Buka ya Bibela ya bo 30—Amose
Mokwadi: Amose
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Juda
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 804 B.C.E.
1. Amose e ne e le mang?
E NE e se moperofeti mme ebile e se ngwana wa moperofeti fa e se fela modisa wa dinku le mmaakanyi wa difeige tsa ditlhare tsa mosikamore—seno ke seemo seo Amose a neng a le mo go sone fa a ne a bidiwa ke Jehofa le go mo roma go ya go nna moperofeti lemororo e se mo morafeng wa ga gabo fela wa Juda mme gape segolobogolo kwa bogosing jwa bokone jwa Iseraele. E ne e le mongwe wa baperofeti bao ba umakiwang mo go 2 Dikgosi 17:13, 22, 23. Ga bone e ne e le kwa Tekoa mo Juda, mo e ka nnang dikilometara di le 16 mo borwa jwa Jerusalema mme seo e le sekgala seo motho a ka tsayang loeto lwa letsatsi lotlhe go tswa kwa molelwaneng o o kwa borwa wa bogosi jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele.—Amose 1:1; 7:14, 15.
2. Go ka tlhomamisiwa jang gore boperofeti jwa ga Amose bo builwe leng?
2 Temana ya ntlha ya boperofeti jwa gagwe e tlhalosa gore o ne a simolola tiro ya gagwe jaaka moperofeti mo metlheng ya ga Usia kgosi ya Juda le Jeroboame II ngwana wa ga Joashe, kgosi ya Iseraele, dingwaga tse pedi pele ga thoromo nngwe ya lefatshe e e neng e le kgolo thata. Seno se dira gore boperofeti jono bo bo bo akareditse lobaka lwa dingwaga tse 26 tse di simololang go tloga ka 829 go ya go mo e ka nnang ka 804 B.C.E., mo nakong eo go neng go busa dikgosi tseno tse pedi. Moperofeti Sekaria o umaka thoromo ya lefatshe e e boitshegang eo e diragetseng mo metlheng ya ga Usia, nako eo batho ba neng ba tshaba ka ntlha ya poifo. (Seka. 14:5) Raditiragalo wa Mojuda Josephus o tlhalosa gore go ne ga nna thoromo ya lefatshe mo nakong ya fa Usia ka mafega a ne a re o leka go isa tshupelo ya leswalo mo tempeleng. Lefa go ntse jalo, go bonala ekete thoromo ya lefatshe eo Amose a neng a e umaka e ne ya diragala pelenyana mo nakong ya fa go busa Usia.
3. (a) Ke ka ntlhayang fa molaetsa wa mahutsana wa ga Amose o ne o tlile ka nako sentle? (b) O ne a goletsa bolaodi jwa ga Jehofa jang?
3 Leina le go tweng Amose le raya “Go Nna Morwalo” kana “Go Rwala Morwalo.” Lemororo a ne a rwaletse Iseraele le Juda morwalo wa melaetsa ya mahutsana (le yone merafe e mentsintsi ya boheitane), o ne a bile a tsholetse batho ba ga Jehofa molaetsa wa kgomotso wa tsosoloso. Go ne go na le mabaka a a utlwalang a go rolela Iseraele molaetsa wa mahutsana. Mo nakong eo batho ba ne ba tshelela mo letlepung, mo maitlhapedisong le mo phasogong. Batho ba ne ba lebetse Molao wa ga Jehofa. Letlotlo leo ba neng ba ithaya ba re ba na nalo le ne le ba dira gore ba seka ba bona gore fela jaaka go ntse ka loungo lo lo boduleng go feta selekanyo, ba ne ba setse ba le mo tseleng ya go bola moo go neng go ba gogela kwa tshenyegong. Amose o ne a bolelela pele gore e tla re mo lobakeng fela lwa dingwaga di sekae, bogosi jwa ditso tse di lesome bo ne bo tla isiwa botshwarwa go kgabaganya Damaseko. Mo go seno sotlhe o ne a tlotlomatsa tshiamo le bolaodi jwa ga Jehofa, yoo mo makgetlong a le 21 a mmitsang a re “Morena Yo O Busang.”—Amose 1:8, NW.
4. Ke go diragadiwa ga dipolelelopele dife moo go supelang gore buka ya Amose e boammaaruri?
4 Go diragadiwa ga boperofeti jono le a mangwe go fa bosupi jwa gore Amose e boammaaruri. Moperofeti yono o ne a bolelela pele gape gore merafe e e bobaba e e neng e le gaufi le Iseraele—Basiria, Bafilisitia, Bature, Baedoma, Baamona, le Bamoaba—e ne e tla komediwa yotlhe ke molelo wa tshenyego. Ditiragalo di supela gore baba bano botlhe ba ba nonofileng ba ne ba senngwa. Molato wa Juda le Iseraele o ne o le mogolo le go feta ka go bo ba ne ba tlogetse Jehofa gore ba ye go tswelela ka kobamelo ya maaka. Motse wa bofelo o o thata wa Iseraele, ebong motse o o thekeleditsweng wa Samaria, o ne wa fenngwa ka 740 B.C.E. morago ga o sena go dikaganyediwa ke masole a Baasiria a ga Shalemanesere V. (2 Dikg. 17:1-6) Juda o ne a seka a ithuta sepe mo go seo se neng sa diragalela morafe wa ga one, mme ka jalo a senngwa ka 607 B.C.E.
5. Baithutamarope ba ile ba tiisetsa jang boammaaruri jwa rekoto ya Amose?
5 Amose o ne a kgalela Iseraele botshelo jwa yone jwa maitlhapediso, ka go bo bahumi ba ne ba tsietsa bahumanegi gore ba tle ba ikagele “matlo a dinaka tsa ditlou,” ao ba neng ba nwela le go jela mo go one ba ikgorisa. (Amose 3:15; 5:11, 12; 6:4-7) Baithutamarope ba ile ba senola bosupi jo bo kayang letlotlo le legolo leno. Go ile ga fitlhelwa bontsi jo bogolo jwa dilwana tsa dinaka tsa ditlou mo maropeng a Samaria. Encyclopedia of Archaeological Excavations in the Holy Land e tlhalosa jaana: “Ditlhopha tse pedi tse dikgolo di ka farologanngwa jaana: 1. Mekgabisa e e setilweng, . . . 2. Mekgabisa e e gabilweng, ebile e kgabisitswe ka majana a a tlhokegang, ka galase e e mebalabala, gouta e e papetlilweng, jalo le jalo. . . . Go kaiwa gore Bafinikia ba ne ba dirisa dinaka tsa tlou thata mo ditirong tsa bone tsa petlo, mme go bonala di ne di dirisiwa mo go kgabiseng fenitšhara ya matlo a segosi a dikgosi tsa Iseraele. Bibela e umaka “ntlo ea naka tsa tlou” eo e neng ya agiwa ke Ahabe (1 Dikg. 22:39) le ‘malao a dinaka tsa ditlou,’ ebong dilo tseo di neng di supa botshelo jo bo manobonobo jo bo neng bo tshelwa mo Samaria joo bo tlhalosiwang ke mafoko a kgalemo a ga Amose (6:4).”a
6. Ke eng seo se tiisetsang totatota gore buka ya Amose e boammaaruri?
6 Ga go na pelaelo epe ya gore buka ya Amose ke karolo ya Bibela. Go supa tota gore e boammaaruri, Setefane o ne a nopola dintlha dingwe tsa yone mo ditemaneng di le tharo mo go Ditihō 7:42, 43 mme Jakobe ene a dira jalo mo go Ditihō 15:15-18.—Amose 5:25-27; 9:11, 12.
SEO SE LENG MO GO AMOSE
7. Amose o bolela ka dikatlholo tsa ga Jehofa kgatlhanong le merafe efe?
7 Dikatlholo kgatlhanong le merafe (1:1–2:3). “Yehofa o tla duma a le mo Siona.” (1:2) Amose o tswelela ka go tlhagisa merafe gore o tla e tlisetsa dikatlholo tsa Gagwe tse di molelo. Damaseko (Siria) o ne a ile a itaya Gileada ka dititeo tsa tshipi. Gasa (Filisitia) le Ture di ne di ile tsa busetsa batshwarwa ba Baiseraele kwa Edoma. Edoma ene o ne a ile a seka a supa kutlwelobotlhoko epe le lorato lwa bana ba mpa. Amone o ne a ile a tlhasela Gileada. Moaba o ne a fisitse marapo a kgosi ya Edoma go a dira taka e tshweu. Jehofa o ne a eme kgatlhanong le merafe eno yotlhe, mme a re: “Ga nketla ke haposa pecō ea gōna.”—1:3, 6, 8, 9, 11, 13; 2:1.
8. Ke ka ntlhayang fa katlholo ya ga Jehofa e bolelwa gape kgatlhanong le Juda le Iseraele?
8 Katlholo kgatlhanong le Juda le Iseraele (2:4-16). Jehofa o ne a se kitla a thibosa bogale jwa gagwe gape le mo go Juda. Ba ne ba tlodile ka go bo “ba ganne molaō oa ga Yehofa.” (2:4) Mme seemo ke sefe ka Iseraele? Jehofa o ne a ba thusa ka go nyeletsa Baamora ba ba maatla thata mme a ba fa lefatshe je le nonneng. O ne a tlhopha Banasarita le baperofeti mo go bone, mme ba ne ba dira gore Banasarita ba tlole maikano a bone mme ba raya baperofeti ba re: “Se perofeseñ.” (2:12) Ka jalo Jehofa o dira gore metheo ya bone e thekesele fela jaaka koloi e e pegileng mabele a a sa tswang go rojwa. Mme banna ba bone ba ba diganka ba ne ba tla tshaba ba sa ikatega.
9. Ke eng seo se supang gore Jehofa o buile, mme Amose totatota o bua polelelopele kgatlhanong le mang?
9 Go itebaganya le Iseraele (3:1–6:14). Ka go dirisa ditshwantsho tse di tlhamaletseng, Amose o gatelela gore dipolelelopele tsa gagwe ka botsone di supa gore Jehofa o buile. “Rure Morèna Modimo o tla bo a sa dihe sepè, ha e se ka go senolèla batlhanka ba gagwè baperofeti leōma ya gagwè. . . . Yehofa Modimo o buile, e be e le mañ eo o ka nnañ hèla a sa perofese?” (3:7, 8) Amose eleruri o a perofesa kgatlhanong le barati ba manobonobo ba ba nnang mo Samaria. Jehofa o tla ba theola mo malaong a bone a a magasigasi, mme dintlo tsa bone tsa dinaka tsa ditlou di tla nyelela.
10. Ke eng seo Jehofa a gakololang Iseraele ka sone, mme ke letsatsi lefe la mahutsana le le tshwanetseng go tla?
10 Jehofa o bolela dititeo le dikotlhao tse a di goromeditseng mo Iseraele. O ba gakolola jaana ga tlhano: “Ga loa boèla mo go nna.” Ka jalo, Wena Iseraele, “u ipaakanyetsè go kgatlhana le Modimo oa gago.” (4:6-12) Amose o tlhama leboko la seperofeti a re: “Kgarebane ea Iseraela e ole; ga e ketla e tlhōla e èma: e digecwe mo lehatshiñ ya ga eōna; ga go na opè eo o e kakatlololañ.” (5:2) Lefa go ntse jalo, Jehofa, Modiri wa dilo tse di gakgamatsang mo legodimong le mo lefatsheng, o nna a ikuela mo go Iseraele gore a mo senke gore a tle a tshele. Ee, “Batlañ molemō, e señ boshula, gore lo tshelè.” (5:4, 6, 14) Mme letsatsi la ga Jehofa le tla rayang go bone? E tla bo e le letsatsi la mahutsana. Fela jaaka metsi a a phothoselang o tla ba kgokgweeletsa kwa botshwarong go pota ka kwa ga Damaseko, mme dintlo tsa dinaka tsa ditlou tse ba tshwarelang mekete ya bone mo go tsone di tla fetolwa go nna malele fela le mekoakoa.
11. Amose o gana go khutlisa go bua dipolelelopele tsa gagwe kgatlhanong le Iseraele a re o filwe ke mang taolo ya go dira jalo?
11 Amose o a perofesa go sa kgathalesege kganetso (7:1-17). Jehofa o bontsha moperofeti wa gagwe selekanyo sa thokgamiso se se tlhomilweng mo bogareng jwa Iseraele. Ga go kitla go tlhola go nna le boitshwarelo. O tla senya mafelo a a itshepileng a Iseraele mme a tsogologele ntlo ya ga Jeroboame II ka tšhaka. Moperesiti Amasia wa Bethele o romela molaetsa kwa go Jeroboame, a re: “Amose o gu rerile.” (7:10) Amasia o raya Amose a re a ye go nna moperofeti kwa Juda. Amose o mo phepafaletsa gore o filwe thata ya go dira jalo, ka go bua a re: “Yehofa a ntlosa mo go saleñ lecomane moragō, me Yehofa a nthaea, a re, Ea, u perofesetsè batho ba me ba Iseraela.” (7:15) Go tswa foo jaanong Amose o bolelela pele masetlapelo a a tla tlelang Amasia le bantlo ya gagwe.
12. Ke leuba lefe leo go bolelelwang pele gore le tla tlela Iseraele, mme boperofeti jono bo digelwa ka tsholofetso efe e e molemo thata?
12 Kgatelelo, kwatlhao, le tsosoloso (8:1–9:15). Jehofa o bontsha Amose seroto se se tletseng maungo a selemo. O kgalela Baiseraele go gatelela bahumanegi a bo a ikana ka “tlotlomalō ea ga Yakoba” gore ba tla hutsafala ka ntlha ya ditiro tsa bone tse di bosula. “Bōnañ metlha eè tla, go bua Morèna Modimo, ke tla cosa leuba mo lehatshiñ, e señ leuba ya diyō, leha e le lenyōra ya metse, ha e se leuba ya go utlwa lehoko ya ga Yehofa.” (8:7, 11) Ba tla wa mo ba se kitlang ba tlhola ba tsoga gape. Lefa ba ka re ba ikepela mo Bobipong kana ba tlhatlogela kwa magodimong, Jehofa o tla ba swatola ka seatla sa gagwe. Baleofi ba ba mo bathong ba gagwe ba tla bolawa ka tšhaka. Go tswa foo o dira tsholofetso e e molemolemo! “Ke tla re mo motlheñ ouō ke emise motlaagana o o oleñ oa ga Dafide, ke thibe diphatlha tsa ōna; ke tla . . . o aga yaka mo metlheñ ea bogologolo.” (9:11) Batshwarwa bao ba ne ba tla tlhogonolofala fela thata mo e leng gore molemi o ne a tla fitlhela morobi a ise a fetse go roba thobo e kgolo ya gagwe. Ruri masego ano a a tswang kwa go Jehofa a ne a tla nnela ruri!
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
13. Rona gompieno re ka solegelwa molemo jang ke ditlhagiso tsa ga Amose?
13 Babadi ba Bibela gompieno ba ka solegelwa molemo ke go sekaseka gore ke eng fa Amose a ne a bolelela Iseraele, Juda, le baagelani ba bone ba ba gaufi ditlhagiso. Botlhe ba ba ganang molao wa ga Jehofa, ba ba tsietsang le go gatelela bahumanegi, ba ba leng digagapa le ba ba nang le boitsholo jo bo sa siamang, le ba ba obamelang medimo ya disetwa ba ka se amogelwe ke Jehofa. Mme Jehofa o itshwarela botlhe ba ba ikgaoganyang le dilo tse di ntseng jalo ba bo ba ikwatlhaya, mme o ba bontsha kutlwelobotlhoko. Re tla bo re supa botlhale fa re ka ikgaoganya le dilo tsotlhe tse di bodisang tse di mo lefatsheng leno le le bosula mme ra tlhokomela tlhagiso ya ga Jehofa: “Mpatlañ me lo tla tshela.”—5:4, 6, 14.
14. A Bajuda ba nako ya ga Setefane ba ne ba solegelwa molemo ke dilo tseo di neng di boletswe ke Amose tseo ba neng ba di gakololwa?
14 Mo nakong ya fa a ne a bolaelwa tumelo, Setefane o ne a tsopola mafoko a ga Amose. O ne a gakolola Bajuda gore tiro e e dirilweng ke Iseraele ya go obamela medimo ya disetwa ya seeng, jaaka Moloke le Refane, ke yone e neng e dirile gore ba isiwe botshwaro. A Bajuda bao ba ne ba solegelwa molemo ke mafoko a ga Amose ao ba neng ba utlwa a bolelwa gape? Nnyaa! Ka go tlala bogale, ba ne ba kgobotletsa Setefane ka maje ba mmolaya mme ka jalo ba itlisetsa masetlapelo a mangwe gape ka tshenyego ya Jerusalema, ka 70 C.E.—Amose 5:25-27; Dit. 7:42, 43.
15. Ke dipolelelopele dife kaga tsosoloso tseo di leng mosola fa di tlhatlhobiwa?
15 Go ka nna mosola go akanya ka go diragadiwa ga dipolelelopele di le dintsi tsa ga Amose, eseng fela tseo di neng tsa diragadiwa ka go otlhaiwa ga Iseraele, Juda, le merafe e mengwe mme gape le ka go akanya ka dipolelelopele tsa tsosoloso. Fela jaaka Jehofa a ne a boletse ka Amose, batshwarwa ba Iseraele ba ne ba boela gae ka 537 B.C.E. go ya go aga sesha le go nna mo metseng e e neng e kgakgabetse le go lema masimo a mafine le ditshingwana.—Amose 9:14; Esere 3:1.
16. Jakobe o ne a supa jang gore Amose 9:11, 12 e ne ya diragadiwa mo phuthegong ya Bokeresete?
16 Lefa go ntse jalo, mo metlheng ya baaposetoloi boperofeti jwa ga Amose bo ne jwa diragadiwa ka tsela e e molemo thata le e e kgothatsang. Fa Jakobe a ne a tlhotlhelediwa go bolela ka go phuthelwa ga batho bao e neng e se Baiseraele go tsena mo phuthegong ya Bokeresete, o ne a bolela ka phepafalo gore seno se ne se boleletswe pele mo polelelopeleng e e mo go Amose 9:11, 12. O supa gore go ‘agiwa ga motlaagana o o oleng wa ga Dafide’ go diragadiwa mo phuthegong ya Bokeresete, “gore masalèla a batho a batlè Yehofa, le Badichaba botlhe ba leina ya me le bidiwañ mo go bōnè, Go bua Yehofa.” Seno ruri e ne e le tshegetso e e tswang mo Dikwalong, eo e neng e tlhalosiwa ke Simone Petere—gore Modimo o ne a intshetsa mo merafeng ‘batho ba leina la gagwe.’—Dit. 15:13-19.
17. Amose o bolelela pele gore Bogosi jwa Modimo bo tla tlhogonolofala le go nnela ruri jang?
17 Jesu Keresete, yo o leng Tlhogo ya phuthego eno ya Bokeresete, mo dikarolong tse dingwe o bidiwa “morwa Dafide” yo o jang boswa “setulō sa bogosi sa ga Dafide rragwè” mme o busa ka bosakhutleng. (Luke 1:32, 33; 3:31) Ka jalo boperofeti jwa ga Amose bo bua kaga tiragatso ya nako e e tlang ya kgolagano ya bogosi le Dafide. Mafoko a a digelang a ga Amose ga a tlhalose fela ka ponatshegelo e e molemolemo ya letlotlo le legolo le le tla nnang gone ka nako ya fa go tsosiwa ‘motlaagana wa ga Dafide’ mme gape a tiisetsa kafa Bogosi jwa Modimo bo tla nnelang ruri ka gone: “Me ke tla ba tlhōma mo lehatshiñ ya bōnè, me ga ba ketla ba tlhōla ba khumolwa mo lehatshiñ ya ga bōnè, ye ke le ba neileñ, go bua Yehofa Modimo oa gago.” Lefatshe le tla tlala ka masego a a sa khutleng fa Jehofa a sena go tsosolosa ‘motlaagana wa ga Dafide’!—Amose 9:13-15.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a 1978, Jerusalema, tsebe 1046.