Tiro ya Boithaopo e e Tlisang Melemo Ya go Ya go Ile
JESU KERESETE o ne a direla batho ba ba tlhokang ditiro tse di molemo ka metlha. Ka sekai, o ne a fepa batho ba ba tshwerweng ke tlala a bo a fodisa ba ba lwalang. (Mathaio 14:14-21) Mme le fa go ntse jalo, ke tiro efe e a neng a e beile kwa pele thata? Tiragalo e e neng ya direga kwa tshimologong ya bodiredi jwa ga Jesu e re naya karabo. E kwadilwe mo kgaolong ya ntlha ya Efangele ya ga Mareko.
Fa Jesu a le kwa Kaperenama, gaufi le Lewatle la Galalea, o ne a isiwa kwa legaeng la ga Simone, kgotsa Petere.
Fa a le koo “mogogwadia Simone o ne a letse fa fatshe a tshwerwe ke letshoroma,” mme Jesu o ne a mo fodisa. (Mareko 1:29-31) Moragonyana setlhopha sa batho se se neng se na le batho ba bantsi ba ba neng ba “lwala dipobolo tse di farologaneng” se ne sa simolola go phuthaganela kwa kgorong ya ntlo ya ga Petere, mme Jesu a ba fodisa le bone. (Mareko 1:32-34) Mme ga nna bosigo mme mongwe le mongwe a ya go robala.
Mo mosong o o latelang “go santse go le lefifi,” Jesu o ne a tsoga mme a tswa mo ntlong a ya kwa “lefelong le le se nang batho” kwa a neng a “simolola go rapela” teng. Go ise go ye kae, barutwa le bone ba ne ba tsoga, ba leba kwantle ga ntlo, mme ba bona boidiidi jwa batho bo eme fa lebating. Ba ne ba tla dira eng? Jesu o ne a seyo! Ka bonako Petere le ba ba neng ba na le ene ba ne ba batla Jesu ba bo ba mmona mme ba re: “Batho botlhe ba a go batla.” (Mareko 1:35-37; Luke 4:42) Go lebega totatota ba ne ba raya Jesu ba re: ‘Tota o batlang fa? Maabane bosigo o atlegile thata go fodisa balwetse. Gompieno o bulegetswe ke sebaka se sengwe sa go dira jalo gape!’
Mme jaanong tlhokomela gore Jesu o ba raya a reng: “A re yeng golo gongwe go sele, mo metsanasetoropong e e fa gautshwane, gore ke tle ke rere le koo.” Karabo eno ke ya botlhokwa. Jesu ga a ka a boela kwa ntlong ya ga Petere go ya go fodisa ba bangwe. O ne a tlhalosa lebaka la go dira jalo fa a ne a re: “Ke tletse jone boikaelelo jono [ke gore, go rera].” (Mareko 1:38, 39; Luke 4:43) Ke eng se Jesu a neng a se bolelela barutwa ba gagwe? Go dira ditiro tse di molemo go ne go le botlhokwa mo go ene, mme go rera le go ruta lefoko la Modimo e ne e le thomo ya ga Jesu ya konokono.—Mareko 1:14.
E re ka Baebele e kgothaletsa Bakeresete go ‘latela dikgato tsa ga Jesu gaufiufi,’ Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba na le kaelo e e utlwalang sentle fa go tliwa mo dikgannyeng tsa ditiro tse ba di bayang kwa pele mo tirong ya boithaopo. (1 Petere 2:21) Jaaka Jesu, ba thusa batho ba ba tlhokang—jaaka setlhogo se se fetileng se bontsha. Gape jaaka Jesu, ba baya tiro ya go ruta molaetsa wa Baebele le dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo kwa pele mo matshelong a bone.a (Mathaio 5:14-16; 24:14; 28:19, 20) Le fa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa go ruta batho molaetsa wa Modimo go tshwanetse go nna ga botlhokwa thata go feta ditiro tse dingwe tse di botlhokwa tsa boithaopo?
Lebaka La go Bo Thuto ya Baebele e le Mosola le Kafa e Leng Mosola ka Gone
Seane sengwe sa Asia se re naya karabo. Sa re: “Fa o rulaganyetsa ngwaga, jala peo. Fa o rulaganyetsa dingwaga di le lesome, jala ditlhare. Fa o rulaganyetsa dingwaga di le lekgolo, ruta batho.” Ee ruri, fa go buiwa ka kgang ya go naya ditharabololo tse di nang le mosola wa go ya go ile, thuto e botlhokwa thata ka gonne e ruta motho go nna le bokgoni jwa go dira ditshwetso tse di tla tokafatsang botshelo jwa gagwe. Ke sone se gompieno baithaopi ba feta dimilione di le thataro ba nakwana le ba nako e e tletseng ba dirisang nako ya bone, maikatlapelo a bone le madi a bone go ruta batho Baebele mahala. Thulaganyo eno e e itshupileng e na le matswela e e dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa e thusa ditšhaba mo lefatsheng lotlhe. Jang?
Fa batho ba ntse ba thusiwa go tlhaloganya le go latela kgakololo ya Baebele e e mosola, ba kgona go itshokela mathata a botshelo botokanyana. Ba nna le nonofo e ba e tlhokang go fenya mekgwa e e kotsi. Nelson, mosha mongwe kwa Brazil, o gatelela mosola o mongwe wa thuto ya Baebele jaana: “Fa e sa le ke simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, ke itumetse ka gonne jaanong ke na le maikaelelo mo botshelong.” (Moreri 12:13) Diketekete tsa ba bangwe—bagolo le basha—ba ba sa tswang go simolola go ithuta Lefoko la Modimo ba na le maikutlo a a tshwanang le a ga Nelson. Mo godimo ga go thusa baithuti gore ba bone boikaelelo jo bo kgotsofatsang mo botshelong, molaetsa wa Bogosi jwa Modimo o ba naya tsholofelo ya isagwe—tsholofelo e e dirang gore motho a nne le se a se tshelelang, le fa a lebane le maemo a a lekang tota. (1 Timotheo 4:8)—Bona lebokose le le reng “Kafa Bogosi Jwa Modimo bo Tla Tlisang Melemo ka Teng.”
Ka go naya batho thuto ya Baebele, Basupi ba ga Jehofa ba dira tirelo ya boithaopo e e nang le mosola wa go ya go ile. Wa go ya go ile jang? Lefoko la Modimo le bolela jaana: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Akanya o na le seabe mo thulaganyong eno e e nang le mosola wa go ya go ile—o a bona, oo ke mofuta wa tirelo ya boithaopo o o solegelang molemo tota! A oo ga se mofuta wa thulaganyo e o batlang go ithuta mo go oketsegileng ka yone? Fa go ntse jalo, ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa mo lefelong la gaeno. Go amogela taletso eno e tla nna kgato e o se kitlang o ikwatlhaela go bo o e tsere.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Basupi ba ga Jehofa ba leba tiro ya go rera ka tsela e e tshwanang le e moaposetoloi Paulo a neng a e leba ka yone—jaaka tiro e Bakeresete ba boammaaruri ba patelesegang go e dira. Paulo o ne a re: “Jaanong, fa ke bolela dikgang tse di molemo, ga se lebaka la gore ke ipelafatse, gonne ke patelesega go dira jalo.” (1 Bakorintha 9:16) Le fa go ntse jalo, tiro ya bone ya go rera ke ya boithaopo ka gonne ba itlhophetse ka bobone gore ba nne balatedi ba ga Keresete, ba itse sentle maikarabelo a a tsamaisanang le tshiamelo eo.
[Mafoko a a mo go tsebe 21]
“Fa o rulaganyetsa ngwaga, jala peo. Fa o rulaganyetsa dingwaga di le lesome, jala ditlhare. Fa o rulaganyetsa dingwaga di le lekgolo, ruta batho”
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 20]
O a Thusa e Bile o Naya Batho Tsholofelo
Nadine, mooki wa Mofora yo o nang le dingwaga di le 43, yo o alafang malwetse a a tshwarang batho ba boboatsatsi, ke mongwe wa baithaopi ba ba neng ba dira kwa Afrika Bogare. O ne a bolela jaana mo potsolotsong e e neng e tshwerwe bosheng jaana: “Batho ba mpotsa gore ke ka ntlha yang fa ke dira seno. Ke dumela mo Modimong, ke rata batho, mme ke batla go thusa. Mme go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa go ntlhotlheletsa gore ke tlise kalafi le tsholofelo mo go ba ba bogang.” Fa Nadine a ntse a ithaopile mo Afrika, o dirisa nako ya gagwe go dira tiro ya namolo le go dira tiro ya go ruta Baebele e e dirwang ke Basupi ba mo lefelong leo.
[Ditshwantsho]
Nadine mo Afrika
[Lebokoso mo go tsebe 22]
Kafa Bogosi Jwa Modimo bo Tla Tlisang Melemo ka Teng
Tsweetswee bala dikwalo tseno mo Baebeleng ya gago, mme o bone kafa Modimo a solofetsang ka teng go kgotsofatsa dilo tse motho a di tlhokang mo maemong a a latelang:
Botsogo “O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshenolo 21:4; Isaia 33:24; 35:5, 6.
Thuto “Ga di kitla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng ya me yotlhe e e boitshepo; ka gonne lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.”—Isaia 11:9; Habakuke 2:14.
Tiro “Ruri ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele; ga ba kitla ba jala mme go je o sele. . . . Ga ba kitla ba direla ka natla lefela.”—Isaia 65:21-23.
Dijo “Lefatshe ka bolone ruri le tla ntsha kungo ya lone; Modimo, Modimo wa rona, o tla re segofatsa.”—Pesalema 67:6; 72:16; Isaia 25:6.
Maemo a Loago “Jehofa o robile thobane ya baikepi . . . Lefatshe lotlhe le ikhuditse, le dule mo matshwenyegong.”—Isaia 14:5, 7.
Tshiamiso “Bona! Kgosi e tla busa gore go nne le tshiamo; mme fa e le dikgosana, di tla busa e le dikgosana gore go nne le tshiamiso.”—Isaia 11:3-5; 32:1, 2.