A o Ne o Itse?
Ke go balwa gofe ga batho go go neng ga dira gore Jesu a tsholelwe kwa Bethelehema?
Efangele ya ga Luke ya re fa Kaesara Aguseto a ntsha taelo ya gore go balwe batho mo Mmusomogolong otlhe wa Roma, “batho botlhe [ba ile] ba tsaya loeto ba ya go kwadisiwa, mongwe le mongwe kwa motseng wa gagabo.” (Luke 2:1-3) Rraagwe Jesu e bong Josefa, o ne a tsholetswe kwa motseng wa Bethelehema. Ka jalo, Josefa le Marea ba ile ba tshwanelwa ke go boela teng go ya go balwa, ke gone ka moo Jesu a ileng a tsholelwa kwa Bethelehema. Go ikwadisa jalo go ne go dira gore go nne motlhofo go phutha makgetho le go tlhomamisa gore batho ba ikwadisetsa tirelo ya sesole.
Fa Baroma ba ne ba fenya Egepeto ka 30 B.C.E., thulaganyo ya go balwa ga batho e ne e sa bolo go dirisiwa mo pusong ya Egepeto. Bakanoki ba dumela gore Baroma ba bone mokgwa ono wa go balwa ga batho mo Baegepetong mme le bone ba ne ba dirisa thulaganyo e e tshwanang mo mmusomogolong wa bone.
Bosupi bongwe jo bo bontshang tsela e ba neng ba ikwadisa ka yone bo bonala mo taolong e e neng ya ntshiwa ka 104 C.E. ke mmusi wa kwa Roma yo o neng a laola Egepeto. Khopi e e tlhalosang taolo eo, e jaanong e leng kwa Laeboraring ya Boritane e balega jaana: “Gaius Vibius Maximus, Modiredimogolo wa Moegepeto (a re): E re ka jaanong e setse e le nako ya gore go balwe batho ka ntlo le ntlo, re patelesega go laela botlhe ba ka ntlha ya mabaka mangwe ba nnang mo metseng e e seng ya bone gore ba boele kwa metseng ya bone, e le gore thulaganyo e e dirwang ka metlha ya go bala batho e kgone go dirwa ka thelelo le gore ba kgone go ipha nako ya go lema masimo a bone.”
Ke ka ntlha yang fa Josefa a ne a akanyetsa go naya Marea lekwalo la tlhalo le fa a ne a mmeeleditse?
Go ya ka Efangele ya ga Mathaio, Josefa o ne a lemoga gore Marea o ithwele pele ba nyalana le fa gone “a ne a solofeditswe lenyalo ke Josefa.” E re ka Josefa a ne a sa itse gore Marea o ne a ithwele “ka moya o o boitshepo,” o tshwanetse a bo a ile a akanya gore o ne a sa ikanyega, ka jalo o ne a ikaeletse go mo tlhala.—Mathaio 1:18-20.
Mo Bajudeng, batho ba ba beeletsaneng ba ne ba tsewa jaaka ba ba nyalaneng. Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa nne mmogo jaaka monna le mosadi go fitlha ba nyalana. Go beeletsa motho go ne go tsewa e le maitlamo mo e leng gore—fa monyadi a ne a ka fetola mogopolo ka ntlha ya mabaka mangwe a a mo pateletsang—fa lenyalo le ne le sa nne teng, monyadiwa o ne a sa gololesega go nyalwa go fitlha a amogela lekwalo la tlhalo. Fa monna wa mosadi yo o beeleditsweng a ne a ka swa pele ga lenyalo, mosadi yoo o ne a tsewa e le motlholagadi. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa a ne a ka dira kgokafalo ka nako ya fa a beeleditswe, o ne a tsewa e le seaka mme a atlholelwa loso.—Duteronome 22:23, 24.
Go bonala Josefa a ne a akanya ka se se neng se tla diragalela Marea fa a ne a ka tlhabisiwa ditlhong mo setšhabeng. Le fa a ne a bona go tshwanela gore a itsise balaodi ka kgang eno, o ne a batla go sireletsa Marea le gore a se ka a tlhabisiwa ditlhong. Ka jalo, o ne a swetsa ka gore a mo tlhale mo sephiring. Tota e bile, fa mmè yo o sa nyalwang a na le lekwalo la tlhalo go ne go tla tsewa fela gore o ne a kile a nyalwa.
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Taolo ya go bala batho e e ntshitsweng ka 104 C.E. ke mmusi wa kwa Roma yo o neng a laola Egepeto
[Motswedi wa Setshwantsho]
© The British Library Board, all rights reserved (P.904)