A o Ne o Itse?
Ke ka ntlha yang fa leokwane le le nkgang monate le Marea a neng a le dirisa le ne le le tlhwatlhwakgolo jaana?
Malatsi a se kae pele ga loso lwa ga Jesu, kgaitsadie Lasaro e bong Marea o ne “a tla ka kurwana ya alabasetere e na le leokwane le le nkgang monate, naredo ya mmatota, ya tlhwatlhwa e e kwa godimo thata” mme a tshela lookwane loo mo go Jesu. (Mareko 14:3-5; Mathaio 26:6, 7; Johane 12:3-5) Pego ya ga Mareko le ya ga Johane di bolela gore senkgisamonate seo se ne se ja didenario di le 300—e leng tuelo ya modiri ya ngwaga otlhe.
Senkgisamonate seno se se jang madi a mantsi se ne se tswa kae? Naredo e e umakiwang mo Baebeleng e itsiwe e le semela se sennye se se nkgang monate (Nardostachys jatamansi) se se fitlhelwang kwa Dithabeng tsa Himalaya. Gantsi Naredo e e tlhwatlhwakgolo e ne e tswakanngwa le metswako ya theko e e kwa tlase e bile go ne go dirisiwa leokwane le e seng la mmatota mo boemong jwa yone. Le fa go ntse jalo, Mareko le Johane ba dirisa lefoko “naredo ya mmatota.” Lebaka la go bo leokwane le le nkgang monate leno le ne le le tlhwatlhwakgolo jalo e akantsha gore le ka nna la bo le ne le tswa kwa India e e kgakala.
Ke ka ntlha yang fa pego ya ga Mareko e re Marea o ne “a bula kurwana ya alabasetere ka go e thuba?” Gantsi kurwana ya alabasetere e ne e dirilwe e na le karolo e tshesanyane e e kgonang go tswalega sentle gore monko o o monate o seka wa tswa. Mo bukeng ya gagwe ya Discoveries From the Time of Jesus, Alan Millard a re: “Re kgona go bona kafa mosadi yono yo o neng a itumetse thata a neng a se ka a khurumolola modutwana oo, go na le moo a neng a thuba [karolo e tshesane ya modutwana] gore senkgisamonate sotlhe se tswe ka nako e le nngwe.” Seno se tlhalosa lebaka la go bo ‘ntlo e ne ya tlala ka lonko lo lo monate lwa leokwane le le nkgang monate.’ (Johane 12:3) Ruri eno e ne e le mpho e e tlhwatlhwakgolo mme gone e tshwanela. Ka ntlha yang? Mosadi yono yo o tletseng kanaanelo o ne a sa tswa go bona Jesu a tsosa kgaitsadie yo a mo ratang e bong Lasaro mo baswing.—Johane 11:32-45.
A Jeriko e ne e le motse o le mongwe kgotsa e mebedi?
Mathaio, Mareko le Luke ba bega ka phodiso ya kgakgamatso e e neng ya direga gaufi le Jeriko. (Mathaio 20:29-34; Mareko 10:46-52; Luke 18:35-43) Mathaio le Mareko ba re Jesu o ne a dira kgakgamatso eno fa a ne a “tswa” ka Jeriko. Le fa go ntse jalo, Luke ene a re kgakgamatso eno e diragetse fa Jesu a ne a “fitlha gautshwane” le Jeriko.
Mo motlheng wa ga Jesu, a go ne go na le motse o le mongwe fela o o neng o bidiwa Jeriko kgotsa e ne e le mebedi? Buka e e bidiwang Bible Then & Now e araba jaana: “Mo motlheng o Jesu a neng a tshela mo go one, Jeriko e ne e agilwe sesha mo e ka nnang dikilometara di ka nna 1,6 kafa borwa jwa motse wa bogologolo. Herode yo Mogolo o ne a agile ntlo ya mariga ya segosi koo. “ Seno se tlhomamisiwa ke buka ya Archaeology and Bible History e e reng: “Jeriko wa mo motlheng wa ga Jesu e ne e le motse o o gabedi. . . . Motse wa bogologolo wa Juda o ne o le dikilometara di ka nna 1,6 go tswa kwa motseng wa Roma.”
Ka jalo, gongwe Jesu o ne a dira kgakgamatso fa a ne a tswa ka motse wa Juda mme a atamela motse wa Roma kgotsa fa a ne a tswa mo motseng wa Roma mme a atamela wa Juda. Ka jalo go itse gore maemo a ne a ntse jang ka nako e go neng go kwalwa ka yone go tla re thusa go tlhaloganya kgang e go ka lebegang e kete e a ikganetsa.
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Kurwana ya senkgisamonate sa Alabasetere
[Motswedi wa Setshwantsho]
© Réunion des Musées Nationaux/Art Resource, NY