KGAOLO 9
“Modimo Ga a Na Tlhaolele”
Bakeresete ba simolola go rerela Baditšhaba ba ba sa rupang
E tswa mo go Ditiro 10:1–11:30
1-3. Petere o bona ponatshegelo efe, mme ke eng fa re tshwanetse go tlhaloganya bokao jwa yone?
NGWAGA ke wa 36 C.E. Letsatsi la letlhabula le thuthafatsa Petere fa a ntse a rapela mo marulelong a ntlo e e gaufi le lewatle le le mo boemakepeng jwa motse wa Jopa. Go setse go fetile malatsi a le mmalwa e le moeng mo ntlong eno. Lebaka la go bo a nna mo ntlong eno le bontsha sentle gore o tshwanetse a bo a se na tlhaolele. Mong wa ntlo eno, e bong Simone, ke mosugi wa matlalo, mme Bajuda ba le bantsi ba ne ba se kitla ba rata go nna le motho yo o dirang tiro eno.a Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae Petere o tla ithuta thuto ya botlhokwa ya gore Jehofa ga a na tlhaolele.
2 Fa Petere a ntse a rapela, o tshwarwa ke tsitego. Se a se bonang mo ponatshegelong se ne se ka dira gore Mojuda mongwe le mongwe a ikutlwe a tshwenyegile. O bona sejana se se tshwanang le letsela se fologa go tswa legodimong, se na le diphologolo tse go ya ka Molao di neng di se phepa. Fa Petere a laelwa gore a tlhabe mme a je, o araba jaana: “Ga ke ise ke tsamaye ke je sepe se se leswafetseng e bile se se phepa.” O bolelelwa jaana makgetlo a le mararo: “Tlogela go bitsa dilo tse Modimo a di phepafaditseng o re di leswafetse.” (Dit. 10:14-16) Ponatshegelo eno e dira gore Petere a sale a gamaregile ka nakwana.
3 Ponatshegelo ya ga Petere e ne e kaya eng? Go botlhokwa gore re tlhaloganye bokao jwa yone ka gonne e bontsha sentle kafa Jehofa a lebang batho ka gone. Rona Bakeresete ba boammaaruri, ga re ka ke ra kgona go naya bosupi ka botlalo ka Bogosi jwa Modimo fa re sa lebe batho ka tsela e Modimo a ba lebang ka yone. Go bona bokao jwa ponatshegelo ya ga Petere, a re sekasekeng ditiragalo tse di gakgamatsang tse di diregileng pele le morago ga yone.
“O ne A Rapela Modimo ka Tlhoafalo” (Ditiro 10:1-8)
4, 5. Korenelio e ne e le mang, mme go ne ga direga eng fa a ntse a rapela?
4 Petere o ne a sa itse gore mo letsatsing le le fetileng, monna mongwe yo o bidiwang Korenelio wa kwa Kaesarea, e e dikilometara di ka nna 50 kwa bokone, le ene o ne a bona ponatshegelo e e tswang kwa Modimong. Korenelio, yo e neng e le molaodi wa masole a Roma “o ne a obamela Modimo.”b Gape e ne e le rre wa lelapa yo o tlhomang sekao se se molemo, ka gonne “o ne a obamela Modimo mmogo le lelapa lotlhe la gagwe.” Korenelio e ne e le Moditšhaba yo o sa rupang; o ne a sa sokologela mo Sejudeng. Le fa go ntse jalo, o ne a utlwela botlhoko Bajuda ba ba neng ba tlhoka, a ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang. Monna yono yo o peloephepa o ne a “rapela Modimo ka tlhoafalo.”—Dit. 10:2.
5 Mo e ka nnang ka ura ya boraro thapama, Korenelio o ne a ntse a rapela fa a bona moengele mo ponatshegelong, mme moengele yoo o ne a mo raya a re: “Modimo o utlwile dithapelo tsa gago e bile o bone kafa o thusang batho ba ba humanegileng ka gone mme o nna a go gopotse.” (Dit. 10:4) Korenelio o ne a dira fela jaaka moengele a ne a mo laetse, a roma banna gore ba ye go bitsa moaposetoloi Petere. Korenelio yo e neng e le Moditšhaba yo o sa rupang, o ne a tla tloga a diragalelwa ke sengwe se se iseng se ko se mo diragalele. O ne a le gaufi le go utlwa molaetsa wa poloko.
6, 7. (a) Bolela maitemogelo a a bontshang gore Modimo o araba dithapelo tsa batho ba ba peloephepa ba ba batlang go itse boammaaruri ka ene. (b) Maitemogelo ano a dira gore re swetse ka go reng?
6 A le gompieno Modimo o araba dithapelo tsa batho ba ba peloephepa ba ba batlang go itse boammaaruri ka ene? Akanya ka maitemogelo ano. Mosadi mongwe wa kwa Albania o ne a newa makasine wa Tora ya Tebelo o o nang le setlhogo se se buang ka go godisa bana.c O ne a raya Mosupi yo o neng a mo etetse a re: “A o a itse gore ke ntse ke rapela Modimo gore a nthuse go godisa bomorwadiake? Ruri ke ene a go rometseng! O nneile yone tshedimosetso e ke neng ke e tlhoka!” Mosadi yono le bomorwadie ba ne ba simolola go ithuta Baebele, mme morago monna wa gagwe le ene o ne a ithuta.
7 A eno ke tiragalo e e sa tlwaelegang? Nnyaa le e seng! Maitemogelo a a tshwanang le ano a direga gantsi mo lefatsheng lotlhe—makgetlo a le mantsi mo go ka se kang ga twe go itiragaletse fela. Ka jalo, re ka swetsa ka go reng? Sa ntlha, Jehofa o araba dithapelo tsa batho ba ba peloephepa ba ba batlang go mo itse. (1 Dikg. 8:41-43; Pes. 65:2) Sa bobedi, baengele ba ema nokeng tiro ya rona ya go rera.—Tshen. 14:6, 7.
‘Petere O ne A Akabetse’ (Ditiro 10:9-23a)
8, 9. Modimo o ne a dirisa moya o o boitshepo go senolela Petere eng, mme Petere o ne a dira eng?
8 Fa barongwa ba ba tswang kwa go Korenelio ba ntse ba atamela, Petere yo o neng a sa ntse a le mo marulelong a ntlo, ‘o ne a akabaditswe’ ke bokao jwa ponatshegelo e a neng a sa tswa go e bona. (Dit. 10:17) A Petere, yo ka makgetlo a le mararo a neng a re ga a kitla a ja dijo tse go ya ka Molao di neng di tsewa di se phepa, o ne a tla dumela go tsamaya le banna bano le go tsena mo ntlong ya Moditšhaba? Ka tsela nngwe Modimo o ne a dirisa moya o o boitshepo go senola maikaelelo a gagwe mo kgannyeng eno. Petere o ne a bolelelwa jaana: “Banna ba le bararo ba a go batla. Ka jalo, ema o fologele kwa tlase mme o tsamaye le bone, o se ka wa belaela sepe, ka gonne ba romilwe ke nna.” (Dit. 10:19, 20) Ga go pelaelo gore ponatshegelo e Petere a neng a e bone ya sejana se se tshwanang le letsela, e ne ya mo thusa gore a kgone go ikobela kaelo ya moya o o boitshepo.
9 Fa Petere a lemoga gore Korenelio o ne a laetswe ke Modimo gore a tle go mmitsa, o ne a kopa barongwa bano ba Baditšhaba gore ba tsene mo ntlong “mme ba lale foo.” (Dit. 10:23a) Moaposetoloi yono yo o boikobo o ne a setse a fetola tsela e a lebang dilo ka yone fa a sena go ithuta kafa Modimo a dirang dilo ka gone.
10. Jehofa o kaela batho ba gagwe jang, mme re ka ipotsa dipotso dife?
10 Le gompieno, Jehofa o ntse a kaela batho ba gagwe. (Diane 4:18) O dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go kaela “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Math. 24:45) Ka dinako tse dingwe tsela e re tlhaloganyang Lefoko la Modimo ka yone e ka nna ya tokafadiwa kgotsa ga dirwa diphetogo dingwe mo tseleng e dilo di dirwang ka yone mo phuthegong. Re tshwanetse go ipotsa jaana: ‘Ke itshwara jang fa go dirwa diphetogo tseno? A ke ikobela kaelo ya moya wa Modimo mo dikgannyeng tseno?’
Petere “O ne A Laela Gore ba Kolobediwe” (Ditiro 10:23b-48)
11, 12. Petere o ne a dira eng fa a goroga kwa Kaesarea, mme o ne a ithutile eng?
11 Letsatsi morago ga gore Petere a bone ponatshegelo, ene le batho ba bangwe ba le robonngwe—barongwa ba le bararo ba ba neng ba rometswe ke Korenelio le “bakaulengwe ba barataro [ba Bajuda]” ba kwa Jopa—ba ne ba ya kwa Kaesarea. (Dit. 11:12) E re ka Korenelio a ne a letetse Petere, o ne a phutha “ba losika lwa gagwe le ditsala tse a atamalaneng thata le tsone”—ba go bonalang e ne e le Baditšhaba botlhe. (Dit. 10:24) Fa Petere a goroga, o ne a dira sengwe se le ka motlha a neng a sa akanye gore o tla tsamaya a se dira: O ne a tsena mo ntlong ya Moditšhaba yo o sa rupang! Petere o ne a tlhalosa a re: “Lo itse sentle gore ga go ka fa molaong gore Mojuda a itsalanye kgotsa a etele motho wa lotso lo longwe, le fa go ntse jalo Modimo o mpontshitse gore ga ke a tshwanela go bitsa motho ope ke re o leswafetse kgotsa ga a phepa.” (Dit. 10:28) Mo nakong eo Petere o ne a setse a lemogile gore ponatshegelo e a e boneng e ne e sa direlwa go mo ruta fela ka mefuta ya dijo tse a tshwanetseng go di ja. O ne a sa tshwanela go ‘bitsa motho ope, le e leng Moditšhaba tota, a re o leswafetse.’
12 Botlhe ba ba neng ba le gone ba ne ba letile ka tlhoafalo go utlwa se Petere a neng a tlile go se bua. Korenelio o ne a re: “Ke rona bano re fa pele ga Modimo gore re utlwe dilo tsotlhe tse Jehofa a go laetseng gore o di bue.” (Dit. 10:33) Akanya fela kafa o neng o tla ikutlwa ka gone fa o utlwa motho yo o kgatlhegelang go ithuta ka Jehofa a bua mafoko ano! Petere o ne a simolola ka go bua mafoko ano a a maatla: “Jaanong ke tlhaloganya sentle gore Modimo ga a na tlhaolele, mme o amogela motho mongwe le mongwe yo o tswang mo setšhabeng sengwe le sengwe yo o mmoifang e bile a dira se se siameng.” (Dit. 10:34, 35) Petere o ne a ithutile gore tsela e Modimo a lebang batho ka yone ga e laolwe ke lotso lwa bone, morafe kgotsa tsela e ba lebegang ka yone. Petere o ne a tswelela ka go naya bosupi ka bodiredi jwa ga Jesu, loso lwa gagwe le go tsosiwa ga gagwe mo baswing.
13, 14. (a) Ke eng se se neng se le botlhokwa ka go sokologa ga ga Korenelio le Baditšhaba ba bangwe ka 36 C.E.? (b) Ke eng fa re sa tshwanela go atlhola batho go ya ka tsela e ba lebegang ka yone?
13 Jaanong go direga sengwe se se neng se ise se ko se direge pele ga foo: “Fa Petere a sa ntse a bua,” moya o o boitshepo o ne wa tshololelwa mo ‘bathong ba ditšhaba tse dingwe.’ (Dit. 10:44, 45) Leno ke lone fela lekgetlo le mo go lone Dikwalo di umakang gore moya o o boitshepo o ile wa tshololelwa mo bathong pele ga ba kolobediwa. Fa Petere a lemoga sesupo sa gore Modimo o ne a ba amogetse, o ne a “laela gore [batho bao ba ditšhaba tse dingwe] ba kolobediwe.” (Dit. 10:48) Go sokologa ga Baditšhaba bano ka 36 C.E. go ne go bontsha gore jaanong Modimo o ne a amogela le batho ba ditšhaba tse dingwe. (Dan. 9:24-27) Mo lekgetlong leno, fa Petere a ne a etelela pele tiro ya go naya bosupi, o ne a dirisa selotlolo sa boraro e bile e le sa bofelo sa “dilotlolo tsa Bogosi.” (Math. 16:19) Selotlolo seno se ne sa naya Baditšhaba ba ba sa rupang tshono ya go nna Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya.
14 Rona bareri ba Bogosi gompieno, re a itse gore “Modimo ga a na tlhaolele.” (Bar. 2:11) Thato ya gagwe ke gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe.” (1 Tim. 2:4) Ka jalo, ga re a tshwanela go atlhola batho go ya ka tsela e ba lebegang ka yone. Tiro ya rona ke go naya bosupi ka botlalo ka Bogosi jwa Modimo, mme seno se akaretsa go rerela batho botlhe, go sa kgathalesege gore ke ba lotso lofe, ke ba morafe ofe, gore ba lebega jang kgotsa gore ke ba bodumedi bofe.
‘Ba ne Ba Tlogela go Ganetsa, Mme ba Galaletsa Modimo’ (Ditiro 11:1-18)
15, 16. Ke eng fa Bakeresete bangwe ba Bajuda ba ne ba ganetsana le Petere, mme o ne a tlhalosa jang lebaka la se a se dirileng?
15 Ga go pelaelo gore Petere o ne a tlhoafaletse go ya kwa Jerusalema gore a ye go bega ka se se diragetseng. Go bonala dikgang tsa gore Baditšhaba ba ba sa rupang ba ne ba “amogetse lefoko la Modimo” di ne tsa fitlha kwa Jerusalema pele a goroga koo. Fela fa Petere a sena go goroga, “batho ba ba neng ba ema kgang ya go rupa nôkeng ba ne ba simolola go mo tshwaya phoso.” Ba ne ba kgopisitswe ke gore o ne a “ile kwa ntlong ya banna ba ba sa rupang mme [a] ja le bone.” (Dit. 11:1-3) Kgang e ne e se gore a Baditšhaba ba ne ba ka nna balatedi ba ga Keresete. Go na le moo, barutwa bao ba Bajuda ba ne ba gatelela thata gore Baditšhaba ba tshwanetse go ikobela Molao—go akaretsa le Molao wa go rupa—gore ba obamele Jehofa ka tsela e a e amogelang. Go bonala sentle gore barutwa bangwe ba Bajuda ba ne ba fitlhela go le thata go amogela gore Molao wa ga Moshe o ne o sa tlhole o dira.
16 Petere o ne a tlhalosa jang lebaka la se a neng a se dirile? Ditiro 11:4-16 ya re o ne a bua ka dilo di le nnè tse di bontshang gore kaelo eo e ne e tswa kwa legodimong: (1) ponatshegelo e Modimo a neng a mmontsha yone (Temana 4-10); (2) taelo e a neng a e newa ke moya (Temana 11, 12); (3) go etelwa ga ga Korenelio ke moengele (Temana 13, 14); le (4) go tshololwa ga moya o o boitshepo mo Baditšhabeng. (Temana 15, 16) Petere o ne a konela ka go botsa potso eno e e neng ya dira gore ba tlhatswege pelo: “Ka jalo, fa e le gore Modimo o ne a ba naya [batho ba ditshaba tse dingwe ba ba dumelang] yone mpho eo ya mahala [ya moya o o boitshepo] e le rona [Bajuda] ba re dumetseng mo go Morena Jesu Keresete a neng a re e naya, nna ke ne ke le mang gore nka thibela Modimo?”—Dit. 11:17.
17, 18. (a) Bosupi jo Petere a neng a bo naya Bakeresete ba Bajuda bo ne jwa ba pateletsa go dira tshwetso efe? (b) Ke ka ntlha yang fa go boloka kutlwano mo phuthegong e ka nna kgwetlho, mme ke dipotso dife tse re tshwanetseng go ipotsa tsone?
17 Bosupi jo Petere a neng a bo naya Bakeresete bao ba Bajuda bo ne jwa ba pateletsa go dira tshwetso. A ba ne ba tla kgona go tlogela moya wa tlhaolele mme ba amogele Baditšhaba bano ba ba sa tswang go kolobediwa le go ba tsaya e le Bakeresete ka bone? Pego eo ya re: “Fa [baaposetoloi le Bakeresete ba bangwe ba Bajuda] ba utlwa dilo tseno, ba ne ba tlogela go mo ganetsa, mme ba ne ba galaletsa Modimo ba re: ‘Seno se raya gore Modimo o batla gore batho ba ditšhaba tse dingwe le bone ba ikwatlhaye gore ba tle ba bone botshelo.’” (Dit. 11:18) Go leba dilo jalo ka tsela e e siameng go ne ga dira gore go nne go na le kutlwano mo phuthegong.
18 Gompieno, go boloka kutlwano mo phuthegong e ka nna kgwetlho ka gonne baobamedi ba boammaaruri ba tswa mo “merafeng yotlhe, mo ditsong tsotlhe le mo ditšhabeng tsotlhe e bile ba bua dipuo tse di farologaneng.” (Tshen. 7:9) Ka jalo, mo diphuthegong di le dintsi go na le batho ba ba tswang mo merafeng le mo ditsong tse di farologaneng, e bile ba godile ka ditsela tse di sa tshwaneng. Re tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A go na le dilo dingwe tse di bontshang gore ke sa ntse ke na le moya wa tlhaolele? A ke ikemiseditse gore le ka motlha ga ke na ke letla tsela e lefatshe leno le kgaoganeng ka yone—mo dikgannyeng tse di amanang le bosetšhaba, bomorafe, go ipelafatsa ka setso le go tlhaola batho ka lotso lwa bone—e tlhotlheletsa tsela e ke tshwarang bakaulengwe ba me ba Bakeresete ka yone?’ Gakologelwa se se neng sa diragalela Petere (Kefase) dingwaga di le mmalwa fa Baditšhaba ba ntlha ba sena go sokologa. E re ka a ne a itetla go tshwaediwa ke moya wa tlhaolele o ba bangwe ba neng ba na le one, o ne “a simolola go ikgaoganya” le Bakeresete ba Baditšhaba, mme Paulo a tshwanelwa ke go mo kgalemela. (Bagal. 2:11-14) A ka metlha re nneng re le kelotlhoko gore re se ka ra nna le moya wa tlhaolele.
“Batho ba le Bantsi Ba ne Ba . . . Dumela mo Moreneng” (Ditiro 11:19-26a)
19. Bakeresete ba Bajuda ba kwa Antioka ba ne ba simolola go rerela bomang, mme ga nna le matswela afe?
19 A balatedi ba ga Jesu ba ne ba simolola go rerela Baditšhaba ba ba sa rupang? Ela tlhoko se se neng sa direga moragonyana kwa Antioka wa Siria.d Go ne go na le Bajuda ba le bantsi mo motseng ono, mme Bajuda le Baditšhaba ba ne ba sa utlwane sentle. Ka jalo, Antioka e ne e le lefelo le le siameng la go rerela Baditšhaba. Ke gone koo barutwa bangwe ba Bajuda ba neng ba simolola go rerela “batho ba ba buang Segerika” dikgang tse di molemo. (Dit. 11:20) Dikgang tseno tse di molemo di ne di sa rerelwe fela Bajuda ba ba buang Segerika mme gape di ne di rerelwa le Baditšhaba ba ba sa rupang. Jehofa o ne a segofatsa tiro eo, mme “batho ba le bantsi ba ne ba . . . dumela mo Moreneng.”—Dit. 11:21.
20, 21. Barenabase o ne a bontsha jang gore ke motho yo o boingotlo, mme le rona re ka bo bontsha jang fa re le mo bodireding?
20 Phuthego ya kwa Jerusalema e ne ya romela Barenabase kwa Antioka gore a ye go rerela batho ba lefelo leo, ba go neng go bonala ba ikemiseditse go reetsa. Batho ba le bantsi ba ne ba kgatlhegela dikgang tse di molemo mo Barenabase a neng a ka se kgone go dira tiro eo a le nosi. Saulo yo o neng a tlile go nna moaposetoloi mo ditšhabeng ke ene a neng a tshwanelega thata go ya go thusa Barenabase. (Dit. 9:15; Bar. 1:5) A Barenabase le Saulo ba ne ba tla kgona go dirisana mmogo? Ee, Barenabase o ne a itshupa gore ke motho yo o boingotlo. O ne a ithaopela go ya kwa Tareso, a batla Saulo, mme a tla le ene kwa Antioka gore a tle go mo thusa. Ba ne ba fetsa ngwaga otlhe koo ba kgothatsa barutwa mo phuthegong ya lefelo leo.—Dit. 11:22-26a.
21 Re ka bontsha jang boingotlo fa re le mo bodireding? Nonofo eno e akaretsa gore re amogele gore re na le mo re tlhaelang teng. Rotlhe re na le dinonofo le bokgoni jo bo sa tshwaneng. Ka sekai, batho bangwe ba ka tswa ba na le bokgoni jwa go rera ba se mo tshimong kgotsa ka ntlo le ntlo mme gone ba na le bothata jwa go dira maeto a go boela kgotsa go simolola dithuto tsa Baebele. Fa e le gore o batla go tokafatsa mo dikarolong dingwe tsa bodiredi jwa gago, ke eng fa o sa kope mongwe gore a go thuse? Fa o ka dira jalo, o ka nna le matswela a a molemo mme wa itumelela bodiredi fela thata.—1 Bakor. 9:26.
Ba ‘Romela Thuso ya Namolo Kwa Bakaulengweng’ (Ditiro 11:26b-30)
22, 23. Bakaulengwe ba kwa Antioka ba ne ba bontsha jang gore ba rata bakaulengwe ba bone, mme le gompieno batho ba Modimo ba dira jang se se tshwanang?
22 “Barutwa ba ne ba bidiwa Bakeresete lekgetlo la ntlha kwa Antioka ba kaelwa ke Modimo.” (Dit. 11:26b) Leina leo le ne le tlhalosa sentle batho ba tsela ya bone ya botshelo e neng e tshwana le ya ga Keresete. Fa batho ba ditšhaba ba nna Bakeresete, a badumedi ba Bajuda le ba Baditšhaba ba ne ba simolola go bontshana lorato lwa bokaulengwe? Ela tlhoko se se neng sa direga fa go nna le leuba le legolo ka 46 C.E.e Mo metlheng ya bogologolo, leuba le ne le ama thata batho ba ba humanegileng, ba ba neng ba se na madi a mantsi kgotsa dijo. Mo nakong eo ya leuba, Bakeresete ba Bajuda ba ba nnang kwa Judea, ba bontsi jwa bone go bonalang ba ne ba humanegile, ba ne ba se na dijo le dilwana tse dingwe tsa go itshedisa. Fa bakaulengwe ba kwa Antioka ba utlwa ka seo—mmogo le Baditšhaba ba Bakeresete—ba ne ba ‘romela thuso ya namolo kwa bakaulengweng ba ba nnang mo Judea.’ (Dit. 11:29) Ruri eo e ne e le tsela e e molemo tota ya go bontsha lorato lwa bokaulengwe!
23 Batho ba Modimo ba sa ntse ba bontshana lorato le mo metlheng eno. Fa re utlwa gore bakaulengwe ba rona—kwa nageng e nngwe kgotsa mo lefelong la rona—ba tlhoka thuso, re ikemiseditse go dira sotlhe se re ka se kgonang go ba thusa. Ka bonako fela Dikomiti Tsa Makala di rulaganya gore go nne le Dikomiti Tsa Namolo tse di tla tlhokomelang bakaulengwe ba ba ka tswang ba amilwe ke masetlapelo a tlholego, a a jaaka dikgwanyape, dithoromo tsa lefatshe le ditsunami. Dithuso tseno tsotlhe tsa namolo di bontsha gore bokaulengwe jwa rona ke jwa mmatota.—Joh. 13:34, 35; 1 Joh. 3:17.
24. Re ka bontsha jang gore re tlhaloganya botlhokwa jwa bokao jwa ponatshegelo e Petere a neng a e bona?
24 Rona Bakeresete ba boammaaruri, re tlhaloganya botlhokwa jwa bokao jwa ponatshegelo e Petere a neng a e bona fa a ne a le mo marulelong a ntlo kwa Jopa. Re obamela Modimo yo o se nang tlhaolele. Thato ya gagwe ke gore re neye bosupi ka botlalo ka Bogosi jwa gagwe, mme seo se akaretsa gore re rerele batho botlhe go sa kgathalesege lotso lwa bone, morafe kgotsa maemo a bone mo setšhabeng. Ka jalo, a re ititeyeng sehuba go naya batho botlhe ba ba tla re reetsang tshono ya go amogela dikgang tse di molemo.—Bar. 10:11-13.
a Bajuda bangwe ba ne ba nyatsa motho yo o sugang matlalo ka gonne tiro ya gagwe e ne e dira gore a ame matlalo le ditoto tsa diphologolo mmogo le didirisiwa tse dingwe tse di ferosang sebete. Basugi ba matlalo ba ne ba tsewa ba sa tshwanelegele go tsena mo tempeleng, e bile lefelo la bone la kgwebo le ne le sa tshwanela go nna gaufi le motse ka sekgala sa dikubita di ka nna 50 kgotsa dimmetara di le 22. Gongwe leno ke lengwe la mabaka a go bo ntlo ya ga Simone e ne e agilwe “go bapa le lewatle.”—Dit. 10:6.
b Bona lebokose le le reng, “Korenelio le Masole a Roma”.
c Setlhogo se se reng, “Kgakololo e e Molemo ya go Godisa Bana,” se mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya November 1, 2006, tsebe 4 go ya go 7.
d Bona lebokose le le reng, “Antioka wa Siria”.
e Rahisitori wa Mojuda e bong Josephus a re ‘leuba leo le legolo’ le ne la nna gone fa go ne go busa Mmusimogolo Kalaudio (41-54 C.E.).