Ba Bone Mesia!
“Re bone Mesia.”—JOH. 1:41.
1. Ke eng se se dirileng gore go buiwe mafoko ano: “Re bone Mesia”?
JOHANE MOKOLOBETSI o eme le barutwa ba gagwe ba babedi. Fa Jesu a atamela, Johane o goa a re: “Bonang, Kwana ya Modimo!” Ka bonako fela Anderea le morutwa yo mongwe ba sala Jesu morago mme ba tlhola le ene letsatsi lotlhe. Moragonyana Anderea o fitlhela morwaarraagwe e bong Simone Petere, a bo a mmolelela jaana a itumetse: “Re bone Mesia,” go tswa foo a mo isa kwa go Jesu.—Joh. 1:35-41.
2. Re tla solegelwa molemo jang fa re tswelela re sekaseka boporofeti jo bo ka ga Mesia?
2 Fa nako e ntse e ya, Anderea, Petere le ba bangwe ba tla nna le tshono e ntsi ya go tlhatlhoba Dikwalo mme ba bue ba sa belaele gore Jesu wa Nasaretha ke Mesia yo o solofeditsweng. E re ka jaanong re tla tswelela go tlhatlhoba boporofeti jo bo ka ga Mesia, tumelo e re nang le yone mo Lefokong la Modimo le mo Motlodiweng wa gagwe e tla nonofa.
‘Bona! Kgosi ya Gago e a Tla’
3. Fa Jesu a ne a tsena ka phenyo kwa Jerusalema o ne a diragatsa boporofeti bofe?
3 Mesia o tla tsena kwa Jerusalema ka phenyo. Boporofeti jwa ga Sekarea bo ne jwa re: “Ipele thata, wena morwadia Siona. Goa ka phenyo, wena morwadia Jerusalema. Bona! Kgosi ya gago ka boyone e tla kwa go wena. E tshiamo, ee, e bolokilwe; e boikokobetso, e palame esele, phologolo e e godileng sentle e leng ngwana wa esele e namagadi.” (Seka. 9:9) Mopesalema o ne a kwala jaana: “A go bakwe Ene yo o tlang mo leineng la ga Jehofa.” (Pes. 118:26) Ga go ka tsela e Jesu a neng a ka dira gore boidiidi jwa batho bo itshware ka tsela e bo neng jwa itshwara ka yone. Le fa go ntse jalo, go ne ga itiragalela fela gore boidiidi joo bo diragatse boporofeti ka go goa ka boitumelo jo bogolo. Fa o ntse o bala pego eno, bona ponalo eo ka leitlho la mogopolo o bo o utlwe mantswe a a itumetseng.—Bala Mathaio 21:4-9.
4. Tlhalosa gore go ile ga diragala eng gore Pesalema 118:22, 23 e diragadiwe.
4 Le fa bontsi bo tla gana go amogela Jesu le fa go na le bosupi jwa gore ke Mesia, o botlhokwa thata mo Modimong. Fela jaaka go boleletswe pele, Jesu ‘o ne a nyadiwa a bo a tsewa e se motho wa sepe’ ke batho ba ba neng ba gana go dumela bosupi joo. (Isa. 53:3; Mar. 9:12) Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a tlhotlheletsa mopesalema gore a re: “Leje le baagi ba neng ba le gana le fetogile tlhogo ya sekhutlo. Le tswa kwa go Jehofa.” (Pes. 118:22, 23) Jesu o ne a gakolola baganetsi ba bodumedi temana eno, mme Petere o ne a re e ne ya diragadiwa mo go Keresete. (Mar. 12:10, 11; Dit. 4:8-11) Jesu o ne a nna “leje la sekhutlo la motheo” wa phuthego ya Bokeresete. Le fa batho ba ba sa rateng Modimo ba ile ba mo gana, ke yo o “tlhophilweng, le [yo o] tlhwatlhwakgolo mo Modimong.”—1 Pet. 2:4-6.
O ne A Okiwa A bo A Latlhiwa!
5, 6. Ke eng se se neng sa bolelelwa pele sa bo sa diragadiwa malebana le go okiwa ga ga Mesia?
5 Go ne ga bolelelwa pele gore Mesia o tla okiwa ke tsala ya gagwe e e boferefere. Dafide o ne a bolelela pele jaana: “Motho yo o mo kagisong le nna, yo ke neng ke mo ikantse, yo o neng a ja senkgwe sa me, o nkgodiseditse serethe.” (Pes. 41:9) Motho yo o neng a ja senkgwe le mongwe o ne a tsewa e le tsala ya gagwe. (Gen. 31:54) Ka jalo, go okiwa ga ga Jesu ke Judase Isekariota e ne e le boferefere jo bo feteletseng. Fa Jesu a ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe ka mooki wa gagwe, o ne a dira gore ba akanye ka go diragadiwa ga mafoko a ga Dafide a boporofeti fa a ne a re: “Ga ke bue ka ga lona lotlhe; ke itse ba ke ba tlhophileng. Mme ke gore Lokwalo lo tle lo diragadiwe lo lo reng, ‘Yo o neng a tle a je senkgwe sa me o ntsholeleditse serethe.’”—Joh. 13:18.
6 Mooki wa ga Mesia o ne a tla amogela dipapetlana di le 30 tsa selefera—madi a go reka motlhanka! Mathaio o ne a umaka se se kwadilweng mo go Sekarea 11:12, 13, a bontsha gore Jesu o ne a okiwa ka ntlha ya madi ao a a sa reng sepe. Mme gone, ke ka ntlha yang fa Mathaio a ne a re seno se ne sa bolelelwa pele go dirisiwa “Jeremia moporofeti”? Mo motlheng wa ga Mathaio, buka ya Jeremia e ka tswa e ne e le ya ntlha mo dibukeng tse dingwe tsa Baebele tse di akaretsang Sekarea. (Bapisa le Luke 24:44.) Judase ga a ka a dirisa madi a a a boneng ka boferefere ka gonne o ne a latlhela madi ao kwa tempeleng a bo a ya go ipolaya.—Math. 26:14-16; 27:3-10.
7. Sekarea 13:7 e ne ya diragadiwa jang?
7 Le eleng barutwa ba ga Mesia ba ne ba tla phatlalala. Sekarea o ne a kwala jaana: “Itaya modisa, mme tsa letsomane di falale.” (Seka. 13:7) Ka Nisane 14, 33 C.E., Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Lona lotlhe lo tla kgotšwa ka ga me mo bosigong jono, gonne go kwadilwe ga twe, ‘Ke tla itaya modisa, mme dinku tsa letsomane di tla falala.’” Mme seo ke sone se tota se neng sa diragala ka gonne Mathaio o ne a bega gore “barutwa botlhe ba . . . tlogela [Jesu] ba tshaba.”—Math. 26:31, 56.
O ne A Latofadiwa A bo A Itewa
8. Maemo e ne e le afe fa Isaia 53:8 e ne e diragadiwa?
8 Mesia o ne a tla sekisiwa le go bonwa molato. (Bala Isaia 53:8.) Ka makuku ka Nisane 14, Sanehederine yotlhe e ne ya kopana, ya dira gore Jesu a golegwe, ya mo isa kwa Mmusing wa Roma e bong Ponto Pilato. O ne a botsolotsa Jesu mme a se ka a mmona molato. Pilato o ne a batla go golola Jesu, le fa go ntse jalo boidiidi bo ne jwa goa jwa re: “Mmapole!” mme ba re go gololwe sekebekwa se se bidiwang Barabase. E re ka Pilato a ne a batla go kgotsofatsa boidiidi joo, o ne a golola Barabase, a laela gore Jesu a itewe a bo a ba naya ene gore ba mmapole.—Mar. 15:1-15.
9. Go ne ga diragala eng mo motlheng wa ga Jesu jaaka go ne ga bolelelwa pele mo go Pesalema 35:11?
9 Basupi ba maaka ba ne ba tla neela bosupi kgatlhanong le Mesia. Mopesalema Dafide o ne a re: “Basupi ba ba bosula ba a ema; ba mpotsa se ke sa se itseng.” (Pes. 35:11) Fela jaaka boporofeti bo ne bo buile, “baperesiti ba bagolo le Sanehederine yotlhe ba ne ba batla bosupi jwa maaka ka Jesu gore ba mmolaye.” (Math. 26:59) Tota e bile, “ba le bantsi ba ne ba ntsha bosupi jwa maaka ka ene, mme bosupi jwa bone bo ne bo sa dumalane.” (Mar. 14:56) Baba ba ga Jesu ba ba neng ba ikaeletse go dira sengwe le sengwe gore a bolawe, ba ne ba sa re sepe ka bosupi joo jwa maaka.
10. Tlhalosa gore Isaia 53:7 e ne ya diragadiwa jang.
10 Mesia o ne a tla didimala fa pele ga balatofatsi ba gagwe. Isaia o ne a bolelela pele jaana: “O ne a pitlagane thata, e bile o ne a itetla gore a bogisiwe; le fa go ntse jalo o ne a sa bule molomo. O ne a tlisiwa fela jaaka nku e isiwa tlhabong; le jaaka nku e namagadi e e nnang semumu fa pele ga babeodi ba yone, le ene o ne a sa bule molomo.” (Isa. 53:7) Fa Jesu “a ntse a latofadiwa ke baperesiti ba bagolo le banna ba bagolwane, a se ka a araba.” Pilato o ne a botsa jaana: “A ga o utlwe gore ke dilo di le dintsi jang tse ba di supang ka wena?” Le fa go ntse jalo, Jesu “o ne a se ka a mo araba, nnyaa, le fa e le ka lefoko, mo molaodi a neng a gakgamala fela thata.” (Math. 27:12-14) Jesu ga a ka a gobolola balatofatsi ba gagwe.—Bar. 12:17-21; 1 Pet. 2:23.
11. Go ne ga diragala eng gore Isaia 50:6 le Mika 5:1 di diragadiwe?
11 Isaia o ne a porofeta gore Mesia o ne a tla itewa. Moporofeti yono o ne a kwala jaana: “Ke ne ka naya baitei mokwatla wa me, le ba ba khumolang moriri ka ba naya marama a me. Ga ke a ka ka fitlha sefatlhego sa me mo dilong tse di tlhabisang ditlhong le mo go kgwelweng mathe.” (Isa. 50:6) Mika o ne a bolelela pele jaana: “Ba tla itaya lerama la moatlhodi wa Iseraele ka thobane.” (Mik. 5:1) Mokwadi wa Efangele e bong Mareko o ne a tlhomamisa go diragadiwa ga boporofeti jono jaana: “Bangwe ba simolola go . . . kgwela [Jesu] mathe le go mmipa sefatlhego sotlhe ba bo ba mo itaya ka mabole ba mo raya ba re: ‘Porofeta!’ Mme, batlhokomedi ba kgotlatshekelo ba mo tsaya, ba mo faphola mo sefatlhegong.” Mareko a re masole a ne a tla “mo itaya mo tlhogong ka lotlhaka ba bo ba mo kgwela mathe, ba oba mangole [ka tshotlo], ba obama fa pele ga gagwe.” (Mar. 14:65; 15:19) Ke boammaaruri gore Jesu ga a ka a dira sepe se se neng sa dira gore a sotliwe.
O ne A Ikanyega go ya Losong
12. Pesalema 22:16 le Isaia 53:12 di ne tsa diragadiwa jang mo go Jesu?
12 Go ne ga bolelelwa pele dikarolo dingwe tse di amanang le go bapolwa ga ga Mesia. Mopesalema Dafide o ne a re: “Phuthego ya badirabosula e ntswaletse. Ba fa diatleng tsa me le fa dinaong tsa me jaaka tau.” (Pes. 22:16) Mokwadi wa Efangele e bong Mareko o ne a bega ka tiragalo e babadi ba Baebele ba e itseng thata, o ne a re: “Jaanong e ne e le ura ya boraro [mo e ka nnang 9:00 a.m.], mme ba mmapola.” (Mar. 15:25) Gape go ne go boleletswe pele gore Mesia o ne a tla balelwa le baleofi. Isaia o ne a kwala jaana: “O ne a tshololela moya wa gagwe mo losong, a balelwa le batlodi; a tshola boleo jwa batho ba le bantsi.” (Isa. 53:12) Ke gone ka moo ‘dinokwane tse pedi di neng di bapotswe le Jesu, se sengwe ka fa mojeng wa gagwe mme se sengwe ka fa molemeng wa gagwe.’ —Math. 27:38.
13. Pesalema 22:7, 8 e ne ya diragadiwa jang mo go Jesu?
13 Dafide o ne a porofeta gore Mesia o tla gobololwa. (Bala Pesalema 22:7, 8.) Jesu o ne a gobololwa fa a ntse a boga mo koteng ya tlhokofatso, ka gonne Mathaio o bega jaana: “Bafeti ka tsela ba simolola go bua ka ene ba mo kgoba, ba thukutha ditlhogo ba re: ‘Wai wena yo o reng o ka digela tempele fa fatshe mme o e age mo malatsing a le mararo, ipoloke! Fa e le gore o morwa Modimo, fologa mo koteng ya tlhokofatso!’” Mme baperesiti ba bagolo, bakwadi le banna ba bagolwane le bone ba simolola go sotla ka ene ba re: “Ba bangwe o ne a ba boloka; ene ga a kgone go ipoloka! Ke Kgosi ya Iseraele; a jaanong a fologe mo koteng ya tlhokofatso mme re tla dumela mo go ene. O ikantse Modimo; a jaanong A mo namole fa e le gore Wa mmatla, gonne o ne a re, ‘Ke Morwa Modimo.’” (Math. 27:39-43) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a itshokela tseno tsotlhe ka seriti. A bo e le sekao se se molemo jang ne mo go rona!
14, 15. Bontsha kafa boporofeti bo ileng jwa diragadiwa ka gone malebana le diaparo tsa ga Mesia le go newa ga gagwe botšarara.
14 Diaparo tsa ga Mesia di ne di tla abiwa ka go tshela bola. Mopesalema o ne a kwala jaana: “Ba kgaogana diaparo tsa me, mme diaparo tsa me ba di tshelela bola.” (Pes. 22:18) Seo ke se se ileng sa direga ka gonne ‘e rile masole a Roma a sena go bapola Jesu a aba diaparo tsa gagwe tsa ka fa ntle ka go tshela bola.’—Math. 27:35; bala Johane 19:23, 24.
15 Mesia o ne a tla newa botšarara le santlhoko. Mopesalema o ne a re: “Ba ne ba nnaya semela se se botlhole e le dijo, Mme ba ne ba leka go nnosa botšarara ka ntlha ya lenyora la me.” (Pes. 69:21) Mathaio o re bolelela jaana: “Ba . . . naya [Jesu] beine e tlhakantswe le santlhoko gore a nwe; mme, fa a sena go e latswa, a gana go nwa.” Moragonyana, “mongwe wa bone a siana a tsaya ngami a e ina mo beineng e e botšarara a e tlhomela mo lotlhakeng mme a mo nosa.”—Math. 27:34, 48.
16. Tlhalosa kafa mafoko a boporofeti a a mo go Pesalema 22:1 a neng a diragadiwa ka gone.
16 Go ne go tla lebega e kete Modimo o latlhile Mesia. (Bala Pesalema 22:1.) Go dumalana le boporofeti, “ka ura ya borobongwe [mo e ka nnang ka 3:00 p.m.] Jesu a tlhaeletsa ka lentswe le le kwa godimo a re: ‘Eli, Eli, lama sabakathani?’ mo, fa go ranolwa, go rayang: ‘Modimo wa me, Modimo wa me, o ntatlhetseng?’” (Mar. 15:34) Jesu o ne a sa felelwa ke tumelo mo go Rragwe yo o kwa legodimong. Modimo o ne a tlogelela Jesu baba ba gagwe ka go tlosa tshireletso ya Gagwe gore bothokgami jwa ga Keresete bo lekiwe ka botlalo. Mme fa Jesu a ne a goa jaaka a ile a dira, o ne a diragatsa Pesalema 22:1.
17. Sekarea 12:10 le Pesalema 34:20 di ne tsa diragadiwa jang?
17 Mesia o ne a tla tlhabiwa mme marapo a gagwe a ne a se kitla a robiwa. Baagi ba Jerusalema ba ne ba tla “leba kwa go Ene yo ba mo tlhabileng.” (Seka. 12:10) Pesalema 34:20 ya re: “[Modimo] o disa marapo otlhe a yoo; ga go na lepe la one le le robegileng.” Moaposetoloi Johane o ne a tlhomamisa dintlha tseno ka go kwala jaana: “Mongwe wa masole a tlhaba letlhakore la gagwe [Jesu] ka lerumo, ka yone nako eo madi le metsi tsa tswa. Mme [Johane] yo o boneng seno o neile bosupi, mme bosupi jwa gagwe bo boammaaruri . . . Dilo tseno di ne tsa diragala gore lokwalo lo diragadiwe lo lo reng: ‘Ga go kitla go rojwa le fa e le lerapo la gagwe.’ Mme, gape, lokwalo lo longwe lwa re: ‘Ba tla leba kwa go Ene yo ba mo tlhabileng.’”—Joh. 19:33-37.
18. Go tlile jang gore Jesu a fitlhwe le bahumi?
18 Mesia o ne a tla fitlhwa le bahumi. (Bala Isaia 53:5, 8, 9.) Mo maitseboeng a Nisane 14, “monna yo o humileng wa Arimathea, yo o bidiwang Josefa” o ne a kopa Pilato mmele wa ga Jesu, mme kopo ya gagwe e ne ya sekegelwa tsebe. Pego ya ga Mathaio e tswelela ka go re: “Josefa a tsaya mmele ono, a o phuthela ka leloba le le boleta le le phepa, mme a o latsa mo lebitleng la gagwe le lesha la kgakologelo, le a neng a le gabile mo lefikeng. Mme, fa a sena go pitikololela leje le legolo kwa kgorong ya lebitla la kgakologelo, a tsamaya.”—Math. 27:57-60.
Bakang Kgosi ya Bomesia!
19. Go ile ga diragala eng go dumalana le mafoko a boporofeti a a mo go Pesalema 16:10?
19 Mesia o ne a tla tsosiwa. Dafide o ne a kwala jaana: “[Wena Jehofa] ga o na go tlogela moya wa me mo Sheole.” (Pes. 16:10) Akanya kafa basadi ba ba neng ba tla kwa lebitleng le setopo sa ga Jesu se neng se laditswe gone, ba neng ba gakgamala ka teng. Fa ba le koo, ba ne ba kopana le moengele yo o neng a iphetotse motho, yo o neng a ba raya a re: “Tlogelang go gamarega. Lo batla Jesu Monasaretha, yo o neng a bapotswe. O tsositswe, ga a yo fano. Bonang! Lefelo le ba neng ba mo laditse mo go lone.” (Mar. 16:6) Ka Pentekosete ya 33 C.E., moaposetoloi Petere o ne a bolelela boidiidi jo bo neng bo le kwa Jerusalema a re: “[Dafide] o ne a bona go sa le pele a ba a bua kaga tsogo ya ga Keresete, gore o ne a sa latlhwa mo Hadese le gone nama ya gagwe e ne ya se ka ya bola.” (Dit. 2:29-31) Modimo ga a ka a letla mmele wa Morwawe yo o rategang go bola. Mo godimo ga moo, Jesu o ne a tsosediwa mo botshelong jwa semoya ka kgakgamatso!—1 Pet. 3:18.
20. Go bolelelwa pele ga puso ya ga Mesia go ne ga diragadiwa jang?
20 Jaaka go boleletswe pele, Modimo o ne a bolela gore Jesu ke Morwawe. (Bala Pesalema 2:7; Mathaio 3:17.) Mme gape boidiidi bo ne jwa baka Jesu le Bogosi jwa gagwe jo bo tlang, mme re bua ka boipelo ka ene le ka puso ya gagwe e e itumedisang. (Mar. 11:7-10) Go ise go ye kae Keresete o tla fedisa baba ba gagwe fa a ntse a “palama ka ntlha ya boammaaruri le boikokobetso le tshiamo.” (Pes. 2:8, 9; 45:1-6) Puso ya gagwe e tla lere kagiso ya lefatshe lotlhe le katlego. (Pes. 72:1, 3, 12, 16; Isa. 9:6, 7) A bo re na le tshiamelo jang ne ya go itsise boammaaruri jono re le Basupi ba ga Jehofa, yo Morwawe yo o rategang a setseng a busa kwa legodimong e le Kgosi ya Bomesia!
O Tla Araba Jang?
• Jesu o ne a okiwa le go latlhiwa ka tsela efe?
• Dikarolo dingwe tse di boleletsweng pele ka go bapolwa ga ga Jesu Keresete ke dife?
• Ke eng fa o tlhatswegile pelo gore Jesu ke Mesia yo o solofeditsweng?
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Go tsena ga ga Jesu ka phenyo kwa Jerusalema go ne go diragatsa boporofeti bofe?
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Jesu o ne a swela maleo a rona, mme jaanong o busa e le Kgosi ya Bomesia