KGAOLO 14
Go Boloka Phuthego E na Le Kagiso e Bile e le Phepa
NGWAGA le ngwaga diketekete tsa batho di ologela mo ntlong ya ga Jehofa ya kobamelo e e itshekileng, e le go diragatsa boporofeti jwa Baebele. (Mik. 4:1, 2) Ruri re itumelela go amogela batho bano mo ‘phuthegong ya Modimo’! (Dit. 20:28) Ba anaanela tshono ya go direla Jehofa le rona le go itumelela go tshela mo paradaiseng ya tshwantshetso e e phepa le e e nang le kagiso. Moya o o boitshepo wa Modimo le kgakololo e e molemo e e fitlhelwang mo Lefokong la gagwe, di re thusa gore re nne re na le kagiso le gore phuthego e nne e le phepa.—Pes. 119:105; Seka. 4:6.
2 Go dirisa melaometheo ya Baebele go re thusa gore re apare “botho jo bosha.” (Bakol. 3:10) Re itlhokomolosa dikgotlhang tse di sa reng sepe le dilo tse re sa dumalaneng ka tsone. E re ka re leba dilo jaaka Jehofa a di leba, re fenya ditlhotlheletso tsa lefatshe tse di bakang dikgaogano, mme seno se dira gore re nne seoposengwe le go tshedisana ka lorato re le bakaulengwe ba ditshabatshaba.—Dit. 10:34, 35.
3 Le fa go ntse jalo, nako le nako go tlhaga mathata, a a amang kagiso le kutlwano ya phuthego. A bakwa ke eng? Gantsi a nna gone fa re palelwa ke go dirisa kgakololo ya Baebele. E re ka re sa itekanela, re tshwanelwa ke go lepalepana le tshekamelo ya go dira diphoso. Ga go ope wa rona yo o sa leofeng. (1 Joh. 1:10) Motho mongwe a ka tsaya kgato e e phoso, e e ka tlhotlheletsang boitsholo jo bo sa siamang kgotsa dikgopolo tse Jehofa a sa di amogeleng. Re ka nna ra kgopisa mongwe ka go se akanyetse se re se buang kgotsa se re se dirang, kgotsa re ka nna ra kgopisiwa ke se mongwe a se buileng kgotsa a se dirileng. (Bar. 3:23) Fa mathata a a ntseng jalo a tlhaga, re ka dira eng go baakanya dilo?
4 Jehofa o ile a akanyetsa maemo ano otlhe ka lorato. Lefoko la gagwe le re naya kgakololo e e malebana le se re ka se dirang fa mathata a tlhaga. Badisa ba ba lorato e leng bagolwane, ba ka re thusa. Fa re dirisa kgakolo ya bone ya Dikwalo, re ka boa ra nna le kamano e e molemo le ba bangwe mo phuthegong le go tswelela re na le boemo jo bo molemo le Jehofa. Fa re kgalemelwa kgotsa re gakololwa ka ntlha ya go bo re dirile boleo bongwe, re ka tlhomamisega gore kgakololo e e ntseng jalo e bontsha gore Rraarona yo o kwa legodimong o a re rata.—Dia. 3:11, 12; Baheb. 12:6.
GO RARABOLOLA DIKGOTLHANG TSE DI SENG MASISI
5 Ka dinako tse dingwe go ka ga nna le dikgotlhang tse di seng masisi mo phuthegong. Di tshwanetse go rarabololwa ka bonako e bile go dirwa jalo ka lorato. (Baef. 4:26; Bafil. 2:2-4; Bakol. 3:12-14) Gantsi dikgotlhang tse re ka nnang le tsone le Bakeresete mmogo le rona, di ka rarabologa fa re dirisa kgakololo ya ga moaposetoloi Petere ya gore re ‘ratane ka lorato lo logolo, ka gonne lorato lo bipa maleo a le mantsi.’ (1 Pet. 4:8) Baebele ya re: “Rotlhe re kgotswa makgetlo a le mantsi.” (Jak. 3:2) Fa re dirisa Molao wa Sekagouta, wa go direla ba bangwe se le rona re ka ratang ba re direla sone, gantsi re ka kgona go itshwarelana diphoso tse di sa reng sepe.—Math. 6:14, 15; 7:12.
6 Fa o lemoga gore mongwe o kgopisitswe ke se o se buileng kgotsa se o se dirileng, kwantle ga go diega, o tshwanetse go tsaya kgato pele go dira kagiso le ene. Gopola gore seno se ama kamano ya gago le Jehofa. Jesu o ile a gakolola barutwa ba gagwe jaana: “Fa, he, o tlisa mpho ya gago kwa sebesong mme o gakologelwa o le koo gore morwarrago o na le sengwe kgatlhanong le wena, tlogela mpho ya gago koo fa pele ga sebeso, mme o tsamaye; agisanya le morwarrago pele, go tswa foo, fa o boile, isa mpho ya gago tshupelo.” (Math. 5:23, 24) Gongwe lo ka tswa lo ne lo sa tlhaloganyane. Fa go le jalo, buisanang lo phuthologile. Fa botlhe mo phuthegong ba kgona go buisana ka tsela e e molemo, seno se ka thibela dikgotlhang e bile se ka rarabolola mathata a a ka tlhagang ka ntlha ya bosaitekanelang.
GO NEELA KGAKOLOLO YA DIKWALO E E TLHOKEGANG
7 Ka dinako tse dingwe, balebedi ba ka bona go tlhokega go kgalema mongwe, ba leka go baakanya tsela e a akanyang ka yone. Ga se ka metlha go leng motlhofo go dira seno. Moaposetoloi Paulo o ile a kwalela Bakeresete ba kwa Galatia jaana: “Bakaulengwe, le eleng fa motho mongwe a tsaya kgato nngwe e e phoso pele ga a e lemoga, lona ba lo nang le ditshwanelego tsa semoya, lekang go lolamisa motho yo o ntseng jalo ka moya o o bonolo.”—Bagal. 6:1.
8 Fa balebedi ba disa letsomane ka lorato, ba ka sireletsa phuthego mo dikotsing tse dintsi tse di ka senyang kamano ya yone le Jehofa e bile ba ka thibela gore go se ka ga nna le mathata a a masisi. Bagolwane ba leka ka natla go dira gore tirelo ya bone e ba e direlang phuthego e dumalane le tsholofetso eno e Jehofa a ileng a e dira ka Isaia: “Mongwe le mongwe o tla nna jaaka lefelo la go iphitlhela phefo le lefelo la go iphitlhela pula ya matsubutsubu, jaaka melatswana ya metsi mo nageng e e se nang metsi, jaaka moriti wa lefika le legolo thata mo lefatsheng le le omileng.”—Isa. 32:2.
GO TSHWAYA BATHO BA BA SA DIRENG DILO KA THULAGANYO
9 Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa ka batho bangwe ba ba neng ba tla nna le tlhotlheletso e e sa siamang mo phuthegong. O ne a re: “Re lo naya ditaelo . . . gore lo tswe mo mokaulengweng mongwe le mongwe yo o tsamayang ka go sa dire dilo ka thulaganyo mme e se go ya ka ngwao e lo e amogetseng mo go rona.” O ne a tlhalosa mafoko ao ka go bua jaana: “Fa mongwe a sa utlwe lefoko la rona le le tlang ka lekwalo leno, nnang lo mo tshwaile lo tlogele go tlwaelana le ene, gore a tle a tlhabiwe ke ditlhong. Mme le fa go ntse jalo lo se ka lwa mo tsaya jaaka mmaba, mme lo tswelele lo mo tlhagisa jaaka mokaulengwe.”—2 Bathes. 3:6, 14, 15.
10 Ka dinako dingwe go ka nna le motho mongwe yo o sa direng boleo bope jo bo masisi jo a ka bo lelekelwang mo phuthegong mme gone a bontsha gore ga a tlotle melao ya Modimo e e kaelang Bakeresete. Seno se ka akaretsa go nna setshwakga ka tsela e e feteletseng, go rata go tshwayatshwaya diphoso kgotsa go nna leswe mo mmeleng. A ka tswa a rata go “itsenyatsenya mo dilong tse di sa [mo] ameng.” (2 Bathes. 3:11) Gongwe e le motho yo o ratang go loga maano a go ja ba bangwe ntsoma kgotsa a rata boitlosobodutu jo go bonalang sentle gore ga bo a siama. Boitshwaro joo jwa gagwe jo bo sa siamang bo masisi mo bo ka senyang leina le le molemo la phuthego e bile bo ka tshwaetsa Bakeresete ba bangwe.
11 Bagolwane ba tla leka pele go thusa motho yono yo o sa direng dilo ka thulaganyo ka go mo gakolola ba dirisa Baebele. Le fa go ntse jalo, fa motho yono a tswelela a itlhokomolosa melaometheo ya Baebele go sa kgathalesege gore o ile a gakololwa gangwe le gape, bagolwane ba ka dira tshwetso ya gore go neelwe puo e e tlhagisang phuthego. Bagolwane ba tla nna tekatekano le go dirisa temogo go bona gore a seemo seo se masisi go le kalo e bile se kgopisa ba bangwe mo go ka tlhokegang gore go neelwe puo. Yo o neetseng puo eno o tla bua ka kgakololo e e malebana le mokgwa wa go sa dire dilo ka thulaganyo, mme gone ga a kitla a umaka leina la motho yo o dirang jalo. Ka ntlha ya seo, batho ba ba itseng ka seemo se go buiwang ka sone mo puong eo ba tla tila go itsalanya le motho yoo le fa gone ba tla tswelela ba dira ditiro tsa Bokeresete le ene, ‘ba mo tlhagisa jaaka mokaulengwe.’
12 Fa Bakeresete mo phuthegong ba tswelela ba ikanyega, seno se tla thusa motho yo o sa direng dilo sentle gore a fetoge. Fa go bonala sentle gore motho yoo o tlogetse mokgwa wa gagwe o o sa siamang, ga go kitla go tlhola go tlhokega gore a tswelele a tshwailwe.
GO RARABOLOLA DIKGOTLHANG DINGWE TSE DI MASISI
13 Go iketleeletsa go itshwarela batho ba bangwe le go itshokela diphoso tsa bone ga go bolele gore re itlhokomolosa ditiro tsa bone tse di sa siamang kgotsa re a di mpampetsa. Ga go ka ke gatwe diphoso tsotlhe di bakiwa ke bosaitekanelang; e bile ga go a siama go itlhokomolosa diphoso tse di masisi. (Lefi. 19:17; Pes. 141:5) Kgolagano ya Molao e ne e tlhalosa gore maleo mangwe a ne a le masisi thata go feta a mangwe mme go ntse jalo le mo thulaganyong ya Bokeresete.—1 Joh. 5:16, 17.
14 Jesu o ile a tlhalosa thulaganyo e e tshwanetseng go latelwa fa go rarabololwa dikgotlhang tse di masisi tse Bakeresete ba ka nnang le tsone. Ela tlhoko dikgato tse a reng di tshwanetse go tsewa: “Fa morwarrago a leofa, [1] tsamaya o ye go baya molato wa gagwe mo pepeneneng fa gare ga gago le ene lo le losi. Fa a go reetsa, o gapile morwarrago. Mme fa a sa reetse, [2] tsaya a le mongwe kgotsa ba le babedi ba bangwe o tsamaye le bone, gore ka molomo wa basupi ba le babedi kgotsa ba le bararo kgang nngwe le nngwe e tle e tlhomamisiwe. Fa a sa ba reetse, [3] bua le phuthego. Fa a sa reetse le yone phuthego, a a nne mo go wena fela jaaka motho wa ditshaba le jaaka mokgethisi.”—Math. 18:15-17.
15 Go ya ka setshwantsho se Jesu a ileng a se bua morago ga foo, se se kwadilweng mo go Mathaio 18:23-35, go bonala bongwe jwa maleo a go buiwang ka one mo go Mathaio 18:15-17, e le jo bo amanang le dikgang tsa madi kgotsa dithoto, tse di jaaka go se duele sengwe kgotsa go dira bonweenwee. Kgotsa phoso eo e ka tswa e le go senya motho leina ka go mo seba, e leng selo se se ka senyang seriti sa gagwe.
16 Fa o na le bosupi jo bo tlhomameng jwa gore mongwe mo phuthegong o go diretse boleo jo bo ntseng jalo jo bo masisi, o se ka wa potlakela go ya go begela bagolwane, o kopa gore ba go thuse. Fela jaaka Jesu a ile a gakolola, bua pele le motho yo o ngongoregang ka ene. Leka go rarabolola kgang eo lo le babedi fela lo sa akaretse batho ba bangwe. Se lebale gore Jesu ga a ka a re ‘o ye gangwe fela, go ya go mmontsha molato wa gagwe.’ Ka gone, fa motho yoo a sa dumele molato wa gagwe e bile a sa kope maitshwarelo, go ka nna ga nna molemo gore o akanyetse go bua le ene gape moragonyana. Fa kgang eo e ka rarabololwa ka tsela eno, motho yo o go leofetseng o tla anaanela thata gore ga o a ka wa bolelela batho ba bangwe ka boleo jwa gagwe le gore ga o a mo senya leina mo phuthegong. O tla bo o “gapile morwarrago.”
17 Fa motho yo o diretseng yo mongwe phoso a dumela molato wa gagwe, a kopa gore a itshwarelwe mme a baakanya kgang eo, ga go tlhokege gore go tsewe dikgato tse dingwe. Le fa gone boleo jwa gagwe bo ne bo le masisi, phoso e e ntseng jalo e ka rarabololwa ke batho ba babedi ba ba amegang.
18 Fa o sa kgone go gapa mokaulengwe wa gago ka go baya molato wa gagwe mo pepeneneng “fa gare ga gago le ene lo le losi,” o ka nna wa dira jaaka Jesu a ile a bua, wa “tsaya a le mongwe kgotsa ba le babedi ba bangwe” mme wa bua le mokaulengwe wa gago gape. Batho bao le bone ba tshwanetse ba bo ba na le boikaelelo jwa go gapa mokaulengwe wa gago. Go ka nna molemo fa e ka nna batho ba ba boneng se go buiwang ka sone, mme fa go se na basupi ba ba boneng seo, o ka nna wa tlhopha go tsamaya le motho a le mongwe kgotsa ba babedi ba e tla nnang basupi ba se lo tla se buang. Ba ka nna ba bo ba na le maitemogelo ka kgang e go buiwang ka yone e bile ba ka nna ba kgona go bona gore a tota se se diragetseng ke molato. Bagolwane ba ba kopiwang go tla go nna basupi ga ba emele phuthego, e re ka setlhopha sa bagolwane se tla bo se sa ba abela go nna le seabe mo kgannyeng eo.
19 Fa kgang eo e sa rarabologa morago ga go dira maiteko gangwe le gape—o buile le ene lo le babedi fela le morago ga go ya kwa go ene le motho a le mongwe kgotsa ba babedi—mme o ikutlwa gore o ka se ka wa tlogela kgang eo fela, ke gone o ka begang kgang eo kwa balebeding ba phuthego. Gopola gore boikaelelo jwa bone ke go dira gore go nne go na le kagiso mo phuthegong le go dira gore e nne e le phepa. Fa o isitse kgang eo kwa bagolwaneng, o tshwanetse go tlogelela kgang mo diatleng tsa bone, mme o ikanye Jehofa. Le ka motlha o se ka wa letla gore boitshwaro jwa motho yo mongwe bo go kgopise kgotsa bo dire gore o se ka wa tlhola o itumelela go direla Jehofa.—Pes. 119:165.
20 Badisa ba letsomane ba tla sekaseka kgang eo. Fa go na le bosupi jwa gore tota motho yoo o go diretse boleo jo bo masisi e bile ga a iketleeletsa go ikwatlhaya le go dira sengwe go baakanya dilo, go ka nna ga tlhokega gore komiti ya balebedi e ntshe moleofi yoo yo o sa ikwatlhayeng mo phuthegong. Fa ba tsaya kgato eo ba a bo ba sireletsa letsomane le go boloka phuthego e le phepa.—Math. 18:17.
GO SEKASEKA MALEO A A MASISI
21 Maleo mangwe a a masisi a a jaaka, boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo, boaka, tlhakanelodikobo ya batho ba bong jo bo tshwanang, botlhanogi, kobamelo ya medingwana le maleo a mangwe a a masisi jaaka ano, a tlhoka gore go dirwe sengwe ka one go na le gore motho yo o a dirileng a kope maitshwarelo fela. (1 Bakor. 6:9, 10; Bagal. 5:19-21) E re ka seno se baya bophepa jwa phuthego le boemo jo bo molemo jo e nang le jone le Modimo mo kotsing, maleo a a ntseng jalo a tshwanetse go begelwa bagolwane e bile ke bone ba tshwanetseng go a sekaseka. (1 Bakor. 5:6; Jak. 5:14, 15) Batho bangwe ba ka nna ba ipolela maleo a bone mo bagolwaneng kgotsa ba bega maleo a batho ba bangwe. (Lefi. 5:1; Jak. 5:16) Go sa kgathalesege gore bagolwane ba ka tswa ba itsile jang ka boleo jo bo masisi jo bo dirilweng ke Mokeresete yo o kolobeditsweng, bagolwane ba babedi ba tla dira dipatlisiso tsa ntlha ka kgang eo. Fa go fitlhelwa gore seo ke boammaaruri e bile go na le bosupi jo bo bontshang gore motho yoo o dirile boleo jo bo masisi, setlhopha sa bagolwane se tla tlhoma komiti ya boatlhodi e bobotlana e nang le bagolwane ba le bararo gore ba sekaseke kgang eo.
22 Bagolwane ba nna ba disitse letsomane ka kelotlhoko, ba batla go le sireletsa mo dilong dipe fela tse di ka senyang kamano ya lone le Jehofa. Gape ba leka ka natla go dirisa Lefoko la Modimo ka botswerere gore ba kgaleme motho ope yo o dirileng phoso le go mo thusa go baakanya kamano ya gagwe le Modimo. (Jude 21-23) Seno se dumalana le ditaelo tseno tse moaposetoloi Paulo a neng a di neela Timotheo: “Ke go laya ka tlhoafalo fa pele ga Modimo le Keresete Jesu, yo o laoletsweng go atlhola batshedi le baswi, . . . o kgalemele, o kgaleme o tiisitse, o rotloetse ka bopelotelele jotlhe le botswerere jwa go ruta.” (2 Tim. 4:1, 2) Go dira jalo go ka tlhoka nako e ntsi le maiteko a magolo, le fa go ntse jalo, jono ke boikarabelo bongwe jo bagolwane ba nang le jone. Phuthego e anaanela maiteko a bone mme e bona ba “tshwanelwa ke tlotlo e e menaganeng sebedi.”—1 Tim. 5:17.
23 Mo maemong mangwe le mangwe, fa go fitlhelwa motho a le molato, selo sa konokono se balebedi ba lekang go se dira ke go thusa motho yo o dirileng boleo gore a boe a nne le kamano e e molemo le Jehofa. Fa a ikwatlhaya ka tsela ya mmatota mme ba kgona go mo thusa, go mo kgalemela ga bone a le nosi kgotsa fa pele ga ba ba nayang bosupi ka nako ya fa komiti ya boatlhodi e sekaseka kgang ya gagwe, e tla nna yone tsela ya go mo otlhaya e bile go tla thusa batho bao ba bangwe gore ba nne le poifo e e siameng. (2 Sam. 12:13; 1 Tim. 5:20) Mo maemong otlhe a motho a kgalemelwang ke komiti ya boatlhodi, o beelwa dithibelo. Seo se ka nna sa thusa modiraphoso gore a direle dinao tsa gagwe “ditselana tse di tlhamaletseng.” (Baheb. 12:13) Fa nako e ntse e ya, mme motho yoo a bontsha gore o baakanya kamano ya gagwe le Jehofa, dithibelo tseo di a tlosiwa.
KITSISO YA GO KGALEMELWA
24 Fa komiti ya boatlhodi e lemoga gore motho o a ikwatlhaya mme gone go ka direga gore ba bangwe mo phuthegong kgotsa mo motseng ba itse ka boleo joo kgotsa phuthego e tlhoka go nna kelotlhoko mo mothong yoo yo o ikwatlhayang, go tla dirwa kitsiso e khutshwane ka nako ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi. E tshwanetse go balega jaana: “[Leina la motho yoo] o kgalemetswe.”
FA TSHWETSO E LE GO KGAOLA
25 Mo maemong mangwe, motho yo o leofileng a ka nna a ganelela mo tseleng ya gagwe ya boleo mme ka ntlha ya seo a bo a sa tsibogele maiteko a a dirwang go mo thusa. A ka nna a se ka a bontsha “ditiro tse di tshwanelang boikwatlhao” ka nako ya fa komiti ya boatlhodi e sekaseka kgang ya gagwe. (Dit. 26:20) Go tshwanetse ga dirwa eng? Mo maemong a a ntseng jalo, go a tlhokega gore motho yoo a lelekwe mo phuthegong, e le gore a se ka a tlhola a nna le kamano le batho ba ga Jehofa ba ba phepa. Seno se dirwa ka boikaelelo jwa gore moleofi a se ka a nna le tlhotlheletso e e bosula mo phuthegong, gore e bolokiwe e le phepa, e na le boemo jo bo molemo le Jehofa le go sireletsa leina la yone le le molemo. (Dute. 21:20, 21; 22:23, 24) Fa moaposetoloi Paulo a ne a utlwa ka boitshwaro jo bo maswe jo bo neng bo dirwa ke mongwe mo phuthegong ya Korintha, o ne a gakolola bagolwane gore ba “neele monna yo o ntseng jalo Satane . . . , gore moya [wa phuthego] o tle o bolokwe.” (1 Bakor. 5:5, 11-13) Gape Paulo o ile a umaka go kgaolwa ga bangwe ba ba neng ba tsuologela boammaaruri mo lekgolong la ntlha la dingwaga.—1 Tim. 1:20.
26 Fa komiti ya boatlhodi e dira tshwetso ya gore moleofi yo o sa ikwatlhayeng o tshwanetse go kgaolwa, e tshwanetse go mo itsise tshwetso eo, e mo tlhalosetsa sentle mabaka a Dikwalo a go bo a kgaolwa. Fa komiti ya boatlhodi e mo itsise tshwetso, e tla mmolelela gore fa a akanya gore komiti e dirile phoso mo tseleng e e atlhotseng dilo ka yone mme a batla go ikuela, a ka dira jalo ka go kwala lekwalo le le tlhalosang sentle mabaka a go bo a ikuela. Go tloga ka nako e a boleletsweng tshwetso ka yone, o tla newa malatsi a le supa gore a ikuele. Fa setlhopha sa bagolwane se amogela lekwalo leo, se tshwanetse go ikgolaganya le molebedi wa potologo, mme ene o tla tlhoma bagolwane ba ba tshwanelegang ba e tla nnang komiti ya boikuelo e e tla sekasekang kgang eo gape. Ba tshwanetse go leka ka natla gore ba sekaseke kgetsi eo ya boatlhodi mo bekeng e ba neilweng lekwalo ka lone. Fa motho a ikuetse, kitsiso ya gore o kgaotswe e tla busediwa morago. Fa go ntse go letilwe, motho yo o bonweng molato o tla thibelwa go akgela le go rapela mo dipokanong kgotsa go nna le ditshiamelo dingwe tse di kgethegileng.
27 Motho yoo o newa tshono ya go ikuela jalo e le go mmontsha bopelonomi mme gape go mo naya le tshono ya go tlhalosa ngongorego ya gagwe. Ka jalo, fa ka boomo moleofi a sa tle ka nako e komiti ya boikuelo e mo laetseng gore a kopane le yone ka yone, go tla dirwa kitsiso ya gore o kgaotswe fa go setse go dirilwe maiteko a a lekaneng a go ikgolaganya le ene.
28 Fa motho yo o leofileng a sa batle go ikuela, komiti ya boatlhodi e tshwanetse go mo tlhalosetsa botlhokwa jwa go ikwatlhaya le gore a ka tsaya dikgato dife gore a busediwe fa nako e ntse e ya. Seno e tla bo e le go mo thusa le go mmontsha bopelonomi mme se tshwanetse go dirwa ka tsholofelo ya gore o tla fetola ditsela tsa gagwe mme fa nako e ntse e ya a tshwanelegele go busediwa mo phuthegong ya ga Jehofa.—2 Bakor. 2:6, 7.
KITSISO YA GO KGAOLWA
29 Fa go tlhokega gore moleofi yo o sa ikwatlhayeng a tlosiwe mo phuthegong, go dirwa kitsiso e khutshwane, e e tlhalosang jaana: “[Leina la motho yoo] ga e tlhole e le Mosupi wa ga Jehofa.” Seno se tla lemotsha batho ba ba mo phuthegong gore ba tshwanetse go kgaotsa go dirisana le motho yoo.—1 Bakor. 5:11.
GO ITOMOLOLA
30 Lereo “go itomolola” le kaya kgato e e tsewang ke Mosupi yo o kolobeditsweng yo ka boomo a itatolang gore ga e tlhole e le Mokeresete, a bolela gore ga a tlhole a batla go itsege e le Mosupi wa ga Jehofa. Kgotsa a ka nna a itatola phuthego ya Bokeresete ka ditiro tsa gagwe, tse di jaaka go nna karolo ya mokgatlho mongwe o o dirang dilo tse di kgatlhanong le dithuto tsa Baebele mme ka jalo o atlhotswe ke Jehofa Modimo.—Isa. 2:4; Tshen. 19:17-21.
31 Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana malebana le batho ba ba neng ba itatola tumelo ya Bokeresete mo motlheng wa gagwe: “Ba ne ba tswa mo go rona, mme e ne e se ba mofuta wa rona; ka gonne fa e ne e le ba mofuta wa rona, ba ka bo ba ile ba nna le rona.”—1 Joh. 2:19.
32 Fa motho a itomolotse, boemo jwa gagwe le Jehofa bo farologane thata le jwa Mokeresete yo o tsidifetseng, yo o sa tlholeng a nna le seabe mo bodireding jwa tshimo. Motho a ka nna a tsidifala ka gonne a ile a palelwa ke go ithuta Lefoko la Modimo ka metlha, kgotsa a ile a lebana le mathata kgotsa pogiso mme a bo a sa tlhole a direla Jehofa a le matlhagatlhaga. Bagolwane le ba bangwe mo phuthegong ba tla thusa Mokeresete yono yo o tsidifetseng ka tsela e e tshwanetseng.—Bar. 15:1; 1 Bathes. 5:14; Baheb. 12:12.
33 Go farologana le moo, fa Mokeresete a itomolola, go dirwa kitsiso eno e khutshwane go itsise phuthego: “[Leina la motho yoo] ga e tlhole e le Mosupi wa ga Jehofa.” Motho yo o ntseng jalo o tshwarwa fela jaaka motho yo o kgaotsweng.
GO BUSEDIWA
34 Motho yo o kgaotsweng kgotsa yo o itomolotseng a ka busediwa fa go na le bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore o a ikwatlhaya e bile a ile a bontsha mo lobakeng lo lo lekaneng gore o tlogetse mokgwa wa gagwe o o sa siamang. Go dira jalo go bontsha gore o batla go nna le kamano e e molemo le Jehofa. Bagolwane ba nna kelotlhoko ka go letla gore go fete nako e e lekaneng—dikgwedi di le dintsi, ngwaga kgotsa le e leng go feta, go ikaegile ka maemo—gore motho a bontshe gore tota o a ikwatlhaya. Fa setlhopha sa bagolwane se amogela lekwalo la motho yo o kopang go busediwa, komiti e e sekasekang kopo ya go busediwa e tla bua le ene. komiti e tla sekaseka gore a go na le bosupi jwa gore motho yoo o bontsha “ditiro tse di tshwanelang boikwatlhao” mme e bo e dira tshwetso ka nako eo gore a e a mmusetsa kgotsa nnyaa.—Dit. 26:20.
35 Fa motho yo o kopang go busediwa a ile a kgaolwa a le kwa phuthegong e nngwe, komiti e e sekasekang kopo ya go busediwa ya phuthego e a leng mo go yone e tla kopana le ene go sekaseka kopo ya gagwe. Fa bakaulengwe ba ba mo komiting e e sekasekang kopo ya go busediwa ba bona go tshwanela gore motho yoo a busediwe, ba tla kwalela bagolwane ba phuthego e a kgaotsweng a le kwa go yone. Dikomiti tseno ka bobedi di tla dirisana mmogo go tlhomamisa gore di sekaseka dintlha tsotlhe tse di amanang le kgang eo gore go dirwe tshwetso e e siameng. Le fa go ntse jalo, tshwetso ya gore motho yoo a busediwe e dirwa ke komiti e e sekasekang kopo ya go busediwa ya phuthego e a ileng a kgaolwa kgotsa a itomolola a le kwa go yone.
KITSISO YA GO BUSEDIWA
36 Fa komiti e e sekasekang kopo ya go busediwa e tlhatswegile pelo gore eleruri motho yo o kgaotsweng kgotsa yo o itomolotseng o a ikwatlhaya le gore o tshwanetse go busediwa, go dirwa kitsiso kwa phuthegong e motho yoo a kgaotsweng a le kwa go yone. Fa motho yoo a kopanela le phuthego e sele, go tla dirwa kitsiso le kwa phuthegong eo. E tshwanetse go balwa jaana: “[Leina la motho yoo] o buseditswe go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.”
DIKGETSI TSE DI AMANG BANA BA BANNYE BA BA KOLOBEDITSWENG
37 Maleo a a masisi a a dirwang ke bana ba bannye ba ba kolobeditsweng a tshwanetse go begelwa bagolwane. Fa bagolwane ba sekaseka kgetsi ya boleo jo bo masisi jo bo dirilweng ke ngwana, go ka nna molemo fa batsadi ba ba kolobeditsweng ba ngwana yoo ba nna gone. Ba tshwanetse go dirisana mmogo le komiti ya boatlhodi, ba sa leke go sireletsa ngwana wa bone gore a se ka a otlhaiwa ka tsela e e mo tshwanetseng. Komiti ya boatlhodi e tla leka go mo gakolola le go mo thusa fela jaaka e dira ka baleofi ba ba godileng. Le fa go ntse jalo, fa ngwana yono a sa ikwatlhaye, o a kgaolwa.
FA BABOLEDI BA BA SA KOLOBEDIWANG BA LEOFA
38 Go tshwanetse ga dirwa eng fa baboledi ba ba sa kolobediwang ba dira boleo jo bo masisi? E re ka ba sa kolobediwa, ba ka se ka ba kgaolwa. Le fa go ntse jalo, go ba gakolola ka bopelonomi go ka nna ga ba thusa gore ba direle dinao tsa bone “ditselana tse di tlhamaletseng” e re ka ba ka tswa ba sa tlhaloganye melao ya Baebele ka botlalo.—Baheb. 12:13.
39 Fa moleofi yo o sa kolobediwang a sa ikwatlhaye morago ga gore bagolwane ba babedi ba bue le ene le go leka go mo thusa, go tla tlhokega gore phuthego e itsisiwe. Go tla dirwa kitsiso e khutshwane e e reng: “[Leina la motho yoo] ga e tlhole e le mmoledi yo o sa kolobediwang.” Go tswa foo phuthego e tla tsaya moleofi yoo e le motho wa lefatshe. Le fa motho yoo a sa kgaolwa, Bakeresete ba tla nna kelotlhoko gore ba se ka ba itsalanya le ene. (1 Bakor. 15:33) Ga go kitla go tsewa pego ya tirelo ya tshimo mo go ene.
40 Fa nako e ntse e ya, motho yo o sa kolobediwang yo o tseetsweng ditshiamelo tsa go nna mmoledi, a ka nna a kopa go nna mmoledi gape. Mo maemong a a ntseng jalo, bagolwane ba babedi ba tla kopana le ene go tlhomamisa gore a o dirile diphetogo mo botshelong jwa gagwe. Fa e le gore o a tshwanelega, go tla dirwa kitsiso eno e khutshwane: “[Leina la motho yoo] ke mmoledi yo o sa kolobediwang gape.”
JEHOFA O SEGOFATSA KOBAMELO E E PHEPA LE E E NANG LE KAGISO
41 Batho botlhe ba ba kopanelang le phuthego ya Modimo gompieno ba ka itumelela masego a mantsi a a nnang gone ka ntlha ya go bo ba na le kamano e e molemo le Jehofa. Ruri mafulo a rona a dijo tsa tshwantshetso a a phophoma e bile re na le metsi a mantsi a a lapolosang a boammaaruri. Gape Jehofa o re sireletsa ka phuthego ya gagwe e e eteletsweng pele ke Keresete. (Pes. 23; Isa. 32:1, 2) Go nna mo paradaiseng eno ya tshwantshetso mo metlheng eno ya bofelo e e tletseng mathata, go dirile gore re ikutlwe re sireletsegile.
Fa re dira gore phuthego e nne e na le kagiso e bile e le phepa, re tla tswelela re dira gore lesedi la rona la boammaaruri jwa Bogosi le phatsime
42 Fa re dira gore phuthego e nne e na le kagiso e bile e le phepa, re tla tswelela re dira gore lesedi la rona la boammaaruri jwa Bogosi le phatsime. (Math. 5:16; Jak. 3:18) Fa Modimo a ntse a re segofatsa, re tla nna le boipelo jwa go bona batho ba bangwe ba bantsi ba nna le kitso ka Jehofa e bile ba tla go dira thato ya gagwe le rona.