“Re Bolelele, Dilo Tseno di Tla Nna Leng?”
“Sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?”—MATH. 24:3.
1. Fela jaaka baaposetoloi, ke eng se le rona re kgatlhegelang go se itse?
JESU o ne a tloga a fetsa bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng mme barutwa ba gagwe ba ne ba tlhoafaletse go itse gore go ne go tla diragala eng ka bone mo isagweng. Ka jalo, malatsi a le mmalwa pele ga loso lwa gagwe, baaposetoloi ba gagwe ba le banè ba ne ba mmotsa jaana: “Dilo tseno di tla nna leng, mme sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?” (Math. 24:3; Mar. 13:3) Jesu o ne a ba araba ka go dirisa boporofeti jo bo neng bo tla diragadiwa ka ditsela di le mmalwa, jo bo kwadilweng mo go Mathaio kgaolo 24 le 25. Mo boporofeting joo, Jesu o ne a bolelela pele ditiragalo di le dintsi tse di tshwanetseng go elwa tlhoko. Mafoko a gagwe a botlhokwa thata mo go rona, e re ka le rona re kgatlhegela thata go itse se isagwe e re tshwaretseng sone.
2. (a) Ke eng se re ileng ra batla go se tlhaloganya botoka mo dingwageng tse di fetileng? (b) Ke dipotso dife tse tharo tse re tlileng go di sekaseka?
2 Mo dingwageng tse di fetileng, batlhanka ba ga Jehofa ba ntse ba ithuta ka tlhoafalo boporofeti jwa ga Jesu jo bo malebana le metlha ya bofelo mme ba rapela Modimo gore a ba thuse go bo tlhaloganya. Ba ne ba batla go tlhaloganya ka botlalo gore nako ya go diragadiwa ga mafoko a ga Jesu e tla nna leng. E le go bontsha kafa tsela e re tlhaloganyang dilo ka yone e tokafaditsweng ka gone, a re sekasekeng dipotso tseno tse tharo tse di malebana le gore boporofeti jwa ga Jesu bo diragadiwa leng. “Pitlagano e kgolo” e simolola leng? Jesu o atlhola leng “dinku” le “dipodi”? Jesu o tla leng kgotsa o “goroga” leng?—Math. 24:21; 25:31-33.
PITLAGANO E KGOLO E SIMOLOLA LENG?
3. Mo nakong e e fetileng, re ne re akanya gore pitlagano e kgolo e simolola leng?
3 Mo dingwageng di le dintsi, re ntse re akanya gore pitlagano e kgolo e simolotse ka 1914 fa Ntwa ya Lefatshe ya I e ne e runya, le gore, “malatsi ao a ne a khutshwafadiwa” ke Jehofa ka 1918 fa ntwa e ne e fela e le gore masalela a kgone go rerela batho ba ditšhaba tsotlhe dikgang tse di molemo. (Math. 24:21, 22) Fa tiro eo ya go rera e sena go wediwa, mmusomogolo wa ga Satane o ne o tla fedisiwa. Ka jalo, go ne go akanngwa gore pitlagano e kgolo e ne e tla nna le dikarolo di le tharo: Go ne go tla nna le tshimologo (1914-1918), mme e ne e tla kgorelediwa (go simologa ka 1918 go ya pele), e bo e fela ka Haramagedona.
4. Ke eng se se ileng sa re thusa go tlhaloganya botoka boporofeti jwa ga Jesu jo bo malebana le metlha ya bofelo?
4 Le fa go ntse jalo, fa boporofeti jono jwa ga Jesu bo sekasekiwa gape, re ne ra lemoga gore karolo ya boporofeti jwa gagwe jo bo malebana le metlha ya bofelo e diragadiwa gabedi. (Math. 24:4-22) Bo ne jwa diragadiwa la ntlha kwa Judea mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., e bile bo tla diragadiwa mo lefatsheng lotlhe mo motlheng wa rona. Go tlhaloganya dilo jalo go ne ga dira gore ditlhaloso di le mmalwa di tokafadiwe.a
5. (a) Go ne ga simologa metlha efe e e thata ka 1914? (b) Motlha oo wa matshwenyego o tsamaisana le nako efe mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.?
5 Gape re ne ra lemoga gore karolo ya ntlha ya pitlagano e kgolo ga e a simolola ka 1914. Ka ntlha yang? Ka gonne boporofeti jwa Baebele bo bontsha gore pitlagano e kgolo e ka se simolole ka go lwantshana ga ditšhaba, mme e tla simolola ka go tlhaselwa ga bodumedi jwa maaka. Ka jalo, ditiragalo tse di simologileng ka 1914 e ne e se tshimologo ya pitlagano e kgolo, mme e ne e le “tshimologo ya ditlhabi tsa tlalelo.” (Math. 24:8) ‘Ditlhabi tseno tsa tlalelo’ di tsamaisana le se se ileng sa diragala kwa Jerusalema le Judea go tloga ka 33 C.E. go ya go 66 C.E.
6. Ke eng se se tla tshwayang tshimologo ya pitlagano e kgolo?
6 Ke eng se se tla tshwayang tshimologo ya pitlagano e kgolo? Jesu o ne a bolelela pele jaana: “Fa lo tshogana ka lo bona selo se se ferosang sebete se se bakang kgakgabalo, jaaka go buiwa ka sone ka Daniele moporofeti, se eme mo lefelong le le boitshepo, (a mmadi a dirise temogo,) foo a ba ba kwa Judea ba tshabele kwa dithabeng.” (Math. 24:15, 16) Fa boporofeti jono bo ne bo diragadiwa la ntlha, ‘go ema mo lefelong le le boitshepo’ go ne ga diragala ka 66 C.E. fa masole a Roma (“selo se se ferosang sebete”) a tlhasela Jerusalema le tempele ya yone (lefelo le Bajuda ba neng ba le tsaya le le boitshepo). Fa boporofeti jono bo diragadiwa ka tsela e kgolwane, ‘go ema’ go tla diragala fa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng (“selo se se ferosang sebete” sa motlha wa gompieno) le tlhasela madumedi a a ipitsang a Bokeresete (a batho ba ba ipitsang Bakeresete ba a tsayang a le boitshepo) mmogo le Babelona yo Mogolo. Gape tlhaselo eo e tlhalosiwa mo go Tshenolo 17:16-18. Tiragalo eo e tla nna tshimologo ya pitlagano e kgolo.
7. (a) ‘Nama e ne ya bolokwa’ jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga? (b) Re ka solofela gore go tla diragala eng mo isagweng?
7 Gape Jesu o ne a bolelela pele gore: “Malatsi ao a tla khutshwafadiwa.” Boporofeti jono bo ne jwa diragadiwa lekgetlho la ntlha ka 66 C.E. fa masole a Roma a ne a ‘khutshwafatsa’ tlhaselo ya one. Ka nako eo, Bakeresete ba ba tloditsweng kwa Jerusalema le Judea ba ne ba tshaba, gore ‘nama ya bone kgotsa botshelo jwa bone bo bolokwe.’ (Bala Mathaio 24:22; Mal. 3:17) Ka jalo, ke eng se re ka lebelelang gore se diragale ka nako ya pitlagano e kgolo e e tlang? Jehofa o tla ‘khutshwafatsa’ go tlhaselwa ga bodumedi jwa maaka ke lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, a dira gore bodumedi jwa boammaaruri bo se ka jwa fedisiwa mmogo le jwa maaka. Seno se tla tlhomamisa gore batho ba Modimo ba a bolokwa.
8. (a) Go tla nna le ditiragalo dife morago ga karolo ya ntlha ya pitlagano e kgolo? (b) Go lebega leloko la bofelo la setlhopha sa ba ba 144 000 le tla amogela tuelo ya lone ya kwa legodimong ka nako efe? (Bona dintlha tse di konelang)
8 Go diragala eng morago ga karolo ya ntlha ya pitlagano e kgolo? Mafoko a ga Jesu a bontsha gore go tla feta lobaka lo lo rileng pele Haramagedona e simolola. Go tla diragala eng mo lobakeng loo lwa nako? Karabo ya potso eno e fitlhelwa mo go Esekiele 38:14-16 le mo go Mathaio 24:29-31. (E bale.)b Morago ga foo, go tla latela Haramagedona, e leng setlhoa sa pitlagano e kgolo, e e tla bong e tshwana le go senngwa ga Jerusalema ka 70 C.E. (Mal. 4:1) E re ka Haramagedona e tla bo e le setlhoa sa pitlagano e kgolo, pitlagano eo e e sa ntseng e tla nna gone e tla nna tiragalo e e tlhomologileng—“e e iseng e ko e nne fa e sa le ka tshimologo ya lefatshe.” (Math. 24:21) Morago ga Haramagedona, Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete e tla simolola.
9. Boporofeti jwa ga Jesu jo bo malebana le pitlagano e kgolo bo ama batho ba ga Jehofa jang?
9 Boporofeti jono jo bo malebana le pitlagano e kgolo bo a re nonotsha. Ka ntlha yang? Ka gonne bo re tlhomamisetsa gore batho ba ga Jehofa e le setlhopha, ba tla falola pitlagano e kgolo go sa kgathalesege gore ba lebana le maemo afe. (Tshen. 7:9, 14) Mo godimo ga moo, re a itumela ka gonne ka nako ya Haramagedona, Jehofa o tla tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe e bile o tla itshepisa leina la gagwe le le boitshepo.—Pes. 83:18; Esek. 38:23.
JESU O ATLHOLA LENG DINKU LE DIPODI?
10. Mo nakong e e fetileng, re ne re tlhaloganya gore go atlholwa ga dinku le dipodi go diragala leng?
10 Mma jaanong re sekasekeng nako ya go diragadiwa ga karolo e nngwe ya boporofeti jwa ga Jesu—setshwantsho sa go atlholwa ga dinku le dipodi. (Math. 25:31-46) Mo nakong e e fetileng, re ne re akanya gore go atlholwa ga batho go nna dinku kgotsa dipodi go diragala mo lobakeng lotlhe lwa metlha ya bofelo fa e sa le ka 1914 go ya pele. Re ne ra swetsa ka gore batho ba ba ganang molaetsa wa Bogosi ba bo ba swa pele ga tshimologo ya pitlagano e kgolo, ba swa e le dipodi—ba se na tsholofelo ya tsogo.
11. Ke ka ntlha yang fa go atlholwa ga batho go nna dinku le dipodi go ne go ka se simolole ka 1914?
11 Mo magareng a bo1990, Tora ya Tebelo e ne ya sekaseka sesha Mathaio 25:31, e e reng: “Fa Morwa motho a goroga a le mo kgalalelong ya gagwe, le baengele botlhe ba na le ene, ka nako eo o tla nna mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang.” Go ne ga tlhalosiwa gore Jesu o ne a nna Kgosi ya Bogosi jwa Modimo ka 1914, mme gone, ga a ka a “nna mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang” e le Moatlhodi wa “ditšhaba tsotlhe.” (Math. 25:32; bapisa Daniele 7:13.) Le fa go ntse jalo, setshwantsho sa dinku le dipodi se tlhalosa se segolobogolo Jesu a tla se dirang e le Moatlhodi. (Bala Mathaio 25:31-34, 41, 46.) E re ka Jesu a ne a ise a nne Moatlhodi wa ditšhaba tsotlhe ka 1914, o ne a ka se simolole go atlhola batho go nna dinku le dipodi ka ngwaga oo.c Ka jalo, Jesu o tla simolola go atlhola leng?
12. (a) Jesu o tla nna leng Moatlhodi wa ditšhaba tsotlhe ka lekgetlho la ntlha? (b) Ke ditiragalo dife tse di tlhalositsweng mo go Mathaio 24:30, 31 le mo go Mathaio 25:31-33, 46?
12 Boporofeti jwa ga Jesu jo bo malebana le metlha ya bofelo bo bontsha gore o tla nna Moatlhodi wa ditšhaba lekgetlho la ntlha morago ga go fedisiwa ga bodumedi jwa maaka. Jaaka go tlhalositswe mo serapeng sa 8, ditiragalo dingwe tse di tla diragalang ka nako eo, di kwadilwe mo go Mathaio 24:30, 31. Fa o sekaseka ditemana tseo, o tla lemoga gore Jesu o ne a bolelela pele ditiragalo tse di tshwanang le tse a di umakang mo setshwantshong sa dinku le dipodi. Ka sekai, fa Morwa motho a tla ka kgalalelo a na le baengele; merafe le ditšhaba tsotlhe di tla phuthiwa; ba ba atlholwang go nna dinku ba “tsholetsa ditlhogo [tsa bone]” ka gonne ba letetswe ke “botshelo jo bo sa khutleng.”d Ba ba atlholwang go nna dipodi ba ‘tla ititaya ka khutsafalo’ ba lemoga gore ba letetswe ke ‘go kgaolwa ka bosakhutleng.’—Math. 25:31-33, 46.
13. (a) Jesu o tla atlhola leng batho jaaka dinku kgotsa dipodi? (b) Go tlhaloganya dilo ka tsela eno go ama jang tsela e re lebang bodiredi jwa rona ka yone?
13 Ka jalo, re ka swetsa ka go reng? Jesu o tla atlhola batho botlhe ba ditšhaba go nna dinku kgotsa dipodi fa a tla ka nako ya pitlagano e kgolo. Morago ga moo, ka nako ya Haramagedona, e leng setlhoa sa pitlagano e kgolo, batho ba ba tshwanang le dipodi ba tla ‘kgaolwa’ ka bosakhutleng. Tsela eo, e re tlhaloganyang dilo ka yone e tshwanetse go ama jang tsela e re lebang bodiredi jwa rona ka yone? E re thusa go bona botlhokwa jwa tiro ya rona ya go rera. Go fitlha pitlagano e kgolo e simolola, batho ba sa ntse ba na le nako ya go fetola tsela e ba akanyang ka yone mme ba simolole go tsamaya mo tseleng e e pitlaganeng “e e isang botshelong.” (Math. 7:13, 14) Gone ke boammaaruri gore gompieno batho ba ka tswa ba bontsha mekgwa ya go nna jaaka dinku kgotsa dipodi. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go gakologelwa gore katlholo ya makgaolakgang ya gore ke bomang ba e leng dinku kgotsa dipodi e tlile go diragala ka nako ya pitlagano e kgolo. Ka jalo, re na le lebaka le le utlwalang la go tswelela re naya batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka gone tshono ya gore ba utlwe molaetsa wa Bogosi le gore ba o tsibogele.
JESU O TLA LENG KGOTSA O GOROGA LENG?
14, 15. Ke ditemana dife tse nnè tse di buang ka go tla ga ga Keresete mo isagweng e le Moatlhodi?
14 A go tswelela re sekaseka boporofeti jwa ga Jesu go senola gore tsela e re tlhaloganyang ka yone nako ya go diragadiwa ga ditiragalo tse dingwe tsa botlhokwa e tlhoka go tokafadiwa? Boporofeti jono bo re naya karabo. Mma re bone gore jang.
15 Mo karolong ya boporofeti jwa gagwe jo bo kwadilweng mo go Mathaio 24:29–25:46, Jesu o bua segolobogolo ka se se tla diragalang mo metlheng eno ya bofelo le se se tla diragalang ka nako ya pitlagano e kgolo e e tlang. Mo ditemaneng tseo, Jesu o bua ka makgetlho a le robedi a a amanang le go “tla” kgotsa go goroga ga gagwe.e Fa a bua ka pitlagano e kgolo, a re: ‘Ba tla bona Morwa motho a tla a le mo marung.’ “Ga lo itse gore Morena wa lona o tla ka letsatsi lefe.” “Ka ura e lo sa akanyeng gore ke yone, Morwa motho o tla ka yone.” Mme mo setshwantshong sa gagwe sa dinku le dipodi, Jesu a re: ‘Morwa motho o goroga a le mo kgalalelong ya gagwe.’ (Math. 24:30, 42, 44; 25:31) Nngwe le nngwe ya ditemana tse nnè tseno, e bua ka go tla ga ga Keresete mo isagweng e le Moatlhodi. Mme mo boporofeting jwa ga Jesu, ke kae gape mo re fitlhelang ditemana tse dingwe tse nnè tse di buang ka go tla ga gagwe?
16. Go tla ga ga Jesu go umakilwe mo ditemaneng dife tse dingwe?
16 Jesu o ne a bua jaana malebana le motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale: “Go itumela motlhanka yoo yo fa mong wa gagwe a goroga [“a sena go tla,” ntlha e e kwa tlase mo go NW] a mo fitlhelang a dira jalo.” Mo setshwantshong sa makgarebana, Jesu a re: “Ya re ba ntse ba tswa ba ya go reka, monyadi a goroga [“a tla,” Kingdom Interlinear].” Jesu o ne a tlhalosa jaana mo setshwantshong sa ditalenta: “Morago ga nako e telele mong wa batlhanka bao a tla.” Mo go sone setshwantsho seo, mong wa batlhanka bao a re: “Fa ke goroga [“ke sena go tla,” Int] ke ne ke tla amogela se e leng sa me se na le morokotso.” (Math. 24:46; 25:10, 19, 27) Ditemana tseno tse nnè tse di umakang go tla ga ga Jesu, di bua ka nako efe?
17. Ke eng se re neng ra se tlhalosa ka go goroga mo go umakilweng mo go Mathaio 24:46?
17 Mo nakong e e fetileng, re ne ra tlhalosa gore ditemana tseno tse nnè tsa bofelo di bua ka go tla kgotsa go goroga ga ga Jesu ka 1918. Ka sekai, akanya ka se Jesu a neng a se bua malebana le “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Bala Mathaio 24:45-47.) Re ne re tlhaloganya gore go “goroga” mo go umakilweng mo temaneng ya 46 go ne go amana le nako ya fa Jesu a ne a tla go tlhatlhoba boemo jwa batlodiwa ka 1918, le gore go tlhomiwa ga motlhanka gore a okamele dilo tsotlhe tsa Mong wa gagwe go diragetse ka 1919. (Mal. 3:1) Le fa go ntse jalo, fa re ntse re sekaseka boporofeti jwa ga Jesu, re ne ra lemoga gore re tlhoka go fetola tsela e re tlhaloganyang ka yone nako e dikarolo dingwe tsa boporofeti joo di diragadiwang ka yone. Ka ntlha yang?
18. Go sekaseka boporofeti jwa ga Jesu ka botlalo go ile ga dira gore re swetse ka go reng malebana le go tla ga gagwe?
18 Mo ditemaneng tse di tlang pele ga Mathaio 24:46, lefoko “goroga” le bua ka nako ya fa Jesu a tla go itsise le go diragatsa katlholo ya gagwe, ka nako ya pitlagano e kgolo. (Math. 24: 30, 42, 44) Gape, jaaka re ithutile mo serapeng sa 12, go “goroga” ga ga Jesu mo go umakilweng mo go Mathaio 25:31 go bua ka yone nako eo ya katlholo. Ka jalo, go a utlwala go swetsa ka gore fa Mathaio 24:46, 47 e bua ka go goroga ga ga Jesu a tla go tlhoma motlhanka yo o boikanyego gore a okamele dilo tsotlhe tsa Gagwe, gape e kaya go tla ga gagwe mo isagweng ka nako ya pitlagano e kgolo.f Eleruri, go sekaseka boporofeti jwa ga Jesu ka botlalo go bontsha sentle gore nngwe le nngwe ya ditemana di le robedi tse di umakang go tla ga gagwe, e bua ka nako e e tlang ya katlholo ka nako ya pitlagano e kgolo.
19. Re tlhatlhobile dithuto dife tse di tokafaditsweng, mme re tla sekaseka dipotso dife mo ditlhogong tse di latelang?
19 Ka jalo, re ithutile eng? Kwa tshimologong ya setlhogo seno, re ne ra botsa dipotso di le tharo tse di malebana le gore boporofeti jwa ga Jesu bo tla diragadiwa leng. Sa ntlha, re ithutile gore pitlagano e kgolo ga e a simolola ka 1914 mme e tla simolola fa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le tlhasela Babelona yo Mogolo. Mme gape re ne ra ithuta gore ke ka ntlha yang fa katlholo ya ga Jesu ya dinku le dipodi e sa simolola ka 1914 mme e tla diragala ka nako ya pitlagano e kgolo. Kwa bofelong, re ithutile gore ke ka ntlha yang fa go goroga ga ga Jesu go tla go tlhoma motlhanka yo o boikanyego go okamela dilo tsotlhe tsa Gagwe go sa diragala ka 1919, mme go tla diragala ka nako ya pitlagano e kgolo. Ka jalo, ditiragalo tseno tsotlhe tse tharo di tla diragala ka nako e le nngwe fela mo isagweng—nako ya pitlagano e kgolo. Mme gone, tsela eno e e tokafaditsweng e re tlhaloganyang dilo ka yone, e ama jang kafa re tlhaloganyang ka gone setshwantsho sa motlhanka yo o boikanyego? Gape e ama jang tsela e re tlhaloganyang ka yone ditshwantsho tse dingwe tsa ga Jesu tse di diragadiwang mo motlheng ono wa bofelo? Dipotso tseno tsa botlhokwa di tla sekasekiwa mo ditlhogong tse di latelang.
a Serapa 4: Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona Tora ya Tebelo ya February 15, 1994, tsebe 8-21 le ya May 1, 1999, tsebe 8-20.
b Serapa 8: Nngwe ya ditiragalo tse di umakiwang mo ditemaneng tseno ke go ‘phuthiwa ga ba ba tlhophilweng.’ (Math. 24:31) Ka jalo, go bonala gore nako nngwe morago ga go feta ga karolo ya ntlha ya pitlagano e kgolo, batlodiwa botlhe ba ba tla bong ba sa ntse ba le mo lefatsheng ba tla tlhatlosediwa kwa legodimong pele ga ntwa ya Haramagedona e simolola. Seno se tokafatsa se se ileng sa buiwa malebana le kgang eno mo setlhogong sa “Dipotso Tse di Tswang go Babadi” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa August 15, 1990, tsebe 30.
c Serapa 11: Bona Tora ya Tebelo, October 15, 1995, tsebe 18-28.
d Serapa 12: Bona pego e e tsamaisanang le eno mo go Luke 21:28.
e Serapa 15: Mafoko “tla” le “goroga” a ranola lediri le le lengwe la Segerika e leng, erʹkho·mai.
f Serapa 18: Jaaka go tlhalositswe, lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “a goroga” mo go Mathaio 24:46 le kaya selo se le sengwe le lediri la Segerika le le ranotsweng e le “a tla” mo go Mathaio 24:30, 42, 44.