-
“A Bogosi Jwa Gago bo Tle”Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
-
-
15, 16. Mafoko a a reng “kokomana eno” a raya bomang?
15 Mme gone, Bogosi jwa Modimo bo tla tla leng? Jesu ga a ka a bua nako e e tlhomameng ya gore seo se ne se tla direga leng. (Math. 24:36) Le fa go ntse jalo, o ne a bua sengwe se se neng se tla re tlhomamisetsa gore ruri Bogosi bo gaufi thata. Jesu o ne a bontsha gore Bogosi bo ne bo tla tla fa “kokomana eno” e sena go bona go diragadiwa ga sesupo sa boporofeti. (Bala Mathaio 24:32-34.) Polelwana e e reng “kokomana eno,” e raya bomang? A re sekasekeng ka kelotlhoko mafoko ao a ga Jesu.
16 “Kokomana eno.” A Jesu o ne a bua ka batho ba e seng badumedi? Nnyaa. Ela tlhoko gore o ne a bua le bomang. Fa Jesu a ne a bua ka boporofeti jono, o ne a na le baaposetoloi ba le mmalwa ba ba neng ba “mo atamela kwa thoko.” (Math. 24:3) Baaposetoloi bano ba ne ba tloga ba tlodiwa ka moya o o boitshepo. Gape ela tlhoko ditemana tse di dikologileng kgang eno. Pele ga Jesu a bua ka “kokomana eno,” o ne a re: “Jaanong ithuteng ntlha eno ka setlhare sa mofeige e le setshwantsho: Ka bonako fela fa kalana ya sone e nna nana mme e ntsha matlhare, lo a itse gore selemo se gaufi. Ka tsela e e tshwanang le lona, fa lo bona dilo tseno tsotlhe, itseng gore o gaufi fa dikgorong.” Balatedi ba ga Jesu ba ba tloditsweng—e seng batho ba e seng badumedi—ba ne ba tla bona dilo tse a neng a di bolelelapele le go lemoga bokao jwa tsone, gore Jesu “o gaufi fa dikgorong.” Ka jalo, fa Jesu a ne a bua ka “kokomana eno,” o ne a akantse ka balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng.
17. Dipolelwana “kokomana” le “dilo tseno tsotlhe,” di kaya eng?
17 “Ga e na go feta ka gope go fitlha dilo tseno tsotlhe di diragala.” Mafoko ao a tla diragadiwa jang? Go araba potso eno, re tlhoka go itse dilo di le pedi: bokao jwa “kokomana” le jwa “dilo tseno tsotlhe.” Gantsi lefoko “kokomana” le kaya batho ba dingwaga tse di farologaneng ba ba tswelelang ba tshela ka lobaka lo le longwe lwa nako. Kokomana ga e tseye lobaka lo loleele thata, e na le mo e felelang gone. (Ekes. 1:6) Polelwana e e reng “dilo tseno tsotlhe,” e akaretsa dilo tsotlhe tse di boleletsweng pele tse di buang ka nako ya go nna gone ga ga Jesu, go tloga ka tshimologo ya go nna gone ga gagwe ka 1914 go fitlha kwa bokhutlong jwa go nna gone ga gagwe ka nako ya “pitlagano e kgolo.”—Math. 24:21.
18, 19. Re tshwanetse go tlhaloganya jang mafoko a ga Jesu a a buang ka “kokomana eno,” mme re ka swetsa ka go reng?
18 Jaanong, re tshwanetse go tlhaloganya jang mafoko a ga Jesu a a buang ka “kokomana eno”? Kokomana eno e dirilwe ka ditlhopha tse pedi tsa batlodiwa tse di tshelang mo lobakeng lo le longwe lwa nako—setlhopha sa ntlha se bopilwe ka batlodiwa ba ba neng ba bona tshimologo ya go diragadiwa ga sesupo ka 1914 mme sa bobedi, ke sa batlodiwa ba mo lobakeng lo lo rileng lwa nako ba neng ba tshela le ba setlhopha sa ntlha. Mme bangwe ba setlhopha sa bobedi ba tla tshela go fitlha ba bona tshimologo ya pitlagano e kgolo. Ditlhopha tseno tse pedi ke kokomana e le nngwe ka gonne di tshela mo lobakeng lo le longwe lwa nako e le Bakeresete ba ba tloditsweng.c
19 Jaanong re ka swetsa ka go reng? Re a itse gore sesupo sa go nna gone ga ga Jesu a le mo maatleng a Bogosi se bonala sentle mo lefatsheng lotlhe. E bile re a bona gore batlodiwa ba ba sa ntseng ba tshela ba e leng karolo ya “kokomana eno” ba a tsofala; mme gone, ga ba kitla ba a swa botlhe pele ga pitlagano e kgolo e simologa. Ka jalo, re ka swetsa ka gore go ise go ye kae, ruri Bogosi jwa Modimo bo tla tla mme bo tla busa mo lefatsheng lotlhe! Go tla bo go itumedisa tota go bona go diragadiwa ga thapelo e Jesu a neng a re e ruta: “A Bogosi jwa gago bo tle”!
-