KGAOLO 28
Kafa o ka Itseng ka Teng Gore o Utlwe Mang
KA DINAKO tse dingwe go thata go itse gore ke mang yo re tshwanetseng go mo utlwa. Mmè wa gago le rrago ba ka nna ba go bolelela gore o dire sengwe. Mme morutabana kgotsa lepodise le ka nna la go bolelela gore o dire sengwe se sele. Fa seno se direga, o tla utlwa mang?—
Mo go Kgaolo 7 ya buka eno re ne ra bala Baefeso 6:1-3 mo Baebeleng. Temana eo ya re bana ba tshwanetse go utlwa batsadi ba bone. Lokwalo loo lwa re: “Utlwang batsadi ba lona seoposengweng le Morena.” A o itse gore go tewang fa go twe “seoposengweng le Morena”?— Batsadi ba ba seoposengweng le Morena ba ruta bana ba bone go utlwa melao ya Modimo.
Mme go na le batho bangwe ba bagolo ba ba sa dumeleng mo go Jehofa. O tshwanetse go dirang fa mongwe wa bone a re go siame go kopisa fa lo kwala tlhatlhobo ya sekolo kgotsa a re go siame go tsaya sengwe o sa se duelela kwa lebenkeleng? A go siame gore ngwana a tsietse kgotsa a utswe?—
Gakologelwa gore nako nngwe Kgosi Nebukadenesare o ne a ntsha taelo ya gore mongwe le mongwe a obamele setshwantsho sa gouta se a neng a se tlhomile. Mme Shaderake, Meshake le Abedenego ga ba ka ba se obamela. A o itse gore ke ka ntlha yang?— Ke ka gonne Baebele ya re batho ba tshwanetse go obamela Jehofa fela.—Ekesodo 20:3; Mathaio 4:10.
Fa Jesu a sena go swa, baaposetoloi ba gagwe ba ne ba tlisiwa fa pele ga Sanehederine, e e neng e le kgotla e kgolo ya bodumedi ya Bajuda. Moperesiti yo Mogolo Kaiafase o ne a re: “Re ne ra lo laela thata gore lo se ka lwa nnela go ruta ka leina leno [la ga Jesu], mme le fa go ntse jalo, bonang! lo tladitse Jerusalema ka thuto ya lona.” Ke ka ntlha yang fa baaposetoloi ba ne ba sa dire se Sanehederine e ba laetseng sone?— Fa Petere a ne a buelela baaposetoloi botlhe, o ne a araba Kaiafase jaana: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”—Ditiro 5:27-29.
Ka nako eo, baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba na le maatla a magolo thata. Le fa go ntse jalo, naga ya bone e ne e laolwa ke puso ya Roma. Moeteledipele wa puso eo e ne e le Kaesara. Le fa gone Bajuda ba ne ba sa batle go busiwa ke Kaesara, puso ya Roma e ne e direla batho dilo tse dintsi tse di molemo. Le dipuso gompieno di direla batho ba tsone dilo tse di molemo. A o itse dingwe tsa tsone?—
Dipuso di direla batho ditsela e bile di duela mapodise le batimamolelo gore ba re sireletse. Gape di ka nna tsa bo di agela bana dikolo le go rulaganyetsa batho ba ba godileng gore ba tlhokomelwe ka tsa kalafi. Go tlhokega madi gore puso e dire dilo tseno. A o itse gore puso e tsaya kae madi ao?— Mo bathong. Madi a batho ba a duelang puso a bidiwa lekgetho.
Fa Morutisi yo Mogolo a ne a le mo lefatsheng, Bajuda ba le bantsi ba ne ba sa batle go duela puso ya Roma lekgetho. Letsatsi lengwe baperesiti ba ne ba hira banna bangwe gore ba ye go botsa Jesu potso nngwe gore ba leke go mo tsietsa ka boferefere. Potso eo e ne e re, ‘A re tshwanetse go duela Kaesara lekgetho kgotsa nnyaa?’ Potso eno e ne e le ya boferefere. Fa Jesu a ne a ka araba ka gore, ‘Ee, re tshwanetse go duela lekgetho,’ Bajuda ba bantsi ba ne ba se kitla ba rata se a se buileng. Mme Jesu o ne a ka se re, ‘Nnyaa, ga lo a tshwanela go duela lekgetho.’ O ne a tla bo a le phoso fa a ne a ka rialo.
Jesu o ne a dirang? O ne a re: ‘Mpontshang ledi la tshipi.’ Fa ba le mo tlisetsa, Jesu o ne a ba botsa a re: ‘Go na le setshwantsho le leina la ga mang mo go lone?’ Banna bano ba re: “Tsa ga Kaesara.” Ka jalo Jesu o ne a re: “Ruri, he, duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.”—Luke 20:19-26.
Go ne go se na ope yo o neng a ka bona molato mo karabong eo. Fa Kaesara a direla batho dilo, go tshwanetse ga dirisiwa madi a Kaesara a a dirileng go mo duelela dilo tseno. Ka tsela eno, Jesu o ne a bontsha gore go siame go naya puso lekgetho re duelela dilo tse re di amogelang.
O ka tswa o le monnye gore o ka duela lekgetho. Mme go na le sengwe se o tshwanetseng go se naya puso. A o itse gore ke eng seo?— Ke go utlwa melao ya puso. Baebele ya re: ‘Utlwang balaodi ba bagolo.’ Balaodi bano ke batho ba ba nang le thata mo pusong. Modimo ke ene a reng re tshwanetse go utlwa melao ya puso.—Baroma 13:1, 2.
Go ka tswa go na le molao o o iletsang go latlhela dipampiri kgotsa dilo tse dingwe mo mmileng. A o tshwanetse go utlwa molao oo?— Ee, Modimo o batla gore o o utlwe. A o tshwanetse go utlwa le mapodise?— Puso e duela mapodise gore a sireletse batho. Go ba utlwa go tshwana le go utlwa puso.
Fa o batla go kgabaganya mmila mme lepodise le bo le re “Ema!” ke eng se o tshwanetseng go se dira?— Fa bana ba bangwe ba kgabaganya fela, a le wena o tshwanetse go kgabaganya?— O tshwanetse go ema, le fa e ka nna wena fela o emeng. Modimo a re o ba utlwe.
Go ka nna ga bo go na le mathata mo lefelong le o nnang mo go lone, mme lepodise le ka nna la re: “Tswa mo mebileng. O se ka wa tswela kwa ntle.” Mme o ka nna wa utlwa batho ba goa mme wa ipotsa gore go diragalang. A o tshwanetse go tswela kwa ntle wa ya go bona?— A go dira jalo e tla bo e le go utlwa “balaodi ba bagolo”?—
Mo mafelong a mantsi, puso e aga le dikolo e bile e duela barutabana. A o akanya gore Modimo o batla gore o utlwe morutabana?— Akanya ka gone. Puso e duela morutabana gore a rute, fela jaaka e duela lepodise gore le sireletse batho. Ka jalo go utlwa lepodise kgotsa morutabana go tshwana le go utlwa puso.
O tla dirang fa morutabana a re o obamele setshwantsho sengwe? O tla dirang fa a rialo?— Bahebera ba bararo ga ba ka ba obamela setshwantsho le fa Kgosi Nebukadenesare a ne a re ba dire jalo. A o gakologelwa gore ke ka ntlha yang?— Ke ka gonne ba ne ba batla go utlwa Modimo.
Monna mongwe yo o neng a kwala hisitori yo o bidiwang Will Durant, o ne a kwala ka Bakeresete ba bogologolo mme a re, ‘ba ne ba sa ineela [kana go ikanyega] thata mo go Kaesara.’ Nnyaa, ba ne ba ineetse thata mo go Jehofa! Ka jalo, gakologelwa gore Modimo ke ene a tshwanetseng go tla pele mo matshelong a rona.
Re utlwa puso ka gonne Modimo o batla gore re dire jalo. Mme fa re bolelelwa gore re dire sengwe se Modimo a reng re se ka ra se dira, re tshwanetse go reng?— Re tshwanetse go bua se baaposetoloi ba neng ba se raya moperesiti yo mogolo: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”—Ditiro 5:29.
Baebele e ruta gore re utlwe molao. Bala se se kwadilweng mo go Mathaio 5:41; Tito 3:1; le 1 Petere 2:12-14.