KGAOLO 12
“Jehofa O ne A ba Naya Maatla a Gore ba Bue ba le Pelokgale”
Paulo le Barenabase ba supa boikokobetso, boitshoko le bopelokgale
E tswa mo go Ditiro 14:1-28
1, 2. Ke eng se se diregang fa Paulo le Barenabase ba le mo Lisetera?
GO RUNTSE tlhakatlhakano e e seng kana ka sepe kwa Lisetera. Monna mongwe yo o tsetsweng e le segole o tlolaka ka boipelo fa banna bangwe ba babedi ba a sa ba itseng ba sena go mo fodisa. Batho ba gakgamaditswe ke tiragalo eno, mme moperesiti o tlisetsa banna bano ba babedi ba boidiidi bo akanyang gore ke medimo, dirwalo tsa dithunya. Dipoo di a korotla e bile di a bopa fa moperesiti wa ga Seuse a ntse a ipaakanyetsa go di bolaya. Paulo le Barenabase ba ntse ba leka go thiba batho bano gore ba se ka ba dira dilo tseno. Ba gagolaka diaparo tsa bone, ba bo ba itatlhela mo boidiiding joo le go ba kopa gore ba se ka ba ba obamela, mme morago ga maiteko a magolo ba kgona go dira gore boidiidi joo bo tlogele go ba obamela.
2 Morago ga moo, go goroga baganetsi ba Bajuda ba ba tswang kwa Antioka ya kwa Pisidia le kwa Ikonio. Ba bua maswe ka Paulo le Barenabase mme seno se dira gore batho ba Lisetera ba fetogele banna bano. Batho bano ba pele ba neng ba batla go obamela Paulo, jaanong ba mo dikaganyeditse e bile ba mo kgobotletsa ka maje go fitlha a idibala. Mme fa ba sena go dira jalo ka bogale, ba gogela mmele o o gobetseng wa ga Paulo kwa ntle ga dikgoro tsa motse, mme ba mo tlogela foo ba akanya gore o sule.
3. Re tla sekaseka dipotso dife mo kgaolong eno?
3 Ke eng se se tlhotlheleditseng tiragalo eno e e tshosang? Gompieno baboledi ba dikgang tse di molemo ba ka ithuta eng mo go se se diragaletseng Barenabase, Paulo le baagi ba Lisetera ba ba ileng ba fetolwa mogopolo ka bonako? Mme bagolwane ba Bakeresete ba ka etsa jang sekao sa ga Barenabase le Paulo, banna ba ba ikanyegang ba ba ileng ba itshoka mo bodireding jwa bone, ba ‘Jehofa a neng a ba naya maatla a gore ba bue ba le pelokgale’?—Dit. 14:3.
‘Ba le Bantsi Thata Ba ne Ba Nna Badumedi’ (Ditiro 14:1-7)
4, 5. Ke eng fa Paulo le Barenabase ba ne ba tsaya loeto go ya kwa Ikonio, mme go ne ga direga eng fa ba le koo?
4 Malatsi a le mmalwa pelenyana ga foo, Paulo le Barenabase ba ne ba latlhelwa kwa ntle ga motse wa Roma wa Antioka ya kwa Pisidia fa baganetsi ba Bajuda ba sena go tlhotlheletsa batho gore ba nne kgatlhanong le bone. Le fa go ntse jalo, go na le gore banna bano ba babedi ba kgobege marapo, “ba ne ba ba tlhotlhorela lorole lo lo mo dinaong tsa bone.” (Dit. 13:50-52; Math. 10:14) Paulo le Barenabase ba ne ba tswa mme ba itsamaela ka kagiso ba tlogela baganetsi bao gore ba lebane le katlholo e e tswang kwa Modimong. (Dit. 18:5, 6; 20:26) Barongwa bano ba babedi ba ba neng ba ntse ba itumetse ba ne ba tswelela ka loeto lwa bone lwa go rera. Fa ba sena go tsamaya sekgala sa dikilometara di ka nna 150 go ya kwa borwabotlhaba, ba ne ba goroga mo setlhabeng sa mmu o o nonneng se se neng se le fa gare ga dithaba tsa Taurus le Sultan.
5 Paulo le Barenabase ba ne ba ya pele kwa Ikonio, lefelo le batho ba lone ba neng ba rata thata dingwao tsa Segerika e bile e le mongwe wa metse e e botlhokwa thata mo porofenseng ya Roma ya Galatia.a Bajuda ba ba tlotlegang le basokologi ba le bantsi ba e seng Bajuda ba ne ba nna mo motseng ono. Paulo le Barenabase ba ne ba tsena mo sinagogeng jaaka ba ne ba tlwaetse go dira, mme ba simolola go rera. (Dit. 13:5, 14) Ba ne “ba bua ka tsela e e neng ya dira gore Bajuda le Bagerika ba le bantsi thata ba nne badumedi.”—Dit. 14:1.
6. Ke eng fa Paulo le Barenabase e ne e le barutisi ba ba nang le matswela a a molemo, mme re ka etsa jang sekao sa bone?
6 Ke eng fa tsela e Paulo le Barenabase ba neng ba bua ka yone e ne ya nna le matswela a a molemo? Paulo o ne a itse Dikwalo fela thata. O ne a umaka ditshupiso tse di buang ka ditiragalo tsa bogologolo, ka boporofeti le tse di buang ka Molao wa ga Moshe e le go bontsha gore tota Jesu e ne e le Mesia yo o solofeditsweng. (Dit. 13:15-31; 26:22, 23) Barenabase ene, e ne e le motho yo o amegang thata ka batho ba bangwe. (Dit. 4:36, 37; 9:27; 11:23, 24) Banna bano ba ne ba sa ikaega ka tlhaloganyo ya bone, go na le moo “Jehofa o ne a ba naya maatla a gore ba bue.” O ka etsa jang sekao sa barongwa bano fa o le mo tirong ya go rera? Ka go dira dilo tse di latelang: Tlwaelana thata le Lefoko la Modimo. Tlhopha ditemana tsa Baebele tse di ka kgatlhang batho ba ba go reeditseng. Batla ditsela tse di mosola tse o ka di dirisang go gomotsa batho ba o ba rerelang. Mme ka metlha fa o ruta, dirisa taolo ya Lefoko la ga Jehofa, o se ka wa ikaega ka botlhale jwa gago.
7. (a) Dikgang tse di molemo di nna le matswela afe? (b) Fa e le gore lelapa la gago le kgaogane ka go bo o rata dikgang tse di molemo, ke eng se o sa tshwanelang go se lebala?
7 Le fa go ntse jalo, ga se batho botlhe mo Ikonio ba ba neng ba itumelela go utlwa se Paulo le Barenabase ba neng ba se bua. Luke a re: “Bajuda ba ba ileng ba se ka ba nna badumedi ba ne ba fudua batho ba ditšhaba tse dingwe ba bo ba ba tlhotlheletsa ka tsela e e phoso gore ba tlhasele bakaulengwe.” Paulo le Barenabase ba ne ba bona go le molemo gore ba nne mo motseng oo mme ba femele dikgang tse di molemo, ka jalo “ba ne ba fetsa nako e telele ba bua ba le pelokgale.” Ka ntlha ya seo, “batho ba motse oo ba ne ba kgaogana; bangwe ba ne ba ema le Bajuda mme ba bangwe ba ema le baaposetoloi.” (Dit. 14:2-4) Tota le gompieno batho ba sa ntse ba itshwara ka tsela e e tshwanang fa ba rerelwa dikgang tse di molemo. Dikgang tseno tse di molemo di kopanya batho ba bangwe; mme ba bangwe di a ba kgaoganya. (Math. 10:34-36) Fa e le gore lelapa la gago le kgaogane ka ntlha ya go bo o rata dikgang tse di molemo, se lebale gore gantsi batho ba re ganetsa ka ntlha ya dilo tse di seng boammaaruri tse ba ileng ba di utlwa kgotsa ka ntlha ya batho bangwe ba ba re senyang leina. Tsela e e siameng e o itshwereng ka yone e tla bontsha gore dilo tse di sa siamang tse di buiwang ka wena ga di boammaaruri, mme kgabagare gongwe batho bao ba ba go ganetsang ba ka fetola tsela e ba ikutlwang ka yone ka wena.—1 Pet. 2:12; 3:1, 2.
8. Ke eng fa Paulo le Barenabase ba ile ba tloga kwa Ikonio, mme re ithuta eng mo sekaong sa bone?
8 Moragonyana, baganetsi ba kwa Ikonio ba ne ba loga leano la go kgobotletsa Paulo le Barenabase ka maje. Mme fa barongwa bano ba babedi ba sena go longwa tsebe ka leano leno, ba ne ba swetsa ka gore ba fudugele kwa lefelong le lengwe go ya go rera gone. (Dit. 14:5-7) Baboledi ba Bogosi ba dira se se tshwanang le gompieno. Fa batho ba re tlhasela ka mafoko, re araba ka bopelokgale. (Bafil. 1:7; 1 Pet. 3:13-15) Mme fa go bonala e kete re tla tlhaselwa, re tila go dira dilo tse di tla tsenyang matshelo a rona kgotsa a badumedikarona mo kotsing go sa tlhokege.—Diane 22:3.
‘Obamelang Modimo yo o Tshelang’ (Ditiro 14:8-19)
9, 10. Lisetera e ne e le kwa kae, mme ke eng se re se itseng ka baagi ba yone?
9 Paulo le Barenabase ba ne ba ya kwa Lisetera, kolone ya Roma e e sekgala sa dikilometara di ka nna 30 kafa borwabophirima jwa Ikonio. Batho ba Lisetera ba ne ba dirisana sentle le ba Antioka ya kwa Pisidia, mme gone kwa Lisetera go ne go se na Bajuda ba maemo a a kwa godimo. Le fa gone baagi ba motse oo ba ka tswa ba ne ba bua Segerika, totatota puo ya bone e ne e le Se-Likaonia. Paulo le Barenabase ba ne ba simolola go rera mo lefelong la batho botlhe, gongwe e le ka gonne go ne go se na sinagoge mo motseng oo. Fa Petere a ne a le kwa Jerusalema o ne a fodisa monna yo o neng a tshotswe a golafetse. Paulo le ene fa a le kwa Lisetera, o ne a fodisa monna yo o neng a tlhotsa fa e sa le a tsholwa. (Dit 14:8-10) Boidiidi jwa batho ba ne ba nna badumedi fa ba sena go bona kgakgamatso e Petere a neng a e dirile. (Dit. 3:1-10) Mme kgakgamatso e e neng ya dirwa ke Paulo yone e ne ya nna le matswela a a farologaneng thata le ao.
10 Jaaka go bontshitswe mo tshimologong ya kgaolo eno, fa monna yo o neng a tshotswe e le segole a ne a ema ka dinao mme a simolola go tsamaya, ka bonako fela boidiidi jwa batho ba kwa Lisetera ba ba neng ba obamela medimo ya boheitane, ba ne ba nna le maikutlo a a sa siamang ka seo. Ba ne ba re Barenabase ke Seuse, kgosana ya medimo, mme Paulo ke Heremese, morwawe Seuse le mmueledi wa medimo. (Bona lebokose le le reng, “Lisetera le Kobamelo ya ga Seuse le Heremese”.) Le fa go ntse jalo, Barenabase le Paulo ba ne ba ikemiseditse go dira gore boidiidi jono bo tlhaloganye gore ba ne ba sa bue ka taolo ya medimo ya boheitane, go na le moo ba ne ba bua ka taolo ya ga Jehofa, Modimo yo o esi wa boammaaruri.—Dit. 14:11-14.
11-13. (a) Paulo le Barenabase ba ne ba raya baagi ba Lisetera ba reng? (b) Ke thuto efe e re ka ithutang yone mo mafokong a a neng a buiwa ke Paulo le Barenabase?
11 Le fa Paulo le Barenabase ba ne ba lebana le maemo ano a a gwetlhang, ba ne ba sa ntse ba ikemiseditse go dira sotlhe se ba ka se kgonang go fitlhelela dipelo tsa bareetsi ba bone. Ka ntlha ya tiragalo eno, Luke o ne a kwala tsela e e molemo e e neng ya dirisiwa go rerela baheitane dikgang tse di molemo. Ela tlhoko kafa Paulo le Barenabase ba neng ba ikuela ka gone mo bareetsing ba bone: “Bagaetsho, ke ka ntlha yang fa lo dira dilo tseno? Le rona re batho ba ba nang le makoa fela jaaka lona. Mme re lo bolelela dikgang tse di molemo, gore lo tlogele go obamela dilo tse di se nang mosola mme lo obamele Modimo yo o tshelang, yo o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le dilo tsotlhe tse di mo go tsone. Mo dikokomaneng tse di fetileng o ne a letla ditšhaba tsotlhe gore di dire jaaka di batla, le fa gone a ile a itshupa gore ke mang ka go dira dilo tse di molemo, a lo nesetsa dipula go tswa kwa legodimong e bile a lo naya dipaka tsa thobo e ntsi, gore lo nne le dijo tse lo ka di jang gore lo kgotsofale le gore lo itumele.”—Dit. 14:15-17.
12 Re ka ithuta eng mo mafokong ano a a dirang gore motho a akanye? Sa ntlha, Paulo le Barenabase ba ne ba sa itseye ba le botoka go feta batho ba ba ba reeditseng. Ba ne ba sa leke go itira se ba seng sone. Mo boemong jwa moo, ba ne ba ikokobetsa mme ba amogela gore le bone ba na le makoa a a tshwanang le a bareetsi ba bone ba baheitane ba nang le one. Ke boammaaruri gore Paulo le Barenabase ba ne ba amogetse moya o o boitshepo e bile ba golotswe mo dithutong tsa maaka. Gape ba ne ba solofeditswe gore ba tla busa le Keresete. Mme ba ne ba itse gore fa baagi ba Lisetera ba ne ba ka ikobela Keresete le bone ba ne ba ka newa dimpho tseno.
13 Re leba jang batho ba re ba rerelang? A re ba tsaya ba tshwana le rona? Fa re ntse re thusa batho ba bangwe go ithuta boammaaruri jo bo mo Lefokong la Modimo, a le rona jaaka Paulo le Barenabase, re tila go batla go tlotlomadiwa ke batho? Morutisi mongwe yo o setswerere yo o neng a eteletse pele tiro ya go rera go ela kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga le kwa tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga, e bong Charles Taze Russell, o ne a tlhoma sekao se se molemo mo kgannyeng eno. O ne a kwala jaana: “Ga re batle go tlotlomadiwa kgotsa gore dibuka tsa rona di galalediwe; e bile ga re eletse go bidiwa Moruti kgotsa Rabi.” Tsela e mokaulengwe Russell a neng a ikokobeditse ka yone e ne e tshwana le ya ga Paulo le Barenabase. Le rona, fa re rera, boikaelelo jwa rona ga se gore batho ba re galaletse, go na le moo re batla go thusa batho gore ba ye kwa ‘Modimong yo o tshelang.’
14-16. Ke thuto efe ya bobedi le ya boraro e re ka ithutang yone mo go se Paulo le Barenabase ba neng ba se bolelela baagi ba Lisetera?
14 Akanya ka thuto ya bobedi e re ka ithutang yone mo puong eno. Paulo le Barenabase ba ne ba fetofetoga le maemo. Go farologana le Bajuda le basokologi ba kwa Ikonio, baagi ba Lisetera bone ba ne ba itse go le gonnye kgotsa ba sa itse sepe ka Dikwalo le ka tsela e Modimo a neng a dirisana ka yone le setšhaba sa Iseraele. Mme gone, batho ba ba neng ba reeditse Paulo le Barenabase e ne e le balemirui. Lisetera e ne e na le maemo a bosa a a bothito mme mmu wa masimo a teng e le o o nonneng. Batho bao ba ne ba na le bosupi jo bontsi jwa dinonofo tsa Mmopi tse ba neng ba di bona mo dipakeng tsa thobo, mme barongwa bano ba ne ba bua ka tsone dilo tseo gore ba ba fitlhelele dipelo.—Bar. 1:19, 20.
15 A le rona re ka fetofetoga le maemo? Le fa molemi a ka jala mofuta o o tshwanang wa peo mo masimong a le mmalwa, o tshwanetse go dirisa mekgwa e e farologaneng fa a baakanya mmu wa one. Tshimo nngwe e ka tswa e na le mmu o o boleta o go leng motlhofo go jala peo mo go one. Mme e nngwe yone e ka tswa e tlhoka go tseelwa matsapa. Ka tsela e e tshwanang, le rona re jala peo e e tshwanang ka metlha—molaetsa wa Bogosi o o mo Lefokong la Modimo. Le fa go ntse jalo, fa re etsa Paulo le Barenabase, re tla leka go itse maemo a batho ba re ba rerelang le bodumedi jo ba leng mo go jone. Mme tsela e re ba rerelang molaetsa wa Bogosi ka yone e tla ikaega ka kitso eo.—Luke 8:11, 15.
16 Re ka ithuta thuto ya boraro mo go se se diragaletseng Paulo, Barenabase le baagi ba Lisetera. Le fa gone re dirile bojotlhe jo re ka bo kgonang, ka dinako tse dingwe peo e re e jalang e a tsubulwa kgotsa e wela mo mmung o o tletseng matlapa. (Math. 13:18-21) Fa seo se direga, o se ka wa kgobega marapo. Fela jaaka Paulo a ile a bolelela barutwa ba kwa Roma moragonyana, “mongwe le mongwe wa rona [go akaretsa le mongwe le mongwe yo re buang le ene ka Lefoko la Modimo] o tla ema fa pele ga Modimo gore a atlholwe go ya ka ditiro tsa gagwe.”—Bar. 14:12.
“Ba ne Ba ba Neela Jehofa Gore a ba Tlhokomele” (Ditiro 14:20-28)
17. Fa Paulo le Barenabase ba tloga kwa Derebe, ba ne ba ya kae, mme ka ntlha yang?
17 Fa Balikaonia ba sena go gogagogela Paulo kwa ntle ga Lisetera le go mo tlogela teng gore a swe, barutwa ba ne ba mo dikanyetsa mme a ema a tsena mo motseng a ya kwa lefelong le a neng a tla robala mo go lone mo bosigong joo. Mo letsatsing le le latelang, Paulo le Barenabase ba ne ba tsaya loeto lwa dikilometara di le 100 go ya kwa Derebe. Ruri go tshwanetse ga bo go ne go se motlhofo gore Paulo a tseye loeto loo ka gonne diura di se kae fela pelenyana ga foo, o ne a sa tswa go kgobotlediwa ka maje. Le fa go ntse jalo, ene le Barenabase ba ne ba itshoka mme fa ba goroga kwa Derebe, ba ne ba dira “barutwa ba le bantsi thata.” Mme go na le gore ba dirise tsela e khutshwane go boela gae kwa Antioka wa Siria, ba ne “ba boela kwa Lisetera le kwa Ikonio le kwa Antioka [ya kwa Pisidia].” Ka ntlha yang? Gore “ba [nonotshe] barutwa, ba ba kgothaletsa gore ba tswelele ba nonofile mo tumelong.” (Dit. 14:20-22) Ruri banna ba babedi bao ba re tlhometse sekao se se molemo tota! Ba ne ba dira gore phuthego e tle pele ga dilo tse bone ba di ratang. Balebedi ba ba etang le barongwa ba motlha wa gompieno le bone ba etsa sekao sa banna bano.
18. Ke eng se se lebelelwang fa go tlhomiwa bagolwane?
18 Paulo le Barenabase ga ba a ka ba nonotsha barutwa ka mafoko le ka sekao sa bone fela, gape ba ne ba ba tlhomela “bagolwane mo phuthegong nngwe le nngwe.” Le fa Paulo le Barenabase ba ne ba “rometswe ke moya o o boitshepo” mo loetong lono lwa borongwa, ba ne ba ntse ba rapela e bile ba itima dijo mme ba ne “ba ba [go tewa bagolwane] neela Jehofa gore a ba tlhokomele.” (Dit. 13:1-4; 14:23) Mokgwa oo o sa ntse o dirisiwa le gompieno. Pele mongwe a buelelwa gore a newe maikarabelo mo phuthegong, setlhopha sa bagolwane ba phuthego eo se a rapela le go sekaseka gore a mokaulengwe yono o na le ditshwanelego tsa Dikwalo. (1 Tim. 3:1-10, 12, 13; Tito 1:5-9; Jak. 3:17, 18; 1 Pet. 5:2, 3) Ga a tlhomiwe ka gonne a na le lobaka lo loleele e le Mokeresete. Go na le moo, tsela e mokaulengwe yono a buang ka yone, a itshwarang ka yone le e a itsegeng ka yone e naya bosupi jwa gore moya o o boitshepo o dira go le kana kang mo botshelong jwa gagwe. Fa a dira dilo tse Baebele e reng balebedi ba tshwanetse go di dira, seo se tla bontsha gore o tshwanelega go nna modisa wa letsomane. (Bagal. 5:22, 23) Molebedi wa potologo ke ene a tlhomang bagolwane.—Bapisa le 1 Timotheo 5:22.
19. Bagolwane ba itse gore ba ikarabelela ka eng, mme ba etsa jang Paulo le Barenabase?
19 Bagolwane ba ba tlhomilweng ba a itse gore ba ikarabelela mo Modimong ka tsela e ba tshwarang phuthego ka yone. (Baheb. 13:17) Fela jaaka Paulo le Barenabase, bagolwane ba etelela pele mo tirong ya go rera. Ba nonotsha barutwa ba bangwe ka mafoko a bone. Mme ba iketleeditse go baya dilo tse phuthego e di tlhokang kwa pele ga tse bone ba di tlhokang.—Bafil. 2:3, 4.
20. Re solegelwa molemo jang fa re bala ka dipego tsa tiro e e ikanyegang ya bakaulengwe ba rona?
20 Fa kgabagare Paulo le Barenabase ba boela kwa ba simolotseng tiro ya borongwa teng kwa Antioka wa Siria, ba ne ba bolela “dilo di le dintsi tse Modimo a ileng a di dira a ba dirisa, le gore o ne a buletse batho ba ditšhaba tse dingwe tsela ya gore ba dumele mo go ene.” (Dit. 14:27) Fa re ntse re bala ka tiro e e ikanyegang ya bakaulengwe ba rona ba Bakeresete mme re bona kafa Jehofa a segofaditseng maiteko a bone ka gone, ‘Jehofa o tla re naya maatla a gore re bue re le pelokgale.’
a Bona lebokose le le reng, “Ikonio—Motse wa Baferegia”.