Kgaolo ya Borobongwe
Go Dirisana le ba Bangwe Kafa Modimo a Batlang ka Teng
1-3. (a) Bakeresete ba le bantsi ba ka akanya eng malebana le Ture wa bogologolo? (b) Tlhalosa dingwe tsa ditirisano tsa ga Kgosi Hirame le Iseraele. (c) Ke eng se re ka ratang go se sekaseka malebana le Ture?
O AKANYA eng fa go umakwa Ture wa bogologolo? Bakeresete ba le bantsi ba ka akanya kafa boporofeti bo neng jwa diragadiwa ka teng fa Alexander yo Mogolo a ne a gogola matlhekge a matlotla a naga ya Ture a bo a a dirisa go aga letsibogo le le yang kwa motseng o o neng o sa tswa go agiwa wa setlhaketlhake sa Ture a bo a senya motse oo. (Esekiele 26:4, 12; Sekarea 9:3, 4) A mme go umakwa ga Ture go ne go ka dira gore o akanye kafa o tshwanetseng go tshwara bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba ba mo phuthegong ka teng, le kafa o sa tshwanelang go ba tshwara ka teng?
2 Ke ka ntlha yang fa Ture e ile ya senngwa? “Ka ntlha ya go tlhanoga gararo ga Ture, . . . ka ntlha ya go neela ga bone Edoma setlhopha se se feletseng sa batshwarwa, le ka ntlha ya go bo ba se kile ba gakologelwa kgolagano ya barwa ba motho. Mme ke tla romela molelo mo loboteng lwa Ture.” (Amose 1:9, 10) Mo metlheng ya pele ga foo, Kgosi Hirame wa Ture o ne a bontsha Dafide bopelonomi ka go mo naya dilwana tse di neng di tla dirisiwa go aga tempele ya ga Solomone. Solomone o ne a dira kgolagano le Hirame mme a mo naya metse kwa Galalea. Hirame o ne a bitsa Solomone a re “morwarre.” (1 Dikgosi 5:1-18; 9:10-13, 26-28; 2 Samuele 5:11) Fa Ture e ne e ‘sa gakologelwe kgolagano ya barwa ba motho’ e bo e rekisa bangwe ba batho ba Modimo mo bokgobeng, Jehofa o ne a ela tlhoko ditiro tsa yone.
3 Re ka ithuta eng mo ntlheng ya gore Modimo o ne a atlhola Bakanana ba Ture ka ntlha ya go tshwara batho ba gagwe setlhogo? Ntlha ya botlhokwa e re ithutang yone e amana le kafa re dirisanang ka teng le bakaulengwe ba rona mo phuthegong. Mo dikgaolong tse di fetileng tsa buka eno, re ne ra utlwa kgakololo mo baporofeting ba ba 12 ya kafa re ka dirisanang le ba bangwe ka teng, jaaka ya go nna tshiamiso fa re dirisana le bone mo kgwebong le go nna le boitsholo jo bo phepa. Le fa go ntse jalo, dibuka tseno tse 12, di re naya tshedimosetso e e oketsegileng ya kafa Modimo a batlang re dirisana le ba bangwe ka teng.
O SE KA WA TSHEGA YO MONGWE FA A LE MO MATHATENG
4. Baedoma e ne e le ‘bomorwarraabo’ Baiseraele ka tsela efe, mme ba ne ba ba tshwara jang?
4 O ka ithuta sengwe mo mafokong a Modimo a go kgala Edoma, naga e e gaufi le Iseraele: “Ga o a tshwanela go leba mo motlheng wa ga morwarrago, mo motlheng wa go tlhoka lesego ga gagwe; e bile ga o a tshwanela go ipela mo motlheng o bomorwa Juda ba nyelelang ka one.” (Obadia 12) Batho ba Ture e ka tswa e ne e le “bomorwarraabone” Baiseraele mo go tsa kgwebo, mme Baedoma e ne e le “bomorwarraabone” ka tsela ya mmatota ka gonne e ne e le ditlogolwana tsa ga Esau, lewelana la ga Jakobe. Tota le Jehofa o ne a bitsa Baedoma a re ke ‘bomorwarraabo’ Baiseraele. (Duteronome 2:1-4) Ka jalo go ne go bontsha letlhoo tota gore Baedoma ba ipele fa Bajuda ba ne ba tlisediwa masetlapelo ke Bababelona.—Esekiele 25:12-14.
5. Re ka bontsha moya o o tshwanang le wa Baedoma mo maemong afe?
5 Go bonala sentle gore Modimo o ne a sa amogele tsela e Baedoma ba neng ba dirisana ka yone le Bajuda ba e neng e le bomorwarraabo. Le fa go ntse jalo, re ka nna ra botsa jaana, ‘Modimo o ne a ka leba jang tsela e ke dirisanang le bakaulengwe ba me ka yone?’ Sengwe se re ka tshwenyegang ka sone ke kafa re lebang mokaulengwe wa rona ka teng le kafa re mo tshwarang ka teng fa dilo di sa tsamaye sentle. Ka sekai, a re re Mokeresete mongwe o ne a go kgopisa kgotsa o ne a nna le bothata le mongwe wa losika lwa gago. Fa o na le “lebaka la go ngongorega,” a o tla nna o tshwere sekgopi, o sa lebale ka kgang ya teng, kgotsa o sa leke go e rarabolola? (Bakolosa 3:13; Joshua 22:9-30; Mathaio 5:23, 24) Go dira jalo go ka ama tsela e o tshwarang mokaulengwe wa gago ka yone; o ka nna wa nna tsididi fela mo go ene, o leka gore o se ka wa kopana le ene kgotsa o sa mmue sentle mo go ba bangwe. Fa re atolosa sekai seno, a re re moragonyana mokaulengwe yoo o dira phoso, gongwe a bo a tlhoka go gakololwa kgotsa go kgalemelwa ke bagolwane ba phuthego. (Bagalatia 6:1) A o ka bontsha moya o o tshwanang le wa Baedoma mme wa ipela fa mokaulengwe yono a le mo bothateng? Modimo o ne a ka batla gore o itshware jang?
6. Mika 7:18 e re kgothaletsa go dira eng se se farologaneng le se se umakiwang mo go Sekarea 7:10?
6 Jehofa o ne a dira gore Sekarea a umake keletso ya Modimo ya gore ‘re se ka ra logelana maano a a bosula mo dipelong tsa rona.’ (Sekarea 7:9, 10; 8:17) Kgakololo eno e a tshwanela fa re akanya gore mokaulengwe mongwe o re utlwisitse botlhoko kgotsa ga a direla mongwe wa losika lwa rona sentle. Mo maemong a a ntseng jalo, go motlhofo gore re ‘logelane maano a a bosula mo dipelong tsa rona,’ mme seo se bo se bonala mo ditirong tsa rona. Kafa letlhakoreng le lengwe, Modimo o batla re etsa sekao sa gagwe se se molemo. Gopola gore Mika o ne a kwala gore Jehofa o ‘itshwarela phoso e bile o tlhokomologa tlolo.’a (Mika 7:18) Re ka dirisa mafoko ao jang mo matshelong a rona?
7. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhopha go lebala phoso e re e diretsweng?
7 Re ka tswa re utlwisitswe botlhoko ke se re se dirilweng kgotsa ke se se dirilweng mongwe wa losika. Mme tota, selo seo se masisi go le kana kang? Baebele e bontsha dikgato tse di ka tsewang go rarabolola dikgotlhang, le e leng go baakanya maleo a a diretsweng mokaulengwe. Le mo maemong ao, gantsi go botoka go tlhokomologa phoso e re e diretsweng, ke gore ‘re tlhokomologe tlolo.’ Ipotse jaana: ‘A leno e ka tswa e le lengwe la makgetlho a a 77 a ke tshwanetseng go mo itshwarela ka one? Ke eng fa ke sa e lebale fela?’ (Mathaio 18:15-17, 21, 22) Tota le fa phoso eno e ka lebega e le kgolo gone jaanong, a e tla bo e le kgolo jalo dingwaga tse di sekete tse di tlang? Ithute sengwe sa botlhokwa mo mafokong a Moreri 5:20 kaga modiri yo o itumelelang dijo le dino: “Ga a kitla a gakologelwa malatsi a botshelo jwa gagwe gantsi, ka gonne Modimo wa boammaaruri o dira gore a tshwarege ka go ipela ga pelo ya gagwe.” Fa monna yono a ntse a tlhomile mogopolo mo go se a se ipelelang gone jaanong, o lebala mathata a botshelo jwa gagwe jwa letsatsi le letsatsi. A re ka etsa boikutlo joo? Fa re tlhoma mogopolo mo dilong tse di itumedisang tsa Bakeresete ka rona, re ka nna ra kgona go lebala dikgang tse mo isagweng di tla bong di sa tlhole di le botlhokwa, tse re se kitlang re di gopola mo lefatsheng le lesha. Ruri re ka se ka ra tshega mathata a yo mongwe, kgotsa ra gopola dikgotlhang.
BUA BOAMMAARURI
8. Ke eng se se ka nnang thata malebana le go bua boammaaruri?
8 Dibuka tse 12 tsa boporofeti gape di gatelela kafa Modimo a batlang ka teng gore re bue boammaaruri fa re dirisana le ba bangwe. Gone ke boammaaruri gore re tsaya matsapa a gore re bolelele ba bangwe “boammaaruri jwa dikgang tse di molemo.” (Bakolosa 1:5; 2 Bakorintha 4:2; 1 Timotheo 2:4, 7) Le fa go ntse jalo, go ka nna ga nna thata go bua boammaaruri ka metlha mo metlotlong ya letsatsi le letsatsi le ba lelapa le bakaulengwe ba rona mo phuthegong, metlotlo e e akaretsang dikgang tse di farologaneng le maemo a a farologaneng. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo?
9. Ke leng mo re ka raelesegang go se bue boammaaruri jotlhe, mme gone re tshwanetse ra ipotsa eng?
9 Ke mang yo o iseng a ko a bue kgotsa a dire sengwe se se utlwisitseng yo mongwe botlhoko, mme moragonyana a bo a bontshiwa phoso eo? Re tshwanetse ra bo re ile ra tlhabiwa ke ditlhong kgotsa gongwe ra ikutlwa re le molato. Maikutlo a a ntseng jalo a ka dira gore motho a ganele phoso e a e dirileng kgotsa a leke go ipuelela ka go sokamisa boammaaruri kgotsa a dire gore go lebege se a se dirileng se siame. Kgotsa ka ntlha ya go tlhabiwa ke ditlhong, re ka nna ra raelesega go umaka dintlha di se kae fela, re sa bue sengwe le sengwe, gore seemo se lebege se se maswe go le kalo. Ka gone, se re se buang se ka tswa gone se le boammaaruri, mme se sa bontshe se tota se diragetseng. Le fa seno e ka tswa e se go bua maaka ka tlhamalalo, e leng se se tlwaelegileng mo lefatsheng gompieno, a tota ke ‘go bua boammaaruri mongwe le mongwe le moagelani wa gagwe,’ kgotsa le mokaulengwe wa gagwe? (Baefeso 4:15, 25; 1 Timotheo 4:1, 2) O akanya gore Modimo o ikutlwa jang fa Mokeresete a baya mafoko ka tsela e a itseng sentle gore e tla latlha bakaulengwe, e dira gore ba dumele sengwe se se seng boammaaruri?
10. Baporofeti ba tlhalosa jang mokgwa o o neng o atile kwa ditšhabeng tsa bogologolo tsa Iseraele le Juda?
10 Baporofeti ba ne ba lemoga gore tota le banna le basadi ba ba ineetseng mo go Jehofa ba a tle ba tlhokomologe se a batlang ba se dira. Hosea o ne a tlhalosa jaana tsela e Modimo a neng a ikutlwa ka yone ka bangwe ba bone mo motlheng wa gagwe: “Ba thopilwe, ka gonne ba ntiretse tlolo! Mme ke ne ka ba golola, mme bone ba buile maaka kaga me.” Kwantle ga go bua maaka a go bonalang sentle gore ke maaka ka Jehofa, bangwe ba ile ba ineelela ‘go hutsa le go tsietsa,’ gongwe ba sokamisa dilo gore ba tsietse ba bangwe. (Hosea 4:1, 2; 7:1-3, 13; 10:4; 12:1) Hosea o ne a kwala mafoko ao a le kwa Samarea, bogosi jo bo kwa bokone. A seemo se ne se le botoka kwa Juda? Mika o re bolelela jaana: “Banna ba gagwe ba ba humileng ba tletse tshiamololo, le banni ba gagwe ba buile maaka, mme loleme lwa bone lo a tsietsa mo molomong wa bone.” (Mika 6:12) Re tshwanetse go lemoga kafa baporofeti bao ba neng ba kgala ka teng batho ba ba ‘tsietsang’ le ba ‘loleme lwa bone lo tsietsang mo molomong wa bone.’ Ka jalo, tota le Bakeresete, ba ba ka se kang ba bua maaka ka boomo, ba ka ipotsa jaana: ‘A ka dinako dingwe nka tswa ke tsietsa kgotsa ke na le loleme lo lo tsietsang mo molomong wa me? Modimo o batla ke dira eng mo ntlheng eno?’
11. Baporofeti ba senola gore Modimo o batla re dirisa puo ya rona jang?
11 Kafa letlhakoreng le lengwe, Modimo gape o ne a dirisa baporofeti go tlhalosa sentle gore o eletsa re dira eng se se molemo. Sekarea 8:16 ya re: “Tseno ke dilo tse lo tshwanetseng go di dira: A mongwe le mongwe a bue boammaaruri le yo mongwe. Atlholang ka boammaaruri le ka katlholo ya kagiso mo dikgorong tsa lona.” Mo motlheng wa ga Sekarea, dikgoro e ne e le mafelo a phatlalatsa a banna ba bagolwane ba neng ba reetsa ditsheko kwa go one. (Ruthe 4:1; Nehemia 8:1) Le fa go ntse jalo, Sekarea o ne a sa re seno ke sone fela seemo se batho ba tshwanetseng go bua boammaaruri mo go sone. Re tshwanetse go bua boammaaruri fa re le mo tshekong, mme gape re kgothadiwa jaana: “A mongwe le mongwe a bue boammaaruri le yo mongwe.” Seo se akaretsa fa re le kwa gae re bua le molekane wa lenyalo kgotsa le ba losika ba ba gaufi. Gape se akaretsa le fa re tlotla fela le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mo phuthegong, e ka ne re bua le bone re lebane difatlhego, re bua ka founo, kgotsa ka tsela epe fela e sele. Ba na le lebaka le le utlwalang la go lebelela gore se re se buang se boammaaruri. Batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse ba gatelela mo baneng ba bone kafa go leng botlhokwa ka teng go se bue maaka. Ka jalo bana ba ka gola ba itse gore Modimo o batla gore ba se ka ba nna le loleme lwa tsietso mme ba nne boammaaruri mo go sengwe le sengwe se ba se buang.—Sefania 3:13.
12. Ke dilo dife tse di molemo tse re ka di ithutang mo dibukeng tsa baporofeti?
12 Mosha kgotsa mogolo yo o tshwarelelang mo tseleng ya boammaaruri o dumalana le kgakololo eno ya ga Sekarea: “Ratang boammaaruri le kagiso.” (Sekarea 8:19) Mme ela tlhoko tlhaloso ya ga Malaki ya se Jehofa a neng a bona Morwawe a tlhoma sekao mo go sone: “Molao wa boammaaruri ka boone o ne o le mo molomong wa gagwe, e bile go ne go sa fitlhelwa tshiamololo epe mo dipounameng tsa gagwe. O ne a tsamaya le nna ka kagiso le ka thokgamo.” (Malaki 2:6) Jehofa o batla gore le rona re dire fela jalo. Gopola, re na le Lefoko la gagwe le feletse, go akaretsa dibuka tsa baporofeti ba ba 12 le sotlhe se re ka se ithutang mo go tsone.
SE DIRISANE LE BA BANGWE KA DIKGOKA
13. Mika 6:12 e senola bothata bofe jo bongwe jo bo neng bo le teng?
13 Mika 6:12 (Baebele e e Boitshepo) e re bolelela gore tsela nngwe e batho ba Modimo ba bogologolo ba neng ba tsietsa ba bangwe ka yone ke gore ba ne ba ‘bua maaka, loleme lwa bone lo tsietsa mo molomong wa bone.’ Le fa go ntse jalo, temana eo e bontsha phoso e nngwe e e masisi. E umaka gore ‘bahumi ba teng ba ne ba tletse thubakanyo.’ Seo se tlile jang, mme re ka ithuta eng mo go sone?
14, 15. Ditšhaba tse di neng di nna gaufi le batho ba Modimo di ne di itsege ka ditiro dife tsa thubakanyo?
14 Akanya ka tsela e ditšhaba dingwe di neng di itsege ka yone tse di neng di nna gaufi le batho ba Modimo. Kwa bokonebotlhaba go ne go na le Asiria, motsemogolo wa yone e le Ninife, o Nahume a neng a kwala jaana ka one: “A bo go latlhega motse wa tshololo ya madi. O tletse tsietso le bonokwane gotlhe fela. Dilo tse di tsomilweng ga di tloge!” (Nahume 3:1) Baasiria ba ne ba itsege ka go lwa mo go setlhogo le go sotla batshwarwa ba kwa ntweng—batshwarwa bangwe ba ne ba fisiwa kgotsa ba obolwa letlalo ba ntse ba tshela, mme ba bangwe ba ne ba foufadiwa kgotsa ba kgaolwa dinko, ditsebe kgotsa menwana. Buka ya Gods, Graves, and Scholars ya re: “Ninife e ne e itsege thata ka dipolao, thopo, kgatelelo le go sotla batho ba ba bokoa; ba dirisa dintwa le mefuta yotlhe ya thubakanyo.” Go na le mongwe yo o iponetseng thubakanyo eo ka matlho (yo gongwe a neng a na le seabe mo go yone). Fa kgosi ya Ninife e sena go utlwa molaetsa wa ga Jona e ne ya bolela jaana ka batho ba yone: “A ba ipipe ka letsela la kgetsi, motho le seruiwa; mme a ba tlhaeletse kwa Modimong ka nonofo mme ba boe, mongwe le mongwe mo tseleng ya gagwe e e bosula le mo tshiamololong e e neng e le mo diatleng tsa bone.”—Jona 3:6-8.b
15 Asiria ga se yone fela e neng e na le thubakanyo e e maswe. Edoma, kwa borwabotlhaba jwa Juda, le yone e ne e lebanwe ke kotlhao. Ka ntlha yang? “Fa e le Edoma, o tla nna naga e e kgakgabetseng, ka ntlha ya go siamololela bomorwa Juda, ka go tshololela madi a a se nang molato mo lefatsheng la bone.” (Joele 3:19) A Baedoma ba ile ba tsaya tlhagiso eo tsia mme ba tlogela mekgwa ya bone ya thubakanyo? Makgolo a ka nna mabedi a dingwaga moragonyana, Obadia o ne a kwala jaana: “Banna ba gago ba ba thata ba tla tshoga, wena Temane [motse wa kwa Edoma], . . . Ka ntlha ya [“thubako e e diretsweng,” Baebele e e Boitshepo] morwarrago Jakobe, . . . o tla tshwanelwa ke go kgaolwa ka bosakhutleng.” (Obadia 9, 10) Mme go tweng ka batho ba Modimo?
16. Amose le Habakuke ba re naya lesedi malebana le bothata bofe jo bo neng bo le teng mo motlheng wa bone?
16 Amose o ne a senola seemo sa kwa Samarea, motsemogolo wa bogosi jwa bokone jaana: “‘[Bonang] dikhuduego di le dintsi mo gare ga gagwe le go tsietsa mo go mo teng ga gagwe. Mme ga baa itse go dira se se siameng,’ go bua Jehofa, ‘bone ba ba bolokang thubakanyo le thopo mo ditoreng tsa bone tsa bonno.’” (Amose 3:9, 10) O ka nna wa akanya gore go ne go le botoka kwa Juda, kwa tempele ya ga Jehofa e neng e le teng. Mme Habakuke, yo o neng a nna kwa Juda, o ne a botsa Modimo a re: “Ke tla ikuela kwa go wena ka lobaka lo lo kae gore o thuse mo thubakanyong, mme o sa boloke? Ke ka ntlha yang fa o dira gore ke bone se se utlwisang botlhoko, mme o nnela go leba a e leng matshwenyego fela? Le gone ke ka ntlha yang fa thopo le thubakanyo di le fa pele ga me?”—Habakuke 1:2, 3; 2:12.
17. Go ka tswa go tlile jang gore batho ba Modimo ba sekamele mo thubakanyong?
17 A go ka tswa e le gore thubakanyo e ne ya anama mo bathong ba Modimo ka gonne ba ne ba itetla go tlhotlhelediwa ke boikutlo jo Asiria, Edoma kgotsa ditšhaba tse dingwe di neng di na le jone ka thubakanyo? Solomone o ne a ile a tlhagisa gore sengwe se se ntseng jalo se ka direga: “O se ka wa tswela pelo motho wa thubakanyo, le fa e le go tlhopha ditsela dipe tsa gagwe.” (Diane 3:31; 24:1) Moragonyana, Jeremia o ne a tlhamalala fela a re: “Jehofa o buile jaana: ‘Lo se ka lwa ithuta tsela ya ditšhaba gotlhelele.’”—Jeremia 10:2; Duteronome 18:9.
18, 19. (a) Fa Habakuke a ka bo a le teng gompieno, o ne a ka ikutlwa jang ka thubakanyo ya gompieno? (b) Wena o ikutlwa jang ka thubakanyo ya gompieno?
18 Fa Habakuke a ka bo a le teng gompieno, a o ne a ka se ferosiwe sebete ke thubakanyo ya motlha wa rona? Batho ba le bantsi ba nwelelela mo thubakanyong go tloga ba sa le bana. Ditshwantsho tsa metlae tse di kgatlhang basimane le basetsana di bontsha thubakanyo—popae e nngwe e leka go itaya, go phamphamolola kgotsa go nyeletsa e nngwe ka tsela nngwe. Go ise go ye kae, basha ba le bantsi ba fetela mo metshamekong ya bidio e mo go yone ba fenyang ka go hula, go thuntsha kgotsa go nyeletsa ditshwantsho tse ba tshamekang le tsone. Bangwe ba buelela mokgwa ono ba re, “Ba a bo ba tshameka fela.” Le fa go ntse jalo, metshameko e e nang le thubakanyo e e tshamekiwang mo khomputareng kwa gae kgotsa mo lefelong la metshameko ya bidio, e dira gore batshameki ba nwelelele mo thubakanyong, e bopa tsela e ba ikutlwang ka yone le tsela e ba itshwarang ka yone mo maemong a a rileng. A bo kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng e le boammaaruri jang ne: “Motho wa thubakanyo o tla faposa mongwe ka ene, mme ruri o mo tsamaisa mo tseleng e e sa siamang”!—Diane 16:29.
19 Le fa Habakuke a ile a patelesega go nnela go leba a e leng matshwenyego fela e bile ‘thubakanyo e le fa pele ga gagwe,’ seo se ne se mo hutsafatsa. Jaanong o ka nna wa ipotsa jaana, ‘A o ne a ka nna ka tshosologo fela le nna a lebelela dithulaganyo tse ke tlholang ke di lebelela mo thelebisheneng?’ Gape ipotse jaana, ‘A o ne a ka beela nako kwa thoko gore a ye go bogela se go tweng ke metshameko mme e na le thubakanyo, batshameki ba teng e bile ba apere diaparo tsa go itshireletsa tse di tshwanang le tsa batlhabani ba bogologolo?’ Mo metshamekong mengwe, se se kgatlhang batho ke go bona batshameki ba lwa mo lesakeng la motshameko kgotsa go bona babogedi ba ba sa laolegeng ba lwa ka bobone. Mo ditsong dingwe, ba le bantsi ba lebelela difilimi le dibidio tsa thubakanyo tse di theilweng thata mo ntweng le mo mathaithaing a go lwa o sa dirise dibetsa. Go ka nna ga ntshiwa seipato sa gore ke tsela e setšhaba seno se neng se dira dilo ka yone bogologolo, a mme seo se dira gore jaanong mofuta oo wa thubakanyo o amogelege?—Diane 4:17.
20. Malaki o ne a bontsha maikutlo a ga Jehofa malebana le thubakanyo ya mofuta ofe?
20 Malaki o umaka kgang e e amanang le eo fa a bontsha kafa Jehofa a lebang ka teng tsela e Bajuda bangwe ba tsietsang basadi ba bone ka yone. “‘O tlhoile tlhalo,’ go buile Jehofa Modimo wa Iseraele; ‘le yo o bipileng seaparo sa gagwe ka tshiamololo.’” (Malaki 2:16) Polelwana ya Sehebera e e ranotsweng go twe “yo o bipileng seaparo sa gagwe ka tshiamololo” e ile ya tlhaloganngwa ka ditsela tse di farologaneng. Bakanoki bangwe ba tsaya gore e kaya fa motho a tshelegelwa ke madi fa a tlhasela yo mongwe. Le fa polelwana eno e ka tswa e bolela eng, go bonala sentle gore Malaki o ne a kgala mokgwa wa go sotla balekane ba lenyalo. Ee, Malaki o ne a bua ka kgang ya thubakanyo mo lelapeng mme a bontsha gore Modimo ga a e amogele.
21. Bakeresete ba tshwanetse ba tila thubakanyo mo maemong afe?
21 Thubakanyo e e dirwang mo lelapeng la Bokeresete, e ka tswa e le ya go gobatsa mo mmeleng kgotsa go kgoba ka mafoko ga e amogelege, fela jaaka e e dirwang phatlalatsa; Modimo o kgona go di bona tsotlhe. (Moreri 5:8) Le fa Malaki a ne a bua ka thubakanyo ya fa monna a sotla mosadi wa gagwe, ga go na gope mo Baebele e reng ga go molato fa monna a dirisa dikgoka mo baneng kgotsa mo batsading ba gagwe ba ba godileng. E bile thubakanyo ga e amogelege le fa mosadi e le ene yo o dirisang dikgoka mo monneng, mo baneng kgotsa mo batsading ba gagwe. Gone ke boammaaruri gore mo lelapeng la batho ba ba sa itekanelang, go tla nna le mathata a a bakang go kgopisana mme ka dinako tse dingwe go galefa. Le fa go ntse jalo, Baebele e re gakolola jaana: “Lo galefe, mme le fa go ntse jalo lo se ka lwa leofa; a letsatsi le se ka la phirima lo sa ntse lo galefile.”—Baefeso 4:26; 6:4; Pesalema 4:4; Bakolosa 3:19.
22. Re itse jang gore re ka kgona go tila go nna dikgoka, tota le fa batho ba le bantsi ba re tshelang le bone ba ntse jalo?
22 Bangwe ba ka buelela mekgwa ya bone ya thubakanyo, ba re, ‘Ke ntse jaana ka gonne ke goletse mo lelapeng le le tletseng tirisodikgoka,’ kgotsa, ‘Batho ba kwa ke goletseng teng kgotsa ba setso sa gaetsho ba gakatsega motlhofo.’ Le fa go ntse jalo, fa Mika a ne a kgala ‘bahumi ba ba neng ba tletse thubakanyo,’ o ne a sa reye gore e re ka ba goletse mo thubakanyong, go ne go se sepe se ba ka se dirang gore ba tlogele thubakanyo. (Mika 6:12) Noa o ne a tshela ka nako e lefatshe le neng ‘le tletse thubakanyo,’ le bomorwawe ba godile ba faraferwe ke thubakanyo. A ba ne ba etsa mekgwa eo? Le e seng! “Noa a bona kamogelo mo matlhong a ga Jehofa,” mme bomorwawe ba ne ba mo latela mme ba falola Morwalela.—Genesise 6:8, 11-13; Pesalema 11:5.
23, 24. (a) Ke eng se se re thusang go tila go itsewe re le batho ba ba ratang thubakanyo? (b) Jehofa o ikutlwa jang ka batho ba ba tshwarang ba bangwe ka tsela e a batlang ka yone?
23 Mo lefatsheng lotlhe, Basupi ba ga Jehofa ba itsewe ka go rata kagiso e seng dikgoka. Ba tlotla melao ya ga Kaesara e e sa letleleleng ditiro tsa thubakanyo e bile ba a e ikobela. (Baroma 13:1-4) Ba tsere matsapa a go “thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma,” mme ba leka go latelela kagiso. (Isaia 2:4) Ba leka go apara “botho jo bosha,” jo bo ba thusang go tila thubakanyo. (Baefeso 4:22-26) Gape ba latela sekao se se molemo sa bagolwane ba Bakeresete, ba ba ka se kang ba nna ‘baitei,’ e ka ne e le ka mafoko kgotsa ka ditiro.—1 Timotheo 3:3; Tito 1:7.
24 Ee, re ka kgona—e bile re tshwanetse—go dirisana le ba bangwe ka tsela e Modimo a batlang ka yone. Hosea a re: “Ke mang yo o botlhale, gore a tle a tlhaloganye dilo tseno? Yo o bonokopela, gore a tle a di itse? Gonne ditsela tsa ga Jehofa di thokgame, mme basiami ke bone ba tla tsamayang mo go tsone.”—Hosea 14:9.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mafoko a a reng ‘go tlhokomologa tlolo’ a ranotswe go tswa mo sekapuong sa Sehebera se mokanoki mongwe a reng se kaya “tsela e motsamai a itshwarang ka yone fa a feta fela a sa lebe sengwe se a sa batleng go se tsaya tsia. Ntlha [ga se gore Modimo ga a bone boleo] mme ke gore ka dinako tse dingwe ga a bo tseye tsia ka boikaelelo jwa gore a otlhae; ga a otlhae, mme o a itshwarela.”
b Dikilometara di ka nna 35 kwa borwabotlhaba jwa Ninife go ne go na le motse wa Calah (Nimrud), o Ashurnasirpal a neng a o aga sesha. Kwa Musiamong wa kwa Boritane go na le dipota dingwe tsa kwa Calah, tse re balang jaana ka tsone: “Ashurnasirpal o ne a tlhalosa sengwe le sengwe jaaka se ntse fa a bontsha bolalome le bosetlhogo jo a neng a bo dirisa mo matsholong a gagwe. Batshwarwa ba ne ba kalediwa mo dikoteng kgotsa ba kokotelwa mo dikoteng tse di mo dipoteng tsa metse e e dikeleditsweng . . . ; makau le barweetsana ba ne ba obolwa letlalo ba ntse ba tshela.”—Archaeology of the Bible.
JEHOFA O RATA RE DIRA ENG?
• Sekao sa ga Jehofa se ka re thusa jang go dirisana le mokaulengwe yo o re kgopisitseng?—Hosea 14:2; Mika 7:18; Malaki 2:10, 11.
• Fa re bapisa Hosea 4:1 le Sekarea 8:16 re bona gore Jehofa o batla re dirisana jang le ba bangwe?
• O ka rata go tokafatsa fa kae mo tseleng e o dirisanang le ba bangwe ka yone?
GO FAROLOGANA LE LEFATSHE
• O bona bosupi bofe jwa gore batho ba le bantsi mo lefatsheng ‘ba nwa thubakanyo’?—Diane 4:17; Sefania 1:9; Malaki 2:17.
• O ka dirisa Mika 4:3 jang mo phuthegong le mo lelapeng la gago?
• Kgaolo eno e go thusitse jang go bona gore re ka ithuta dilo dingwe mo dikarolong tsa Baebele tse di sa balweng ka metlha?
[Setshwantsho mo go tsebe 113]
Fa mongwe a go kgopisitse, o tshwanetse wa tila eng?
[Setshwantsho mo go tsebe 121]
Ditshwantsho tse dintsi tsa metlae le metshameko ya bidio di tsietsa basha gore ba akanye gore thubakanyo e siame fela