Kgaolo ya Lesome
Dira Gore Botshelo Jwa Lelapa la Gago bo Itumedise Modimo
1. Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ka kakaretso ba na le malapa a a itumetseng?
BASUPI BA GA JEHOFA ba itsege thata ka go nna le malapa a a itumetseng. Porofesa Bryan Wilson wa Oxford University o ne a kwala jaana: “Basupi ba naya kgakololo e e molemo mo dikgannyeng tse di farologaneng . . . tse di amanang le ditirisano tsa banyalani, boitsholo, go godisa bana, le dikgang tse dingwe fela tsa botshelo. [Ba] thusa thata ka kgakololo e e tlhomameng e e theilweng mo Dikwalong Tse di Boitshepo e e leng karolo ya dithuto tsotlhe tsa bone tse di rutang ka botshelo.” Kwantle ga pelaelo, o setse o ithutile go le gontsi mo Lefokong la Modimo malebana le kafa o ka nnang le botshelo jo bo itumetseng jwa lelapa ka teng.
2. (a) O lemogile eng ka malapa mo lefatsheng gompieno? (b) Re tla senka kaelo malebana le botshelo jwa lelapa mo dibukeng dife tsa Baebele?
2 Fa letsatsi la ga Jehofa le ntse le atamela, Satane o tlhasela malapa thata. Ka gone, batho ba le bantsi ga ba tlhole ba ikanya ba malapa a bone, fela jaaka mo metlheng ya ga Mika. O ne a kwala jaana: “O se ka wa dumela mo molekaneng. . . . Disa go bulega ga molomo wa gago mo go ene yo o lalang mo sehubeng sa gago. Gonne morwa o nyatsa rre; morwadi o tsogologela mmaagwe; ngwetsi e tsogologela matsalaayone; baba ba motho ke batho ba ntlo ya gagwe.” (Mika 7:5, 6) Thulaganyo ya lelapa e phutlhame mo nakong eno e o tshelang mo go yone, le fa go ntse jalo o lole ka thata gore o se ka wa tlhotlhelediwa ka tsela e e bosula. Seo se dirile gore lelapa la gago le itumele, le bo le itumedise Modimo. O tshwanetse wa bo o dirisitse ditemana tse di jaaka Duteronome 6:5-9; Baefeso 5:22–6:4; le Bakolosa 3:18-21. Le fa go ntse jalo, a o kile wa akanya gore dibuka tsa baporofeti ba ba 12 di ka go naya kgakololo malebana le go nna le lelapa le le itumetseng? Mo kgaolong eno, re tla sekaseka dikai di le mmalwa tsa kgakololo e e ntseng jalo e e fitlhelwang mo dibukeng tseno. Mme o se ka wa sekaseka dintlha tseo fela. Leka go ithuta mo dikaing tseno mokgwa o o ka o dirisang go batla dilo tse dingwe tse o ka di ithutang mo dibukeng tseno. Kwa bofelong jwa kgaolo eno, go kwadilwe ditemana tse di tla go thusang go ikatisa go dira seno, ke gore, go ithuta sengwe mo dibukeng tseo tse 12.
“O TLHOILE TLHALO”
3, 4. (a) Batho ba le bantsi gompieno ba leka go rarabolola mathata a bone a lenyalo jang? (b) Mo motlheng wa ga Malaki, batho ba ne ba na le boikutlo bofe jo bo maswe ka lenyalo?
3 Kgang e go ka utlwalang gore re tlotle ka yone pele ke kgolagano ya monna le mosadi wa gagwe. Bogologolo batho ba le bantsi ba ne ba sa tseye tlhalo e le tharabololo e e motlhofo ya mathata a lenyalo. Pele go ne go se motlhofo go tlhala semolao; kwa Engelane mo lekgolong la dingwaga la bo19, tlhalo e ne e le sengwe se se direlwang tshwetso kwa Palamenteng. Tsela eo e tlhalo e neng e tsewa ka yone e ne e sireletsa malapa gore a se ka a thubega. Le fa go ntse jalo, gompieno dilo di fetogile. Encyclopædia Britannica ya re: “Dipalo tsa ditlhalo di oketsegile fela thata mo dinageng di le dintsi fa e sa le ka Ntwa ya Lefatshe II . . . Maikutlo a batho ka tlhalo a fetogile gotlhelele . . . mo e leng gore jaanong batho ba le bantsi ba a e amogela.” Tlhalo e setse e anama le mo dinageng tse di jaaka Korea, tse tlhalo e neng e sa amogelwe kwa go tsone dingwaga tse di lesome tse di fetileng. Gompieno, batho mo dinageng di le dintsi ba tsaya gore tlhalo ke yone tharabololo fa lenyalo le na le mathata.
4 Mo motlheng wa ga Malaki mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E., tlhalo e ne e tlwaelegile mo Bajudeng. Malaki o ne a ba bolelela a re: “Jehofa ka boene o neetse bosupi fa gare ga gago le mosadi wa bosha jwa gago, yo wena ka bowena o mo diretseng ka boferefere.” E re ka banna ba ne ba direla basadi ba bone boferefere, sebeso sa ga Jehofa se ne se tletse ka dikeledi tsa basadi ba ba tsieditsweng, “ka selelo le ka go fegelwa.” Mme baperesiti ba ba bosula ba ne ba letlelela bosetlhogo jo bo ntseng jalo!—Malaki 2:13, 14.
5. (a) Jehofa o ikutlwa jang ka tlhalo? (b) Ke ka ntlha yang fa go le masisi jaana go direla molekane wa lenyalo boferefere?
5 Jehofa o ne a leba jang boikutlo jo bo maswe jo batho ba neng ba na le jone ka lenyalo mo motlheng wa ga Malaki? Malaki o ne a kwala jaana: “‘O tlhoile tlhalo,’ go buile Jehofa Modimo wa Iseraele.” Gape o ne a tlhomamisa gore Jehofa ‘ga a fetoga.’ (Malaki 2:16; 3:6) A o bona ntlha fano? Modimo o ne a kile a bontsha gore ga a rate tlhalo. (Genesise 2:18, 24) O ne a sa e rate mo motlheng wa ga Malaki. Mme o sa ntse a sa e rate le gompieno. Batho bangwe ba ka nna ba swetsa ka gore ba tlhale fela ka gonne ba sa kgotsofalele molekane wa bone. Le fa dipelo tsa bone di ka tswa di tletse boferefere, Jehofa o a di hukutsa. (Jeremia 17:9, 10) O itse kafa motho a ka tswang a tsietsa kgotsa a loga maano ka teng gore a tlhale, tota le fa a ka buelela ditiro tsa gagwe jang. Ee, “dilo tsotlhe di senogile e bile di mo pontsheng fela mo matlhong a gagwe yo re ikarabelelang mo go ene.”—Bahebera 4:13.
6. (a) Go leba tlhalo ka tsela e Jehofa a e lebang ka yone go ka go thusa jang? (b) Ntlha ya konokono ya kgakololo ya ga Jesu ka tlhalo e ne e le efe?
6 Lenyalo la gago le ka tswa le sa lebana le tlhalo, mme go molemo go nna o gopotse tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone. Ga go na ope yo o itekanetseng, ka jalo re ka se gakgamale fa go nna le mathata le go sa dumalane mo lenyalong. Le fa go ntse jalo, a o ka tsaya tlhalo e le yone tharabololo, e le yone tsela e e motlhofo ya go tswa mo mathateng a gago a lenyalo? Fa lo na le kganetsano, a o ka umaka go tlhala? Ba le bantsi ba ile ba dira jalo, mme tsela e Modimo a lebang kgolagano ya lenyalo ka yone e tlhoka gore batho ba leke thata go atlegisa manyalo a bone. Gone ke boammaaruri, Jesu Keresete o ne a bolela gore go na le lebaka le le lengwe fela le motho a letleletsweng go tlhala ka lone—kgokafalo, ke gore, mefuta yotlhe ya tlhakanelodikobo e motho a ka e dirang le motho yo a sa nyalanang le ene. Mme gone, ntlha ya konokono ya kgakololo ya ga Jesu e ne e le efe? O ne a raya batho ba ba neng ba mo reeditse a re: “Se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.” Ee, Jesu o ne a buelela molao wa ga Jehofa o o sa fetogeng, o Malaki a neng a o umakile dingwaga di ka nna 450 pele ga moo.—Mathaio 19:3-9.
7. Go ya ka kgakololo e e mo bukeng ya Malaki, o ka dira jang gore o nne o na le kgolagano e e nonofileng ya lenyalo?
7 Mme banyalani ba Bakeresete ba ka dira jang gore ba nne ba na le kgolagano e e nonofileng? Malaki o ne a bolela tharabololo eno: “Lo itise ka ga moya wa lona, mme lo se ka lwa dira ka boferefere.” (Malaki 2:16) Seo se raya gore re dise maikutlo a re nang le one a a re tlhotlheletsang. Fa re ‘disitse moya wa rona,’ re tla tila thaelo epe fela ya gore re bontshe kgatlhego e e sa tshwanelang mo go mongwe yo re sa nyalanang le ene. (Mathaio 5:28) Ka sekai, go tweng fa e le gore mo pelong re itumelela go bontshiwa kgatlhego ke mongwe wa bong bo sele yo re sa nyalanang le ene? Seo se ka raya gore ga re tlhole re disitse moya wa rona ka tlhoafalo. Ka gone, ntlha ya botlhokwa e re e ithutang mo baporofeting ba ba 12 e e tla re thusang go nna le kgolagano e e nonofileng ya lenyalo ke gore re tlhokomele ‘moya wa rona.’
8, 9. Ke ka ntlha yang fa kgang ya ga Hosea le Gomere e tsentswe mo Baebeleng?
8 Kwantle ga pelaelo o ikemiseditse go dira gore lenyalo la gago le atlege. Le fa go ntse jalo, ga o kake wa tila mathata a lenyalo. O ka lebana sentle jang le mathata ape a a ka tsogang, bogolo jang fa o akanya gore bontsi jwa one a bakwa ke molekane wa gago? Gopola se se ileng sa umakiwa pelenyana mo bukeng eno, mo go Kgaolo 2 le 4, kaga Hosea. Mosadi wa gagwe e bong Gomere, o ne a nna “mosadi wa kgokafalo” a bo a “lelekisa ba ba mo ratang ka lorato lo lo tukang.” Morago ba ne ba mo latlha, mme a sotlega a bo a nna lekgoba. Hosea o ne a rekolola Gomere, mme a rotloediwa gore a mo rate. Ka ntlha yang? Gore a bontshe ka tsela e e bonalang sentle se se neng se diragala fa gare ga ga Jehofa le Baiseraele. Jehofa e ne e le “monna yo e leng mong,” mme batho ba gagwe ba ne ba golagane le ene jaaka mosadi yo o nyetsweng.—Hosea 1:2-9; 2:5-7; 3:1-5; Jeremia 3:14; Isaia 62:4, 5.
9 Go tswa bogologolong, Baiseraele ba ile ba utlwisa Jehofa botlhoko ka go latela medimo e mengwe. (Ekesodo 32:7-10; Baatlhodi 8:33; 10:6; Pesalema 78:40, 41; Isaia 63:10) Bogosi jwa ditso tse di lesome jwa bokone ke jone bo neng bo na le molato o mogolo thata wa kobamelo ya namane. (1 Dikgosi 12:28-30) Mo godimo ga moo, Baiseraele ba ne ba sa ikaege ka Jehofa, Monna yo e leng Mong wa bone, go na le moo ba ne ba ikaega ka dinyatsi tsa bone tsa bopolotiki. Nako nngwe ba ne ba latelela Asiria jaaka pitse ya naga e e gakaletseng go gwelwa. (Hosea 8:9) O ne o ka ikutlwa jang fa molekane wa gago a ne a ka itshwara jalo?
10, 11. O ka etsa Jehofa jang fa o le mo seemong se mo go sone molekane wa gago wa lenyalo a lebegang a le phoso?
10 Mo motlheng wa ga Hosea, go ne go setse go fetile dingwaga tse di fetang 700 fa e sale Baiseraele ba nna le kgolagano le Jehofa. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a iketleeditse go ba itshwarela, fa fela ba ne ba ka boela mo go ene. Go tsewa gore Hosea o simolotse go porofeta pele ga 803 B.C.E., ka jalo Jehofa o ne a tswelela pele a itshoketse Iseraele dingwaga tse dingwe tse 60 mme a itshokela Juda dingwaga tse dingwe di ka nna 200! Jehofa o ne a dirisa seemo sa lelapa la ga Hosea go tshwantsha gore o ne a sa ntse a kgothaletsa gore batho ba a dirileng kgolagano le bone ba ikwatlhaye. O ne a na le mabaka a a utlwalang a gore a fedise lenyalo la gagwe le Baiseraele, mme o ne a nna a romela baporofeti go ya go thusa mosadi wa gagwe wa tshwantshetso gore a boe, tota le fa a ne a mo utlwisitse botlhoko thata.—Hosea 14:1, 2; Amose 2:11.
11 Fa o ne o ka lebana le seemo se mo go sone molekane wa gago wa lenyalo a lebegang a le phoso, a o ne o tla dira jaaka Jehofa a ile a dira? A o ne o tla dira maiteko a go busetsa seemo sa lenyalo la lona mo se neng se le teng pele? (Bakolosa 3:12, 13) Go dira jalo go tlhoka boikokobetso. A bo Jehofa a ile a tlhoma sekao se se molemo jang ne fa a ntse a dirisana le Baiseraele! (Pesalema 18:35; 113:5-8) Modimo o ne a ‘bua le pelo ya Baiseraele,’ e bile a ba rapela. Rona batho ba ba sa itekanelang, a ga re na lebaka le le utlwalang le go feta la go bua le pelo ya molekane wa rona, re leka go rarabolola mathata le go tlhokomologa diphoso? Kgang ya go bo matsapa a Jehofa a a tsereng a ile a nna le matswela e botlhokwa thata. Masalela a setšhaba seno a ne a busa pelo a le kwa nageng ya botshwarwa ya Babelona, mme moragonyana ba ne ba boela kwa nagagaeng ya bone, ba bitsa Jehofa ba re “monna wa Me.”—Hosea 2:14-16.a
12. Fa o tlhatlhanya ka tsela e Jehofa a neng a tshwara mosadi wa gagwe wa tshwantshetso ka yone, seo se ka solegela lenyalo la gago molemo jang?
12 Fa go na le bothata jo bo masisi, matsapa a o a tsayang ka bopeloephepa go baakanya kamano ya gago le molekane wa gago a ka nna le matswela a a molemo. Modimo o ne a iketleeditse go itshwarela tota le boleo jo bo masisi jwa kgokafalo ya semoya ya molekane wa gagwe wa tshwantshetso. Bontsi jwa mathata a lenyalo mo Bakereseteng ba boammaaruri ga a ise a nne maswe go le kalo. Mathata a mantsi a simologa ka mafoko a a bogale kgotsa a a utlwisang botlhoko. Ka jalo fa molekane wa gago a go utlwisitse botlhoko ka mafoko a a tlhabang, gopola se Hosea, le Jehofa ka boene, a ileng a lebana le sone. (Diane 12:18) A seo se ka se go thuse go itshwarela?
13. Re ka ithuta eng mo ntlheng ya gore Jehofa o ne a batla batho ba gagwe ba ba duleng mo tseleng ba ikwatlhaya?
13 Go sa ntse go na le sengwe gape se re ka ithutang sone mo pegong eno ya hisitori. A Modimo o ne a dumela go baakanya kamano ya gagwe le batho ba gagwe fa ba ntse ba dira kgokafalo? Modimo o ne a bolelela Hosea jaana ka setšhaba seo se se dirang boaka: “O tshwanetse go tlosa kgokafalo ya gagwe fa pele ga gagwe le ditiro tsa gagwe tsa boaka fa gare ga mabele a gagwe.” (Hosea 2:2) Batho bao ba ne ba tshwanetse go ikwatlhaya le go ‘ungwa maungo a a tshwanelang boikwatlhao.’ (Mathaio 3:8) Mo ntlheng eno, akanya ka makoa a gago, e seng a molekane wa gago. Fa e le gore o diretse molekane wa gago phoso, ke eng fa o sa leke go baakanya kamano ya lona ka go ikopa maitshwarelo ka bopeloephepa le go fetola tsela ya gago? O ka nna wa duelwa ka go itshwarelwa.
“MEGALA YA LORATO”—MOTHEO WA GO NAYA KGALEMELO
14, 15. (a) Go ya ka Malaki 4:1, ke ka ntlha yang fa o tshwanetse wa tsaya boikarabelo jwa go ruta bana ba gago masisi? (b) O ka thusa bana ba gago jang gore ba itse Jehofa?
14 Fa go tliwa mo botshelong jwa lelapa, re ka ithuta go le gontsi gape ka go leba ditirisano tsa ga Jehofa le Baiseraele jaaka fa di tlhalositswe mo dibukeng tse 12 tsa baporofeti. Dibuka tseno di na le tshedimosetso e e ka go bontshang kafa o ka thusang bana ba gago ka teng. Ruri ga go motlhofo go godisa bana mo metlheng eno. Batsadi ba tshwanetse ba tsaya boikarabelo jwa bone masisi. Re bala jaana: “‘Letsatsi le le tlang ruri le tla [kometsa batho],’ go buile Jehofa wa masomosomo, ‘mo e leng gore ga le kitla le ba tlogelela modi kgotsa kala e kgolo.’” (Malaki 4:1) E re ka batsadi ba ikarabelela ka bana ba bone ba bannye, mo letsatsing leo la katlholo, bana (dikala) ba tla direlwa ka tshiamiso go ya ka tsela e Jehofa a lebang batsadi (medi) ba bone ka yone. (Isaia 37:31) Tsela e batsadi ba tshelang ka yone e ka bontsha gore isagwe ya bana ba bone e tla nna jang, gore a e tla nna molemo kgotsa e tla nna bosula. (Hosea 13:16) Fa wena, (modi) o se mo seemong se se siameng le Jehofa, go ka diragala eng ka bana ba gago (dikala) ka letsatsi la bogale jwa gagwe? (Sefania 1:14-18; Baefeso 6:4; Bafilipi 2:12) Kafa letlhakoreng le lengwe, fa o leka ka metlha go nna yo o amogelwang ke Modimo, seo se ka solegela bana ba gago molemo.—1 Bakorintha 7:14.
15 Fa moaposetoloi Paulo a sena go nopola boporofeti jwa ga Joele malebana le go bitsa leina la ga Jehofa, o ne a kwala jaana: “Ba tla bitsa jang yo ba sa dumelang mo go ene? Gape, ba tla dumela jang mo go yo ba sa utlwang ka ene?” (Baroma 10:14-17; Joele 2:32) Paulo o ne a bua ka bodiredi jwa rona jwa phatlalatsa, mme o ka dirisa molaomotheo ono mo go ruteng bana ba gago. Ba ka ikanya Jehofa jang fa ba sa utlwa kaga gagwe? A o dirisa nako e e lekaneng letsatsi le letsatsi o ruta bana ba gago kafa Jehofa a leng molemo ka teng, o ba thusa go mo rata thata le go anaanela kaelo ya gagwe? Basha ba ka gola semoyeng fa ba nna ba utlwa kaga Jehofa ka metlha gone mo lelapeng.—Duteronome 6:7-9.
16. Go dumalana le Mika 6:3-5, o ka etsa Jehofa jang fa o kgalema bana ba gago?
16 Fa bana ba sa le bannye, go ka nna motlhofo fela go dira gore ba ye dipokanong tsa Bokeresete. Le fa go ntse jalo, fa ba ntse ba gola, ba simolola go leba dilo ka tsela ya bone fela. O ka dirisana jang le bana ba gago fa gangwe le gape ba bontsha boganana? O ka ithuta mo dibukeng tsa baporofeti ba ba 12, o lemoga kafa Jehofa a neng a dirisana ka teng le Baiseraele le Juda. (Sekarea 7:11, 12) Ka sekai, fa o bala Mika 6:3-5, ela tlhoko boikutlo jo bo bontshiwang ke mafoko ao. Baiseraele ba ne ba le phoso; mme le fa go ntse jalo, Modimo o ne a ba bitsa “batho ba me.” O ne a ba rapela jaana: “Gakologelwang tsweetswee, tlheng batho ba me.” Mo boemong jwa go ba tshwaya phoso ka bogale, o ne a leka go fitlhelela dipelo tsa bone. A o ka etsa Jehofa tota le fa o otlhaya bana ba gago? Le fa ba ka tswa ba dirile phoso e e kana kang, bua le bone ka tsela e e bontshang gore ke ba botlhokwa mo lelapeng, o sa ba buise ka tsela e e bontshang gore ga se ba sepe. Mo boemong jwa go ba kgala, ikuele mo go bone ka lorato. Botsa dipotso gore o utlwe maikutlo a bone. Leka go ba fitlhelela pelo gore ba go bulele mafatlha.—Diane 20:5.
17, 18. (a) Ke eng se se tshwanetseng sa go tlhotlheletsa go kgalema bana ba gago? (b) O ka dira jang gore o nne o na le “megala ya lorato” le bana ba gago?
17 Ke ka ntlha yang fa o kgalema bana ba gago? Batsadi bangwe ba dira jalo ka gonne ba sa batle leina la lelapa le senyega. Jehofa o ne a bontsha boitlhomo jwa gagwe jwa go otlhaya, a re: “Ke ne ka ruta Eferaime go tsamaya, ke ba tseela mo mabogong a me . . . Ke ne ka nna ka ba goga ka megala ya batho ba mo lefatsheng, ka megala ya lorato.” (Hosea 11:3, 4) Fano Hosea o tshwantsha kamano e e fa gare ga ga Jehofa le Baiseraele le kamano ya rre le morwawe. A o ka akanya ka motsadi yo o lorato, a tataisa ngwana ka megala, a leka go thusa ngwana yo o sa ntseng a totoba go tsamaya? Megala eno e thusa ngwana go itshwarelela fa e kete o tla wa, gape e a mo kaela fa a tswa mo tseleng.—Jeremia 31:1-3.
18 A o tla etsa lorato lo Modimo a neng a rata Baiseraele ka lone? Gangwe le gape ba ne ba mo tsuologela, mme ga a ka a tlogela megala eno ya lorato ka bonako. Basha ba ka nna ba lebega ba tswa mo tseleng gangwe le gape e bile ba kgopiwa ke dilo tse di sa reng sepe, mme leka gore go nne go na le megala ya lorato fa gare ga gago le bone. Gakologelwa gore Jehofa ga a ka a mpampetsa diphoso tsa batho ba gagwe, a di itlhokomolosa. O ne a itebaganya le seemo, a ba kgalema ka lorato, a bo a ipha nako ya go ba naya thuso e ba e tlhokang. Fa o lemoga gore morwao kgotsa morwadio o lebega a tswa mo tseleng ya boammaaruri, o se ka wa itlhokomolosa seo. Leka go mmusetsa mo tseleng, jaaka e kete ka megala e e mo kaelang, o mo thusa ka lorato mo nakong eno e e boima. Nna pelotelele le bana ba gago ba ba mo bothateng. Iphe nako le bone—seo se botlhokwa thata!
19. Ke ka ntlha yang fa o sa tshwanela go tlhoboga bana ba gago?
19 Hosea o ne a bonela pele gore masalela a Baiseraele a ne a tla amogela kotlhao: “Bomorwa Iseraele ba tla boa mme ruri ba tla batla Jehofa Modimo wa bone, le Dafide kgosi ya bone; mme go ela kwa bokhutlong jwa metlha ba tla tla ba roroma kwa go Jehofa le kwa molemong wa gagwe.” (Hosea 3:5) Ee, kotlhao ya Modimo e ne ya dira mo masaleleng a batho ba gagwe. Nna le tsholofelo gore kotlhao ya gago e tla dira le mo baneng ba gago. Leka go bona se ba leng molemo mo go sone. Nna pelonomi fa o bua le bone mme o nitame mo melaometheong ya Baebele. Tota le fa ngwana yo o seganana a sa sokologe gone jaanong, ke mang yo o itseng gore a ka sokologa leng?
ITISE MO DITSALENG TSE DI SA SIAMANG!
20. Ke potso efe malebana le ditsala e basha ba ka fitlhelang karabo ya yone mo dibukeng tsa baporofeti ba ba 12?
20 Lona basha lo ka ithuta eng mo dibukeng tsa baporofeti ba ba 12? Gongwe temana e e umakiwang gantsi fa lo tlotla le batsadi ba lona ke 1 Bakorintha 15:33 e e buang ka go tila ditsala tse di sa siamang. Bangwe ba ka nna ba ipotsa ba re, ‘A mme go nna ditsala le batho ba ba sa obameleng Jehofa go maswe go le kalo?’ O ka fitlhela karabo ya potso eo mo dibukeng tseno tse 12.
21-23. (a) Basha ba ka ithuta eng mo tseleng e Baedoma ba neng ba e tsaya? (b) Batho ba tota e leng ditsala tsa gago ke bomang?
21 Le fa dibuka tsa baporofeti ba ba 12 tota di ne di kwalelwa batho ba Modimo, buka ya Obadia e ne e lebagantswe le Baedoma, ba ba neng ba bidiwa gore ke bomorwarraabo Baiseraele.b (Duteronome 2:4) Buka ya Obadia e farologane le dibuka tse dingwe tsa baporofeti ba ba 12 ka gonne mo go yone o dirisa leemedi “o” fa a bua ka Baedoma. Jaanong akanya ka Baedoma. Fa Jerusalema e ne e dikaganyeditswe, ngwaga e ne e ka nna wa 607 B.C.E. Le fa Baedoma ba amana ka losika le Jakobe, ba ikgolaganya le Bababelona! Baedoma ba sotla jaana: “E bipolole! E bipolole!” (Pesalema 137:7; Obadia 10, 12) Ba ikaelela go thopa naga ya Juda. E bile ba ja le Bababelona, mme kwa dinageng tsa Botlhaba, seo se ka supa gore ditlhopha tseno di na le kgolagano mmogo.
22 Ela tlhoko se Obadia a se bolelelang pele kaga Baedoma: “Bone batho [Bababelona] ba ba mo kgolaganong le wena ba go tsieditse botlhe. Batho ba ba mo kagisong le wena ba go fentse. Ba ba jang dijo le wena ba tla baya letlowa kafa tlase ga gago jaaka motho yo go se nang temogo mo go ene.” (Obadia 7) Mme ba ile ba felela kae Baedoma, ba ba ileng ba latlha morwarraabone, e bong Jakobe, mme ba tlhopha go tsalana le Bababelona? Kgabagare, Bababelona ba ba neng ba eteletswe pele ke Nabonidase ba ne ba senya Baedoma. Mo motlheng wa ga Malaki, Modimo o ne a dirile gore dithaba tsa Edoma e nne kgakgabalo, le boswa jwa Edoma go nna jwa bophokoje.—Malaki 1:3.
23 Jaanong akanya ka batho ba o reng ke ditsala tsa gago mme ba sa obamele Jehofa. A ga o ise o lemoge gore ‘bone basimane [kgotsa basetsana] ba ba mo kgolaganong,’ kgotsa ba e leng ditsala, gantsi ba a tsietsana ba bo ba ‘beye letlowa kafa tlase’ ga batho ba go ka bong go twe ke ditsala tsa bone? Fa ba bangwe ba lemoga gore ba ba tsieditse, ba reng? Ba ka nna ba tsaya ditsala tse ba di tsieditseng e le dimatla, ka gonne ba sa kgona go lemoga gore ba a ba tsietsa. A bo ba tshwana jang ne le Bababelona le ditsala tsa bone, Baedoma! A o akanya gore “ditsala” tse di ntseng jalo di ka amega ka wena tota fa o lebane le mathata? (Obadia 13-16) Kafa letlhakoreng le lengwe, akanya ka Jehofa Modimo le batho ba gagwe gompieno. Jehofa o nna a le teng go go thusa. O tla go ema nokeng fa go le thata. Batho ba gagwe le bone e nna ‘balekane ba boammaaruri ba ba lorato ka dinako tsotlhe,’ fela jaaka batho ba ba ikanyegang, ba ba “tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.”—Diane 17:17.
ANAANELA KGOLAGANO E E BOTLHOKWA GO GAISA TSOTLHE
24, 25. Ke eng se se tshwanetseng go nna botlhokwa go gaisa tsotlhe mo botshelong jwa rona?
24 Ee, dikamano tsa lelapa di botlhokwa e bile go mosola go di nonotsha. Re ka ithuta dilo tse dintsi ka tsone mo dibukeng tsa baporofeti ba ba 12. Ke eng fa o sa bale dibuka tseno mme wa dirisa mekgwa e re e dirisitseng fano go ithuta sengwe mo go tsone? Seno se tla dira gore o ithute go le gontsi mo go tsone kaga go tokafatsa botshelo jwa lelapa la gago. Le fa go ntse jalo, a go nna le botshelo jo bo itumetseng jwa lelapa ke sone selo sa botlhokwa go gaisa tsotlhe mo baobameding ba Modimo gompieno?
25 Se se kgatlhang ke gore, Joele o ne a porofeta jaana malebana le go tla ga letsatsi la ga Jehofa: “Phuthang batho mmogo. Itshepiseng phuthego. . . . A monyadi a tswe mo phaposing ya gagwe e e kwa teng, le monyadiwa mo ntlwaneng ya gagwe ya nyalo.” (Joele 2:15, 16) Mongwe le mongwe mo gae o ne a tshwanetse a tswa a ya go phuthegela kobamelo ya ga Jehofa. Tota le ba ba sa tswang go nyalana, ba gantsi ba iteegang tsebe motlhofo fela, ba ne ba tshwanetse go tla! Ga go sepe se se tshwanetseng go tla pele ga go phuthegela kwa Modimong. E re ka letsatsi la ga Jehofa le ntse le atamela ka bofefo, go nna le seemo se se siameng le ene go tshwanetse ga nna botlhokwa go gaisa dilo tsotlhe mo botshelong jwa rona. Mo karolong ya bofelo ya buka eno, re tla bona se re tshwanetseng ra se dira ka boitumelo gompieno.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Fa molekane wa Mokeresete a dirile boaka, yo o seng molato o tshwanetse a dira tshwetso ya gore a o tla mo itshwarela kgotsa nnyaa.—Mathaio 19:9.
b Buka e nngwe gape e e sa itebaganyang fela le Baiseraele ke ya Nahume, e e itebagantseng le Baninife.
FA RE BOELETSA
• Ke dilo dife tse o ka ithutang tsone mo go Malaki 2:16 malebana le go aga lelapa la gago?
• Jehofa o ile a dira jang fa mosadi wa gagwe wa tshwantshetso a ne a sa ikanyege mo go ene?—Hosea 3:1-5.
• Motho a ka dirang go baakanya kamano ya lenyalo fa ene kgotsa molekane wa gagwe a dirile phoso e e masisi?— Hosea 2:2.
O KA SOLEGELWA MOLEMO JANG?
• O ka solegelwa molemo jang ke ditemana tse di latelang?
• Jaaka go bontshitswe mo kgaolong eno, o ka dirisa ditemana tse di latelang jang go tokafatsa botshelo jwa gago jwa lelapa?
[Setshwantsho mo go tsebe 127]
Fa o na le mathata a lenyalo, a o ka tsaya tlhalo e le yone tharabololo?
[Setshwantsho mo go tsebe 128]
Lebaka la go bo Hosea a ile a busa Gomere le re ruta eng kaga Jehofa?
[Setshwantsho mo go tsebe 130]
Etsa Jehofa ka go simolola puisano go rarabolola mathata ape a a leng teng
[Setshwantsho mo go tsebe 133]
Fa o le motsadi, a o etsa Jehofa ka go bontsha bana ba gago lorato?
[Setshwantsho mo go tsebe 136]
A batho ba ba reng ke ditsala tsa gago ba “baya letlowa kafa tlase ga gago”?