KGAOLO 11
“Ga go Ise Go ke Go Nne le Motho yo Mongwe yo o Kileng a Bua Jaana”
1, 2. (a) Ke eng fa badiredi ba ba neng ba romilwe gore ba ye go tshwara Jesu ba ile ba boa ba iphotlhere? (b) Ke eng se se neng se dira gore Jesu e nne morutisi yo o setswerere?
BAFARASAI ba galefile. Jesu o mo tempeleng, o ruta batho kaga Rraagwe. Batho ba ba mo reeditseng ga ba dumalane; ba le bantsi ba dumela mo go Jesu fa ba bangwe bone ba batla gore a tshwarwe. E re ka baeteledipele ba bodumedi ba sa kgone go thiba kgalefo ya bone, ba roma badiredi gore ba ye go tshwara Jesu. Le fa go ntse jalo, badiredi bao ba boa ba iphotlhere. Baperesiti ba bagolo le Bafarasai ba batla go itse lebaka: “Ke ka ntlha yang lo sa mo tlisa fano?” Badiredi ba araba ba re: “Ga go ise go ke go nne le motho yo mongwe yo o kileng a bua jaana.” Ba ne ba kgatlhiwa thata jaana ke tsela ya go ruta ya ga Jesu mo ba neng ba palelwa ke go mo tshwara.a—Johane 7:45, 46.
2 Badiredi bao e ne e se bone fela ba ba neng ba kgatlhiwa ke tsela e Jesu a neng a ruta ka yone. Batho ba ne ba tle ba kokoane ka dipalo tse dikgolo e le fela gore ba tle go mo reetsa fa a ruta. (Mareko 3:7, 9; 4:1; Luke 5:1-3) Ke eng se se neng se dira gore Jesu e nne morutisi yo o molemo go le kalo? Jaaka fa re bone mo Kgaolong ya 8, o ne a rata dithuto tsa boammaaruri tse a neng a di ruta, e bile o ne a rata batho ba a neng a ba ruta. Gape o ne a na le botswerere jo bogolo mo go diriseng mekgwa ya go ruta. A re sekaseke mekgwa e meraro e e molemo e a neng a e dirisa le kafa re ka mo etsang ka teng.
Go Dira Dilo Motlhofo
3, 4. (a) Ke eng fa Jesu a ile a dirisa mafoko a a motlhofo fa a ruta? (b) Ke jang Thero ya kwa Thabeng e leng sekai sa go ruta ga ga Jesu ka tsela e e sa raraanang?
3 Akanya fela ka kitso ya mafoko a a farologaneng e Jesu a neng a na le yone! Le fa go ntse jalo, fa a ruta o ne a se ke a bua dilo tse bareetsi ba gagwe ba neng ba ka se di tlhaloganye, ba bontsi jwa bone e neng e le batho “ba ba sa rutegang e bile e le batho fela.” (Ditiro 4:13) O ne a akanyetsa ditlhaelo tsa bone, a se ke a ba imetsa ka tshedimosetso e ntsintsi. (Johane 16:12) Mafoko a gagwe a ne a sa raraana mme boammaaruri jo a neng a bo tlhalosa bo ne bo le botlhokwa thata.
4 Ka sekai, akanya ka Thero ya kwa Thabeng e e mo go Mathaio 5:3–7:27. Jesu o ne a ntsha kgakololo e e tseneletseng e e tlhalosang dintlha ka botlalo. Ga a dirise dikgopolo kana mafoko a a raraaneng. Tota e bile, ka metlha o dirisa mafoko a le bana ba bannye ba kgonang go a tlhaloganya! Ga go gakgamatse he go bo fa Jesu a konela, boidiidi—jo go ka diregang gore bo ne bo akaretsa balemi ba le bantsi, badisa le batshwaraditlhapi—“bo ne jwa tshwarwa ke kgakge ka ntlha ya tsela ya gagwe ya go ruta.”—Mathaio 7:28.
5. Umaka dikai tsa mafoko a Jesu a ileng a a bua a a neng a le motlhofo mme a na le bokao jo bogolo.
5 Fa Jesu a ruta, gantsi o ne a dirisa dipolelo tse dikhutshwane e bile a bua mafoko a a nang le bokao jo bogolo. Mo motlheng oo o go neng go se na dibuka ka one, o ne a dirisa mokgwa o o ntseng jalo go nwetsa molaetsa wa gagwe mo megopolong le mo dipelong tsa bareetsi ba gagwe ka tsela e e neng e ka se phimoge. Akanya ka dikai dingwe: “Tlogelang go atlhola gore lo tle lo se ka lwa atlholwa.” “Batho ba ba tsogileng sentle ga ba tlhoke ngaka, mme ba ba bobolang ba a e tlhoka.” “Moya o tlhaga, mme nama yone e bokoa.” “Duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.” “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”b (Mathaio 7:1; 9:12; 26:41; Mareko 12:17; Ditiro 20:35) Mafoko ano a sa ntse a gopolwa sentle, le mororo a ile a buiwa dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng.
6, 7. (a) Gore re kgone go ruta ka tsela e e motlhofo, ke eng fa go le botlhokwa gore re dirise mafoko a a motlhofo go tlhaloganngwa? (b) Re ka tila jang go imetsa motho yo re ithutang Baebele le ene ka tshedimosetso e ntsintsi?
6 Re ka ruta jang ka tsela e e motlhofo? Sengwe sa botlhokwa se se batlegang ke gore re dirise mafoko a a seng thata a bontsi jwa batho ba ka a tlhaloganyang motlhofo fela. Dithuto tsa motheo tsa Lefoko la Modimo ga di a raraana. Jehofa o senoletse batho ba ba tlhoafetseng le ba ba dipelo di ikokobeditseng maikaelelo a gagwe. (1 Bakorintha 1:26-28) Mafoko a a motlhofo a a tlhophilweng ka kelotlhoko a ka tlhalosa dithuto tsa boammaaruri tsa Lefoko la Modimo ka tsela e e molemo.
7 Go ruta batho ka tsela e e motlhofo go re tlhoka gore ka kelotlhoko re tile go imetsa batho ba re ba rutang Baebele ka tshedimosetso e ntsintsi. Ka gone, fa re tshwere thuto ya Baebele, ga re tlhoke go tlhalosa sengwe le sengwe; e bile ga go tlhokege gore re ithute dintlha ka lepotlapotla jaaka e kete selo sa botlhokwa ke gore re fetse palo e e rileng ya ditsebe tsa buka mo nakong e e rileng. Go na le moo, go molemo go letla gore dilo tse moithuti a di tlhokang le bokgoni jwa gagwe e nne tsone tse di laolang lobelo lo thuto e tsamaisiwang ka lone. Mokgele wa rona ke go thusa moithuti go nna molatedi wa ga Keresete le moobamedi wa ga Jehofa. Ka ntlha ya seo re tshwanetse go dirisa nako le fa e le efe e e tlhokegang go thusa moithuti go tlhaloganya sentle se a ithutang sone. Ke ka go dira jalo fela boammaaruri jwa Baebele bo ka amang pelo ya gagwe le go mo tlhotlheletsa go dirisa se a ithutileng sone.—Baroma 12:2.
Go Botsa Dipotso Tse di Tshwanetseng
8, 9. (a) Ke eng fa Jesu a ne a botsa dipotso? (b) Jesu o ne a dirisa dipotso jang go thusa Petere go fitlhelela ditshwetso tse di siameng malebana le kgang ya go duela lekgetho la tempele?
8 Jesu o ne a dirisa dipotso ka tsela e e molemo, tota le fa go ne go ka nna bonako gore a bolelele bareetsi ntlha ka tlhamalalo fela. Mme ke eng fa a ne a dirisa dipotso? Ka dinako tse dingwe o ne a dirisa dipotso tse di fatang maikutlo go senola maitlhomo a a sa siamang a baganetsi ba gagwe, mme ka go dira jalo a ba tswala molomo. (Mathaio 21:23-27; 22:41-46) Le fa go ntse jalo, gantsi o ne a dirisa dipotso go thusa barutwa ba gagwe go tlhalosa se ba se akanyang le go dira gore ba akanye. Ka gone, o ne a botsa dipotso tse di jaaka, “Lo akanyang?” le “A o dumela seno?” (Mathaio 18:12; Johane 11:26) Jesu o ne a kgona go ama dipelo tsa barutwa ba gagwe ka go dirisa dipotso. Akanya ka sekai seno.
9 Nako nngwe bakgethisi ba ne ba botsa Petere gore a Jesu o duela lekgetho la tempele.c Petere o ne a itlhaganelela go araba a re, “Ee.” Moragonyana Jesu o ne a akantshana le ene jaana: “O akanyang, Simone? Dikgosi tsa lefatshe di amogela ditshwanelo kgotsa lekgetho la tlhogo mo go bomang? Mo go bomorwaatsone kgotsa mo go ba e leng batswakwa?” Petere o ile a araba jaana: “Mo go ba e leng batswakwa.” Jesu o ile a re: “Ruri, he, bomorwaatsone ba gololesegile mo lekgethong.” (Mathaio 17:24-27) Petere o ile a kgona go lemoga sentle ntlha e dipotso tseno di neng di e gatelela ka gonne go ne go itsege gore ba malapa a segosi ga ba duedisiwe lekgetho. Ka gone, e re ka Jesu e ne e le Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Kgosi ya kwa legodimong e e neng e obamelwa kwa tempeleng, o ne a sa patelesege go duela lekgetho. Ela tlhoko gore go na le gore Jesu a bolelele Petere karabo ka tlhamalalo fela, o ne a dirisa dipotso ka tsela e e molemo go thusa Petere go fitlhelela tshwetso e e siameng mme gongwe le gore a lemoge botlhokwa jwa gore mo nakong e e tlang a akanye ka kelotlhoko pele ga a araba potso.
10. Re ka dirisa dipotso jang ka tsela e e molemo fa re rera ka ntlo le ntlo?
10 Re ka dirisa dipotso jang ka tsela e e molemo mo bodireding jwa rona? Fa re rera ka ntlo le ntlo re ka dirisa dipotso go dira gore batho ba kgatlhege, gongwe re di dirisa go bula tsela ya go bolelela batho ka dikgang tse di molemo. Ka sekai, fa re fitlhela motho yo o godileng mo gae, re ka nna ra mmotsa jaana ka tlotlo, “A tsela e lefatshe le leng ka yone gompieno e fetogile thata go na le kafa le neng le le ka yone fa o sa ntse o gola?” Fa re sena go mo letla go araba, re ka nna ra botsa jaana, “O akanya gore ke eng se se ka fetolang maemo a lefatshe gore re itumelele go tshela mo go lone?” (Mathaio 6:9, 10) Fa re fitlhela mmè yo o nang le bana ba bannye, re ka nna ra mmotsa jaana, “A o kile wa ipotsa gore lefatshe leno le tla bo le ntse jang fa bana ba gago ba gola?” (Pesalema 37:10, 11) Fa re ela dilo tlhoko fa re tsena mo matlong a batho, re ka nna ra kgona go dirisa potso e e tshwanelang dilo tse mong wa ntlo a di kgatlhegelang.
11. Re ka dirisa dipotso jang ka tsela e e molemo fa re tshwere thuto ya Baebele?
11 Dipotso tse di akanyeditsweng sentle di ka re thusa go fata maikutlo a motho yo re ithutang le ene. (Diane 20:5) Ka sekai, a re re lo ithuta kgaolo e e reng “Go Tshela ka Tsela e e Itumedisang Modimo” mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng?d Kgaolo eno e tlhalosa tsela e Modimo a lebang ka yone dilo tse di jaaka boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo, botagwa le go bua maaka. Dikarabo tsa motho yo o ithutang di ka nna tsa bontsha gore o tlhaloganya se Baebele e se rutang, mme gone, a o dumalana le se a ithutang sone? Re ka nna ra botsa jaana, “A tsela e Modimo a lebang dilo tseno ka yone e a utlwala?” Gape re ka nna ra botsa, “O ka dirisa tshedimosetso eno jang mo botshelong jwa gago?” Le fa go ntse jalo, o se lebale go botsa dipotso ka tsela e e bontshang go akanyetsa moithuti, o mo naya tlotlo e e mo tshwanetseng. Ga re batle go botsa dipotso tse di tla mo tlhabisang ditlhong go sa tlhokege.—Diane 12:18.
Go Baya Mabaka ka Tsela e e Utlwalang Sentle
12-14. (a) Jesu o ne a dirisa jang bokgoni jwa gagwe jwa go baya mabaka? (b) Jesu o ne a dirisa jang tsela e e molemo ya go baya mabaka fa Bafarasai ba ne ba re o bona maatla mo go Satane?
12 E re ka Jesu a ne a na le mogopolo o o itekanetseng, o ne a na le bokgoni jo bogolo jwa go beela batho mabaka. Ka dinako dingwe o ne a dirisa mokgwa wa go baya mabaka ka tsela e e molemo go ganetsa ditatofatso tsa maaka tsa baganetsi ba gagwe. Gantsi o ne a dirisa mokgwa wa go baya mabaka ka tsela e e tlhatswang pelo fa a bua le balatedi ba gagwe go ba ruta dithuto tsa botlhokwa. A re sekaseke dikai dingwe tsa seno.
13 Fa Jesu a sena go fodisa monna yo o nang le madimona yo o neng a foufetse e bile e le semumu, Bafarasai ba ne ba mo latofatsa jaana: “Motho yono o leleka madimona ka ntlha ya ga Belesebube [Satane], mmusi wa madimona.” Mafoko a bone a ne a bontsha gore ba a lemoga gore go ne go tlhokega maatla a a fetang a motho go leleka madimona. Le fa go ntse jalo, ba ne ba re Jesu o tsaya maatla ao mo go Satane. Tatofatso eo e ne e se fela gore ke ya maaka mme gape e ne e sa utlwale. Jesu o ne a senola kafa seo se sa utlwaleng ka teng ka go araba jaana: “Bogosi bongwe le bongwe jo bo kgaoganeng ka bojone bo a kgakgabala, le motse mongwe le mongwe kgotsa ntlo e e kgaoganeng ka boyone ga e na go ema. Ka yone tsela eo, fa Satane a leleka Satane, o kgaogane ka boene; bogosi jwa gagwe bo tla ema jang, he?” (Mathaio 12:22-26) Totatota Jesu o ne a re: “Fa e ne e le gore ke dirisiwa ke Satane mme ke bo ke fetola se Satane a se dirileng, go ne go tla bolela gore Satane o a itlhabantsha mme taolo ya gagwe e ne e tla phutlhama.” Ruri ba ne ba ka se kgone go ganetsa tsela eo e e molemo ya go baya mabaka.
14 Jesu o ne a ise a fetse go akantshana le bone. E re ka a ne a itse gore barutwa bangwe ba Bafarasai ba ne ba leleka madimona, o ne a botsa potso eno e e motlhofo mme e le maatla: “Fa ke leleka madimona ka Belesebube, bomorwalona [kana barutwa] bone ba a leleka ka mang?” (Mathaio 12:27) Tota se Jesu a neng a se kaya e ne e le gore: “Fa e le gore ke leleka madimona ka maatla a ga Satane, go raya gore barutwa ba lona le bone ba a leleka ka maatla a gagwe.” Bafarasai ba ne ba ka reng? Ba ne ba ka se dumele gore barutwa ba bone ba bona maatla mo go Satane. Ka gone, Jesu o ne a dirisa tsela e e phoso e ba neng ba akanya ka yone go ba pateletsa go tla mo tshwetsong e ba neng ba sa rate go e dira. Le fa o bala fela ka tsela e Jesu a neng a ba beela mabaka ka yone, o utlwa o kgatlhega thata! Mme akanya fela gore boidiidi jwa batho ba ba neng ba ikutlwela Jesu ka ditsebe ba ne ba kgatlhega go le kae, ka gonne go mmona fela le go utlwa lentswe la gagwe go tshwanetse ga bo go ne go oketsa maatla a mafoko a gagwe.
15-17. Umaka sekai sa kafa Jesu a ileng a baya mabaka a dirisa mafoko a a jaaka, “bogolo jang” go ruta batho dithuto tse di amang pelo tsa boammaaruri kaga Rraagwe.
15 Gape Jesu o ne a dirisa mokgwa ono wa go baya mabaka go ruta dithuto tse di molemo le tse di amang pelo kaga Rraagwe. Gantsi o ne a dira jalo ka go dirisa mafoko a a jaaka, “bogolo jang”—a thusa bareetsi ba gagwe go tlhatswega pelo le e leng go feta ka se ba se dumelang. Tsela eno ya go baya mabaka e e thusang motho go bona pharologano gareng ga dilo tse pedi e ka gatelela selo sa botlhokwa mo megopolong ya bareetsi. A re sekaseke dikai di le pedi fela.
16 Fa Jesu a ne a tsibogela kopo ya barutwa ba gagwe ya gore a ba rute go rapela, o ne a tlhalosa gore batsadi ba ba sa itekanelang ba iketleeleditse go ‘naya bana ba bone dimpho tse di molemo.’ Go tswa foo o ne a konela jaana: “Fa lona, le mororo lo le boikepo, lo itse kafa lo ka nayang bana ba lona dimpho tse di molemo ka gone, a bo Rara yo o kwa legodimong bogolo jang a tla naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang!” (Luke 11:1-13) Ntlha e Jesu a neng a e gatelela e ne e amana le go farologana ga dilo tse pedi. Fa batsadi ba ba nang le boleo ba tlamela bana ba bone ka dilo tse ba di tlhokang, a bo Rraarona wa kwa legodimong yo o itekanetseng e bile a siame ka ditsela tsotlhe a tla kgona bogolo jang go aba moya wa gagwe o o boitshepo, a o abela baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang e bile ba mo atamela ka boikokobetso ka thapelo!
17 Jesu o ile a dirisa tsela e e ntseng jalo ya go baya mabaka fa a ne a neela kgakololo e e molemo malebana le go lepalepana le tlhobaelo. O ile a re: “Magakabe ga a jale peo le fa e le go roba, e bile ga a na bobolokelo le fa e le ntlo ya polokelo, mme le fa go ntse jalo Modimo o a a fepa. Lona lo botlhokwa go le kana kang go feta dinonyane? Elang tlhoko sentle kafa dithunya tsa masoma di golang ka gone; ga di dire ka natla le fa e le go otlha . . . Fa Modimo a apesa jalo dimela mo nageng tse gompieno di leng gone mme ka moso di latlhelwang mo teng ga pesetso, a bo a tla apesa lona bogolo jang ne, lona ba lo nang le tumelo e potlana!” (Luke 12:24, 27, 28) Fa Jehofa a tlhokomela dinonyane le dithunya, a bo a tla tlhokomela bogolo jang batho ba ba mo ratang le go mo obamela! Ga go pelaelo gore ka tsela eo ya go baya mabaka, Jesu o ne a ama dipelo tsa bareetsi ba gagwe.
18, 19. Re ka akantshana jang le motho yo o reng ga a dumele mo Modimong ka gonne a sa mmone?
18 Mo bodireding jwa rona re batla go baya mabaka ka tsela e e utlwalang sentle go ganetsa ditumelo tsa maaka. Gape re batla go ruta batho dithuto tse di molemo tsa boammaaruri ka Jehofa ka go dirisa mokgwa wa go akantshana le bone ka tsela e e ba tlhatswang pelo. (Ditiro 19:8; 28:23, 24) A seo se bolela gore re dirise tsela e e raraaneng ya go tlhalosa dilo? Nnyaa. Se re ithutang sone mo go Jesu ke gore tsela e e nang le matswela ke go beela batho mabaka ka tsela e e motlhofo.
19 Ka sekai, re ka araba jang fa mongwe a re ga a dumele mo Modimong ka gonne ga a kgone go mmona? Re ka akantshana le ene re dirisa molao wa tlholego wa gore sengwe le sengwe se direga ka gonne se dirilwe ke sengwe. Fa re leba selo se se diregileng re kgona go lemoga gore go na le sengwe se se bakileng selo seo gore se direge. Re ka nna ra re: “Fa o ne o le mo lefelong le le kwa kgakala o bo o bona ntlo e e agilweng sentle e e tletseng ka dijo, a o ne o se kitla o akanya ka yone nako eo gore go na le mongwe yo o e dirileng? Go ntse jalo le fa re bona dilo tsa tlhago tse di leng teng le letlepu la dijo tse di tletseng mo lefatsheng. A dilo tseno ga di dire gore re dumele gore go na le Mongwe yo o di dirileng? Baebele ka boyone e tlhalosa kgang eno jaana: ‘Ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke mongwe, mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.’” (Bahebera 3:4) Ke boammaaruri gore, le fa re ka akantshana le batho ka tsela e e utlwalang go le kana kang, ga se botlhe ba ba tla tlhatswegang pelo.—2 Bathesalonika 3:2.
20, 21. (a) Re ka beela batho mabaka jang ka go dirisa mafoko a a jaaka “bogolo jang” go gatelela dinonofo le ditsela tsa ga Jehofa? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?
20 Fa re ruta, e ka ne e le mo bodireding jwa tshimo kana mo phuthegong, re ka dirisa tsela ya go baya mabaka ka go dirisa mafoko a a jaaka, “bogolo jang” go gatelela dinonofo tsa ga Jehofa le ditsela tsa gagwe. Ka sekai, go bontsha gore thuto ya gore batho ba tlhokofadiwa ka bosakhutleng mo diheleng tsa molelo e tlontlolola Jehofa, re ka nna ra re: “Ke rre ofe yo o ratang ngwana wa gagwe yo o ka mo otlhayang ka go gatelela seatla sa gagwe mo molelong? Fa rona batho re ka se ka ra dira jalo, kgang ya dihele tsa molelo e tshwanetse ya bo e le makgapha bogolo jang mo go Rraarona wa kwa legodimong!” (Jeremia 7:31) Re ka tlhomamisetsa modumedi ka rona yo o ngomogileng pelo gore Jehofa o a mo rata ka go re: “Fa Jehofa a tsaya tota le thaga e nnye e le botlhokwa, o tshwanetse a bo a amega ka mongwe le mongwe wa baobamedi ba gagwe ba mo lefatsheng bogolo jang, go akaretsa le wena!” (Mathaio 10:29-31) Tsela e e ntseng jalo ya go baya mabaka e ka re thusa go ama dipelo tsa batho ba bangwe.
21 Morago ga go sekaseka mekgwa e le meraro fela e Jesu a ileng a e dirisa, re kgona go bona sentle gore badiredi ba ba neng ba palelwa ke go mo tshwara ba ne ba sa feteletse dilo fa ba ne ba re: “Ga go ise go ke go nne le motho yo mongwe yo o kileng a bua jaana.” Mo kgaolong e e latelang, re tla sekaseka mokgwa wa ga Jesu wa go ruta o gongwe a itsegeng ka one go gaisa yotlhe, e leng wa go dirisa ditshwantsho.
a Go ka direga gore badiredi bano ba ne ba direla Sanehederine e bile ba laolwa ke baperesiti ba bagolo.
b Mafoko ano a bofelo a a fitlhelwang mo go Ditiro 20:35, a ile a nopolwa fela ke moaposetoloi Paulo. A ka tswa a ile a a bolelelwa ke mongwe (gongwe mongwe yo o utlwileng Jesu a a bua kgotsa a ka tswa a a utlwile mo go Jesu yo o tsositsweng) kgotsa a a senoletswe ke Modimo.
c Bajuda ba ne ba tshwanelwa ke go duela lekgetho la tempele la ngwaga le ngwaga la diderakema tse pedi, tse di neng di lekana le mo e ka nnang tuelo ya malatsi a mabedi. Kgatiso nngwe ya re: “Lekgetho leno le ne le dirisediwa thata go duela ditshenyegelo tsa ditshupelo tsa letsatsi le letsatsi le ditshenyegelo tsa ditlhabelo tsotlhe tse di neng di ntshediwa batho.”
d E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.