Go Ipela mo Modimong wa Poloko ya Rona
“Ke tlaa itumela mo go Jehofa, ke tlaa ipela mo Modimong wa poloko ya me.”—HABAKUKE 3:18.
1. Daniele o ile a bona ponatshegelo e e malebana le eng pele ga go wa ga Babelona ka 539 B.C.E.?
LEKGOLO la dingwaga pele ga go phutlhama ga Babelona ka 539 B.C.E., moporofeti yo o tsofetseng e bong Daniele o ile a bona ponatshegelo e e kgatlhang thata. E ne ya bolelela pele ditiragalo tsa lefatshe tse di neng di tla felela ka ntwa ya makgaolakgang gareng ga baba ba ga Jehofa le Kgosi ya gagwe e e tlhomilweng e bong Jesu Keresete. Daniele o ile a tsiboga jang? O ile a re: “Ka idibala . . . ka gakgamalela ponatshegelo.”—Daniele 8:27.
2. Ke ntwa efe e Daniele a ileng a e bona mo ponatshegelong, mme o ikutlwa jang ka kgang ya go atamela ga yone?
2 Go tweng ka rona? Re setse re tseneletse thata mo nakong ya motlha ono! Re tsiboga jang fa re bona gore ntwa e Daniele a ileng a e bona mo ponatshegelong—ntwa ya Modimo ya Haramagedona—e atametse thata? Re itshwara jang fa re lemoga gore boikepo jo bo senotsweng mo boporofeting jwa ga Habakuke bo aname thata jaana mo go bonalang sentle gore go gaufi thata gore baba ba Modimo ba tle go senngwa? Go ka direga gore re ikutlwa ka tsela e Habakuke a ileng a ikutlwa ka yone jaaka e tlhalosiwa mo kgaolong ya boraro ya buka ya gagwe ya boporofeti.
Habakuke o Rapelela Kutlwelobotlhoko ya Modimo
3. Habakuke o ne a rapelela bomang, mme mafoko a gagwe a ka re ama jang?
3 Kgaolo ya 3 ya Habakuke ke thapelo. Go ya ka temana ya 1, o bua ka tsela ya morapelo, pina ya kutlobotlhoko kana khutsafalo. Mo thapelong eno moporofeti o bua jaaka e kete o a ipuelela. Mme gone, Habakuke o buelela setšhaba sa Modimo se se tlhophilweng. Gompieno thapelo ya gagwe e na le bokao jo bogolo mo bathong ba Modimo ba ba semeletseng mo tirong ya go rera ka Bogosi. Fa re bala kgaolo ya boraro ya Habakuke re akantse ka seno, mafoko a yone a re dira gore re itewe ke ditshikare mme gape a re dira gore re ipele. Thapelo ya ga Habakuke kana morapelo, e re naya lebaka le le nonofileng la go ipela mo go Jehofa, Modimo wa poloko ya rona.
4. Ke eng fa Habakuke a ile a boifa, mme re ka tlhomamisega gore Modimo o tla dirisa maatla a gagwe ka tsela efe?
4 Jaaka fa re setse re bone mo ditlhogong tse pedi tse di fetileng, maemo a Juda e neng e le mo go one mo motlheng wa ga Habakuke a ne a le maswe tota. Mme gone, Modimo o ne a ka se letle maemo ano a tswelela pele. Jehofa o ne a tla tsaya kgato jaaka a ile a dira mo nakong e e fetileng. Ga go gakgamatse go bo moporofeti yono a ile a kua jaana: “Ao tlhe Jehofa, ke utlwile pego kaga gago. Jaanong ke boifa tiro ya gago tlhe Jehofa”! O ne a kaya eng? ‘Pego kaga Jehofa’ e ne e le hisitori ya ditiro tse di nonofileng tsa Modimo, tse di jaaka se a se dirileng kwa Lewatleng le Lehibidu, kwa nageng le kwa Jeriko. Habakuke o ne a itse ditiro tseno sentle, mme di ne di mmoifisa ka gonne o ne a itse gore Jehofa o ne a tla dirisa maatla a gagwe a magolo gape mo babeng ba gagwe. Fa re bona boikepo jwa batho gompieno, le rona re a itse gore Jehofa o tla dira fela jaaka a ile a dira mo metlheng ya bogologolo. A seo se a re tshosa? Ee! Le fa go ntse jalo, re rapela jaana jaaka Habakuke: “Ako o e tsosolose mo gare ga dingwaga! E kete o ka dira gore e itsiwe mo gare ga dingwaga. E kete o ka gakologelwa go bontsha kutlwelobotlhoko mo nakong ya khuduego.” (Habakuke 3:2, NW) E kete Modimo a ka boa gape a dirisa maatla a gagwe a a gakgamatsang “mo gare ga dingwaga,” mo nakong ya gagwe e a e tlhomileng. Mme ka nako eo, e kete a ka gopola go bontsha kutlwelobotlhoko mo go ba ba mo ratang!
Jehofa o a Gwanta!
5. “Modimo o ne wa tswa kwa Temane,” ka tsela efe, mme seno se supa eng malebana le Haramagedona?
5 Go tla direga eng fa Jehofa a utlwa thapelo ya rona ya gore a re utlwele botlhoko? Re bona karabo mo go Habakuke 3:3, 4. Moporofeti o simolola ka go re: “Modimo o ne wa tswa kwa Temane, le Moitshepi kwa thabeng ya Parane.” Bogologolo mo motlheng wa ga Moshe, Temane le Parane di ne di le mo tseleng e Baiseraele ba neng ba tsamaya ka yone fa ba le mo nageng ba ya kwa Kanana. Fa setšhaba seo se segolo se ntse se tsere mosepele, go ne go ntse jaaka e kete Jehofa ka boene o ne a le mo mosepeleng mme go se na sepe se se neng se ka mo emisa. Pelenyana fela ga gore Moshe a swe, o ile a re: “Jehofa o ne a tswa kwa Sinai, a ba tlhabela a tswa mo Seire, a phatsima a betlama a le mo thabeng ya Parane, a bo a tswa mo makgolong a makgolo mantsi a baitshepi [ba baengele].” (Duteronome 33:2) Ka tsela e e tshwanang, fa Jehofa a tlhasela baba ba gagwe kwa Haramagedona, o tla bo a supa maatla a gagwe a go seng ope yo o ka a thibelang.
6. Bakeresete ba ba nang le temogo ba bona eng gape kwantle ga go bona kgalalelo ya Modimo?
6 Gape Habakuke a re: “Kgalalelo ya [ga Jehofa] ya apesa magodimo, le lefatshe la tlala pako ya gagwe. Le phatsimo ya gagwe e ne e ntse jaaka lesedi.” A pono e e gakgamatsang ruri! Ke boammaaruri gore, batho ba ka se lebe Jehofa Modimo mme ba tshele. (Ekesodo 33:20) Le fa go ntse jalo, matlho a dipelo tsa batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang a a fifala fa ba akanya ka kgalalelo ya gagwe. (Baefeso 1:18) Mme Bakeresete ba ba nang le temogo ga ba bone kgalalelo ya ga Jehofa fela. Habakuke 3:4, (NW) e konela jaana: “O ne a na le marang a le mabedi a tswa mo seatleng sa gagwe, mme nonofo ya gagwe e ne e fitlhilwe mo go sone.” Ee, re a lemoga gore Jehofa o ipaakanyeditse go tsaya kgato, a dirisa letsogo la gagwe la moja la nonofo le maatla.
7. Go gwanta ga Modimo ga phenyo go tla ama jang batho ba ba mo tsuologelang?
7 Go gwanta ga Modimo ga phenyo go tla leretse batsuolodi masetlapelo. Habakuke 3:5, (NW) ya re: “Bolwetse jwa leroborobo bo ne jwa nna jwa tsamaya kwa pele ga gagwe, le letshoroma le le fisang le ne le tswa mo dinaong tsa gagwe.” Bogologolo ka 1473 B.C.E., fa Baiseraele ba ne ba le gaufi le melelwane ya Naga e e Solofeditsweng, bontsi jwa bone bo ile jwa tsuologa ka go dira boitsholo jo bo maswe le kobamelo ya disetwa. Ka ntlha ya seo, batho ba ba fetang 20 000 ba ile ba bolawa ke leroborobo le le neng le tswa kwa Modimong. (Dipalo 25:1-9) Mo isagweng, fa Jehofa a gwantela kwa “ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe,” batho ba ba mo tsuologelang le bone ba tla boga fela jalo ka ntlha ya maleo a bone. Bangwe e bile go ka nna ga direga gore ba bolawe ke leroborobo la mmatota.—Tshenolo 16:14-16.
8. Go ya ka Habakuke 3:6, baba ba Modimo ba tlile go diragalelwa ke eng?
8 Jaanong reetsa kafa moporofeti a tlhalosang masole a ga Jehofa wa masomosomo sentle ka teng a le mo ntweng. Re bala jaana mo go Habakuke 3:6, (NW): “[Jehofa Modimo] o ne a ema fela a sa tshikinyege, gore a tle a tshikinye lefatshe. O ne a bona, a bo a dira gore ditšhaba di tlole. Mme dithaba tsa bosafeleng di ne tsa thubaganngwa; dithota tse di nnang ka bosakhutleng di ne tsa obega. Metsamao ya bogologolo ke ya gagwe.” Jehofa o simolola pele ka go “ema fela a sa tshikinyege,” fela jaaka mogenerale a sekaseka lefelo la botlhabanelo. Baba ba gagwe ba a roroma ka ntlha ya letshogo. Ba a lemoga gore ba tlile go tlhabana le mang mme ba garoga dipelo, ba tlolaka ka ntlha ya go tlhobaela. Jesu o ile a bolelela pele nako ya fa “ditso tsotlhe tsa lefatshe di tla ititaya ka ntlha ya selelo sa khutsafalo.” (Mathaio 24:30) Go setse go le thari, ba tla lemoga gore ga go motho ope yo o ka kgonang go thibela thato ya ga Jehofa. Mekgatlho ya batho—tota le e e bonalang e nnetse ruri jaaka “dithaba tsa bosafeleng” le “dithota tse di nnang ka bosakhutleng”—e tla phutlhama. Go tla nna fela jaaka “metsamao ya bogologolo” ya Modimo, fela jaaka a ile a dira mo metlheng ya bogologolo.
9, 10. Habakuke 3:7-11 e re gakolola eng?
9 ‘Bogale jwa ga Jehofa bo kgatlhanong’ le baba ba gagwe. Mme o tla dirisa ditlhabano dife mo ntweng ya gagwe e kgolo? Reetsa jaaka fa moporofeti a di tlhalosa, ka go re: “Bora jwa gago bo bipololwa gore bo sale bo sa ikatega. Maikano a a ikanetsweng a ditso ke selo se se builweng. O ne wa kgaoganya lefatshe ka dinoka. Dithaba di ne tsa go bona; di ne tsa nna mo ditlhabing tse di botlhoko thata. Pula ya matsubutsubu e ne ya ralala. Bodiba jo bo boteng jwa metsi bo ne jwa ntsha modumo wa jone. Bo ne jwa tsholeletsa diatla tsa jone kwa godimo. Letsatsi—ngwedi—tsa ema fela di sa tshikinyege mo bonnong jwa tsone jo bo kwa godimo. Metswi ya gago e ne ya nna ya tsamaya jaaka lesedi. Logadima lwa lerumo la gago lo ne lwa bonesa.”—Habakuke 3:7-11, NW.
10 Mo motlheng wa ga Joshua, Jehofa o ne a dira gore letsatsi le ngwedi di eme ka tsela e e gakgamatsang e e supang maatla a gagwe. (Jošua 10:12-14) Boporofeti jwa ga Habakuke bo re gopotsa gore Jehofa o tla dirisa one maatla ano ka nako ya Haramagedona. Ka 1513 B.C.E., Jehofa o ile a bontsha gore o kgona go laola madiba a a boteng a lefatshe fa a ne a dirisa Lewatle le Lehibidu go nyeletsa masole a ga Faro. Dingwaga di le 40 morago ga moo, noka ya Joredane e e neng e penologa e ne ya se ka ya kgona go kgoreletsa Baiseraele go gwantela mo Nageng e e Solofeditsweng ka tsela ya phenyo. (Jošua 3:15-17) Mo motlheng wa moporofeti wa sesadi e bong Debora, dipula tse dikgolo di ile tsa gogola dikoloi tsa dipitse tsa mmaba wa Iseraele e bong Sisera. (Baatlhodi 5:21) Jehofa o tla dirisa one maatla ao a morwalela, dipula tse dikgolo le madiba a a boteng a metsi ka nako ya Haramagedona. Modumo wa maru le dikgadima le tsone di mo seatleng sa gagwe, fela jaaka lerumo kana mokotlopo o o tletseng ka metswi.
11. Go tla direga eng fa Jehofa a dirisa maatla a gagwe a magolo?
11 Ruri e tla bo e le tiragalo e e boifisang fa Jehofa a tla bo a dirisa maatla otlhe a gagwe a magolo. Mafoko a ga Habakuke a bontsha gore bosigo bo tla fetoga motshegare mme motshegare o tla phatsima go feta kafa letsatsi le ka o phatsimisang ka teng. E ka ne tlhaloso eno ya boporofeti kaga Haramagedona e tla nna ka tsela ya tshwantshetso kana ya mmatota, sengwe se re tlhomamisegang ka sone ke gore—Jehofa o tla fenya, ga a kitla a letla mmaba ope a falola.
Batho ba Modimo ba Tlhomamisediwa Poloko!
12. Modimo o tla dira eng ka baba ba gagwe, mme gone ke bomang ba ba tla bolokwang?
12 Moporofeti o tswelela pele a tlhalosa kafa Jehofa a tla nyeletsang baba ba Gagwe ka teng. Re bala jaana mo go Habakuke 3:12: “O ne wa ralala lefatshe ka kgakalo, wa photha merafe, o le bogale.” Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a kitla a fedisa batho botlhe a sa tlhaole. Batho bangwe ba tla bolokwa. Habakuke 3:13, (NW), ya re: “O ne wa tswa go ya go boloka batho ba gago, go boloka motlodiwa wa gago.” Ee, Jehofa o tla boloka batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Ka nako eo, Babelona o Mogolo, mmusomogolo wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka o tla bo a sentswe gotlhelele. Le fa go ntse jalo, gompieno ditšhaba di leka go nyeletsa kobamelo e e itshekileng. Go ise go ye kae, batlhanka ba ga Jehofa ba tla bo ba tlhaselwa ke matsholo a ga Goge wa Magoge. (Esekodo 38:1–39:13; Tshenolo 17:1-5, 16-18) A tlhaselo eo ya boikepo e tla atlega? Nnyaa! Ka nako eo Jehofa o tla photha baba ba gagwe ka tšhakgalo, a ba tapeta ka dinao jaaka fa go thugwa dithoro mo tshilong. Mme gone o tla boloka ba ba mo obamelang ka moya le ka boammaaruri.—Johane 4:24.
13. Habakuke 3:13 e tla diragadiwa jang?
13 Go nyelediwa gotlhelele ga baikepi go bolelelwa pele ka mafoko ano: “O [Jehofa ] ne wa mo thubaganya ene yo e leng tlhogo mo ntlong ya moikepi. Motheo o ne wa bipololwa go ya go fitlha kwa molaleng.” (Habakuke 3:13, NW) ‘Ntlo’ eno ke tsamaiso e e boikepo e e nnileng gone ka ntlha ya tlhotlheletso ya ga Satane Diabolo. E tla thubakwa. Yo “e leng ene tlhogo,” kana baeteledipele ba ba kgatlhanong le Modimo ba tla thubaganngwa. Kago eo yotlhe e tla senngwa go fitlha kwa motheong wa yone. Ga e kitla e tlhola e nna gone. A bo seo se tla re namola ka tsela e e molemo jang ne!
14-16. Go ya ka Habakuke 3:14, 15, go tla direga eng ka batho ba ga Jehofa le baba ba bone?
14 Kwa Haramagedona, batho ba ba lekang go bolaya “motlodiwa” wa ga Jehofa, ba tla tlhakatlhakanngwa. Go ya ka Habakuke 3:14, 15, (NW) moporofeti o bua le Modimo, a re: “O ne wa tlhaba tlhogo ya batlhabani ba gagwe ka dithobane tsa gagwe fa ba ne ba feta jaaka setsuatsue go nkgasamisa. Boitumelo jwa bone jo bo kwa godimo bo ne bo tshwana le jwa ba ba ikaeletseng go kometsa motho yo o bogisiwang mo lefelong la go itshuba. O ne wa gata go ralala lewatle ka dipitse tsa gago, o raletse bophadiphadi jwa metsi a mantsi.”
15 Fa moporofeti Habakuke a re “batlhabani . . . ba ne ba feta jaaka setsuatsue go nkgasamisa,” o buelela batlhanka ba ga Jehofa ba ba tloditsweng. Fela jaaka dinokwane tse di lalelang batho, ditšhaba di tla lalela baobamedi ba ga Jehofa go ba nyeletsa. Baba bano ba Modimo le ba batho ba gagwe ba tla nna mo ‘boitumelong jo bo kwa godimo,’ ka tsholofelo ya gore ba tla atlega. Bakeresete ba ba ikanyegang ba tla lebega ba le bokoa, jaaka “motho yo o bogisiwang.” Mme gone, e tla re fa matsholo ano a a kgatlhanong le Modimo a tlhasela, Jehofa o tla dira gore a tlhabantshane ka boone. Ba tla dirisa dibolao tsa bone, kana “dithobane,” go bolaya masole a bagabone.
16 Mme go tla direga sengwe gape. Jehofa o tla dirisa matsholo a semoya a a nang le maatla a a fetang a motho go konela tiro ya go nyeletsa baba ba gagwe. O tla dirisa “dipitse” tsa masole a gagwe a selegodimo a a eteletsweng pele ke Jesu Keresete go tswelela pele a fenya go ralala “lewatle” le “bophadiphadi jwa metsi a mantsi,” ke gore, bontsintsi jo bo ntseng bo oketsega jwa baba. (Tshenolo 19:11-21) Go tswa foo baikepi ba tla nyelediwa mo lefatsheng. A bo seo e le sesupo se se maatla jang ne sa maatla le tshiamiso ya Modimo!
Letsatsi la ga Jehofa le a Tla!
17. (a) Ke eng fa re ka tshepa gore mafoko a ga Habakuke a tla diragala? (b) Re ka tshwana jang le Habakuke fa re ntse re letile letsatsi le legolo la ga Jehofa?
17 Re ka tlhomamisega gore mafoko ao a ga Habakuke a tla tloga a diragadiwa. Ga a kitla a diega. O tsibogela jang kitsetsopele eno? Se lebale gore Habakuke o ne a kwala a tlhotlheleditswe ke Modimo. Jehofa o tla tsaya kgato, mme go tla bo go dubegile mo lefatsheng fa seo se direga. Ga go gakgamatse go bo moporofeti a ile a kwala jaana: “Ka utlwa, mme mpa ya me ya roroma, dipounama tsa me tsa tlakaselela lentswe; go nyera ga ntsena mo marapong, ka roroma mo felong ga me; ka go lebelela motlha wa tlalelo, mogang o bololelang batho, e bong ene yo o mo tlhaselang a le ditlhophatlhopha.” (Habakuke 3:16) Habakuke o ne a roroma thata—o ne a na le lebaka la go ikutlwa jalo. A mme tumelo ya gagwe e ne ya reketla? Legoka! O ne a iketleeleditse go letela letsatsi le legolo la ga Jehofa ka tidimalo. (2 Petere 3:11, 12) A ga se kafa le rona re ikutlwang ka teng? Ee, go ntse jalo! Re dumela re sa belaele gore boporofeti jwa ga Habakuke bo tla diragadiwa. Mme gone, re tla leta ka bopelotelele go fitlha bo diragadiwa.
18. Le fa Habakuke a ile a lebelela gore mathata a tla tlhaga, o ile a nna le boikutlo bofe?
18 Ka metlha ntwa e baka maemo a a boima, tota le mo bathong ba kgabagare e nnang bafenyi. Dijo di ka nna tsa tlhaela. Batho ba ka senyegelwa ke dithoto. Maemo a botshelo a ka nna maswe. Fa seo se ka re diragalela, re tla itshwara jang? Habakuke o ne a re tlhomela sekao se se molemo tota, gonne o ile a re: “Gonne le fa mofeige o se ketla o thunya, le fa go tlaa bo go se na loungo mo mafineng; tiro ya motlhware e ka tla ya tlhaela, le matlhagare a se ka a ntsha dijo; letsomane le ka tla la kgaolwa mo lesakaneng, mme go se ka ga dirana le matlhape mo marakeng. Le fa go ntse jalo ke tlaa itumela mo go Jehofa, ke tlaa ipela mo Modimong wa poloko ya me.” (Habakuke 3:17, 18) Habakuke o ile a bontsha go nna tekatekano ka go lebelela gore go tla tlhaga maemo a a boima, gongwe leuba. Le fa go ntse jalo, o ile a tswelela ka go ipela mo go Jehofa, yo poloko ya gagwe e neng e tswa mo go ene.
19. Bakeresete ba le bantsi ba lebana le mathata afe, mme gone, re ka tlhomamisega ka eng fa re baya Jehofa kwa pele mo botshelong jwa rona?
19 Gompieno, le e leng pele ga ntwa ya ga Jehofa kgatlhanong le baikepi e simologa, batho ba le bantsi ba welwa ke mathata a a masisi. Jesu o ile a bolelela pele gore dintwa, mauba, dithoromo tsa lefatshe le dikgogodi di ne di tla nna karolo ya ‘sesupo sa go nna gone ga gagwe’ ka maatla a bogosi. (Mathaio 24:3-14; Luke 21:10, 11) Badumedikarona ba bantsi ba tshela mo dinageng tse di ganyaotsweng ke dilo tseno tse Jesu a di boletseng, mme ba boga thata ka ntlha ya tsone. Bakeresete ba bangwe ba tla amega ka tsela e e ntseng jalo mo isagweng. Mo go ba le bantsi ba rona, go ka nna ga direga gore ‘mofeige o se ke wa thunya’ pele bokhutlo bo tla. Le fa go ntse jalo, re itse lebaka la go bo dilo tseno di direga, mme seo se a re nonotsha. Mo godimo ga moo, re na le yo o re emang nokeng. Jesu o ile a solofetsa jaana: “Jalo, nnang lo senke pele bogosi [jwa Modimo] le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.” (Mathaio 6:33) Seno ga se bolele gore re tla tshela botshelo jwa go tlhaba kgobe ka mmutla, mme gone, se re tlhomamisetsa gore fa re baya Jehofa kwa pele mo botshelong jwa rona, o tla re tlhokomela.—Pesalema 37:25.
20. Le fa re lebana le mathata a nakwana, re tshwanetse go ititaya sehuba go dira eng?
20 Le fa re ka tswa re tshwanelwa ke go lebana le mathata a a ntseng jang a nakwana, ga re kitla re tlogela go ikanya maatla a Jehofa a nang le one go re boloka. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba bantsi ba Afrika, Yuropa Botlhaba le mafelo a mangwe ba lebana le mathata a magolo, mme gone ba tswelela pele ba “itumela mo go Jehofa.” E kete le rona, fela jaaka bone, re se ka ra lesa go dira jalo. Se lebale gore Morena Molaodimogolo Jehofa ke Motswedi wa ‘maatla a botlhaga.’ (Habakuke 3:19, NW) Ga a kitla a re swabisa. Ruri Haramagedona e tla tla, mme lefatshe le lesha le Modimo a re solofeditseng lone le tla latela. (2 Petere 3:13) Ka nako eo, “lefatshe le tlaa tlala kitso ya kgalalelo ya ga Jehofa, jaaka metsi a khurumeditse lewatle.” (Habakuke 2:14) Fa re sa ntse re letile nako eo e e itumedisang, a re etseng sekao se se molemo sa ga Habakuke. A ka metlha re ‘itumeleng mo go Jehofa le go ipela mo Modimong wa poloko ya rona.’
A o A Gakologelwa?
• Thapelo ya ga Habakuke e ka re ama jang?
• Ke eng fa Jehofa a gwanta?
• Boporofeti jwa ga Habakuke bo tlhalosa eng kaga poloko?
• Re tshwanetse go nna le boikutlo bofe fa re ntse re letetse letsatsi le legolo la ga Jehofa?
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
A o itse gore Modimo o tla dirisa masole afe go lwa le baikepi kwa Haramagedona?