-
Jesu o Senola “Botlhale Jwa Modimo”Atamalana le Jehofa
-
-
6-8. (a) Jesu o ntsha mabaka afe a a tshwanetseng go pateletsa motho go tila go tlhobaela? (b) Ke eng se se bontshang gore kgakololo ya ga Jesu e bontsha botlhale jo bo tswang kwa godimo?
6 Ka sekai, akanya ka kgakololo e e molemo ya ga Jesu malebana le kafa go ka lebanwang le go tlhobaela ka dikhumo ka teng, e e tlhalositsweng mo go Mathaio kgaolo 6. Jesu o re gakolola jaana: “Tlogelang go tlhobaela ka matshelo a lona ka ga gore lo tla ja eng kgotsa lo tla nwa eng, kgotsa ka mebele ya lona gore lo tla apara eng.” (Temana 25) Dijo le diaparo ke dilo tsa konokono tse re di tlhokang, mme ke ga tlholego fela gore re tshwenyege ka tsela ya go nna le tsone. Mme gone Jesu o re bolelela gore re ‘tlogele go tlhobaela’ ka dilo tse di ntseng jalo.b Ka ntlha yang?
7 Utlwa kafa Jesu a tlhalosang mabaka ka teng ka tsela e e tlhatswang pelo. E re ka Jehofa a re abetse botshelo le mmele, a a ka se ka a kgona go re tlamela ka dijo gore re tswelele re tshela le go re tlamela ka diaparo go apesa mmele oo? (Temana 25) Fa Modimo a kgona go tlamela dinonyane ka dijo le go apesa dithunya ka bontle, a bo a ka kgona go tlhokomela baobamedi ba gagwe ba batho thata jang ne! (Temana 26, 28-30) Ruri ga go na lebaka la go tlhobaela go sa tlhokege. Go ka se ka ga oketsa botshelo jwa rona le fa e le ka karolwana fela.c (Temana 27) Re ka tila tlhobaelo jang? Jesu o re gakolola jaana: Tswelelang pele lo dira gore kobamelo ya Modimo e tle pele mo botshelong jwa lona. Batho ba ba dirang jalo ba ka tlhomamisega gore Rraabone yo o kwa legodimong o ‘tla ba okeletsa’ dilo tsotlhe tse ba di tlhokang letsatsi le letsatsi. (Temana 33) Jesu o konela ka go neela kakantsho e e molemo go gaisa tsotlhe—itebaganye le maikarabelo a letsatsi le le lengwe fela. Ke eng fa o oketsa ditlhobaelo tsa gompieno ka tsa ka moso? (Temana 34) Kwantle ga moo, ke eng fa o itlhobaetsa go sa tlhokege ka dilo tse di ka nnang tsa se ka tsa direga? Go dirisa kgakololo eo e e molemo go ka re thusa go se ikatle tlhogo mo lefatsheng leno le le tletseng ka dilo tse di ngomolang pelo.
-
-
Jesu o Senola “Botlhale Jwa Modimo”Atamalana le Jehofa
-
-
b Lediri la Segerika le le ranolwang e le “go tlhobaela” le kaya “go etsaetsega mo mogopolong.” Go ya kafa le dirisitsweng ka teng mo go Mathaio 6:25, le bua ka poifo ya go tshwenyega e e dirang gore mogopolo wa motho o etsaetsege kana a nne pelopedi, mme seo se bo se dira gore a se ka a itumela mo botshelong.
-