Buka ya Bibela ya bo 32—Yona
Mokwadi: Jona
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 844 B.C.E.
1. Ke dipotso dife tse di arabiwang mo bukeng ya ga Yona, mme e bontshang malebana le kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa?
JONA—e ne e le morongwa wa dinaga di sele wa lekgolo la dingwaga la bofera bongwe B.C.E.! O ne a leba thomo e a neng a e filwe ke Jehofa jang? A o ne a fitlhela batho bao a neng a rometswe kwa go bone e le ba ba reetsang? Thero ya gagwe e ne ya atlega go le kana kang? Rekoto e e kgatlhisang ya buka ya ga Jona e araba dipotso tseno. Boperofeti jono, jo bo neng bo kwadilwe ka nako ya fa morafe o o ikgethetsweng ke Jehofa o sena go roba kgolagano le ene ebile o tseneletse mo kobamelong ya medimo ya disetwa ya boheitane, bo bontsha gore kutlwelobotlhoko ya Modimo ga e supiwe mo morafeng o le mongwe fela fela, le e leng mo go Iseraele. Mme ebile, e goletsa kutlwelobotlhoko e kgolo ya ga Jehofa le bopelonomi jo bo lorato, phapaanong le go senang kutlwelobotlhoko, bopelotelele, le tumelo, moo gantsi go bonalang mo bathong ka ntlha ya go bo ba sa itekanela.
2. Ke eng seo se itsiweng kaga Jona, mme o ka ne a ile a bua dipolelelopele tsa gagwe mo ngwageng efe?
2 Leina le go tweng Jona (Sehebera, Yoh·nahʹ) le raya gore “Lephoi.” E ne e le morwa moperofeti Amitai wa kwa Gathahefera mo Galilea mo kgaolong ya Sebulona. Mo go 2 Dikgosi 14:23-25 re bala moo go tweng Jeroboame kgosi ya Iseraele o ne a atolosa molelwane wa morafe wa gagwe go ya kafa lefokong leo Jehofa a neng a le bua ka Jona. Seno se dira gore nako eo Jona a buileng dipolelelopele tsa gagwe ka yone e nne mo e ka nnang ka 844 B.C.E., ngwaga o Jeroboame II wa Iseraele a nnileng mo setulong sa bogosi ka one mme seo e le dingwaga tse dintsi pele ga Asiria, yo motsemogolo wa gagwe e neng e le Ninife, a neng a simolola go gatelela Iseraele.
3. Ke eng se se supang gore polelo ya ga Jona e boammaaruri?
3 Ga go na pelaelo epe gore pego yotlhe e e mo go Jona ke ya boammaaruri. ‘Mowetsi wa tumelo ya rona, Jesu,’ o ne a bolela gore Jona e ne e le motho wa mmannete mme ka tlhotlheletso a tlhalosa ditiragalo tsa boperofeti jwa ga Jona, ka go rialo a bontsha gore buka eo e tshotse dipolelelopele tsa boammaaruri. (Baheb. 12:2; Math. 12:39-41; 16:4; Luke 11:29-32) Bajuda ka dinako tsotlhe ba ne ba tsenya buka ya ga Jona gareng ga dibuka tsa bone jaaka karolo ya dikwalo mme ba e tsaya jaaka e ditiragalo tsa yone di diragetseng tota. Lebaka la go bo Jona a ile a bua diphoso tsa gagwe le makoa kwantle ga go fitlha sepe, le kwantle ga go dira maiteko ape fela a go di bipa, le lone le supa gore rekoto eo ke ya mmannete.
4. Ke tlhapi ya mofuta ofe e e ka neng e ile ya kometsa Jona? Lefa go le jalo, ke tshedimosetso efe e re e kgotsofalelang?
4 Ke eng se se ka tlhalosiwang kaga “leruarua” leo le neng la kometsa Jona? Go na le diphoraetso tse dintsi tseo di lekang go tlhalosa gore tlhapi eno e ka tswa e ne e le ya mofuta mang. Leruarua la mafura le ka kgona go kometsa motho a le mmogo. Mme shaka e kgolo e tshweu le yone e ka kgona go dira jalo. Lefa go le jalo, Bibela e tlhalosa fela ka go re: “Yehofa a baakanya leruarua ye legolo gore le tlè go metsa Yona.” (Yona 1:17) Ga go tlhalosiwe gore ke leruarua la mofuta ofe. Go ka se tlhomamisiwe ka botlalo gore a e ne e le leruarua la mafura, shaka e kgolo e tshweu, kana sebopiwa sengwe se se sa tlhalosiweng sa lewatle.a Pego ya Bibela e e reng e ne e le “leruarua ye legolo” ke tshedimosetso e e lekanyeng mo go rona.
SEO SE LENG MO GO JONA
5. Jona o arabela jang mo thomong e a e filweng, mme go felela ka eng?
5 Jona o rongwa kwa Ninife mme o a tshaba (1:1-16). “Me yana lehoko ya ga Yehofa ya tla kwa go Yona morwa Amitai, ya re, Nanoga, u eè kwa Ninife, motse o mogolo ouō, me u kuè u o nyatsè; gonne boikèpō yoa bōnè bo tsile ha pele ga me.” (1:1, 2) A Jona o ipelela kabelo eno? Le eseng! O tshabela kwa lefelong le sele, a pagama sekepe se se yang kwa Tarashisha, e e ka tswang e ne e le Spain. Sekepe se se pagangweng ke Jona se thulana le namane e tona ya setsuatsue. Ka ntlha ya poifo batsamaisi ba sekepe ba ikopela thuso, “moñwe le moñwe a goèla kwa go modimo oa gagwè,” fa Jona a ntse a robetse mo sekepeng. (1:5) Morago ga fa ba sena go tsosa Jona, ba latlhela bola fa fatshe ka maikaelelo a go leka go bona gore ke mang yo o ba tliseditseng mathata ano. Bola bo supa Jona ka monwana. Ke gone he jaanong a ba bolelelang gore ke Mohebera, moobamedi wa ga Jehofa, a bo a tlhalosa gore o tshabile tiro eo a neng a e filwe ke Modimo. O ba kopa gore ba mo latlhele mo lewatleng. Morago ga ba sena go dira maiteko a magolo a gore ba leke go tsamaisa sekepe fela ka bothata, labofelo ba latlhela Jona mo lewatleng. Lewatle le emisa bogale jwa lone.
6. Ke eng seo “leruarua ye legolo” le se dirang mo go Jona?
6 Go komediwa ke “leruarua ye legolo” (1:17–2:10). “Me Yehofa a baakanya leruarua ye legolo gore le tlè go metsa Yona: me Yona o na a le mo mpeñ ea leruarua ka malatsi a le mararo le masigo a le mararo.” (1:17) O rapela Jehofa ka tlhoafalo a le mo mpeng ya tlhapi. O ikuela gore a fiwe thuso a le “mo mpeñ ea Bobipō” le go bolela gore o tla dira gotlhe kafa a ikanneng ka gone, ka go bo “poloka ke ea ga Yehofa.” (2:2, 9) Fa Jehofa a sena go ntsha taolo, tlhapi e tlhatsetsa Jona mo lefatsheng je le omeletseng.
7. Thero ya ga Jona mo Ninife e atlega ka selekanyo se se kana kang?
7 Go rera mo Ninife (3:1–4:11). Jehofa o boeletsa thomo ya gagwe mo go Jona. Jona jaanong ga a sa tlhola a tila thomo ya gagwe, mme o ya kwa Ninife. Fa a tsena koo o gwanta fa gare ga motse a ntse a tlhaeletsa a re: “Go sa le malatsi a le mashomè manè, me Ninife o tla ribegediwa.” (3:4) Thero ya gagwe e nna le matswela a a molemo. Bontsi jwa batho ba Ninife baa ikwatlhaya, mme ba simolola go dumela mo Modimong. Kgosi e ntsha taolo ya gore batho botlhe le diphologolo di itime dijo le gore batho ba apare letsela la kgetsi. Jehofa o supa kutlwelobotlhoko ka go sa senye motse.
8. Jona o itshwara jang fa Jehofa a bontsha kutlwelobotlhoko mo motseng, mme Jehofa o senola jang gore moperofeti yoo ga a a nitama?
8 Seno ga se itumedise Jona. O bolelela Jehofa gore o ne a ntse a itse gore O tla bontsha kutlwelobotlhoko le gore ke sone se se dirileng gore a tshabele kwa Tarashisha. O eletsa ekete o ka swa. Fa a sena go swabisiwa ke seno thatathata, Jona o ya go nna mo patlelong kafa botlhaba jwa motse a bo a letela go bona seo se tla o diragalelang. Jehofa o dira gore motang wa segwana o tle go direla moperofeti wa gagwe yo o maikutlo a fetofetogang moruti o o mo sireletsang. Boipelo jwa ga Jona ka ntlha ya seno bo fela ka bonako. Mo mosong o o latelang Jehofa o dira gore seboko se tle go senya setlhatshana seo, mo jaanong go dirang gore moruti wa sone o o monate o felele ka mogote o o tukang wa phefo ya botlhaba. Jona o eletsa gape gore ekete o ka bo a sule. O boa gape a sa ipone molato ka ntlha ya bogale jwa gagwe. Jehofa o mo supetsa kafa a sa nitamang ka gone: Jona o ne a utlwela setlhatshana se le sengwe fela sa motang wa segwana botlhoko mme o gakaditswe ke go bo Jehofa ene a utlwela motse o mogolo wa Ninife botlhoko.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
9. Ke boikutlo bofe jwa ga Jona le boitshwaro jwa gagwe tseo di tshwanetseng go nna tlhagiso mo go rona?
9 Boitshwaro jwa ga Jona le phelelo ya jone di tshwanetse go nna tlhagiso mo go rona. O ne a tshabela tiro e a neng a e filwe ke Modimo; o ka bo a ile a tshwaragana le tiro eo mme a ikanya gore Modimo o tla mo tshegetsa mo go yone. (Jona 1:3; Luke 9:62; Dia. 14:26; Isa. 6:8) Fa a sena go tsaya tsela e e lebang go sele, o ne a supa boikutlo jo bo sa siamang ka go sa itshupe ka tshosologo fela mo batsamaising ba sekepe gore o ne a le moobamedi wa ga “Yehofa, Modimo oa legodimo.” O ne a feletswe ke bopelokgale. (Jona 1:7-9; Baef. 6:19, 20) Go ipaya botoka ga ga Jona go ne ga mo dira gore a tseye gore kutlwelobotlhoko e Jehofa a neng a e bontshitse Ninife e ne e le selo se se kgatlhanong le ene; o ne a leka go iphemela ka go bolelela Jehofa gore o ne a ntse a itse gore go tla nna fela jaaka go diragetse—jalo o ne a itshwenyetsang go mo romela jaaka moperofeti? O ne a kgalemelelwa boikutlo jono jwa go sa bontshe tlotlo, le jwa go ngongorega, jalo re tshwanetse go solegelwa molemo ke boitemogelo jono mme re itise mo go boneng Jehofa molato fa a supa kutlwelobotlhoko ya gagwe kana ka tsela eo a dirang dilo ka yone.—Jona 4:1-4, 7-9; Bafil. 2:13, 14; 1 Bakor. 10:10.
10. Bopelonomi jo bo lorato jwa ga Jehofa le kutlwelobotlhoko di bontshitswe jang mo bukeng ya ga Yona?
10 Selo se se tlhomologang thata go di feta tsotlhe mo bukeng ya ga Jona ke kafa e supang ka gone dinonofo tse di molemolemo tsa ga Jehofa tsa bopelonomi jo bo lorato le kutlwelobotlhoko. Jehofa o ne a bontsha bopelonomi jo bo lorato mo Ninife ka go romela moperofeti wa gagwe go ya go ba tlhagisa kaga tshenyego e e tlang, mme o ne a iketleeleditse gore o tla bontsha motse oo kutlwelobotlhoko fa batho ba one ba ne ba ka ikwatlhaya—kutlwelobotlhoko eo e neng ya kgonisa Ninife go fetsa dingwaga di le 200 pele ga o ka senngwa ke Bameda le Bababelona mo e ka nnang ka 632 B.C.E. O ne a bontsha Jona kutlwelobotlhoko ka go mo falotsa mo lewatleng le le neng le kgaphasediwa ke ditsuatsue le ka go mo direla sisireletsi ka motang wa segwana go “mo homodisa mo pitlaganoñ ea gagwè.” Ka go mo tlisetsa sisireletsi sa motang wa segwana mme morago a bo a se tlosa, Jehofa o ne a itsise Jona gore O ne a tla bontsha kutlwelobotlhoko ya gagwe le bopelonomi jo bo lorato go ya fela kafa Ene a ratang ka teng.—Yona 1:2; 3:2-4, 10; 2:10; 4:6, 10, 11.
11. Re ka re “seshupō sa ga Yona” ke eng?
11 Mo go Mathaio 12:38-41, Jesu o ne a bolelela baeteledipele ba bodumedi gore sesupo se le nosi fela seo ba neng ba tla se neelwa e ne e le “seshupō sa ga . . . Yona.” Morago ga a sena go nna malatsi a le mararo le masigo a le mararo mo “mpeñ ea Bobipō,” Jona o ne a ya go rerela Ninife, ka gone a nna “seshupō” mo bathong ba Ninife. (Yona 1:17; 2:2; 3:1-4) Jesu le ene o ne a nna dikarolo dingwe tsa malatsi a le mararo mo lebitleng mme morago o ne a tsosiwa. Fa barutwa ba gagwe ba ntse ba ntsha bosupi jwa gore tiragalo eo e diragetse, Jesu o ne a nna sesupo mo losikeng loo. Go ya kafa Bajuda ba balang nako ka gone le mabaka a a amanang le Jesu, lobaka lono lwa “malatsi a le mararo le masigo a le mararo” lo dira gore seo e nne kwa tlase ga malatsi a a tletseng a le mararo.b
12. (a) Ke eng gape se Jesu a se bolelang kaga Baninife le Bajuda ba motlha wa gagwe? (b) Re ka re “eo mogolo go heta Yona” o ne a bonala jang, mme o ne a amana jang le Bogosi jwa ga Jehofa le poloko?
12 Mo go yone kgang eno, Jesu o bapisa boikwatlhao jwa batho ba Ninife le dipelo tse di kgwaraletseng tsa Bajuda le go mo gana ga bone gotlhelele fa a ntse a tsweletse ka bodihedi jwa gagwe, ka go re: “Banna ba Ninife ba tla èma mo tshekoñ, ba èma le losika lo ba lo sekisa: ka go bo bōnè ba ikwatlhaile ka thèrō ea ga Yona; me bōnañ, eo mogolo go heta Yona o hano.” (Bona gape Mathaio 16:4 le Luke 11:30, 32.) “Eo mogolo go heta Yona”—Jesu o ne a raya eng fa a bua mafoko ano? O ne a ithaya jaaka fa ene e ne e le moperofeti yo mogolo go feta botlhe, Ene yo o neng a rometswe ke Jehofa go tla go rera a re: “Ikwatlhaeañ; gonne bogosi yoa legodimo bo atametse.” (Math. 4:17) Lefa go le jalo, bontsi jwa Bajuda ba nako eo ba ne ba gana “seshupō sa ga Yona.” Seemo se ntse jang gompieno? Lemororo batho ba le bantsi ba sa reetse molaetsa wa ga Jehofa wa tlhagiso, mo lefatsheng lotlhe, diketekete di ntse di fiwa tshono e e molemo ya go utlwa mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo o o neng wa rerwa pele ke Jesu, “morwa motho.” Fela jaaka Baninife bao ba neng ba ikwatlhaya, bao ba neng ba segofadiwa ka ntlha ya thero ya ga Jona, bano le bone ba ka nna ba nna le seabe mo kutlwelobotlhokong e kgolo ya ga Jehofa ya gore ba bone botshelo jo boleele, ka go bo ruri “poloka ke ea ga Yehofa.”—Yona 2:9.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Insight on the Scriptures, Bol. 2, ditsebe 99-100.
b Insight on the Scriptures, Bol. 1, tsebe 593.