Kgaolo ya Masomeamabedirobedi
Lesedi la Ditšhaba
1, 2. Ke ka ntlha yang fa lesedi le le botlhokwa, mme lefifi le le bipileng lefatshe gompieno ke la mofuta ofe?
JEHOFA ke Motswedi wa lesedi, “Monei wa letsatsi gore go nne lesedi motshegare, melao ya ngwedi le dinaledi gore go nne lesedi bosigo.” (Jeremia 31:35) Ka ntlha ya seno fela, o tshwanetse a tsewa e le Motswedi wa botshelo, ka gonne lesedi ke botshelo. Fa lefatshe le ka bo le sa nne le apere bothitho le lesedi la letsatsi, botshelo jaaka bo ntse gompieno bo ka bo bo seyo. Polanete ya rona e ka bo e se na ditshedi.
2 Ka gone, ke selo se re ka amegang thata ka sone go bo Jehofa a ile a bolelela pele nako ya lefifi, e seng lesedi, fa a ne a akantse ka motlha wa rona. Isaia o ile a kwala jaana a tlhotlhelediwa: “Bona! lefifi le tla bipa lefatshe, le letobo le lentshontsho le tla bipa ditlhopha tsa ditšhaba.” (Isaia 60:2) Gone ke boammaaruri, mafoko ano a ne a kaya lefifi la semoya, e seng la mmatota, mme bomasisi jwa one ga bo a tshwanela go itlhokomolosiwa. Kgabagare batho ba ba se nang lesedi la semoya ga ba kgone go tshela, fela jaaka ba ba sa boneng lesedi le le tswang kwa letsatsing.
3. Mo metlheng eno e e lefifi, re ka leba kae gore re bone lesedi?
3 Mo metlheng eno e e lefifi, re ka se itlhokomolose lesedi la semoya le Jehofa a re nayang lone. Go botlhokwa gore re lebelele gore Lefoko la Modimo le bonese tsela ya rona, re bala Baebele letsatsi le letsatsi fa go kgonega. (Pesalema 119:105) Dipokano tsa Bokeresete di re naya sebaka sa gore re kgothatsane gore re nne re le mo ‘tselaneng ya basiami.’ (Diane 4:18; Bahebera 10:23-25) Nonofo e re e bonang ka go ithuta Baebele ka tlhoafalo le ka go kopanela le Bakeresete e re thusa gore re se ka ra komediwa ke lefifi la ‘metlha eno ya bofelo,’ e e tla konelang ka ‘letsatsi le legolo la bogale jwa ga Jehofa.’ (2 Timotheo 3:1; Sefania 2:3) Letsatsi leo le ntse le tla ka bofefo! Eleruri le tla tla fela jaaka banni ba Jerusalema wa bogologolo ba ile ba tlelwa ke letsatsi le le ntseng jalo.
Jehofa o ‘Tsena mo Tshekong’
4, 5. (a) Jehofa o tlhasela Jerusalema ka tsela efe? (b) Ke eng fa re ka konela ka gore ke palo e nnye fela e e tla falolang go senngwa ga Jerusalema ka 607 B.C.E.? (Bona ntlhanyana e e kwa tlase.)
4 Mo ditemaneng tse di konelang boporofeti jo bo kgatlhang jwa ga Isaia, Jehofa o tlhalosa ka phepafalo ditiragalo tse di felelang ka letsatsi la bogale jwa gagwe. Re bala jaana: “Jehofa o tla jaaka molelo, le dikara tsa gagwe di tshwana le phefo ya matsubutsubu, gore a lefe bogale jwa gagwe ka tšararego fela le kgalemo ya gagwe ka dikgabo tsa molelo. Gonne Jehofa o tla tsena mo tshekong fela jaaka molelo, ee, ka tšhaka ya gagwe, kgatlhanong le nama yotlhe; mme ba ba bolailweng ke Jehofa ruri ba tla nna bantsi.”—Isaia 66:15, 16.
5 Mafoko ao a tshwanetse a thusa batho ba motlha wa ga Isaia gore ba lemoge bomasisi jwa seemo sa bone. Nako e a atamela e ka yone Bababelona, jaaka badiragatsakatlholo ba ga Jehofa, ba tla tlhaselang Jerusalema, dikara tsa bone di thuntsha dithole jaaka phefo ya matsubutsubu. A bo go tla bo go tshosa jang ne! Jehofa o tla dirisa batlhasedi bao go diragatsa dikatlholo tsa gagwe tse di boifisang kgatlhanong le “nama” yotlhe ya Bajuda ba ba sa ikanyegeng. Go tla nna jaaka e kete Jehofa ka boene o lwantsha batho ba gagwe. “Tšararego fela” ya gagwe ga e kitla e busediwa morago. Bajuda ba le bantsi ba tla wa jaaka “ba ba bolailweng ke Jehofa.” Boporofeti jono bo diragadiwa ka 607 B.C.E.a
6. Go diragala dilo dife tse di sa amogelesegeng kwa Juda?
6 A go a tshwanela gore Jehofa a ‘tsene mo tshekong’ kgatlhanong le batho ba gagwe? Ee ruri! Go le gantsi mo tlhalosong ya rona ya buka ya Isaia, re ile ra bona gore le mororo go ka bo go twe Bajuda ba ineetse mo go Jehofa, ba tseneletse mo bodumeding jwa maaka—mme Jehofa o ntse a bona ditiro tsa bone. Re bona seno gape mo mafokong a a latelang a boporofeti: “‘Ba ba iitshepisang ba bo ba intlafaletsa ditshingwana tse di kafa morago ga e e mo gare, ba ja nama ya kolobe le selo se se ilegang, le yone peba e e tlolang, botlhe ba tla fitlha bokhutlong jwa bone,’ go bua Jehofa.” (Isaia 66:17) A Bajuda bao ba ‘itshepisetsa le go intlafaletsa’ gore ba ipaakanyetse kobamelo e e itshekileng? Le eseng. Go na le moo ba dira mekgwa ya go intlafatsa ya boheitane mo ditshingwaneng tse di kgethegileng. Morago ga moo, ba ja nama ya kolobe ka bopelotshetlha mmogo le ya dibopiwa tse dingwe tse di itshekologileng go ya ka Molao wa ga Moshe.—Lefitiko 11:7, 21-23.
7. Labokeresete o tshwana jang le Juda yo o obamelang medingwana?
7 A seemo se se makgapha mo setšhabeng se Modimo o o esi wa boammaaruri a dirileng kgolagano le sone! Mme akanya fela: Go na le seemo se le sone se leng makgapha fela jalo gompieno mo ditumelong tsa Labokeresete. Bano le bone ba ipolela fa ba direla Modimo, le baeteledipele ba bone ba le bantsi ba itira e kete ba ineetse mo tumelong. Mme ba iteswafatsa ka dithuto le dingwao tsa boheitane, ba itshupa fa ba le mo lefifing la semoya. A bo lefifi leo le le legolo jang ne!—Mathaio 6:23; Johane 3:19, 20.
‘Ba Tla Tla go Bona Kgalalelo ya Me’
8. (a) Ke eng se se tla diragalelang Juda mmogo le Labokeresete? (b) Ditšhaba di tla ‘bona kgalalelo ya ga Jehofa’ ka tsela efe?
8 A Jehofa o lemoga ditiro tsa Labokeresete tse di sa amogelesegeng le dithuto tsa yone tsa maaka? Bala mafoko a a latelang a ga Jehofa, jaaka a kwadilwe ke Isaia, mme o bone gore o swetsa jang: “Fa e le ditiro tsa bone le dikakanyo tsa bone, ke etla gore ke tle ke phuthe ditšhaba tsotlhe le diteme tsotlhe mmogo; mme ba tla tla go bona kgalalelo ya me.” (Isaia 66:18) Jehofa o lemoga e bile o iketleeditse go atlhola e seng ditiro fela mme le dikakanyo tsa batho ba ba ipolelang gore ke batlhanka ba gagwe. Juda o ipolela fa a dumela mo go Jehofa, mme ditiro tsa gagwe tsa go obamela medingwana le mekgwa ya gagwe ya boheitane e bontsha fa seo e se boammaaruri. Banni ba yone ba ‘iitshekisa’ go ya ka dingwao tsa boheitane mme ga go thuse. Setšhaba seno se tla fedisiwa, mme se tla fedisiwa jalo mo ponong ya baagelani ba sone ba ba obamelang medingwana. Bano ba tla ‘bona kgalalelo ya ga Jehofa’ ka tsela ya gore ba tla bona ditiragalo mme ba patelesege go dumela gore lefoko la ga Jehofa le diragetse. Sotlhe seno se dira ka tsela efe mo go Labokeresete? Fa a fedisiwa, ditsala tsa gagwe tse dintsi tsa pele le ba a neng a gweba le bone ba tla patelesega go emela kwa thoko ba lebelela go se na se ba ka se dirang jaaka fa lefoko la ga Jehofa le diragala.—Jeremia 25:31-33; Tshenolo 17:15-18; 18:9-19.
9. Jehofa o bolela dikgang dife tse di molemo?
9 A go senngwa ga Jerusalema ka 607 B.C.E. go raya gore Jehofa a ka se tlhole a nna le basupi mo lefatsheng? Nnyaa. Babolokabothokgami ba ba tlhomologileng, ba ba jaaka Daniele le balekane ba gagwe ba bararo, ba tla tswelela pele ba direla Jehofa le fa e setse e le batshwarwa kwa Babelona. (Daniele 1:6, 7) Ee, Jehofa o tla nna a ntse a na le basupi ba ba ikanyegang, mme banna le basadi ba ba ikanyegang ba tla tswa mo Babelona morago ga dingwaga di le 70 ba boela kwa Juda go ya go tsosolosa kobamelo e e itshekileng teng. Ke sone se Jehofa a buang ka sone mo temaneng e e latelang: “Ke tla tlhoma sesupo mo gare ga bone, mme ke tla romela bangwe ba ba ba falotseng kwa ditšhabeng, kwa Tareshishe, kwa Pule, le kwa Lude, ba ba somolang bora, Tubale le Jafane, ditlhaketlhake tse di kwa kgakala thata, tse di iseng di utlwe pego ka ga me kgotsa di bone kgalalelo ya me; mme ruri ba tla bolela ka kgalalelo ya me mo ditšhabeng.”—Isaia 66:19.
10. (a) Bajuda ba ba ikanyegang ba ba golotsweng kwa Babelona ba tla nna sesupo ka tsela efe? (b) Gompieno ke bomang ba e leng sesupo?
10 Bontsintsi jwa banna le basadi ba ba ikanyegang ba ba boelang kwa Jerusalema ka 537 B.C.E. ba tla nna sesupo se se gakgamatsang, bosupi jwa gore Jehofa o golotse batho ba gagwe. Ke mang yo o neng a ka akanya gore letsatsi lengwe Bajuda ba batshwarwa ba tla bo ba gololesegile gore ba ka diragatsa kobamelo e e itshekileng kwa tempeleng ya ga Jehofa? Ka tsela e e tshwanang mo lekgolong la ntlha la dingwaga, batho ba ba direlang “jaaka ditshupo le dikgakgamatso” e ne e le Bakeresete ba ba tloditsweng, ba batho ba ba pelonomi ba ba batlang go direla Jehofa ba neng ba thelegela kwa go bone. (Isaia 8:18; Bahebera 2:13) Gompieno Bakeresete ba ba tloditsweng, ba ba atlegang mo nageng ya bone e e tsosolositsweng, ke sesupo se se gakgamatsang mo lefatsheng. (Isaia 66:8) Ke bosupi jwa mmatota jwa maatla a moya wa ga Jehofa, ba ngoka batho ba ba pelonomi ba dipelo tsa bone di ba tlhotlheletsang go direla Jehofa.
11. (a) Morago ga tsosoloso, baditšhaba ba tla itse jang kaga Jehofa? (b) Sekarea 8:23 e ne ya diragadiwa jang la ntlha?
11 Le fa go ntse jalo, morago ga tsosoloso ka 537 B.C.E., batho ba ditšhaba ba ba iseng ba utlwe pego kaga Jehofa ba tla mo itse jang? Gone, ga se Bajuda botlhe ba ba ikanyegang ba ba tla boelang kwa Jerusalema kwa bokhutlong jwa botshwarwa jwa kwa Babelona. Bangwe ba tla sala kwa Babelona, jaaka Daniele. Ba bangwe ba tla gasamela kwa dikhutlong tse nnè tsa lefatshe. Mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E., go ne go na le Bajuda ba ba neng ba nna go ralala Mmusomogolo wa Peresia. (Esethere 1:1; 3:8) Kwantle ga pelaelo bangwe ba bone ba ne ba bolelela baagelani ba bone ba baheitane kaga Jehofa, ka gonne ba le bantsi ba ba tswang mo ditšhabeng tseo ba ne ba nna basokologela Sejudeng. Go bonala go diragetse se se tshwanang ka moopafadiwa wa Moethiopia, yo morutwa wa Mokeresete Filipo a neng a mo rerela mo lekgolong la ntlha la dingwaga. (Ditiro 8:26-40) Sotlhe seno se diragetse e le go diragadiwa ga ntlha ga mafoko a ga moporofeti Sekarea: “Go tla diragala mo metlheng eo gore batho ba le lesome ba ba tswang mo dipuong tsotlhe tsa ditšhaba ba tla tshwara, ee, ba tla tshwara ntlha ya seaparo sa monna yo e leng Mojuda, ba re: ‘Re tla tsamaya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.’” (Sekarea 8:23) Ee ruri, Jehofa o ne a romela lesedi kwa ditšhabeng!—Pesalema 43:3.
Go Tlisa “Mpho e e Yang Kwa go Jehofa”
12, 13. ‘Barwarraamotho’ ba tla tlisiwa Jerusalema jang go simologa ka 537 B.C.E.?
12 Fa Jerusalema e sena go agiwa sesha, Bajuda ba ba phatlaletseng kgakala le nagagae ya bone ba tla leba motse ono le tsamaiso ya one e e tsosolositsweng ya boperesiti e le boremelelo jwa kobamelo e e itshekileng. Ba le bantsi ba bone ba tla tsaya mesepele e meleele ba ya medirong ya ngwaga le ngwaga teng. Isaia o kwala jaana a tlhotlhelediwa: “‘Ba tla tlisa bomorwarrago botlhe go tswa mo ditšhabeng tsotlhe e le mpho e e yang kwa go Jehofa, ba le mo dipitseng le mo dikareng le mo dikoloing tse di bipilweng le mo meboulong le mo dikameleng tse di namagadi tse di bofefo, go tlhatlogela kwa thabeng ya me e e boitshepo, Jerusalema,’ go buile Jehofa, ‘fela jaaka fa bomorwa Iseraele ba tlisa mpho mo sejaneng se se phepa mo ntlong ya ga Jehofa. Gape ke tla tsaya bangwe ba bone ke ba tseela baperesiti, le Balefi.’”—Isaia 66:20, 21.
13 Bangwe ba ‘barwarraamotho bao go tswa mo ditšhabeng tsotlhe’ ba ne ba le teng ka letsatsi la Pentekosete fa moya o o boitshepo o ne o tshololelwa mo barutweng ba ga Jesu. Pego e balega jaana: “Go ne go na le Bajuda ba ba neng ba nna mo Jerusalema, batho ba ba nang le poifo ya bomodimo, ba ba tswang mo setšhabeng sengwe le sengwe sa tse di kafa tlase ga legodimo.” (Ditiro 2:5) Ba ne ba tla Jerusalema ba tla go obamela go ya ka ngwao ya Bajuda, mme fa ba utlwa dikgang tse di molemo ka ga Jesu Keresete, ba le bantsi ba ne ba bontsha tumelo mo go ene mme ba kolobediwa.
14, 15. (a) Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba phutha jang ‘bomorwarraabone’ ba ba oketsegileng ba semoya morago ga Ntwa ya Lefatshe I, mme bano ba ne ba tlisiwa kwa go Jehofa jang e le “mpho mo sejaneng se se phepa”? (b) Jehofa o ne a ‘tsaya bangwe ba bone a ba tseela baperesiti’ ka tsela efe? (c) Bakeresete bangwe ba ba tloditsweng ba ba neng ba nna le seabe mo go phutheng bomorwarraabone ba semoya e ne e le bomang? (Bona lebokoso le le mo tsebeng eno.)
14 A boporofeti jono bo a diragadiwa mo motlheng wa gompieno? Ee, ruri. Morago ga Ntwa ya Lefatshe I, batlhanka ba ga Jehofa ba ba tloditsweng ba ne ba lemoga go tswa mo Dikwalong gore Bogosi jwa Modimo bo ne bo tlhomilwe kwa legodimong ka 1914. Ka go ithuta Baebele ka kelotlhoko, ba ne ba lemoga gore go ne go tla phuthiwa baruaboswa ba bangwe ba Bogosi, kgotsa ‘barwarraamotho.’ Badiredi ba ba ititeileng sehuba ba ne ba tsaya mesepele ya go ya kwa “karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe” ba sepela ka mekgwa e e farologaneng, ba batla batho ba e ka nnang maloko a masalela a batlodiwa, bontsi jwa bone ba tswa mo dikerekeng tsa Labokeresete. Fa bano ba bonwa, ba ne ba tlisiwa e le mpho e e yang kwa go Jehofa.—Ditiro 1:8.
15 Batlodiwa ba ba neng ba phuthiwa mo dingwageng tsa bogologolo ba ne ba sa lebelela gore Jehofa a ba amogele jaaka ba ne ba ntse pele ba itse boammaaruri jwa Baebele. Ba ne ba tsaya dikgato tsa gore ba intlafatse ba tlose leswe la semoya le la boitsholo gore ba kgone go abiwa e le “mpho mo sejaneng se se phepa” kgotsa jaaka go buile moaposetoloi Paulo, “kgarebane e e itshekileng kwa go Keresete.” (2 Bakorintha 11:2) Mo godimo ga go gana dithuto tse di phoso, batlodiwa gape ba ne ba tshwanelwa ke go ithuta go nna ba sa tseye letlhakore mo dipolotiking tsa lefatshe leno. Ka 1931, fa batlhanka ba ga Jehofa ba sena go phepafadiwa ka selekanyo se se tlhokegang, ka bopelotshweu o ne a ba naya tshiamelo ya go ipitsa ka leina la gagwe e le Basupi ba ga Jehofa. (Isaia 43:10-12) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a ‘tsaya bangwe ba bone a ba tseela baperesiti’ ka tsela efe? Jaaka setlhopha, batlodiwa bano ba ne ba nna karolo ya “boperesiti jwa segosi, setšhaba se se boitshepo,” ba isetsa Modimo ditlhabelo tsa pako.—1 Petere 2:9; Isaia 54:1; Bahebera 13:15.
Go Phutha go Tswelela Pele
16, 17. “Bana ba lona” ke bomang morago ga Ntwa ya Lefatshe I?
16 Palo e e feletseng ya “boperesiti jwa segosi” ke 144 000, mme fa nako e ntse e ya, go phuthiwa ga bone go ne ga wela. (Tshenolo 7:1-8; 14:1) A tiro ya go phutha e ne ya felela foo? Nnyaa. Boporofeti jwa ga Isaia bo tswelela pele jaana: “‘Fela jaaka magodimo a masha le lefatshe le lesha tse ke di dirang di eme fa pele ga me,’ go bua Jehofa, ‘fela jalo bana ba lona le leina la lona le tla nna le eme.’” (Isaia 66:22) Fa mafoko ano a diragadiwa la ntlha, Bajuda ba ba boang kwa botshwarong jwa Babelona ba tla simolola go godisa bana. Ka gone, masalela a a buseditsweng gae a Bajuda, “lefatshe le lesha,” mo tsamaisong e ntšha ya Bajuda, “magodimo a masha,” a tla tlhomama thata. Le fa go ntse jalo, boporofeti jono bo diragaditswe ka tsela e e gakgamatsang thata mo motlheng wa rona.
17 “Bana” ba setšhaba sa barwarraamotho ba semoya ba se tsholang ke “boidiidi jo bogolo,” jo bo nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. Ba tswa “mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme,” mme ba eme “fa pele ga setulo sa bogosi le fa pele ga Kwana.” Bano “ba tlhatswitse diaparo tsa bone tse di telele ba bo ba di sweufatsa mo mading a Kwana.” (Tshenolo 7:9-14; 22:17) Gompieno “boidiidi jo bogolo” bo tswa mo lefifing la semoya bo tsena mo leseding le le newang ke Jehofa. Ba bontsha tumelo mo go Jesu Keresete, mme jaaka bomorwarraabone le bomorwadiarraabone ba ba tloditsweng, ba leka go nna ba le phepa semoyeng le mo boitsholong. Jaaka setlhopha ba tswelela pele go direla ba kaelwa ke Keresete mme ba tla ‘nna ba eme’ ka bosakhutleng!—Pesalema 37:11, 29.
18. (a) Maloko a boidiidi jo bogolo a ile a itshwara jang jaaka barwarraabone ba batlodiwa? (b) Batlodiwa le ditsala tsa bone ba obamela Jehofa jang “go tloga ka ngwedi o mosha go ya go ngwedi o mosha le go tloga ka sabata go ya go sabata”?
18 Banna le basadi bano ba ba dirang ka natla ba ba solofetseng go tshela mo lefatsheng ba a itse gore le fa go le botlhokwa go nna ba le phepa mo boitsholong le mo semoyeng, go itumedisa Jehofa go akaretsa dilo tse dintsi. Tiro ya go phutha e tsweletse pele, mme ba batla go nna le seabe mo go yone. Buka ya Tshenolo e bolelela pele jaana ka bone: “Ba . . . fa pele ga setulo sa bogosi sa Modimo; mme ba mo direla tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo mo tempeleng ya gagwe.” (Tshenolo 7:15) Mafoko ao a re gopotsa temana ya bobedi go tswa kwa go ya bofelo mo boporofeting jwa ga Isaia: “‘Ruri go tla diragala gore go tloga ka ngwedi o mosha go ya go ngwedi o mosha le go tloga ka sabata go ya go sabata nama yotlhe e tla tla go inkobela,’ go buile Jehofa.” (Isaia 66:23) Seno se a diragala gompieno. “Go tloga ka ngwedi o mosha go ya go ngwedi o mosha le go tloga ka sabata go ya go sabata”—ke gore, ka metlha, beke nngwe le nngwe ya kgwedi nngwe le nngwe—Bakeresete ba ba tloditsweng le ditsala tsa bone, boidiidi jo bogolo, ba kopana mmogo go tla go obamela Jehofa. Gareng ga tse dingwe ba dira seno ka go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete le ka go nna le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa. A o mongwe wa ba ba ‘tlang go ikobela Jehofa’ ka metlha? Batho ba ga Jehofa ba itumelela go dira seno fela thata, mme ba boidiidi jo bogolo ba tlhoafaletse nako e ka yone “nama yotlhe”—batho botlhe ba ba tshelang—ba tla direlang Jehofa “go tloga ka ngwedi o mosha go ya go ngwedi o mosha le go tloga ka sabata go ya go sabata” ka bosakhutleng.
Baba ba Modimo ba Felela Ruri
19, 20. Gehena e ne e dirisediwa eng mo metlheng ya Baebele, mme e tshwantshetsa eng?
19 Re saletswe ke temana e le nngwe fela mo thutong ya rona ya boporofeti jwa ga Isaia. Buka eno e konela ka mafoko ano: “Ba tla tswa ba ya go leba ditopo tsa batho ba ba neng ba ntirela tlolo; gonne diboko tse di mo go bone ga di kitla di swa le molelo wa bone ga o kitla o timiwa, mme ba tla nna selo se se ferosang sebete mo nameng yotlhe.” (Isaia 66:24) Jesu Keresete o tshwanetse a bo a ne a akantse boporofeti jono fa a ne a kgothaletsa barutwa ba gagwe gore ba se raraanye matshelo a bone mme ba beye dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele. O ne a re: “Fa leitlho la gago le dira gore o kgotšwe, le latlhe; go molemo thata gore o tsene mo bogosing jwa Modimo o le moitlho go na le gore o latlhelwe mo Gehena o na le matlho a le mabedi, koo diboko tsa tsone di sa sweng le molelo o sa tingweng gone.”—Mareko 9:47, 48; Mathaio 5:29, 30; 6:33.
20 Lefelo leno le go tweng Gehena ke eng? Makgolo a dingwaga a a fetileng, mokanoki wa Mojuda e bong David Kimhi o ne a kwala jaana: “Ke lefelo . . . le le tshwaraganeng le Jerusalema, mme ke lefelo le le leswe, mme ba latlhela dilo tse di itshekologileng le ditopo teng. Gape go ne go na le molelo o o tukelang ruri koo go fisa dilo tse di itshekologileng le marapo a ditopo. Ka gone katlholo ya baikepi e bidiwa ka tsela ya tshwantshetso go twe Gehinnom.” Fa e le gore, jaaka mokanoki yono wa Mojuda a akantsha, Gehena e ne e dirisediwa go latlhela mo go yone matlakala le ditopo tsa ba ba neng ba sa tshwanelwe ke go fitlhwa, molelo e ne e ka nna yone tsela e e tshwanetseng ya go fedisa matlakala a a ntseng jalo. Se se neng se sa jewa ke molelo, se ne se tla jewa ke diboko. A setshwantsho se se tshwanelang sentle jang ne sa go fedisediwa ruri ga baba ba Modimo!b
21. Buka ya Isaia e konela ka mafoko a a kgothatsang bomang, mme ka ntlha yang?
21 E re ka boporofeti jo bo kgatlhang jwa ga Isaia bo umaka ditopo, molelo le diboko jalo, a ga se boammaaruri gore bo konela ka tlhaloso e e tshosang? Ruri batho ba e leng baba ba Modimo ba ka akanya jalo. Mme mo ditsaleng tsa Modimo, tlhaloso ya ga Isaia ya go senngwa ka bosakhutleng ga baikepi e kgothatsa tota. Batho ba ga Jehofa ba tlhoka kgothatso eno ya gore baba ba bone le ka motlha ba ka se tlhole ba nna le maatla. Baba bao, ba ba baketseng baobamedi ba Modimo pogo e e kana kana e bile ba tliseditse leina la gagwe kgobo e e kana kana, ba tla senyediwa ruri. Morago ga moo, “matshwenyego a ka se tsoge lekgetlo la bobedi.”—Nahume 1:9.
22, 23. (a) Tlhalosa dingwe tsa ditsela tse o solegetsweng molemo ka tsone ke go ithuta buka ya Isaia. (b) E re ka o setse o ithutile buka ya Isaia, o ikaeletse eng, mme o solofetse eng?
22 Jaaka re konela thuto ya rona ya buka ya Isaia, eleruri re lemoga gore buka eno ya Baebele ga se hisitori fela e e sa kayeng sepe. Go na le moo, e re tshwaretse molaetsa wa motlha wa rona. Fa re akanya ka dinako tse di letobo tse Isaia a neng a tshela mo go tsone, re kgona go bona dilo tse motlha oo o neng o tshwana le wa rona ka tsone. Dipheretlhego tsa bopolotiki, boitimokanyo mo bodumeding, go tlhoka tshiamiso mo go tsa boatlhodi le go gatelelwa ga batho ba ba ikanyegang le ba ba humanegileng go ne go atile mo motlheng wa ga Isaia mme go atile le mo motlheng wa rona. Bajuda ba ba ikanyegang mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E. ba tshwanetse ba bo ba ile ba lebogela boporofeti jwa ga Isaia, mme le rona gompieno re a gomotsega fa re bo ithuta.
23 Mo metlheng eno e e bokete fa lefifi le bipile lefatshe le lefifi le lentshontsho le bipile ditlhopha tsa ditšhaba, rotlhe re leboga thata go bo Jehofa a dirisitse Isaia go naya batho botlhe lesedi! Lesedi leo la semoya tota le kaya botshelo jo bo sa khutleng mo go botlhe ba ba le amogelang ka pelo yotlhe, le fa e ka tswa e le ba setšhaba sefe kgotsa ba lotso lofe. (Ditiro 10:34, 35) Ka gone he, a re nneng re tsamaye mo leseding la Lefoko la Modimo, re le bala ka metlha, re tlhatlhanya ka lone le go ngomaela molaetsa wa lone. Seno se tla re tlisetsa masego a a sa feleng le go tlisetsa leina la ga Jehofa le le boitshepo pako!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Malebana le seemo sa fa Jerusalema e sena go digwa ke Bababelona, Jeremia 52:15 e bua ka “bangwe ba batho ba maemo a a kwa tlase le batho ba bangwe botlhe ba ba neng ba setse mo motseng.” Insight on the Scriptures, Bolumo 1, tsebe 415 e akgela jaana ka kgang eno: “Polelwana e e reng ‘ba ba neng ba setse mo motseng’ go lebega e bontsha gore bontsi jwa bone ba ne ba bolailwe ke leuba, bolwetse kgotsa molelo, kgotsa e seng jalo ba ne ba bolailwe kwa ntweng.”
b E re ka kwa Gehena go fisiwa ditopo tse di sa tsheleng, e seng batho ba ba tshelang, lefelo leno ga le tshwantshetse go bogisiwa ka bosakhutleng.
[Lebokoso mo go tsebe 409]
Dimpho Tse di Tloditsweng Tsa ga Jehofa go Tswa Ditšhabeng Tsotlhe
Ka 1920, Juan Muñiz o ne a tswa kwa United States a ya Spain a bo a tsaya loeto a ya Argentina, koo a ileng a rulaganya diphuthego tsa batlodiwa teng. Go tloga ka 1923 go ya pele, lesedi la boammaaruri le ne la phatsimela batho ba ba dipelo di ikanyegang kwa Afrika Bophirima fa morongwa William R. Brown (yo gantsi a neng a bidiwa Bible Brown) a ne a tswa a ya go rera molaetsa wa Bogosi kwa mafelong a a jaaka Sierra Leone, Ghana, Liberia, Gambia le Nigeria. Ka one ngwaga oo, George Young wa kwa Canada o ne a ya kwa Brazil a bo a tsaya maeto go ya kwa Argentina, Costa Rica, Panama, Venezuela le eleng Soviet Union. Mo e ka nnang ka yone nako eo, Edwin Skinner o ne a tsamaya ka sekepe go tswa kwa Engelane go ya kwa India, koo a ileng a dira ka natla teng dingwaga di le dintsi mo tirong ya go roba.
[Setshwantsho mo go tsebe 411]
Ka Pentekosete, Bajuda bangwe e ne e le ‘barwarraamotho ba ba rekilweng mo ditšhabeng tsotlhe’
[Setshwantsho se se tletseng ka tsebe 413]