Kgaolo ya Borataro
Go Dira Gore “Tshiamiso e Phothosele” go re Thusa go Itse Modimo
1. Ke eng se se dirang gore o rate tshiamiso?
GO RALALA dingwaga, batho bangwe ba ile ba itsege ka go buelela gore dilo di dirwe ka tshiamiso. Mme akanya ka ntlha eno: Batho ba kgatlhegela tshiamiso ka gonne ba dirilwe mo setshwanong sa Modimo. Wena o rata gore dilo di dirwe ka tshiamiso mme o batla gore batho ba bangwe ba go tshware sentle ka gonne o dirilwe mo setshwanong sa ga Jehofa, yo o ‘itumedisiwang’ ke tshiamiso.—Jeremia 9:24; Genesise 1:27; Isaia 40:14.
2, 3. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go sekaseka dibuka tsa baporofeti ba ba 12 gore re ithute ka tshiamiso ya ga Jehofa?
2 Fa o ntse o bala dibuka tse di farologaneng tse di mo Baebeleng, o ka tlhaloganya tshiamiso ya Modimo. Mme o tla solegelwa molemo bogolo jang fa o bala dibuka tsa baporofeti ba ba 12. Di bua thata ka tshiamiso mo e leng gore kgatiso nngwe e e nang le Hosea, Amose le Mika e e gatisitsweng ke mokgatlho mongwe wa Baebele e na le setlhogo se se reng Justice Now! (A Tshiamiso e Tle!) Ka sekai, akanya ka mafoko ano a ga Amose a a kgothatsang: “A tshiamiso e phothosele fela jaaka metsi, le tshiamo jaaka molatswana o o phothoselang, o o elelang ka metlha.” Mme ela tlhoko se Mika a ileng a se umaka pele mo dilong tse re tshwanetseng go di dira: “Jehofa o kopa eng mo go wena fa e se gore o dire tshiamiso le go rata bopelonomi le go nna boingotlo fa o tsamaya le Modimo wa gago?”—Amose 5:24; Mika 6:8.
3 Ka jalo, fa re batla go itse Jehofa botoka, e leng se se tla re thusang go mo etsa, ruri re tshwanetse go tlhaloganya tshiamiso ya gagwe. Tshiamiso ke karolo ya botho jwa ga Jehofa, ka jalo re ka se re re a mo itse fa re sa tlhaloganye tshiamiso ya gagwe. Tota le batlhanka ba gagwe ba bogologolo ba ne ba itse gore “Jehofa ke morati wa tshiamiso.”—Pesalema 33:5; 37:28.
4. Bontsha gore ke ka ntlha yang fa dibuka tsa baporofeti ba ba 12 di ka go thusa go ikanya tshiamiso ya Modimo ka botlalo.
4 Nakonyana pele Jehofa a otlhaya Jerusalema, moporofeti Habakuke o ne a botsa jaana: “Jehofa, ke tla tshwanelwa ke go goa ke kopa thuso ka lobaka lo lo kae? . . . Molao o a koafala, le tshiamiso ga e ke e diragadiwa. Ka gonne yo o boikepo o dikanyeditse yo o siameng, ke ka lebaka leo tshiamiso e sokamang.” (Habakuke 1:2, 4) Habakuke yo o ikanyegang o ile a simolola go itse Jehofa ka go bala Dikwalo tse di neng di le gone ka nako eo le ka se se neng se mo diragalela. Ka jalo, o ne a tlhomamisa gore Modimo o buelela tshiamiso e bile o re kgothaletsa go nna le yone. Le fa go ntse jalo, moporofeti yono o ne a batla go itse gore ke ka ntlha yang fa Jehofa a letlelela boikepo. Modimo o ne a tlhomamisetsa Habakuke gore o ne a tla direla batho ba ba ikanyegang tshiamiso. (Habakuke 2:4) Fa Habakuke le ba bangwe ba ile ba tlhomamisega gore go tla nna jalo, wena o na le lebaka le le nonofileng le go feta la gore o dumele jalo. Ka ntlha yang? Ka gonne jaanong re na le Baebele e feletse, ka jalo re ka bala rekoto e e feletseng ya ditirisano tsa ga Jehofa le batho mmogo le kafa a ileng a bontsha dinonofo tsa gagwe ka teng go akaretsa le tshiamiso ya gagwe. Ka gone, o ka kgona go itse Jehofa botoka, le go tlhatswega pelo gore tshiamiso ya gagwe ke e e feletseng.
5. Ke eng se re batlang go ithuta ka sone jaanong malebana le tshiamiso?
5 Fa Jehofa a ne a romelela Iseraele barongwa, o ne a gatelela gore batho ba tshwanetse go nna le tshiamiso. (Isaia 1:17; 10:1, 2; Jeremia 7:5-7; Esekiele 45:9) Mme o ne a dirisa baporofeti ba ba 12 go gatelela seo le eleng go feta. (Amose 5:7, 12; Mika 3:9; Sekarea 8:16, 17) Mongwe le mongwe yo o balang dibuka tsa bone o kgona go bona gore di gatelela gore motho a dirise tshiamiso mo ditirong tsotlhe tsa gagwe tsa letsatsi le letsatsi. Go na le ditsela tse dintsi tse re ka dirisang dithuto tse di mo dibukeng tseno tse 12 ka tsone, mme a re sekasekeng dikarolo tse pedi tse mo go tsone baporofeti bao ba neng ba gatelela tshiamiso mme re bone kafa re ka dirisang se re se ithutang ka teng.
TSHIAMISO MO KGWEBONG LE MO GO TSA MADI
6, 7. Ke ka ntlha yang fa rotlhe re tshwanetse go tsaya tshiamiso e le botlhokwa mo kgwebong le mo dikgannyeng tsa madi?
6 Jesu o ne a re: “Motho ga a a tshwanela go tshela ka senkgwe se le sosi.” (Luke 4:4; Duteronome 8:3) O ne a sa ganetse gore re tlhoka senkgwe—re tlhoka go ja. Batho ba le bantsi ba tshwanelwa ke go bereka gore ba je, e seng jalo go tshwanetse ga nna le mongwe mo gae yo o berekang gore lelapa le bone dijo. Go ne go ntse jalo le ka batlhanka ba Modimo ba bogologolo. Bangwe ba bone ba ne ba ipereka—ba lema kgotsa ba dira dilo tse di jaaka diaparo, fanitšhara kgotsa dilwana tsa go apaya. Bangwe ba ne ba thapa ba bangwe—ba thapa banna ba ba tla robang se se lemilweng kgotsa ba ba tla dirang bupi, lookwane lwa motlhware kgotsa beine. Ba bangwe bone e ne e le bagwebi—ba reka dilwana ba bo ba di rekisa. Kgotsa ba bangwe ba ka tswa ba ne ba direla batho ditiro tse di rileng—gongwe ba baakanya marulelo kgotsa ba letsa diletswa dingwe.—Ekesodo 35:35; Duteronome 24:14, 15; 2 Dikgosi 3:15; 22:6; Mathaio 20:1-8; Luke 15:25.
7 A o bona sengwe se se tshwanang le seo mo botshelong jwa gago kgotsa jwa ditsala le masika? Gone ke boammaaruri gore mekgwa ya go bereka gompieno e ka tswa e sa tshwane le ya bogologolo, a mme ga o dumalane gore tsela e Modimo a lebang tshiamiso ka yone mo dikgannyeng tseno e tla tshwana fela le ya mo motlheng oo? Mo melaetseng e Jehofa a neng a e neeletsa baporofeti ba ba 12, o ne a bontsha gore o lebeletse gore batho ba gagwe ba nne le tshiamiso mo dikarolong tseo tsa botshelo. Fa re ntse re sekaseka dikai dingwe tsa seo, akanya kafa o kopiwang ka teng gore o bontshe tshiamiso ya bomodimo.—Pesalema 25:4, 5.
8, 9. (a) Ke ka ntlha yang fa mafoko a a kgalang a a mo go Malaki 3:5 a ne a le masisi thata? (b) Dikwalo di re kgothaletsa go leba go thapiwa le go bereka ka tsela efe e e siameng?
8 Modimo o ne a bolela jaana a dirisa Malaki: “Ke tla lo atamela gore ke lo atlhole, mme ke tla nna mosupi yo o bofefo kgatlhanong le baloi, kgatlhanong le baakafadi, kgatlhanong le ba ba ikanang ka maaka, le kgatlhanong le ba ba dirang ka boferefere ka tuelo ya modiri yo o duelwang, . . . mme ba sa mpoifa.” (Malaki 3:5) Ee, Jehofa o ne a kgala batho ba ba neng ba dira ka go tlhoka tshiamiso fa ba dirisana le bathapiwa ba bone. Se ba neng ba se dira se ne se le masisi go le kana kang? Se re se itseng ke gore o ne a goboka mokgwa wa go sotla bathapiwa le mekgwa e e jaaka bodimona, boaka le go bua maaka. Bakeresete ba a itse gore Modimo o tla atlhola jang ‘bagokafadi, ba ba dirisanang le meya le baaki botlhe.’—Tshenolo 21:8.
9 Se motho a neng a se dira kwa tirong e ne e se kgang fela ya gore o ikutlwa jang ka sone; go ne go ama tshiamiso ya ga Jehofa. O ne a bolela gore ka ntlha ya boferefere jwa batho “ba ba dirang ka boferefere ka tuelo ya modiri yo o duelwang,” o ne a tla ‘ba atamela gore a ba atlhole.’ Gone ke boammaaruri gore Modimo o ne a sa re mothapi o tshwanetse a ineelela go dira sengwe le sengwe fela se se batliwang ke mothapiwa kgotsa babereki. Setshwantsho sa ga Jesu sa batho ba ba neng ba thapiwa gore ba dire mo tshimong ya mofine se bontsha gore maemo a mothapi a ne a mo letla go baya tuelo e bathapiwa ba tla duelwang ka yone le maemo a ba tla dirang mo go one. (Mathaio 20:1-7, 13-15) Se se kgatlhang ke gore, mo setshwantshong sa ga Jesu badiri botlhe ba ne ba duelwa denario, ‘tuelo ya letsatsi,’ e mothapi a neng a e dumalane le bone, ba ka tswa ba dirile letsatsi lotlhe kgotsa nnyaa. Gape re lemoga gore mothapi o ne a sa dirise boferefere gore a nne le poelo e e oketsegileng mme a sa duele bathapiwa sentle.—Jeremia 22:13.
10. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go amega ka tsela e re tshwarang bathapiwa ba rona ka yone?
10 Fa o na le kgwebo e o thapileng batho mo go yone—kgotsa le fa o thapile mongwe go dira tiro nngwe fela—madi a o ba duelang one, dilo tse o batlang ba di dira le tsela e o dirisanang le bone ka yone mo go tsa madi, e tsamaisana jang le se se buiwang mo go Malaki 3:5? Go molemo go akanya ka seno ka gonne kgang ya go se tshware bathapiwa sentle e umakwa le mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Morutwa Jakobe o ne a botsa jaana ka batho ba ba sa diriseng tshiamiso mo dikgannyeng tseno: “A [Jehofa] ga a lo ganetse?” (Jakobe 5:1, 4, 6) Re tla bo re nepile fa re konela ka go re: Ba ba sa direng ka tshiamiso ka “tuelo ya modiri yo o duelwang” ga ba ise ba itse Jehofa sentle, ka gonne ga ba etse tshiamiso ya gagwe.
11, 12. (a) Ke tiro efe ya tshiamololo e go buiwang ka yone mo go Hosea 5:10? (b) O ka dirisa molaomotheo o o mo go Hosea 5:10 mo maemong afe?
11 Jaanong bala gore ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a le kgatlhanong le banna bangwe ba maemo mo metlheng ya ga Hosea: “Dikgosana tsa Juda di ntse fela jaaka ba ba busetsang molelwane kwa morago. Ke tla tshela tšhakgalo ya me mo godimo ga bone fela jaaka metsi.” (Hosea 5:10) Hosea o ne a kgala phoso efe? Molemirui wa kwa Juda o ne a itshedisa ka naga ya gagwe, e melelwane ya yone e neng e tshwailwe ka maje kgotsa dikota. Go ‘busetsa molelwane kwa morago’ e ne e le go fokotsa setsha sa molemi mme ka jalo o fokotsa naga e a itshedisang ka yone, o mo tsietsa. Hosea o ne a tshwantsha dikgosana tsa Juda, bone batho ba ba ka bong ba dirisa tshiamiso, le batho ba ba busetsang matshwao a molelwane kwa morago.—Duteronome 19:14; 27:17; Jobe 24:2; Diane 22:28.
12 Gompieno bangwe ba ba mo kgwebong ya ditsha le matlo ba ka nna ba raelesega go ‘busetsa melelwane kwa morago’ gore ba tsietse bareki. Le fa go ntse jalo, molaomotheo ono o dira le mo bathong ba e leng bagwebi, bathapi, bathapiwa, kgotsa bareki—ope fela yo o tleng a dire ditumalano tsa kgwebo. Jaaka fa o itse, bangwe ba ba dirang dikgwebo ga ba kwale ditumalano, ba akanya gore moragonyana go tla nna motlhofo go dira sengwe sa maemo a a kwa tlase ga se go dumalanweng ka sone kgotsa go fetola se go dumalanweng ka sone. Ba bangwe bone ba dira tumalano e e kwadilweng mme ba tsenya tshedimosetso e e sa utlwaleng sentle gore ba kgone go fetola bokao jwa yone ka tsela e e tla solegelang bone molemo, le fa seno se ka utlwisa yo mongwe botlhoko. A o akanya gore motho yo o dirang jalo tota o itse Modimo wa tshiamiso—le fa e ka tswa e le moreki kgotsa morekisi, mothapi kgotsa mothapiwa? Jehofa o ne a bolela jaana mo Lefokong la gagwe: “O se ka wa busetsa molelwane wa [basimane ba ba se nang borre] kwa morago. . . . Gonne Mogolodi wa bone o nonofile; ene o tla seka kgang ya bone le wena.”—Diane 23:10, 11; Habakuke 2:9.
13. Go ya ka Mika 6:10-12, bangwe ba batho ba Modimo ba bogologolo ba ne ba dira ditiro dife tsa tshiamololo?
13 Mika 6:10-12 e naya lesedi le lengwe gape malebana le tshiamiso: “A mo ntlong ya yo o boikepo go sa ntse go na le matlotlo a boikepo, le selekanyo se se tlhaelang sa ifa se se atlhotsweng? A ke ka nna phepa mo boitsholong ke na le dikale tsa boikepo le kgetsi ya dilekanyabokete tsa leje tsa tsietso? Gonne . . . banni ba gagwe ba buile maaka, mme loleme lwa bone lo a tsietsa mo molomong wa bone.” Gompieno re lekanya dijo ka dilitara, e seng diifa. E bile re lekanya bokete jwa dilo ka dikilogerama e seng ka dilekanyabokete tsa maje. Le fa go ntse jalo, ntlha ya ga Mika e utlwala sentle. Barekisi kgotsa bagwebi ba motlha wa gagwe ba ne ba tsietsa; ba ne ba sa direle batho tshiamiso ka gonne ba ne ba sa dirise dilekanyabokete tse di tshwanetseng. Modimo o ne a bitsa batho ba ba ‘tsietsang ka molomo wa bone’ le mo kgwebong a re ke ‘ba ba boikepo.’—Duteronome 25:13-16; Diane 20:10; Amose 8:5.
14. Tlhagiso ya ga Mika e ka re thusa go tila mofuta ofe wa tshiamololo o o dirwang mo metlheng eno?
14 A mafoko a ga Mika malebana le dilekanyabokete tsa tsietso a ama tsela e o tsamaisang kgwebo ya gago ka yone kgotsa se o se dirang jaaka mothapi? O tshwanetse wa akanyetsa kgang eno ka gonne go na le ditsela tse dintsi tse batho ba tsiediwang ka tsone mo go tsa kgwebo. Ka sekai, boradikonteraka bangwe ba ba sa ikanyegeng ba tsenya semente se sennye go feta se se tlwaelegileng kgotsa se sennye go feta se se kafa molaong fa ba dira konkereite. Kgotsa mo mafelong a modiri a itseng gore a ka se bonwe motlhofo, a ka nna a dirisa dilwana tsa boleng jo bo kwa tlase ga jo bo dueletsweng. Barekisi bangwe ba rekisa dilwana tse di setseng di dirisitswe ba dira gore moreki a tseye gore di sa le disha. Gape o ka tswa o utlwile ka ditsela tse dingwe tsa tsietso tse batho ba tlwaetseng go di dirisa go oketsa dipoelo. A o ne o ka raelesega go di dirisa? Buka nngwe ya bosheng e e buang ka go dira gore batho ba se ka ba tshwenyana le se motho a se dirang mo sephiring e ile ya bolela gore Basupi ba ga Jehofa ba “dumela gore Mmopi wa bone o ba lebile mme bontsi jwa bone ba ka mpa ba swa go na le gore ba utswe.” E ne ya oketsa jaana: “Bathapi ba le bantsi ba batla go ba hira mo dikgwebong tse di dirisang madi a mantsi.” Ka ntlha yang? Ka gonne Bakeresete ba boammaaruri ba itse gore Jehofa ‘o ba kopa gore ba dirise tshiamiso,’ tota le mo dikgannyeng tsa bone tsa kgwebo le tsa madi.—Mika 6:8.
‘DIKGOSANA TSE DI DIRANG GORE GO NNE LE TSHIAMISO’
15, 16. Baeteledipele ba motlha wa ga Mika ba ne ba dirisana le batho jang?
15 Dibuka tse 12 tsa baporofeti di bontsha gore mo metlheng mengwe tshiamiso e ne e seyo gotlhelele. Batho ba ba nang le taolo ba ba neng ba tshwanetse go ka bo ba tlhoma sekao malebana le tshiamiso, ba ne ba sa dire jalo. (Ekesodo 18:21; 23:6-8; Duteronome 1:17; 16:18) Mika o ne a ba rapela jaana: “Tsweetswee, utlwang lona ditlhogo tsa ga Jakobe le lona balaodi ba ntlo ya Iseraele. A ga se tiro ya lona go itse tshiamiso? Lona batlhoi ba se se molemo le barati ba bosula, ba ba rutlang letlalo mo bathong le nama ya bone mo marapong a bone.”—Mika 3:1-3; Isaia 1:17.
16 Mafoko ao a tshwanetse a bo a ile a tshosa batho ba ba tlwaetseng botshelo jwa kwa magaeng. Modisa o ne a tle a beole nku e a neng a e tlhokomela e bile a e sireletsa. (Genesise 38:12, 13; 1 Samuele 25:4) Mme “balaodi ba ntlo ya Iseraele,” ba ba neng ba tshwanetse go ka bo ba “itse tshiamiso,” ba ne ba sotla batho ba mafulo a Modimo, jaaka e kete ba rutla letlalo le nama mo dinkung e bile ba di roba marapo. (Pesalema 95:7) Mika o ne a dirisa setshwantsho se sengwe gape sa botshelo jwa kwa magaeng, a bolela gore dikgosana ‘tse di neng di atlhola gore di bone maduo’ di ne di tshwana le mongana kgotsa legora la mitlwa. (Mika 7:3, 4) Akanya fela o feta o raletse lefelo le le tletseng mengana le magora a mitlwa. O ne o ka tswa foo o ngapegile, le diaparo tsa gago di gagogile. Seo se tshwantshetsa tsela e baeteledipele ba neng ba tshwara batho ba Modimo ka yone. Mo boemong jwa go dirisana le bakaulengwe ba bone ka tshiamiso, ba ne ba le boferefere e bile ba le bosula.—Mika 3:9, 11.
17. Go ya ka Sefania 3:3, baeteledipele ba ne ba ntse jang?
17 Sefania o ne a bua sengwe se se tsamaisanang le seo a re: “Dikgosana tsa gagwe e ne e le ditau tse di kurutlang mo gare ga gagwe. Baatlhodi ba gagwe e ne e le diphiri tsa maitseboa tse di neng di sa phure marapo go fitlha mo mosong.” (Sefania 3:3) A o kgona go bona ka leitlho la mogopolo baeteledipele bano ba batho ba Modimo ba sa dire dilo ka tshiamo, ba tshwana le ditau tse di garolakang? Kgotsa baatlhodi ba ba neng ba ntse jaaka diphiri tse di sa kgotsofaleng, tse di neng di gagolaka sengwe le sengwe, mo go neng go sala marapo fela mo mosong? Tshiamiso e ne e ka tswelela jang e le teng mo maemong a a ntseng jalo? Tshiamiso e ne e feditswe gotlhelele ke baeteledipele ba ba neng ba ntse jaaka mitlwa e e gagolakang e bile ba tsoma batho jaaka diphiri mo boemong jwa go ba tlhokomela.
18. Baatlhodi ba kwa Iseraele ba tshwanetse go ka bo ba ile ba tshwara batho ba Modimo jang?
18 Go bonala sentle gore baeteledipele bao ba setšhaba se se ineetseng mo Modimong ba ne ba sa mo itse. Fa ba ka bo ba ne ba mo itse, ba ka bo ba ile ba ikobela Sekarea 8:16: “Tseno ke dilo tse lo tshwanetseng go di dira: A mongwe le mongwe a bue boammaaruri le yo mongwe. Atlholang ka boammaaruri le ka katlholo ya kagiso mo dikgorong tsa lona.” Banna ba bagolwane kwa Iseraele ba ne ba kopana fa kgorong ya motse mme ba ne ba tshwanetse go reetsa ditsheko go ya ka mogopolo wa Modimo e seng go di tlhodumela fela ka bokhutshwane kgotsa go di atlhola go ya kafa bone ba ikutlwang ka teng. (Duteronome 22:15) Mme Jehofa o ne a tlhagisitse gore ba se ka ba tlhaola batho, gongwe ba tsaya bahumi kgotsa batho ba maemo ba le botoka go feta ba bangwe. (Lefitiko 19:15; Duteronome 1:16, 17) Baatlhodi ba ne ba tshwanetse ba leka go agisanya batho ba ba sekisanang, ba ntsha “katlholo ya kagiso.”
19, 20. (a) Ke ka ntlha yang fa bagolwane ba Bakeresete ba ka ithuta go le gontsi mo baporofeting ba ba 12? (b) Bagolwane ba ka bontsha jang gore ba itse Jehofa le tshiamiso ya gagwe?
19 Moaposetoloi Paulo o ne a nopola bontlhanngwe jwa Sekarea 8:16 fa a ne a kwalela Bakeresete. (Baefeso 4:15, 25) Ka jalo re ka tlhomamisega gore ditlhagiso le dikgakololo tsa baporofeti ba ba 12 kaga tshiamiso di a tshwanela le mo phuthegong gompieno. Banna ba bagolwane, kgotsa balebedi, ba tshwanetse go tlhoma sekao ka go itse Jehofa le go bontsha tshiamiso ya gagwe. Isaia 32:1 e ba tlhalosa bontle e re ke “dikgosana [tse di dirang] gore go nne le tshiamiso.” Ditlhagiso le dikgakololo tse di mo dibukeng tsa baporofeti ba ba 12 di ka re naya dintlha dife tse di mosola kaga bagolwane ba ba ntseng jalo?
20 Bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go gopola boammaaruri jwa Dikwalo le dilo tse di supang tsela e Jehofa a akanyang ka yone. Ba tshwanetse go dirisa tsone go dira ditshwetso mo boemong jwa go dirisa se bone ba se akanyang kgotsa go laolwa fela ke maikutlo. Baebele e bontsha gore go ka nna le melato e e masisi e e tshwanetseng go tseelwa kgato ya boatlhodi. Melato eno e tlhoka nako go e baakanyetsa, e bile e tlhoka gore motho a itirele dipatlisiso mo Baebeleng le mo dikgatisong tse di nang le kgakololo e e molemo ya motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale. (Ekesodo 18:26; Mathaio 24:45) Fa bagolwane ba dira maiteko a a ntseng jalo, go motlhofo gore ba tlhoe se se bosula mme ba rate se se molemo kafa ponong ya Modimo. Seno se tla ba thusa go ‘tlogelela tshiamiso sebaka fa kgorong’ gore ba kgone go ‘dira katlholo ya bone ka tshiamiso ya boammaaruri.’—Amose 5:15; Sekarea 7:9.
21. Ke ka ntlha yang fa bagolwane ba tshwanetse ba tila go tlhaola batho, mme ke eng se se ka ba raelang go go dira?
21 Tota le fa motho yo o nang le boikarabelo jwa go atlhola a itse Baebele, a ka nna a gobelela ka tsela nngwe. Malaki o ne a utlwisiwa botlhoko ke gore baperesiti, ba ba neng ba tshwanetse go ka bo ba naya kitso, ba ne ba “bontsha tlhaolele mo molaong.” (Malaki 2:7-9) Ka tsela efe? Mika o ne a bolela gore baeteledipele bangwe ba ne ba ‘atlhola fela ba gabile pipamolomo, le baperesiti ba ruta fela ba gabile tlhwatlhwa.’ (Mika 3:11) Tsela e mogolwane a akanyang ka yone e ka amega jang ka tsela e e tshwanang le eo? Go tweng fa motho yo go sekwang kgang ya gagwe a kile a mo direla molemo mongwe mo nakong e e fetileng, kgotsa fa e le gore mogolwane o lebeletse gore motho yono a mo direle molemo mongwe mo isagweng? Kgotsa a re re kgetsi e mogolwane a e sekasekang e ama mongwe yo o amanang le ene ka losika kgotsa ka lenyalo. A katlholo ya gagwe e tla laolwa ke kamano ya bone ya losika kgotsa ke melaometheo ya semoya? Mogolwane a ka simolola go gobelela fa a tshwere kgetsi ya mongwe yo o dirileng phoso kgotsa fa a sekaseka gore a mongwe o tshwanelegela tirelo nngwe mo phuthegong go ya ka Dikwalo.—1 Samuele 2:22-25, 33; Ditiro 8:18-20; 1 Petere 5:2.
22. (a) Bagolwane ba na le boikarabelo bofe malebana le tshiamiso? (b) Bagolwane ba tshwanetse ba bontsha dinonofo dife tse dingwe tse di siameng fa ba dirisana le batho ba ba dirileng phoso?
22 Fa mongwe a dira boleo jo bo masisi, badisa ba semoya mo phuthegong ba tsaya kgato go e sireletsa mo tlhotlheletsong epe e e kotsi, e e bosula. (Ditiro 20:28-30; Tito 3:10, 11) Mme le fa go ntse jalo, fa motho yo o dirileng phoso a ikwatlhaya tota, bagolwane ba tshwanetse ba “lolamisa motho yo o ntseng jalo ka moya o o bonolo.” (Bagalatia 6:1) Mo boemong jwa go nna setlhogo, ba dirisa kaelo eno: “Dirang katlholo ya lona ka tshiamiso ya boammaaruri; mme lo direlane bopelonomi jwa lorato le mautlwelobotlhoko.” (Sekarea 7:9) Melao ya ga Jehofa ka ga go tshwara ditsheko kwa Iseraele wa bogologolo e bontsha tshiamiso ya gagwe le kutlwelobotlhoko ya gagwe. Baatlhodi ba ba tlhomilweng ba ne ba na le kgololesego e e rileng mo ditshwetsong tse dintsi tse ba neng ba di dira; ba ne ba ka bontsha kutlwelobotlhoko, go ikaegile ka seemo le boitshwaro jwa modiraphoso. Ka tsela e e tshwanang, balebedi ba Bakeresete ba tshwanetse ba leka go atlhola “ka tshiamiso ya boammaaruri” le go bontsha “bopelonomi jwa lorato le mautlwelobotlhoko,” ka go rialo ba bontsha gore ba setse ba itse Jehofa.
23, 24. (a) Bagolwane ba ka dira jang gore go nne le “katlholo ya kagiso”? (b) Baporofeti ba ba 12 ba go thusitse go tlhaloganya eng malebana le tshiamiso?
23 Gakologelwa Sekarea 8:16: “Atlholang ka boammaaruri le ka katlholo ya kagiso mo dikgorong tsa lona.” Ka boikaelelo bofe? Gore go nne le “katlholo ya kagiso.” Tota le ka nako ya fa baaposetoloi ba ne ba sa ntse ba le teng, Bakeresete ba ne ba tle ba nne le dikgotlhang. Fela jaaka Paulo a ile a dira ka Yudia le Sentike, gompieno bagolwane ba ka nna ba tshwanelwa ke go thusa. (Bafilipi 4:2, 3) Ruri bagolwane ba tshwanetse ba leka thata go naya “katlholo ya kagiso,” ba leka go agisanya batho ba ba sekisanang. Kgakololo ya Dikwalo e ba e nayang le tsela e ba e nayang ka yone e tshwanetse ya dira gore go nne le kagiso mo phuthegong le gore batho ba nne le kagiso le Modimo. Ka jalo go tla bonala gore ruri ba itse Jehofa le tshiamiso ya gagwe.
24 Dintlha tse pedi tse di umakilweng fa godimo di bontsha gore go botlhokwa go dirisa kgakololo e e kaga tshiamiso mo matshelong a rona e e kwadilweng ke baporofeti ba ba 12. A bo go le molemo jang fa rona le ba re tshelang le bone re dira gore “tshiamiso e phothosele”!
O ITHUTILE ENG?
• O ka latela sekao sa ga mang malebana le tshiamiso?—Pesalema 37:28; Hosea 2:19, 20.
• Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse wa leka go nna le tshiamiso le go e latelela?—Amose 5:6, 7; Sefania 2:3.
• O ka dirisa tshiamiso jang fa o dirisana le batho ka tsa kgwebo kgotsa tsa madi?—Hosea 5:10; 12:6, 7; Amose 8:5; Mika 2:1, 2; Malaki 3:5.
THUTO ENO E KA DIRISIWA JANG GOMPIENO?
• Ke ka ntlha yang fa bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go leka ka natla go dirisa tshiamiso?—Mika 3:9.
• Sekarea 8:16 e naya bagolwane le batho ba bangwe kaelo efe?
• Ke dilo dife tse re tshwanetseng go di tila tse di bontshang go tlhaola batho, mme ka ntlha yang?—Malaki 2:7-9; 1 Timotheo 5:21, 22.
[Setshwantsho mo go tsebe 71]
Habakuke
[Setshwantsho mo go tsebe 76]
A o kaelwa ke tshiamiso fa o dirisana le batho kwa tirong le mo kgwebong?
[Setshwantsho mo go tsebe 79]
Dikgosana tsa metlha ya ga Mika le Sefania di ne di sa itse Jehofa
[Setshwantsho mo go tsebe 81]
A bagolwane ba “tlogelele tshiamiso sebaka fa kgorong” mo ditirisanong tsotlhe tsa bone