Buka ya Bibela ya bo 43—Yohane
Mokwadi: Moaposetoloi Johane
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Mo Efeso kana gaufi le gone
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 98 C.E.
Lobaka Lo Lo Tserweng: Morago ga Tiragalo ya ntlha, 29–33 C.E.
1. Dikwalo di bontsha gore Johane o ne a atamalane le Jesu go le kana kang?
EFANGELE ya ga Mathaio, ya ga Mareko, le ya ga Luke di ne di ntse di balwa ka dingwaga di le 30 mme Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba di tseela kwa godimo fela thata gore ke dikwalo tse di kwadilweng ke banna ba ba tlhotlheleditsweng ka moya o o boitshepo. Jaanong, ka jaana lekgolo leo la dingwaga le ne le tloga le wela ebile palo ya bao ba neng ba ntse ba na le Jesu e ne e ntse e fokotsega, go ka nna ga bo go ilwe ga bodiwa potso e e reng, A go ne go santse go na le sengwe se se ka bolelwang? A go ne go santse go na le mongwe yo o neng a ka oketsa polelo ya bodihedi jwa ga Jesu ka dintlha tsa botlhokwa, ka dilo tse a neng a di gakologelwa? Ee, go ne go ntse jalo. Johane yo o neng a setse a tsofetse ke ene fela yo o neng a ile a nna le lesego la go atamalana le Jesu. Go bonala a ne a le mongwe wa barutwa ba ntlha ba ga Johane Mokolobetsi yo o neng a kopanngwa le yo eleng Kwana ya Modimo ebile a ne a le mongwe wa ba banè ba Morena a neng a ba laleletsa go tsena mo bodiheding jwa nako e e tletseng nae. (Yoh. 1:35-39; Mareko 1:16-20) O ne a nna a atamalana thata le Jesu mo bodiheding jotlhe jwa gagwe ebile gape ke ene yo o neng a le morutwa yo “Yesu o mo ratañ” yo o neng a ikaega ka sehuba sa ga Jesu ka nako ya Tlolaganyo ya bofelo. (Yoh. 13:23; Math. 17:1; Mareko 5:37; 14:33) O ne a le teng ka nako ya tiragalo e e ngomolang pelo ya polao, koo Jesu o neng a mo rwesa boikarabelo jwa go tlhokomela Mmaagwe wa senama, ebile ke ene yo o neng a sia Petere fa ba ne ba itlhaganelela kwa phupung ba ya go tlhomamisa pego ya gore Jesu o ne a tsogile mo baswing.—Yoh. 19:26, 27; 20:2-4.
2. Johane o ne a baakanyediwa le go tlhagafalediwa jang go kwala Efangele ya gagwe, mme o ne a e kwalela eng?
2 Ereka a ne a katisitswe ke go bo a ne a diretse ka botlhaga ka dingwaga tse di ka nnang 70 le gone ka a ne a ile a bona diponatshegelo le go nna le nako ya go tlhatlhanya eo a neng a e bona fa a le nosi mo kgolegelong mo setlhaketlhakeng sa Patamosa, Johane o ne a tlhomeletse sentle go ka kwala dilo tse a neng a sa bolo go di boloka mo pelong ya gagwe. Jaanong moya o o boitshepo o ne wa tlhagafatsa mogopolo wa gagwe go kgona go gakologelwa le go kwala bontsi jwa dilo tseo tsa botlhokwa, eleng mafoko a a nayang botshelo e le gore mongwe le mongwe yo o balang ‘a tle a dumele gore Jesu ke Keresete, Morwa Modimo, le gore, ka go dumela, a tle a bone botshelo ka leina la ga Jesu.’—20:31.
3, 4. Bosupi jwa Bibela ka boyone le jo eseng jwa Bibela jwa gore (a) Efangele eno ke karolo ya Dikwalo, le gore (b) Johane ke ene yo o e kwadileng, ke bofe?
3 Bakeresete ba kwa tshimologong ya lekgolo la bobedi la dingwaga ba ne ba dumela gore Johane ke ene yo o neng a ile a kwala polelo eno ebile ba ne ba tsaya gore kwantle ga pelaelo mokwalo ono e ne e le karolo ya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng. Clement wa Alexandria, Irenaeus, Tertullian, le Origen, botlhe ba ba neng ba tshela kwa bofelong jwa lekgolo la bobedi la dingwaga le kwa tshimologong ya lekgolo la boraro la dingwaga, ba supa gore Johane ke ene a kwadileng buka eno. Mo godimo ga seno, bosupi jo bo mo Bibeleng ka boyone jwa gore Johane ke ene a kwadileng buka eno bo fitlhelwa mo bukeng eno ka boyone. Kwantle ga pelaelo, mokwadi yono o ne a le Mojuda mme ebile o ne a tlwaelane thata le dingwao tsa Bajuda le lefatshe la bone. (2:6; 4:5; 5:2; 10:22, 23) Ditlhaloso tse di kwa teng tsa polelo eno di bontsha gore o ne a se moaposetoloi fela mme gape gore o ne a le mongwe wa ba bararo ba ba neng ba atamalanye—Petere, Jakobe, le Johane—bao ba neng ba pata Jesu ka dipaka tse di kgethegileng. (Math. 17:1; Mareko 5:37; 14:33) Mo dipakeng tseno, Jakobe (morwa Sebede) ga a na nabo ka gonne o ne a ile a bolaelwa tumelo ya gagwe ke Herode Ageripa I mo e ka nnang ka 44 C.E., bogologolo pele ga buka eno e kwalwa. (Dit. 12:2) Petere ga a na nabo ka gonne o umakiwa ka nako e le nngwe fela le mokwadi mo go Yohane 21:20-24.
4 Mo ditemaneng tseno tsa bofelo, mokwadi yono o bolelwa fa e le morutwa “eo Yesu o mo ratañ,” e le mafoko a a dirisiwang makgetlo a le mmalwa mo pegong eno mmogo le a mangwe a a tshwanang nao, lemororo leina la ga moaposetoloi Johane le sa umakiwe gope. Fano Jesu o tsopolwa a bua kaga Johane a re: “Ha ke rata a dièga go tlo go tsamaeè ke tlè, e be e le eñ go wèna?” (Yoh. 21:20, 22) Seno se akantsha gore morutwa yo go buiwang ka ene o ne a tla tshela ka lobaka lo loleele morago ga Petere le baaposetoloi ba bangwe ba sena go tlhokafala. Mafoko ano otlhe a tshwanela moaposetoloi Johane. Ke selo se se kgatlhisang gore Johane, e re morago ga go newa ponatshegelo ya Tshenolō ya go tla ga ga Jesu, a bo a digela boperofeti jo bo gakgamatsang joo ka mafoko a a reng: “A go nnè yalo: Tla, Morèna Yesu.”—Tshen. 22:20.
5. Go dumelwa gore Johane o ne a kwala Efangele ya gagwe leng?
5 Lemororo mekwalo ya ga Johane ka boyone e sa neye tshedimosetso epe e e tlhomameng kaga kgang eno, batho ka kakaretso ba dumela gore Johane o ne a kwala Efangele ya gagwe morago ga a sena go boa kwa a neng a fuduseditswe gone kwa setlhaketlhakeng sa Patamosa. (Tshen. 1:9) Mmusi mogolo wa Roma Nerva, 96-98 C.E., o gakologelwa batho ba le bantsi ba ba neng ba fudusitswe mo motseng wa bone kwa bokhutlong jwa puso ya ga Domitian, yo o neng a busa pele ga gagwe. Morago ga a sena go kwala Efangele ya gagwe, mo e ka nnang ka 98 C.E., go dumelwa fa Johane a ne a itshwela fela kwa Efeso ka ngwaga wa boraro wa ga Mmusimogolo Trajan, ka 100 C.E.
6. Ke bosupi bofe jo bo supang gore Efangele ya ga Johane e ne ya kwalelwa kwa ntle ga Palasetina, kwa Efeso kana gaufi le gone?
6 Mo kgannyeng ya gore a e ka ne buka eno e kwaletswe mo Efeso kana gaufi le teng, raditiragalo Eusebius (mo e ka nnang ka 260-342 C.E.) o tsopola Irenaeus a re: “Johane, morutwa wa Morena, yo o bileng a itsheega mo sehubeng sa gagwe, ke ene yo gape o neng a kwala efangele eno, fa a ne a nna kwa Efeso mo Asia.”a Gore buka eno e ne ya kwalelwa ka kwa ntle ga Palasetina go tshegediwa ke go bo gantsi e bitsa baganetsi ba ga Jesu ka leina le le akaretsang la, “Bayuda,” go na le go re “Bafarisai,” “baperesiti ba bagolo,” jalo le jalo. (Yoh. 1:19; 12:9) Gape, Lewatle la Galilea le bidiwa ka leina la lone la Seroma, eleng Lewatle la Tiberias. (6:1, 21:1) Ka baka la batho ba eseng Bajuda, Johane o neela ditlhaloso tse di nang le mosola kaga meletlo ya Sejuda. (6:4; 7:2; 11:55) Lefelo leo a neng a fuduseditswe kwa go lone, ebong Patamose, le ne le le gaufi le Efeso, mme Tshenolō kgaolo 2 le 3 di supa gore o ne a tlwaelane le phuthego ya Efeso, mmogo le diphuthego tse dingwe tsa Asia Minor.
7. Papyrus Rylands 457 e botlhokwa ka eng?
7 Mekwalo ya botlhokwa eo e neng ya bonwa ka lekgolo la bo 20 la dingwaga e supa gore Efangele ya ga Johane e boammaaruri. Mongwe wa eno ke kapetlana ya Efangele ya ga Johane e e neng ya bonwa mo Egepeto, e jaanong e bidiwang Papyrus Rylands 457 (P52), eo mo go yone go nang le Yohane 18:31-33, 37, 38, mme e bolokilwe kwa John Rylands Library, kwa Manchester, Ennyelane.b Moswi Sir Frederic Kenyon o bolela jaana mo bukeng ya gagwe The Bible and Modern Scholarship, 1949, tsebe 21, kaga bosupi jwa yone kapetlana eo malebana le polelo ya bogologolo ya gore Johane ke ene a kwadileng buka eno kwa bofelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga: “Lemororo e se kalo, e lekane go supa gore batho ba ne ba na le mokwalo wa Efangele eno, gongwe mo kgaolong ya Egepeto koo o neng wa fitlhelwa gone, mo e ka nnang ka nako ya A.D. 130-150. Fa re tsaya gore mokwalo oo o ne wa tswa kwa o neng o kwaletswe gone mme wa anamela mo bathong ka nako e potlana fela, seno se ka raya gore letlha la go kwalwa ga one le ne le le gaufi fela thata le letlha le batho ba le bantsi ba le tlwaetseng mo dingwageng tsa bofelo tse di lesome tsa lekgolo la ntlha la dingwaga mo go sa tlholeng go nna le lebaka la go belaela gore a tsela eo e kwadilweng ka yone e a utlwala.”
8. (a) Ke eng se se kgatlhisang kaga mafoko a tshimologo a Efangele ya ga Johane? (b) E ntsha bosupi bofe jwa gore Jesu o ne a dira bodihedi jwa gagwe ka dingwaga di le tharo le sephatlo?
8 Efangele ya ga Johane e kgatlhisa ka mafoko a yone a kwa tshimologong, ao a tlhalosang gore Lefoko ke mang, yoo ‘mo tshimologong a neng a na le Modimo,’ e le yo dilo tsotlhe di ileng tsa dirwa ke Ene. (1:2) Morago ga a sena go bolela ka kamano e e kwa godimo e e leng gone gareng ga Rara le Morwa, Johane o simolola go tlhalosa ka botswerere ditiro tsa ga Jesu le dipolelo tsa gagwe, segolobogolo go ya ka lorato lo logolo lo lo kopanyang sengwe le sengwe mo thulaganyong e kgolo ya Modimo. Polelo eno ya botshelo jwa ga Jesu mo lefatsheng e akaretsa nako ya 29-33 C.E., mme e tlhokomedisa gore go se tlogelwe moletlo ope wa Tlolaganyo o sa umakiwa mo go e menè eo Jesu a neng a e keteka ka nako ya bodihedi jwa gagwe, ka go dira jalo e ntsha bosupi jo bongwe jwa gore o ne a dira bodihedi jwa gagwe ka lobaka lwa dingwaga di le tharo le sephatlo. Go umakiwa fa go ne go ntse jalo ka meletlo eno ya Tlolaganyo e le meraro. (2:13; 6:4; 12:1; 13:1) Mongwe wa yone o bidiwa “modihō moñwe oa Bayuda,” mme go ya ka mafoko a kgaolo eo o ne wa ketekwa ka bokhutshwane fela morago ga Jesu a sena go re go ne go “sa na le dikgwedi di le nnè, me go tle thōbō ea mabèlè,” ka go rialo a supa fa moletlo oo e le wa Tlolaganyo, oo o neng o ketekwa mo e ka nnang kwa tshimologong ya thobo.—4:35; 5:1.c
9. Ke eng se se bontshang gore Efangele ya ga Johane e ne e le e e oketsang, mme lefa go le jalo a e bua ka dintlha tsotlhe tse di neng di tlogetswe tsa bodihedi jwa ga Jesu?
9 Bontsi jwa mafoko a a molemo “yaka a bolecwe ke Yohane” ke a a oketsang; ereka 92 lekgolong ya one e le tshedimosetso e ntšha eo go sa kwalwang ka yone mo Diefangeleng tse dingwe tse tharo. Le ene Johane tota o digela ka mafoko a a reng: “Me go bile go na le dilō di le dintsi di sele tse Yesu o di dihileñ, tse e ka reñ ha di ne di ka kwalwa cotlhe, kea gopola, go re, le e leñ lehatshe le ne le sa kake ya bōnèla dikwalō tse di ne di ka kwalwa sebaka sa go di chola.”—21:25.
SEO SE LENG MO GO YOHANE
10. Johane a reng kaga “Lehoko”?
10 Tshimologo: Go itsisiwe ka “Lehoko” (1:1-18). Ka tsela e e utlwalang sentle, Johane o tlhalosa gore kwa tshimologong “Lehoko a bo a nntse a na le Modimo,” gore botshelo bo ne jwa nna gone ka ene, gore o ne a tla a nna “lesedi ya batho,” le gore Johane (Mokolobetsi) o ne a supa kaga gagwe. (1:1, 4) Lesedi yoo o ne a le mo lefatsheng, mme lefatshe le ne le sa mo itse. Bao ba neng ba mo amogela ba ne ba nna bana ba Modimo, bao ba tshotsweng ke Modimo. Fela jaaka Molao o ne wa newa ka Moshe, jalo, “tshegōhaco le boamarure di tsile ka Yesu Keresete.”—1:17.
11. Johane Mokolobetsi o bolela fa Jesu e le eng, mme barutwa ba ga Johane ba amogela Jesu jaaka eng?
11 Batho ba newa “Kwana ea Modimo” (1:19-51). Johane Mokolobetsi o ipolela gore ene ga se Keresete mme o bolela gore go na le yo o tlang kwa morago ga gagwe, yo o sa tshwanelweng ke go golega kgole ya setlhako sa gagwe. Mo letsatsing le le latelang, fa Jesu a tla kwa go ene, Johane o bolela fa a le “Kwana ea Modimo, eo o tlosañ boleo yoa lehatshe!” (1:27, 29) Morago ga moo, o kopanya Jesu le ba babedi ba barutwa ba gagwe, mme mongwe wa bano, ebong Anderea, o tlisa morwarraagwe ebong Petere kwa go Jesu. Filipo le Nathaniele le bone ba amogela Jesu jaaka ‘Morwa Modimo, Kgosi ya Iseraele.’—1:49.
12. (a) Kgakgamatso ya ntlha e Jesu a e dirang ke efe? (b) Ke eng se a se dirang fa a le kwa Jerusalema mo Tlolaganyong ya ntlha e a neng a e keteka mo bodiheding jwa gagwe?
12 Dikgakgamatso tsa ga Jesu di supa gore ke “Moitshepi oa Modimo” (2:1–6:71). Jesu o dira kgakgamatso ya gagwe ya ntlha mo Kana wa Galilea, ka go fetola metse bojalwa jo bo monate jwa mofine kwa moletlong wa lenyalo. Eno ke “tshimologō . . . ea dichupō . . . me barutwa ba gagwè ba dumèla mo go èna.” (2:11) Jesu o tlhatlogela kwa Jerusalema go ya Tlolaganyong. Fa a fitlhela babapatsi le baananyi ba madi mo tempeleng, o tsaya seme a bo a ba lelekela kwa ntle ka matlhagatlhaga a magolo mo eleng gore barutwa ba gagwe ba lemoga fa e le tiragatso ya boperofeti jo bo reng: “Tlhōahalèlō ea ntlo ea gago e tla nnya.” (Yoh. 2:17; Pes. 69:9) O bolelela pele gore tempele ya mmele wa gagwe e tla thubiwa e bo e tsosiwa gape morago ga malatsi a le mararo.
13. (a) Jesu o bontsha gore selo sa botlhokwa sa gore motho a kgone go bona botshelo ke eng? (b) Johane Mokolobetsi a reng kaga gagwe fa a ipapisa le Jesu?
13 Nikodemo yo o boi o tla kwa go Jesu go le bosigo. O bolela gore Jesu o romilwe ke Modimo, mme Jesu o mmolelela gore motho o tshwanetse go tsalwa ka metsi le moya e le gore a tle a kgone go tsena mo Bogosing jwa Modimo. Go dumela mo go Morwa motho yo o tswang kwa legodimong go botlhokwa e le gore motho a tle a bone botshelo. “Gonne Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.” (Yoh. 3:16) Lesedi je le tlileng mo lefatsheng ga le tsamaisane le lefifi, “me eo o dihañ boamarure, o tla lesediñ,” Jesu o digela jalo. Morago Johane Mokolobetsi o utlwalela kaga ditiro tsa ga Jesu mo Judea a bo a bolela gore e re lefa ene ka boene a se Keresete, lefa go le jalo “tsala ea monyadi, . . . o itumèlèla lencwe ya monyadi thata.” (3:21, 29) Jaanong Jesu o tshwanetse go gatela pele, mme Johane ene o tshwanetse go boela kwa morago.
14. Jesu o tlhalosetsa mosadi wa Mosamaria a reng kwa Sikara, mme go rera ga gagwe koo go felela ka eng?
14 Jesu o emelela gape a ya kwa Galilea. Fa a le mo tseleng, a tletse lerole ebile a “tsenywe ke letsapa ya loètō,” o nna fa fatshe a ikhutsa fa sedibeng sa ga Jakobe kwa Sikara, fa barutwa ba gagwe bone ba ya go reka dijo kwa motseng. (4:6) Go motshegare, ke nako ya borataro. Mosadi mongwe wa Mosamaria o tla go ga metsi, mme Jesu o mo kopa gore a mo siele. Go tswa foo, lemororo a lapile, o simolola go bua nae kaga “metse” a boammaaruri ao a lapolosang e le tota, ao a nayang bao ba obamelang Modimo “ka Mōea le ka boamarure” botshelo jo bosakhutleng. Barutwa ba a boa ba bo ba mo kopa gore a je, mme ene o ba raya a re: “Seyō sa me ke go diha go rata ga eo o nthomileñ, le go wetsa tihō ea gagwè.” O nna malatsi a le mabedi mo lefelong leo, mo go felelang ka gore Basamaria ka bontsi ba dumele gore “rure motho eo [ke] Mmoloki oa lehatshe.” (4:24, 34, 42) Fa a goroga kwa Kana wa Galilea, Jesu o fodisa morwa wa monna mongwe yo o tlotlegang a se gaufi lefa e le bolao jwa gagwe tota.
15. Jesu o latofadiwa ka eng mo Jerusalema, mme o araba batho ba ba mo tshwayang diphoso jang?
15 Jesu o ya kwa Jerusalema gape a ya kwa moletlong wa Bajuda. O fodisa monna mongwe yo o lwalang go le Sabata, mme seno se dira gore batho ba le bantsi ba mo tshwaye phoso. Jesu o iphemela ka go re: “Rrè o nntse a diha le gompiyeno, le nna kea diha.” (5:17) Jaanong baeteledipele ba Bajuda ba bolela gore Jesu o okeditse tlhapatso Modimo ya gagwe ya go tlola molao ka go roba Sabata, ka go itekanya le Modimo. Jesu o fetola ka gore Morwa ga a kake a dira sepe ka bogagagwe fela mme o ikaegile ka bojotlhe mo go Rraagwe. O bua mafoko a a molemo a go re “botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla [utlwa] lencwe ya gagwè . . . Me ba tla cwa” ba tsosiwa mo losong. Mme Jesu o raya bareetsi ba gagwe ba ba ikanyegang a re: “Ana lo ka dumèla yañ, lona ba lo amogalanañ tlotlō, me tlotlō e e cwañ mo go o e leñ Modimo o o osi, lo sa e batle?”—5:28, 29, 44.
16. (a) Jesu o ruta eng malebana le dijo le botshelo? (b) Petere o bontsha jang gore baaposetoloi ba tlhatswegile pelo?
16 Fa Jesu a fepa banna ba ba 5 000 ka dinkgwe di le tlhano le ditlhapinyana di le pedi, boidiidi jwa batho ba akanyetsa go mo tshwara le go mo dira kgosi, mme ene o ngongwaelela kwa thabeng. Moragonyana, o ba kgalemelela gore ba seka ba tshwarega thata mo go senkeng “diyō tse di nyèlèlañ.” Go na le moo, ba tshwanetse go berekela “diyō tse di nnèlañ go ea go hitlha botsheloñ yo bo sa khutleñ.” O bontsha gore go nna le tumelo mo go ene jaaka Morwa go tshwana le go ja senkgwe sa botshelo, mme o oketsa ka go re: “Ha lo sa ye nama ea Morwa Motho, ha lo sa nwe madi a gagwè, ga go na botshelō mo go lona.” Bontsi jwa barutwa ba gagwe ba kgopisiwa ke seno ba bo ba mo tlogela. Jesu o botsa ba ba 12 a re: “A le lona lo rata go tsamaea?” mme Petere o araba ka go re: “Morèna, ana re ka ea kwa go mañ? wèna u na le mahoko a botshelō yo bo sa khutleñ. Me re dumetse, re bile rea itse ha e le wèna Moitshepi oa Modimo.” (6:27, 53, 67-69) Lefa go ntse jalo, ereka Jesu a itse gore Judase o tlile go mo oka, o bolela gore mongwe wa bone ke mosebi.
17. Go ruta ga ga Jesu mo tempeleng kwa Moletlong wa Metlaagana go nna le phelelo efe?
17 “Lesedi” ga le dumalane le lefifi (7:1–12:50). Jesu o tlhatlogela kwa Jerusalema ka go iphitlha mme batho ba mmona fa Moletlo wa Metlaagana o le fa gare, a ruta phatlalatsa mo tempeleng. Batho ba ganetsana ka gore a tota ke Keresete. Jesu o ba raya a re: “Ga kea itere, me eo o nthomileñ o amarure, . . . me o nthomile.” Ka nako nngwe o tlhaeletsa boidiidi jwa batho a re: “Ha moñwe a nyōrilwe, a a tlè mo go nna, a nwè.” Batlhankedi ba ba romilweng go ya go tshwara Jesu ba boa fela ba sa tshwara sepe ba bo ba begela baperesiti ka go re: “Ga go e se go ko go bue motho opè yaka èna.” Ereka Bafarasai ba gakadiwa ke seno, ba fetola ka gore ga go na mmusi ope yo o dumetseng, le gore ga go na moperofeti ope yo o tsositsweng mo Galilea.—7:28, 29, 37, 46.
18. Bajuda ba ganetsa Jesu jang, mme ene o araba jang?
18 Mo puong ya gagwe e e latelang, Jesu a re: “Ke nna lesedi ya lehatshe.” Fa a fetola ditatofatso tse di maswe tsa gore ke mosupi yo o maaka, gore ke ngwana wa dikgora, le gore ke Mosamaria yo o tsenyweng ke badimo, Jesu o fetola jaana ka maatla: “Ha ke ikgalaletsa, kgalalèlō ea me e be e se sepè: Rrè ke èna eo o nkgalaletsañ.” Fa a re, “Pele Aberahame a e se a nne, nna ka bo ke nntse ke leeō,” Bajuda ba leka gape go mmolaya mme gape ga ba kgone. (8:12, 54, 58) Ereka ba tlhakanye tlhogo, moragonyana ba botsaka dipotso monna mongwe yo Jesu a mo foufolotseng ka kgakgamatso, mme ba latlhela monna yoo kwa ntle.
19. (a) Jesu o bua jang kaga go amana ga gagwe le Rraagwe le kafa a tlhokomelang dinku tsa gagwe ka gone? (b) O araba Bajuda jang fa ba mo tshosetsa?
19 Jesu o bua le Bajuda gape, mo nakong eno a bua ka modisa yo o molemo, yo o bitsang dinku tsa gagwe ka maina le yo o ntshetsang dinku tseo botshelo jwa gagwe ‘e le gore ba tle ba bone botshelo ka letlotlo.’ O bolela ka go re: “Ke na le dinku di sele, tse e señ tsa saka ye; le cōna ke na le go di lere, me di tla utlwa lencwe ya me; me di tla nna lecomane le le leñwe hèla, le modisa a le moñwe hèla.” (10:10, 16) O bolelela Bajuda gore ga go na ope yo o ka phamolang dinku tseo mo seatleng sa ga Rraagwe, mme o bolela gore ene le Rraagwe ba bangwe fela. Ba leka gape go mmolaya ka go mo kgobotletsa ka maje. Fa a araba tatofatso ya bone ya gore o tlhapaditse Modimo, o ba gakolola gore mo bukeng ya Dipesalema, batho bangwe ba ba thata mo lefatsheng ba bidiwa “medimo,” fa ene a ipitsa Morwa Modimo fela. (Pes. 82:6) O ba kgothaletsa gore go ka nna botoka fa ba ka dumela ditiro tsa gagwe.—Yoh. 10:34.
20. (a) Morago Jesu o dira kgakgamatso efe e e tlhomologileng? (b) Seno se gogela kae?
20 Go tswa kwa Bethania gaufi le Jerusalema go utlwala dikgang dingwe tsa gore Lasaro, kgaitsadia bo Maria le Maratha, o a lwala. Fa Jesu a goroga koo, Lasaro o setse a tlhokafetse mme ebile o setse a na le malatsi a le mane mo phupung. Jesu o dira kgakgamatso e kgolo ka go busetsa Lasaro mo botshelong, mme seo se dira gore batho ba le bantsi ba dumele mo go Jesu. Seno se dira gore ba Lekgotla la Bajuda ba nne le pokano e e kgethegileng, koo moperesiti yo mogolo, Kaiafase, a patelesegang go perofesa gore Jesu o tshwanetse go swela morafe. Fa baperesiti ba bagolo le Bafarasai ba loga leano la go mmolaya, Jesu o tswa mo gare ga batho ka nakwana fela.
21. (a) Batho le Bafarasai ba itshwara jang fa Jesu a tsena mo Jerusalema? (b) Jesu o bolela setshwantsho sefe malebana le loso lwa gagwe le boikaelelo jwa lone, mme o kgothaletsa bareetsi ba gagwe go dira eng?
21 Malatsi a le marataro pele ga Tlolaganyo, Jesu o tla mo Bethania gape a lebile kwa Jerusalema, mme o diretswe dijo kwa ntlong ya ga Lasaro. Go tswa foo, letsatsi le le lengwe fela morago ga Sabata, ka Nisane 9, o tsena mo Jerusalema a pagame eselana, a duduelediwa ke boidiidi jo bogolo jwa batho; mme Bafarasai ba raana ba re: “Bōnañ yaka lo sa henye gopè; aitsane, lehatshe le ile go mo sala moragō.” Jesu, a dirisa setshwantsho sa tlhaka ya mabele, o itsise gore o tshwanetse go jalwa mo losong e le gore go tle go tlhoge leungo la botshelo jo bosakhutleng. O kopa Rraagwe gore a galaletse leina la Gagwe, mme go utlwala lentswe le le tswang kwa legodimong le re: “Ke le galaleditse, me ke tla ba ke le galaletsa gapè.” Jesu o kgothaletsa bareetsi ba gagwe gore ba tile lefifi mme ba tsamaye mo leseding, ee, ba nne “bana ba lesedi.” Fa matsholo a lefifi a mo dikaganyetsa, o ikuela phatlalatsa mo bathong ka maatla a re ba dumele mo go ene ‘ka gonne ke lesedi le le tlileng mo lefatsheng.’—12:19, 28, 36, 46.
22. Jesu o tlhoma sekao sefe kwa moletlong wa Tlolaganyo, mme o fa taolo efe e ntšha?
22 Kgakololo ya ga Jesu ya bofelo go baaposetoloi ba ba ikanyegang (13:1–16:33). Fa Jesu a ntse a ja sejo sa maitseboa sa Tlolaganyo le ba ba 12, o ema ka dinao mme, fa a sena go apola seaparo sa gagwe sa ka kwa ntle, o tsaya seiphimolo le mogotsana o o tlhapelang dinao a bo a simolola go tlhapisa dinao tsa barutwa ba gagwe. Petere o ganetsana le seno, lefa go le jalo Jesu o mmolelela gore le ene o tshwanetse go tlhapa dinao. Jesu o kgothaletsa barutwa ba gagwe go latela sekao sa gagwe sa boikokobetso, ka gonne “motlhanka ga a mogolo go heta morèna oa gagwè.” O bua ka mooki mme go tswa foo a bo a naya Judase tsela. Morago ga Judase a sena go tsamaya, Jesu o simolola go bua le ba bangwe mafoko a botsalano. “Ke lo naea taolō e ncha, ea go re, Lo ratanè; hèla yaka ke lo ratile, go re, Le lona lo ratanè. Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.”—13:16, 34, 35.
23. Go fa kgomotso, Jesu o bua ka tsholofelo efe le ka mothusi ofe yo o mo solofetsang?
23 Jesu o bua mafoko a a molemo a a gomotsang le balatedi ba gagwe mo nakong e e diphatsa eno. Ba tshwanetse go bontsha tumelo mo Modimong mmogo le mo go ene. Mo ntlong ya ga Rraagwe go na le manno a le mantsi, mme o tla tla gape a bo a ba isa kwa gae kwa go ene. “Ke nna tsela, le boamarure, le botshelō” Jesu o bolela jalo. “Ga go tle opè mo go Rara ha e se ka nna.” O gomotsa balatedi ba gagwe ka go ba raya a re fa ba ka nna le tumelo mo go ene, ba tla dira ditiro tse dikgolo go feta tsa gagwe le gore o tla ba naya sengwe le sengwe se ba se kopang ka leina la gagwe, e le gore Rraagwe a tle a galalediwe. O ba solofetsa gore o tla ba romelela mothusi yo mongwe, “Mōea oa boamarure,” oo o tla ba rutang dilo tsotlhe o bo o ba gakolole sengwe le sengwe se a se ba boleletseng. Ba tshwanetse go itumelela go bo a tsamaya a ya kwa go Rraagwe, ka gonne, jaaka Jesu a bolela, “Rara o mogolo bogolo go nna.”—14:6, 17, 28.
24. Jesu a reng kaga kamano ya gagwe le baaposetoloi le Rraagwe, mme seno se tla ba tlisetsa masego afe?
24 Jesu o bolela gore ene ke mofine wa boammaaruri le gore Rraagwe ene ke mmaakanyi wa tshimo. O ba kgothaletsa go nna ba tshwaragane le ene, a re: “Rrè o galalediwa ke mo, ke go re, ha lo uñwa segolo; me yalo lo tla nna barutwa ba me.” (15:8) Mme boipelo jwa bone bo ka nna jo bo tletseng jang? Ka go ratana fela jaaka le ene a ba ratile. O ba bitsa ditsala tsa gagwe. A bo e le botsalano jo bo tlhokegang jang ne! Lefatshe le tla ba ila fela jaaka le ne la mo ila, mme le tla ba bogisa, mme Jesu o tla romela mothusi go tla go supa kaga gagwe le go kaela barutwa ba gagwe ka boammaaruri jotlhe. Lefa mo nakong eno ba utlwile botlhoko ba tla itumela fa a ba bona gape, mme ga go na ope yo o tla ba tseelang boipelo jwa bone. Mafoko a gagwe a a reng: “Rara ka esi oa lo rata, ka gonne lo nthatile, lo bile lo dumetse ha ke cwa kwa go Rara” a a gomotsa. Ee, ba tla phatlaladiwa, mme, Jesu a re, “Dilō tse ke di buile le lona, gore lo nnè le kagishō mo go nna. Mo lehatshiñ lo na le pitlaganō: me nametsègañ; ke hentse lehatshe.”—16:27, 33.
25. (a) Fa Jesu a rapela Rraagwe o mo itsise eng? (b) Ke eng se a se ikopelang, se a se kopelang barutwa ba gagwe, le bao ba tla bontshang tumelo ka lefoko la bone?
25 Thapelo ya ga Jesu a rapelela barutwa ba gagwe (17:1-26). Fa Jesu a rapela o itsise Rraagwe go re: “Me botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.” Ereka a digetse tiro eo a neng a romilwe go tla go e dira mo lefatsheng, Jesu jaanong o kopa gore a galalediwe ka kgalalelo e e tshwanang le ya ga Rraagwe eo a neng a na nayo pele ga lefatshe le bopiwa. O itsisitse barutwa ba gagwe leina la ga Rraagwe mme o kopa gore Rraagwe a ba tlhokomele ‘ka baka la leina la Gagwe.’ O kopa Rraagwe eseng gore ba ntshiwe mo lefatsheng, mme gore a ba babalele mo go yo o bosula le go ba itshepisa ka lefoko la Gagwe la boammaaruri. Jesu o atolosa thapelo ya gagwe a rapelela le bao ba santseng ba tla nna le tumelo ka go utlwa lefoko la barutwa bano, “gore ba nnè bañwe hèla botlhe; hèla yaka wèna Rara u le mo go nna, le nna mo go wèna, gore le bōnè ba nnè mo go rona: gore lehatshe le dumèlè ha u nthomile.” O kopa gore bano le bone ba nne le seabe mo kgalalelong ya selegodimo, ka gonne o ba itsisitse leina la ga Rraagwe, gore lorato lwa Gagwe lo nne mo go bone.—17:3, 11, 21.
26. Polelo eno ya reng malebana le go tshwarwa ga ga Jesu le go lekwa ga gagwe?
26 Go sekisiwa le go bapolwa ga ga Keresete (18:1–19:42). Jesu le barutwa ba gagwe jaanong ba ya kwa tshingwaneng nngwe e e ka kwa moseja ga Mokgatšha wa Kiderone. Judase o tla a na le setlhopha sa masole gone fano a bo a oka Jesu, yoo o ineelang ka bonolo fela. Lefa go ntse jalo, Petere o mo femela ka tšhaka mme o kgalemelwa go twe: “Senwèlō se Rara o se nneileñ, a ga nketla ke se nwa?” (18:11) Go tswa foo Jesu o isiwa kwa go Anase, mogwagadia Kaiafase, moperesiti yo mogolo, a golegilwe. Johane le Petere ba mo sala morago ba sa mo katoge, mme Johane o dira gore ba kgone go tsena mo lolwapaneng lwa moperesiti yo mogolo, koo Petere a itatolang Keresete gone makgetlo a le mararo. Jesu o bodiwa pele ke Anase mme morago o tlisiwa fa pele ga ga Kaiafase. Morago ga moo, Jesu o tlisiwa fa pele ga mmusi wa Roma ebong Pilato, a na le Bajuda ba ba tsositseng leratla la gore a atlholelwe loso.
27. (a) Pilato o tsosa dipotso dife malebana le bogosi le bolaodi, mme Jesu o akgela ka go reng? (b) Bajuda ba itshwara jang mo kgannyeng ya bogosi?
27 Jesu o araba potso ya ga Pilato e e reng, “A u kgosi?” ka go re, “Wèna ua re, Ke kgosi. Ke tsalecwe gōna mouō, me ke tletse gōna mouō mo lehatshiñ, gore ke shupè kaga boamarure.” (18:37) Fa Pilato a sa bone bosupi bope jwa molato o o pegwang Jesu, o batla go mo golola, ka e ne e le tlwaelo gore go gololwe legolegwa lengwe ka Tlolaganyo, mme Bajuda bone ba batla gore go gololwe Barabase wa senokwane go na le ene. Pilato o dira gore Jesu a itewe, mme o leka gape go mo golola, mme Bajuda ba goa ka go re: “Mmapolè, mmapolè. . . . ka go bo a itihile Morwa Modimo.” Fa Pilato a bolelela Jesu gore o na le thata ya go mmapola, Jesu o araba ka go re: “U ka bo u sena thata epè mo go nna, ha u nu u sa e nèwa e cwa kwa godimo.” Bajuda ba goa gape ba re: “A a eè koñ, a a eè koñ, mmapolè! . . . Ga re na kgosi epè ha e se Kaesare.” Fa ba rialo, Pilato o a ba mo neela gore ba mmapole.—19:6, 7, 11, 15.
28. Ke eng se se diragalang kwa Gologotha, mme ke boperofeti bofe jo bo diragadiwang koo?
28 Jesu o isiwa kwa “heloñ ha go bidiwañ, Helō ga logata, me ka Sehebera, go twe, Golegotha,” mme o bapolelwa fa gare ga batho ba le babedi. Kwa godimo ga gagwe Pilato o kokotela leina le le reng “YESU OA NASARETHA, KGOSI EA BAYUDA,” le kwadilwe ka Sehebera, Selatine, le Segerika, gore batho botlhe ba bone ba bo ba tlhaloganye. (19:17, 19) Jesu o rwesa Johane boikarabelo jwa go tlhokomela mmaagwe mme, morago ga a se na go nosiwa bojalwa jo bo botšarara, o khutsa ka go re: “Go wedicwe.” Mme go tswa foo o oba tlhogo ya gagwe a bo a tlhokafala. (19:30) Mophato wa babolai o laola diaparo tsa gagwe ka bola, ga ba robe dinao tsa gagwe, mme ba mo tsubetsa mo letlhakoreng ka tšhaka gotlhe e le tiragatso ya boperofeti. (Yoh. 19:24, 32-37; Pes. 22:18; 34:20; 22:17; Seka. 12:10) Morago ga moo, Josefa wa Arimathea le Nikodemo ba baakanyetsa mmele oo gore o bolokiwe ba bo ba o baya mo phupung e ntšha mo lefelong le le gaufi.
29. (a) Jesu yo o tsositsweng o bonala jang go barutwa ba gagwe? (b) Jesu o bua dintlha dife mo mafokong a bofelo ao a a buang le Petere?
29 Diponalo tsa ga Keresete yo o tsositsweng (20:1–21:25). Bosupi jo bo tlhomaganeng jwa ga Johane malebana le Keresete bo wela ka ntlha e e itumedisang ya go tsosiwa ga gagwe mo losong. Maria Magadelena o fitlhela phupu eo e se na sepe, mme Petere le morutwa yo mongwe (Johane) ba sianela koo mme ba fitlhela go setse matsela a leloba le le hapang le letsela le le neng le mo hapile mo tlhogong fela. Maria, yo o neng a setse go bapa le phupu eo, o bua le baengele ba babedi mme kwa bokhutlong, o bua le yo o akanyang gore ke mmaakanyi wa tshimo. Fa a mo araba a re, “Maria!” ka bonako fela o lemoga fa e le Jesu. Morago, Jesu o ipontsha barutwa ba gagwe ba le mo ntlong e e tswetsweng, mme o ba bolelela ka maatla a ba tlaa a newang ke moya o o boitshepo. Morago ga moo, Thomase, yo o neng a ntse a seo, o gana go dumela, mme morago ga malatsi a robabobedi Jesu o bonala gape a bo a mmontsha bosupi, joo Thomase e reng a bo bona a khutsang ka go re: “Morèna oa me, le Modimo oa me.” (20:16, 28) Malatsi a sekae moragonyana Jesu o kopana le barutwa ba gagwe gape, kwa Lewatleng la Tiberias; o ba thusa gore ba tshware ditlhapi ka kgakgamatso mme morago ga moo a bo a fitlhola le bone. O botsa Petere gararo gore a o a mo rata. Fa Petere a gatelela gore o a mo rata, Jesu o bua ka go gatelela a re: “Hudisa dikwanyana tsa me,” “Disa dinku tsa me,” “Hudisa dinku tsa me.” Mme go tswa foo o bolelela pele gore Petere o tla galaletsa Modimo ka go swa loso lwa mofuta ofe. Petere o botsa kaga Johane, mme Jesu a re: “Ha ke rata a dièga go tlo go tsamaeè ke tlè, e be e le eñ go wèna?”—21:15-17, 22.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
30. Johane o gatelela boleng jwa lorato jang ka mo go kgethegileng?
30 Ereka mafoko a a molemo “yaka a bolecwe ke Yohane” a tlhamaletse ka tsela e e maatla ebile a tlhatswa pelo kafa a tlhalosang ka gone, a tshwantsha Lefoko, yo o neng a nna Keresete ka mo go omosang pelo, a re bolelela mafoko a a kwa teng a Morwa yo o tloditsweng yono wa Modimo le ditiro tse a neng a di dira. Lemororo mokgwa o Johane a neng a kwala ka one le mafoko a a neng a a dirisa a tlhaloganyesega motlhofo fela, mo go supang gore e ne e le monna ‘yo o sa rutegang, e le motho fela,’ mafoko a gagwe ke a a nonofileng e le ruri. (Dit. 4:13) Efangele ya gagwe e ya magoletsa ka go itsise ka lorato loo Rara le Morwa ba neng ba ratana ka lone, mmogo le botsalano jo bo segofaditsweng, jo bo lorato jo motho o ka nnang najo fa a tshwaraganye nabo. Johane o dirisa thata mafoko a a reng “loratō” le “ratile” go gaisa jaaka a dirisiwa ke Baefangele ba bangwe botlhe ba bararo.
31. Ke kamano efe e e otlelelwang mo Efangeleng yotlhe ya ga Johane, mme mafoko a yone a fitlha kwa setlhoeng jang?
31 Kwa tshimologong a bo Lefoko le Modimo Rara ba ne ba na le botsalano jo bo galalelang jang ne! Ka taolo ya Modimo “Lehoko a tla a nna nama, me a aga mo go rona, me ra bōna kgalalèlō ea gagwè, ekete kgalalèlō ea eo o tsecweñ a le esi a cwa kwa go Rara, a tletse tshegōhaco le boamarure.” (Yoh. 1:14) Go tswa foo, mo polelong yotlhe ya ga Johane, Jesu o gatelela gore botsalano jwa gagwe le Rraagwe ke jwa go ikoba ka go utlwa thato ya ga Rraagwe kwantle ga go ganetsa sepe. (4:34; 5:19, 30; 7:16; 10:29, 30; 11:41, 42; 12:27, 49, 50; 14:10) Go tlhalosa ga gagwe botsalano jo bo kwa teng jono go fitlha kwa setlhoeng sa gone mo thapelong ya gagwe e e gogomosang maikutlo e e kwadilweng mo go Yohane kgaolo 17, koo Jesu a begelang Rraagwe gore o weditse tiro eo A neng a e mo neetse gore a e dire mo lefatsheng a bo a oketsa ka go re: “Me yana, Rara, A u ko u nkgalaletsè nau, ka kgalalèlō e ke ne ke nntse ke na naeō nau pele lehatshe le e se le nne.”—17:5.
32. Jesu o bontsha kamano e a nang le yone le barutwa ba gagwe ka mafoko afe le gore ke ene mosele o le osi fela o batho ba ka bonang masego ka one?
32 Go tweng ka kamano ya ga Jesu le barutwa ba gagwe? Seabe sa ga Jesu jaaka mosele o le osi fela oo batho bano le setho sotlhe ba bonang masego a Modimo ka one se umakiwa gangwe le gape. (14:13, 14; 15:16; 16:23, 24) O bidiwa “Kwana oa Modimo,” “senkgwè sa botshelō,” “lesedi ya lehatshe,” “modisa eo o molemō,” “cogō le botshelō,” “tsela, le boamarure, le botshelō,” le “mofine oa amarure.” (1:29; 6:35; 8:12; 10:11; 11:25; 14:6; 15:1) Jesu o itsise kutlwano e e gakgamatsang eo a utlwanang ka yone eseng fela le balatedi ba gagwe ba boammaaruri mme gape le Rraagwe fa a bua ka setshwantsho seno sa “mofine oa amarure.” Ba tla galaletsa Rraagwe ka go ungwa maungo a mantsi. “Hèla yaka Rara a nthatile, le nna ke lo ratile: nnañ mo loratoñ loa me,” Jesu o ba gakolola jalo.—15:9.
33. Jesu o bolela boikaelelo bofe jwa bodihedi jwa gagwe fa a rapela?
33 Mme go tswa foo a bo a rapela Jehofa ka tlhoafalo jang ne gore baratiwa bano botlhe, le ‘ba ba dumelang mo go ene ka lefoko la bone,’ ba ka nna bangwe fela le Rraagwe le ene, ba itshepisiwa ke lefoko la boammaaruri! Eleruri, boikaelelo jotlhe jwa bodihedi jwa ga Jesu bo tlhalosiwa sentle fela thata mo mafokong a bofelo a thapelo ya gagwe go Rraagwe a a reng: “Ke ba itsisitse leina ya gago, me ke tla nna ke le ba itsise; gore loratō lo u nthatileñ ka lōna lo nnè mo go bōnè, le nna ke nnè mo go bōnè.”—17:20, 26.
34. Ke kgakololo efe e e nang le mosola ya kafa batho ba ka fenyang lefatshe ka gone e Jesu a neng a e neela?
34 Lemororo Jesu a ne a tlogela barutwa ba gagwe mo lefatsheng, o ne a se na go ba tlogela ba se na mothusi, “Mōea oa boamarure.” Mo godimo ga moo, o ne a ba naya kgakololo e e mo nakong malebana le kamano ya bone le lefatshe, a ba bontsha gore ba ne ba ka fenya jang jaaka “bana ba lesedi.” (14:16, 17; 3:19-21; 12:36) “Ha lo nna mo lehokuñ ya me, hoñ lo bo lo le barutwa ba me rure,” Jesu o bolela jalo, “me lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola.” Phapaanong le seo, o ne a raya bana ba lefifi a re: “Lo ba rra eno diabolo, le dithatō tsa ga rra eno ke cōna tse lo ratañ go di diha. . . . A seka a èma mo boamarureñ, ka go ne go sena boamarure mo go èna.” A he re ikemisetseng go ema re nitame mo boammaaruring ka metlha, ee, go ‘obamela Rara ka moya le ka boammaaruri,’ mme re thatafadiwe ke mafoko a ga Jesu a a reng: “Nametsègañ; ke hentse lehatshe.”—8:31, 32, 44; 4:23; 16:33.
35. (a) Jesu o ntsha bosupi bofe malebana le Bogosi jwa Modimo? (b) Ke ka ntlhayang fa go na le lebaka la gore batho ba itumele ba bo ba leboge ka baka la Efangele ya ga Johane?
35 Mafoko ano otlhe le one a amana le Bogosi jwa Modimo. Jesu o ne a supela seo fa a ne a lekwa ka go re: “Bogosi yoa me ga se yoa lehatshe yeno: ha bogosi yoa me e ka bo e le yoa lehatshe yeno, batlhanka ba me ba ko ba tlhabana, gore ke se ka ka neèlwa Bayuda: me yana bogosi yoa me ga se yoa mono.” Go tswa foo, fa a araba potso ya ga Pilato, o ne a re: “Wèna ua re, Ke kgosi. Ke tsalecwe gōna mouō, me ke tletse gōna mouō mo lehatshiñ, gore ke shupè kaga boamarure. Moñwe le moñwe eo e leñ oa boamarure o utlwa lencwe ya me.” (18:36, 37) Ba ba reetsang ba bo ba ‘tsalwa sesha’ e le gore ba tle ba kgone go “tsèna mo bogosiñ yoa Modimo” ba na le Kgosi ba itumela eleruri. Ba “dinku di sele” bao ba reetsang lentswe la Modisa yono wa Kgosi mme ba bona botshelo baa itumela. Eleruri go na le lebaka la gore re lebogele go bo re neetswe Efangele ya ga Johane, ka gonne e kwaletswe “gore lo bōnè botshelō mo ineñ ya gagwè ka go dumèla.”—3:3, 5; 10:16; 20:31.
[Dintlha tse di kwa tlase]
b Insight on the Scriptures, Bol. 1, tsebe 323.
c Insight on the Scriptures, Bol. 2, ditsebe 57-8.