DIPOTSO TSE DI TSWANG KWA BABADING
Jesu o ne a raya Basadukae a re batho ba ba tsositsweng mo baswing “ga ba nyale le gone ga ba neelwe nyalong.” (Luke 20:34-36) A o ne a bua ka tsogo ya baswi e e tla diregang mo lefatsheng?
Batho bao ba ka nna ba eletsa go boa ba nyalana gape le balekane ba bone ba ba tsositsweng mo lefatsheng le lesha. Moswagadi mongwe o ne a re: “Nna le mosadi wa me ga re a ka ra tlhopha go fedisa lenyalo la rona. Re ne re batla go nna re le mmogo re obamela Modimo ka bosakhutleng re le monna le mosadi. Ke sa ntse ke ikutlwa jalo.” A go na le mabaka a a utlwalang a go solofela gore batho ba ba tsositsweng mo baswing ba tla kgona go tsena mo lenyalong? Fa re tlhamalala fela, karabo ke gore ga re itse.
Ka dingwaga di le dintsi, dikgatiso tsa rona di ile tsa bolela gore mafoko a ga Jesu ka ga tsogo le ka go tsena mo lenyalong a ka tswa a bua ka tsogo ya mo lefatsheng le gore go lebega batho ba ba tsositsweng mo baswing ba ba tla tshelang mo lefatsheng le lesha ba se kitla ba tsena mo lenyalong.a (Math. 22:29, 30; Mar. 12:24, 25; Luke 20:34-36) Le fa gone re ka se tlhomamise kgang eno, a go ka direga gore mafoko a ga Jesu a ne a kaya tsogo ya baswi ya kwa legodimong? Mma re sekaseke se Jesu a neng a se bua.
Akanya ka seemo seno. (Bala Luke 20:27-33.) Basadukae, ba ba neng ba sa dumele mo tsogong ya baswi, ba ne ba leka go tshwara Jesu ka mafoko ka go mmotsa ka tsogo ya baswi le ka lenyalo la seyantlo.b Jesu o ne a araba a re: “Bana ba tsamaiso eno ya dilo ba a nyala e bile ba neelwa nyalong, mme ba ba kailweng ba tshwanela go bona tsamaiso ele ya dilo le tsogo ya baswi ga ba nyale le gone ga ba neelwe nyalong. Tota e bile, le gone ga ba ka ke ba tlhola ba swa, gonne ba tshwana le baengele, e bile ke bana ba Modimo ka go nna bana ba tsogo ya baswi.”—Luke 20:34-36.
Ke ka ntlha yang fa dikgatiso tsa rona di ile tsa bolela gore gongwe Jesu o ne a bua ka tsogo ya baswi ya mo lefatsheng? Go ka direga gore tshwetso eo e ne e theilwe thata mo dintlheng tse pedi. Sa ntlha, go bolelwa gore Basadukae ba ka tswa ba ne ba akantse ka tsogo ya baswi ya mo lefatsheng mme Jesu a ka tswa a ba arabile go ya ka se ba se akantseng. Sa bobedi, Jesu o ne a konela karabo ya gagwe ka go bua ka Aborahame, Isake le Jakobe—ditlhogo tsa lotso tse di ikanyegang tse di tla tsosediwang go tshela mo lefatsheng.—Luke 20:37, 38.
Le fa go ntse jalo, go bonala go ka direga gore Jesu o ne a akantse ka tsogo ya kwa legodimong. Ke ka ntlha yang fa re ka rialo? A re sekasekeng dipolelwana tse pedi tsa konokono.
“Ba ba kailweng ba tshwanela go bona . . . tsogo ya baswi.” Batlodiwa ba ba ikanyegang ba kaiwa ba “tshwanela bogosi jwa Modimo.” (2 Bathes. 1:5, 11) Ba boletswe ba siame go ka bona botshelo ka ntlha ya thekololo mme ka gone, ga ba swe jaaka baleofi ba ba bonweng molato. (Bar. 5:1, 18; 8:1) Batho bao ke ba go ka tweng ba ‘itumela e bile ba boitshepo’ e bile ba tshwanela go tsosediwa kwa legodimong. (Tshen. 20:5, 6) Go farologana le bone, batho ba ba tsosediwang go tshela mo lefatsheng ba tla akaretsa “ba ba sa siamang.” (Dit. 24:15) A go ka bolelwa gore “ba tshwanela” tsogo?
“Le gone ga ba ka ke ba tlhola ba swa.” Jesu ga a ka a re: “Ba ka se swe.” Go na le moo, o ne a re: “Le gone ga ba ka ke ba tlhola ba swa.” Dithanolo tse dingwe di ranola polelwana eno ka go re “loso ga lo na maatla mo go bone.” Batlodiwa ba ba wetsang botshelo jwa bone mo lefatsheng ka boikanyegi ba tsosediwa kwa legodimong mme ba bo ba newa bosasweng—botshelo jo bo sa feleng, jo bo ka se kang jwa fedisiwa. (1 Bakor. 15:53, 54) Loso ga lo tlhole lo na le maatla ape mo bathong ba ba amogelang tsogo ya kwa legodimong.c
Go ya ka se se tlhalositsweng fa godimo, re ka swetsa ka goreng? Go ka direga gore mafoko a ga Jesu a a kaga go nyala le tsogo ya baswi a ne a lebisitswe mo tsogong ya kwa legodimong. Fa e le gore go ntse jalo, go raya gore mafoko a gagwe a ka re bolelela dilo di le mmalwa ka batho ba ba tla tsosediwang kwa legodimong: Ga ba tsene mo lenyalong, ga ba kgone go swa mme ka ditsela dingwe ba tshwana le baengele—dibopiwa tsa moya tse di nnang mo lefelong la moya. Le fa go ntse jalo, seo se ka tsosa dipotso tse di rileng.
Sa ntlha, ke ka ntlha yang fa Jesu a ka tswa a ne a bua ka tsogo ya kwa legodimong fa a ne a araba Basadukae, ba go ka diregang gore ba ne ba akantse ka tsogo ya mo lefatsheng? Gantsi Jesu o ne a sa arabe baganetsi ba gagwe go ya ka se ba se akantseng. Ka sekai, o ne a raya Bajuda ba ba neng ba batla sesupo a re: “Thubang tempele eno, mme mo malatsing a le mararo ke tla e tsosa.” Jesu a ka tswa a ne a itse gore ba akantse ka moago wa tempele, “mme ene o ne a bua ka tempele ya mmele wa gagwe.” (Joh. 2:18-21) Gongwe Jesu o ne a akanya gore ga go tlhokege gore a arabe Basadukae ba baitimokanyi, ba ba neng ba sa dumele mo tsogong ya baswi kgotsa gore baengele ba teng. (Dia. 23:9; Math. 7:6; Dit. 23:8) Go na le moo, a ka tswa a ne a batla go senola boammaaruri ka tsogo ya kwa legodimong gore barutwa ba gagwe ba ba peloephepa ba letsatsi lengwe ba tla tshwanelegelang go bona tsogo e e ntseng jalo, ba solegelwe molemo.
Sa bobedi, ke eng fa Jesu a ne a konela motlotlo wa gagwe ka go bua ka Aborahame, Isake le Jakobe, ba ba tla tsosediwang go tshela mo lefatsheng? (Bala Mathaio 22:31, 32.) Ela tlhoko gore Jesu o ne a simolola kakgelo ya gagwe e e malebana le ditlhogo tseo tsa lotso ka mafoko a a reng “ka ga tsogo ya baswi.” Mafoko ao a ka tswa a ne a bontsha gore o ne a fetola kgang go tswa mo tsogong ya kwa legodimong go ya kwa tsogong ya mo lefatsheng. Go tswa foo, Jesu o ne a dirisa mekwalo ya ga Moshe, e Basadukae ba neng ba bolela gore ba a e dumela, a umaka mafoko a Jehofa a neng a a buile le Moshe mo setlhatshaneng se se shang, go neela bosupi jo bo oketsegileng jwa gore tsogo ya baswi—ya mo lefatsheng—ke boikaelelo jwa Modimo jo ruri bo tla diragadiwang.—Ekes. 3:1-6.
Sa boraro, fa e le gore mafoko a ga Jesu a a buang ka tsogo ya baswi le go nyala a lebisitswe mo tsogong ya kwa legodimong, a seo se kaya gore batho ba ba tla tsosediwang mo lefatsheng ba tla kgona go nyala? Lefoko la Modimo ga le arabe potso eo ka tlhamalalo. Tota e bile, fa e le gore Jesu o ne a bua ka tsogo ya kwa legodimong, mafoko a gagwe ga a supe sepe se se bontshang gore a batho ba ba tla tsosediwang mo lefatsheng ba tla kgona go nyala mo lefatsheng le lesha.
Le fa go ntse jalo, re a itse gore Lefoko la Modimo le bolela gore loso lo fedisa lenyalo. Ka jalo, moswagadi kgotsa motlholagadi ga a tlhoke go ikutlwa molato fa a dira tshwetso ya go tsena mo lenyalong gape. Eo ke tshwetso e motho a ka itirelang yone, mme batho ba ba tsenang mo lenyalong gape ga ba a tshwanela go tshwaiwa phoso ka go bo ba batla go nna le kamano e e lorato ya molekane wa lenyalo.—Bar. 7:2, 3; 1 Bakor. 7:39.
Gone go a utlwala gore re ka tswa re na le dipotso tse dintsi malebana le botshelo mo lefatsheng le lesha. Go na le gore re fopholetse dikarabo tsa dipotso tseo go sa tlhokege, re tla tshwanelwa fela ke go leta gore re bone. Mme re ka tlhomamisega ka seno: Batho ba ba kutlo ba tla itumela, ka gonne Jehofa o tla ba naya dilo tsotlhe tse ba di tlhokang le go kgotsofatsa dikeletso tsa bone ka tsela e e molemolemo.—Pes. 145:16.
a Bona makasine wa Tora ya Tebelo ya June 1, 1987, tsebe 30-31.
b Mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele, lenyalo la seyantlo e ne le ngwao e mo go yone monna a neng a nyala motlholagadi wa morwarraagwe yo o se nang morwa gore a tle a tshole bana go tsweletsa pele losika lwa ga morwarraagwe.—Gen. 38:8; Dute. 25:5, 6.
c Batho ba ba tla boang ba tshela ba ba tsosediwang mo lefatsheng ba tla nna le tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng e seng bosasweng. Gore o ithute mo go oketsegileng ka pharologano fa gare ga bosasweng le botshelo jo bo sa khutleng, bona Tora ya Tebelo ya February 15, 1989, tsebe 29-30.