Buka ya Bibela ya bo 34—Nahume
Mokwadi: Nahume
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Juda
Go Wediwa ga go E Kwala: Pele ga 632 B.C.E.
1. Ke eng se se itsegeng kaga Ninife wa bogologolo?
“MOLAECO kaga Ninefe.” (Nah. 1:1) Polelelopele ya ga Nahume e simolola ka mafoko ano a a tshosang. Mme ke ka ntlhayang fa a ne a bua molaetsa ono wa katlholo? Ke eng se se itsegeng kaga Ninife wa bogologolo? Hisitori ya gagwe e sobokanngwa ke Nahume fela ka mafoko a a reng: “motse o o madi madi.” (3:1) Go na le dithota di le pedi tse di kafa botlhaba jwa lotshitshi lwa Noka ya Tigris kafa ntlheng e nngwe ya toropokgolo ya segompieno ya Mosul, mo bokone jwa Iraq, tseo di leng fa go kileng ga bo go le Ninife wa bogologolo gone. O ne o dikaganyeditswe fela thata ka dithako le mesele e e boteng mme ebile e le motsemogolo wa Mmusomogolo wa Asiria mo dingwageng tsa morago tsa hisitori ya one. Lefa go ntse jalo, go ka kaiwa fa motse ono o simologile mo metlheng ya ga Nimerode, “mocumi eo o nonohileñ ha pele ga Yehofa. . . . Me a aga Ninife.” (Gen. 10:9-11) Ka jalo Ninife o ne a simologa ka tsela e e bosula. O ne a tuma thata mo metlheng ya fa go busa Saragone, Senakaribe, Esar-haddon, le Ashurbanipal, mo lobakeng lwa fa Mmusomogolo wa Asiria o tloga o fela. O ne a ikhumisa ka dintwa le diphenyo, gore a bone dithoto, mme a tloga a itsege thata ka ntlha ya tsela e e setlhogo eo babusi ba gagwe ba neng ba tshwara magolegwa a bone ka yone.a Mo bukeng ya gagwe ya Gods, Graves and Scholars (1954), C. W. Ceram, o bua jaana mo tsebeng ya 266 ya buka ya gagwe: “Batho ba ka seka ba lebala Ninife ka ntlha ya polao, thopo, kgatelelo, le go tlhorontsha ba ba bokoa; ka ntwa le ka mefuta yotlhe ya bosetlhogo jwa mmele; ka puso ya babusi ba ba tshololang madi bao ba neng ba gatelela batho ka tsela e e setlhogo mme gantsi ba bolawa ke baba ba bone ba ba neng ba nyoretswe madi go ba gaisa.”
2. Bodumedi jwa Ninife e ne e le jwa mofuta ofe?
2 Bodumedi jwa Ninife jone bo ne bo ntse jang? O ne a obamela medimo e le mentsi fela thata, bontsi jwa yone e le e e tswang kwa Babelona. Babusi ba gagwe ba ne ba kopa thuso mo medimong eno fa ba ne ba bolola go ya go senya le go nyeletsa, mme baperesiti ba gagwe ba ba pelotshetlha ba ne ba nnela go mo kgotletsa go ya go dira ditlhaselo, ba solofetse gore ba tla bona tuelo e ntsi mo thopong. Mo bukeng ya gagwe ya Ancient Cities (1886, tsebe 25), W. B. Wright a re: “Ba ne ba obamela maatla, mme ba ne ba rapela fela fa pele ga medimo ya disetwa e megolo ya mantswe, ya ditau le dipoo eo maoto a yone a a nonofileng, diphuka tsa ntsu, le ditlhogo tsa batho di neng di beilwe jaaka dikai tsa nonofo, bopelokgale, le phenyo. Morafe o ne o tsaya ntwa jaaka kgwebo ya one, mme baperesiti e ne e le batlhotlheletsi ba ba sa iponeng tsapa ba ntwa. Botshelo jwa bone thatathata bo ne bo ikaegile ka dilo tseo di neng di thopilwe, tseo selekanyo se se tlhomameng mo go tsone se neng se beelwa kwa thoko jaaka seabe sa bone pele ga ba bangwe ba ka abelwa sepe, ka go bo morafe ono wa bathopi o ne o rata bodumedi thata.”
3. (a) Seo se kaiwang ke leina la ga Nahume se tshwanela ka tsela efe? (b) Polelelopele ya ga Nahume e ne ya bolelwa mo lobakeng lofe?
3 Lemororo boperofeti jwa ga Nahume bo le bokhutshwane, bo na le dilo di le dintsi tse di kgatlhisang. Sepe fela se re se itseng kaga moperofeti yono ka boene se kwadilwe mo temaneng e e mo tshimologong: “Lokwalō loa pōnatshègèlō ea ga Nahume oa Moelekosha.” Leina la gagwe (Ka Sehebera, Na·chumʹ) le raya “Mogomotsi.” Mme molaetsa wa gagwe ruri o ne o sa gomotse Ninife ka gope, mme o ne o gomotsa batho ba Modimo ba boammaaruri, o ne o bolela gore ruri ba ne ba tla gololelwa ruri mo mmabeng yo o senang boitshwarelo le yo o maatla. Ke selo se se gomotsang gape go bo Nahume a sa umake maleo a batho ba gagwe lefa e le gangwe. Lemororo go sa itsege sentlentle gore Elekosha o ne a le kae, go bonala go utlwala go bolela gore boperofeti jono bo ne jwa kwalelwa kwa Juda. (Nah. 1:15) Go fenngwa ga Ninife, moo go neng ga diragala ka 632 B.C.E., go ne go santse go le kwa pele fa Nahume a ne a kwala boperofeti jwa gagwe, mme a bapisa tiragalo eno le go fenngwa ga No-amona (Thebes, mo Egepeto) moo go neng ga diragala ka bokhutshwanyane fela pele ga mono. (3:8) Ka gone, Nahume o tshwanetse a bo a ile a kwala polelelopele ya gagwe nako nngwe pele ga lobaka lono.
4. Ke dinonofo dife tsa bokwadi tseo di bonalang mo bukeng ya ga Nahume?
4 Tsela e buka eno e kwadilweng ka yone ke e e tlhomologileng. Ga e na mafoko ape a mantsintsi. Go bua ga yone ka tsela e e nonofileng le ya mmatota ke go supa gore ke karolo ya dikwalo tse di tlhotlheleditsweng. Nahume o na le botswerere jo bogolo jwa go tlhalosa, jwa go ama maikutlo, jwa go dirisa puo e e maatlametlo, le ditlhaloso tse di nang le seriti, go tlhalosa ka phepafalo, le dikapolelo tse di kgatlhisang tse di utlwalang sentle. (1:2-8, 12-14; 2:4, 12; 3:1-5, 13-15, 18, 19) Karolo e kgolo ya kgaolo ya ntlha e lebega e kwadilwe ka tsela ya sekaleboko. (1:8, ntlhanyana e e kwa tlase go NW) Mokgwa o Nahume e kwadilweng ka one o ntlafadiwa ke setlhogo sa yone se se puo nngwe fela. O tlhoile mmaba yo o bonokwane wa Iseraele fela thata. Ga a bone sepe fela fa e se kotsi e e tla tlhagelang Ninife.
5. Ke eng se se supang gore buka ya ga Nahume e boammaaruri?
5 Boammaaruri jwa polelelopele ya ga Nahume bo supelwa ke go diragala ga dilo tse e di buileng. Mo motlheng wa ga Nahume, ke mang fela kwantle ga moperofeti wa ga Jehofa yo o ka bong a ile a ithaya a re o ka bolelela pele gore motsemogolo o o boikgodiso wa mmuso wa lefatshe lotlhe wa Asiria o ne o ka thubiwa kwa ‘dikgorong tsa noka,’ ntlo ya one ya segosi ya nyelediwa, mme ene ka boene a nna ‘lolea fela, o le lehorotlho, o kgakgabetse fela’? (2:6-10) Ditiragalo tse di neng tsa latela di ne tsa bontsha gore polelelopele eo ruri e ne e tlhotlheleditswe ke Modimo. Direkoto tsa ditso tsa kgosi ya Babelona Nabopolassar di tlhalosa kafa Ninife a neng a gapiwa ka gone ke Bameda le Bababelona: “Ba ne ba [fetola] motse go nna makhubu fela a marope le di[thotobolo (tsa mekoa) . . . ].”b Tshenyego ya Ninife e ne e le kgolo fela thata mo e leng gore lefa a neng a le teng tota go ne ga lebalwa ke batho ka makgolokgolo a dingwaga. Batshwayadiphoso bangwe ba ne ba kgala Bibela ka ntlha ya seno, ba re, Ninife o ka nna a bo a ise a ko a nne gone.
6. Ke eng se se ileng sa fatololwa mo lefelong leo Ninife wa bogologolo a neng a le mo go lone se se supang gore Nahume ruri e na le bonnete?
6 Lefa go ntse jalo, selo se sengwe gape se se ntshang bosupi jwa gore buka ya Nahume e boammaaruri, ke lefelo leo Ninife a neng a le mo go lone leo le neng la bonwa, mme go ne ga simololwa tiro ya go fatolola teng mo lekgolong la bo 19 la dingwaga. Go ne ga fopholediwa gore go ne go tla tshwanela gore go epololwe dimilione tsa ditone tsa mmu gore o tle o epololwe gotlhelele. Ke eng seo se neng sa epololwa mo Ninife? Dilo tsotlhe tse di neng di tshegetsa boammaaruri jwa polelelopele ya ga Nahume! Ka sekai, difikantswe tsa gagwe le mekwalo di supa kafa a neng a le setlhogo ka gone, mme gape go na le masalela a difikantswe tse dikgolo tsa ditshwantsho tsa dipoo tse di nang le diphuka le ditau. Ga go gakgamatse go bo Nahume a ne a mmitsa “moñōbō oa ditau”!—2:11.c
7. Ke eng seo se tshegetsang lebaka la gore Nahume ke karolo ya dikwalo?
7 Bosupi jwa gore buka ya ga Nahume e boammaaruri ke go bo e amogelwa ke Bajuda jaaka bontlhanngwe jwa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng. E tumalanong ka botlalo le Bibela ka kakaretso. Polelelopele e buiwa mo leineng la ga Jehofa, yoo e tlhalosang ka botlalo ka dinonofo tsa gagwe le bogolo.
SEO SE LENG MO GO NAHUME
8. Ke kotsi efe e go bolelwang gore e tla tlela Ninife, mme ke mafoko afe a a molemo a a tsholetsweng Juda?
8 Molaetso wa ga Jehofa kaga Ninife (1:1-15). “Yehofa ke Modimo o o lehuha [“yo o batlang kobamelo e e sa tlhakanelwang,” NW] me oa busholosa.” Moperofeti o simolola “molaeco kaga Ninefe” ka mafoko ano. (1:1, 2) Lemororo Jehofa a le bonya go galefa, mmone jaanong jaaka a supa ipusolosetso ya gagwe ka phefo le ka setsuatsue. Dithaba di a reketla, makhubu a a nyera, mme lefatshe le a hegelwa. Ke mang yo o ka itshokelang mogote wa bogale jwa gagwe? Lefa go le jalo, Jehofa ke botshabelo jwa bao ba sianelang kwa go ene. Mme Ninife o mo kotsing. O tla nyelelediwa ruri ka morwalela, mme “patikègō ga e ketla e coga loa bobedi.” (1:9) Jehofa o tla nyeletsa leina la gagwe le medimo ya gagwe. O tla mo katela. Mme phapaanong le seo sotlhe, Juda o tsholetswe dikgang tse di molemo! Ke dife? Mmoledi wa kagiso o ikuela mo go bone gore ba tshware meletlo ya bone le go dira kafa ba ikanneng ka gone, ka go bo mmaba, “motho oa boikèpō,” o mo kotsing. “O kgaolecwe rure.”—1:15.
9. Ke pono efe ya seperofeti eo re e bonang kaga go fenngwa ga Ninife?
9 Ponelopele kaga tshenyego ya Ninife (2:1–3:19). Nahume o gwetlha Ninife ka tshotlo gore a ithatafaletse mogasaganyi yo o tlang. Jehofa o tla phutha ba e leng ba gagwe, ‘tlotlomalo ya ga Jakobe le ya Iseraele.’ Bona thebe le diaparo tse di bohibidu jo bo mokgona tsa banna ba gagwe ba ba nonofileng thata le ditshipi tse di bohibidu jo bo letlhololo tsa ‘kara ya gagwe ya ntwa mo motlheng wa ipaakanyo ya gagwe’! Dikara tsa ntwa “di taboga ka mokgwashō” mo mebileng, di taboga jaaka dikgadima. (2:2-4) Jaanong re nna le pono ya seperofeti kaga tlhabano. Baninife ba a phegoga mme ba itlhaganelela go ya go femela lorako mme ga go thuse ka sepe. Dikgoro tsa noka di a bulega, ntlo ya kgosi e a nyelela, mme basetsana ba malata baa hutsafala mme ba ititaya dipelo. Banna ba ba tshabang ba fiwa taolo ya gore ba eme fela, mme ga go ope yo o retologang. Motse o a thopiwa le go tlogelwa o kgakgabetse fela. Dipelo di a nyera. O kae jaanong mongobo ono wa ditau? Tau e tladitse serobe sa yone ka dijo gore ditawana di je, mme Jehofa o bua jaana: “Bōna, ke tlhabana nau.” (2:13) Ee, Jehofa o tla fisa ditlhabano tsotlhe tsa Ninife ka molelo, o tla romela tšhaka go tla go ja ditawana tsa gagwe, a bo a nyeletsa dijo tsa gagwe mo lefatsheng.
10. Ninife o senolwa gore ke eng, mme tlhaloso ya go nyelediwa ga gagwe e tswelela jang?
10 “Abo go latlhèga motse o o madi madi . . . [o o tletseng] maaka le thubakanyō.” Utlwa go thanya ga seme le go kgothosela ga leotwana. Bona pitse e e mo lobelong, kara ya dipitse e e tlolakang, banna ba ba pagameng dipitse, tšhaka e e bebenyang, le segai se se phatsimang—mme morago ga moo, bontsi jo bogolo jwa ditoto. “Ga go na bokhutlō yoa direpa.” (3:1, 3) Mme ka ntlhayang? Ke ka go bo o raetse merafe ka maakafalo a gagwe le malapa ka boloi jwa gagwe. Jehofa o boelela gape la bobedi a re: “Bōna, ke tlhabana nau.” (3:5) Ninife o tla senolwa jaaka mogokafadi mme o tla thopiwa, mme bosula jo bo tla mo diragalelang bo tla tshwana fela le jo bo diragaletseng No-amone (Thebes), yo Asiria a neng a mo gapa. Dikago tsa gagwe tsa phemelo di tshwana le difeige tse di boduleng, ‘tseo fa di udubadiwa di welang mo ganong la moji.’ (3:12) Batlhabani ba gagwe ba tshwana le basadi. Ga go na sepe se se ka falotsang Ninife mo molelong le mo tšhakeng. Badisa ba gagwe ba tla tshaba jaaka lesogodi la tsie mo letsatsing le le mogote, mme batho ba gagwe ba tla faladiwa. Kgosi ya Asiria e tla itse gore ga go na kgololo, lefa e le phodiso epe mo masetlapelong ano. Botlhe ba ba utlwalelang pego eno ba tla opa diatla tsa bone, ka go bo botlhe ba ile ba bogisiwa ke bosula jwa Asiria.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
11. Ke melaometheo ya konokono efe ya Bibela e e tshwantshediwang mo go Nahume?
11 Polelelopele ya ga Nahume e kaya melaometheo mengwe ya Bibela ya konokono. Mafoko a a mo tshimologong a ponatshegelo eno a boeletsa lebaka le Modimo a neng a kwala molao wa bobedi mo Melaong e e Lesome: “Yehofa ke Modimo o o lehuha.” Ka bofefo fela morago ga moo o itsise kafa go tlhomamisegang ka teng gore o tla ‘ipusolosetsa mo babeng ba gagwe.’ Medimo ya Asiria ya seheitane e e setlhogo le e e ikgogomosang e ne e ka se mo falotse mo go welweng ke katlholo ya ga Jehofa. Re ka tlhomamisega gore mo nakong e e beilweng Jehofa le ene o tla atlhola baikepi botlhe. “Yehofa o bonya go galeha o mogolo mo nonohoñ, me ga a ketla a atlholèla eo o molato gopè.” Ka jalo tshiamiso ya ga Jehofa le bogolo di tlotlomadiwa bogolo go go nyeletsa ga gagwe Asiria yo o nonofileng. Ninife ruri o ne a fetoga ‘lolea fela le lehorotlho, le motse o o kgakgabetseng!’—1:2, 3; 2:10.
12. Ke tsosoloso efe eo Nahume a e bolelang, mme boperofeti jwa gagwe bo ka golaganngwa jang le tsholofelo ya Bogosi?
12 Ka go sa tshwane le Ninife yo o tla bong a “kgaolecwe rure,” Nahume o itsise gore o tla busetsa ‘tlotlomalo ya ga Jakobe le ya Iseraele.’ Jehofa gape o romelela batho ba gagwe mafoko a a molemo: “Bōnañ, mo dithabeñ go tla dinaō tsa eo o tlañ le mahoko a a molemō, eo o bolèlañ kagishō.” Mafoko ano a kagiso a amana le Bogosi jwa Modimo. Seno re se itse jang? Go a utlwala ka ntlha ya mafoko a a tshwanang le ao a Isaia a a dirisang, mme a oketsa jaana mo go one: “Eo o tlisañ mahoko a mantlè a a molemō; eo o utlwatsañ polokō; eo o raeañ Siona, a re, Modimo oa gago oa busa.” (Nah. 1:15; 2:2; Isa. 52:7) Morago ga moo, moaposetoloi Paulo mo go Baroma 10:15 o dirisetsa tlhaloso eo mo go bao Jehofa a ba romang go nna bareri ba mafoko a a molemo ba Bakeresete. Bano ba bolela ‘mafoko a a molemo a bogosi.’ (Math. 24:14) Fela jaaka leina la gagwe le bolela, Nahume o tlisa kgomotso e ntsi thata go botlhe ba ba batlang kagiso le poloko tseo di tlisiwang ke Bogosi jwa Modimo. Bano botlhe ba tla lemoga tota gore “Yehofa o molemō, ke kagō e e thata ea phemèlō mo motlheñ oa tlalelō; me o itse ba ba mo ikanyañ.”—Nah. 1:7.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Insight on the Scriptures, Bol. 1, tsebe 201.
b Ancient Near Eastern Texts, e e kwadilweng ke J. B. Pritchard, 1974, tsebe 305; diborakete le masakana ke tsa bone; Insight on the Scriptures, Bol. 1, tsebe 958.
c Insight on the Scriptures, Bol. 1, tsebe 955.