“Modimo ke Lorato”
“Yo o sa rateng ga a ise a itse Modimo, ka gonne Modimo ke lorato.”—1 JOHANE 4:8.
1-3. (a) Baebele ya reng ka nonofo ya ga Jehofa ya lorato, mme mafoko ao a tlhomologile ka tsela efe? (b) Ke eng fa Baebele e re “Modimo ke lorato”?
DINONOFO tsotlhe tsa ga Jehofa di molemo, di itekanetse e bile di a gogela. Le fa go ntse jalo, nonofo ya ga Jehofa e e gogelang go di gaisa tsotlhe ke lorato. Ga go na sepe se sengwe se se re atamalanyang thata le Jehofa go feta lorato lwa gagwe. Selo se se itumedisang ke gore, lorato gape ke nonofo ya gagwe e kgolo go gaisa tsotlhe. Re itse seo jang?
2 Baebele e bua sengwe ka lorato se e se keng e se bue ka dinonofo tse dingwe tsa konokono tsa ga Jehofa. Dikwalo ga di re Modimo ke maatla kana Modimo ke tshiamiso kana le e leng gore Modimo ke botlhale. O na le dinonofo tseno mme ke ene motswedi wa konokono wa tsone tsotlhe di le tharo. Le fa go ntse jalo, go buiwa ka kgang eno e e botlhokwa thata ka lorato mo go 1 Johane 4:8: “Modimo ke lorato.” Ee, lorato ke nonofo e kgolo ya ga Jehofa. Ke karolo ya botho jwa gagwe. Ka kakaretso re ka akanya jaana ka kgang eno: Maatla a ga Jehofa a mo kgontsha go dira dilo. Tshiamiso le botlhale jwa gagwe di kaela tsela e a dirang dilo ka yone. Le fa go ntse jalo, lorato lwa ga Jehofa lone lo mo tlhotlheletsa go di dira. Mme ka metlha lorato lwa gagwe lo bonala mo tseleng e a dirisang dinonofo tse dingwe ka yone.
3 Gantsi go tle go twe Jehofa ke mothofatso wa lorato. Ka gone, fa re batla go ithuta ka lorato, re tshwanetse go ithuta ka Jehofa. A jaanong re sekaseke dingwe tsa dikarolo tsa lorato lwa ga Jehofa lo lo se nang selekanyo.
Tiro e Kgolo go Gaisa Tsotlhe ya Lorato
4, 5. (a) Tiro ya lorato e kgolo go gaisa tsotlhe mo hisitoring ke efe? (b) Ke eng fa re ka re Jehofa le Morwawe ba dirilwe seoposengwe ke kamano e e nonofileng go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa nna teng?
4 Jehofa o bontshitse lorato ka ditsela tse dintsi, mme go na le e e di gaisang tsotlhe. Ke efe? Ke ya go romela Morwawe go tla go boga ka ntlha ya rona le go re swela. Re tla bo re nepile fa re re, eno ke tiro ya lorato e kgolo go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa direga mo hisitoring. Ke eng fa re ka rialo?
5 Baebele e bitsa Jesu e re ke “leitibolo la popo yotlhe.” (Bakolosa 1:15) A ko o akanye fela—Morwa wa ga Jehofa o nnile gone pele ga lobopo lo nna gone. Ka jalo, o akanya gore Rre le Morwa ba nnile mmogo lobaka lo lokae? Baitsesaense bangwe ba fopholetsa gore lobopo lo na le dingwaga di ka nna dimilione di le dikete di le 13 lo le gone. Mme gone, le fa phopholetso eno e ka tswa e nepile, lobaka loo lo ka se ka lwa lekana dingwaga tsotlhe tsa botshelo jwa Morwa wa ga Jehofa wa leitibolo! O ne a ntse a tshwaregile ka go dira eng mo dingwageng tseo tsotlhe? Morwa o ne a itumelela go nna “modiri yo o setswerere” wa ga Rraagwe. (Diane 8:30; Johane 1:3) Jehofa le Morwawe ba ne ba dira mmogo gore dilo tsotlhe tse dingwe di nne gone. A bo ba nnile le nako e e monate le e e itumedisang thata jang ne! Ke mang wa rona he yo o ka lekang go fopholetsa maatla a kamano eo e e nang le lobaka lo lo kanakana? Ga go pelaelo gore Jehofa Modimo le Morwawe ba dirilwe seoposengwe ke kamano ya lorato e e nonofileng go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa nna teng.
6. Fa Jesu a ne a kolobediwa, Jehofa o ne a bontsha jang kafa a ikutlwang ka teng ka Morwawe?
6 Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a romela Morwawe mo lefatsheng gore a tle go tsholwa e le lesea. Seo se ne se bolela gore Jehofa o ne a tla fetsa masome a sekae a dingwaga kwa legodimong a kgaoditse kamano e e molemo e a nang le yone le Morwawe yo a mo ratang. O ne a leba Jesu ka kgatlhego e kgolo A ntse a le kwa legodimong a leba jaaka fa a ne a gola go nna monna yo o itekanetseng. Fa Jesu a le dingwaga tse 30, o ne a kolobediwa. Ka nako eo, Rre o ne a bua jaana ka boene a le kwa legodimong: “Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.” (Mathaio 3:17) E re ka Jesu a ile a diragatsa dilo tsotlhe tse di neng di boleletswe pele, tsotlhe tse a neng a di kopilwe, Rraagwe o tshwanetse a bo a ile a itumela tota!—Johane 5:36; 17:4.
7, 8. (a) Jesu o ne a diragalelwa ke eng ka Nisane 14, 33 C.E., mme go ne ga ama Rraagwe wa selegodimo jang? (b) Ke eng fa Jehofa a ile a a letla gore Morwawe a boge a bo a swe?
7 Mme gone, Jehofa o ne a ikutlwa jang ka Nisane 14, 33 C.E., fa Jesu a ne a okwa mme go tswa foo a bo a tshwarwa ke segopa se se shakgetseng? Fa Jesu a ntse a sotlwa, a kgwelwa mathe le go itewa ka mabole? Fa a ntse a setlakwa, mokwatla wa gagwe o shemega? Fa a ntse a kokotelwa matsogo le maoto mo koteng mme a bo a tlogelwa a akgega foo batho ba mo tlhapaola? Rre o ne a ikutlwa jang fa Morwawe yo a mo ratang a tlhaeletsa ka ntlha ya manokonoko a botlhoko jo bo ngomolang pelo? Jehofa o ne a ikutlwa jang fa Jesu a ne a hema labofelo, le fa Morwawe yo o rategang jaanong a sa tlhole a le teng, e le lantlha fa e sa le dilo tsotlhe di simolola go bopiwa?—Mathaio 26:14-16, 46, 47, 56, 59, 67; 27:26, 38-44, 46; Johane 19:1.
8 E re ka Jehofa a na le maikutlo, ga re na mafoko a a lekanang go tlhalosa botlhoko jo a tshwanetseng a bo a ile a bo utlwa fa Morwawe a swa. Se re ka kgonang go se tlhalosa fela ke se se dirileng gore Jehofa a letle gore seo se diragale. Ke eng fa Rre a ile a itetla gore a utlwe botlhoko jo bo kalo? Jehofa o re senolela sengwe se se molemo mo go Johane 3:16—temana ya Baebele e e botlhokwa jaana mo e ileng ya bidiwa gore ke Efangele e nnye. Ya re: “Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” Ka jalo, se se dirileng gore Modimo a dire jalo ke: lorato. Ga go na tsela e nngwe e go kilweng ga bontshiwa lorato ka yone go feta eno.
Kafa Jehofa a re Tlhomamisetsang Lorato Lwa Gagwe ka Teng
9. Satane o batla gore re dumele gore Jehofa o ikutlwa jang ka rona, mme gone Jehofa o re tlhomamisetsa eng?
9 Le fa go ntse jalo, go tsoga potso eno ya botlhokwa: A Modimo o rata mongwe le mongwe wa rona ka namana? Batho bangwe ba ka nna ba dumela gore Modimo o rata batho botlhe ka kakaretso, jaaka fa Johane 3:16 e bolela. Le fa go ntse jalo, ba akanya gore ‘Nna Modimo a ka se ka a nthata.’ Satane Diabolo o tlhagafaletse go dira gore re dumele gore Jehofa ga a re rate e bile ga a re tseye re le botlhokwa. Ka fa letlhakoreng le lengwe, le fa rona re ka akanya gore ga re na mosola le gore ga re ratege go le kana kang, Jehofa o re tlhomamisetsa gore o tsaya mongwe le mongwe wa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba le botlhokwa thata.
10, 11. Setshwantso sa ga Jesu sa dithaga se bontsha jang gore Jehofa o re tsaya re le botlhokwa?
10 Ka sekai, akanya ka mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Mathaio 10:29-31. Jesu o ne a gatelela botlhokwa jwa barutwa ba gagwe ka go re: “A dithaga tse pedi ga di rekisiwe ka ledi la tshipi la tlhwatlhwa e e kwa tlase? Le fa go ntse jalo ga go le fa e le nngwe ya tsone e e tla welang fa fatshe kwantle ga kitso ya ga Rraalona. Mme meriri ya ditlhogo tsa lona e badilwe yotlhe. Jalo se boifeng: lo botlhokwa go feta dithaga tse dintsi.” Akanya gore mafoko ao a ne a kaya eng mo bareetsing ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga.
11 Mo motlheng wa ga Jesu thaga e ne e le tlhwatlhwa tlase go gaisa dinonyane tsotlhe tse di neng di rekisediwa go jewa. Moreki o ne a ka newa dithaga di le pedi ka ledinyana la boleng jo bo kwa tlase. Mme go ya ka Luke 12:6, 7, Jesu moragonyana o ne a bolela gore fa motho a ne a ka reka ka madinyana ao a mabedi, o ne a newa dithaga di le tlhano e seng di le nnè. O ne a newa nonyane eo ya mahala jaaka e kete ga e na boleng bope. Gongwe batho ba ne ba tsaya dinonyane tseo di se botlhokwa, mme Mmopi ene o ne a di tsaya jang? Jesu o ile a re: “Ga go e le nngwe ya tsone [tota le yone eo ya mahala] e e lebalwang fa pele ga Modimo.” Jaanong re ka tswa re simolola go tlhaloganya kgang ya ga Jesu. Fa Jehofa a tsaya thaga e le nngwe e le botlhokwa jalo, ruri o tshwanetse a bo a tsaya batho ba le botlhokwa le e leng go feta! Jaaka fa Jesu a ile a bolela, Jehofa o itse sengwe le sengwe ka rona. Ebu, tota le meriri ya ditlhogo tsa rona e badilwe!
12. Ke eng fa re ka tlhomamisega gore Jesu o ne a sa feteletse dilo fa a re meriri ya ditlhogo tsa rona e badilwe?
12 Batho bangwe ba ka akanya gore Jesu o ne a feteletsa dilo fano. Le fa go ntse jalo, a ko o akanye ka tsholofelo ya tsogo. Jehofa o tshwanetse a bo a re itse tota gore a kgone go re bopa sesha! O re tsaya re le botlhokwa thata mo e leng gore o gopola sengwe le sengwe ka rona, go akaretsa le dipopego tsa dijini tsa rona le tshedimosetso yotlhe ya dilo tse re di gakologelwang le tse di re diragaletseng mo dingwageng tse di fetileng. Go bala meriri ya rona—e e ka nnang 100 000 mo tlhogong—ke selo se sennye fa go bapisiwa le kgang eno. A bo mafoko a ga Jesu a re tlhomamisetsa ka tsela e e molemo jang ne gore Jehofa o tlhokomela mongwe le mongwe wa rona!
13. Kgang ya ga Kgosi Jehoshafate e bontsha jang gore Jehofa o leba dilo tse di molemo mo go rona tota le fa re sa itekanela?
13 Baebele e re senolela sengwe gape se se re tlhomamisetsang lorato lwa ga Jehofa. O leba dilo tse di molemo tse re di dirang mme o a di anaanela. Ka sekai, akanya ka Kgosi Jehoshafate. Fa kgosi eno e ne e dirile boeleele, moporofeti wa ga Jehofa o ne a raya kgosi a re: “Jehofa o go galefetse ka ntlha ya selo seno.” A kgang e e masisi ruri! Mme gone, molaetsa wa ga Jehofa o ne wa se ka wa felela foo. O ne wa tswelela jaana: “Le fa go ntse jalo, go na le dilo tse di molemo tse di fitlhetsweng mo go wena.” (2 Ditiragalo 19:1-3) Ka jalo le fa Jehofa a ne a galefetse Jehoshafate, o ne a sa ntse a kgona go bona “dilo tse di molemo” mo go ene. A ga go kgothatse go itse gore Modimo wa rona o leba dilo tse di molemo tse re di dirang le mororo re sa itekanela?
Modimo yo o ‘Iketleeleditseng go Itshwarela’
14. Fa re leofa, ke maikutlo afe a a imetsang a re ka nnang le one, mme gone re ka solegelwa molemo jang ke tsela e Jehofa a re itshwarelang ka yone?
14 Fa re leofa, maikutlo a re ka nnang le one a go swaba, go tlhabiwa ke ditlhong le go tshwenngwa ke segakolodi a ka re dira gore re akanye gore re ka se ka re tlhola re tshwanelega go ka direla Jehofa. Le fa go ntse jalo, se lebale gore Jehofa “o iketleeleditse go itshwarela.” (Pesalema 86:5) Ee, fa re ikwatlhaela maleo a rona mme re leka ka natla gore re se ka ra a boeletsa, re ka solegelwa molemo ke tsela e Jehofa a re itshwarelang ka yone. Akanya kafa Baebele e tlhalosang karolo eno e e molemo ya lorato lwa ga Jehofa ka teng.
15. Jehofa o tsaya maleo a rona a a beela bokgakala jo bo kana kang go tswa mo go rona?
15 Mopesalema Dafide o ne a dirisa mafoko a a utlwalang sentle go tlhalosa tsela e Jehofa a re itshwarelang ka yone: “Fela jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi, O beile ditlolo tsa rona kgakala le rona fela jalo.” (Pesalema 103:12) Botlhabatsatsi bo katogane go le kana kang le bophirimatsatsi? Tota re ka re, botlhaba bo kgakala thata le bophirima ka sekgala se re ka se kang ra kgona go se tlhaloganya; go ka se ka ga direga gore dintlha tseno tse pedi di kopane. Mokanoki mongwe o bolela gore mafoko ano a kaya gore “kgakala go ya kafa go ka kgonegang ka teng; go ya kafa re ka akanyang ka teng.” Mafoko a a tlhotlheleditsweng a ga Dafide a re bolelela gore fa Jehofa a re itshwarela, o tsaya maleo a rona a a beela kgakala le rona go ya kafa re ka akanyang ka teng.
16. Fa Jehofa a re itshwarela maleo, ke eng fa re ka tlhomamisega gore o re tsaya re le phepa morago ga moo?
16 A o kile wa leka go ntsha patso mo seaparong sa mmala o o galalelang? Gongwe patso eo e ne ya gana go tloga le fa o ile wa leka ka natla go e tlosa. Ela tlhoko kafa Jehofa a tlhalosang ka teng tsela e a kgonang go itshwarela ka yone: “Le fa maleo a lona a ka nna jaaka bohibidu jo bo letlhololo, a tla dirwa masweu fela jaaka kapoko; le fa a ka bo a le mahibidu jaaka letsela le le bohibidu jo bo mokgona, a tla nna jaaka boboa.” (Isaia 1:18) Lereo “bohibidu jo bo letlhololo” le kaya bohibidu jo bo galalelang.a “Bohibidu jo bo mokgona” e ne e le mongwe wa mebala e e tseneletseng e e neng e dirisiwa mo matseleng a a fetolwang mmala. Re ka se ka ra kgona go tlosa patso ya boleo jwa rona ka borona fela. Le fa go ntse jalo, Jehofa o kgona go tsaya maleo a a tshwanang le bohibidu jo bo letlhololo le jo bo mokgona mme a a dira gore a nne masweu fela jaaka kapoko kana boboa jo bo se nang mmala. Ka jalo, fa Jehofa a re itshwarela maleo ga re a tshwanela go nna le maikutlo a gore patso ya maleo ao e tla re kgomarela botshelo jotlhe jwa rona.
17. Jehofa o latlhela maleo a rona kwa morago ga gagwe ka tsela efe?
17 Hesekia o ne a bua le Jehofa jaana mo pineng ya tebogo e e amang maikutlo e a ileng a e tlhama fa a sena go namolwa mo bolwetseng jo bo kotsi: “O latlhetse maleo a me otlhe kafa morago ga gago.” (Isaia 38:17) Fano Jehofa o tlhalosiwa a tsaya maleo a modirabosula yo o ikwatlhayang a a latlhela kwa morago ga Gagwe koo A se kitlang a tlhola a a bona teng kana a a tsaya tsia. Go ya ka buka nngwe, bokao jwa seo bo ka tlhalosiwa jaana: “O dirile [maleo a me] gore a nne jaaka e kete ga a ise a ko a nne teng.” A seno ga se nametse pelo?
18. Moporofeti Mika o bontsha jang gore fa Jehofa a re itshwarela O tlosetsa maleo a rona ruri?
18 Moporofeti Mika o ne a bolela mo tsholofetsong ya go tsosolosa sesha gore o tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla itshwarela batho ba gagwe ba ba ikwatlhayang: “Ke mang Modimo yo o tshwanang le wena, . . . a tlhokomologa tlolo ya masalela a boswa jwa gagwe? . . . Mme wena o tla latlhela maleo otlhe a bone mo botennyeng jwa lewatle.” (Mika 7:18, 19) Akanya fela gore mafoko ao a ne a kaya eng mo bathong ba ba neng ba tshela mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele. A go ne go na le tshono epe ya go boa o bona gape selo se se latlhetsweng mo “botennyeng jwa lewatle”? Ka gone, mafoko a ga Mika a bontsha gore fa Jehofa a re itshwarela, o tlosetsa maleo a rona ruri.
“Bopelotlhomogi jo bo Pelonomi Jwa Modimo wa Rona”
19, 20. (a) Lediri la Sehebera le le ranolwang e le “go bontsha kutlwelobotlhoko” kana “go tlhomogela pelo” le kaya eng? (b) Baebele e dirisa jang maikutlo a mmè a nang le one ka lesea la gagwe go re ruta ka bopelotlhomogi jwa ga Jehofa?
19 Karolo e nngwe ya lorato lwa ga Jehofa ke bopelotlhomogi. Bopelotlhomogi ke eng? Mo Baebeleng bopelotlhomogi bo amanngwa thata le kutlwelobotlhoko. Mafoko a le mmalwa a Sehebera le a Segerika a naya kgopolo ya bopelotlhomogi. Ka sekai, gantsi lediri la Sehebera e leng, ra·chamʹ le ranolwa e le “go bontsha kutlwelobotlhoko” kana “go tlhomogela pelo.” Lefoko leno la Sehebera le Jehofa a le dirisang mo go ene, le amana le lefoko le le ranolwang e le “popelo” mme le ka tlhalosiwa e le “bopelotlhomogi jwa mmè.”
20 Baebele e dirisa maikutlo a mmè a nang le one ka lesea la gagwe go re ruta sengwe ka bopelotlhomogi jwa ga Jehofa. Isaia 49:15 ya re: “A mosadi a ka lebala losea lwa gagwe lo lo anyang gore a bo a tlhoke go tlhomogela [ra·chamʹ] morwa wa sebopelo sa gagwe pelo? Le e leng basadi bano ba ka lebala, mme nna ga nkitla ke go lebala.” Go thata go akanya mmè a lebala go anyisa le go tlhokomela lesea la gagwe le le anyang. Kana e bile, lesea ga le kgone go itirela sepe; bosigo le motshegare lesea le tlhoka tlhokomelo le lorato lwa mmaalona. Le fa go ntse jalo, ka maswabi, re na le go utlwa ka bommè ba ba tlhokomologang bana ba bone, segolobogolo mo ‘metlheng eno ya bofelo.’ (2 Timotheo 3:1, 3) Jehofa a re, “mme nna ga nkitla ke go lebala.” Bopelotlhomogi jo bo pelonomi jo Jehofa a nang le jone ka batlhanka ba gagwe bo bogolo thata go feta bopelotlhomogi bope fela jwa tlholego jo re ka akanyang ka jone—bopelotlhomogi jo gantsi mmè a nnang le jone ka ngwana wa gagwe wa lesea.
21, 22. Baiseraele ba ile ba diragalelwa ke eng fa ba le kwa Egepeto, mme Jehofa o ne a tsibogela dilelo tsa bone jang?
21 Jehofa o bontsha bopelotlhomogi jang jaaka motsadi yo o lorato? Bopelotlhomogi jwa gagwe bo bonala sentle mo tseleng e a neng a dirisana le setšhaba sa Iseraele ka yone. Fa lekgolo la bo16 la dingwaga B.C.E. le ne le wela, dimilione tsa Baiseraele di ne di dirilwe makgoba kwa Egepeto, koo ba neng ba gateletswe setlhogo teng. (Ekesodo 1:11, 14) Fa Baiseraele ba le mo mathateng ba ne ba lelela kwa go Jehofa. Modimo wa bopelotlhomogi o ne a tsibogela seo jang?
22 Seo se ne sa ama Jehofa pelo. O ne a re: “Ke bone pogisego ya batho ba me ba ba kwa Egepeto, e bile ke utlwile selelo sa bone . . . ke itse sentle botlhoko jo ba bo utlwang.” (Ekesodo 3:7) Jehofa o ne a ka se lebe go boga ga batho ba gagwe kana go utlwa dilelo tsa bone mme a bo a sa ba utlwele botlhoko. Jehofa ke Modimo yo o kutlwelobotlhoko. Mme kutlwelobotlhoko—go utlwa botlhoko jo motho yo mongwe a bo utlwang—e amana thata le bopelotlhomogi. Mme gone, Jehofa o ne a se ka a utlwela batho ba gagwe botlhoko fela; o ne a tlhotlheletsega go ba direla sengwe. Isaia 63:9 ya re: “O ne a ba rekolola mo loratong lwa gagwe le mo bopelotlhomoging jwa gagwe.” O ne a namola Baiseraele go tswa kwa Egepeto ka “seatla se se nonofileng.” (Duteronome 4:34) Morago ga moo, o ne a ba tlamela ka dijo tsa kgakgamatso le go ba fitlhisa mo nageng ya bone e e nonneng.
23. (a) Mafoko a mopesalema a re tlhomamisetsa jang gore Jehofa o amega thata ka mongwe le mongwe wa rona? (b) Jehofa o re thusa ka ditsela dife?
23 Jehofa ga a bontshe bopelotlhomogi jwa gagwe fela mo bathong ba gagwe fa ba le setlhopha. Modimo wa rona yo o lorato o amega thata ka mongwe le mongwe wa rona. O etse tlhoko tsela epe fela e re ka tswang re sotlega ka yone. Mopesalema o ile a re: “Matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe di ntlheng ya go goa ga bone ba kopa thuso. Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.” (Pesalema 34:15, 18) Jehofa o re thusa jang re le batho ka bongwe? Ga a dire jalo ka go tlosa dilo tse di dirang gore re boge. Le fa go ntse jalo, o diretse batho ba ba goelang kwa go ene ba tlhoka thuso dilo di le dintsi tse di ka ba thusang. Lefoko la gagwe le re neela kgakololo e e molemo e e ka re thusang thata. Mo phuthegong, o re tlamela ka balebedi ba ba tshwanelegang semoyeng, ba ba lekang go bontsha bopelotlhomogi jaaka ene fa ba ntse ba thusa batho ba bangwe. (Jakobe 5:14, 15) E re ka Jehofa e le “Moutlwi wa thapelo” o abela “moya o o boitshepo ba ba mo kopang.” (Pesalema 65:2; Luke 11:13) Dilo tseno tsotlhe ke tse di bontshang “bopelotlhomogi jo bo pelonomi jwa Modimo wa rona.”—Luke 1:78.
24. O tla tsibogela lorato lwa ga Jehofa jang?
24 A ga go itumedise go akanya ka lorato lo Rraarona wa selegodimo a re ratang ka lone? Mo setlhogong se se fetileng, re ile ra gakololwa gore Jehofa o ile a bontsha maatla a gagwe, tshiamiso le botlhale ka ditsela tse di lorato tse di re solegelang molemo. Mme mo setlhogong seno, re bone gore Jehofa o bontshitse batho ka kakaretso lorato lwa gagwe—e bile o lo bontshitse le mongwe le mongwe wa rona—ka ditsela tse di gakgamatsang. Jaanong, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go ipotsa, ‘Ke tla tsibogela lorato lwa ga Jehofa jang?’ E kete o ka le tsibogela ka go mo rata ka pelo yotlhe, ka tlhaloganyo yotlhe, ka moya otlhe, le ka nonofo yotlhe ya gago. (Mareko 12:29, 30) E kete tsela e o tshelang botshelo jwa gago ka yone letsatsi le letsatsi e ka bontsha gore o batla go atamalana thata le Jehofa ka pelo yotlhe. Mme e kete Jehofa, Modimo yo e leng lorato, a ka atamalana thata le wena—ka bosakhutleng!—Jakobe 4:8.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mokanoki mongwe a re bohibidu jo bo letlhololo e ne e le “mmala o o nnelang ruri, kana o o sa tlogeng. O ne o ka se ka wa tlosiwa ke monyo, pula kana go tlhatswiwa, le fa e le go onala.”
A o A Gakologelwa?
• Re itse jang gore lorato ke nonofo ya ga Jehofa e kgolo go gaisa tsotlhe?
• Ke eng fa go ka twe kgang ya go bo Jehofa a ile a romela Morwawe go tla go boga le go re swela ke tsela e kgolo go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa nna gone tsa go bontsha lorato?
• Jehofa o re tlhomamisetsa jang gore o rata mongwe le mongwe wa rona?
• Baebele e dirisa ditsela dife tse di utlwalang sentle go tlhalosa kafa Jehofa a re itshwarelang ka teng?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
‘Modimo o ile a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi’
[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]
“Lo botlhokwa go feta dithaga tse dintsi”
[Motswedi wa Setshwantsho]
© J. Heidecker/VIREO
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Tsela e mmè a ikutlwang ka yone ka lesea la gagwe e ka re ruta sengwe ka bopelotlhomogi jwa ga Jehofa