“Basiami ba Tla Phatsima Thata Fela Jaaka Letsatsi”
“Ka nako eo basiami ba tla phatsima thata fela jaaka letsatsi mo bogosing jwa ga Rraabone.”—MATH. 13:43.
1. Jesu o ne a dirisa ditshwantsho go tlhalosa dilo dife tse di farologaneng kaga Bogosi?
JESU KERESETE o ne a dirisa ditshwantsho tse dintsi go tlhalosa dilo tse di farologaneng kaga Bogosi. O ne a “bua le boidiidi ka ditshwantsho. Eleruri, o ne a sa bue le bone sepe fa e se ka setshwantsho.” (Math. 13:34) Mo ditshwantshong tse di kaga go jala peo ya boammaaruri jwa Bogosi, Jesu o ne a gatelela seabe se boemo jwa pelo ya motho bo nang le sone mo kgannyeng ya go amogela molaetsa, mmogo le seabe se Jehofa a nang le sone sa go godisa peo. (Mar. 4:3-9, 26-29) Gape Jesu o ne a dira setshwantsho ka koketsego e e tlhomologileng ya batho ba ba amogelang molaetsa wa Bogosi mo lefatsheng, le fa koketsego eo e sa lemotshege ka bonako. (Math. 13:31-33) Mo godimo ga moo o ne a tlhalosa gore ga se batho botlhe ba ba amogelang molaetsa wa Bogosi ba ba tshwanelegang go busiwa ke Bogosi joo.—Math. 13:47-50.a
2. Mo setshwantshong sa ga Jesu sa korong le mefero, peo e e molemo e tshwantshetsa eng?
2 Le fa go ntse jalo, sengwe sa ditshwantsho tsa ga Jesu se bua thata ka go phuthiwa ga ba ba yang go busa le Jesu mo Bogosing jwa gagwe. Gantsi setshwantsho seno se bidiwa setshwantsho sa korong le mefero mme se fitlhelwa mo go Mathaio kgaolo 13. Mo setshwantshong se sengwe Jesu a re peo e e jadilweng ke “lefoko la bogosi,” mme mo setshwantshong seno, a re peo e e molemo e tshwantshetsa sengwe se sele—“bana ba bogosi.” (Math. 13:19, 38) Bano ga se babusiwa ba Bogosi, mme ke “bana,” kana baruaboswa ba Bogosi.—Bar. 8:14-17; bala Bagalatia 4:6, 7.
Setshwantsho sa Korong le Mefero
3. Tlhalosa bothata jo monna yo go buiwang ka ene mo setshwantshong seno a lebaneng le jone le tshwetso e a e dirang go rarabolola bothata jono.
3 Setshwantsho seo sa re: “Bogosi jwa magodimo jaanong bo tshwana le motho yo o neng a jala peo e e molemo mo tshimong ya gagwe. Ya re batho ba ntse ba robetse, mmaba wa gagwe a tla mme le ene a jala mefero mo gare ga korong, a ba a tsamaya. E rile mogwang o tlhoga o bo o ungwa maungo, foo mefero ya bonala le yone. Jalo batlhanka ba mong wa ntlo ba tla mme ba mo raya ba re, ‘Mong wa rona, a o ne o sa jala peo e e molemo mo tshimong ya gago? Go tla jang, he, gore e bo e na le mefero?’ A ba raya a re, ‘Mmaba, motho mongwe, o dirile seno.’ Ba mo raya ba re, ‘A mme o batla gore re tswe re ye go e phutha?’ A re, ‘Nnyaa; e se ka ya tloga ya re, fa lo ntse lo phutha mefero, lwa kumola korong le yone. Di leseng di gole mmogo go fitlha ka nako ya thobo; mme mo pakeng ya thobo ke tla bolelela barobi ke re, Phuthang pele mefero lo bo lo e bofe ka dingata gore lo e je ka molelo, go tswa foo lo ye go phuthela korong mo ntlong ya me ya polokelo.’”—Math. 13:24-30.
4. (a) Monna yo go buiwang ka ene mo setshwantshong ke mang? (b) Jesu o ne a simolola leng go jala peo eno, mme o ne a e jala jang?
4 Monna yo o neng a jala peo e e molemo mo tshimong ya gagwe ke mang? Jesu o naya karabo moragonyana fa a tlhalosetsa barutwa ba gagwe jaana: “Mojadi wa peo e e molemo ke Morwa motho.” (Math. 13:37) Jesu, “Morwa motho,” o ne a baakanya tshimo gore e tle e jalwe ka nako ya fa a ne a dira bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng ka dingwaga di le tharo le sephatlo. (Math. 8:20; 25:31; 26:64) Mme go simolola ka Pentekosete ya 33 C.E. go ya pele, o ne a simolola go jala peo e e molemo—“bana ba bogosi.” Go lebega peo eo e ne ya jalwa fa Jesu, yo o emelang Jehofa, a ne a simolola go tshololela moya o o boitshepo mo barutweng ba gagwe, mme ka jalo a ba tlotsa go nna bana ba Modimo.b (Dit. 2:33) Peo e e molemo e ne ya gola ya nna korong. Ka jalo, maikaelelo a go jala peo e e molemo e ne e le gore kgabagare go phuthiwe batho botlhe ba ba neng ba tlile go nna baruaboswa le babusimmogo le Jesu mo Bogosing jwa gagwe.
5. Mo setshwantshong seno mmaba ke mang, mme mefero e tshwantshetsa bomang?
5 Mmaba le mefero ke bomang? Jesu a re mmaba “ke Diabolo.” Mefero e tlhalosiwa e le “bana ba yo o boikepo.” (Math. 13:25, 38, 39) Ka tsela ya mmatota, mefero e Jesu a neng a bua ka yone e ka tswa e ne e le semela se se maodi sa darnel. Semela seno se se botlhole se tshwana thata le korong fa se sa ntse se tlhoga, se ise se gole sentle. A bo se tshwana jang ne le Bakeresete ba maaka ba ba ipolelang gore ke bana ba Bogosi mme ba sa ungwe maungo a mmatota! Bakeresete bano ba baitimokanyi ba ipolela gore ke balatedi ba ga Keresete mme tota ke karolo ya “losika” lwa ga Satane Diabolo.—Gen. 3:15.
6. Mefero e ne ya simolola leng go bonala, mme batho ba ne ba “robetse” jang ka nako eo?
6 Bakeresete bano ba ba tshwanang le mefero ba simolotse leng go bonala? Jesu a re: “[Fa] batho ba ntse ba robetse.” (Math. 13:25) Seno se diregile leng? Re bona karabo mo go se moaposetoloi Paulo a neng a se raya bagolwane ba kwa Efeso: “Ke a itse gore fa ke sena go tsamaya diphiri tse di gatelelang di tla tsena mo gare ga lona mme ga di na go tshwara letsomane ka bonolo, e bile go tla tsoga banna mo gare ga lona mme ba tla bua dilo tse di sokameng gore ba gogele barutwa kwa go bone.” (Dit. 20:29, 30) Gape o ne a gakolola bagolwane bao gore ba nne ba tsogile semoyeng. Fa baaposetoloi, ba e neng e le “thibelo” kgatlhanong le botlhanogi ba simolola go robala mo losong, Bakeresete ba bantsi ba ne ba robala ka tsela ya semoya. (Bala 2 Bathesalonika 2:3, 6-8.) Botlhanogi jo bogolo bo ne jwa simolola ka nako eo.
7. A go na le korong e e neng ya fetoga ya nna mefero? Tlhalosa.
7 Jesu ga a ka a re korong e ne e tla nna mefero mme o rile mefero e ne e jadilwe mo gare ga korong. Ka jalo setshwantsho seno ga se bue ka Bakeresete ba mmatota ba ba tlogelang tsela ya boammaaruri. Go na le moo, se bua ka se Satane a se dirang ka boomo go kgotlela phuthego ya Bokeresete ka go tsenya batho ba ba boikepo mo go yone. Fa moaposetoloi wa bofelo, Johane, a ne a setse a tsofetse, botlhanogi jono bo ne bo setse bo aname.—2 Pet. 2:1-3; 1 Joh. 2:18.
“Di Leseng di Gole Mmogo go Fitlha ka Nako ya Thobo”
8, 9. (a) Ke eng fa batho ba ba neng ba reeditse Jesu ba ne ba ka tlhaloganya ditaelo tse Mong a neng a di naya batlhanka ba gagwe? (b) Mo tiragatsong ya setshwantsho seno, korong le mefero di ne tsa gola jang mmogo?
8 Batlhanka ba Mong ba mmolelela ka bothata jo bo leng teng ba bo ba botsa jaana: “A mme o batla gore re tswe re ye go phutha [mefero]?” (Math. 13:27, 28) Karabo ya gagwe e ka lebega e gakgamatsa. O ba raya a re ba lese korong le mefero di gole mmogo go fitlha ka nako ya thobo. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba ka tlhaloganya taelo eo. Ba ne ba ka lemoga kafa go leng thata ka teng go farologanya korong le mefero ya darnel. Gape batho ba ba itseng temo ba ne ba tla lemoga gore gantsi medi ya semela se se maodi sa darnel e gokagana le ya korong.c Ke sone se Mong a ba laelang gore ba di lese pele!
9 Ka tsela e e tshwanang, fa makgolo a dingwaga a ntse a feta, makoko a a farologaneng a madumedi a a ipitsang a Bokeresete a dirile gore go tlhoge mefero e mentsi—sa ntlha mo dikerekeng tsa Katoliki ya Roma le tsa Orthodox mme moragonyana mo ditlhopheng tsa Boporotesetanta tse di neng tsa runya ka bontsi. Mme gape ka nako eo go ne ga jalwa peo e se kae ya korong ya mmatota mo tshimong ya lefatshe lotlhe. Mong wa ntlo yo go buiwang ka ene mo setshwantshong seo o ne a leta a sa fele pelo ka nako e telele ya fa peo e ne e gola go fitlha ka nako e khutshwane ya thobo.
Nako E e Sa Bolong go Emelwa ya Thobo
10, 11. (a) Nako ya thobo e leng? (b) Korong ya tshwantshetso e tlisiwa jang mo ntlong ya ga Jehofa ya polokelo?
10 Jesu a re: “Thobo ke bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo, mme barobi ke baengele.” (Math. 13:39) Mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso eno e e boikepo ya dilo, batho ba a kgaoganngwa—bana ba Bogosi ba a phuthiwa ba bo ba kgaoganngwa le bape ba ba tshwanang le mefero. Moaposetoloi Petere o re bolelela jaana malebana le seo: “Ke nako e e tlhomilweng gore katlholo e simolole ka ntlo ya Modimo. Jaanong fa e simolola pele ka rona, bokhutlo e tla nna eng jwa ba ba sa utlweng dikgang tse di molemo tsa Modimo?”—1 Pet. 4:17.
11 Fela fa metlha ya bofelo, kana “bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo,” bo sena go simolola, batho ba ba ipolelang gore ke Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba simolola go atlholwa—gore a tota e ne e le “bana ba bogosi” kana “bana ba yo o boikepo.” Fa thobo e ne e simologa, Babelona yo Mogolo o ne a wa “pele,” mme “go tswa foo” bana ba Bogosi ba ne ba phuthiwa. (Math. 13:30) Mme jaanong korong ya tshwantshetso e tlisiwa jang mo ntlong ya ga Jehofa ya polokelo? Bangwe ba batho bano ba ba phuthilweng ka nako ya thobo ba ne ba tlisiwa mo phuthegong e e tsosolositsweng ya Bokeresete, e mo go yone ba bonang kamogelo le tshireletso ya Modimo, mme ba bangwe ba ne ba amogela tuelo ya bone ya kwa legodimong.
12. Thobo e tsaya lobaka lo lo kae?
12 Katlholo e tsaya lobaka lo lo kae? Jesu o ne a re thobo ke ‘paka,’ ka jalo e tsaya lobaka lo lo rileng lwa nako. (Tshen. 14:15, 16) Katlholo ya mongwe le mongwe wa batlodiwa e tswelela le mo nakong ya bokhutlo. E tla tswelela go fitlha ba tshwaiwa la bofelo.—Tshen. 7:1-4.
13. Batho ba ba tshwanang le mefero ba kgopa jang, e bile ga ba dire kafa molaong jang?
13 Ke bomang ba ba tlileng go phuthiwa go tswa mo Bogosing, mme ba kgopa jang e bile ga ba dire kafa molaong jang? (Math. 13:41) Baruti ba ba tshwanang le mefero ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete ba timeditse batho ba le dimilionemilione ka makgolokgolo a dingwaga. Ba dirile seno ka go ruta dithuto tse di tlontlololang Modimo, ‘dilo tse di kgopang,’ tse di tshwanang le thuto ya gore batho ba otlhaiwa ka bosakhutleng mo molelong wa dihele le thuto ya Tharonngwe e e tlhakanyang tlhogo, e e thata go tlhaloganngwa. Baeteledipele ba bantsi ba bodumedi ba tlhometse matsomane a bone sekao se se sa siamang ka go dira kgokafalo le lefatshe leno mme ka dinako tse dingwe ka go dira boitsholo jo bo sa siamang. (Jak. 4:4) Gape, madumedi a a ipitsang a Bokeresete a ntse a mpampetsa boitsholo jo bo sa siamang jo bo dirwang ke maloko a one. (Bala Jude 4.) Le fa ba dira dilo tseno tsotlhe, ba ntse ba tsweletse ba itira e kete ba boifa Modimo e bile ba ineetse tota mo go ene. A bo bana ba Bogosi ba itumelela go bo ba kgaogane le tlhotlheletso e e ntseng jalo e e keteng mefero le dithuto tsa maaka tse di kgopang!
14. Batho ba ba tshwanang le mefero ba lela le go phuranya meno a bone jang?
14 Batho ba ba tshwanang le mefero ba lela le go phuranya meno a bone jang? (Math. 13:42) “Bana ba yo o boikepo” ga ba rate kgang ya gore “bana ba bogosi” ba senotse dithuto tse di botlhole tsa maaka tsa batho bano ba ba tshwanang le mefero. Gape ba hutsafadiwa ke gore maloko a dikereke tsa bone ga a tlhole a ba eme nokeng jaaka pele, e bile ga ba tlhole ba kgona go a laola.—Bala Isaia 65:13, 14.
15. Batho ba ba tshwanang le mefero ba jewa jang ka molelo?
15 Mefero e kokoanngwa jang e bo e jewa ka molelo? (Math. 13:40) Seno se kaya se kgabagare se tlileng go direga ka mefero. Go latlhelwa ga yone ka tsela ya tshwantshetso mo bodibeng jwa molelo go kaya gore e tlile go senyediwa ruri. (Tshen. 20:14; 21:8) Bakeresete ba maaka ba ba tshwanang le mefero, ba tlile go senngwa ka nako ya “pitlagano e kgolo.”—Math. 24:21.
“Ba Tla Phatsima Thata Fela Jaaka Letsatsi”
16, 17. Malaki o ne a porofeta a reng ka tempele ya Modimo, mme seno se simolotse leng go diragadiwa?
16 Batho ba ba tshwanang le korong ba “phatsima thata fela jaaka letsatsi” leng? (Math. 13:43) Malaki o ne a porofeta jaana malebana le go ntlafadiwa ga tempele ya Modimo: “‘Ka tshoganyetso go tla tla Morena wa boammaaruri mo tempeleng ya Gagwe, yo lo mo senkang, le morongwa wa kgolagano yo lo itumelang mo go ene. Bonang! Ruri o tla tla,’ go buile Jehofa wa masomosomo. ‘Mme ke mang yo o tla itshokelang letsatsi la go tla ga gagwe, e bile ke mang yo o tla emang fa a bonala? Gonne o tla bo a ntse jaaka molelo wa moitshekisi le jaaka molora wa llae ya batlhatswi ba matsela. O tla nna jaaka moitshekisi le montlafatsi wa selefera a ba a ntlafatsa bomorwa Lefi; o tla ba itshekisa jaaka gouta le jaaka selefera, mme mo go Jehofa, ruri ba tla nna batho ba ba isang tshupelo ya mpho ka tshiamo.’”—Mal. 3:1-3.
17 Mo metlheng ya segompieno, go lebega boporofeti jono bo simolotse go diragadiwa ka 1918 fa Jehofa, mmogo le “morongwa wa kgolagano,” Jesu Keresete, ba ne ba tlhatlhoba tempele ya semoya. Malaki o bolela se se tla diregang fa tempele e sena go ntlafadiwa: “Lona ruri lo tla bona gape pharologanyo fa gare ga yo o siameng le yo o boikepo, fa gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa mo direlang.” (Mal. 3:18) Tiro e ntsi e e neng ya dirwa ke Bakeresete ba boammaaruri ba ba tsosolositsweng e bontsha gore nako ya thobo e simolotse ka nako eo.
18. Daniele o ne a porofeta gore go tla diregang mo motlheng wa rona?
18 Moporofeti Daniele o ne a bua ka motlha wa rona fa a ne a bolelela pele jaana: “Ba ba nang le temogo ba tla phatsima jaaka phatsimo ya phuthologo; mme ba ba tlisang bontsi kwa tshiamong, jaaka dinaledi ka bosakhutleng, le eleng ka bosaengkae.” (Dan. 12:3) Batho bano ba ba phatsimang thata ke bomang? Ke Bakeresete ba ba tloditsweng, korong ya mmatota e Jesu a buileng ka yone mo setshwantshong sa gagwe sa korong le mefero! Boidiidi jo bogolo jo bo ntseng bo oketsega jwa batho ba sekadinku bo ntse bo bona sentle go ‘phuthiwa’ ga Bakeresete ba maaka ba ba tshwanang le mefero. Fa batho bano ba ba tlileng go busiwa ke Bogosi ba itsalanya le masalela a Iseraele wa semoya, le bone ba phatsimisa lesedi la bone mo lefatsheng leno le le mo lefifing.—Seka. 8:23; Math. 5:14-16; Bafil. 2:15.
19, 20. “Bana ba bogosi” ba letile eng ka tlhoafalo, mme go tla tlotlwa ka eng mo setlhogong se se latelang?
19 Gompieno, “bana ba bogosi” ba letile tuelo ya bone e e molemolemo ya kwa legodimong ka tlhoafalo. (Bar. 8:18, 19; 1 Bakor. 15:53; Bafil. 1:21-24) Le fa go ntse jalo, fa nako eo e ise e goroge, ba tshwanetse go nna ba ikanyega, ba phatsima thata, ba farologane le “bana ba yo o boikepo.” (Math. 13:38; Tshen. 2:10) A bo rotlhe re ka itumela jang ne go bo re nnile le tshiamelo ya go bona diphelelo tsa go ‘phuthiwa’ ga mefero ka tsela ya tshwantshetso mo motlheng wa rona!
20 Mme bana bano ba Bogosi le boidiidi jo bogolo jo bo ntseng bo oketsega jwa batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng ba busiwa ke Bogosi joo, ke letsomane le le lengwe fela ka tsela efe? Setlhogo se se latelang se tla araba potso eno.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Gore o bone dintlha tsotlhe malebana le ditshwantsho tseno, bona Tora ya Tebelo ya July 15, 2008, tsebe 12-21.
b Mo setshwantshong seno, go jala ga go tshwantshetse tiro ya go rera le ya go dira barutwa, e e neng e tla phutha batho ba basha, ba e neng e tla nna Bakeresete ba ba tloditsweng. Jesu o ne a bua jaana ka peo e e molemo e e jalwang mo tshimong: “Bano ke [e seng “e tla nna”] bana ba bogosi.” Go jala go kaya go tlodiwa ga bana bano ba Bogosi mo tshimong ya lefatshe lotlhe.
c Medi ya semela se se maodi sa darnel e gokagana thata le medi ya korong mo e leng gore fa e ka kumolwa pele ga nako ya thobo, korong e ka swa.—Bona Insight on the Scriptures, Bolumo 1, tsebe 1178.
A o A Gakologelwa?
Dipolelwana tseno tse Jesu a di umakileng mo setshwantshong sa gagwe sa korong le mefero, di kaya eng?
• Peo e e molemo
• Monna yo o jadileng peo
• Go jalwa ga peo
• Mmaba
• Mefero
• Paka ya thobo
• Ntlo ya polokelo
• Selelo le phuranyo ya meno
• Bodiba jwa molelo
[Ditshwantsho mo go tsebe 20]
Peo e e molemo e ne ya simolola go jalwa ka Pentekosete ya 33 C.E.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Jaanong korong ya tshwantshetso e tlisiwa mo ntlong ya ga Jehofa ya polokelo
[Motswedi wa Setshwantsho]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.