KGAOLO 14
“Boidiidi jo Bogolo Jwa mo Atamela”
1-3. Go direga eng fa batsadi ba tlisa bana ba bone kwa go Jesu, mme tiragalo eno e senola eng ka Jesu?
JESU o itse gore bokhutlo jwa botshelo jwa gagwe mo lefatsheng bo atamela ka bofefo. O saletswe ke dibeke di se kae fela, mme go sa ntse go na le dilo di le dintsi thata tse a tshwanetseng go di dira! O rera le baaposetoloi ba gagwe kwa Perea, kgaolo e e kwa botlhaba jwa Noka ya Joredane. Ba tsamaela ntlheng ya kwa borwa go ela kwa Jerusalema, koo Jesu a tla fitlhang a ya Tlolaganyong ya gagwe ya bofelo gone, e e tla nnang tiragalo e e itumedisang.
2 Morago ga gore Jesu a nne le motlotlo o o maatla le baeteledipele bangwe ba bodumedi, go nna le kgarurunyana. Batho ba tlisa bana ba bone kwa go ene. Go bonala bana bano e le ba dingwaga tse di sa tshwaneng, ka gonne Mareko o ba tlhalosa ka lefoko le le tshwanang le le a ileng a le dirisa pelenyana go tlhalosa ngwana wa dingwaga tse 12, fa Luke ene a dirisa lefoko le le ka ranolwang e le “masea.” (Luke 18:15; Mareko 5:41, 42; 10:13) Ke boammaaruri gore, gongwe le gongwe kwa go nang le bana gone, go nna le modumo le khuduego. Barutwa ba ga Jesu ba kgalema batsadi ba bana bano, gongwe ba tsaya gore Mong wa bone o tshwaregile thata mo a ka se kang a nna le nako ya bana. Jesu o dira eng?
3 Fa Jesu a lemoga se se diregang, o a galefa. O galefela mang? Bana? Batsadi ba bone? Nnyaa—o galefela barutwa ba gagwe! A re: “Lesang bana ba babotlana ba tle kwa go nna; lo se ka lwa leka go ba thiba, gonne bogosi jwa Modimo ke jwa ba ba ntseng jalo. Ammaaruri ke a lo raya ka re, Le fa e le mang yo o sa amogeleng bogosi jwa Modimo jaaka ngwana yo mmotlana ga a na go tsena mo go jone ka gope.” Go tswa foo Jesu o tsaya bana bano “ka mabogo,” a bo a ba segofatsa. (Mareko 10:13-16) Mafoko a Mareko a a dirisang fano a bontsha gore Jesu o ile a ba tlamparela ka lorato, gongwe le e leng go hara masea mangwe. Ga go pelaelo gore Jesu o rata bana. Le fa go ntse jalo, re ithuta sengwe gape fano—gore o a atamelesega.
4, 5. (a) Re itse jang gore Jesu o ne a atamelesega? (b) Re tla sekaseka dipotso dife mo kgaolong eno?
4 Fa Jesu e ka bo e ne e le motho yo o bogale, yo o seng botsalano, yo o ikgogomosang, bana bano ba ne ba ka se ikutlwe ba rata go mo atamela; e bile le batsadi ba bone ba ne ba ka se ikutlwe ba gololesegile go mo atamela. Fa o ntse o lebile tiragalo eno ka leitlho la mogopolo, a o kgona go bona kafa batsadi ba neng ba nyenya ka teng ka boitumelo fa monna yono yo o pelonomi a ntse a bontsha bana ba bone lorato, a bontsha gore bana bano ba botlhokwa mo matlhong a Modimo le go ba segofatsa? Ee ruri, le fa Jesu a ne a faraferwe ke maikarabelo a magolo, o ne a tswelela e le motho yo o atamelesegang go ba gaisa botlhe.
5 Ke bomang gape ba ba neng ba fitlhela Jesu a atamelesega? Ke eng se se neng se dira gore go nne motlhofo go mo atamela? Mme re ka ithuta go tshwana le Jesu jang mo kgannyeng eno? Mma re bone.
Ke Bomang ba ba Neng ba Fitlhela Jesu a Atamelesega?
6-8. Gantsi Jesu o ne a dikaganyediwa ke bomang, mme boikutlo jo a neng a na le jone ka bone bo ne bo farologana jang le jwa baeteledipele ba bodumedi?
6 Fa o ntse o bala dipego tsa Efangele, o ka nna wa gakgamadiwa ke tsela e batho ba le bantsi ba neng ba sa okaoke go atamela Jesu ka yone. Ka sekai, gangwe le gape re bala ka ene a amanngwa le “boidiidi jo bogolo.” “Boidiidi jo bogolo jwa mo sala morago go tswa kwa Galalea.” “Boidiidi jo bogolo jwa phuthegela kwa go ene.” “Boidiidi jo bogolo jwa mo atamela.” “Boidiidi jo bogolo jwa bo bo le mo loetong le ene.” (Mathaio 4:25; 13:2; 15:30; Luke 14:25) Ee, Jesu o ne a tlhola a dikaganyeditswe ke matshwititshwiti a batho.
7 Gantsi batho bano e ne e le batho fela ba e seng ba maemo, batho ba baeteledipele ba bodumedi ba neng ba ba bitsa ka tsela ya go sotla ba re ke “batho ba lefatshe.” Bafarasai le baperesiti ba ne ba bua ba sa iphitlhe ba re: “Boidiidi jono jo bo sa itseng Molao ke batho ba ba hutsegileng.” (Johane 7:49) Dikwalo tsa moragonyana tsa borabi di senola gore Bafarasai ba ne ba na le boikutlo jono. Bontsi jwa baeteledipele ba bodumedi ba ne ba lebela batho kwa tlase, ba gana go ja le bone, go reka dilo tsa bone kgotsa go amana ka gope le bone. Tota e bile, bangwe ba bone ba ne ba gagamalela gore batho ba ba ntseng jalo ba ba sa itseng molao o o sa kwalwang ga ba na tsholofelo ya tsogo ya baswi! Bontsi jwa batho ba maemo a a kwa tlase ba tshwanetse ba bo ba ile ba tsamaela kgakala le baeteledipele ba ba ntseng jalo go na le go kopa thuso ya bone kgotsa kaelo. Mme Jesu ene o ne a sa nna jalo.
8 Jesu o ne a ikopakopanya fela le batho ba maemo a a kwa tlase. O ne a ja le bone, a ba fodisa, a ba ruta le go ba naya tsholofelo. Ke boammaaruri gore, Jesu o ne a sa feteletse dilo, o ne a amogela kgang ya gore bontsi jwa batho ba ne ba tla gana tshono ya go direla Jehofa. (Mathaio 7:13, 14) Le fa go ntse jalo, o ne a na le maikutlo a go solofela dilo tse di siameng ka batho botlhe e bile a itse gore ba le bantsi ba bone ba ka kgona go dira se se siameng. A bo a ne a farologana thata jang ne le baperesiti le Bafarasai bao ba ba peloethata! Mme selo se se gakgamatsang ke gore, tota le baperesiti le Bafarasai ba ne ba gololesegile go mo atamela mo bangwe ba bone ba ileng ba fetola ditsela tsa bone mme ba nna balatedi ba gagwe. (Ditiro 6:7; 15:5) Bahumi bangwe le batho ba maemo le bone ba ne ba ikutlwa ba gololesegile go mo atamela.—Mareko 10:17, 22.
9. Ke eng fa basadi ba ne ba fitlhela Jesu a atamelesega?
9 Basadi ba ne ba sa okaoke go atamela Jesu. Ba tshwanetse ba bo ba ne ba tle ba iponele ka bobone kafa baeteledipele ba bodumedi ba neng ba ba nyatsa ka teng. Gantsi borabi ba ne ba sa rate kgang ya gore basadi ba rutwe. Tota e bile basadi ba ne ba sa letlwa go neela bosupi mo ditshekong; ba ne ba tsewa e le basupi ba ba ka se kang ba ikanngwa. E bile borabi ba ne ba tle ba rapele thapelo e mo go yone ba lebogang Modimo go bo e se basadi! Le fa go ntse jalo, basadi ba ne ba sa fitlhele Jesu a ba nyatsa ka tsela e e ntseng jalo. Bontsi jwa bone ba ne ba mo atamela ba tlhagafaletse go ithuta. Ka sekai, re bolelelwa ka kgaitsadie Lasaro e bong Marea, a dutse fa dinaong tsa Morena, a reeditse mafoko a gagwe ka kelotlhoko fa Maratha ene, a ne a semeletse ka go baakanyetsa dijo. Jesu o ne a akgolela Marea go tlhopha dilo tsa botlhokwa gore e nne tsone di tlang pele.—Luke 10:39-42.
10. Jesu o ne a farologana jang le baeteledipele ba bodumedi mo tseleng e a neng a tshwara balwetse ka yone?
10 Balwetse le bone ba ne ba kgobokanela kwa go Jesu, le mororo gantsi ba ne ba tshwarwa makgwakgwa le go kgaphelwa kwa thoko ke baeteledipele ba bodumedi. Molao wa ga Moshe o ne o na le thulaganyo ya gore balepero ba tlhaolelwe kwa thoko ka ntlha ya mabaka a botsogo, le fa go ntse jalo, seo se ne se sa bolele gore ba tshwarwe makgwakgwa. (Lefitiko, kgaolo 13) Mme gone, moragonyana melao ya borabi e ne ya bolela gore balepero ba ne ba tshwanetse go ilwa fela jaaka mantle. Baeteledipele bangwe ba bodumedi ba ne ba feteletsa dilo thata jaana mo ba neng ba kolopa balepero ka matlapa gore ba se ka ba ba atamela! Go thata go akanya batho ba ba neng ba tshwarwa ka tsela e e ntseng jalo ba ne ba ka nna le bopelokgale jwa go atamela morutisi ope fela, mme gone, balepero ba ne ba tle ba atamele Jesu. Mongwe wa bone o ne a bua mafoko ano a a tumileng a go bontsha tumelo: “Morena, fa fela o batla, o ka mphepafatsa.” (Luke 5:12) Mo kgaolong e e latelang re tla tlotla ka tsela e Jesu a neng a mo araba ka yone. Mme gone jaanong, go lekane go bua fela gore jono ke bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore Jesu o ne a atamelesega.
11. Ke sekai sefe se se bontshang gore batho ba ba neng ba imetswe ke go ipona molato ba ne ba ikutlwa ba gololesegile go atamela Jesu, mme ke eng fa seno se le botlhokwa?
11 Batho ba ba neng ba imelwa ke go ikutlwa ba le molato ba ne ba atamela Jesu ka kgololesego. Ka sekai, akanya ka nako ya fa Jesu a ne a ile go ja kwa legaeng la Mofarasai mongwe. Mosadi mongwe yo o neng a itsege e le moleofi o ne a tla koo mme a khubama fa maotong a ga Jesu, a lela ka ntlha ya go ipona molato. O ne a dirisa dikeledi tsa gagwe go tlhapisa Jesu dinao mme a dirisa moriri wa gagwe go di phimola. Le fa monna yo o neng a laleditse Jesu a ile a sisimosiwa ke seno a bo a bona Jesu molato wa go letla mosadi yono go mo atamela, Jesu ene ka bopelonomi o ile a akgolela mosadi yono go bo a ikwatlhaile ka pelo yotlhe a ba a mo tlhomamisetsa gore Jehofa o mo itshwaretse. (Luke 7:36-50) Gompieno, go feta le fa e le leng pele, batho ba ba imetsweng ke go ipona molato ba tshwanetse go ikutlwa ba gololesegile go atamela batho ba ba ka ba thusang go boa ba baakanya kamano ya bone le Modimo! Ke eng se se neng se dira gore Jesu a atamelesege thata jalo?
Ke Eng se se Neng se Dira Gore Jesu a Atamelesege?
12. Ke eng fa go sa gakgamatse go bo Jesu a ne a atamelesega?
12 Se lebale gore Jesu o ne a etsa Rraagwe yo o rategang wa kwa legodimong ka botlalo. (Johane 14:9) Baebele e re gakolola gore Jehofa ‘ga a kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.’ (Ditiro 17:27) Ka metlha Jehofa, “Moutlwi wa thapelo,” o itetla go atamelwa ke batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang le ope fela yo ka tlhoafalo a batlang go mo itse le go mo direla. (Pesalema 65:2) A ko o akanye fela—Jehofa ke motho yo o maatla le yo o botlhokwa go gaisa botlhe mo lobopong mme gape ke motho yo o atamelesegang go gaisa botlhe! Jesu o rata batho fela jaaka Rraagwe. Mo dikgaolong tse di latelang re tla tlotla ka lorato lo logolo lo Jesu a neng a na le lone. Jesu o ne a atamelesega segolobogolo ka gonne batho ba ne ba bona lorato lo a neng a na le lone. A re sekaseke dilo dingwe tse Jesu a neng a di dira tse di neng di bontsha lorato loo.
13. Batsadi ba ka etsa Jesu jang?
13 Batho ba ne ba kgona go lemoga motlhofo gore Jesu o ne a ba kgatlhegela ka namana. Jesu o ne a kgatlhegela batho tota le fa a tshwaregile. Jaaka fa re setse re bone, fa batsadi ba ne ba tlisa bana ba bone kwa go ene, o ne a tswelela a atamelesega tota le ka nako ya fa a tshwaregile thata le go farafarwa ke maikarabelo a a boima. A sekao se se molemo ruri se a se beetseng batsadi! Go godisa bana ke kgwetlho e kgolo mo lefatsheng la gompieno. Le fa go ntse jalo, go botlhokwa gore bana ba ikutlwe ba gololesegile go atamela batsadi ba bone. Fa o le motsadi, o a itse gore go na le dinako tse ka tsone o tshwaregang thata mo o sa kgoneng go naya ngwana tlhokomelo e a e tlhokang. Le fa go ntse jalo, a o ka mo tlhomamisetsa gore ka bonako fa go kgonega o tla mo naya nako e a e tlhokang? Fa o dira jaaka o mo solofeditse, ngwana wa gago o tla ithuta molemo wa go nna pelotelele. Gape o tla ithuta gore ka metlha o itumelela gore a go atamele ka mathata ape fela a a nang le one.
14-16. (a) Ke maemo afe a a neng a dira gore Jesu a dire kgakgamatso ya gagwe ya ntlha, mme ke eng fa seo e ne e le selo se se gakgamatsang? (b) Kgakgamatso e Jesu a e dirileng kwa Kana e senola eng ka ene, mme seo se ruta batsadi thuto efe?
14 Jesu o ne a dira gore batho ba itse gore o amegile ka dilo tse di ba tlhobaetsang. Ka sekai, akanya ka kgakgamatso ya ntlha e Jesu a ileng a e dira. O ne a ile moletlong wa lenyalo kwa Kana, motse mongwe kwa Galalea. Go ne ga tlhaga bothata jo bo tlhabisang ditlhong—beine e ne ya tlhaela! Marea mmaagwe Jesu o ne a bolelela morwawe se se diragetseng. Jesu o ne a dira eng? O ne a laela batlhokomedi gore ba tlatse dinkgo tse thataro tse dikgolo tsa leje ka metsi. Fa go ne go isiwa bontlhanngwe jwa one kwa molebeding wa moletlo, o ne a gakgamala tota go utlwa gore e ne e le beine e e monate! A seo e ne e le leano fela la boferefere la go tsietsa batho ka tsela nngwe? Nnyaa, metsi a ne a ‘fetotswe beine.’ (Johane 2:1-11) Batho ga ba bolo go eletsa go nna le bokgoni jwa go fetola dilo dingwe go nna tse dingwe. Go fetile makgolokgolo a dingwaga batho ba ba bidiwang di-alchemist ba leka go fetola lloto go e dira gauta. Ga ba a ka ba atlega—le mororo lloto le gauta e le dielemente tse di tshwanang fela thata.a Go tweng ka metsi le beine? Go ya ka thulaganyo ya dikhemikale, metsi ga se selo se se raraaneng thata ka gonne a na fela le dielemente tse pedi tsa konokono. Kafa letlhakoreng le lengwe, beine yone e dirilwe ka dirè tse di ka nnang diketekete, bontsi jwa tsone e le tse di raraaneng! Ke eng fa Jesu a ne a ka dira selo se se gakgamatsang jalo e le fela go rarabolola bothata jo bo sa reng sepe jwa go tlhaela ga beine mo moletlong wa lenyalo?
15 Bothata joo e ne e se jo bo sa reng sepe mo monyading le mo monyadiweng. Kwa Botlhabagare mo metlheng ya bogologolo, go amogela baeng ka diatla tsoopedi e ne e le selo se se botlhokwa thata. Go felelwa ke beine mo moletlong wa lenyalo go ne go tla tlhabisa monyadi le monyadiwa ditlhong fela thata, go dira gore ba sulafalelwe ke letsatsi la bone la lenyalo e leng selo se ba neng ba tla nna ba se gakologelwa dingwaga di le dintsi morago ga foo. Kgang eno e ne e le botlhokwa mo go bone mme le mo go Jesu e ne e le botlhokwa fela jalo. Ka jalo o ne a dira sengwe ka gone. A o kgona go bona gore ke eng fa batho ba ne ba ka ikutlwa ba gololesegile go mo atamela ka ditlhobaelo tsa bone?
16 Batsadi ba ka ithuta thuto ya botlhokwa le mo kgannyeng eno. Go tweng fa ngwana wa gago a tla kwa go wena a ikutlwa a imetswe ke bothata bongwe? O ka nna wa batla go tlhaetsa tlhobaelo ya gagwe matlho o e tsaya e le selo se se sa reng sepe. O ka nna wa ba wa fitlhela e le selo se se tshegisang. Ke boammaaruri gore bothata joo jwa ngwana bo ka nna jwa lebega e se sepe fa bo bapisiwa le mathata a gago. Le fa go ntse jalo, se lebale gore mo go ene ga se selo se se sa reng sepe! Fa ngwana yono yo o mo ratang thata jaana a ikutlwa a tshwentswe ke bothata joo, a le wena ga bo a tshwanela go go tshwenya? Fa o bontsha ngwana gore o amega ka dilo tse di mo tlhobaetsang o tla bo o bontsha gore o motsadi yo o atamelesegang.
17. Jesu o tlhomile sekao sefe sa go nna bonolo, mme ke eng fa seo e le bosupi jwa go nna le nonofo?
17 Jaaka fa re tlhalositse mo go Kgaolo 3, Jesu o ne a le bonolo e bile a le boikokobetso. (Mathaio 11:29) Bonolo ke nonofo e e molemo, ke bosupi jo bo maatla jwa boikokobetso jo motho a nang le jone mo pelong. Ke karolo ya leungo la moya o o boitshepo wa Modimo mme bo amana le botlhale jwa bomodimo. (Bagalatia 5:22, 23; Jakobe 3:13) Ka metlha Jesu o ne a le boikgapo tota le fa a ne a ka galefisiwa go le kana kang. Go nna bonolo ga gagwe ruri go ne go sa bolele gore o bokoa. Mokanoki mongwe o ile a bua jaana ka nonofo eno: “Mo bonolong jono go na le nonofo e e tshwanang le tshipi.” Ee ruri, gantsi go re tlhoka nonofo e kgolo gore re kgone go laola kgalefo ya rona mme re tshware batho ba bangwe ka bonolo. Fa Jehofa a ema maiteko a rona nokeng, re ka kgona go etsa tsela e Jesu a neng a le bonolo ka yone, mme seo se tla dira gore re atamelesege go feta.
18. Ke sekai sefe se se bontshang gore Jesu o ne a akanyetsa batho, mme ke eng fa o akanya gore nonofo eno e ka dira gore motho a atamelesege?
18 Jesu o ne a akanyetsa batho. Fa Jesu a ne a le kwa Ture, mosadi mongwe o ne a tla kwa go ene ka gonne morwadie a ne a “tsenwe ke madimona tota.” Jesu o ne a bontsha ka ditsela tse tharo gore o ne a sa batle go dira se mosadi yono a mo kopang sone. Ya ntlha, o ne a se ka a mo araba; ya bobedi, o ne a mo naya lebaka la go bo a sa tshwanela go dira jaaka fa a mo kopa; ya boraro, o ne a mo direla papiso e e neng e mo tlhalosetsa lebaka la seno sentle. Le fa go ntse jalo, a Jesu o ne a se botsalano e bile a le makgwakgwa mo tseleng e a neng a dirisana le ene ka yone? A o ile a dira gore mosadi yono a ikutlwe gore o ne a itsenya mo kotsing ka go nna a arabisana le monna yono yo mogolo go gaisa botlhe? Nnyaa, ga go pelaelo gore mosadi yono o ne a ikutlwa a gololesegile. Ga a ka a kopa thuso fela mme gape o ne a kopa a sa kgaotse tota le fa go ne go bonala Jesu a sa batle go mo thusa. Jesu o ne a bona tumelo e kgolo e e neng e tlhotlheletsa mosadi yono go kopa a sa kgaotse, mme o ne a fodisa morwadie. (Mathaio 15:22-28) Ruri go akanyetsa batho ga ga Jesu, go iketleeletsa ga gagwe go reetsa le go ineela fa go tshwanela, go ne go dira gore batho ba ikutlwe ba gololesegile go mo atamela!
A o A Atamelesega?
19. Re ka itse jang gore eleruri re batho ba ba atamelesegang?
19 Batho ba rata go itsaya ba atamelesega. Ka sekai batho bangwe ba ba nang le taolo, ba rata go ipolela gore ba iketleeleditse go sekegela batho tsebe nako nngwe le nngwe fela fa ba tlhoka thuso ya bone. Le fa go ntse jalo, Baebele e na le tlhagiso eno e e maatla: “Mongwe le mongwe wa batho ba bantsintsi o tla ipolela bopelonomi jwa gagwe jwa lorato, mme ke mang yo o ka bonang motho yo o ikanyegang?” (Diane 20:6) Go motlhofo gore motho a ipolele gore o a atamelesega mme gone a ruri o etsa karolo eno ya lorato lwa ga Jesu ka boikanyegi? Re ka bona karabo ya potso eno e seng mo tseleng e rona re iponang ka yone, go na le moo, mo tseleng e batho ba bangwe ba re lebang ka yone. Paulo o ile a re: “A go nna tekatekano ga lona go itsiwe mo bathong botlhe.” (Bafilipi 4:5) Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go ipotsa jaana: ‘Batho ba bangwe ba ikutlwa jang ka nna? Ke itsege ke le motho yo o ntseng jang?’
20. (a) Ke eng fa go le botlhokwa gore bagolwane ba Bakeresete ba atamelesege? (b) Ke eng fa re tshwanetse go bontsha go akanyetsa bagolwane mo phuthegong?
20 Bagolwane ba Bakeresete ke bone ba segolobogolo ba lekang ka natla go atamelesega. Ba leka ka natla go diragatsa tlhaloso eno e e kwadilweng mo go Isaia 32:1, 2: “Mongwe le mongwe o tla nna jaaka lefelo la go iphitlhela phefo le lefelo la go iphitlhela pula ya matsubutsubu, jaaka melatswana ya metsi mo nageng e e se nang metsi, jaaka moriti wa lefika le legolo thata mo lefatsheng le le omileng.” Mogolwane a ka sireletsa, a lapolosa le go imolola letsomane jalo fa fela e le motho yo o atamelesegang. Ke boammaaruri gore, ga se ka metlha go leng motlhofo go dira jalo ka gonne bagolwane le bone ba na le morwalo o o boima wa maikarabelo mo dinakong tseno tse di thata. Le fa go ntse jalo, le ka motlha bagolwane ga ba a tshwanela go dira gore letsomane la ga Jehofa le akanye gore ba tshwaregile thata mo ba se nang nako ya go le tlhokomela. (1 Petere 5:2) Maloko a mangwe a phuthego a leka go akanyetsa banna bano ba ba ikanyegang ka go se ba batle dilo tse dintsintsi, a bontsha moya wa boikobo le wa tirisanommogo.—Bahebera 13:17.
21. Batsadi ba ka dira jang gore bana ba ikutlwe ba gololesegile go ba atamela, mme re tla tlotla ka eng mo kgaolong e e latelang?
21 Batsadi ba leka ka natla gore ka metlha ba nne gone fa bana ba bone ba ba tlhoka. Seno ke kgang e e masisi! Ba batla go dira gore bana ba bone ba ikutlwe ba gololesegile go bulela Papa kgotsa Mama mafatlha. Ka gone, batsadi ba Bakeresete ba leka ka bojotlhe go se phatloge ka bogale fa bana ba ipolela melato e ba e dirileng kgotsa fa ba bontsha go nna le tsela e e phoso ya go akanya, go na le moo, ba lwela go nna bonolo le go akanyetsa bana. Fa batsadi ba ntse ba thapisa bana ka bopelotelele, ba leka ka natla go dira gore ba nne le tsela e e molemo ya puisano. Ruri rotlhe re tshwanetse go atamelesega fela jaaka Jesu. Mo kgaolong e e latelang, re tla tlotla ka kutlwelobotlhoko e e tswang pelong e Jesu a neng a na le yone—nngwe ya dinonofo tsa konokono tse di neng tsa dira gore e nne motho yo o atamelesegang.
a Popego ya dikhemikale tsa lloto e tshwana thata le ya gauta. Baitse ba fisikisi ba segompieno ba ile ba bo ba fetola dikarolwana tse dinnye tsa lloto go nna gauta, le fa go ntse jalo seo se tlhoka maatla a mantsi thata jaana mo go ka jang madi a mantsi thata.