‘Nnelang Ruri mo Lefokong la Me’
“Fa lo nnela ruri mo lefokong la me, ruri lo barutwa ba me.”—JOHANE 8:31.
1. (a) Fa Jesu a ne a boela kwa legodimong, o ne a tlogela eng mo lefatsheng? (b) Re tlile go sekaseka dipotso dife?
FA Jesu Keresete, yo e neng e le Mothei wa Bokeresete, a ne a boela kwa legodimong, ga a ka a tlogela dibuka tse a di kwadileng, difikantswe tse a di agileng, kana dikhumo tse a di ikokoanyeditseng mono lefatsheng. Mme gone, o ne a tlogela barutwa ba gagwe a bo a ba bolelela le dilo tse di batlegang gore motho e nne morutwa wa gagwe. Tota e bile, mo Efangeleng ya ga Johane, Jesu o ne a umaka dilo tse tharo tsa botlhokwa tse motho ope yo o batlang go nna molatedi wa gagwe a tshwanetseng go di dira. Dilo tseo ke dife? Ke eng se se tlhokegang gore re di dire? Mme gompieno ke eng se re ka se dirang gore re tshwanelege go nna barutwa ba ga Keresete?a
2. Go ya ka Efangele ya ga Johane, selo sa botlhokwa se se batlegang gore motho e nne morutwa ke sefe?
2 Mo e ka nnang dikgwedi tse thataro pele Jesu a swa, o ne a ya kwa Jerusalema mme a rerela boidiidi jwa batho ba ba neng ba phuthegetse koo go tla Moletlong wa Diobo, o o neng o ketekiwa beke yotlhe. Seo se ne sa dira gore fa moletlo oo o le fa gare, ‘bontsi jwa boidiidi bo dumele mo go ene.’ Jesu o ne a tswelela a rera mo e leng gore ka letsatsi la bofelo la moletlo, batho ba bangwe gape ‘ba le bantsi ba ne ba dumela mo go ene.’ (Johane 7:10, 14, 31, 37; 8:30) Ka nako eo, Jesu o ne a tlhoma mogopolo mo badumeding bano ba basha mme a ba bolelela selo sa botlhokwa se se batlegang gore motho e nne morutwa wa gagwe, se moaposetoloi Johane a se tlhalosang jaana: “Fa lo nnela ruri mo lefokong la me, ruri lo barutwa ba me.”—Johane 8:31.
3. Motho o tshwanetse go nna le nonofo efe gore a ‘nnele ruri mo lefokong’ la ga Jesu?
3 Fa Jesu a bua mafoko ano, o ne a sa bolele gore barutwa bano ba basha ba ne ba se na tumelo e e lekaneng. Go na le moo, o ne a bolela gore ba ne ba na le tshono ya go nna barutwa ba gagwe ba boammaaruri fa fela ba ne ba ka nnela ruri mo lefokong la gagwe, ke gore, fa ba ne ba ka nna le boitshoko. Ba ne ba dumetse lefoko la gagwe, mme jaanong ba ne ba tshwanetse go nnela ruri mo go lone. (Johane 4:34; Bahebera 3:14) Ee ruri, Jesu o ne a tsaya boitshoko e le nonofo e e botlhokwa thata jaana e balatedi ba gagwe ba tshwanetseng go nna le yone, mo a ileng a kgothatsa baaposetoloi ba gagwe ka makgetlo a mabedi mo puisanong ya gagwe ya bofelo le bone e e kwadilweng mo Efangeleng ya ga Johane, a re: ‘Tswelelang lo ntshale morago.’ (Johane 21:19, 22) Bakeresete ba le bantsi ba bogologolo ba ne ba dira fela jalo. (2 Johane 4) Ke eng se se neng sa ba thusa go itshoka?
4. Ke eng se se neng sa thusa Bakeresete ba bogologolo go itshoka?
4 Moaposetoloi Johane, yo e neng e le morutwa wa ga Keresete yo o ikanyegang ka dingwaga di ka nna masome a supa, o ne a umaka ntlha nngwe ya botlhokwa. O ne a akgola Bakeresete ba ba ikanyegang jaana: “Lo nonofile mme lefoko la Modimo le ntse mo go lona e bile lo fentse yo o boikepo.” Barutwa bao ba ga Keresete ba ne ba itshoka, kana ba nnela ruri mo lefokong la Modimo, ka gonne lefoko la Modimo le ne le nnetse ruri mo go bone. Ba ne ba le anaanela ka pelo yotlhe. (1 Johane 2:14, 24) Le gompieno re tshwanetse go tlhomamisa gore lefoko la Modimo le nnela ruri mo go rona gore re kgone go ‘itshoka go ya bokhutlong.’ (Mathaio 24:13) Re ka dira seo jang? Karabo re e bona mo setshwantshong sengwe sa ga Jesu.
‘Go Utlwa Lefoko’
5. (a) Jesu o umaka mefuta efe e e sa tshwaneng ya mmu mo go sengwe sa ditshwantsho tsa gagwe? (b) Peo le mmu di emela eng mo setshwantshong sa ga Jesu?
5 Jesu o ne a dirisa setshwantso sa mojadi yo o neng a jala peo, mme se kwadilwe mo Efangeleng ya ga Mathaio, Mareko le Luke. (Mathaio 13:1-9, 18-23; Mareko 4:1-9, 14-20; Luke 8:4-8, 11-15) Fa o bala dipego tseno, o tla lemoga gore ntlha ya konokono ya setshwantsho seno ke gore peo e e tshwanang e wela mo mefuteng e e farologaneng ya mmu mme e nna le matswela a a sa tshwaneng. Mmu wa ntlha o thata, wa bobedi ga o boteng mme wa boraro o tletse mitlwa. Wa bonè ga o tshwane le e mengwe eno e meraro, one ke ‘mmu o o molemo.’ Jesu o tlhalosa gore peo ke molaetsa wa Bogosi o o fitlhelwang mo Lefokong la Modimo, mme mmu o emela batho ba dipelo tse di sa tshwaneng. Le fa go na le dilo dingwe tse batho ba ba emelwang ke mefuta eno e e farologaneng ya mmu ba tshwanang ka tsone, batho ba ba emelwang ke mmu o o molemo ba na le sengwe se se ba farologanyang le ba bangwe botlhe.
6. (a) Mmu wa bonè wa setshwantsho sa ga Jesu o farologana jang le e mengwe e meraro, mme seo se kaya eng? (b) Ke eng se se tlhokegang thata mo mothong yo e leng morutwa wa ga Keresete gore a kgone go itshoka?
6 Pego e e mo go Luke 8:12-15 e bontsha gore mo maemong ano otlhe a manè, batho ba ‘utlwa lefoko.’ Le fa go ntse jalo, ba ba nang le “pelo e e molemo le e e siameng,” ga ba felele fela ka go “utlwa lefoko.” Ba a le ‘tshegetsa mme ba ungwa maungo ka boitshoko.’ E re ka mmu o o molemo o le boruma e bile o le boteng, o letla medi ya peo go nwelelela kwa teng, mme seo se dira gore peo e tlhoge e bo e ungwe. (Luke 8:8) Go ntse jalo le ka batho ba ba nang le pelo e e molemo, ba tlhaloganya lefoko la Modimo, ba a le anaanela le go dira gore le nwelelele mo go bone. (Baroma 10:10; 2 Timotheo 2:7) Lefoko la Modimo le nnela ruri mo go bone. Seo se felela ka gore ba ungwe maungo ka boitshoko. Ka gone, go botlhokwa thata gore fa motho e le morutwa wa ga Keresete a anaanele Lefoko la Modimo ka pelo yotlhe gore a kgone go itshoka. (1 Timotheo 4:15) Mme gone, re ka dira jang gore re anaanele Lefoko la Modimo jalo ka pelo yotlhe?
Pelo ya Motho le go Tlhatlhanya ka Tlhoafalo
7. Pelo e e molemo e amanngwa thata le eng?
7 Ela tlhoko gore gangwe le gape Baebele e amanya pelo e e molemo le e e siameng le eng. “Pelo ya mosiami e a tlhatlhanya gore e tle e arabe.” (Diane 15:28) “A mafoko a molomo wa me le go tlhatlhanya ga pelo ya me di nne monate fa pele ga gago, wena Jehofa.” (Pesalema 19:14) “Go tlhatlhanya ga pelo ya me e tla nna ga dilo tsa tlhaloganyo.”—Pesalema 49:3.
8. (a) Ke eng se re tshwanetseng go se tila fa re bala Baebele, mme gone ke eng se re tshwanetseng go se dira? (b) Re solegelwa molemo jang fa re tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo ka thapelo? (Akaretsa le lebokoso la ‘Go Tlhomama mo Boammaaruring.’)
8 Fela jaaka bakwadi bano ba Baebele, le rona re tshwanetse go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo le ka ditiro tsa gagwe ka kanaanelo le ka thapelo. Fa re bala Baebele kana dikgatiso tse di tlhalosang Baebele, ga re a tshwanela go tshwana le bajanala ba ba tsayang ditshwantsho tsa mafelo a mantle ba le mo lepotlapotleng ba sa iphe nako e e lekaneng ya go a boga sentle. Go na le moo, fa re ithuta Baebele, re tshwanetse go ipha nako e e lekaneng ya go tlhatlhanya ka se re se balang.b Fa re ntse re akanya ka se re se balang, lefoko la Modimo le ama dipelo tsa rona. Le ama maikutlo a rona le go bopa tsela ya rona ya go akanya. Gape le re tlhotlheletsa gore fa re bua le Modimo ka thapelo re mmolelele maikutlo a rona. Seo se dira gore kamano ya rona le Jehofa e nonofe mme lorato lo re ratang Modimo ka lone lo re tlhotlheletsa go tswelela pele re latela Jesu le fa re ka tswa re lebana le maemo a a thata go le kana kang. (Mathaio 10:22) Ga go pelaelo gore, go tlhatlhanya ka lefoko la Modimo go botlhokwa fa e le gore re batla go tswelela pele re ikanyega go ya bokhutlong.—Luke 21:19.
9. Re ka tlhomamisa jang gore pelo ya rona e tswelela pele e amogela lefoko la Modimo?
9 Setshwantsho sa ga Jesu se bontsha le gore go na le dilo tse di ka kgoreletsang peo, e e leng lefoko la Modimo, go gola. Ka jalo, gore re tswelele pele re le barutwa ba ba ikanyegang, re tshwanetse gore (1) re lemoge dikgoreletsi tseno tse di emelwang ke mmu o o sa siamang o go buiwang ka one mo setshwantshong le gore (2) re tseye dikgato go di baakanya kana go di tila. Fa re dira jalo, re tla tlhomamisa gore pelo ya rona e tswelela pele e amogela peo ya Bogosi le go nna e ungwa.
“Go Bapa le Tsela,” Go Kaya go Iteega Tsebe
10. Tlhalosa mmu wa ntlha wa setshwantsho sa ga Jesu le gore o kaya eng.
10 Mofuta wa ntlha wa mmu o peo e welang mo go one ke o o ‘bapileng le tsela,’ koo peo e ‘gatakwang’ gone. (Luke 8:5) Mmu o o bapileng le tsela e e yang kwa masimong o thata ka ntlha ya go nna o gatakwa ke batho. (Mareko 2:23) Batho ba ba letlang ditlhobaelo tsa botshelo go ba tseela nako le maatla go sa tlhokege le bone ba ka iphitlhela ba se na nako ya go anaanela lefoko la Modimo ka pelo yotlhe. Ba a le utlwa mme ba palelwa ke go tlhatlhanya ka lone. Ka jalo pelo ya bone e nna e kgwaraletse. Pele ga ba dira gore ba le rate, ‘Diabolo o a tla, a bo a tsaya lefoko mo dipelong tsa bone gore ba tle ba se ka ba dumela mme ba bolokwa.’ (Luke 8:12) A seno se ka thibelwa?
11. Re ka thibela dipelo tsa rona jang gore di se ka tsa tshwana le mmu o o kgwaraletseng?
11 Go na le dilo di le dintsi tse di ka dirwang go thibela pelo gore e se ka ya kgwaralala jaaka mmu o o bapileng le tsela. Mmu o o gatakilweng le o o kgwaraletseng o ka nna boruma wa ba wa tlhagisa maungo fa o ka lengwa le go dira gore batho ba se ka ba tlhola ba tsamaya mo go one. Go ipha nako ya go ithuta le go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo le gone go ka dira gore pelo ya motho e nne jaaka mmu o o molemo le o o ungwang. Selo sa botlhokwa ke gore motho a se ka a tshwarega thata ka dilo tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi. (Luke 12:13-15) Go na le moo, o tshwanetse go tlhomamisa gore a nne le nako ya go akanya ka “dilo tse di botlhokwa thata” mo botshelong.—Bafilipi 1:9-11.
“Mo Godimo ga Lefika,” Go Kaya go Nna le Poifo
12. Selo se tota se dirang gore semela se swabe mo mmung wa bobedi wa setshwantsho sa ga Jesu ke eng?
12 Fa peo e wela mo mmung wa bobedi, ga e nne fela mo godimo ga one jaaka go ne go ntse ka mmu wa ntlha. E a mela e bo e tlhoga. Mme fa letsatsi le tlhaba, semela seno se fisiwa ke mogote wa letsatsi se bo se swaba. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko ntlha eno ya botlhokwa. Selo se tota se dirang gore semela seno se swabe ga se mogote. Tota le semela se se tlhogang mo mmung o o molemo se lebana le letsatsi mme sone ga se swabe, go na le moo, se gola sentle. Ke eng se se dirang gore di se ka tsa tshwana? Jesu o tlhalosa gore semela seno se a swaba ‘ka ntlha ya go bo se se mo mmung o o boteng,’ e bile ‘se se na bongola.’ (Mathaio 13:5, 6; Luke 8:6) “Lefika” le le mo tlase ga mmu o o fa godimo le thibela medi ya peo go nwelelela kwa teng mo e ka kgonang go bona bongola le go itsetsepela. Semela se a swaba ka gonne mmu o se boteng.
13. Ke batho ba mofuta ofe ba ba tshwanang le mmu o o seng boteng, mme ke eng se tota se dirang gore ba itshware ka tsela eo?
13 Karolo eno ya setshwantsho e bua ka batho “ba e reng, fa ba utlwa lefoko, ba le amogele ka boipelo” mme ba latele Jesu “ka paka e e rileng.” (Luke 8:13) Fa ba lebana le mogote o o bogale wa “pitlagano kgotsa pogiso,” ba tsenwa ke poifo e kgolo mo ba latlhegelwang ke boipelo le nonofo ba bo ba tlogela go latela Keresete. (Mathaio 13:21) Le fa go ntse jalo, selo se tota se dirang gore ba boife ga se kganetso. Kana e bile, dimilionemilione tsa barutwa ba ga Keresete di lebana le dipitlagano tsa mefutafuta, mme di nna di ntse di ikanyega. (2 Bakorintha 2:4; 7:5) Selo se tota se dirang gore bangwe ba tsenwe ke poifo le go tlogela boammaaruri ke gore dipelo tsa bone tse di kgwaraletseng jaaka lefika, di dira gore ba se ka ba kgona go tlhatlhanya sentle ka dilo tse di agang le tsa semoya. Seo se dira gore kanaanelo e ba nang le yone ka Jehofa le lefoko la gagwe e nne bokoa thata go ka emelana le kganetso. Motho a ka thibela jang selo se se ntseng jalo?
14. Motho o tshwanetse go dira eng gore pelo ya gagwe e se ka ya tshwana le mmu o o seng boteng?
14 Motho o tshwanetse go tlhomamisa gore pelo ya gagwe ga e na dikgoreletsi dipe tse di tshwanang le lefika, tse di jaaka go nna ka sekgopi, moya wa boithati, kana maikutlo a a tshwanang le ano a letlhoo le le bofitlha. Fa motho a setse a na le maikutlo a a ntseng jalo, maatla a lefoko la Modimo a ka kgona go a fedisa. (Jeremia 23:29; Baefeso 4:22; Bahebera 4:12) Go tswa foo, go tlhatlhanya ka lone ka thapelo go tla dira gore ‘lefoko le jalelwe kwa teng’ mo pelong ya motho. (Jakobe 1:21) Seno se tla mo thusa go itshokela dilo tse di kgobang marapo le go nna a ikanyega le mororo a lebana le diteko.
“Mo Mitlweng,” Go Kaya go Nna Pelopedi
15. (a) Ke eng fa re tshwanetse go ela tlhoko thata mmu wa boraro wa setshwantsho sa ga Jesu? (b) Ke eng se se feleletsang se diregile ka mmu wa boraro, mme ka ntlha yang?
15 Re tshwanetse go ela tlhoko thata mmu wa boraro, o o nang le mitlwa ka gonne o batla o tshwana le mmu o o molemo. Mmu ono o o nang le mitlwa le one o letla peo go mela le go tlhoga, fela jaaka mmu o o molemo. Kwa tshimologong, semela seno se sesha se gola ka tsela e e tshwanang mo mefuteng eno e mebedi ya mmu. Le fa go ntse jalo, fa go ntse go ya, go tlhaga sengwe se se dirang gore semela seno se hupelwe. Mmu ono o farologana le o o molemo ka gonne o fekeediwa ke mitlwa. Fa semela seno se sennye se ntse se tlhoga mo mmung ono, se ‘gola le mitlwa.’ Mme fa di ntse di gola mmogo jalo, di lwela dijo, lesedi le mmu o di leng mo go one, mme mitlwa e feleletsa e fekeeditse semela seno e bo e se ‘hupetsa.’—Luke 8:7.
16. (a) Ke batho ba mofuta ofe ba ba tshwanang le mmu o o nang le mitlwa? (b) Go ya ka dipego tsa Diefangele tse tharo, mitlwa e emela eng?—Bona ntlha e e kwa tlase.
16 Ke batho ba mofuta ofe ba ba tshwanang le mmu o o nang le mitlwa? Jesu o a tlhalosa: “Ke ba ba utlwileng, mme, ka ba gapiwa ke ditlhobaelo le dikhumo le menate ya botshelo jono, ba hupediwa gotlhelele mme ga ba itekanedise sepe.” (Luke 8:14) Fela jaaka peo ya mojadi le mitlwa di gola mmogo mo mmung, go na le batho bangwe ba le bone ba lekang go amogela lefoko la Modimo mme gape ba tla ba inaakanya le “menate ya botshelo jono.” Boammaaruri jwa lefoko la Modimo bo jalwa mo dipelong tsa bone, mme bo kgorelediwa ke dilo tse dingwe tse ba di batlang. Ba nna pelopedi. (Luke 9:57-62) Seno se dira gore ba se ka ba ipha nako e e lekaneng ya go tlhatlhanya ka lefoko la Modimo ka thapelo le ka tlhoafalo. Ga ba kgone go dira gore lefoko la Modimo le nwelelele mo go bone mme seo se dira gore ba se ka ba le anaanela ka pelo yotlhe, e leng se se neng se ka ba thusa go itshoka. Ditiro tsa bone tsa semoya di simolola go tseelwa sebaka ka iketlo ke dilo tse e seng tsa semoya go fitlha di di ‘hupetsa gotlhelele.’c A phelelo e e botlhoko e e tlelang batho ba ba sa rateng Jehofa ka pelo yotlhe!—Mathaio 6:24; 22:37.
17. Ke dilo dife tse re tshwanetseng ra di dira mo botshelong gore re se ka ra hupediwa ke mitlwa e Jesu a e umakileng mo setshwantshong sa gagwe?
17 Re ka tila go hupediwa ke ditlhobaelo le menate ya lefatshe leno ka go dira gore dilo tsa semoya di tle pele ga dilo tse dingwe. (Mathaio 6:31-33; Luke 21:34-36) Le ka motlha ga re a tshwanela go tlhokomologa go bala Baebele le go tlhatlhanya ka se re se balang. Re tla kgona go nna le nako e e lekaneng ya go tlhatlhanya ka lone ka tlhoafalo le ka thapelo fa re ka dira gore re tshele botshelo jo bo sa raraanang. (1 Timotheo 6:6-8) Jehofa o segofatsa batlhanka ba gagwe ba ba dirileng jalo—ba go ka tweng ba kumotse mitlwa mo mmung gore semela se se ungwang se bone dijo, lesedi le mmu o o lekaneng. Sandra wa dingwaga tse 26 a re: “Fa ke tlhatlhanya ka melemo e ke e bonang mo boammaaruring, ke lemoga gore ga go na sepe se motho a ka se bonang mo lefatsheng leno se se tshwanang le yone!”—Pesalema 84:11.
18. Bakeresete ba ka dira jang gore ba nnele ruri mo lefokong la Modimo le go itshoka?
18 Ka jalo, go bonala sentle gore barutwa botlhe ba ga Keresete, ba basha le ba bagolo, ba ka nnela ruri mo lefokong la Modimo le go itshoka fa fela ba dira gore lefoko la Modimo le nnele ruri mo go bone. Ka gone a re direng ka natla gore re se letle mmu wa dipelo tsa rona tsa tshwantshetso o kgwaralala, o sa nne boteng kana o hupediwa ke mitlwa, go na le moo a re direng gore o nne o le boruma e bile o le boteng. Ka go dira jalo, re tla kgona go dira gore lefoko la Modimo le nwelelele ka botlalo mo go rona mme re “ungwe maungo ka boitshoko.”—Luke 8:15.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mo setlhogong seno, re tlile go sekaseka sa ntlha sa dilo tseno tse di batlegang gore motho e nne morutwa. Go tla tlotliwa ka tse dingwe tse pedi mo ditlhogong tse di latelang.
b Ka sekai, fa o tlhatlhanya ka thapelo ka karolo nngwe ya Baebele e o e badileng, o ka nna wa ipotsa jaana: ‘A e senola dingwe tsa dinonofo tsa ga Jehofa? E amana jang le setlhogo se segolo sa Baebele? Nka e dirisa jang mo botshelong jwa me kana go thusa ba bangwe?’
c Go ya ka dipego tsa setshwantsho sa ga Jesu tsa Diefangele tse tharo, peo e hupediwa ke ditlhobaelo le menate ya lefatshe leno: “Ditlhobaelo tsa tsamaiso eno ya dilo,” “maatla a a tsietsang a dikhumo,” “dikeletso tsa dilo tse dingwe tsotlhe,” le “menate ya botshelo jono.”—Mareko 4:19; Mathaio 13:22; Luke 8:14; Jeremia 4:3, 4.
O ka Araba Jang?
• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ‘nnela ruri mo lefokong la ga Jesu’?
• Re ka dira jang gore lefoko la Modimo le nnele ruri mo dipelong tsa rona?
• Mefuta e menè e e sa tshwaneng ya mmu e e umakilweng ke Jesu e emela batho ba mofuta ofe?
• O ka dira jang gore o nne le nako ya go tlhatlhanya ka lefoko la Modimo?
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 10]
‘GO TLHOMAMA MO BOAMMAARURING’
BATHO ba le bantsi ba ba sa bolong go nna barutwa ba ga Keresete ba supa ka dingwagangwaga gore ba ‘tlhomame mo boammaaruring.’ (2 Petere 1:12) Ke eng se se ba thusang go itshoka? Ela tlhoko se bangwe ba bone ba se tlhalosang.
“Ke digela letsatsi lengwe le lengwe ka go bala karolo nngwe ya Baebele le go rapela. Go tswa foo ke akanya ka se ke se badileng.”—Jean, yo o kolobeditsweng ka 1939.
“Go tlhatlhanya ka tsela e Jehofa a re ratang thata ka yone go dira gore ke ikutlwe ke babalesegile e bile ke na le nonofo e e nthusang go tswelela ke ikanyega.”—Patricia, yo o kolobeditsweng ka 1946.
“Selo se se nthusitseng ke go nna le mekgwa e e molemo ya go ithuta Baebele le go dirisa nako e ntsi ke ithuta ‘dilo tse di boteng tsa Modimo.’”—1 Bakorintha 2:10; Anna, yo o kolobeditsweng ka 1939.
“Ke bala Baebele le dikgatiso tsa rona tse di tlhalosang Baebele ka boikaelelo jwa go tlhatlhoba pelo le maitlhomo a me.”—Zelda, yo o kolobeditsweng ka 1943.
“Ke itumelela thata nako ya go iphokisa phefo e ke e dirisang go bua le Jehofa ka thapelo ke mmolelela maikutlo a me.”—Ralph, yo o kolobeditsweng ka 1947.
“Ke simolola letsatsi ka go tlhatlhoba temana ya letsatsi le go bala karolo nngwe ya Baebele. Seno se dira gore ke nne le sengwe se sesha se nka tlhatlhanyang ka sone mo letsatsi leo.”—Marie, yo o kolobeditsweng ka 1935.
“Selo se se intumedisang thata ke fa buka nngwe ya Baebele e tlhalosiwa temana ka temana.”—Daniel, yo o kolobeditsweng ka 1946.
O ipha leng nako ya go tlhatlhanya ka lefoko la Modimo ka thapelo?—Daniele 6:10b; Mareko 1:35; Ditiro 10:9.
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Re ka ‘ungwa maungo ka boitshoko’ ka go dira gore dilo tsa semoya di tle pele mo botshelong