“Tota Motlhanka yo o Boikanyego Le yo O Botlhale ke Mang?”
“Tota motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ke mang yo mong wa gagwe a neng a mo tlhoma gore a okamele ba ntlo ya gagwe?”—MATH. 24:45.
1, 2. Jesu o dirisa mang go re fepa gompieno, mme ke eng fa go le botlhokwa gore re lemoge gore ke mang yo a mo dirisang?
“BAKAULENGWE, ga ke kgone go bala makgetlho a lo ileng lwa nthusa ka one go bona ditlhogo tse di nang le se ke neng ke se tlhoka thata ka nako e e tshwanetseng.” Ke yone tsela e kgaitsadi mongwe a neng a bontsha kanaanelo ka yone fa a ne a kwalela bakaulengwe ba ba berekang kwa ntlokgolo ya rona ya lefatshe lotlhe. A le wena o a tle o ikutlwe jaaka ene? Bontsi jwa rona re a tle re ikutlwe jalo. A seo se tshwanetse go re gakgamatsa? Nnyaa.
2 Dijo tsa semoya tse re di amogelang ka nako e e tshwanetseng ke bosupi jwa gore Jesu, yo e leng Tlhogo ya phuthego, o diragatsa tsholofetso ya gagwe ya gore o tla re fepa. O dirisa mang go re fepa? Fa Jesu a ne a bua ka sesupo sa go nna gone ga gagwe, o ne a re o tla dirisa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” go naya ba ntlo ya gagwe ‘dijo ka nako e e tshwanetseng.’a (Bala Mathaio 24:45-47.) Jesu o dirisa motlhanka yoo go fepa balatedi ba gagwe ba boammaaruri mo motlheng ono wa bofelo. Go botlhokwa thata gore re lemoge gore motlhanka yo o boikanyego ke mang. Bomoya jwa rona le kamano ya rona le Modimo di ikaegile ka motlhanka yoo.—Math. 4:4; Joh. 17:3.
3. Dikgatiso tsa rona di ne di tlhalosa setshwantsho sa motlhanka yo o boikanyego jang?
3 Ka jalo, re tshwanetse go tlhaloganya jang setshwantsho sa ga Jesu sa motlhanka yo o boikanyego? Mo nakong e e fetileng, dikgatiso tsa rona di ile tsa tlhalosa dintlha tse di latelang: Ka Pentekosete ya 33 C.E., Jesu o ne a tlhoma motlhanka yo o boikanyego gore a okamele ba ntlo ya gagwe. Motlhanka o emela Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng ba e leng setlhopha, ba ba tshelang ka nako e le nngwe fa e sa le ka nako eo. Ba ntlo ya gagwe ba emela mongwe le mongwe wa Bakeresete bano ba ba tloditsweng. Ka 1919, Jesu o ne a tlhoma motlhanka yo o boikanyego gore a “okamele dilo tsa gagwe tsotlhe”—dilo tsa gagwe tsotlhe tse di direlwang Bogosi tse di mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, fa re tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko le go tlhatlhanya ka tsone ka thapelo, re ne ra lemoga gore tsela e re tlhaloganyang mafoko a ga Jesu ka yone a a malebana le motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale, e tlhoka go tokafadiwa. (Dia. 4:18) A re sekasekeng setshwantsho seno mme re bone gore se re ama jang, re ka tswa re na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng.
SETSHWANTSHO SENO SE DIRAGADIWA LENG?
4-6. Ke eng fa re ka dira tshwetso ya gore setshwantsho sa ga Jesu sa motlhanka yo o boikanyego se simolotse go diragadiwa morago ga 1914?
4 Dintlha tse di amanang le setshwantsho seno sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale di bontsha gore setshwantsho seno se ne sa simolola go diragadiwa mo motlheng wa bofelo e seng ka Pentekosete ya 33 C.E. A re boneng kafa Dikwalo di re thusang ka gone gore re fitlhelele tshwetso eno.
5 Setshwantsho sa motlhanka yo o boikanyego ke karolo ya boporofeti jwa ga Jesu jo bo malebana le ‘sesupo sa go nna gone ga gagwe le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.’ (Math. 24:3) Karolo ya ntlha ya boporofeti jo bo mo go Mathaio 24:4-22, e diragadiwa gabedi—la ntlha e diragadiwa go tloga ka 33 C.E. go ya go 70 C.E. mme la bobedi e diragadiwa ka tsela e kgolwane mo motlheng wa rona. A seo se kaya gore mafoko a ga Jesu a a malebana le motlhanka yo o boikanyego le one a tla diragadiwa ka ditsela tse pedi? Nnyaa.
6 Go simolola ka mafoko a a mo go Mathaio 24:29, Jesu o ne a tlhoma mogopolo mo ditiragalong tse di neng di tla direga mo motlheng wa rona. (Bala Mathaio 24:30, 42, 44.) Fa Jesu a ne a bua ka se se tla diragalang ka nako ya pitlagano e kgolo, o ne a re batho ba “tla bona Morwa motho a tla a le mo marung a legodimo.” Go tswa foo, o ne a bua mafoko a a neng a a lebisa mo bathong ba ba neng ba tla tshela mo malatsing ao a bofelo, a ba rotloetsa gore ba nne ba ntshitse matlho dinameng, o ne a re: “Ga lo itse gore Morena wa lona o tla ka letsatsi lefe,” a bo a re, “Ka ura e lo sa akanyeng gore ke yone, Morwa motho o tla ka yone.”b Mo ditemaneng tseno—fa Jesu a ne a bua ka ditiragalo tse di tla diregang mo metlheng ya bofelo—o ne a bua ka setshwantsho sa motlhanka yo o boikanyego. Ka jalo, re ka fitlhelela tshwetso ya gore mafoko a gagwe a a malebana le motlhanka yoo yo o boikanyego, a ne a simolola go diragadiwa morago ga gore metlha ya bofelo e simolole ka 1914. Go a utlwala gore re dire tshwetso eo. Ka ntlha yang?
7. Ke potso efe ya botlhokwa e e neng ya tsoga fa paka ya thobo e ne e simolola, mme ka ntlha yang?
7 Ema go sekae mme o akanye ka potso eno: “Tota motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ke mang?” Mo lekgolong la ntlha la dingwaga go ne go se na lebaka la go botsa potso eno. Jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, baaposetoloi ba ne ba kgona go dira dikgakgamatso, tota le go abela ba bangwe dimpho tsa go dira dikgakgamatso, go bontsha gore Modimo o ne a ba eme nokeng. (Dit. 5:12) Ka jalo, go ne go sa tlhokege gore mongwe a botse gore tota ke mang yo Keresete a mo tlhomileng gore a etelele pele. Le fa go ntse jalo, ka 1914 dilo di ne di farologane thata. Paka ya thobo e ne ya simolola mo go one ngwaga oo. Kgabagare nako e ne e fitlhile gore mefero e kgaoganngwe le korong. (Math. 13:36-43) E re ka paka ya thobo e ne e simolotse, go ne ga tsoga potso ya botlhokwa: Ka gonne go ne go na le Bakeresete ba le bantsi ba e seng ba boammaaruri ba ba neng ba ipolela gore ke balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba neng ba tshwantshediwa ke korong, ba ne ba tla lemogiwa jang? Setshwantsho sa motlhanka yo o boikanyego se araba potso eno. Balatedi ba ga Keresete ba ba tloditsweng e ne e tla nna bone ba ba fepiwang sentle semoyeng.
MOTLHANKA YO O BOIKANYEGO LE YO O BOTLHALE KE MANG?
8. Ke eng fa go tshwanela gore motlhanka yo o boikanyego a bopiwe ke Bakeresete ba ba tloditsweng?
8 Motlhanka yo o boikanyego o tshwanetse a bo a bopiwa ke Bakeresete ba ba tloditsweng ba mo lefatsheng. Bakeresete bano ba bidiwa “boperesiti jwa segosi” mme ba laetswe gore ba “ ‘bolele dinonofo tse di molemolemo gongwe le gongwe’ tsa yo o neng a [ba] bitsa mo lefifing a [ba] isa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang.” (1 Pet. 2:9) Go a tshwanela go bo maloko ao a “boperesiti jwa segosi” a na le seabe ka tlhamalalo mo go ruteng badumedimmogo le bone boammaaruri.—Mal. 2:7; Tshen. 12:17.
9. A motlhanka yo o boikanyego o bopiwa ke Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng? Tlhalosa.
9 A motlhanka yo o boikanyego o bopiwa ke batlodiwa botlhe ba ba mo lefatsheng? Nnyaa. Boammaaruri ke gore ga se batlodiwa botlhe ba ba nnang le seabe mo go abeleng badumedimmogo le bone dijo tsa semoya lefatshe ka bophara. Mo gare ga korong, go na le bakaulengwe ba ba tloditsweng ba e leng batlhanka ba bodiredi kgotsa bagolwane mo diphuthegong tse ba leng kwa go tsone. Ba ruta ka ntlo le ntlo le mo diphuthegong tsa bone, e bile ba ikobela ka boikanyegi kaelo e e tswang kwa ntlokgolo. Le fa go ntse jalo, ga ba nne le seabe mo go abeleng bakaulengwe ba lefatshe lotlhe dijo tsa semoya. Gape bangwe ba batlodiwa ke bokgaitsadi ba ba boikobo, ba ba ka se kang ba leka go nna barutisi mo phuthegong.—1 Bakor. 11:3; 14:34.
10. Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ke mang?
10 Ka jalo, motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ke mang? Go dumalana le mokgwa o Jesu a neng a o dirisa wa go fepa ba le bantsi a dirisa ba le mmalwa, motlhanka yono ke setlhopha se sennye sa bakaulengwe ba ba tloditsweng ba ba nnang le seabe ka tlhamalalo mo go rulaganyeng dijo tsa semoya le go di aba mo nakong ya go nna gone ga ga Keresete. Mo metlheng ya bofelo, bakaulengwe ba ba tloditsweng ba e leng motlhanka yo o boikanyego ba ntse ba dira mmogo kwa ntlokgolo. Masomesome a dingwaga bosheng jaana, motlhanka yoo o tlhalositswe e le Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, lefoko le le reng “motlhanka” le Jesu a le dirisitseng mo setshwantshong sa gagwe, ga le kaye motho a le mongwe, mme le bua ka setlhopha. Ka jalo, maloko a Setlhopha se se Laolang a dira ditshwetso e le setlhopha.
BA NTLO KE BOMANG?
11, 12. (a) Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale o tlhomiwa gore a dire ditiro dife tse pedi? (b) Jesu o ne a tlhoma leng motlhanka yo o boikanyego gore a okamele ba ntlo ya gagwe, mme o ne a tlhopha bomang go dira jalo?
11 Go botlhokwa go ela tlhoko gore mo setshwantshong sa ga Jesu, motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale o tlhomiwa gore a dire ditiro tse pedi tse di farologaneng. Ya ntlha, ke go okamela ba ntlo; ya bobedi, ke go okamela dilo tsotlhe tsa mong wa gagwe. E re ka setshwantsho seno se diragadiwa mo motlheng wa bofelo, motlhanka o dira ditiro tseno tse pedi morago ga gore Jesu a nne gone e le kgosi go simolola ka 1914.
12 Jesu o tlhomile leng motlhanka yo o boikanyego gore a okamele ba ntlo ya gagwe? Gore re arabe potso eo, re tshwanetse go boela morago mo ngwageng wa 1914—fa paka ya thobo e ne e simolola. Jaaka re setse re ithutile, mo nakong eo ditlhopha di le dintsi di ne di ipolela gore ke Bakeresete. Jesu o ne a tla tlhopha motlhanka yo o boikanyego go tswa mo setlhopheng sefe? Potso eo e ne ya arabiwa fa ene le Rraagwe ba ne ba tla go tlhatlhoba tempele, kgotsa thulaganyo ya semoya ya kobamelo, go simolola ka 1914 go ya kwa masimologong a 1919.c (Mal. 3:1) Ba ne ba itumedisiwa ke setlhopha se sennye se se ikanyegang sa Baithuti ba Baebele ba ba neng ba bontsha gore ba ikanya Jehofa le Lefoko la gagwe. Gone ke boammaaruri gore, ba ne ba tlhoka go phepafadiwa, mme gone ba ne ba amogela seo ka boikobo ka nako e khutshwane ya go lekiwa le go itshekisiwa. (Mal. 3:2-4) Baithuti ba Baebele ba ba ikanyegang e ne e le Bakeresete ba boammaaruri ba ba tshwantshediwang ke korong. Ka 1919, ka nako ya go tsosolosiwa semoyeng, Jesu o ne a tlhopha bakaulengwe ba ba tloditsweng ba ba nang le bokgoni mo gare ga bone, gore e nne motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale mme a ba tlhoma gore ba okamele ba ntlo ya gagwe.
13. Ke bomang ba e leng karolo ya ba ntlo, mme ka ntlha yang?
13 Ka jalo, ba ntlo ke bomang? Fa re tlhamalala fela, re ka re ke ba ba fepiwang. Mo tshimologong ya malatsi a bofelo, ba ntlo e ne e le batlodiwa botlhe. Moragonyana, ba ntlo ba ne ba akaretsa boidiidi jo bogolo jwa dinku tse dingwe. Gone jaanong ba dinku tse dingwe ke karolo e kgolo ya “letsomane le le lengwe” le le eteletsweng pele ke Keresete. (Joh. 10:16) Ditlhopha tseno tse pedi di fepiwa ka dijo tsa semoya tse di tshwanang tse ba di abelwang ke motlhanka yo o boikanyego ka nako e e tshwanetseng. Go tweng ka maloko a Setlhopha se se Laolang a gompieno e leng motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale? Bakaulengwe bano le bone ba tlhoka go fepiwa semoyeng. Ka jalo, bakaulengwe bano ba ba ikokobeditseng ba lemoga gore mongwe le mongwe wa bone ke karolo ya ba ntlo fela jaaka balatedi botlhe ba mmatota ba ga Jesu.
14. (a) Motlhanka yo o boikanyego o neilwe maikarabelo afe, mme seo se akaretsa eng? (b) Jesu o ne a naya motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale tlhagiso efe? (Bona lebokose la setlhogo se se reng, “Fa go Direga Gore Motlhanka yo o Bosula Yoo . . . ”)
14 Jesu o neile motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale maikarabelo a magolo. Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, motlhanka yo o neng a ikanngwa kgotsa modiredi, e ne e le ene a tlhokomelang ntlo. (Luke 12:42) Ka jalo, motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale o neilwe maikarabelo a go okamela ba ntlo ya tumelo. Maikarabelo ao a akaretsa go tlhokomela dithoto tsa Mong, tiro ya go rera, dithulaganyo tsa dikopano tse dikgolo le tse dinnye, go dirwa ga dikgatiso tsa Baebele tse di tla dirisiwang mo bodireding jwa tshimo le fa motho a ithuta a le nosi le mo dipokanong tsa phuthego. Ba ntlo ba ikaegile ka dijo tsotlhe tsa semoya tse ba di newang ke setlhopha sa motlhanka.
O TLHOMIWA LENG GORE A OKAMELE DILO TSOTLHE TSA MONG?
15, 16. Jesu o tlhoma leng motlhanka yo o boikanyego gore a okamele dilo tsa gagwe?
15 Jesu o tlhoma leng motlhanka gore a dire tiro ya gagwe ya bobedi—‘go okamela dilo tsa gagwe tsotlhe’? Jesu o ne a re: “Go itumela motlhanka yoo yo fa mong wa gagwe a goroga a mo fitlhelang a dira jalo. Ammaaruri ke a lo raya, O tla mo tlhoma gore a okamele dilo tsa gagwe tsotlhe.” (Math. 24:46, 47) Ela tlhoko gore Jesu o tlhoma motlhanka go dira tiro eo ya bobedi fa a goroga mme a mo fitlhela a ntse a “dira jalo” ke gore, a aba dijo tsa semoya ka boikanyegi. Ka jalo, go tla nna le lobaka lo lo rileng magareng ga gore motlhanka a tlhomiwe go dira tiro ya ntlha le ya bobedi. E le gore re tlhaloganye gore ke leng le gone jang Jesu a tlhomang motlhanka gore a okamele dilo tsotlhe tsa Gagwe, re tshwanetse go itse dilo tse pedi: gore o tla leng le gore dilo tsa gagwe ke eng.
16 Jesu o goroga leng? Re bona karabo ya potso eo mo ditemaneng tse di tlang pele ga temana eo le morago ga yone. Se lebale gore, mo ditemaneng tse di fetileng fa go buiwa ka go “tla” ga ga Jesu, lefoko leo le kaya nako ya fa a tla go itsise katlholo le go e diragatsa kwa bokhutlong jwa tsamaiso eno.d (Math. 24:30, 42, 44) Ka jalo, go “goroga” kgotsa go “tla” ga ga Jesu mo go umakilweng mo setshwantshong sa motlhanka yo o boikanyego, go direga ka nako ya pitlagano e kgolo.
17. Dilo tsa ga Jesu di akaretsa eng?
17 ‘Dilo tsotlhe’ tsa ga Jesu di akaretsa eng? Jesu o ne a sa dirise lefoko “tsotlhe” go kaya fela dilo tsa mo lefatsheng. Kana e bile, Jesu o na le taolo e kgolo kwa legodimong. O ne a re: “Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng.” (Math. 28:18; Baef. 1:20-23) Gone jaanong, dilo tsa gagwe di akaretsa Bogosi jwa Bomesia, jo e sa leng e le jwa gagwe fa e sa le ka 1914, le jo mo go jone a tla busang le balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng.—Tshen. 11:15.
18. Ke ka ntlha yang fa Jesu a tla itumelela go tlhoma motlhanka wa gagwe gore a okamele dilo tsotlhe tsa gagwe?
18 Fa re sekaseka dintlha tse re tlotlileng ka tsone, re ka swetsa ka go reng? Fa Jesu a tla go atlhola ka nako ya pitlagano e kgolo, o tla fitlhela motlhanka yo o boikanyego a abela ba ntlo ya Gagwe dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng le ka boikanyegi. Ka nako eo, Jesu o tla itumelela go mo tlhoma gore a dire tiro ya bobedi—go okamela dilo tsotlhe tsa gagwe. Ba e leng setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego ba tla tlhomiwa gore ba dire tiro eno fa ba amogela tuelo ya bone kwa legodimong e le babusimmogo le Keresete.
19. A fa motlhanka yo o boikanyego a le kwa legodimong, o tla amogela tuelo e e fetang ya batlodiwa ba bangwe botlhe? Tlhalosa.
19 A fa motlhanka yo o boikanyego a le kwa legodimong, o tla amogela tuelo e e fetang ya batlodiwa ba bangwe botlhe? Nnyaa. Tuelo e setlhopha se sennye seno se e solofeditsweng, e ka amogelwa le ke ba bangwe. Ka sekai, akanya ka se Jesu a neng a se bolelela baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang ba le 11 mo bosigong jwa pele ga a swa. (Bala Luke 22:28-30.) Jesu o ne a solofetsa setlhopha seo se sennye sa banna gore ba letetswe ke tuelo ka ntlha ya go ikanyega ga bone. Ba ne ba tla busa le ene mo bogosing jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, dingwaga di le dintsi morago ga moo, o ne a tlhalosa gore ba le 144 000 botlhe ba tla nna le ene mo ditulong tsa bogosi mme ba buse mmogo le ene. (Tshen. 1:1; 3:21) Ka tsela e e tshwanang, jaaka go tlhalositswe mo go Mathaio 24:47, o ne a solofetsa setlhopha se sennye sa banna—bakaulengwe ba ba tloditsweng ba e leng motlhanka yo o boikanyego—gore ba tla tlhomiwa go okamela dilo tsa gagwe tsotlhe. Mme boammaaruri ke gore, botlhe ba ba 144 000 ba tla busa le ene kwa legodimong.—Tshen. 20:4, 6.
20. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a tlhoma motlhanka yo o boikanyego, mme wena o ikemiseditse go dira eng?
20 Jesu o dirisa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale go latela mokgwa o a o simolotseng mo lekgolong la ntlha la dingwaga—go fepa ba le bantsi a dirisa ba le mmalwa. Jesu o tlhomile motlhanka yo o boikanyego go tlhomamisa gore balatedi ba gagwe ba mmatota—e ka tswa e le batlodiwa kgotsa ba dinku tse dingwe—ba nna ba fepiwa ka dijo tsa semoya mo metlheng ya bofelo. A re ikemisetseng go bontsha gore re anaanela bakaulengwe ba ba tloditsweng ba e leng motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ka go ba ema nokeng ka boikanyegi.—Baheb. 13:7, 17.
a Serapa 2: Pelenyana, Jesu o ne a bua ka setshwantsho se se tshwanang le seo mme mo go sone o ne a bitsa “motlhanka” a re ke “molebedi” mme “ba ntlo” a re ke “setlhopha sa gagwe sa batlhokomedi.”—Luke 12:42-44.
b Serapa 6: Go “tla” ga ga Keresete (ka Segerika, erʹkho·mai) go farologana le “go nna gone” ga gagwe (pa·rou·siʹa). Go nna gone ga gagwe a sa bonale go simolola pele ga a tla go atlhola.
c Serapa 12: Bona setlhogo se se reng, “Bonang! Ke na Le Lona Malatsi Otlhe,” se se mo makasineng ono, tsebe 10-12, serapa 5-8.
d Serapa 16: Bona setlhogo se se reng, “Re Bolelele, Dilo Tseno di Tla Nna Leng?” se se mo makasineng ono, tsebe 7-8, serapa 14-18.