Buka ya Bibela ya bo 35—Habakuke
Mokwadi: Habakuke
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Juda
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 628 B.C.E.(?)
1. Ke boammaaruri bofe jo bo tletseng jo bo tlotlomadiwang mo boperofeting jwa Habakuke?
HABAKUKE ke moperofeti yo mongwe wa ba go tweng ke ba babotlana ba Dikwalo tsa Sehebera. Lefa go ntse jalo, ga se gore go raya gore ponatshegelo ya gagwe le mafoko a gagwe a a tlhotlheleditsweng ke Modimo ga a botlhokwa go le kalo mo bathong ba Modimo. Boperofeti jwa gagwe bo tshegetsa batlhanka ba Modimo mo motlheng wa tlalelo, ereka jaana bo kgothatsa ebile bo nonotsha. Buka eno e tlotlomatsa dilo tse pedi tse di boammaaruri jo bo sa kakeng jwa ganediwa e leng gore: Jehofa Modimo ke Molaodi wa Lobopo, le gore mosiami o tshela ka tumelo. Gape buka eno ke tlhagiso go baganetsi ba batlhanka ba Modimo le bao ba ipolelang ka boitimokanyo fa e le batho ba gagwe. E tlhoma sekao sa go nna le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa, yo o tshwanelang go opelelwa difela tsotlhe tsa pako.
2. Ke tshedimosetso efe e e newang ka mokwadi yono, Habakuke?
2 Buka ya Habakuke e simolola ka mafoko ano: “Molaeco o Habakuke moperofeti o na a o bōna.” (Hab. 1:1) Moperofeti yono yo o bidiwang Habakuke (Sehebera, Chavaq·quqʹ), yo leina la gagwe le rayang “Go Amogela ka Peloyotlhe” e ne e le mang? Ga go na sepe se se bolelwang kaga batsadi ba ga Habakuke, lotso lwa gagwe, maemo a gagwe mo botshelong, kana loso lwa gagwe. Ga go kake ga buiwa ka tsepamo gore o ne a le mo setlhopheng sa baopedi ba tempele ba Balefi, lemororo mo mokwalong o o kwa tlase kwa bokhutlong jwa buka eo o o reng: “Go dihecwe moopedi eo mogolo mo dilecoñ tsa me tse di ditlhale” go kaiwa jalo.
3. Ke maemo afe a a neng a ama Juda a a thusang go supa gore buka ya Habakuke e ne ya kwalwa leng?
3 Habakuke o ne a bua mafoko a gagwe a boperofeti leng? Mokwalo o o umakiwang fa godimo o o kwadilweng kwa tlase le mafoko a a reng “Yehofa èna, o mo tempeleñ ea gagwè e e boitshepō” a supa gore tempele e e mo Jerusalema e ne e santse e le gone. (2:20) Mafoko ano, mmogo le molaetsa wa boperofeti, di lemotsha gore a ne a buiwa mo nakong e khutshwane fela pele ga go senngwa ga Jerusalema ka 607 B.C.E. Mme e ne e le dingwaga di le kana kang pele ga foo? E tshwanetse ya bo e ne e le morago ga puso ya ga Kgosi Josia yo o neng a boifa Modimo, 659-629 B.C.E. Boperofeti joo ka bojone bo naya lesedi ja gore e ne e le leng ka go bo bo bolelela pele ka tiragalo e batho ba Juda ba neng ba tla se ke ba e dumele lefa e ne e bolelwa. Tiragalo eo ke efe? Ke ya gore Modimo o ne o tla tlhotlheletsa Bakaladea (Bababelona) go otlhaya Bajuda ba ba sa ikanyegeng. (1:5, 6) Seno se tshwanela karolo ya ntlha ya puso ya ga Kgosi Jehoiakime yo o neng a obamela medimo ya disetwa, nako ya fa batho ba le bantsi mo Juda ba ne ba tlhaela tumelo ebile ba dira tshiamololo. Jehoiakime o ne a ile a bewa mo setulong sa bogosi ke Faro Neko, jalo morafe oo o ne o dikaganyeditswe ke tlhotlheletso ya Egepeto. Mo maemong ao batho ba ne ba tla ikutlwa gore ba na le lebaka la go nyatsa gore ba ne ba ka nna ba tlhaselwa ke Babelona. Lefa go le jalo Nebukadenesare o ne a fenya Faro Neko mo ntweng e ba neng ba e tlhabanela kwa Karakemisha ka 625 B.C.E., ka go dira jalo ba senya maatla a Egepeto. Ka jalo he boperofeti jono bo tshwanetse jwa bo bo ne jwa buiwa pele ga tiragalo eo. Jalo mabaka a supa gore bo builwe kwa tshimologong ya puso ya ga Jehoiakime (eo e simologileng ka 628 B.C.E.), mo go rayang gore Habakuke o ne a tshela ka nako e le nngwe fela le Jeremia.
4. Ke eng se se supang gore buka ya Habakuke e kwadilwe ka tlhotlheletso ya Modimo?
4 Re ka itse jang gore buka eno e tlhotlheleditswe ke Modimo? Tlhatlhamano ya bogologolo ya Dikwalo tsa Sehebera e supa fa Habakuke e le karolo ya Dikwalo. Lefa di sa umake buka eo ka leina, ka mo go bonalang ka gone e ne e le nngwe ya dibuka tse ba neng ba di bitsa gore ke tsa ‘Baperofeti ba ba lesome le bobedi ba Babotlana,’ ka gonne kwantle ga Habakuke di ne di sa kake tsa nna 12. Moaposetoloi Paulo o ne a dumela gore boperofeti jono e ne e le karolo ya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng mme ebile o tsopola ka tlhamalalo go tswa mo go Habakuke 1:5, a bua ka yone jaaka sengwe “se se builweñ mo baperofetiñ.” (Dit. 13:40, 41) O ne a tsopola mo bukeng eo makgetlo a le mmalwa mo dikwalong tsa gagwe. Eleruri tiragatso ya mafoko a ga Habakuke a dikatlholo tsa Juda le Babelona a supa fa e ne e le moperofeti wa boammaaruri wa ga Jehofa, yo o neng a bua mo leineng la gagwe a bile a buelela gore a galalediwe.
5. Ka boripana sobokanya seo se leng mo bukeng ya Habakuke.
5 Buka ya Habakuke e dirilwe ka dikgaolo di le tharo. Dikgaolo tsa ntlha tse pedi ke puisano gareng ga mokwadi le Jehofa. Di bolela kaga thata ya Bakaladea, mmogo le kutlobotlhoko e morafe wa Bababelona o o ntsifatsang se e seng sa one, o o bapalelang ntlo ya one ka bosula, o o agang motse ka go tsholola madi, le o o obamelang setshwantsho se se setilweng o neng o tloga o nna nayo. Kgaolo ya boraro e bua ka molemo wa ga Jehofa mo letsatsing la tlhabano, mme ga go na epe e e tshwanang nayo ka mafoko a yone a a maatla le mokgwa o e kwadilweng ka one o o dirang gore ditiragalo tse go buiwang ka tsone e nne jaaka ekete di bonwa ka matlho. Kgaolo eno ke thapelo ya difela tsa khutsafalo ebile e ile ya bidiwa “lengwe la maboko a a kgatlhisang le a a kwadilweng ka botswerere go gaisa maboko otlhe a Sehebera.”a
SEO SE LENG MO GO HABAKUKE
6. Seemo sa Juda ke eng, mme ke tiro efe e e gakgamatsang eo Jehofa a tla e dirang ka baka leo?
6 Moperofeti yoo o ikuela kwa go Jehofa (1:1–2:1). Go tlhoka tumelo ga batho ba Juda go dirile gore Habakuke a botse dipotso tseno mo mogopolong wa gagwe. “Yehofa, ke tla goa ka lobaka lo lo kaee me u nntse u gana go utlwa?” o botsa jalo. “Gonne thopō le thubakō di ha pele ga me.” (1:2, 3) Molao o repisitswe, baikepi ba dikaganyeditse basiami, mme tshiamiso e a sokamisiwa. Ka baka la seno, Jehofa o tla dira tiro e e tla gakgamatsang, selo se ‘batho ba tla sekeng ba se dumele lefa ba se bolelelwa.’ Ebile tota o “cosa Bakaladea”! Eleruri ponatshegelo ya go tla go tlhasela ka bofefo ga morafe ono o o bogale e Jehofa a e bontshang e a boifisa eleruri. Ke morafe o o ratang ntwa thata, ebile o phutha batshwarwa “yaka moshawa.” (1:5, 6, 9) Ga go na sepe se se tla o thibelang, lefa e le dikgosi kana batlhankedi ba maemo a a kwa godimo, ka gonne o ba tshega fela botlhe. O gapa lefelo lengwe le lengwe le le thekeleditsweng. Sotlhe seno ke katlholo le kgalemelo tse di tswang kwa go Jehofa, “Moitshepi.” (1:12) Habakuke o emela Modimo gore o bue a tlhwaile tsebe.
7. Jehofa o gomotsa Habakuke jang?
7 Ponatshegelo ya ditatlhego tse tlhano (2:2-20). Jehofa o a araba: “Kwala pōnatshègèlō e, me u e dihè gore e bōnalè sentlè mo dimatiñ tsa kwalèlō.” Lefa go ka lebega ekete e diegile, e tla tla ka boammaaruri. Jehofa o gomotsa Habakuke ka mafoko a a reng: “Mosiami o tla tshela ka boikanyègō yoa gagwè.” (2:2, 4) Mmaba yo o ikgodisang ga a kitla a fitlhelela mokgele wa gagwe, lemororo a iphuthela merafe le batho. Kana ebile batho bao ke bone ba ba tla diragatsang seane sa ditatlhego tse tlhano se se reng:
8, 9. Ditatlhego tse tlhano di lebisitswe go batho ba mefuta efe?
8 “A bo go latlhèga èna eo o totisañ se e señ sa gagwè!” Ene ka boene o tla nna selo se se ka thopiwang. O tla thopiwa “ka ntlha ea madi a batho, le ka ntlha ea thubakō e e dihecweñ lehatshe.” (2:6, 8) “A bo go latlhèga èna eo o bonèlañ ntlo ea gagwè papadi e e boshula.” Go bolaya ga gagwe batho ba le bantsi go tla dira gore le one matlapa le dikgong tsa ntlo ya gagwe di thunye ka selelo. (2:9) “A bo go latlhèga èna eo o agañ motse ka madi a batho.” Batho ba gagwe ba tla dira ka bokete ba direla molelo le lefela fela, Jehofa o bolela jalo. “Gonne lehatshe le tla tlala kicō ea kgalalèlō ea ga Yehofa, yaka metse a khurumeditse lewatlè.”—2:12, 14.
9 ‘A bo go latlhega yo e reng a gaketse a tagise molekane wa gagwe e le gore a bone bosaikategang jwa gagwe.’ Jehofa o tla dira gore a nwe senwelo se se mo letsogong la Gagwe la moja, a mo tlhabisa ditlhong go na le go mo galaletsa “ka ntlha ea madi a batho; le ka ntlha ea thubakō e e dihecweñ lehatshe.” Setshwantsho se se setilweng se na le mosola ofe mo modiring wa sone—a medimo e e senang mosola eno ga e dimumu fela? (2:15, 17) “A bo go latlhèga èna eo o raeañ logoñ, a re, Kubuga! le lencwè ye le semumu, a re, Nanoga! A yeuō le tla ruta?” Phapaanong le medimo eno e e senang botshelo, “Yehofa èna, o mo tempeleñ ea gagwè e e boitshepō: a lehatshe yeotlhe le tuulalè ha pele ga gagwè.”—2:19, 20.
10. Ke tiro efe e e boitshegang e e diragalang ka letsatsi la tlhabano ya ga Jehofa?
10 Jehofa mo letsatsing la tlhabano (3:1-19). Habakuke o gakologelwa ditiro tse di boitshegang tsa ga Jehofa sentle, ka thapelo e e mahehe. Fa Jehofa a bonala “kgalalèlō ea gagwè ea apesa magodimo, le lehatshe ya tlala pakō.” (3:3) Phatsimo ya gagwe e ne e tshwana le lesedi, mme dikgogodi tsa bolwetsi tsa nna tsa mo etelela pele. O ne a ema a tsepame, a tshikhinya lefatshe, a dira gore merafe e tlolake le dithaba tse di sa khutleng di thubagane. Jehofa o ne a nna a pagama jaaka motlhabani yo o maatla a tshotse tšhaka e e seng mo kgatleng ya yone a bile a na le dikara tsa tlhabano tse di nayang poloko. Dithaba le madiba a metsi di ne tsa galefa. Letsatsi le ngwedi di ne tsa ema di sa tshikhinyege, mme go ne ga nna le lesedi la marumo a gagwe le logadima lwa tšhaka ya gagwe jaaka a ne a gwanta go kgabaganya lefatshe, a kgemetha merafe ka bogale jwa gagwe. O ne a bololela go ya go boloka batho ba gagwe le motlodiwa wa gagwe le go swafatsa motheo wa baikepi, “go ea hèla kwa thamuñ.”—3:13.
11. Ponatshegelo eno e ama Habakuke jang, mme ke eng se a ikaeletseng go se dira?
11 Moperofeti yono o tlalelwa ka ntlha ya ponatshegelo eno ya maatla a tiro e Jehofa a e dirileng go le pele le ya ditiro tsa gagwe tse di tlang tse di tlileng go tshikhinya lefatshe. “Ka utlwa, me mpa ea me ea roroma, dipounama tsa me tsa tlakasèlèla lencwe: go nyèra ga ntsèna mo marapoñ, ka roroma mo heloñ ga me: ka go lebèlèla motlha oa tlalèlō, mogañ o bololèlañ batho, eboñ èna eo o mo tlhasèlañ a le ditlhōpha tlhōpa.” (3:16) Lefa go ntse jalo, Habakuke o ikaeletse gore go sa kgathalesege metlha e e bosula eo go tshwanetsweng ga thulanwa nayo—e go tla bong go sena sethunya mo setlhareng sa mofeige, e ditlhare tsa mofine di tla bong di sa tswe maungo ape, e go tla bong go sena letsomane lepe mo lesakaneng—lefa go ntse jalo o tla itumela mo go Jehofa a bo a ipele mo Modimong wa poloko ya gagwe. O digela sefela sa gagwe sa boitumelo ka mafoko a a reng: “Yehofa, Morèna, ke thata ea me, o diha dinaō tsa me di nna yaka maoto a tshèphè, o tla ntsamaisa mo maheloñ a me a a godimo.”—3:19.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
12. Paulo o ne a dirisa Habakuke 2:4 jang ka mo go nang le mosola?
12 Ereka moaposetoloi Paulo a lemoga fa boperofeti jwa ga Habakuke bo le mosola mo go ruteng, o tsopola mo go kgaolo 2, temana 4, ka makgetlo a le mararo a a farologaneng. Fa a gatelela gore mafoko a a molemo ke maatla a Modimo a a nayang mongwe le mongwe yo o nang le tumelo poloko, Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba ba kwa Roma ka go re: “Gonne tshiamō ñwe ea Modimo e senocwe mo go aōna ka tumèlō e e isañ tumeloñ: yaka go kwadilwe, ga twe, Me basiami ba tla tshela ka tumèlō.” Fa a ne a kwalela Bagalatia, Paulo o ne a gatelela ntlha ya gore motho o segofadiwa ka ntlha ya tumelo ya gagwe: “Goa bōnala ha go sena motho opè eo o siamisiwañ ha pele ga Modimo ka ditihō tsa molaō: gonne, ga twe, Mosiami o tla tshela ka tumèlō.” Paulo gape o ne a kwala mo lokwalong lwa gagwe go Bahebera gore Bakeresete ba tshwanetse go bontsha tumelo e e tshelang, e e bolokang botshelo, mme o ne a lebisa gape go mafoko a ga Jehofa go Habakuke. Lefa go ntse jalo, o ne a seka a tsopola mafoko a Habakuke fela a a reng, “mosiami oa me o tla tshela ka tumèlō,” mme le mafoko a gagwe a a latelang go ya ka Septuagint ya Segerika: “Me ha a ikgogona, mōea oa me o tla bo o sena kgatlhègō mo go èna.” Go tswa foo o sobokanya sengwe le sengwe ka go re: Re “ba bōnè ba ba nañ le tumèlō e e isañ polokoñ ea mōea.”—Bar. 1:17; Bagal. 3:11; Baheb. 10:38, 39.
13. Go diragadiwa ga boperofeti jwa Habakuke ka mo go opang kgomo lonaka kgatlhanong le Juda le Babelona go gatelela eng malebana le dikatlholo tsa Modimo?
13 Boperofeti jwa Habakuke bo na le mosola fela thata mo Bakereseteng gompieno, bao ba tlhokang maatla a magolo. Bo ruta gore re tshwanetse ra ikaega ka Modimo. Bo na le mosola gape mo go tlhagiseng ba bangwe ka dikatlholo tsa Modimo. Bo na le mafoko ano a a tshotseng tlhagiso e e maatla: Lo seka lwa tsaya gore dikatlholo tsa Modimo di diegile; “rure [di] tla tla.” (Hab. 2:3) Boperofeti jwa go senngwa ga Juda ke Babelona bo ne jwa diragala ka boammaaruri, mme Babelona o ne a gapiwa fela jaaka go ne go boletswe, fela jaaka Bameda le Baperesia ba ne ba gapa motse oo ka 539 B.C.E. Abo seo se re tlhagisa gore re dumele mafoko a Modimo jang ne! Ka gone, moaposetoloi Paulo o ne a bona go na le mosola go tsopola Habakuke fa a ne a tlhagisa Bajuda ba motlha wa gagwe gore ba seka ba latlhegelwa ke tumelo: “Lo itisè, e se re kgotsa se se builweñ mo baperofetiñ sa tla mo go lona, yaka go twe; Bōnañ, banyatsi ke lona, me lo gakgamalè, lo nyèlèlè; gonne ke diha tihō mo motlheñ oa lona, e le tihō e lo se ketlañ lo e dumèla gopè, ha moñwe a e lo bolèlèla.” (Dit. 13:40, 41; Hab. 1:5, LXX) Bajuda ba ba senang tumelo ba ne ba seka ba tsaya mafoko a ga Paulo tsia, fela jaaka ba ne ba se kile ba dumela tlhagiso ya ga Jesu ya gore Jerusalema o ne a tla senngwa; ba ne ba gamolwa ke matswela a go tlhoka tumelo ga bone fa masole a Roma a ne a senya Jerusalema ka 70 C.E.—Luke 19:41-44.
14. (a) Boperofeti jwa Habakuke bo kgothatsa Bakeresete jang gompieno gore ba nne le tumelo e e tiileng? (b) Jaaka go tlhalositswe mo boperofeting jono, batho ba ba ratang tshiamo ba ka nna ba nna le tshepo efe e e itumedisang gompieno?
14 Gompieno, ka mo go tshwanang, boperofeti jwa Habakuke bo kgothaletsa Bakeresete go nna le tumelo e e tiileng, fa ba ntse ba tshela mo lefatsheng le le tletseng thubakanyo. Bo ba thusa go ruta ba bangwe le go araba potso e e ileng ya bodiwa ke batho mo lefatsheng lotlhe ya go re, A Modimo o tla ipusolosetsa mo baikeping? Gape elatlhoko mafoko a boperofeti a a reng: “Lo e letè; gonne rure e tla tla, ga e ketla e dièga.” (Hab. 2:3) Lefa mo lefatsheng go ka nna dikhuduego dife fela, masalela a batlodiwa a baruaboswa ba Bogosi ba gakologelwa mafoko a Habakuke malebana le ditiro tsa ga Jehofa tsa bogologolo tsa go ipusolosetsa a a reng: “Ua cwèla polokō ea batho ba gago, polokō ea ba gago ba ba tlodicweñ.” (3:13) Eleruri Jehofa ke “Moitshepi” wa bone, go tswa bogologolong, ebile ke “Lehika” yo o tla kgalemelang basiamolodi a bo a naya botlhe ba ba amogelang lorato lwa gagwe botshelo. Batho botlhe ba ba ratang tshiamo ba ka ipelela Bogosi jwa gagwe le bolaodi, ka go bua ba re: “Ke tla itumèla mo go Yehofa, ke tla ipela mo Modimoñ oa polokō ea me. Yehofa, Morèna, ke thata ea me.”—1:12; 3:18, 19.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a The Book of the Twelve Minor Prophets, 1868, E. Henderson, tsebe 285.