Buka ya Bibela ya bo 33—Mika
Mokwadi: Mika
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Juda
Go Wediwa ga go E Kwala: Pele ga 717 B.C.E.
Lobaka lo lo Tserweng: mo e ka nnang ka 777-717 B.C.E.
1. Mika e ne e le monna yo o ntseng jang?
AKANYA fela ka monna mongwe yo o godileng sentle, yo o feditseng dingwaga di le dintsi a direla Jehofa ka boikanyego. Akanya fela ka monna yo o pelokgale, yo o neng a ka kgona go raya babusi ba morafe wa ga bone a re, “Ba lo ilañ molemō, lo rata boshula; . . . Ba ba bileñ ba ya nama ea batho ba me: me ba ba cwatolotsa letlalō.” Akanya ka monna fela yo o boikokobetso, yo o fang Jehofa tlotlo yotlhe ya gore dilo tsotlhe tse a di buileng ka maatla di ne di tswa kwa go Jehofa, yo a buileng ka moya wa gagwe. A o ne o ka se rate go tlwaelana le monna yo o ntseng jalo? Abo a ka go abela letlotlo le legolo la tshedimosetso le kgakololo e e molemo jang ne! Moperofeti Mika e ne e le monna wa mofuta oo. Re santse re ka ipalela kgakololo ya gagwe e e molemo thata mo bukeng eo e bidiwang ka leina la gagwe.—Mika 3:2, 3, 8.
2. Ke eng seo se itsiweng kaga Mika le kaga lobaka lwa tiro ya gagwe jaaka moperofeti?
2 Jaaka fela go ntse ka baperofeti ba le bantsi, ga go sepe se sentsi se se buiwang kaga moperofeti Mika ka boene mo bukeng ya gagwe; molaetsa ke one o o neng o le botlhokwa. Leina le go tweng Mika ke khutshwafatso ya Mikaele (leo le rayang, “Ke Mang Yo O Tshwanang le Modimo?”) kana Mikaia (leo le rayang, “Ke Mang Yo O Tshwanang le Jehofa?”). O ne a dira tiro ya gagwe jaaka moperofeti fa go busa Jothame, Ahase, le Hesekia (777-717 B.C.E.), seo se neng se mmaya mo mophatong o le mongwe le bo moperofeti Isaia le Hosea. (Isa. 1:1; Hos. 1:1) Nako e tota a dirileng tiro ya gagwe jaaka moperofeti ga e tlhomamisege, mme re ka re e ka tswa e le dingwaga tse 60. Dipolelelopele tsa gagwe tse di amanang le go senngwa ga Samarea di ka nna tsa bo di builwe pele ga motse oo o senngwa ka 740 B.C.E., mme mokwalo wa gagwe ka kakaretso o ka nna wa bo o ile wa digelwa kwa bokhutlong jwa puso ya ga Hesekia, ka 717 B.C.E. (Mika 1:1) Mika e ne e le moperofeti fela wa kwa metsaneng mme e le wa motsana wa Moreshetha mo kgaolong e e nonneng ya Shepela, kafa borwabophirima jwa Jerusalema. Ditshwantsho tsa gagwe tse a neng a di baya go tiisetsa dintlha tseo a neng a di bolela di ne di supa gore o ne a itse thata ka botshelo jwa kwa metsaneng.—2:12; 4:12, 13; 6:15; 7:1, 4, 14.
3. Mika o ne a dira tiro ya gagwe mo dipakeng dife tse di tlhomologileng, mme ke ka ntlhayang fa Jehofa a ne a mo fa tiro ya go nna moperofeti?
3 Mika o ne a tshela mo metlheng e e kotsi thata le e e nang le ditiragalo tse di botlhokwa. Ditiragalo tse di neng di diragala ka bofefo di ne di supa gore bogosi jwa Iseraela le jwa Juda bo ne bo gomagomelwa ke metlha e e kotsi. Maitsholo a a bodileng le kobamelo ya medimo ya disetwa di ne di ntsifetse thata mo Iseraele, mme seno se ne sa dira gore morafe oo o senngwe ke Asiria, mme go bonala gore seo se diragetse mo nakong ya fa Mika a santse a tshela. Juda o ne a fapoga mo go direng se se siameng morago ga puso ya ga Jothame mme a dira bosula jo bo tshwanang le jwa Iseraele mo pusong e e bosula ya ga Ahase mme go tswa foo a tokafala gape mo pusong ya ga Hesekia. Jehofa o ne a roma Mika go ya go tlhagisa batho ba Gagwe thatathata kaga seo A neng a tla se ba tlisetsa. Dipolelelopele tsa ga Mika di ne tsa tshegetsa tsa ga Isaia le Hosea.—2 Dikg. 15:32–20:21; 2 Ditih. dikg. 27-32; Isa. 7:17; Hos. 8:8; 2 Bakor. 13:1.
4. Ke eng seo se supang gore buka ya ga Mika e boammaaruri?
4 Go na le bosupi bo le bontsi fela thata jo bo bontshang gore buka ya Mika e boammaaruri. Bajuda ka metlha ba ne ba e tsaya jaaka karolo ya dikwalo tsa Sehebera. Yeremia 26:18, 19 e umaka mafoko a ga Mika ka tlhamalalo: “Siona o tla leñwa yaka tshimo, Yerusalema o tla nna mekoakoa hèla.” (Mika 3:12) Polelelopele eno e ne ya diragadiwa fela jaaka e ntse ka 607 B.C.E. fa kgosi ya Babelona e ne e ja Jerusalema ka molelo ‘go o senya.’ (2 Ditih. 36:19) Polelelopele e e tshwanang le eno kaga Samarea, ya gore e tla nna jaaka “mokoa mo nageñ,” le yone e ne ya diragadiwa. (Mika 1:6, 7) Samarea o ne a senngwa ke Baasiria ka 740 B.C.E. fa ba ne ba isa bogosi jwa bokone jwa Iseraele kwa botshwaro. (2 Dikg. 17:5, 6) Moragonyana o ne a fenngwa ke Alexander the Great mo lekgolong la bonè la dingwaga B.C.E. mme ya nyelediwa gape ke Bajuda ba ga John Hyrcanus I mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E. Malebana le tshenyego eno ya bofelo ya Samarea, The New Westminster Dictionary of the Bible, 1970, tsebe 822 e tlhalosa jaana: “Mofenyi o ne a nyeletsa gotlhelele, a leka gore a phimole bosupi jotlhe fela jwa gore go kile ga nna le motse mongwe o o thekeleditsweng o o mo godimo ga thaba.”
5. Baithutamarope ba ntsha bosupi bofe jwa gore dipolelelopele tsa ga Mika di ile tsa diragadiwa?
5 Bosupi jo bo ntshitsweng ke baithutamarope le bone bo tshegetsa boammaaruri jwa gore polelelopele ya ga Mika e ne ya diragala. Go senngwa ga Samarea ke Baasiria go bolelwa mo direkotong tsa ditso tsa Asiria. Ka sekai, kgosi ya Asiria Saragone o ne a ikgantsha a re: “Ke ne ka dikaganyetsa ka bo ka fenya Samarea (Sa-me-ri-na).”a Lefa go ntse jalo, e ka nna ya bo totatota e ne e le mmusi yo o tlileng pele ga Saragone, ebong Shalamanesere V, yo o neng a digela phenyo eo. Fa o bua ka Shalamanesere, mokwalo mongwe wa Babelona o tlhalosa jaana: “O ne a kgautlhanya Samarea.”b Go tlhaselwa ga Juda mo motlheng wa go busa Hesekia, jaaka go boleletswepele ke Mika, go ne ga kwalwa sentlentle mo ditiragalong ke Senakaribe. (Mika 1:6, 9; 2 Dikg. 18:13) O ne a dira setshwantsho se segolo sa dimati di le nnè mo loboteng la ntlo ya gagwe ya segosi kwa Ninife seo se tshwantshitsweng kafa a neng a gapa Lakisha ka gone. Mo sifikantsweng seo sa gagwe o ne a tlhalosa ka go re: “Ke ne ka dikaganyetsa metse ya gagwe e e nonofileng e le 46 . . . Ke ne ka leleka batho ba le 200-150 (mo go yone) . . . Ene ke ne ka mo dira legolegwa mo Jerusalema, kwa bonnong jwa gagwe jwa segosi, fela jaaka nonyane e e mo serobing.” O bolela gape le dilo tseo Hesekia a neng a mo duela ka tsone, lemororo a feteletsa selekanyo se se ntshitsweng. Ga a umake lefa e le sepe kaga sebetso se se neng sa tlhagela masole a gagwe.c—2 Dikg. 18:14-16; 19:35.
6. Ke eng se se supang gore Mika kwantle ga pelaelo epe o ne a tlhotlheleditswe?
6 Se se dirang gore go se belaetse le eseng gore buka eno e tlhotlheleditswe ke polelelopele e e tlhomologileng e e mo go Mika 5:2, eo e bolelelang pele lefelo leo Mesia a neng a tla tsalelwa kwa go lone. (Math. 2:4-6) Go na le mafoko a mangwe gape a a fitlhelwang a tshwana le a a mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika.—Mika 7:6, 20; Math. 10:35, 36; Luke 1:72, 73.
7. Ke eng seo se ka bolelwang kaga tsela eo Mika a neng a bua mafoko a gagwe ka yone?
7 Lemororo Mika e ka tswa e ne e le motho wa kwa metsaneng ya Juda, gone mme ruri o ne a sa tlhaele nonofo ya go ka tlhalosa mafoko a gagwe ka phepafalo. Mangwe a mafoko a a buegileng ka botswerere thata mo Lefokong la Modimo a fitlhelwa mo bukeng ya gagwe. Kgaolo 6 e kwadilwe ka tsela e e kgatlhisang thata ya sekapuisano. Mmadi o kgona go lemoga phetogo e e bofefo go tswa ntlheng e nngwe go ya go e nngwe fa Mika a ntse a tlhalosa dintlha ka bofefo go tswa mo go e nngwe go ya mo go e nngwe, a bua ka phutso go tswa foo ka tshegofatso a bo a ipoeletsa gape. (Mika 2:10, 12; 3:1, 12; 4:1) Go na le dikapuo di le dintsi thata tse di utlwalang sentle: Fa Jehofa a bolola, “dithaba di tla tlhapolosiwa ha tlhatse ga gagwè, le melapō e tla tsetseregana, yaka makgaha ha pele ga molelō, yaka metse a a thèlègañ kaha maphōthōphōthoñ.”—1:4; bona gape le 7:17.
8. Ke eng seo se leng moteng ga nngwe le nngwe ya dikarolo tse tharo tsa Mika?
8 Buka eno e ka nna ya kgaoganngwa ka dikarolo di le tharo, karolo nngwe le nngwe e simolola ka go re “Utlwañ” mme e bua ka dikgalo, ditlhagiso tsa kotlhao e e tlang, le ditsholofetso le masego.
SEO SE LENG MO GO MIKA
9. Ke dikotlhao dife tse go laotsweng gore di tla tlela Samarea le Juda?
9 Karolo 1 (1:1–2:13). Jehofa o tswa mo tempeleng ya gagwe go tla go otlhaela Samarea kobamelo ya gagwe ya medimo ya disetwa. O tla mo dira “mokoa mo nageñ” mme ‘maje a one o tla a goromeletsa mo molapong,’ mme a thubaganya ditshwantsho tsa gagwe tse di betlilweng. Ga a kitla a fola ka gope. Juda le ene o molato mme le ene o tla tlhaselwa “mo kgoroñ ea Yerusalema.” Botlhe ba ba logang maano a go dira bosula baa atlholwa mme ba tla lela ba re: “Re gapelecwe rure.”—1:6, 12; 2:4.
10. Kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa e supega ka tsela efe?
10 Ka bofefo fela kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa e a bonala jaaka, moperofeti a bua jaana mo leineng la ga Jehofa: “Wèna Yakoba, rure ke tla gu phutha, . . . ke tla ba baea mmōgō yaka dinku tsa Bosera: yaka lecomane mo gare ga bohulō yoa yeōna, ba tla cosa modumō o mogolo ka ntlha ea bontsi yoa batho.”—2:12.
11. (a) Ke mafoko afe a a kgalang a a buiwang kgatlhanong le babusi ba ga Jakobe le Iseraele? (b) Mika o bolela gore bopelokgale jwa gagwe o bo filwe ke mang?
11 Karolo 2 (3:1–5:15). Go tswa foo Mika o tswelela ka go re: “Utlwañ, lona ditlhōgō tsa ba Yakoba, le balaodi ba ntlo ea Iseraela.” Go ntshiwa mafoko a a bogale a a kgalang ‘ba ba ilang molemo mme ba rata se se bosula,’ ba ba gatelelang batho. Ba ‘robile marapo a bone.’ (3:1-3) Mo go bone go balelwa baperofeti ba e seng bone bao ba sa feng kaelo epe e e siameng, ba ba dirang gore batho ba Modimo ba kaile fela. Ruri go tlhokafala bopelokgale jo bogolo jo bo fetang jwa motho gore a kgone go bolela molaetsa ono! Mme Mika o tlhalosa jaana ka tsholofelo: “Ke tletse nonohō ka mōea oa ga Yehofa, le katlholō, le bonatla, go kakanyetsa Yakoba tlolō ea gagwè, le Iseraela boleo yoa gagwè.” (3:8) Mafoko a gagwe a a kgalang babusi ba ba nang le molato wa madi a gakalela kwa pele jaana: “Ditlhōgō tlhōgō tsa bōnè di atlhola ka tuèlō, baperisiti ba bōnè ba ruta ka go thapiwa ka tuèlō, le baperofeti ba bōnè ba bua boitseyoanape ka madi.” (3:11) Ka jalo Siona o tla lengwa jaaka naga fela, mme Jerusalema o tla nna mokoakoa fela.
12. Ke polelelopele efe e e molemo e e bolelwang kaga ‘metlha ya morago’?
12 Go tswa foo a bua mafoko fela a a sa solofelwang, polelelopele e simolola go bua ka ‘metlha ya morago,’ e tlhalosa ka tsela e e amang maikutlo kaga go tsosolosiwa ga kobamelo ya ga Jehofa mo thabeng ya gagwe. (4:1) Merafe e le mentsi e tla ya go ithuta ditsela tsa ga Jehofa, ka go bo molao wa gagwe le lefoko la gagwe di tla tswa mo Siona le mo Jerusalema. Ga ba kitla ba ithuta ntwa gope, mme mongwe le mongwe wa bone o tla nna fa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofine le sa mofeige. Ga ba kitla ba boifa gope. A motho mongwe le mongwe a latele modimo wa gagwe, mme baobamedi ba boammaaruri ba tla sepela mo leineng la ga Jehofa Modimo wa bone, mme o tla nna Kgosi ya bone ka bosakhutleng. Lefa go ntse jalo, Sione o tshwanetse a isiwa botshwarwa pele kwa Babelona. Jehofa o tla senya baba ba gagwe morago fela ga fa a sena go tsosolosiwa.
13. Ke mmusi wa mofuta ofe yo o tla tswang mo Bethelehema, mme “masalèla a ga Yakoba” a tla nna jaaka eng?
13 Mika jaanong o bolelela pele gore mmusi yo o tswang mo Iseraele “eo macō a gagwè a sa leñ a nna a bogologolo” o tla tswa mo Bethelehema Eferatha. O tla busa jaaka ‘modisa ka thata ya ga Jehofa’ mme o tla nna mogolo, eseng mo Iseraele fela, mme le “go ea dikhutloñ tsa lehatshe.” (5:2, 4) Tlhaselo ya Asiria e tla atlega fela ka nakwana, ka go bo o tla kganelwa mme lefatshe la gagwe le sale le kgakgabetse fela. “Masalèla a ga Yakoba” a tla nna jaaka “monyō o o cwañ kwa go Yehofa” mo gare ga batho le go nna pelokgale jaaka tau mo merafeng. (5:7) Jehofa o ne a tla nyeletsa kobamelo ya maaka mme a tlise pusoloso mo merafeng e e senang kutlo.
14. (a) Karolo 3 ya ga Mika e simolola ka go dirisa setshwantsho sefe? (b) Ke dilo dife tse Jehofa a di tlhokang tse Iseraele a sa di dirang?
14 Karolo 3 (6:1–7:20). Jaanong go nna puisano e e kgatlhisang ya kgotlatshekelo. Jehofa o na le “kgañ” le Iseraele, mme o ikuela mo dithoteng le mo dithabeng gore di tle go nna basupi ba gagwe. (6:1) O gwetlha Iseraele gore a tle go nna mosupi kgatlhanong le ene, mme o ba tlhalosetsa ditiro tse di molemo tse a di ba diretseng. Ke eng seo Jehofa a se tlhokang mo mothong yo o mo lefatsheng? Ga a tlhoke bontsintsi jwa ditlhabelo tsa diphologolo, mme, go na le moo, o batla gore “[a] dihè ka tshiamō, le go rata boutlwèlō botlhoko, le go sepela ka boikokobeco le Modimo oa [gagwe].” (6:8) Seno ke sone se se tlhaelang mo Iseraele. Mo boemong jwa gore go nne tshiamo le boutlwelobotlhoko go na le “dilekanyō tsa bokete tsa tsieco,” thubakanyo, go aka, le boferefere. (6:11) Mo boemong jwa go sepela ka boikokobetso le Modimo, ba tsamaya mo ditseleng tse di sa siamang, tsa babusi ba Samarea, Omeri le Ahabe, le mo kobamelong ya bone ya medimo ya disetwa.
15. (a) Ke eng seo moperofeti a se nyatsang? (b) Buka ya Mika e digelwa ka konelo efe e e tshwanetseng?
15 Moperofeti o kgala boitsholo jo bo bodileng jwa batho ba gagabo. Ebu, “le eo o thōkgameñ bogolo o gaisa logora loa mitlwa ka boshula.” (7:4) Ditsala tse di atamalaneng di direlana bonokwane le bantlo e le nngwe ba dira jalo. Mika ga a kgobege marapo. “Ke tla lebèlèla Modimo oa polokō ea me: Modimo oa me o tla nkutlwa.” (7:7) O tlhagisa ba bangwe gore ba seka ba ipela fa Jehofa a otlhaya batho ba Gagwe, ka go bo ba tla bona kgololo. Jehofa o tla disa batho ba gagwe le go ba otla le go ba bontsha “dilō tse di gakgamatsañ,” a dira gore merafe e boife. (7:15) Fa a digela buka ya gagwe, Mika o tlhomolola bokao jwa leina la gagwe ka go baka Jehofa ka ntlha ya bopelonomi jwa Gagwe jo bo lorato jo bo itumedisang. Ee, ‘Ke mang Modimo o o tshwanang le Jehofa?’—7:18.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
16. (a) Boperofeti jwa ga Mika bo ne jwa itshupa jang gore bo na le mosola mo motlheng wa ga Hesekia? (b) Bo tshotse dikgothatso dife tse di nonofileng tsa mo motlheng wa jaanong?
16 Mo e ka nnang dingwaga tse 2 700 tse di fetileng, tiro ya ga Mika jaaka moperofeti e ne ya itshupa e na le ‘mosola mo go kgalemeleng,’ ka go bo Kgosi Hesekia wa Juda o ne a arabela molaetseng wa gagwe mme a dira gore morafe oo o ikwatlhae go bo go nne tokafalo mo bodumeding. (Mika 3:9-12; Yer. 26:18, 19; bapisa 2 Dikg. 18:1-4.) Gompieno polelelopele eno e e tlhotlheleditsweng e mosola le go feta. Lona lotlhe ba lo ipolelang gore lo obamela Modimo, utlwang ditlhagiso tsa ga Mika tse di papametseng tse di kgatlhanong le bodumedi jwa maaka, kobamelo ya medimo ya disetwa, go aka, le thubakanyo! (Mika 1:2; 3:1; 6:1) Paulo o tshegetsa ditlhagiso tseno mo go 1 Bakorintha 6:9-11, koo a bolelang gore Bakeresete ba boammaaruri ba ile ba phepafadiwa le gore ga go ope yo o tsenelelang mo ditlwaelong tse di ntseng jalo yo o tla tsenang mo Bogosing jwa Modimo. Ka tsela e e motlhofo fela le e e phepafetseng, Mika 6:8 e tlhalosa gore se Jehofa a se tlhokang ke gore motho a sepele le Ene ka tshiamo, ka bopelonomi, le ka boikokobetso.
17. Ke kgothatso efe eo Mika a e fang bao ba direlang Modimo ba le mo dipogisong le mo mathateng?
17 Mika o ne a bolela molaetsa wa gagwe mo bathong ba ba neng ba kgaogane fela thata mo e leng gore ‘baba ba monna e ne e le batho ba ntlo ya gagwe.’ Bakeresete ba boammaaruri gantsi ba rera kafa tlase ga maemo a a ntseng jalo, mme bangwe ba bile baa okiwa le go bogisiwa mo go setlhogo ke ba malapa a bone. Ka metlha yotlhe ba tshwanetse go nna pelotelele ba lebeletse mo go Jehofa, ‘Modimo wa poloko ya bone.’ (Mika 7:6, 7; Math. 10:21, 35-39) Fa ba bogisiwa kana ba filwe kabelo e e boima, botlhe ba ba ikanyang mo go Jehofa ka bopelokgale, fela jaaka Mika, ba tla ‘tlala nonofo ka moya wa ga Jehofa,’ mo go boleleng molaetsa wa Gagwe. Mika o ne a bolelela pele gore bopelokgale jo bo ntseng jalo bo tla bonala segolobogolo mo ‘masaleleng a ga Jakobe.’ Bano ba tla tshwana le ‘tau mo gare ga ditšhaba di le dintsi, mo merafeng e le mentsi,’ mme ba ntse ba tshwana le monyo o o lapolosang le jaaka medupe e e tswang kwa go Jehofa. Dinonofo tseno di ne tsa iponatsa tota mo ‘masaleleng a Iseraele (Jakobe)’ bao ba neng ba nna maloko a phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga.—Mika 3:8; 5:7, 8; Bar. 9:27; 11:5, 26.
18. Ke polelelopele efe ya ga Mika e e golaganang sentle le puso ya Bogosi jwa Modimo ka Keresete Jesu?
18 Go tsalelwa ga ga Jesu kwa Bethelehema, tiragatsong ya polelelopele ya ga Mika, ga go ntshe bosupi fela jwa gore buka eno e tlhotlheleditswe mme gape go senola gore temana eno ke polelelopele ya go tla ga Bogosi jwa Modimo ka Keresete Jesu. Jesu ke ene yo o tswang mo Bethelehema (Ntlo ya Senkgwe) ka melemo e e nayang botlhe ba ba nang le tumelo mo setlhabelong sa gagwe botshelo. Ke ene yo o tla ‘fodisang letsomane ka thata ya ga Jehofa’ le yo o nnang mogolo le go isa kagiso le kwa dikhutlong tsa lefatshe gareng ga letsomane la Modimo le le tsosolositsweng le le le seoposengwe.—Mika 5:2, 4; 2:12; Yohane 6:33-40.
19. (a) Ke kgothatso efe e e nonotshang tumelo eo e fiwang ba ba tshelang mo ‘metlheng ya morago’? (b) Mika o goletsa jang bolaodi jwa ga Jehofa?
19 Go na le kgothatso e kgolo mo polelelopeleng ya ga Mika e e amanang le ‘metlha ya morago,’ eo “merahe e le mentsi” e batlang go laiwa ke Jehofa. “Me ba tla thula dichaka tsa bōnè megoma, le marumō a bōnè dithipa tse di segañ mabèlè: morahe ga o ketla o èkèla morahe o moñwe chaka, le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta ntwa gopè. Me moñwe le moñwe oa bōnè o tla dula ha tlhatse ga mofine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè; me opè ga a ketla a ba boihisa: gonne molomo oa ga Yehofa oa mashomōshomō o se buile.” Fa ba sena go tlogela bodumedi jotlhe jwa maaka, ba kopanela le Mika mo go tiisetseng ka go re: “Rona re tla sepela ka leina ya ga Yehofa Modimo oa rona, ka bosakhutleñ le ka bosaeenkae.” Tota ruri boperofeti jwa ga Mika ke jo bo nonotshang tumelo ka go re naya ponelopele kaga ditiragalo tseno tse di botlhokwa. Bo bile bo tlhomologile gape mo go goletseng Jehofa jaaka Molaodimogolo le Kgosi ka bosakhutleng. Abo mafoko ano a itumedisa jang ne: “Yehofa o tla ba busa mo thabeñ ea Siona go tloga hano le go ea bosakhutleñ”!—Mika 4:1-7; 1 Tim. 1:17.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ancient Near Eastern Texts, e e kwadilweng ke James B. Pritchard, 1974, tsebe 284.
b Assyrian and Babylonian Chronicles, ka A. K. Grayson, 1975, tsebe 73.
c Ancient Near Eastern Texts, 1974, tsebe 288; Insight on the Scriptures, Bol. 2, ditsebe 894-5.