Buka ya Bibela ya bo 44—Ditihō
Mokwadi: Luke
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Roma
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 61 C.E.
Lobaka Lo Lo Tserweng: 33–mo e ka nnang ka 61 C.E.
1, 2. (a) Ke ditiragalo dife le ditiro dife tsa hisitori tse di begilweng mo go Ditihō? (b) Buka eno e akaretsa lobaka lofe lwa nako?
LUKE o re naya pego e e akaretsang botshelo, tiro, le bodihedi jwa ga Jesu le barutwa ba gagwe go ya go fitlha ka nako ya fa Jesu a tlhatlogela kwa legodimong, mo bukeng ya bo 42 ya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng. Pego ya hisitori ya buka ya bo 44 ya Dikwalo, ebong Ditihō tsa Baaposetoloi, e tsweledisa hisitori ya Bakeresete ba pele ka go tlhalosa go tlhomiwa ga phuthego ka moya o o boitshepo. E tlhalosa gape le go atolosiwa ga bosupi, lantlha mo Bajudeng mme morago mo go Baditšhaba. Bontsi jwa se se kwadilweng mo dikgaolong tse 12 tsa ntlha bo bua ka ditiro tsa ga Petere, mme dikgaolo tse 16 tse di setseng di bua ka ditiro tsa ga Paulo. Luke e ne e le tsala e e atamalaneng thata le Paulo, a mo pata mo maetong a mantsi a gagwe.
2 Buka eno e lebisitswe go Theofila. Ereka a bidiwa “yo o molemo thata,” gongwe o ne a na le maemo mangwe a bolaodi, kana seno e ka tswa e ne e le fela go mo tlotla. (Luke 1:3, NW) Pego eno e re naya rekoto e e tlhomameng ya hisitori ya go tlhomiwa le go gola ga phuthego ya Bokeresete. E simolola fa Jesu a ne a iponatsa mo barutweng ba gagwe morago ga fa a sena go tsosiwa mo baswing e bo e bega ka ditiragalo tsa botlhokwa tsa lobaka lwa go tloga ka 33 go fitlha ka mo e ka nnang ka 61 C.E., e akaretsa dingwaga tse di ka nnang 28.
3. Buka ya Ditihō e kwadilwe ke mang, mme e ne ya wediwa go kwalwa leng?
3 Go tswa mo metlheng ya bogologolo go ne go bolelwa fa mokwadi wa Efangele ya Luke e le ene a kwadileng Ditihō. Dibuka tseno tsoopedi di lebisitswe go Theofila. Luke o golaganya dipego tse pedi tseno jaaka tse di kwadilweng ke mokwadi a le mongwe ka go boeletsa ditiragalo tse di konelang Efangele ya gagwe mo ditemaneng tse di simololang Ditihō. Go lebega gore Luke o ne a wetsa Ditihō mo e ka nnang ka 61 C.E., gongwe e le kwa bokhutlong jwa dingwaga tse pedi tse a neng a di nna kwa Roma a na le moaposetoloi Paulo. Ereka e bega ditiragalo go fitlha ka ngwaga oo, ga e kake ya bo e weditswe pele ga foo, gape le jaaka e sa tlhalose gore boikuelo jwa ga Paulo mo go Kaesare bo ne jwa felela jang, go supa gore e ne ya wediwa mo go one ngwaga oo.
4. Ke eng se se supang gore Ditihō ke karolo ya Dikwalo le gore e boammaaruri?
4 Bakanoki ba Bibela ba ile ba amogela Ditihō jaaka karolo ya Dikwalo go tloga kwa metlheng ya bogologolo. Dikarolo tsa buka eno di fitlhelwa mo mekwalong ya bogologolo e e santseng e le gone ya koma ya Dikwalo tsa Segerika, e e itsegeng thata e le Michigan No. 1571 (P38) ya lekgolo la boraro kana la bonè la dingwaga C.E. le Chester Beatty No. 1 (P45) ya lekgolo la boraro la dingwaga. Tsotlhe tseno di bontsha gore Ditihō e ne e ntse e dirisiwa le dibuka tse dingwe tsa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng mme ka gone e ne e le karolo ya lenane mo metlheng eo ya bogologolo. Seo Luke a se kwadileng mo bukeng ya Ditihō se supa go tlhomama go go gakgamatsang jaaka re setse re go bone mo Diefangeleng tsa gagwe. Sir William M. Ramsay o bolela gore mokwadi wa Ditihō ke “mongwe wa boraditiragalo ba maemo a ntlha,” mme o tlhalosa gore seno se kaya eng ka go bua jaana: “Nonofo ya ntlha le e e botlhokwa thata eo raditiragalo yo mogolo a tshwanetseng go nna nayo ke go bua boammaaruri. Seo a se buang se tshwanetse sa bo se ka ikanngwa.”a
5. Tlhalosa kafa pego ya ga Luke e opileng kgomo lonaka ka gone.
5 Re tsopola Edwin Smith, molaodi wa dikepe tsa Boritane tsa ntwa tse di neng di le mo Mediterranean ka Ntwa ya Lefatshe I, go supa gore dipego tsa mekwalo ya ga Luke di tlhomame, jaaka a ne a kwala jaana mo makasineng wa The Rudder, wa March 1947: “Dikepe tsa bogologolo di ne di sa kgweediwe jaaka tsa mo metlheng ya segompieno ka selaolasekepe se le sengwe seo se neng se le kwa karolong e e kwa morago, mme ka dishapisasekepe tse pedi tse dikgolo, se le sengwe kafa matlhakoreng oomabedi a a kwa morago; ke gone ka moo Moitshepi Luke a di umakang di le dintsi ka palo. [Dit. 27:40] . . . Re bone go ya kafa re neng ra tlhatlhoba polelo nngwe le nngwe ka gone ya go tsamaya ga sekepe seno, go tloga ka nako ya fa a ne a tloga kwa Fair Havens go fitlha fa a ema mo lotshitshing lwa Melita, jaaka Moitshepi Luke a ile a bolela mme seo se ne sa tshegediwa ke bosupi jo bongwe gape jo bo ka kwa ntle le jo bo tlhomameng jo bo kgotsofatsang tota; gape le gore nako eo a bolelang gore sekepe seo se ne sa nna mo lewatleng ka yone e dumalana le sekgala se se neng sa se tsamaya; mme sa bofelo le kafa a tlhalosang lefelo leo ba neng ba ema kwa go lone ka gone go dumalana sentle le kafa lefelo leo le lebegang ka gone. Sotlhe seno se bontsha gore Luke o ne a le gone mo loetong loo jaaka go ne ga tlhalosiwa, mo godimo ga moo o ile a itshupa e le monna yoo dilo tse a di elang tlhoko le tse a di buang di ka tsewang e le tse di ka ikanngwang le tse di boammaaruri fela thata.”b
6. Ke dikai dife tse di bontshang kafa dilo tse di bonweng ke baithutamarope di tlhomamisang gore Ditihō e opile kgomo lonaka?
6 Dilo tse di neng tsa bonwa ke baithutamarope le tsone di gatelela gore pego ya ga Luke e tlhomame. Ka sekai, fa go ne go epololwa kwa Efeso go ne ga epololwa tempele ya ga Diana mmogo le kago ya bogologolo ya metshameko koo Baefeso ba neng ba tsosa khuduego gone kgatlhanong le moaposetoloi Paulo. (Dit. 19:27-41) Go ile ga bonwa le mekwalo mengwe e e tlhomamisang gore Luke o ne a opile kgomo lonaka fa a dirisa sereto “balaodi ba motse” fa a ne a bua ka balaodi ba Thesalonia. (17:6, 8) Mekwalo mengwe e mebedi ya kwa Melita e bontsha gore Luke o ne a opile kgomo lonaka fa a ne a bitsa Pubelio “mogolwane” wa Melita.—28:7.c
7. Dipuo tse di neng tsa buiwa tse di kwadilweng di supa jang gore Ditihō ke ya mmatota?
7 Mo godimo ga moo, dipolelo tsotlhe tse di farologaneng tsa bo Petere, Setefane, Korenelio, Tertullus, Paulo, le ba bangwe, jaaka di begilwe ke Luke, di farologana ka mokgwa le kafa di rulagantsweng ka gone. Le eleng mokgwa wa dipolelo tsa ga Paulo tse a neng a di bua le bareetsi ba ba farologaneng o ne o fetoga go tshwanela seemo. Seno se bontsha gore Luke o ne a kwala fela seo a neng a se utlwa kana se a neng a se begelwa ke batho ba ba boneng ka matlho. Luke e ne e se mokwadi wa dilo tse di ikakanyeditsweng fela.
8. Ke eng seo Dikwalo di se re bolelelang kaga Luke le tirisano ya gagwe le Paulo?
8 Go itsiwe go le gonnye thata ka botshelo jwa ga Luke ka namana. Luke ka boene e ne e se moaposetoloi mme o ne a tlwaelane thata le bangwe ba bone. (Luke 1:1-4) Moaposetoloi Paulo o umaka Luke ka leina ka makgetlo a le mararo. (Bakol. 4:10, 14; 2 Tim. 4:11; File. 24) E ne e le tsala ya ga Paulo ka dingwaga di le dintsi, mme o ne a mmitsa “ñaka e e ratègañ.” Go dirisiwa mafoko “bōnè” le “rona” thata mo pegong eno, seo se supang gore Luke o ne a na le Paulo kwa Teroasa mo loetong lwa bobedi lwa ga Paulo lwa borongwa, le gore a ka ne a ile a sala kwa Filipi go fitlha Paulo a boa dingwaga moragonyana, le gore a ka tswa a ile a tsamaya gape le Paulo a bo a mo pata mo loetong lwa gagwe fa a ya go sekisiwa kwa Roma.—Dit. 16:8, 10; 17:1; 20:4-6; 28:16.
SEO SE LENG MO GO DITIHŌ
9. Ke dilo dife tse Jesu a di bolelelang barutwa ba gagwe fa a tlhatloga?
9 Ditiragalo go fitlha ka Pentekosete (1:1-26). Luke o simolola pego eno ya gagwe ya bobedi fa Jesu yo o tsositsweng mo baswing a bolelela barutwa ba gagwe ba ba tlhaga gore ba tla kolobediwa ka moya o o boitshepo. A Bogosi bo tla tsosolosiwa ka nako eo? Nnyaa. Mme ba tla amogela maatla mme ba tla nna basupi “go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” Fa Jesu a tlhatlosiwa mme ba sa tlhole ba mmona, banna bangwe ba babedi ba ba apereng bosweu ba ne ba ba raya ba re: “Yesu eo, eo o choleledicweñ kwa legodimoñ a cwa mo go lona, o tla tla yalo hèla, yaka lo mmonye a ea kwa legodimoñ.”—1:8, 11.
10. (a) Ke dilo dife tse di ka se kang tsa lebalwa tse di neng tsa diragala ka letsatsi la Pentekosete? (b) Ke eng seo Petere a se tlhalosang, mme seo se felela ka eng?
10 Letsatsi le le ka se kang la lebalwa la Pentekosete (2:1-42). Barutwa ba phuthegile botlhe mo Jerusalema. Ka bonako fela ntlo e tlala ka modumo o o tshwanang le wa phefo e e fokang. Diteme tse di jaaka tsa molelo di nna mo ditlhogong tsa botlhe ba ba leng gone. Ba tladiwa ka moya o o boitshepo ba bo ba simolola go bua dipuo tse di farologaneng ka “ditihō tse dikgolo tsa Modimo.” (2:11) Ba ba lebileng ba gakgametse. Jaanong Petere o a ema mme o a bua. O tlhalosa gore go goromediwa gono ga moya go diragatsa boperofeti jwa ga Joele (2:28-32) le gore Jesu Keresete, yo jaanong a tsositsweng ebile a goleleditswe kwa letsogong le le siameng la Modimo, “o goromeditse selō se, se lo se bōnañ, lo se utlwañ.” Ba ba ka nnang 3 000 ba amogela lefoko mme ba a kolobediwa ka ba tlhabilwe ke seno mo pelong.—2:33.
11. Jehofa o segofatsa tiro ya go rera jang?
11 Bosupi bo a anama (2:43–5:42). Jehofa o tswelela go ba oketsa ka ba ba bolokwang letsatsi le letsatsi. Petere le Johane ba fitlhela monna mongwe wa segole kafa ntle ga tempele yoo a iseng a ko a tsamaye mo botshelong jwa gagwe. “Mo ineñ ya ga Yesu Keresete oa Nasaretha, tsamaea ka dinaō,” Petere o laela jalo. Ka bonako fela monna o simolola go “tsamaea, a tlolaka, a baka Modimo.” Petere jaanong o kopa batho gore ba ikwatlhae mme ba sokologe, “gore go tlo go tlè metlha ea thudishō yalo, e e cwañ ha pele ga Morèna.” Baeteledipele ba bodumedi ba tshwara Petere le Johane ka ba sa batle gore ba rute ka tsogo ya ga Jesu mo baswing, mme palo ya batho ba ba dumelang e oketsega go ya go batho ba ba ka nnang 5 000.—3:6, 8, 19.
12. (a) Barutwa ba araba jang fa ba laelwa gore ba emise go rera? (b) Ananiase le Safira ba otlhaelwa eng?
12 Petere le Johane ba isiwa fa pele ga babusi ba Bajuda gore ba tle ba bodiwe dipotso mo letsatsing le le latelang. Petere o supa fela a sa boife gore poloko e bonwa fela ka Jesu Keresete, mme fa ba laelwa gore ba emise go rera, Petere le Johane ba araba ka go re: “E re ha go siame mo matlhoñ a Modimo go reetsa lona bogolo go go reetsa Modimo, a go atlholè lona: Gonne rona, ga re na sepè ha e se go bua hèla dilō tse re di bonyeñ, le tse re di utlwileñ.” (4:19, 20) Ba a gololwa, mme barutwa botlhe ba tswelela pele go bua lefoko la Modimo ka bopelokgale. Ba phuthela dilo tsa bone felo go le gongwe mme ba di aba go ya kafa ba bangwe ba tlhokang ka gone ka ntlha ya maemo a a leng gone. Lefa go ntse jalo, Ananiase le mosadi wa gagwe Safira, ba rekisa dithoto dingwe tsa bone mme ba sadisa madi mangwe ka sephiri ba dira jaaka ekete ba ntshitse madi otlhe. Petere o a ba senola, mme baa swa ka gonne ba ne ba buile maaka fa pele ga Modimo le moya o o boitshepo.
13. Baaposetoloi ba pegwa molato ofe, ba araba jang, ba bo ba tswelela go dira eng?
13 Baeteledipele ba ba galefileng ba bodumedi ba latlhela baaposetoloi gape mo kgolegelong, mme mo lekgetlong leno ba gololwa ke moengele wa ga Jehofa. Ba isiwa gape fa pele ga Sanehederine mme ba pegwa molato wa gore ba ‘tladitse Jerusalema ka thuto ya bone.’ Ba araba jaana: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.” Lemororo ba ne ba bediwa ba bo ba tshosediwa, ba ne ba gana go emisa, mme “ka malatsi aotlhe, mo tempeleñ le mo ma ga bōnè, ba se ka ba bakèle go ruta, le go rèra Yesu ha e le Keresete.”—5:28, 29, 42.
14. Go ne ga diragala eng gore Setefane a bolaelwe tumelo?
14 Go swela tumelo ga ga Setefane (6:1–8:1a). Setefane ke mongwe wa ba ba supa bao ba neng ba tlhophiwa ke moya o o boitshepo go aba dijo. O ne a naya bosupi jo bo nonofileng kaga boammaaruri, mme o ne a buelela tumelo ka botlhaga mo baganetsi ba gagwe ba ba galefileng ba neng ba mo tlisa fa pele ga Sanehederine ba mo latofatsa ka gore o a tlhapatsa. Fa a ipuelela, Setefane o bua pele ka bopelotelele jwa ga Jehofa mo go Baiseraele. Morago o bua a sa boife sepe ebile a nonofile, a re: ‘Lona ba lo thamo di thata, ba lo ganetsang Moya o o Boitshepo, lona ba lo amogetseng Molao jaaka lo o neilwe ke baengele mme lwa se ka loa o boloka.’ (7:51-53) Seno se a ba shakgatsa. Ba a mo kgwelogela, ba mo latlhela kwa ntle ga motse, ba bo ba mo kgobotletsa ka maje go fitlha a bo a swa. Saulo o lebile seno fela a se itumelela.
15. Ke eng se se nnang gone ka ntlha ya pogiso, mme ke maitemogelo afe a Filipo a neng a nna le one mo tirong ya gagwe ya go rera?
15 Pogiso, le go sokololwa ga ga Saulo (8:1b–9:30). Pogiso e e simololang ka nako eo kgatlhanong le phuthego ya Jerusalema e falatsa botlhe le naga yotlhe kwantle ga baaposetoloi. Filipo o ya kwa Samaria, koo ba bantsi ba amogelang lefoko la Modimo gone. Petere le Johane ba romelwa koo ba tswa kwa Jerusalema gore badumedi bano ba bone moya o o boitshepo “ka pèō ea diatla tsa baaposetoloi.” (8:18) Moengele jaanong o isa Filipo kwa borwa kwa tseleng e e tswang Jerusalema e ya Gasa, koo a fitlhelang monna wa ntlo ya segosi wa Moethiopia yo a neng a bala buka ya Isaia a le mo kareng ya gagwe ya ntwa gone. Filipo o mo tlhalosetsa se se kaiwang ke boperofeti joo a bo a mo kolobetsa.
16. Go ne ga tla jang gore Saulo a sokololwe?
16 Ka nako eno, Saulo, “ka a nntse a ubugèla barutwa ba Morèna pōpō le polaō,” o a tloga mme o ya go tshwara “ba e leñ ba eōna Tsela” kwa Damaseko. Ka bonako fela lesedi le le tswang kwa legodimong le phatsima go mo dikologa, mme o wela fa fatshe a foufetse. Lentswe le le tswang kwa legodimong le mo raya le re: “Ke nna Yesu eo u mmogisañ.” Morago ga malatsi a le mararo kwa Damaseko morutwa yo o bidiwang Ananiase o a mo thusa. Saulo o kgona go bona gape, o a kolobediwa, a bo a tladiwa ka moya o o boitshepo, mo a nnang mmoledi yo o tlhaga le yo o nonofileng wa mafoko a a molemo. (9:1, 2, 5) Fa ditiragalo di fetoga ka mo go gakgamatsang jaana, mmogisi yono wa pele o a bogisiwa le ene mme o tshwanela go tshaba go boloka botshelo jwa gagwe, lantlha go tswa kwa Damaseko mme morago go tswa kwa Jerusalema.
17. Mafoko a a molemo a ne a fitlha jang mo go Baditšhaba ba ba sa rupang?
17 Mafoko a a molemo a ya kwa Baditšhabeng ba ba sa rupang (9:31–12:25). Phuthego jaanong e ‘bona kagiso, e a tsosolosiwa; mme ereka e sepela mo poifong ya Morena, le mo kgomotsong ya Moya o o Boitshepo, e a kokotlegela.’ (9:31) Petere o tsosa Tabitha (Dorekase) yo o rategang mo baswing kwa Jopa, mme o amogela pitso ya go ya kwa Kaesarea a le fano, koo a emetsweng ke molaodi wa masole yo o bidiwang Korenelio gone. O rerela Korenelio le bantlo ya gagwe mme ba a dumela, mme ba tshololelwa moya o o boitshepo. Petere o a ba kolobetsa mme e nna bone basokologi ba ntlha ba ba sa rupang ba Baditšhaba ka a lemogile “ha Modimo e se motlhaodi oa batho: Me mo merahiñ eotlhe eo o boihañ ōna, a ba a diha tshiamō, oa lebosèga mo go ōna.” Moragonyana Petere o tlhalosetsa bakaulengwe ba kwa Jerusalema dilo tseno tse disha, mme ba galaletsa Modimo.—10:34, 35.
18. (a) Ke eng se se neng sa diragala morago kwa Antioka? (b) Go ne ga tsoga pogiso efe, mme a e ne ya fitlhelela boikaelelo jwa yone?
18 Fa mafoko a a molemo a ntse a tswelela go anama ka bonako, Barenabase le Saulo ba ruta boidiidi jwa batho kwa Antioka, ‘mme barutwa ba ne ba bidiwa Bakeresete la ntlha mo Antioka.’ (11:26) Pogiso e tsoga gape. Herode Ageripa I o bolaya Jakobe morwarraagwe Johane ka tšhaka. O latlhela Petere gape mo kgolegelong, mme moengele wa ga Jehofa o golola Petere gape. Go hutsegile Herode yo o boikepo! Ka gonne o paletswe ke go galaletsa Modimo, o jewa ke diboko mme o a swa. Kafa letlhakoreng le lengwe, “lehoko ya Modimo ya tota, ya ata.”—12:24.
19. Loeto lwa ntlha lwa borongwa lwa ga Paulo lo ne lwa felela kae, mme ke eng se a neng a se fitlhelela?
19 Loeto lwa ntlha lwa ga Paulo lwa borongwa, a na le Barenabase (13:1–14:28).d Barenabase le “Saulo, eo o bileñ a bidiwa Paulo,” ba a tlhophiwa, mme moya o o boitshepo o ba roma kwa Antioka. (13:9) Ba le bantsi go akaretsa le molaodi Seregio Paulo ba fetoga badumedi kwa setlhaketlhakeng sa Kupero. Kwa Asia Minor, ba tsamaya mo kgaolong e e dirwang ke metse e e ka nnang merataro kana go feta, mme go diragala se se tshwanang koo: Go bonala ka phepafalo fela ba ba batlang go amogela mafoko a a molemo le baganetsi ba ba dithamo di thata ba ba tlhotlheletsang digopa tsa batho gore di kgobotletse barongwa ba ga Jehofa ka maje. Morago ga go tlhoma banna ba bagolwane mo diphuthegong tse di sa tswang go tlhongwa, Paulo le Barenabase ba boela kwa Antioka wa Siria.
20. Kgang ya go rupa e ne ya konelwa ka tshwetso efe?
20 Go fedisa kgang ya go rupa (15:1-35). Ereka go tsena batho ba bantsi ba eseng Bajuda, go tsoga kgang ya gore a ba tshwanetse go rupisiwa. Paulo le Barenabase ba isa kgang eno kwa baaposetoloing le kwa banneng ba bagolo kwa Jerusalema, koo morutwa Jakobe a okametseng le go rulaganyetsa gore tshwetso eno e e dirilweng ka pelo e le nngwe e anamisiwe ka lokwalo: “Go le Mōea o o Boitshèpō, go le rona, re hitlhetse go le molemō, go re, re se ka ra lo baea morwalō opè go hetisa dilō tse di chwanetseñ tse; Eboñ go re, lo ithibè mo diloñ tse di isediwañ medimo ea disètwa ditlhabèlō, le mo madiñ a dilō tse di tlhabilweñ, le mo diloñ tse di betilweñ, le mo boakeñ.” (15:28, 29) Kgothatso ya lokwalo lono e dira gore bakaulengwe ba kwa Antioka ba itumele.
21. (a) Paulo o ne a na le bomang mo loetong lwa gagwe lwa bobedi lwa borongwa? (b) Go ne ga diragala eng fa a etetse kwa Makedonia?
21 Bodihedi bo a atologa ka loeto lwa bobedi lwa ga Paulo (15:36–18:22).e “Me e rile malatsi mañwe a sena go heta,” Barenabase le Mareko ba ya kwa Kupero, fa Paulo le Silase ba ralala Siria le Asia Minor. (15:36) Lekawana Timotheo le pata Paulo kwa Lusetera, mme ba ya kwa Teroasa kafa lotshitshing lwa lewatle la Aegean. Paulo o bona monna mongwe fano mo ponatshegelong a mo kopa a re: “Kgabaganyetsa kwano Makedonia, u tlè go re thusa.” (16:9) Luke o pata Paulo mme ba tsamaya ka sekepe go ya kwa Filipi, kwa motsemogolong wa Makedonia, koo Paulo le Silase ba neng ba latlhelwa mo kgolegelong gone. Seno se felela ka gore modisakgolegelo a fetoge modumedi a bo a kolobediwe. Fa ba sena go gololwa, ba tswelela pele go ya kwa Thesalonia, koo Bajuda ba ba lefufa ba tlhotlheletsang segopa sa batho gore se ba tsogologele. Ka jalo bakaulengwe ba romela Paulo le Silase kwa Berea bosigo. Fano ke gone kwa Bajuda ba neng ba amogela lefoko ka “pelo e e etleetsegileñ, ba lotolotsa mo dikwaloñ ka malatsi aotlhe” ba batla go tlhomamisa se ba se utlwileng. (17:11) Paulo o ne a tswelela a ya kwa borwa kwa Athena, a tlogela Silase le Timotheo mo phuthegong e ntšha eno, fela jaaka a ne a tlogetse Luke kwa Filipi.
22. Puo e e botswerere ya ga Paulo kwa Areopago e ne ya felela ka eng?
22 Baepikurea ba ba itlhometseng melaometheo e e kwa godimo le Basetoika ba batlhalefi ba mo motseng ono o o tletseng medimo ya disetwa ba sotla Paulo ba re ke “mmalabadi” le “mmoledi oa medimo e sele,” mme ba mo isa kwa Areopago, kana Mars’ Hill. Paulo o naya mabaka a bua ka botswerere a buelela go batla Modimo wa boammaaruri, “Morèna oa legodimo le lehatshe,” yoo a tlhomamisetsang go atlhola ka tshiamo ka yoo Ene a mo tsositseng mo baswing. Bareetsi ba gagwe ba thubega ka bogare fa a bua ka tsogo ya baswi, mme bangwe ba a dumela.—17:18, 24.
23. Ke eng se se neng sa fitlhelelwa kwa Korintha?
23 Morago ga foo fa a le kwa Korintha, Paulo o nna le Akwila le Peresila a dira le bone tiro ya bone ya go dira ditente. O patelesega gore a tswe mo sinagogeng mme a tshwarele dipokano tsa gagwe go bapa le yone mo ntlong ya ga Tito Juseto ka ntlha ya kganetso. Molaodi wa sinagoge ebong Kerisepo o fetoga modumedi. Paulo o tloga le Akwila le Peresila go ya kwa Efeso a sena go nna mo Korintha ka lobaka lwa dikgwedi di le 18, koo a ba tlogelang gone a bo a tswelela a ya kwa Antioka wa Siria, ka gone a wetsa loeto lwa gagwe lwa bobedi lwa borongwa.
24, 25. (a) Go ne ga diragala eng kwa Efeso fa Paulo a ne a simolola loeto lwa gagwe lwa boraro? (b) Ke khuduego efe e e neng ya diragala kwa bokhutlong jwa dingwaga tse tharo tse Paulo a neng a di nna koo?
24 Paulo o etela diphuthego gape, loeto lwa boraro (18:23–21:26).f Mojuda mongwe yo o bidiwang Apolose o tla mo Efeso a tswa kwa Alekasanderia kwa Egepeto, o bua ka bopelokgale kaga Jesu, mme Akwila le Peresila ba bona go le botlhokwa gore ba siamise thuto ya gagwe pele a ya kwa Korintha. Paulo jaanong o mo loetong lwa gagwe lwa boraro mme fa nako e ntse e tsamaya o fitlha mo Efeso. Fa a lemoga gore badumedi ba koo ba kolobeditswe ka kolobetso ya ga Johane, Paulo o ba tlhalosetsa ka go kolobediwa mo leineng la ga Jesu. O kolobetsa banna ba le 12; mme ba amogela moya o o boitshepo fa a ba baya diatla.
25 Mo dingwageng tse tharo tseo Paulo a di ntseng mo Efeso, ‘lefoko la Modimo le ne la tota, la fenya ka nonofo e e kalo,’ mme bontsi bo tlogela kobamelo ya bone ya modimo wa sesadi wa motse oo, ebong Diana [“Aretemise,” NW]. (19:20) Badiri ba ditempelana tsa setshwantsho tsa selefera ba tsosa khuduego mo motseng mme e tsaya lobaka lwa diura pele e ka kokobediwa ka gonne ba galefisitswe ke go bona gore kgwebo ya bone e tlile go senyega. Go ise go e kae morago ga foo Paulo o ya kwa Makedonia le kwa Gerika, a etla a etela badumedi fa a ntse a tsamaya.
26. (a) Paulo o ne a dira kgakgamatso efe kwa Teroasa? (b) Ke kgakololo efe e a e nayang bagolwane ba kwa Efeso?
26 Paulo o nna dikgwedi di le tharo kwa Gerika pele a boa ka tsela ya Makedonia, koo Luke a kopanang le ene gape gone. Ba kgabaganyetsa kwa Teroasa, mme ke gone fano, koo lekawana lengwe le neng la tshwara boroko gone la bo la wa ka fensetere kwa matlhatlaganyaneng a boraro fa Paulo a ntse a bua bosigo. O selwa foo a sule mme Paulo o a mo tsosa. Paulo le bapati ba gagwe ba tloga ba ya kwa Mileto mo letsatsing le le latelang, koo Paulo a emang gone mo tseleng ya gagwe fa a ya kwa Jerusalema go ya go kopana le banna ba bagolo ba ba tswang kwa Efeso. O ba bolelela gore ga ba kitla ba tlhola ba mmona gape. Abo ba ne ba tshwanetse go etelela pele le go tlhokomela letsomane la Modimo ka potlako jang ne, “ye Mōea o o Boitshèpō o [ba] dihileñ baokami ba yeōna”! O ba gakolola ka sekao se a se ba tlhometseng sone, mme o ba kgothaletsa gore ba nne ba tsogile, mme ba se ka ba ikgogona mo go direleng bakaulengwe ba bone. (20:28) Paulo ga a boele kwa morago lemororo a tlhagisitswe gore a se ka a bo a baya lonao lwa gagwe mo Jerusalema. Ditsala tsa gagwe di dumela fela ka go ipatelela di re: “A go rata ga Morèna go dihalè.” (21:14) Go nna boitumelo jo bogolo fa Paulo a begela Jakobe le banna ba bagolo kafa Modimo o segofaditseng bodihedi jwa gagwe fa gare ga Baditšhaba ka gone.
27. Paulo o amogelwa jang kwa tempeleng?
27 Paulo o a tshwarwa a bo a sekisiwa (21:27–26:32). Fa Paulo a tsena mo tempeleng kwa Jerusalema ga a amogelwe sentle. Bajuda ba ba tswang kwa Asia ba kgobera motse otlhe gore o mo tsogologele, mme o falodiwa ke masole a Baroma fela ka nako.
28. (a) Paulo o tsosa kgang efe fa a le fa pele ga Sanehederine, mme go ne ga felela jang? (b) Morago o ne a romelwa kae?
28 Khuduego eno e kaga eng? Paulo yono ke mang? Molato wa gagwe ke eng? Molaodi yo o gakgametseng wa mephato o batla go itse dikarabo tsa dipotso tseno. Ka go bo e le moagi wa Roma, Paulo o falola go bediwa ka thupa mme o isiwa fa pele ga Sanehederine. Aitsane, seno ke lekgotla le le kgaoganeng la Bafarasai le Basadukai! Paulo ka gone o tsosa kgang ya tsogo ya baswi, a ba thulanya ka ditlhogo. Fa kgogakgogano ya bone e simolola go nna le ntwa, masole a Baroma a tshwanelwa ke go swatola Paulo fa gare ga Sanehederine pele a ka gagolakwa. O isiwa ka sephiri kwa go Molaodi Felise kwa Kaesarea a patilwe ke masole.
29. Paulo o ne a nna le metseletsele efe ya ditsheko fa a ne a latofadiwa ka go sa ikobele molao, mme o dira boikuelo bofe?
29 Paulo o kgona go iphemela fa pele ga ga Felise ka molato o a o pegwang wa go sa obamele molao. Mme Felise o nna a lebeletse gore o tla bona pipamolomo ya gore a golole Paulo. Go feta dingwaga di le pedi. Porokio Feseto o tlhatlhama Felise jaaka molaodi, mme o laola gore a sekisiwe sesha. O pegwa melato e e masisi gape, mme Paulo o ipolela gape gore ga a na molato. Mme Feseto ka a batla go ithatisa Bajuda o laela gore a ye go sekisiwa gape fa pele ga gagwe kwa Jerusalema. Ka gone Paulo o bua jaana: “Ke ipiletsa Kaesare.” (25:11) Go feta lobaka lo longwe gape. Kgabagare, Kgosi Herode Ageripa II o etela Feseto, mme Paulo o tlisiwa gape mo holong gore a atlholwe. Bosupi jwa gagwe bo nonofile ebile bo tlhatswa pelo mo Ageripa a mo rayang a re: “Ua bo u rata go nkgōna go nna Mokeresete.” (26:28) Ageripa le ene o lemoga gore Paulo ga a na molato le gore o ne a ka gololwa fa a ne a se ka a ikuela kwa go Kaesare.
30. Paulo o ne a diragalelwa ke eng mo loetong loo go fitlha kwa Melita?
30 Paulo o ya kwa Roma (27:1–28:31).g Mo karolong ya ntlha ya loeto lwa go ya kwa Roma, Paulo yo o golegilweng le ba bangwe ba pegwa mo sekepeng. Ba tsamaya ka bonya ka phefo e ba tlhaga kwa pele. Ba pagama sekepe se sengwe kwa boemelakepeng jwa Mira. Fa ba goroga kwa Fair Havens, kwa Kereta, Paulo o akantsha gore ba fetise mariga ba le koo, mme bontsi bo akantsha gore go tsamaiwe. Ba ne ba ise ba fitlhe kwa bogareng jwa lewatle fa go tsoga phefo ya ledimo e ba kgokgoetsa fela e sa ba utlwele botlhoko. Sekepe sa bone se thubegela mo lotshitshing lwa Melita morago ga dibeke tse pedi. Fela jaaka Paulo a ne a ba tlhomamiseditse, ga go ope wa ba ba 276 ba bapalami yo a neng a latlhegelwa ke botshelo! Baagi ba Melita ba ba bontsha bopelonomi tota, mme mo marigeng ao Paulo o fodisa ba bantsi ba bone ka maatla a a gakgamatsang a moya wa Modimo.
31. Paulo o ne a amogelwa jang fa a goroga kwa Roma, mme o ne a tshwarega mo go direng eng koo?
31 Paulo o goroga kwa Roma mo dikgakologong tse di latelang mme bakaulengwe ba ya kwa tseleng go ya go mo kgatlhantsha. Fa a ba bona Paulo o tlhotlheletsega go ‘leboga Modimo, a bo a nametsega.’ Lemororo e santse e le legolegwa, Paulo o letliwa gore a nne mo ntlung ya gagwe e a e duelelang a disitswe ke lesole. Luke o digela pego ya gagwe a tlhalosa gore Paulo o ne a amogela botlhe ba ba neng ba tla kwa go ene ka bopelonomi a “rèra bogosi yoa Modimo, a ba a ruta batho dilō tse di leñ kaga Morèna Yesu Keresete ka pelokgale yotlhe, go sena opè eo o mo itsañ.”—28:15, 31.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
32. Petere o ne a supa jang gore Dikwalo tsa Sehebera di boammaaruri pele le morago ga Pentekosete?
32 Buka ya Ditihō e oketsa bosupi jwa dipego tsa Efangele mo go tlhomamiseng gore Dikwalo tsa Sehebera di tlhomame ebile di tlhotlheleditswe. Fa Pentekosete e ntse e atamela, Petere o ne a tsopola go diragadiwa ga diperofeso tse pedi a re ‘Moya o o Boitshepo o buile gale ka molomo wa ga Dafide, a bua ka Judase.’ (Dit. 1:16, 20; Pes. 69:25; 109:8) Petere o ne a bolelela bontsintsi jo bo gakgametseng jwa batho ka Pentekosete gape gore tota seo ba neng ba se bona e ne le go diragadiwa ga boperofeti a re: “Selō se, ke shōna se se builweñ ke moperofeti Yoele.”—Dit. 2:16-21; Yoele 2:28-32; bapisa gape Ditihō 2:25-28, 34, 35 le Pesalema 16:8-11 le 110:1.
33. Petere, Filipi, Jakobe, le Paulo ba ne ba supa jang gore Dikwalo tsa Sehebera di tlhotlheleditswe?
33 Go tlhatswa bontsintsi jo bongwe gape jwa batho jo bo neng bo le kafa ntle ga tempele pelo, Petere o ne a bua gape ka Dikwalo tsa Sehebera, lantlha a tsopola Moshe a bo a re: “E, le baperofeti botlhe, go simolola ka Samuele, le ba ba tsileñ moragō, eboñ botlhe ba ba buileñ, le bōnè ba boletse kaga metlha e.” Moragonyana Petere o ne a tsopola Pesalema 118:22 fa a le fa pele ga Sanehederine go bontsha gore Keresete, jaaka lentswe le le neng la ganwa, o ne a fetogile “tlhōgō ea kgōkgōchō.” (Dit. 3:22-24; 4:11) Filipo o ne a tlhalosetsa moopahadiwa wa Moethiopia kafa boperofeti jo bo mo go Isaia 53:7, 8 bo neng bo diragaditswe ka gone, mme fa a sena go tlhaloganya o ne a kopa ka boikokobetso gore a kolobediwe. (Dit. 8:28-35) Ka mo go tshwanang, Petere le ene o ne a tlhomamisa jaana fa a ne a bua le Korenelio kaga Jesu: ‘Baperofeti botlhe ba supa kaga gagwe.’ (10:43) Fa go ne go buiwa ka kgang ya go rupa, Jakobe o ne a tshegetsa tshwetso ya gagwe ka go re: “Le mahoko a baperofeti a dumalanye le gōna; yaka go kwadilwe.” (15:15-18) Moaposetoloi Paulo le ene o ne a ikaegile ka dikwalo tseo. (26:22; 28:23, 25-27) Go amogelwa kwantle ga ketsaetsego ga Dikwalo tsa Sehebera jaaka karolo ya Lefoko la Modimo ke barutwa le ba ba neng ba reetsa go kanela tota gore dikwalo tseo di amogelwa jaaka tse di tlhotlheleditsweng.
34. Ditihō e senola eng malebana le phuthego ya Bokeresete, mme a seo se farologane gompieno?
34 Ditihō e mosola thata mo go bontsheng kafa phuthego ya Bokeresete e neng ya tlhomiwa ka gone le kafa e neng ya gola ka gone ka ntlha ya maatla a moya o o boitshepo. Mo pegong eno yotlhe ya sekaterama re bona jaaka Modimo a ne a ba segofatsa ka koketsego, bopelokgale le boipelo jwa Bakeresete ba pele, go ema ga bone ba sa ineele fa ba bogisiwa, le go iketleetsa ga bone go direla, jaaka go bontshiwa ke kafa Paulo a neng a arabela ka gone fa a ne a fiwa tirelo ya dinaga di sele le go ya kwa Makedonia. (4:13, 31; 15:3; 5:28, 29; 8:4; 13:2-4; 16:9, 10) Phuthego ya Bokeresete gompieno e a tshwana, ka go bo e tshwaragantswe ke lorato, kutlwano le go dumalana jaaka e ntse e bua “ditihō tse dikgolo tsa Modimo” e kaelwa ke moya o o boitshepo.—2:11, 17, 45; 4:34, 35; 11:27-30; 12:25.
35. Ditihō e supa gore bosupi bo ne bo tshwanetse go neelwa jang, mme ke nonofo efe e e tshwanetseng go supiwa mo bodiheding e e gatelelwang?
35 Buka ya Ditihō e bontsha kafa tiro ya Bokeresete ya go itsise Bogosi jwa Modimo e tshwanetseng go dirwa ka gone. Paulo ka boene o ne a le sekao, fa a ne a re: “Kaha ke se kañ ka boiha ka gōna go lo bolèlèla señwe le señwe se se molemō, ke ruta mo ponoñ, le ka go nna ke tsamaea le matlo.” O tswelela pele a re: “Ke shupetsa [“ka botlalo,” NW].” Setlhogo seno sa go ‘naya bosupi ka botlalo’ se bonala sentle fela go ralala buka yotlhe, mme se bonala sentle gape se kgatlha tota mo dirapeng tse di konelang, koo go ineela ka pelo yotlhe ga ga Paulo mo go rereng le mo go ruteng, le eleng le fa a ne a golegilwe go supegang sentle mo mafokong ano: “Me a ba phuthololèla kgañ e, a shupa kaga bogosi yoa Modimo; me go simolola ka moshō le go ea maitsiboeeñ, a nna a leka go ba kgōna kaga Yesu, ka molaō oa ga Moshe, le ka baperofeti.” A le rona ka metlha re nne pelonngwe fela mo bodiheding jwa rona jwa Bogosi!—20:20, 21; 28:23; 2:40; 5:42; 26:22.
36. Ke kgakololo efe e e mosola ya ga Paulo e e dirang mo bagolwaneng gompieno?
36 Puo ya ga Paulo le bagolwane ba kwa Efeso e na le kgakololo e e dirang tota mo bagolwaneng gompieno. Ereka bano ba tlhophilwe ke moya o o boitshepo, go botlhokwa thata gore ba ‘itise ba bo ba dise letsomane,’ ba le tlhokomele ka go le pepetletsa le go le sireletsa kgatlhanong le diphiri tse di gatelelang tseo di batlang go le nyeletsa. Seno eleruri ga se boikarabelo jo bonnye! Balebedi ba tlhoka go nna ba tsogile mme ba ikage ka lefoko la bopelonomi jwa Modimo jo bo sa tshwanelang. Jaaka ba ntse ba thusa ba ba bokoa, ba tshwanetse go “gakologèlwa mahoko a Morèna Yesu, kaha èna a buileñ ka gōna, a re, Go aba, go lesegō bogolo go go amogèla.”—20:17-35.
37. Paulo o ne a baya mabaka ka botlhale jang go supa dintlha tsa gagwe kwa Areopago?
37 Dipuo tse dingwe tsa ga Paulo le tsone di senola melaometheo e mengwe ya Bibela fela ka phepafalo. Ka sekai, go na le kganetsano ya gagwe e e matsetseleko tota ya kafa a neng a bua ka gone le Basetoika le Baepikurea kwa Areopago. Lantlha o tsopola mokwalo o o mo sebesong, “SA MODIMO MOÑWE O O SA ITSIWEÑ,” mme o dirisa seno jaaka lebaka la go tlhalosa gore Modimo o o osi wa boammaaruri, Morena wa legodimo le lefatshe, yoo a dirileng batho ba merafe yotlhe go tswa mo mothong a le mongwe, ga o “kgakala le moñwe le moñwe oa rona.” Morago o tsopola mafoko ano a baboki ba bone, “Gonne le rona re losika loa ōna,” a supa kafa go sa utlwaleng ka gone go akanya gore ba dirilwe ke medimo ya disetwa e e sa tsheleng ya gouta, selefera, kana lentswe. Ka gone, Paulo ka botlhale o supa bolaodi jwa Modimo o o tshelang. O tsosa kgang ya tsogo ya baswi mo mafokong a gagwe a a konelang, mme le jaanong ga a umake Keresete ka leina. O ne a kgona go supa ntlha ya gagwe ka bolaodi jo bogolo jwa Modimo o o osi wa boammaaruri, mme ke gone ka moo bangwe ba neng ba dumela.—17:22-34.
38. Ke masego afe a a ka bonwang fa go ithutiwa go ya kafa Ditihō e kgothatsang ka gone?
38 Buka ya Ditihō e kgothaletsa gore ‘dikwalo tsotlhe’ di ithutiwe ka metlha le ka botlhaga. Fa Paulo a ne a rera kwa Berea, Bajuda ba koo, ka gonne ba ne ba “amogetse lehoko ka pelo e e etleetsegileñ, ba lotolotsa mo dikwaloñ ka malatsi aotlhe, ha dilō tse di nntse yalo,” ba ne ba bolelwa ba akgolwa ka gore ba ne ba “tsalegile bogolo.” (17:11) Gompieno jaaka go ne go ntse mo nakong eo ya bogologolo, fa motho a batlisisa mo Dikwalong gape a thusiwa ke phuthego ya ga Jehofa e e laolwang ke moya, motho yoo o tla tlhatswega pelo le go nna le tumelo e e nonofileng. Ke ka thuto e e ntseng jalo fela motho a ka kgonang go lemoga melaometheo ya bomodimo ka phepafalo. Nngwe ya dipolelo tse di molemo thata tsa melaometheo eno e kwadilwe mo go Ditihō 15:29. Fano setlhopha se se laolang sa baaposetoloi le bakaulengwe ba ba godileng ba kwa Jerusalema se ne sa itsise gore lemororo Baiseraele ba semoya ba ne ba sa patelesege go rupa, go ne go na le thibelo e e gagametseng kaga go obamela medimo ya disetwa, madi, le boaka.
39. (a) Barutwa ba ne ba nonotshiwa jang go emelelana le pogiso? (b) Ke bosupi bofe jo ba neng ba bo naya ka bopelokgale? A bo ne bo na le matswela?
39 Barutwa bao ba pele ba ne ba ithuta Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng eleruri mme ba ne ba kgona go di tsopola le go di dirisa jaaka go ne go tlhokega. Ba ne ba nonotshiwa ke kitso e e tlhomameng le moya wa Modimo gore ba kgone go emelelana le pogiso e e botlhoko. Petere le Johane ba ne ba tlhomela Bakeresete botlhe ba ba ikanyegang sekao fa ba ne ba bolelela babusi bao ba ba ganetsang ka bopelokgale ba re: “E re ha go siame mo matlhoñ a Modimo go reetsa lona bogolo go go reetsa Modimo, a go atlholè lona: Gonne rona, ga re na sepè ha e se go bua hèla dilō tse re di bonyeñ, le tse re di utlwileñ.” Mme fa ba ne ba tlisitswe fa pele ga Sanehederine, eo e neng e ba “laile thata” gore ba se ka ba ruta ka leina la ga Jesu, ba ne ba bua ka phepafalo fela ba re: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.” Bosupi jono jo ba neng ba bo neela ba sa boife bo ne jwa neela babusi bao bosupi jo bo molemo, mme bo ne jwa dira gore moruti yo o itsegeng thata wa Molao, Gamaliele a bue sengwe se se itsegeng thata a buelela kgololesego mo kobamelong, sengwe seo se neng sa dira gore baaposetoloi ba gololwe.—4:19, 20; 5:28, 29, 34, 35, 38, 39.
40. Ke thotloetso efe eo re e newang ke Ditihō malebana le go neela bosupi jo bo nonofileng kaga Bogosi?
40 Boikaelelo jo bo galalelang jwa ga Jehofa ka Bogosi jwa gagwe, joo bo tlhalosiwang mo dikarolong tsotlhe tsa Bibela, bo tlhomologile thata mo bukeng ya Ditihō. Fa e simolola, Jesu o supiwa a le mo malatsing a a 40 a pele ga a tlhatloga “a bua dilō tse e leñ tsa bogosi yoa Modimo.” Jesu o ne a bolelela barutwa gore ba tshwanetse go neela bosupi ka ene pele go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe fa a ne a araba potso ya bone kaga go tsosolosiwa ga Bogosi. (1:3, 6, 8) Barutwa ba ne ba simolola mo Jerusalema ba rera Bogosi ka bopelokgale ba sa kgaotse. Pogiso e ne ya baka gore Setefane a kgobotlediwe ka maje le gore barutwa ka bontsi ba anamele kwa ditshimong tse disha. (7:59, 60) Pego e bontsha gore Filipo o ne a atlega mo go rereng “Mahoko a a Molemō kaga bogosi yoa Modimo,” mo Samaria le gore Paulo le ditsala tsa gagwe ba ne ba rera “bogosi” mo Asia, Korintha, Efeso le kwa Roma. Bakeresete botlhe bano ba pele ba ne ba tlhoma dikao tse di molemo tota tsa go ikanya Jehofa le moya wa gagwe ka metlha. (8:5, 12; 14:5-7, 21, 22; 18:1, 4; 19:1, 8; 20:25; 28:30, 31) Fa re tlhokomela tlhagafalo le bopelokgale jwa bone jo bo neng bo sa kgonwe go nyelediwa re bo re tlhokomela kafa Jehofa a neng a segofatsa maiteko a bone thata ka gone, re na le dilo tse di molemo tse di re tlhotlheletsang go ikanyega mo go ‘supeng ka botlalo ka bogosi jwa Modimo.’—28:23.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a St. Paul the Traveller, 1895, tsebe 4.
b Seno se tsopotswe go Awake! ya July 22, 1947, ditsebe 22-3; bona gape le Awake! ya April 8, 1971, ditsebe 27-8.
c Insight on the Scriptures, Bol. 1, ditsebe 153-4; 734-5; Bol. 2, tsebe 748.
d Insight on the Scriptures, Bol. 2, tsebe 747.
e Insight on the Scriptures, Bol. 2, tsebe 747.
f Insight on the Scriptures, Bol. 2, tsebe 747.
g Insight on the Scriptures, Bol. 2, tsebe 750.