Buka ya Bibela ya bo 37—Hagai
Mokwadi: Hagai
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Jerusalema
Go Wediwa ga go E Kwala: 520 B.C.E.
Lobaka Lo Lo Tserweng: Malatsi a le 112 (520 B.C.E.)
1, 2. Ke tshedimosetso efe e e newang kaga moperofeti Hagai, mme molaetsa wa gagwe o o gabedi e ne e le ofe?
LEINA la gagwe e ne e le Hagai; o ne a le moperofeti le “moroñwi oa ga Yehofa,” mme o ne a tswa kae? (Hag. 1:13) E ne e le mang? Hagai ke moperofeti wa lesome wa baperofeti ba ba bidiwang ba babotlana, mme e ne e le wa ntlha wa ba bararo ba ba neng ba direla morago ga go boela ga Bajuda kwa nagagaeng ya bone ka 537 B.C.E., ba babedi ba bangwe e le Sekaria le Malaki. Leina la ga Hagai (Sehebera, Chag·gaiʹ) le raya “[Yo o Tshotsweng go le] Moletlo.” Seno se ka nna sa bo se kaya gore o ne a tsholwa ka letsatsi la modiro mongwe wa dijo.
2 Jaaka polelo ya bogologolo ya Bajuda e lemotsha, go a utlwala go fetsa ka gore Hagai o ne a tsholelwa kwa Babelona a bo a boela kwa Jerusalema le Serubabele le Moperesiti yo Mogolo Joshua. Hagai o ne a dira ka kutlwano le moperofeti Sekaria, mme mo go Esere 5:1 le 6:14, batho ba babedi bano ba bontshiwa ba kgothaletsa barwa ba batho ba ba neng ba ile botshwarwa go simolola go aga tempele. O ne a le moperofeti wa ga Jehofa ka mabaka a mabedi, ka gore o ne a kgothaletsa Bajuda go dira ditiro tsa bone tse ba neng ba di abetswe ke Modimo a bo a bolelela pele, gareng ga dilo tse dingwe, gore merafe yotlhe e ne e tla tshikhinngwa.—Hag. 2:6, 7.
3. Bajuda ba ne ba paletswe ke go lemoga eng malebana le go boa ga bone kwa botshwaro?
3 Ke ka ntlhayang fa Jehofa a ne a roma Hagai? Ke ka baka leno: Ka 537 B.C.E., Kurose o ne a ile a ntsha taolo a letlelela Bajuda go boela kwa nagagaeng ya bone go ya go aga ntlo ya ga Jehofa gape. Mme jaanong ngwaga ono e ne e le 520 B.C.E., mme tempele eo e ne e le kgakala le go fediwa. Mo dingwageng tseno tsotlhe Bajuda ba ne ba dirile gore kganetso mmogo le boitlhokomoloso jwa bone le go rata dilo tse di bonalang go ba thibele go lemoga se tota boikaelelo jwa go boa ga bone e neng e le sone.—Esere 1:1-4; 3:10-13; 4:1-24; Hag. 1:4.
4. Ke eng se se neng se diile go agiwa ga tempele, mme ke ditiragalo dife tse di neng tsa diragala fa Hagai a ne a simolola boperofeti jwa gagwe?
4 Jaaka dipego di bontsha, “batho ba lehatshe ba koahatsa mabōgō a batho ba Yuda, me ba chwenya mo go ageñ, Me ba ba thapèla balogisa maanō ka tuèlō, go tla ba senya boikaèlèlō yoa bōnè” fela fa go sena go thaiwa motheo wa tempele (ka 536 B.C.E.). (Esere 4:4, 5) Kwa bokhutlong, ka 522 B.C.E., baganetsi bano ba e neng e se Bajuda ba ne ba kgona go dira gore tiro eo e thibelwe kafa molaong. E ne e le ka ngwaga wa bobedi wa puso ya kgosi ya Peresia Darius Hystaspis, ke gore, ka 520 B.C.E., fa Hagai a ne a simolola go bolelela pele, mme seno se ne sa kgothatsa Bajuda gore ba simolole go aga tempele ya bone. Fela fa ba dira jalo, babusi ba merafe e e dikologileng ba ne ba kwalela Dario lokwalo ba kopa gore go ntshiwe taolo malebana le tiro eo; Dario o ne a tsosolosa taolo ya ga Kurose mme a ema Bajuda nokeng kgatlhanong le baba ba bone.
5. Ke eng se se supang gore buka ya Hagai ke karolo ya dikwalo tsa Bibela?
5 Go ne go sena Mojuda ope yo o neng a belaela gore boperofeti jwa Hagai e ne e le karolo ya Dikwalo tsa Sehebera, mme seno se tshegediwa gape ke go bo go buiwa ka ene mo go Esere 5:1 gore o ne a bolelela pele “mo ineñ ya Modimo oa Iseraela,” mmogo le mo go Esere 6:14. Gore boperofeti jono ke karolo ya “Lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo” go supelwa ke go bo Paulo a tsopola mo go lone mo go Bahebera 12:26: “Me gompiyeno o boletse, a re, Ke sa nntse ke tla roromisa gañwe hèla, e señ lehatshe hèla, me le yeōna legodimo.”—Hag. 2:6.
6. Ke eng se se leng mo boperofeting jwa ga Hagai, mme leina la ga Jehofa le gatelelwa jang?
6 Boperofeti jwa ga Hagai bo na le melaetsa e le menè eo e neetsweng mo lobakeng lo lo fetang malatsi a 112. Mokgwa wa gagwe wa go kwala o tlhaloganyesega motlhofo e bile o tlhamaletse, mme go lemotshega sentle fa a gatelela leina la ga Jehofa. Mo ditemaneng tsa gagwe tse 38, o umaka leina la ga Jehofa makgetlo a le 35, makgetlo a le 14 ka mafoko a a reng “Yehofa oa mashomōshomō.” Ga a dire gore ope a belaele gore molaetsa wa gagwe o tswa kwa go Jehofa: “Ga bua Hagai moroñwi oa ga Yehofa ka molaeco oa ga Yehofa mo bathuñ, a re, Ke na le lona, go bua Yehofa.”—1:13.
7. Hagai o ne a kgothaletsa Bajuda go dira eng, mme ke eng se se neng se tlhalosiwa ke molaetsa wa gagwe?
7 Eno e ne e le nako ya botlhokwa fela thata mo hisitoring ya batho ba Modimo, mme tiro ya ga Hagai e ne ya supega fa e le e e nang le mosola fela thata. O ne a dira tiro ya gagwe ya boperofeti ka botlalo tota, mme ebile gaa ka a nolofatsa mafoko fa a ne a bua le Bajuda. O ne a ba bolelela a sa kgwe mathe gore e ne e le nako ya go tlogela go nna ba busetsa nako kwa morago mme gore ba ne ba tshwanetse go bereka. E ne e le nako ya go aga ntlo ya ga Jehofa le go busetsa kobamelo e e itshekileng fa e le gore ba ne ba batla go ipelela go tlhogonolofadiwa ke Jehofa. Se tota se tlhalosiwang ke molaetsa otlhe wa ga Hagai ke gore fa motho a batla go ipelela masego a a tswang kwa go Jehofa, o tshwanetse go direla Modimo wa boammaaruri a bo a dire tiro e Jehofa a e mo laolelang.
SEO SE LENG MO GO HAGAI
8. Ke ka ntlhayang fa Jehofa a sa segofatse Bajuda ka dilo tse di bonalang?
8 Molaetsa wa ntlha (1:1-15). Molaetsa ono o lebisitswe kwa go Mmusi Serubabele le Moperesiti yo Mogolo Joshua, mme o utlwiwa le ke batho ba bangwe. Batho bao ba ne ba ntse ba re, “Ga se lobaka loa rona go tla, ga se lobaka loa ntlo ea ga Yehofa go agiwa.” Jehofa o botsa ka Hagai potso e e dirang gore ba ikakanye fa a re: “A ke lobaka mo go lona ka losi loa go aga mo matluñ a a khurumedicweñ kwa godimo ka dimati, me ntlo e eōna, e kgakgabetse hela?” (1:2, 4) Ba jadile dijalo di le dintsi tse di bonalang, mme ga baa bona dijo dipe tse di kalo, dino, lefa e le diaparo. Jehofa o kgothatsa ka go re, “Gopolañ mekgwa ea lona.” (1:7) Ke nako ya gore ba tlise dikota mme ba age ntlo eo, gore Jehofa a ke a galalediwe. Bajuda ba tlhokomela matlo a eleng a bone, mme ntlo ya ga Jehofa yone e kgakgabetse fela. Ka jalo, Jehofa o dirile gore go seka ga na monyo ope go tswa kwa legodimong le gore masimo a bone a seka a ntsha totafalo ya one ebile ga a segofatsa batho bao le ditiro tsa bone.
9. Jehofa o kgorola Bajuda jang gore ba simolole tiro?
9 Ee, ke gone ba tlhaloganyang! Hagai gaa perofetela lefela. Babusi le batho ba simolola go “utlwa lencwe ya ga Yehofa Modimo oa bōnè.” Go na le gore ba boife batho jaanong ba boifa Jehofa. Jehofa o ba tlhomamisetsa jaana ka morongwa wa gagwe Hagai a re: “Ke na le lona.” (1:12, 13) Jehofa ka boene ke ene yo o tsosang moya wa mmusi, moya wa moperesiti yo mogolo, le moya wa masalela a batho ba Gagwe. Ba simolola go dira, malatsi a le 23 fela morago ga Hagai a simolola go perofeta mme ebile ba dira jalo go sa kgathalesege go bo puso ya Peresia e thibetse tiro eo kafa molaong.
10. Bajuda bangwe ba ikutlwa jang ka tempele eo ba e agang, mme ke eng se Jehofa a se solofetsang?
10 Molaetsa wa bobedi (2:1-9). Go feta lobaka lo lo sa feteng kgwedi morago ga tiro ya go aga e sena go simololwa gape, mme Hagai o neela molaetsa wa gagwe wa bobedi o o tlhotlheleditsweng. Molaetsa ono o lebisitswe kwa go Serubabele, Joshua, le masalela a batho bao. Ka mo go bonalang ka gone bangwe ba Bajuda ba ba neng ba boile kwa botshwarong le ba ba neng ba bone tempele e e neng e le teng pele ya ga Solomone ba ne ba ikutlwa gore tempele eno e ne e sa kake ya tshwana le ya ntlha ka gope. Mme mafoko a ga Jehofa wa masomosomo ke afe? ‘Nnang thata lo dire tiro, gonne ke na le lona.’ (2:4) Jehofa o ba gakolola ka kgolagano ya gagwe le bone, mme o ba bolelela gore ba seka ba boifa. O ba nonotsha ka go ba solofetsa gore o tla tshikhinya merafe yotlhe a bo a dire gore dilo tsa yone tse di eletsegang di tle le gore o tla tlatsa ntlo ya gagwe ka kgalalelo. Kgalalelo ya ntlo ya gagwe ya morago e tla nna kgolo go gaisa le eleng ya pele, mme o ne a tla tlisa kagiso mo lefelong leno.
11. (a) Hagai o bontsha gore baperesiti ba tlhokomologile eng ka setshwantsho sefe? (b) Seo se ne sa felela ka eng?
11 Molaetsa wa boraro (2:10-19). Morago ga dikgwedi tse pedi le malatsi a le mararo, Hagai o bua le baperesiti. O dirisa setshwantsho sengwe go tlhalosa ntlha ya gagwe. A re a moperesiti yo o tshotseng nama e e boitshepo o ka dira gore sejo sengwe le sengwe se a se amang se nne boitshepo? Karabo ke nnyaa. A motho yo o amang selo se se leswafetseng, se se tshwanang le mmele wa motho yo o suleng, o ka leswafadiwa ke selo seo? Karabo ke ee. Go tswa foo Hagai o dirisa setshwantsho seo sa gagwe. Batho ba lefatshe leo ba leswafetse ka baka la go bo ba tlhokomologile kobamelo e e itshekileng. Sengwe le sengwe se ba se isang tshupelo se lebega se leswafetse mo go Jehofa Modimo. Ka baka la seno, Jehofa gaa segofatsa ditiro tsa bone, mme mo godimo ga moo o ba romeletse mogote o o fisang, phori, le sefako. A ba fetole ditsela tsa bone. Ke gone Jehofa o tla ba segofatsang.
12. Ke molaetsa ofe wa bofelo o Hagai a neng a o lebisa go Serubabele?
12 Molaetsa wa bonè (2:20-23). Hagai o bolela molaetsa ono mo go lone letsatsi leo a bolelang molaetsa wa boraro ka lone, mme o o lebisitse go Serubabele. Jehofa o bua gape ka gore o tla “reketlisa magodimo le lehatshe,” mme mo nakong eo o atolosa setlhogo seno ka go bua gape le ka go nyelelediwa ruri ga magosi a merafe. Magosi a le mantsi a tla fedisiwa, “moñwe le moñwe ka chaka ea morwa rragwè.” (2:21, 22) Hagai o digela boperofeti jwa gagwe ka go tlhomamisetsa Serubabele gore Jehofa o a mo amogela.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
13. Hagai o ne a perofeta ka eng se se neng se tla ba solegela molemo mo nakong e khutshwane?
13 Melaetsa e menè e Jehofa o neng a e bolela ka Hagai e ne e na le mosola mo Bajudeng ba motlha oo. Ba ne ba kgothalediwa go dira tiro ka tlhoafalo, mme mo dingwageng di le nnè le sephatlo, tempele eo e ne e weditswe mo e neng e ka dirisediwa kobamelo ya boammaaruri mo Iseraele. (Esere 6:14, 15) Jehofa o ne a segofatsa tiro ya bone eo ba neng ba e dira ka botlhaga. Dario kgosi ya Peresia o ne a tlhatlhoba dipego tsa puso eo a bo a tlhomamisa taolo ya ga Kurose gape mo go yone nako eno ya go agiwa ga tempele. Ka jalo tiro ya go aga tempele e ne ya wediwa a e eme nokeng semolao.—Esere 6:1-13.
14. Hagai o fa kgakololo efe e e molemo mo motlheng wa rona?
14 Boperofeti joo gape bo na le kgakololo e e molemo e e dirang mo motlheng wa rona. Ke ka ntlhayang fa re rialo? Selo sa ntlha, bo gatelela gore sebopiwa sengwe le sengwe se tshwanetse go baya dikgatlhego tsa kobamelo ya Modimo kwa pele ga dikgatlhego tsa gagwe. (Hag. 1:2-8; Math. 6:33) Gape e tlhalosa sentle ntlha ya gore bogagapa bo senya mong wa jone, gore ga go na mosola go lelekisa dilo tse di bonalang; gore kagiso le tshegofatso tsa ga Jehofa ke tsone tse di humisang. (Hag. 1:9-11; 2:9; Dia. 10:22) Bo gatelela gape gore tirelo Modimo ga e phepafatse motho kwantle ga fa e le e e itshekileng ebile e dirwa ka moya otlhe, le gore ga e a tshwanelwa go leswafadiwa ka boitshwaro jo bo leswafetseng. (Hag. 2:10-14; Bakol. 3:23; Bar. 6:19) Bo bontsha gore batlhanka ba Modimo ga ba tshwanela go tlhoka tsholofelo, ba eletsa “malatsi a a neng a itumedisa a bogologolo,” mme ba tshwanetse go leba kwa pele, ba ‘tlhoma pelo ya bone mo ditseleng tsa bone’ mme ba batla go tlisetsa Jehofa kgalalelo. Ke gone Jehofa o tla nnang le bone.—Hag. 2:3, 4; 1:7, 8, 13; Bafil. 3:13, 14; Bar. 8:31.
15. Buka ya Hagai e bontsha eng malebana le diphelelo tsa go tlhagafalela go nna kutlo?
15 Fela fa Bajuda ba simolola go tshwarega ka go bereka kwa tempeleng, Jehofa o ne a ba amogela, mme ba ne ba tlhogonolofala. Dikgoreletsi di ne tsa nyelela. Tiro e ne ya wediwa ka nako ya yone. Ka metlha tiro e e direlwang Jehofa ka botlhokapoifo, le ka botlhaga e tla duelwa. Mathata, e le a mmatota kana a a ikakanyediwang fela, a ka fenngwa ka go nna le tumelo ka bopelokgale. Fa batho ba utlwa “lehoko ya ga Yehofa” ba nna le matswela.—Hag. 1:1.
16. Boperofeti jwa ga Hagai bo amana jang le tsholofelo ya Bogosi, mme bo tshwanetse go re kgoromeletsa go dira eng gompieno?
16 Go tweng ka boperofeti jwa gore Jehofa o tla “reketlisa magodimo, le lehatshe”? Moaposetoloi Paulo o dirisa Hagai 2:6 mo mafokong ano a re: “Me gompiyeno [Modimo] o boletse, a re, Ke sa nntse ke tla roromisa gañwe hèla, e señ lehatshe hèla, me le yeōna legodimo. Me lehoko ye, ya go re, Gañwe hèla, le kaea go tlosiwa ga dilō tse di reketlañ, yaka ga dilō tse di bopilweñ, gore dilō tse di se kañ tsa reketla di salè. Ke gōna, ereka re amogèla bogosi yo bo sa kakeñ yoa reketlisiwa, a re nneñ le tshegōhaco e re ka dihañ tihō e e kgatlhañ Modimo ka eōna, ka tshisimogō le poihō; Gonne Modimo oa rona ke molelō o o lailañ.” (Baheb. 12:26-29) Hagai o bontsha gore go reketlisiwa moo go direlwa go “ribegetsa setulō sa magosi, [le go] senya thata ea magosi a merahe.” (Hag. 2:21, 22) Fa a tsopola boperofeti joo, Paulo o bua gore, phapaanong le seo, Bogosi jwa Modimo jone ke “yo bo sa kakeñ yoa reketlisiwa.” A he re ‘nonofeng mme re dire,’ re direle Modimo tirelo e e boitshepo, re na le tsholofelo eo ya Bogosi. Gape, a re gakologelweng gore, pele ga Jehofa a ribegetsa merafe ya lefatshe, selo sengwe sa botlhokwa se tshwanetse go fuduiwa mo go yone mme se tshwanetse go tswa, gore se bolokiwe: “Ke tla reketlisa merahe eotlhe, me dilō tse di elètsègañ tsa merahe eotlhe di tla tla, me ke tla tlatsa ntlo e ka kgalalèlō, go bua Yehofa oa mashomōshomō.”—2:4, 7.