“O ne A sa Bue le Bone Sepe Fa e Se ka Setshwantsho”
“Jesu o ne a . . . bua le boidiidi ka ditshwantsho. Eleruri, o ne a sa bue le bone sepe fa e se ka setshwantsho.”—MATHAIO 13:34.
1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa go se motlhofo go lebala ditshwantsho tse di tlhotlheletsang? (b) Jesu o ne a dirisa mefuta efe ya ditshwantsho, mme re ka ipotsa dipotso dife malebana le go dirisa ga gagwe ditshwantsho? (Bona gape le ntlha e e kwa tlase.)
A O GAKOLOGELWA setshwantsho sengwe se o se utlwileng, gongwe mo puong ya phatlalatsa dingwaga di le dintsi tse di fetileng? Ditshwantsho tse di tlhotlheletsang ga di lebalege ka bonako. Mokwadi mongwe o ne a bolela gore ditshwantsho “di dira gore bareetsi ba bone se ba se utlwang mme ba kgone go leba dilo ka leitlho la mogopolo.” E re ka gantsi re kgona go tlhaloganya dilo botoka fa re di bona ka leitlho la mogopolo, ditshwantsho di ka dira gore re tlhaloganye dintlha motlhofo. Ditshwantsho di ka dira gore mafoko a nne le bokao, di re ruta dithuto tse re ka se kang ra di lebala.
2 Ga go na morutisi ope mo lefatsheng yo o kileng a nna le bokgoni jwa go dirisa ditshwantsho go feta Jesu Keresete. Le fa go setse go fetile mo e ka nnang dingwaga di le dikete tse pedi Jesu a buile ditshwantsho tsa gagwe tse dintsi, batho ba sa ntse ba kgona go di gopola motlhofo.a Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a dirisa thata mokgwa ono wa go ruta? Mme ke eng se se neng se dira gore ditshwantsho tsa gagwe di tlhotlheletse jaana?
Lebaka La go Bo Jesu A ne A Ruta ka Ditshwantsho
3. (a) Go ya ka Mathaio 13:34, 35, lebaka lengwe la go bo Jesu a ne a dirisa ditshwantsho ke lefe? (b) Ke eng se se supang gore Jehofa o tshwanetse a bo a tseela mokgwa ono wa go ruta kwa godimo?
3 Baebele e tlhalosa mabaka a mabedi a botlhokwa a go bo Jesu a ne a dirisa ditshwantsho. Sa ntlha, seno se ne se diragatsa boporofeti. Moaposetoloi Mathaio o ne a kwala jaana: “Jesu o ne a . . . bua le boidiidi ka ditshwantsho. Eleruri, o ne a sa bue le bone sepe fa e se ka setshwantsho; gore go tle go diragadiwe se se neng sa buiwa ka moporofeti yo o neng a re: ‘Ke tla bula molomo wa me ka ditshwantsho.’” (Mathaio 13:34, 35) “Moporofeti” yo Mathaio a nopotseng mafoko a gagwe e ne e le motlhami wa Pesalema 78:2. Mopesalema o ne a tlhotlhelediwa ke moya wa Modimo gore a kwale mafoko ao makgolo a le mantsi a dingwaga pele Jesu a tsholwa. A ga go gakgamatse gore Jehofa o ne a bolela makgolo a le mantsi a dingwaga go sa le gale gore Morwawe o ne a tla ruta ka ditshwantsho? Ruri Jehofa o tshwanetse a bo a tseela mokgwa ono wa go ruta kwa godimo!
4. Jesu o ne a tlhalosa jang lebaka la go bo a ne a dirisa ditshwantsho?
4 Sa bobedi, Jesu ka boene o ne a tlhalosa gore o ne a dirisa ditshwantsho go tlhaola batho ba ba neng ba sa amogele molaetsa. Fa a sena go bolelela “boidiidi jo bogolo” setshwantsho sa mojadi, barutwa ba gagwe ba ne ba botsa jaana: “Ke ka ntlha yang fa o bua le bone o dirisa ditshwantsho?” Jesu o ne a araba jaana: “Lona lo neilwe go tlhaloganya diphiri tse di boitshepo tsa bogosi jwa magodimo, mme batho bale ga baa go newa. Ke gone ka moo ke buang le bone ke dirisa ditshwantsho, ka gonne, go leba, ba lebela lefela, le go utlwa, ba utlwela lefela, le gone ga ba tlhaloganye; mme mo go bone boporofeti jwa ga Isaia bo a diragala, jo bo reng, ‘Go utlwa, lo tla utlwa mme lo sa tlhaloganye ka gope; mme, go leba, lo tla leba mme lo sa bone ka gope. Gonne pelo ya batho bano ga e tlhole e amogela sepe.’”—Mathaio 13:2, 10, 11, 13-15; Isaia 6:9, 10.
5. Ditshwantsho tsa ga Jesu di ne di farologanya jang bareetsi ba ba ikokobeditseng le ba ba ikgogomosang?
5 Ditshwantsho tsa ga Jesu di ne di farologanya batho jang? Ka dinako tse dingwe, bareetsi ba gagwe ba ne ba tshwanelwa ke go batlisisa ka kelotlhoko gore ba bone bokao jo bo feletseng jwa mafoko a gagwe. Batho ba ba ikokobeditseng ba ne ba tlhotlheletsega go kopa tshedimosetso e e oketsegileng. (Mathaio 13:36; Mareko 4:34) Ka gone, ditshwantsho tsa ga Jesu di ne di senola boammaaruri mo bathong ba ba bo nyoretsweng; mme gape di ne di dira gore batho ba ba ikgogomosang ba se ka ba bona boammaaruri. Ruri Jesu e ne e le morutisi yo o gakgamatsang! Jaanong a re sekasekeng mangwe a mabaka a a neng a dira gore ditshwantsho tsa gagwe di tlhotlheletse jaana.
O ne A Tlhopha Dintlha Tse a di Dirisang
6-8. (a) Bareetsi ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba ise ba nne le eng? (b) Ke dikai dife tse di bontshang gore Jesu o ne a tlhopha dintlha tse a neng a di dirisa?
6 A o kile wa ipotsa gore barutwa ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba utlwa Jesu a ruta ba tshwanetse ba bo ba ne ba ikutlwa jang? Le mororo ba ne ba na le tshiamelo ya go utlwa Jesu a bua, ba ne ba ise ba nne le pego epe e e kwadileng e ba neng ba ka batlisisa mo go yone gore ba ikgopotse dilo tse a neng a di buile. Go na le moo, ba ne ba tshwanetse go boloka mafoko a ga Jesu mo mogopolong le mo pelong. Tsela e Jesu a neng a dirisa ditshwantsho ka botswerere ka yone e ne e dira gore go nne motlhofo gore ba gakologelwe se a neng a se ruta. Seo se ne se direga jang?
7 Jesu o ne a tlhopha dintlha tse a neng a di dirisa. Fa go ne go na le dintlha tse di rileng tse di amanang le se a buang ka sone kgotsa tse di tlhokegang go gatelela sengwe, o ne a tlhomamisa gore o a di dirisa. Ka jalo, o ne a bolela ka tlhomamo gore go ne go setse dinku di le kae fa mong wa tsone a ne a ya go batla e e neng e latlhegile, gore badiri ba ne ba bereka diura di le kae mo tshimong ya mofine, le gore batlhanka ba ne ba newa ditalenta tse kae go di tlhokomela.—Mathaio 18:12-14; 20:1-16; 25:14-30.
8 Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tlogela dintlha tse di seng botlhokwa tse di neng di ka dira gore re se ka ra tlhaloganya bokao jwa ditshwantsho tsa gagwe. Ka sekai, mo setshwantshong sa motlhanka yo o se nang bopelotlhomogi, ga go tlhalosiwe gore go tlile jang gore motlhanka yono a kolote didenario di le 60 000 000. Jesu o ne a gatelela botlhokwa jwa go itshwarela ba bangwe. Kgang ya botlhokwa e ne e se gore motlhanka yono o tsene jang mo sekolotong, mme e ne e le gore molato wa gagwe o ile wa itshwarelwa jang le gore go tswa foo, ene o ne a tshwara jang motlhanka ka ene yo o neng a mo kolota madi a mannye tota fa a bapisiwa le a ene a neng a a kolota. (Mathaio 18:23-35) Ka tsela e e tshwanang, le mo setshwantshong sa morwa wa sesinyi, Jesu ga a ka a tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa morwa yono yo mmotlana a ne a batla boswa jwa gagwe ka bonako jalo le gore ke eng fa a ile a bo dirisa ka bofafalele. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tlhalosa ka botlalo gore fa morwa yono a ne a fetola pelo ya gagwe a ba a boela kwa gae rraagwe o ne a ikutlwa jang le gone o ne a itshwara jang. Dintlha tseno tse di malebana le tsela e rre a neng a itshwara ka yone di ne di tlhokega go tlhalosa ntlha e Jesu a neng a e tlhagisa ya gore Jehofa o itshwarela “ka tsela e kgolo.”—Isaia 55:7; Luke 15:11-32.
9, 10. (a) Jesu o ne a bua thata ka eng fa a tlhalosa batho ba a neng a bua ka bone mo ditshwantshong tsa gagwe? (b) Jesu o ne a dira jang gore bareetsi ba gagwe le batho ba bangwe ba gopole ditshwantsho tsa gagwe motlhofo?
9 Gape Jesu o ne a le kelotlhoko malebana le tsela e a neng a tlhalosa ka yone batho ba a neng a bua ka bone mo ditshwantshong tsa gagwe. Mo boemong jwa gore Jesu a tlhalose ka botlalo gore batho bano ba ne ba lebega jang, gantsi o ne a bua thata ka se ba neng ba se dira kgotsa gore ba ne ba tsibogela jang ditiragalo tse a neng a di anela. Ka gone, go na le gore Jesu a tlhalose gore Mosamarea yo o molemo o ne a lebega jang, o ne a bolela sengwe se se botlhokwa thata go feta seo—kafa Mosamarea a neng a nna kutlwelobotlhoko ka teng a bo a thusa Mojuda yo o neng a gobetse e bile a rapaletse mo tseleng. Jesu o ne a tlhalosa dintlha tse di neng di tlhokega go ruta gore lorato lo re ratang moagelani ka lone lo tshwanetse lwa akaretsa le batho ba e seng ba lotso kgotsa setšhaba sa rona.—Luke 10:29, 33-37.
10 Tsela e Jesu a neng a dirisa dintlha ka kelotlhoko ka yone e ne e dira gore ditshwantsho tsa gagwe di ope kgomo lonaka di se ka tsa nna le ditlhaloso tse dintsintsi. Ka jalo, o ne a dira gore go nne motlhofo gore bareetsi ba gagwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga—le batho ba bangwe ba bantsintsi ba moragonyana ba neng ba tla bala Diefangele tse di tlhotlheleditsweng—ba gakologelwe ditshwantsho tseo le dithuto tsa botlhokwa tse di neng di di ruta.
Di ne Di Bua ka Dilo Tse di Tlwaelegileng
11. Naya dikai tse di bontshang gore ditshwantsho tsa ga Jesu di ne di bua ka dilo tse a ka tswang a ne a di bone fa a ntse a gola kwa Galalea.
11 Jesu e ne e le setswerere sa go dirisa ditshwantsho tse di neng di amana le matshelo a batho. Ditshwantsho tsa gagwe di le dintsi di ne di bua ka dilo tse a ka tswang a ne a di bone fa a ntse a gola kwa Galalea. Akanya go se go nene ka nako ya fa a sa ntse a gola. O ne a bone mmaagwe ga kae a duba senkgwe a se bedisa ka bontlhanngwe jwa tlhama e e bedileng e e neng e setse mo nakong e e fetileng fa a ne a baka senkgwe? (Mathaio 13:33) O ne a bone batshwari ba ditlhapi ga kae ba digela matloa mo metsing a a itshekileng a Lewatle la Galalea? (Mathaio 13:47) O ne a bone bana ga kae ba tshameka kwa marekisetsong? (Mathaio 11:16) Jesu a ka tswa a ile a ela tlhoko le dilo tse dingwe tse di tlwaelegileng tse a neng a di dirisa mo ditshwantshong tsa gagwe—dipeo di jalwa, mekete e e monate ya manyalo le dijo tsa ditlhaka tse di mo masimong di budusiwa ke letsatsi.—Mathaio 13:3-8; 25:1-12; Mareko 4:26-29.
12, 13. Setshwantsho sa ga Jesu sa korong le mofero se bontsha jang gore o ne a tlwaelane le maemo a naga ya gaabo?
12 Ka jalo, ga go gakgamatse go bo ditshwantsho tsa ga Jesu di le dintsi di bua thata ka maemo le ditiragalo tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi. Ka gone, gore re kgone go tlhaloganya ka botlalo bokgoni jwa gagwe jwa go dirisa mokgwa ono wa go ruta, go ka nna molemo gore re sekaseke se mafoko a gagwe a neng a se kaya mo bareetsing ba gagwe ba Bajuda. A re lebeng dikai di le pedi.
13 Sa ntlha, mo setshwantshong sa korong le mefero, Jesu o ne a bua ka monna mongwe yo o neng a jala korong e e molemo mo tshimong ya gagwe mme “mmaba” a tsena mo tshimong a bo a jala mefero mo gare ga korong. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a tlhopha go bua ka tiro eno ya bobaba? Gakologelwa gore o ne a bolela setshwantsho seno a le gaufi le Lewatle la Galalea, mme go bonala go lema e ne e le yone tiro e kgolo e batho ba Galalea ba neng ba e dira. Tota ke eng se se neng se ka senyetsa molemi go feta gore mmaba a kukunele mo tshimong a bo a jala mofero o o kotsi mo go yone? Melao ya naga ya nako eo e bontsha gore ditlhaselo tse di ntseng jalo di ne di a tle di diragale. A ga go bonale sentle gore Jesu o ne a dirisa seemo se bareetsi ba gagwe ba neng ba ka se tlhaloganya?—Mathaio 13:1, 2, 24-30.
14. Mo setshwantshong sa Mosamarea yo o molemo, ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go bo Jesu a ile a dirisa tsela e e neng e ‘tswa Jerusalema e ya Jeriko’ go tlhalosa ntlha ya gagwe?
14 Sa bobedi, akanya ka setshwantsho sa Mosamarea yo o molemo. Jesu o ne a simolola ka go re: “Monna mongwe o ne a fologa a tswa Jerusalema a ya Jeriko mme a wela mo gare ga dinokwane, tse di neng tsa mo tsola tsa ba tsa mo itaaka, mme tsa tswa tsa tsamaya, di mo tlogela a le gaufi le go swa.” (Luke 10:30) Ke ga botlhokwa go bo Jesu a ile a dirisa tsela e e neng e ‘tswa Jerusalema e ya Jeriko’ go tlhalosa ntlha ya gagwe. Fa a ne a anela setshwantsho seno o ne a le kwa Judea, e e seng kgakala le Jerusalema; ka jalo bareetsi ba gagwe ba ka tswa ba ne ba itse gore o bua ka tsela efe. Tsela eo e ne e itsege e le kotsi, bogolo jang fa motho a tsamaya a le esi. E ne e tsamaya e itsoketsa go ralala naga e e sa tsamaiweng thata, mme e na le mafelo a le mantsi a dinokwane di ka iphitlhang mo go one.
15. Ke ka ntlha yang fa go ne go ka se utlwale gore motho a buelele go se amege ga moperesiti le Molefi mo setshwantshong sa Mosamarea yo molemo?
15 Go na le sengwe gape se se botlhokwa malebana le go bo Jesu a ile a bua ka tsela e e neng e ‘tswa Jerusalema e ya Jeriko.’ Go ya ka setshwantsho seno, go ne ga feta moperesiti pele ka tsela eo mme a latelwa ke Molefi—le mororo go se ope wa bone yo o neng a ema go thusa motho yo o gobetseng. (Luke 10:31, 32) Baperesiti ba ne ba direla kwa tempeleng kwa Jerusalema, mme ba ne ba thusiwa ke Balefi. Baperesiti le Balefi ba le bantsi ba ne ba nna kwa Jeriko fa ba ne ba sa direle kwa tempeleng, ka gonne Jeriko e ne e le dikilometara di le 23 fela go tswa Jerusalema. Ka gone, ga go pelaelo gore ba ne ba a tle ba tsamaye ka tsela eo. Ela tlhoko gape gore moperesiti le Molefi ba ne ba tsamaya ka tsela ‘go tswa Jerusalema,’ ka jalo ba ne ba tswa kwa ntlheng ya tempele.b Ka jalo, go ne go ka se utlwale gore motho a buelele go se amege ga banna bao a re, ‘Ba ne ba tlhokomologa monna yono yo o gobetseng ka gonne o ne a lebega a sule, mme fa ba ne ba ka tshwara setopo go ne go tla feta lobaka lo lo rileng ba sa tshwanelege go direla kwa tempeleng.’ (Lefitiko 21:1; Dipalo 19:11, 16) A ga go bonale sentle gore setshwantsho seno sa ga Jesu se ne se bua ka dilo tse bareetsi ba gagwe ba neng ba di itse?
Di ne Di Bua ka Popo
16. Ke ka ntlha yang fa go sa gakgamatse go bo Jesu a ne a na le kitso e ntsi jaana ka popo?
16 Ditshwantsho di le dintsinyana tsa ga Jesu, di bontsha gore o ne a itse dimela, diphologolo le maemo a bosa. (Mathaio 6:26, 28-30; 16:2, 3) O ne a bone kitso eno kae? Ga go pelaelo gore fa a ntse a gola kwa Galalea o ile a nna le nako e ntsi ya go leba popo ya ga Jehofa ka kelotlhoko. Mo godimo ga moo, Jesu ke “leitibolo la popo yotlhe,” mme Jehofa o ne a mo dirisa e le “modiri yo o setswerere” go bopa dilo tsotlhe. (Bakolosa 1:15, 16; Diane 8:30, 31) Ga go gakgamatse go bo Jesu a ne a na le kitso e ntsi jaana ka popo. A re boneng gore o ne a dirisa kitso eno jang ka tsela e e botswerere fa a ne a ruta.
17, 18. (a) Mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Johane kgaolo 10 a bontsha jang gore o ne a itse mekgwa ya dinku sentle? (b) Batho ba ba neng ba etela dinaga tse Baebele e buang ka tsone ba ile ba lemoga eng malebana le kamano e badisa ba neng ba na le yone le dinku tsa bone?
17 Sengwe sa ditshwantsho tsa ga Jesu tse di amang maikutlo thata ke se se kwadilweng mo go Johane kgaolo 10, mo a tshwantshang kamano e e gaufi e a nang le yone le balatedi ba gagwe le kamano e modisa a nang le yone le dinku tsa gagwe. Mafoko a ga Jesu a bontsha gore o ne a itse mekgwa ya dinku sentle. O ne a bontsha gore dinku di letlelela gore modisa wa tsone a di etelele pele e bile di mo latela ka dinako tsotlhe. (Johane 10:2-4) Batho ba ba etelang dinaga tse Baebele e buang ka tsone ba ile ba bona kamano e e tlhomologileng e modisa a nang le yone le dinku tsa gagwe. Mo lekgolong la bo19 la dingwaga, moithutatlholego H. B. Tristram o ne a bolela jaana: “Nkile ka lebelela modisa a tshameka le letsomane la gagwe. O ne a itira e kete o a sia; dinku di ne tsa mo leleka di bo di ema go mo dikologa. . . . Kgabagare letsomane lotlhe le ne la mo dikaganyetsa, le ntse le tlolaka fa thoko ga gagwe.”
18 Ke ka ntlha yang fa dinku di latela modisa wa tsone? Jesu o ne a re: “Ka gonne di itse lentswe la gagwe.” (Johane 10:4) A ruri dinku di itse lentswe la modisa wa tsone? George A. Smith o ne a kwala jaana mo bukeng ya The Historical Geography of the Holy Land, malebana le se a neng a se iponela ka matlho: “Ka dinako dingwe re ne re itumelela go ikhutsa motshegare gaufi le dingwe tsa didiba tsa kwa Judea kwa badisa ba le bararo kgotsa ba le banè ba neng ba tlisa matsomane a bone gone. Matsomane a ne a kopakopana, mme re ne re ipotsa gore modisa mongwe le mongwe o ne a tla bona letsomane la gagwe jang. Le fa go ntse jalo, fa matsomane a sena go nwa metsi le go tshameka, badisa ba ne ba ema ka go latelana ba tsaya ditsela tse di farologaneng tsa mokgatšha, mme mongwe le mongwe a bo a bitsa letsomane la gagwe ka tsela e e kgethegileng; mme dinku tsa modisa mongwe le mongwe di ne di tswa mo gare ga tse dingwe go latela modisa wa tsone, mme matsomane a ne a boela morago sentle ka mokgwa o a tlileng ka one.” Eno e ne e le tsela e e molemo go di gaisa tsotlhe e Jesu a neng a ka e dirisa go tshwantsha ntlha ya gagwe. Fa re anaanela dithuto tsa gagwe le go di ikobela re bo re latela le kaelo ya gagwe, re ka kgona go tlhokomelwa ka bonolo le ka lorato ke ‘modisa yono yo o molemo.’—Johane 10:11.
Di ne Di Bua ka Ditiragalo Tse Bareetsi ba Neng ba di Itse
19. Jesu o ne a dirisa sentle jang kgang ya masetlapelo a a neng a wela batho mo lefelong lengwe go ganetsa kgopolo nngwe e e sa siamang?
19 Ditshwantsho tse di tlhotlheletsang di ka nna tsa akaretsa dilo tse di diragetseng kgotsa dikai tse go ka ithutiwang sengwe mo go tsone. Ka nako nngwe, Jesu o ne a dirisa tiragalo nngwe e e neng e sa tswa go direga go ganetsa kgopolo e e sa siamang ya gore batho ba welwa ke masetlapelo ka go bo go tshwanetse gore a ba wele. O ne a re: “Ba ba lesome le borobedi bale ba tora ya Siloame e neng ya wela mo godimo ga bone, ka go rialo e ba bolaya, a lo ithaya lo re ba ne ba le . . . molato o mogolo [e le baleofi] go feta batho botlhe ba bangwe ba ba nnang mo Jerusalema?” (Luke 13:4) Jesu o ne a baya mabaka ka botswerere go ganetsa kgopolo ya gore dilo di direga ka go bo di laoletswe go sa le gale. Batho bao ba le 18 ba ne ba sa swa ka go bo ba dirile boleo bongwe jo bo neng bo direle gore Modimo a galefe. Go na le moo, ba ne ba swa loso lono lo lo setlhogo ka ntlha ya go diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele. (Moreri 9:11) Ka jalo, Jesu o ne a ganetsa thuto ya maaka ka go bua ka tiragalo e bareetsi ba gagwe ba neng ba e itse sentle.
20, 21. (a) Ke ka ntlha yang fa Bafarasai ba ne ba kgala barutwa ba ga Jesu? (b) Jesu o ne a dirisa pego efe ya Dikwalo go bontsha gore Jehofa o ne a sa ikaelela go dira gore molao wa gagwe wa Sabata o diragadiwe ka tsela e e gagametseng? (c) Go tlile go sekasekiwa eng mo setlhogong se se latelang?
20 Gape Jesu o ne a dirisa dikai tse di mo Dikwalong fa a ruta. Akanya ka nako ya fa Bafarasai ba ne ba kgala barutwa ba gagwe ka gore ba kgetla dijo tsa ditlhaka le go di ja ka Sabata. Totatota, barutwa bano ba ne ba sa tlola Molao wa Modimo, mme ba ne ba sa latela tsela e e gagametseng e Bafarasai ba neng ba tlhalosa ka yone gore ke dilo dife tse di sa tshwanelang go dirwa ka Sabata. Go bontsha gore Modimo o ne a ise a ko a ikaelele go dira gore molao wa gagwe wa Sabata o dirisiwe ka tsela eno e e feteletseng le e e gagametseng, Jesu o ne a umaka kgang nngwe e e mo go 1 Samuele 21:3-6. Fa Dafide le banna ba gagwe ba ne ba tshwerwe ke tlala, ba ne ba ema kwa motlaaganeng mme ba ja dinkgwe tsa tshupelo tse di neng di emiseditswe ka tse dingwe. Gantsi dinkgwe tse di neng di setse di na le lobaka di le teng di ne di bewa gore di jewe ke baperesiti. Le fa go ntse jalo, Dafide le banna ba gagwe ga ba a ka ba latofalediwa go ja dinkgwe tseno ka ntlha ya maemo a ba neng ba le mo go one. Go a kgatlha go bona gore pego eno ke yone fela e e kwadilweng mo Baebeleng e e umakang kgang ya gore go nnile le batho ba e seng baperesiti ba ba ileng ba dirisa dinkgwe tse di fetilweng ke nako. Jesu o ne a itse gore ke pego efe e e tshwanelang sentle e a ka e dirisang mme ga go na pelaelo gore bareetsi ba gagwe ba Bajuda ba ne ba e itse sentle.—Mathaio 12:1-8.
21 Eleruri, Jesu e ne e le Morutisi yo Mogolo! Bokgoni jwa gagwe jo bo sa tshwaneng le jwa motho ope jwa go ruta dithuto tsa boammaaruri ka tsela e e neng e fitlhelela dipelo tsa bareetsi ba gagwe ruri bo a re gakgamatsa. Mme gone, re ka mo etsa jang fa re ruta? Re tla sekaseka seno mo setlhogong se se latelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Jesu o ne a dirisa ditshwantsho tsa mefutafuta, go akaretsa dikai, dipapiso le ditshwantshiso. O itsege thata ka go dirisa setshwantsho, se se tlhalosiwang e le “polelo e khutshwane, e gantsi e a bong e ise e ko e diragale mme go ka lemogiwa boammaaruri malebana le boitsholo kgotsa dilo tsa semoya ka yone.”
b Jerusalema e ne e le lefelo le le tsholetsegileng fa le bapisiwa le Jeriko. Ka jalo, fa motho a tsaya mosepele go ‘tswa Jerusalema go ya Jeriko,’ jaaka go boletswe mo setshwantshong, o ne a tla bo a ‘fologela kwa tlase.’
A o A Gakologelwa?
• Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a ruta ka ditshwantsho?
• Ke sekai sefe se se bontshang gore Jesu o ne a dirisa ditshwantsho tse bareetsi ba gagwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba kgona go di tlhaloganya?
• Jesu o ne a dirisa kitso ya gagwe ka popo ka botswerere jang mo ditshwantshong tsa gagwe?
• Jesu o ne a dirisa ka ditsela dife ditiragalo tse bareetsi ba gagwe ba neng ba di itse?
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Jesu o ne a bua ka motlhanka yo o neng a gana go itshwarela yo mongwe sekoloto se sennye fela le ka rre yo o neng a itshwarela morwa yo o neng a dirisitse boswa jwa gagwe jotlhe ka bofafalele
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Jesu o ne a tlhalosa ntlha efe ka setshwantsho sa Mosamarea yo o molemo?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
A ruri dinku di itse lentswe la modisa wa tsone?