KGAOLO 15
Ba “Nonotsha Diphuthego”
Badiredi ba ba etang ba thusa diphuthego gore di nitame mo tumelong
E tswa mo go Ditiro 15:36–16:5
1-3. (a) Paulo jaanong o tsamaya le mang mo maetong a gagwe, mme motho yoo o ntse jang? (b) Re tla ithuta eng mo kgaolong eno?
FA BA ntse ba tsamaya mo ditseleng tse di tletseng maje go ralala metse, moaposetoloi Paulo o akantse thata ka se se tlileng go diragalela lekawana le a tsamayang le lone. Leina la lekawana leno ke Timotheo. Go bonala a le mo dingwageng tsa bo20 e bile a tletse matlhagatlhaga a bosha. Mosepele mongwe le mongwe o ba o tsayang, o mo katosetsa kgakala le legae la gagwe. Fa letsatsi le ntse le ya, ba ntse ba katoga kgaolo ya Lisetera le ya Ikonio. Ke eng se se larileng kwa pele? Paulo ene o a itse gonne leno ke loeto lwa gagwe lwa bobedi lwa borongwa. O a itse gore ba tla lebana le dikotsi le mathata a le mantsi. A lekawana le a nang le lone le tla kgona go itshokela mathata ao?
2 Paulo o tshepa Timotheo gongwe go feta kafa lekawana leno le le ikokobeditseng le itshepang ka gone. Dilo tse di diragetseng bosheng di dirile gore Paulo a tlhomamisege le go feta gore o tlhoka mopati yo a ka mo tshepang. Paulo o a itse gore tiro e e larileng kwa pele—go etela diphuthego le go di nonotsha—e tla tlhoka gore badiredi bano ba ba etang ba nne le maikemisetso a magolo ba bo ba nne mogopolo o le mongwe. Ke eng fa Paulo a ne a ka nna le maikutlo a a ntseng jalo? Lengwe la mabaka e ka tswa e ne e le kganetsano e e neng ya runya pelenyana ga foo e e neng ya dira gore ene le Barenabase ba kgaogane.
3 Mo kgaolong eno re tla ithuta go le gontsi ka tsela e e molemolemo ya go rarabolola dikgotlhang. Gape re tla ithuta gore ke eng fa Paulo a ne a tlhopha go tsamaya le Timotheo mo maetong a gagwe, mme re tla bona le seabe sa botlhokwa se balebedi ba potologo ba nang le sone gompieno.
“A Jaanong re Boele . . . Mme re Etele Bakaulengwe” (Ditiro 15:36)
4. Paulo o ne a ikaeletse go dira eng fa a ntse a le mo loetong lwa gagwe lwa bobedi lwa borongwa?
4 Mo kgaolong e e fetileng re bone kafa banna ba le banè ba ba neng ba romilwe—Paulo, Barenabase, Judase le Silase—ba neng ba nonotsha phuthego ya kwa Antioka ka gone fa ba ne ba itsise bakaulengwe tshwetso ya setlhopha se se laolang ka kgang ya go rupa. Paulo o ne a dira eng morago ga moo? O ne a itsise Barenabase ka thulaganyo ya bone e ntšha ya go etela diphuthego a re: “A jaanong re boele kwa metseng yotlhe e re neng ra rera lefoko la ga Jehofa kwa go yone mme re etele bakaulengwe go ya go bona gore ba ntse ba tsoga jang.” (Dit. 15:36) Paulo o ne a sa reye gore ba etele batho bano ba ba neng ba sa tswa go sokologela mo Bokereseteng e le fela go ya go dira botsala. Buka ya Ditiro e tlhalosa ka botlalo boikaelelo jwa loeto lwa bobedi lwa ga Paulo lwa borongwa. Sa ntlha, o ne a tla tswelela a ba naya ditaelo tse di tswang kwa setlhopheng se se laolang. (Dit. 16:4) Sa bobedi, e re ka Paulo e ne e le molebedi yo o etang, o ne a ikemiseditse go aga diphuthego semoyeng le go di thusa gore di nne di nitame mo tumelong. (Bar. 1:11, 12) Phuthego ya mo motlheng wa gompieno ya Basupi ba ga Jehofa e latela jang sekao se se tlhomilweng ke baaposetoloi?
5. Setlhopha se se Laolang sa mo motlheng wa gompieno se kaela jang diphuthego le go di kgothatsa?
5 Gompieno, Keresete o kaela phuthego ya gagwe a dirisa Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Banna bano ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng, ba kaela le go kgothatsa diphuthego lefatshe ka bophara ba dirisa makwalo, dikgatiso tse di printilweng le tse di mo Internet, dipokano le ditsela tse dingwe. Gape Setlhopha se se Laolang se leka ka natla go itse se se diregang mo phuthegong nngwe le nngwe. Gore ba kgone go dira jalo, ba dirile gore go nne le thulaganyo ya balebedi ba ba etang. Setlhopha seno ke sone se tlhomileng bagolwane ba le diketekete ba ba tshwanelegang lefatshe ka bophara gore e nne balebedi ba potologo.
6, 7. Balebedi ba potologo ba na le maikarabelo afe a mangwe?
6 Balebedi ba ba etang ba mo motlheng wa gompieno ba leka ka natla go thusa maloko otlhe a diphuthego tse ba di etelang le go ba naya kgothatso e e tswang mo Dikwalong. Ba dira seo jang? Ka go latela sekao se se tlhomilweng ke Bakeresete ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ba jaaka Paulo. O ne a kgothatsa molebedi ka ene jaana: “Rera lefoko; dira jalo ka bonako ka nako e e siameng le ka nako ya mathata; o kgalemele, o tlhagise o le pelotelele e bile o rute ka botswerere. . . . Dira tiro ya moefangele.”—2 Tim. 4:2, 5.
7 Go dumalana le mafoko ao, molebedi wa potologo—mmogo le mosadi wa gagwe fa e le gore o nyetse—o dira mmogo le baboledi ba phuthego e a e etetseng mo dikarolong tse di farologaneng tsa bodiredi jwa tshimo. Bareri bao ba ba etang ba tlhagafetse tota mo bodireding mme ke barutisi ba ba nang le bokgoni—e leng dinonofo tse di thusang letsomane fela thata. (Bar. 12:11; 2 Tim. 2:15) Bakaulengwe ba ba dirang tiro ya go potologa ba itsege thata ka lorato lwa bone lwa go intsha setlhabelo. Ba direla ba bangwe ka go rata, ba tsamaya mo maemong a bosa a a seng mantle le mo mafelong a a kotsi. (Bafil. 2:3, 4) Gape balebedi ba potologo ba dirisa dipuo tse di theilweng mo Baebeleng go kgothatsa, go ruta le go nonotsha phuthego nngwe le nngwe e ba e etelang. Botlhe mo phuthegong ba solegelwa molemo fa ba tlhatlhanya ka boitshwaro jwa balebedi bano le go etsa tumelo ya bone.—Baheb. 13:7.
“Ba Omana Botlhoko Tota” (Ditiro 15:37-41)
8. Barenabase o ne a itshwara jang fa Paulo a mo kopa gore a tsamaye le ene?
8 Barenabase o ne a dumalana le kakantsho ya ga Paulo ya gore ba “etele bakaulengwe.” (Dit. 15:36) Bakaulengwe bano ba babedi ba ne ba dirisana sentle mmogo fa ba ntse ba etela diphuthego mme ba ne ba setse ba tlwaelane le dikgaolo tse ba neng ba di etela le batho ba ba nnang mo go tsone. (Dit. 13:2–14:28) Ka jalo, go ka tswa go ne go utlwala gore ba tsamaye mmogo le mo kabelong eno. Le fa go ntse jalo, go ne ga tsoga bothata. Ditiro 15:37 e bega jaana: “Barenabase o ne a ikemiseditse go tsaya Johane, yo o neng a bidiwa Mareko, gore a tsamaye le bone.” Barenabase o ne a sa ntshe fela kakantsho. Go na le moo, o ne a “ikemiseditse” go tsaya ntsalae e bong Mareko gore ba tsamaye le ene mo loetong lono lwa borongwa.
9. Ke eng fa Paulo a ne a sa dumalane le Barenabase?
9 Paulo o ne a gana. Go reng? Pego eo ya re: “Paulo o ne a sa dumalane le kgang ya gore ba tsamaye le ene [Mareko], ka gonne o ne a ba tlogetse kwa Pamfilia mme a se ka a tsamaya le bone kwa tirong ya go rera.” (Dit. 15:38) Mareko o ne a kile a tsamaya le Paulo le Barenabase mo loetong lwa bone lwa ntlha lwa borongwa mme o ne a ba tlogela pele ba fetsa kabelo eo. (Dit. 12:25; 13:13) Pelenyana mo loetong loo fa ba sa ntse ba le kwa Pamfilia, Mareko o ne a tlogela kabelo ya gagwe mme a boela gae kwa Jerusalema. Baebele ga e re bolelele lebaka la go bo a ne a tsamaya mme gone go bonala moaposetoloi Paulo a ne a tsaya se Mareko a se dirileng e le go tlhoka maikarabelo. Paulo a ka tswa a ne a tsaya Mareko e le motho yo o ka se kang a ikanngwa.
10. Ke eng se se neng sa direga ka ntlha ya kgotlhang e e neng ya nna gone fa gare ga ga Paulo le Barenabase, mme seno se ne sa nna le matswela afe?
10 Le fa go ntse jalo, Barenabase o ne a tatalala gore ba tsamaye le Mareko. Paulo le ene o ne a tatalala gore ga ba tsamaye le ene. Ditiro 15:39 ya re: “Foo ba ne ba omana botlhoko tota, mo e leng gore ba ne ba kgaogana.” Barenabase o ne a tsaya Mareko mme ba tsamaya mmogo ka sekepe go ya kwa legaeng la gagwe kwa setlhaketlhakeng sa Kupero. Paulo ene o ne a tswelela ka dithulaganyo tsa gagwe. Pego eo e balega jaana: “Paulo o ne a tlhopha Silase, mme fa bakaulengwe ba sena go rapela Jehofa gore a mo tlhokomele, o ne a tsamaya.” (Dit. 15:40) Paulo le Silase ba ne ba tsamaya mmogo ‘ba ya kwa Siria le kwa Kilikia, ba nonotsha diphuthego.’—Dit. 15:41.
11. Ke dinonofo dife tse di tlhokegang gore kgotlhang e se ka ya nnela ruri fa gare ga rona le motho yo o re kgopisitseng?
11 Pego eno e ka re gakolola kafa le rona re sa itekanelang ka gone. Paulo le Barenabase ba ne ba tlhomilwe go nna baemedi ba ba kgethegileng ba setlhopha se se laolang. Gongwe Paulo le ene o ile a nna leloko la setlhopha seo. Le fa go ntse jalo, mo lekgetlong leno Paulo le Barenabase ba ne ba itetla go laolwa ke tshekamelo ya bone ya bosaitekanelang. Mme gone, a ba ne ba letla seemo seno se ba kgaoganyetsa ruri? Le fa gone banna bano ba ne ba sa itekanela, ba ne ba le boikobo e bile ba na le mogopolo wa ga Keresete. Ga go pelaelo gore fa nako e ntse e ya ba ne ba bontsha gore ba na le moya wa Bokeresete mme ba itshwarelana. (Baef. 4:1-3) Moragonyana, Paulo le Mareko ba ne ba bereka mmogo mo dikabelong tse dingwe tsa phuthego ya Modimo.a—Bakol. 4:10.
12. Balebedi ba mo motlheng wa gompieno ba tshwanetse go etsa Paulo le Barenabase ka go bontsha dinonofo dife?
12 Tiragalo eno e e diregileng gangwe ga e reye gore Paulo le Barenabase e ne e le batho ba ba nnang ba phatloga ka bogale. Barenabase o ne a itsege e le motho yo o lorato le yo o pelotshweu—mo e leng gore go na le gore baaposetoloi ba mmitse ka leina la gagwe Josefa, ba ne ba mo naya sefane sa Barenabase, mo go rayang “Morwa Kgomotso.” (Dit. 4:36) Paulo le ene o ne a itsege e le motho yo o bonolo le yo o pelonomi. (1 Bathes. 2:7, 8) Gompieno, balebedi botlhe ba Bakeresete go akaretsa le balebedi ba potologo ba tshwanetse go etsa Paulo le Barenabase, mme ka metlha ba leke ka natla go nna boikobo le go tshwara bagolwane ba bangwe mmogo le letsomane lotlhe ka bonolo.—1 Pet. 5:2, 3.
“Ba ne Ba Mmua Bontle” (Ditiro 16:1-3)
13, 14. (a) Timotheo e ne e le mang, mme a ka tswa a kopane jang le Paulo? (b) Ke eng se se neng sa dira gore Paulo a kgatlhwe thata ke Timotheo? (c) Timotheo o ne a newa kabelo efe?
13 Mo loetong lwa gagwe lwa bobedi lwa borongwa, Paulo o ne a ya kwa porofenseng ya Roma ya Galatia kwa go neng go tlhomilwe diphuthego di le mmalwa gone. Kgabagare o ne a “goroga kwa Derebe le kwa Lisetera.” Mme pego eo ya re: “Morutwa mongwe yo o bidiwang Timotheo o ne a le koo. Mmaagwe e ne e le Mojuda e bile e le morutwa, mme rraagwe e le Mogerika.”—Dit. 16:1.b
14 Go bonala Paulo a ne a kopana le ba lelapa la gaabo Timotheo fa a ne a etetse lefelo la bone la ntlha mo e ka nnang ka ngwaga wa 47 C.E. Jaanong dingwaga di ka nna pedi kgotsa di le tharo morago ga moo, fa Paulo a etetse lefelo leo lekgetlo la bobedi, o ne a lemoga sengwe se se kgatlhang thata ka lekawana leno e bong Timotheo. Ka ntlha yang? Ka gonne “bakaulengwe . . . ba ne ba mmua bontle.” O ne a sa buiwe molemo fela ke bakaulengwe ba mo motseng wa gaabo, mme tsela e a neng a itshwere ka yone e ne e itsiwe le mo diphuthegong tse di gaufi. Pego eo ya re bakaulengwe ba kwa Lisetera le ba kwa Ikonio tse di bokgakala jwa dikilometara di ka nna 30 go tswa mo motseng wa gaabo, ba ne ba mmua molemo. (Dit. 16:2) Moya o o boitshepo o ne wa kaela bagolwane gore ba neye Timotheo yo o neng a sa ntse a le mosha maikarabelo a magolo—go thusa Paulo le Silase e le modiredi yo o etang.—Dit. 16:3.
15, 16. Ke eng se se neng sa dira gore Timotheo a buiwe molemo?
15 Ke eng se se neng sa dira gore Timotheo a buiwe bontle jaana le fa a ne a sa ntse a le mosha? A e ne e le botlhale jwa gagwe, tsela e a neng a lebega ka yone kgotsa bokgoni jwa gagwe? Gantsi batho ba kgatlhiwa thata ke dinonofo tseo. Tota le moporofeti Samuele o kile a tlhotlhelediwa thata ke tsela e mongwe a neng a lebega ka yone. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a mo gakolola jaana: “Tsela e motho a bonang ka yone ga se tsela e Modimo a bonang ka yone, ka gonne motho o bona se se bonwang ke matlho fela, mme Jehofa ene o bona se se mo pelong.” (1 Sam. 16:7) Timotheo o ne a buiwa molemo ke Bakeresete ka ene gonne a ne a na le dinonofo tse di molemo tsa Bokeresete e seng ka ntlha ya botho bongwe jo gantsi bo kgatlhang batho.
16 Dingwaga moragonyana ga foo, moaposetoloi Paulo o ne a umaka dingwe tsa dinonofo tsa semoya tse Timotheo a neng a na le tsone. Paulo o ne a tlhalosa maikutlo a a molemo a ga Timotheo, lorato lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo le tsela e e manontlhotlho e a neng a dira dikabelo tsa gagwe tsa mo phuthegong ka yone. (Bafil. 2:20-22) Gape Timotheo o ne a itsege e le motho yo o nang le tumelo “e e se nang boitimokanyi bope.”—2 Tim. 1:5.
17. Gompieno basha ba ka etsa Timotheo jang?
17 Gompieno basha ba le bantsi ba etsa Timotheo ka go lwela go nna le dinonofo tse di kgatlhang Modimo. Fa ba dira jalo, ba itirela leina le le molemo mo Modimong le mo bathong ba gagwe ba sa ntse ba le basha. (Diane 22:1; 1 Tim. 4:15) Ba bontsha tumelo e e se nang boitimokanyi ka go gana go tshela botshelo jwa go itimokanya. (Pes. 26:4) Mme ka ntlha ya seo, basha ba le bantsi fela jaaka Timotheo ba nna le seabe sa botlhokwa mo phuthegong. Ruri ba kgothatsa batho botlhe ba ba ratang Jehofa fa ba tshwanelega go nna baboledi ba dikgang tse di molemo mme fa nako e ntse e ya ba bo ba ineela mo go Jehofa le go kolobediwa!
“Di Nonotshiwa mo Tumelong” (Ditiro 16:4, 5)
18. (a) Paulo le Timotheo ba e neng e le badiredi ba ba etang ba ne ba ipelela ditshiamelo dife tse di kgethegileng? (b) Diphuthego di ne tsa solegelwa molemo jang?
18 Paulo le Timotheo ba ne ba bereka mmogo ka dingwagangwaga. E re ka e ne e le badiredi ba ba etang, ba ne ba dira ditiro di le dintsi mo boemong jwa setlhopha se se laolang. Pego ya Baebele e bolela jaana: “Fa ba ntse ba tsamaya mo metseng, ba ne ba bolelela bakaulengwe tshwetso e baaposetoloi le bagolwane kwa Jerusalema ba neng ba e dirile, gore ba e diragatse.” (Dit. 16:4) Go bonala sentle gore diphuthego di ne tsa latela kaelo ya baaposetoloi le bagolwane ba kwa Jerusalema. Mme ka ntlha ya go nna kutlo jalo, “diphuthego di ne tsa tswelela di nonotshiwa mo tumelong e bile palo ya bakaulengwe e ne e oketsega letsatsi le letsatsi.”—Dit. 16:5.
19, 20. Ke eng fa Bakeresete ba tshwanetse go utlwa ‘ba ba ba etelelang pele’?
19 Le gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba ipelela masego a ba a bonang ka ntlha ya go utlwa kaelo e ba e newang ke ‘ba ba ba etelelang pele.’ (Baheb. 13:17) E re ka seemo sa lefatshe leno se nna se fetoga, go botlhokwa gore ka metlha Bakeresete ba nne ba ikotla ka dijo tsa semoya tse ba di newang ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Math. 24:45; 1 Bakor. 7:29-31) Fa re dira jalo, seno se tla re thusa gore re se ka ra katogela kgakala le phuthego ya Modimo mme re nne re se na selabe se se tswang mo lefatsheng.—Jak. 1:27.
20 Ke boammaaruri gore fela jaaka Paulo, Barenabase le Mareko mmogo le bagolwane ba bangwe ba ba tloditsweng ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga, balebedi ba Bakeresete ba mo motlheng wa gompieno go akaretsa le maloko a Setlhopha se se Laolang, le bone ga ba a itekanela. (Bar. 5:12; Jak. 3:2) Mme Setlhopha se se Laolang se itshupile gore se a ikanyega ka gonne se kgomarela kaelo e e mo Lefokong la Modimo e bile se leka ka natla go latela sekao se se tlhomilweng ke baaposetoloi. (2 Tim. 1:13, 14) Mme ka ntlha ya seo, diphuthego di a nonofa le go nna di nitame mo tumelong.
a Bona lebokose le le reng, “Mareko o Ipelela Ditshiamelo di le Dintsi”.
b Bona lebokose le le reng, “Timotheo O ne A ‘Anamisa Dikgang Tse di Molemo”.