“Lo ne Lwa Rekwa ka Tlhwatlhwa”
“Lo ne lwa rekwa ka tlhwatlhwa. Dirang bojotlhe gore lo galaletse Modimo.”—1 BAKORINTHA 6:20.
1, 2. (a) Go ya ka Molao wa ga Moshe, makgoba a Baiseraele a ne a tshwanetse go tshwarwa jang? (b) Lekgoba le le neng le rata mong wa lone le ne le ka nna la tlhopha go dira eng?
BUKA nngwe e e tlhalosang mafoko ya Holman Illustrated Bible Dictionary e bolela jaana: “Go dira batho makgoba e ne e le mokgwa o o tlwaelegileng le o o amogelwang ke batho ba le bantsi bogologolo.” E oketsa ka gore: “Tiro e e neng e dirwa ke makgoba kwa Egepeto, Gerika, le Roma ke yone e e neng ya dira gore ikonomi ya dinaga tseo e bo e le mo maemong a e neng e le mo go one. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Bokeresete, motho a le mongwe mo go bangwe le bangwe ba bararo kwa Italy e ne e le lekgoba, mme mo dinageng tse dingwe e ne e le a le mongwe mo go bangwe le bangwe ba le batlhano.”
2 Le mororo go dira batho makgoba kgotsa batlhanka go ne go le teng le kwa Iseraeleng wa bogologolo, molao wa ga Moshe o ne o tlhomamisa gore makgoba a Bahebera a a sirelediwa. Ka sekai, Molao o ne o laela gore Moiseraele a se ka a nna lekgoba lobaka lo lo fetang dingwaga di le thataro. Mo ngwageng wa bosupa, o ne a tshwanetse go “tswa jaaka yo o golotsweng kwantle ga tuelo.” Mme melao e e laolang go tshwarwa ga makgoba e ne e dira gore ba se ka ba gatelelwa e bile e dira gore ba bontshiwe kutlwelobotlhoko, mo e leng gore Molao wa ga Moshe o ne wa laela jaana: “Fa lekgoba le ka bua ka go gatelela le re, ‘Ruri ke rata mong wa me, mosadi wa me le bomorwaake; ga ke batle go tswa jaaka yo o golotsweng,’ foo mong wa gagwe a mo atametse mo Modimong wa boammaaruri a bo a mo atametse fa setswalong kgotsa fa mophakwaneng; mme mong wa gagwe o tla phunya tsebe ya gagwe ka thoko, mme o tla nna motlhanka wa gagwe ka bosakhutleng.”—Ekesodo 21:2-6; Lefitiko 25:42, 43; Duteronome 15:12-18.
3. (a) Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba amogela botlhanka jwa mofuta mang? (b) Ke eng se se re tlhotlheletsang go direla Modimo?
3 Thulaganyo eno ya go dira gore motho a nne lekgoba kgotsa motlhanka ka go rata e ne e tshwantshetsa mofuta wa botlhanka jo Bakeresete ba boammaaruri ba leng mo go jone gone jaanong. Ka sekai, bakwadi ba Baebele e bong Paulo, Jakobe, Petere le Jude ba ne ba ipitsa batlhanka ba Modimo le ba ga Keresete. (Tito 1:1; Jakobe 1:1; 2 Petere 1:1; Jude 1) Paulo o ne a gakolola Bakeresete ba ba kwa Thesalonika gore ba ne ba ‘retologetse kwa Modimong ba tswa mo medingwaneng ya bone gore ba nne batlhanka ba Modimo yo o tshelang le wa boammaaruri.’ (1 Bathesalonika 1:9) Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Bakeresete bao gore ba itlhophele go nna batlhanka ba Modimo? Ke eng se se neng se tlhotlheletsa motlhanka wa Moiseraele gore a latlhe kgololesego e a neng a e newa? A e ne e se ka gonne a ne a rata mong wa gagwe? Le Bakeresete gompieno ba nna batlhanka ba Modimo ka gonne ba mo rata. Fa re simolola go itse Modimo wa boammaaruri, yo o tshelang, e bile re simolola go mo rata, re tlhotlheletsega go mo direla ‘ka pelo yotlhe ya rona le ka moya otlhe wa rona.’ (Duteronome 10:12, 13) Mme gone, go nna motlhanka wa Modimo le wa ga Keresete go akaretsang? Seno se ama jang botshelo jwa rona jwa letsatsi le letsatsi?
“Dirang Dilo Tsotlhe Kgalaletsong ya Modimo”
4. Go direga jang gore re nne batlhanka ba Modimo le ba ga Keresete?
4 Buka nngwe e tlhalosa motlhanka e re ke “motho yo e leng thoto ya yo mongwe kgotsa ya ba bangwe e bile a tshwanetse go ba ikobela ka botlalo.” Fa re ineela mo go Jehofa re bo re kolobediwa, tota re nna batho ba gagwe, kgotsa thoto ya gagwe. Moaposetoloi Paulo o tlhalosa ntlha eno jaana: “Ga lo ba lona, gonne lo ne lwa rekwa ka tlhwatlhwa.” (1 Bakorintha 6:19, 20) Tlhwatlhwa e a buang ka yone fano ke setlhabelo sa ga Jesu Keresete sa thekololo, ka gonne Modimo o dirisa sone go re amogela gore re nne batlhanka ba gagwe, re ka tswa re le Bakeresete ba ba tloditsweng kgotsa re le ditsala tsa bone tse di nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. (Baefeso 1:7; 2:13; Tshenolo 5:9) Ka gone, go tloga fela ka nako e re neng re kolobediwa ka yone, “re ba ga Jehofa.” (Baroma 14:8) Gape, ka gonne re rekilwe ka madi a a tlhwatlhwakgolo thata a ga Jesu Keresete, le ene re nna batlhanka ba gagwe mme re tshwanetse go boloka melao ya gagwe.—1 Petere 1:18, 19.
5. Boikarabelo jo bogolo jo batlhanka ba ga Jehofa ba nang le jone ke bofe, mme ba ka bo diragatsa jang?
5 Batlhanka ba tshwanetse go ikobela mong wa bone. Ke rona re itlhophetseng go nna batlhanka mme re tlhophile seno ka gonne re rata Mong wa rona. Johane wa Ntlha 5:3 ya re: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.” Mo go rayang gore fa re utlwa Modimo, eo ke tsela e re bontshang ka yone gore re a mo rata e bile re a mo ikobela. Re bontsha seno mo go sengwe le sengwe se re se dirang. Paulo o ne a re, “E ka ne lo a ja kgotsa lo a nwa kgotsa lo dira sepe fela, dirang dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.” (1 Bakorintha 10:31) Tsela e re tshelang ka yone letsatsi le letsatsi, tota le mo dilong tse dinnye thata, e tshwanetse go bontsha gore re “batlhanka ba ga Jehofa.”—Baroma 12:11.
6. Go nna ga rona batlhanka ba Modimo go ama jang ditshwetso tse re di dirang mo botshelong? Tlhalosa sekai se se bontshang ntlha eno.
6 Ka sekai, fa re dira ditshwetso re tshwanetse go akanyetsa gore Mong wa rona yo o kwa legodimong, e bong Jehofa, a reng ka se re batlang go se dira. (Malaki 1:6) Ditshwetso tse di boima di ka nna tsa dira gore re thatafalelwe ke go ikobela Modimo. A re tla ikobela kgakololo ya gagwe go na le go dira dilo tse di batlwang ke pelo ya rona e e “boferefere” le e e ‘gagamalelang se e se batlang’? (Jeremia 17:9) Melisa, e bong kgaitsadi mongwe wa Mokeresete yo o neng a sa nyalwa, o ne a sa tswa go kolobediwa fa lekawana lengwe le ne le simolola go mo kgatlhegela. Lekawana leno le ne le bonala e le motho yo o siameng, e bile o ne a setse a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, mogolwane mongwe o ne a bua le Melisa, a mmontsha botlhale jwa go utlwa taelo ya ga Jehofa ya gore re nyale “mo Moreneng fela.” (1 Bakorintha 7:39; 2 Bakorintha 6:14) Melisa o tlhalosa jaana: “Go ne go se bonolo gore ke latele kgakololo eno. Le fa go ntse jalo, ke ne ka swetsa ka gore e re ka ke ineetse mo Modimong go dira thato ya gagwe, ke tlile go ikobela ditaelo tsa gagwe.” Fa a akanya ka se se neng sa direga morago ga moo, a re: “Eleruri ke itumelela gore ke ile ka latela kgakololo eno. E ne ya re go ise go ye kae lekawana leno le ne la tlogela go ithuta. Fa nkabo ke ile ka tswelela pele fela ka ratana le ene, gone jaanong nkabo ke nyalane le motho yo o sa dumeleng.”
7, 8. (a) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go tshwenyega thata ka go itumedisa batho? (b) Tlhalosa sekai se se bontshang kafa re ka fenyang go tshaba batho ka teng.
7 Fa re nna batlhanka ba Modimo, ga re a tshwanela go nna batlhanka ba batho. (1 Bakorintha 7:23) Gone ke boammaaruri gore mongwe le mongwe wa rona o batla go ratwa, mme gone re tshwanetse go gakologelwa gore Bakeresete ba na le melao e ba tshelang ka yone e batho ba lefatshe ba sa tsheleng ka yone. Paulo o ne a botsa a re: “A ke batla go itumedisa batho?” Fa a konela kgang ya gagwe a re: “Fa e le gore ke ne ke sa ntse ke itumedisa batho, ke ka bo ke se motlhanka wa ga Keresete.” (Bagalatia 1:10) Le ka motlha ga re batle go ineela gore re gatelelwe ke bankane ba rona re bo re feleletse re leka go itumedisa batho. Ka gone ke eng se re ka se dirang fa bankane ba rona ba re gatelela ba batla gore re ineele go dira jaaka ba dira?
8 Akanya ka sekai sa ga Elena, e bong mosha mongwe wa Mokeresete kwa Spain. Bana ba a tsenang sekolo le bone ba ne ba aba madi. Ba ne ba itse gore Elena, ka gonne e le Mosupi wa ga Jehofa, o ne a sa abe madi e bile o ne a sa dumele go tshelwa madi. E ne ya re fa Elena a bulegelwa ke sebaka o ne a bolela gore a ka itumelela go ba tlhalosetsa gore ke ka ntlha yang fa a sa batle go aba madi a gagwe e bile a sa batle go tshelwa madi. Elena a re: “Go bua boammaaruri fela, ke ne ke tshogile tota. Le fa go ntse jalo, ke ne ka ipaakanyetsa sentle, mme morago ga moo go ne ga direga se ke neng ke sa se lebelela gotlhelele. Bana ba ke tsenang sekolo le bone ba ne ba simolola go ntlotla, mme morutabana le ene o ne a mpolelela gore o rata tiro e ke e dirang. Mo godimo ga moo, ke ne ka itumelela gore ke kgonne go sireletsa leina la ga Jehofa le gore ke kgonne go tlhalosa mabaka a Dikwalo a se ke se dumelang.” (Genesise 9:3, 4; Ditiro 15:28, 29) Eleruri rona batlhanka ba Modimo le ba ga Keresete, re tlhaolegile mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, selo se se tla dirang gore batho ba bangwe ba re tlotle ke fa re iketleeleditse go ba tlhalosetsa ditumelo tsa rona ka tlotlo.—1 Petere 3:15.
9. Re ithuta eng mo moengeleng yo o neng a bonala mo go moaposetoloi Johane?
9 Gape, fa re gakologelwa gore re batlhanka ba Modimo, seno se tla re thusa gore re nne re ikokobeditse. Nako nngwe, moaposetoloi Johane o ne a kgatlhilwe tota ke ponatshegelo e ntlentle ya Jerusalema wa selegodimo, mo e leng gore o ne a ba a wela fa fatshe a re o a obama fa pele ga maoto a moengele yo e neng e le mmueledi wa Modimo. Moengele yono o ne a mo thiba a re: “O tlhokomele! O se ka wa dira jalo! Se ke leng sone fela ke motlhanka mmogo le wena le bakaulengwe ba gago ba e leng baporofeti le ba ba bolokang mafoko a lokwalo lono lwa momeno. Obamela Modimo.” (Tshenolo 22:8, 9) Moengele yono o ne a tlhomela batlhanka ba Modimo sekao se sentle jang ne! Bakeresete bangwe ba ka nna ba bo ba na le maikarabelo mangwe a a kgethegileng mo phuthegong. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a re: “Le fa e le mang yo o batlang go nna mogolo mo go lona o tshwanetse go nna modiredi wa lona, mme le fa e le mang yo o batlang go nna wa ntlha mo go lona o tshwanetse go nna motlhanka wa lona.” (Mathaio 20:26, 27) Rona rotlhe ba re leng balatedi ba ga Jesu, re batlhanka.
“Se re Se Dirileng Ke se Re Tshwanetseng Go bo Re ne Re se Dirile”
10. Tlhalosa dikai tsa Dikwalo tse di bontshang gore ka dinako dingwe batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ne ba tle ba go fitlhele go le thata go dira thato ya gagwe.
10 Ga se ka metlha go leng motlhofo gore batho ba ba sa itekanelang ba dire thato ya Modimo. Fa Jehofa a ne a kopa moporofeti Moshe gore a ye go golola bana ba Iseraele mo bokgobeng jwa Egepeto, Moshe o ne a okaoka pele. (Ekesodo 3:10, 11; 4:1, 10) Fa Jona a ne a abelwa go ya go itsise batho ba Ninife molaetsa wa katlholo, o ne a “nanoga a tshabela kwa Tareshishe gore a tswe fa pele ga ga Jehofa.” (Jona 1:2, 3) Baruke, yo e neng e le mokwaledi wa ga moporofeti Jeremia, o ne a ngongorega a re ene o lapile. (Jeremia 45:2, 3) Re tshwanetse go dira jang fa dikeletso tsa rona kgotsa dilo tse re di ratang di sa dumalane le go dirwa ga thato ya Modimo? Setshwantsho sengwe sa ga Jesu se araba potso eno.
11, 12. (a) Tlhalosa setshwantsho sa ga Jesu ka bokhutshwane, se se kwadilweng mo go Luke 17:7-10. (b) Re ithuta thuto efe mo setshwantshong seno sa ga Jesu?
11 Jesu o ne a bua ka motlhanka mongwe yo o feditseng letsatsi lotlhe kwa nageng a disitse letsomane la mong wa gagwe. Fa motlhanka yono a fitlha kwa gae, a lapile morago ga go dira ka natla diura di le 12, mong wa gagwe ga a ka a re a nne fa fatshe a itumelele dijo tse di monate tsa maitseboa. Go na le moo, o ne a mo raya a re: “Mpaakanyetsa sengwe gore ke je sejo sa me sa maitseboa, mme o apare khiba o bo o ntirele go fitlha ke fetsa go ja le go nwa, mme morago ga moo o ka nna wa ja wa ba wa nwa.” Motlhanka yono o ne a tshwanetse go direla mong wa gagwe dilo tse a di tlhokang pele, e bo e le gone a ka tlhokomelang se ene a se tlhokang. Jesu o ne a konela setshwantsho seno ka gore: “Jalo, le lona, fa lo dirile dilo tsotlhe tse lo di abetsweng, lo re, ‘Re batlhanka ba ba se nang molemo wa sepe. Se re se dirileng ke se re tshwanetseng go bo re ne re se dirile.’”—Luke 17:7-10.
12 Jesu o ne a sa bolele setshwantsho seno go bontsha gore Jehofa ga a anaanele se re mo direlang sone. Baebele e bolela jaana: “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe.” (Bahebera 6:10) Go na le moo, ntlha e Jesu a neng a e bontsha mo setshwantshong seno ke gore motlhanka ga a ka ke a iitumedisa kgotsa a batla fela gore dilo di mo tsamaele sentle. Fa re ne re ineela mo Modimong mme re tlhopha go nna batlhanka ba gagwe, re ne re amogela gore re tlile go eteletsa thato ya gagwe kwa pele. Thato ya Modimo e tshwanetse go tla pele, pele ga ya rona.
13, 14. (a) Ke maemo afe a a ka nnang a re pateletsa gore re dire dilo tse re ka tswang re sa rate go di dira? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dira gore thato ya Modimo e tle pele ga ya rona?
13 Go ithuta Lefoko la Modimo le dibuka tse di gatisiwang ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” ka metlha go ka nna ga tlhoka gore re go tseele matsapa. (Mathaio 24:45) Go ka nna ga nna jalo, bogolo jang fa re ise re ko re tsamaye re rate go bala kgotsa fa se re se balang se tlotla ka “dilo tse di boteng tsa Modimo.” (1 Bakorintha 2:10) Le fa go ntse jalo, a ga re a tshwanela go beela nako kwa thoko ya go ithuta? Re ka nna ra tshwanelwa ke go ipateletsa gore re nne fa fatshe mme re dirise nako e e rileng go ithuta. Ka gonne fa re sa dire jalo, re ka nna jang le keletso ya go ja ‘dijo tse di tiileng tsa batho ba ba godileng sentle’?—Bahebera 5:14.
14 Go tweng ka dinako tsa fa re tla gae re lapile morago ga go dira ka natla letsatsi lotlhe? Re ka nna ra tshwanelwa ke gore re ipateletse go ya dithutong tsa Bokeresete. Kgotsa re ka nna ra ikutlwa re sa rate go rerela batho ba re sa ba itseng. Paulo ka boene o ne a bua a re ka dinako dingwe re ka nna ra tshwanelwa ke go bua dikgang tse di molemo ‘e se ka go rata ga rona.’ (1 Bakorintha 9:17) Le fa go ntse jalo, re dira dilo tseno ka gonne Jehofa—Mong wa rona yo o kwa legodimong, yo re mo ratang—a re re di dire. Mme a ga go ke go direga ka metlha gore re ikutlwe re kgotsofetse e bile re lapologetswe fa re sena go iteka ka natla go ithuta, go ya dipokanong, le go rera?—Pesalema 1:1, 2; 122:1; 145:10-13.
O se Ka wa Leba ‘Dilo Tse di Kwa Morago’
15. Jesu o ne a re tlhomela jang sekao sa go ikobela thato ya Modimo?
15 Jesu Keresete o ne a bontsha ka tsela e e tlhomologileng thata gore o ikobela thato ya ga Rraagwe yo o kwa legodimong. O ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke fologile kwa legodimong go tla go dira, e seng thato ya me, fa e se thato ya yo o nthomileng.” (Johane 6:38) O ne a rapela jaana fa a ne a le mo tlalelong e kgolo kwa tshimong ya Gethesemane: “Rra, fa go kgonega, a senwelo seno se mphete. Le fa go ntse jalo, e seng jaaka go rata nna, mme jaaka go rata wena.”—Mathaio 26:39.
16, 17. (a) Re tshwanetse go leba jang dilo tse re di tlogetseng kwa morago? (b) Bontsha gore go ka buiwa jang ga twe Paulo o ne a leba dilo ka tsela e e tshwanetseng fa a ne a tsaya dilo tse a neng a ka nna le tsone mo lefatsheng e le ‘matlakala fela.’
16 Jesu Keresete o batla gore re se ka ra fapoga mo tshwetsong e re e dirileng ya go nna batlhanka ba Modimo. O ne a re: “Ga go motho ope yo o beileng seatla sa gagwe mo mogomeng mme a leba kwa dilong tse di kwa morago yo o tshwanelang bogosi jwa Modimo sentle.” (Luke 9:62) Fa re le batlhanka ba Modimo, eleruri ga re a tshwanela go nnela go akanya ka dilo tse re di tlogetseng kwa morago. Go na le moo, re tshwanetse go anaanela se re se bapetseng fa re ne re tlhopha go nna batlhanka ba Modimo. Paulo o ne a kwala jaana fa a ne a kwalela Bafilipi: “Eleruri gape ke tsaya dilo tsotlhe e le tatlhegelo ka ntlha ya mosola o mogolo thata wa kitso ya ga Keresete Jesu Morena wa me. Ka ntlha ya gagwe ke amogetse go latlhegelwa ke dilo tsotlhe mme ke di tsaya e le matlakala a mantsi, gore ke bone Keresete.”—Bafilipi 3:8.
17 Akanya ka dilo tsotlhe tse Paulo a neng a di tsaya e le matlakala fela mme a di latlha gore a bone maduo a semoya a go nna motlhanka wa Modimo. Ga a ka a tlogela fela botshelo jwa manobonobo jwa lefatshe mme gape o ne a tlogela le sebaka se se neng se mmulegetse sa gore a nne moeteledipele mo Tumelong ya Sejuda. Fa Paulo a ka bo a ile a tswelela pele ka Tumelo eno ya Sejuda, o ka bo a ile a nna a tlhatlosiwa maemo go fitlha a tshwana le Simeone, morwa wa motlhatlheledi wa ga Paulo, e bong Gamaliele. (Ditiro 22:3; Bagalatia 1:14) Simeone o ne a nna moeteledipele wa Bafarasai mme o ne a na le seabe se segolo thata fa Bajuda ba ne ba tsuologela Roma ka 66-70 C.E.—le mororo gone a ne a sa dire ka pelo yotlhe. O ne a swela mo go yone ntwa eo. Go ka direga gore o ne a bolawa ke majelathoko a Bajuda kgotsa ke masole a Roma.
18. Tlhalosa sekai se se bontshang kafa dilo tse re kgonang go di dira tsa semoya di re tlisetsang boitumelo ka teng.
18 Basupi ba le bantsi ba ga Jehofa ba latetse sekao seno sa ga Paulo. Jean o tlhalosa jaana: “Dingwaga di sekae fela fa ke sena go fetsa mo sekolong, ke ne ka bona tiro ya go nna mokwaledi yo mogolo wa mmueledi mongwe yo o itsegeng thata mo toropong ya Lontone. Ke ne ke itumelela tiro ya me e bile ke amogela madi a mantsi, mme mo pelong ke ne ke itse gore nka kgona go oketsa se ke se direlang Jehofa. Labofelo ke ne ka naya mong wa me lekwalo la go leboga tiro mme ka simolola go bula tsela. Ke itumelela gore ke ile ka tsaya kgato eo dingwaga di ka nna 20 tse di fetileng! Tirelo ya me ya nako e e tletseng e dirile gore botshelo jwa me e nne jo bo itumedisang thata go feta tiro le fa e le efe ya go nna mokwaledi e ke neng nka e newa. Ga go na sepe se se kgotsofatsang go feta go bona kafa Lefoko la Modimo le kgonang go fetola botshelo jwa motho ka teng. Go itumedisa tota go nna le seabe mo go thuseng motho go fetoga ka tsela eno. Se re se nayang Jehofa ga se sepe fa se bapisiwa le se ene a re nayang sone.”
19. Ke eng se re tshwanetseng go ikemisetsa go se dira, mme ka ntlha yang?
19 Maemo a rona a ka nna a fetoga fa nako e ntse e ile. Le fa go ntse jalo, boineelo jwa rona mo Modimong jone ga bo fetoge. Re sa ntse re le batlhanka ba ga Jehofa, mme o re tlogeletse gore re dire tshwetso ya kafa re tla dirisang ka teng nako ya rona, maatla a rona, bokgoni jwa rona le dilo tse dingwe ka tsela e e molemolemo. Ka gone, tsela e re swetsang go dirisa dilo tseno ka yone e bontsha gore re rata Modimo go le kana kang. Gape e bontsha gore re iketleeleditse go dira ka natla go le kana kang go ithontsha dilo dingwe. (Mathaio 6:33) Ka jalo, le fa maemo a rona e ka tswa e le afe, a ga re a tshwanela go ikemisetsa go naya Jehofa sotlhe se re ka kgonang go mo naya sone? Paulo o ne a kwala a re: “Sa ntlha, fa go iketleetsa go le teng, go amogelesega segolobogolo go ya ka se motho o nang le sone, e seng go ya ka se motho a se nang sone.”—2 Bakorintha 8:12.
“Lo Bona Maungo a Lona”
20, 21. (a) Maungo a batlhanka ba Modimo ba a ungwang ke afe? (b) Jehofa o duela jang ba ba mo nayang bojotlhe jwa bone?
20 Go nna batlhanka ba Modimo ga se go ithwesa morwalo o o re gatelelang. Go na le moo, go re golola mo bokgobeng jo bo re utlwisang botlhoko jo bo re amogang boitumelo. Paulo o ne a kwala a re: “Ka gonne lo ne lwa gololwa mo boleong mme lo ne lwa nna batlhanka ba Modimo, lo bona maungo a lona malebana le boitshepo, mme bokhutlo ke botshelo jo bo sa khutleng.” (Baroma 6:22) Go nna ga rona batlhanka ba Modimo go dira gore re ungwe maungo a a re thusang go nna boitshepo. Ke gore re bona melemo ya go nna le boitshwaro jo bo boitshepo, kgotsa jo bo phepa. Mo godimo ga moo, go dira gore re bone botshelo jo bo sa khutleng mo isagweng.
21 Jehofa o aba ka seatla se se bulegileng fa a abela batlhanka ba gagwe. Fa re dira ka bojotlhe mo tirelong ya gagwe, o re bulela “dikgoro tsa morwalela tsa magodimo” a bo a re tshololela ‘masego go fitlha re sa tlhole re tlhoka sepe.’ (Malaki 3:10) A bo e tla nna selo se se itumedisang jang ne fa re tla bo re kgona go tswelela re le batlhanka ba ga Jehofa go ya go ile!
A o A Gakologelwa?
• Ke ka ntlha yang fa re nna batlhanka ba Modimo?
• Re bontsha jang gore re ineetse go dira thato ya Modimo?
• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse ra iketleeletsa go eteletsa thato ya ga Jehofa kwa pele ga ya rona?
• Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go ‘leba dilo tse di kwa morago’?
[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]
Thulaganyo ya go nna motlhanka ka go rata kwa Iseraele e ne e bontsha se se tla bong se direga fa motho e nna motlhanka yo e leng Mokeresete
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Re nna batlhanka ba Modimo fa re kolobediwa
[Ditshwantsho mo go tsebe 17]
Bakeresete ba eteletsa thato ya Modimo kwa pele ga ya bone
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Moshe o simolotse a okaoka go amogela kabelo ya gagwe