jwa gagwe.” (Mika 1:1, 6; 3:8) Le wena o ka ‘tlala maatla’ ka gonne le wena o ka amogela selekanyo se sentsi sa moya wa Modimo o o fang maatla. (Sekarea 4:6) Fa o ikaega ka Modimo ka thapelo, o tla kgona go bolela mafoko a a ka dirang gore ditsebe di babe.—2 Dikgosi 21:10-15.
10. Re ka etsa Sefania jang fa re ntse re bolela molaetsa kaga “letsatsi la ga Jehofa”?
10 O batla go nna pelokgale, mme gape o tshwanetse wa nna botlhale fa o bolelela batho molaetsa wa tlhagiso. Re tshwanetse go nna “bonolo [kgotsa, “botlhale”] mo go botlhe,” tota le fa molaetsa o bua ka “letsatsi la ga Jehofa” le le tlang. (2 Timotheo 2:24; ntlha e e kwa tlase mo NW; Joele 2:1, 11; Sefania 1:14) Le fano gape re ka ithuta sengwe mo baporofeting ba ba 12. Ba ne ba bolela melaetsa ya katlholo e e tswang kwa go Jehofa ka bopelokgale, mme ba ne ba akanyetsa batho ba ba reetsang. Ka sekai, moporofeti Sefania o ne a bua a sa tikatike fa a bua le dikgosana (kgotsa, batlotlegi) tsa motlha wa gagwe tse di neng di kgwaraletse dipelo, mme o ne a sa akaretse Kgosi Josia yo o ikanyegang fa a ba kgala jalo. (Sefania 1:8) Fa re bolela molaetsa wa tlhagiso, a re ka thusa batho ka go ba leba e le ba e ka nnang dinku, re sa ba tlhoboge?—Mathaio 25:32-34.
11. (a) Karolo ya bobedi ya molaetsa o re o bolelang ke efe? (b) O ka etsa baporofeti ba ba 12 jang fa o rera ka letsatsi la ga Jehofa?
11 Karolo e nngwe ya molaetsa o o gabedi o re rerang ka one ke efe? Karolo eo e umakwa mo go Mika kgaolo 5. “Ba ba setseng ba ga Jakobe ba tla nna jaaka monyo o o tswang kwa go Jehofa mo gare ga ditšhaba di le dintsi, jaaka dipula tse dikgolo mo dimeleng, tse di sa solofeleng mo mothong kgotsa di sa letele bomorwa motho wa mo lefatsheng.” (Mika 4:1; 5:7) “Ba ba setseng” ba ga Jakobe kgotsa Iseraele wa semoya mmogo le ditsala tsa bone, ba ntse jaaka “monyo o o tswang kwa go Jehofa” le “dipula tse dikgolo mo dimeleng” ka ntlha ya dikgang tse di molemo tse ba di tlisang mo ‘ditšhabeng di le dintsi’ gompieno. Re tshwanetse ra kgona go ithuta go le gontsi go tswa mo dibukeng tsa bofelo tse 12 tsa Dikwalo tsa Sehebera kaga karolo eno ya bobedi ya molaetsa wa rona, ka gonne baporofeti bao ba ne ba sa bolele tshenyego fela mme ba ne ba bolela le tsosoloso. Mo bodireding jwa gago, a o gatelela karolo e e itumedisang ya molaetsa o o buang ka letsatsi la ga Jehofa?
O BOLELA MOLAETSA ONO JANG?
12, 13. (a) Go kaya eng go bo batho ba Modimo ba tshwantshiwa le ditshenekegi tse dintsintsi? (b) O ikutlwa jang ka se o se balang mo go Joele 2:7, 8?
12 Mme o bolela jang molaetsa ono o o gabedi? Moporofeti Joele o ne a tshwantsha tiro ya batho ba Modimo le dipetso tsa ditshenekegi, go akaretsa ditsie. (Joele 1:4) Mme ke ka ntlha yang fa batho ba ga Jehofa ba tshwantshiwa le ditshenekegi, go na le dilo tse dintsi jaana tse ba neng ba ka tshwantshiwa le tsone? Ke ka gonne, jaaka go boletswe mo go Joele 2:11, Modimo o bitsa ditshenekegi tseno a re ke “mophato wa gagwe wa sesole.” (Batho ba Modimo ba tshwantshiwa le tsie le mo bukeng ya Tshenolo. Bona Tshenolo 9:3, 4.) Ditshenekegi tse Joele a neng a di tlhalosa di ne di laila jaaka molelo, mme mo di fetileng teng, mo pele go neng go tshwana le “tshingwana ya Edene,” go ne go fetoga “naga e e kgakgabetseng.” (Joele 2:2, 3) O ka bontsha jang gore o itse bokao jwa boporofeti jwa ga Joele?
13 Akanya kafa ditshedi tseno tse dinnye di dirang tiro ka botlalo ka teng. Joele o ne a bapisa tsie eno le mophato wa banna a re: “Ba siana jaaka banna ba ba maatla. Ba tlhatloga lobota jaaka banna ba ntwa. Mme mongwe le mongwe wa bone o tsamaya ka ditsela tsa gagwe, mme ga ba fetole ditselana tsa bone. Ga ba kgorometsane. Ba nna ba tsamaya jaaka monna yo o nonofileng mo tseleng ya gagwe; mme fa bangwe ba ka wa mo gare ga dibetsa tse di konopiwang, ba bangwe ga ba tswe mo tseleng.” (Joele 2:7, 8) Go ne go se “lobota” lope lwa kganetso lo lo ka di kgoreletsang le tshenyo e di neng di e tlisa. “Fa bangwe ba ka wa mo gare ga dibetsa tse di konopiwang,” jaaka go ile ga direga ka Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba ileng ba bolawa ke baba ba ba gatelelang, ba bangwe ba tswelela pele le tiro, ba dira se Jehofa a ba romileng gore ba se dire. A o iketleeditse go tswelela o dira tiro e o e abetsweng ya go bolela letsatsi la ga Jehofa go fitlha Modimo a re e weditswe? E bile o ka tswa o dira tiro mo boemong jwa Bakeresete bangwe ba ba ikanyegang ba ba tlhokafetseng.
14. O ka thusa jang gore tiro ya go rera e dirwe ka botlalo?
14 Go dira tiro ka botlalo, ke sone sa botlhokwa. Ke eng se o ka se dirang go thusa gore tiro e dirwe ka botlalo jaaka go tlhalositswe mo boporofeting jwa ga Joele? O ka nna le seabe mo bodireding jwa ntlo le ntlo go tswa foo o bo o boela go ya go ruta batho ba ba bontshitseng kgatlhego. Gape o ka boela kwa bathong ba ba neng ba seyo mo gae. Ka go rialo o bontsha gore o tlhaloganya setshwantsho seno sa boporofeti. Mme fa o rerela batho mo mmileng, o ka nna wa kopana le batho ba o neng o ka se ka wa kopana le bone ka tsela epe e sele. Mokgwa o mongwe gape ke o: O ka nna wa kgona go thusa batho ba lefelo la lona ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe.b A o nna o butse matlho gore o dirise ditshono tseo tsotlhe, o thusa gore tiro ya go rera e dirwe ka botlalo gompieno?
KE ENG SE SE BONTSHANG GORE O TLA ATLEGA?
15. Ke eng se re se lemogang ka tsela e batho ba neng ba arabela ka yone fa ba utlwa melaetsa ya baporofeti ba ba 12?
15 Batho ba arabela jang fa ba utlwa molaetsa o o kaga letsatsi le le boifisang la ga Jehofa? O se ka wa gakgamala fa o bona batho ba go ganetsa kgotsa ba sa kgatlhegele molaetsa. Baporofeti ba le bantsi ba Modimo, ba bontsi jwa bone ba neng ba bolela melaetsa e e bogale ya tlhagiso, ba ne ba diragalelwa ke se se tshwanang. (Jeremia 1:17-19; 7:27; 29:19) Le fa go ntse jalo, baporofeti ba le mmalwa ba ne ba bona matswela a a molemo! Mo e ka nnang ba le batlhano ba bone—Jona, Mika, Sefania, Hagai le Sekarea—ba ne ba kgona go tlhotlheletsa dipelo tsa batho bangwe gore ba ikwatlhaele maleo a ba a dirileng mme ba fetole botshelo jwa bone.
16. Maiteko a ga Mika a go porofeta a ne a nna le matswela afe?
16 Go lebega gore tiro ya ga Sefania ya go porofeta e ile ya tlhotlheletsa Kgosi Josia go simolola go tsosolosa kobamelo e e itshekileng. Mika o ne a bolela ka bopelokgale molaetsa o o kgatlhanong le baeteledipele ba kwa Juda mme Kgosi Hesekia o ne a tsaya kgato go dumalana le mafoko a ga Mika. (Mika 3:1-3) Go a kgatlha go tlhokomela gore banna bangwe ba bagolwane ba motlha wa ga Jeremia ba ne ba umaka tsela e Hesekia a neng a arabela ka yone ba e tsaya e le sekao se se molemo fa ba ne ba bolela gore kgosi o ne a ‘boifa Jehofa mme a nolofatsa sefatlhego sa ga Jehofa.’ (Jeremia 26:18, 19; 2 Dikgosi 18:1-4) Batho ba Juda le ba bangwe ba bogosi jwa bokone ba ba neng ba rata go kopanela le bone, ba eteletswe pele ke Hesekia, ba ne ba keteka Tlolaganyo le Mokete wa Dinkgwe Tse di sa Bedisiwang, ba bo ba oketsa lobaka lwa mokete ka beke. Go boela ga bone mo kobamelong e e boitshepo go ne ga felela ka eng? “Ga nna le boipelo jo bogolo mo Jerusalema.” (2 Ditiragalo 30:23-26) Mika o ne a simolotse go bolela molaetsa wa Modimo wa katlholo mo setšhabeng sa batlhanogi se se neng se eteletswe pele ke Kgosi Ahase. Le fa go ntse jalo, moporofeti o ne a kgona go bona matswela a a molemo a maiteko a gagwe fa morwa Ahase e bong Hesekia a ne a arabela sentle.
17. Hagai le Sekarea ba ne ba kgona go dira eng?
17 Akanya gape ka moporofeti Hagai le moporofeti Sekarea. Ba ne ba porofeta mo Bajudeng ba ba boileng kwa botshwarwa, ba jaanong ba neng ba sa kgathale mme ba itebile bone fela. (Hagai 1:1, 2; Sekarea 1:1-3) Fa baporofeti bano ba babedi ba simolola tiro ya bone, go ne go setse go fetile dingwaga di le 16 fa e sa le go thewa metheo ya tempele. Batho ‘ba ne ba itlhaganeletse kwa matlong a bone,’ mme ntlo ya ga Jehofa yone e ‘kgakgabetse.’ Hagai o ne a tlhaeletsa Bajuda a re: “‘Lo nonofe, lona lotlhe batho ba lefatshe,’ go bua Jehofa, ‘mme lo dire.’” Go tswa foo go ne ga direga eng? Jehofa o ne a “kurusa moya” wa ga Mmusi Serubabele, Moperesiti yo Mogolo Joshua, le “batho botlhe ba ba setseng.” Seo se ne sa felela ka gore ba kgone go fetsa tiro ya kwa tempeleng.—Hagai 1:9, 12, 14; 2:4.
18, 19. (a) Batho mo dinageng dingwe ba arabela jang molaetsa o o kaga letsatsi la ga Jehofa? (b) O tla arabela jang mo kgannyeng ya gore go tlhokega gore batho botlhe ba bolelelwe molaetsa wa tlhagiso?
18 Bontsi jwa baporofeti ba ba 12 ba ne ba bolela melaetsa mo setšhabeng se pele se neng se ineetse mo go Jehofa. Re ka tswa re rerela batho ba ba iseng ba ko ba itse Modimo wa boammaaruri, mme re sa ntse re ka ithuta sengwe mo tseleng e dilo di neng tsa felela ka yone fa baporofeti ba dira tiro ya bone. Mme le gompieno, mo mafelong a le mantsi batho ba tsibogela molaetsa o o potlakileng o o kaga letsatsi la ga Jehofa. Re bona diphelelo tse di tshwanang le tse di neng tsa bolelelwa pele ke Sekarea: “Ditšhaba di le dintsi di tla gokagana le Jehofa mo motlheng oo, mme ba tla nna batho ba me; e bile ke tla aga mo gare ga gago.” (Sekarea 2:11) Gone jaanong, ka tsela ya mmatota, “batho ba ditšhaba di le dintsi” ba tsibogela molaetsa wa batho ba Modimo. (Tshenolo 7:9) Sekarea o ne a bolelela pele jaana: “Ditšhaba di le dintsi le merafe e e thata e tla tla go batla Jehofa wa masomosomo mo Jerusalema le go nolofatsa sefatlhego sa ga Jehofa.” Ba tlhalosiwa e le “batho ba le lesome ba ba tswang mo dipuong tsotlhe tsa ditšhaba” ba ba neng ba tla tshwara ntlha ya seaparo sa Moiseraele wa semoya ba re: “Re tla tsamaya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.”—Sekarea 8:20-23.
19 Ela tlhoko gore ga twe ‘dipuo tsotlhe tsa ditšhaba.’ Baebele le dikgatiso tsa Baebele di ranolelwa mo dipuong di le dintsi, mme Basupi ba ga Jehofa ba thapisa badiredi go ruta batho “ba ba tswang mo dipuong tsotlhe tsa ditšhaba.” (Mathaio 28:19, 20; Ditiro 1:8) O ka tswa o ithutile puo e nngwe gore o thuse batho ba lefelo la ga lona ba ba buang puo eo. Mme ba le mmalwa ba ile ba ithuta puo e ntšha e le nngwe kgotsa go feta foo ba bo ba fudugela kwa dinageng tse batho ba tsone ba amogelang dikgang tse di molemo. A go ka kgonega gore o fudugele kwa mafelong a a ungwang ka tsela eo mme ka go dira jalo o ‘bolele seno mo ditšhabeng’? Akanyetsa kgang eo ka thapelo. Fa e le gore o na le lelapa, dira gore lo tlotle gangwe le gape ka kgang eno lo le lelapa, o dire gore bana ba gago ba gole ba na le mokgele oo.
20. Jehofa o ne a umaka boikutlo bofe malebana le batho ba kwa Ninife?
20 Jona ke moporofeti yo mongwe yo o neng a bolela molaetsa mo bathong ba go neng go sa lebelelwa gore ba tla mo reetsa, mme ba mo reetsa. Batho ba kwa Ninife, le ene kgosi tota, ba ne ba arabela sentle fa Jona a ba bolelela molaetsa, ba ikanya Jehofa. Modimo ka boene o ne a botsa jaana: “A ga ke a tshwanela go utlwela Ninife botlhoko motse o mogolo, o go nang le batho ba ba fetang dikete di le lekgolo le masome a mabedi mo go one ba gotlhelele ba sa itseng pharologanyo fa gare ga seatla sa bone sa moja le sa molema, re sa bale diruiwa tse dintsi?” (Jona 4:11) Akanya ka mafoko ao fa o akanya ka se se go tlhotlheletsang go bolelela ba bangwe ka letsatsi le le boifisang la ga Jehofa. A o ikutlwa o kolota Jehofa ka gonne a go bolokile ka thekololo? A o ikutlwa o na le boikarabelo bongwe ka gonne o le motlhanka yo o ineetseng wa ga Jehofa? (1 Bakorintha 9:16, 17) Ano ke mabaka a a utlwalang a go bolela letsatsi la ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, a gape o ‘utlwela botlhoko’ batho ba o ba bolelelang ka letsatsi la ga Jehofa? A bo o ka itumela jang ne fa bopelotlhomogi jo bo tshwanang le jwa Modimo bo go tlhotlheletsa go bua le batho ka letsatsi leo!
21. O ka ithuta eng mo sekaing sa ga Amose, kafa a neng a itshwara ka teng fa a ne a tshosediwa ke Amasia?
21 Ga re itse go le kalo ka tsela e batho ba ileng ba arabela ka yone fa ba utlwa melaetsa ya ga Joele, Obadia, Nahume, Habakuke, le Malaki. Mme gone re itse tsela e motho mongwe a neng a arabela ka yone fa a utlwa molaetsa wa ga Amose. Amasia o ne a ganetsa Amose fela thata, a latofatsa moporofeti yono ka gore o logela kgosi maano mme a bo a leka go thibela Amose gore a se ka a rera kwa Bethele. (Amose 7:10-13) Amose o ne a nna pelokgale le fa a ganediwa. Le gompieno, batho ba ba tlhoafetseng mo bodumeding ba ka nna ba leka go tlhotlheletsa baeteledipele bangwe ba bopolotiki gore ba bogise batho ba ga Jehofa kgotsa le e leng go thibela tiro ya bone e e molemo ya go rera. A o tla etsa Amose ka go bolela dikgang tse di molemo ka bopelokgale le fa o ganediwa?
22. Ke ka ntlha yang fa o ka bolela gore tiro ya go rera e a atlega mo tshimong ya lona?
22 Le fa batho ba ne ba arabela ka ditsela tse di farologaneng fa baporofeti ba ba 12 ba ne ba ba bolelela melaetsa, baporofeti bano botlhe ba ne ba dira se ba se romilweng. Selo sa botlhokwa ga se gore batho ba amogele molaetsa o o gabedi o re o bolelang, mme ke gore re isetse Jehofa “dipowana tsa dipounama tsa rona,” ke gore ‘setlhabelo sa rona sa pako’ sa maemo a a kwa godimo. (Hosea 14:2; Bahebera 13:15) Go tswa foo re ka baya fela mo Modimong gore matswela e nna afe. Ene o tla goga ba tota e leng dinku. (Johane 6:44) Mo godimo ga moo, o ka atlega mo go boleleng molaetsa wa Modimo go sa kgathalesege gore batho ba arabela jang. O ka tlhomamisega gore “dinao tsa yo o tlisang dikgang tse di molemo, yo o itsiseng kagiso phatlalatsa,” di dintle mo bathong ba ba anaanelang dikgang tse di molemo. Mme sa botlhokwa le go feta, di dintle mo matlhong a ga Jehofa. (Nahume 1:15; Isaia 52:7) E re ka letsatsi la ga Jehofa le setse le atametse, ititeye sehuba gore o tswelele pele o dira se Joele a ileng a se bolelela pele ka motlha wa rona: “Bolelang seno mo ditšhabeng, ‘Itshepiseng ntwa! Kurusang banna ba ba maatla!’” Fano go buiwa ka ntwa ya Modimo kgatlhanong le ditšhaba.—Joele 3:9.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Boporofeti jono bo ka tswa bo diragaditswe la ntlha mo motlheng wa Ba-Maccabees fa Bajuda ba ba neng ba eteletswe pele ke Maccabees ba ne ba leleka baba ba bone mo Juda ba bo ba neela tempele sesha. Seno se ne sa dira gore go bo go na le masalela a Bajuda ba ba neng ba amogela Mesia fa a tla.—Daniele 9:25; Luke 3:15-22.
b Bukana ya Good News for People of All Nations, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, e dirisitswe thata go thusa batho ba ba sa bueng puo e e buiwang thata mo lefelong la lona.
A O TLHALOGANTSE?
• O ka ntsha ‘dipowana tsa dipounama tsa gago’ jang gompieno?—2 Dikgosi 20:3; Malaki 1:11.
• O bolela molaetsa ofe o o gabedi?—Isaia 61:2; Mika 5:7, 8.
• Ke ka ntlha yang fa o tlhoka bopelokgale jo bo jaaka jwa tau fa o bolela ka letsatsi la ga Jehofa?—Jeremia 1:19; Joele 3:9-12.
O TLA ARABELA JANG?
• Lebaka la go bo batho ba Modimo ba tshwantshiwa le bontsintsi jwa ditshenekegi le ka go ruta eng?—Joele 1:4; 2:3; Ditiro 20:24.
• O ka bontsha jang gore o a lemoga gore o tshwanetse go dira bodiredi jwa gago ka botlalo?—Amose 7:14, 15; Mika 1:1-4; Ditiro 10:42.
• Ke ka ntlha yang fa o ka tlhomamisega gore tiro ya gago ya go bolela ka letsatsi la ga Jehofa e a atlega mo matlhong a Modimo?—Malaki 3:10.
[Setshwantsho mo go tsebe 165]
O ne o ka itshwara jang fa o ne o ka utlwa tau e kurutla?
[Setshwantsho mo go tsebe 166, 167]
Go tloga kwa tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga go tla go fitlha mo motlheng wa rona, batho ba Modimo ba ntse ba “porofeta”
[Setshwantsho mo go tsebe 169]
A o bolela letsatsi la ga Jehofa ka bopelokgale?
[Ditshwantsho mo go tsebe 172, 173]
O ka atlega mo bodireding jwa gago go sa kgathalesege gore batho ba arabela jang