Dira Gore Botswelelopele Jwa Gago bo Bonatshege
“Tlhatlhanya ka dilo tseno; nwelelela mo go tsone, gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege mo bathong botlhe.”—1 TIM. 4:15.
1, 2. Ke eng se re se itseng ka botshelo jwa ga Timotheo a sa le mmotlana le ka se se neng sa direga fa a ne a na le dingwaga di ka nna 20?
KWA gagabo Timotheo yo mmotlana e ne e le kwa kgaolong ya Galatia e e kwa Roma, kwa nageng e jaanong e bidiwang Turkey. Mo masomeng a dingwaga a a neng a latela morago ga loso lwa ga Jesu, go ne ga tlhongwa diphuthego di le mmalwa tsa Bokeresete koo. Mo tsamaong ya nako Timotheo yo mmotlana, mmaagwe le nkokoagwe ba ne ba nna Bakeresete mme ba direla ka tlhagafalo mo go nngwe ya diphuthego tsa koo. (2 Tim. 1:5; 3:14, 15) Ruri Timotheo o ne a itumelela botshelo jwa gagwe e le lekawana la Mokeresete mo lefelong leo le a neng a goletse mo go lone. Le fa go ntse jalo, dilo di ne tsa simolola go fetoga ka tshoganyetso.
2 Seo se simologile fa moaposetoloi Paulo a ne a etetse lefelo leo lekgetlho la bobedi. Ka nako eo, Timotheo a ka tswa a ne a wetsa dingwaga tsa gagwe tsa bolesome kana a na le dingwaga di feta 20 go se kae. Ka nako ya loeto lwa ga Paulo, e ka tswa e ne le fa a ne a etetse kwa Lisetera, o ne a lemoga gore Timotheo o ne a “bolelwa ka molemo ke bakaulengwe” mo diphuthegong tsa koo. (Dit. 16:2) Timotheo yo mmotlana o tshwanetse a bo a ne a godile mo tlhaloganyong go feta dingwaga tsa gagwe. Go tswa foo, ka kaelo ya moya o o boitshepo, Paulo le bakaulengwe ba koo ba ne ba baya Timotheo diatla, ba mo abela tiro e e kgethegileng mo phuthegong.—1 Tim. 4:14; 2 Tim. 1:6.
3. Timotheo o ne a newa tshiamelo efe e e sa tlwaelegang ya tirelo?
3 Timotheo o ne a newa taletso e e sa tlwaelegang ya gore a tsamaye le moaposetoloi Paulo mo maetong a gagwe! (Dit. 16:3) Akanya kafa Timotheo a tshwanetseng a bo a ne a gakgametse e bile a itumetse ka teng! Mo dingwageng tse di neng di tla latela, Timotheo o ne a tlile go tsamaya le Paulo mme ka dinako tse dingwe o ne a tlile go tsamaya le batho ba bangwe, ba rongwa ke baaposetoloi le banna ba bagolwane go dira ditiro tse di farologaneng. Paulo le Timotheo ba ne ba dira tiro ya go etela diphuthego e e neng e kgothatsa bakaulengwe thata semoyeng. (Bala Ditiro 16:4, 5.) Ka jalo, Timotheo o ne a simolola go itsege mo Bakereseteng ba bantsi e le motho yo o dirileng botswelelopele semoyeng. Morago ga dingwaga di ka nna lesome moaposetoloi Paulo a dira le Timotheo, o ne a kwalela Bafilipi jaana: “Ga ke na ope yo mongwe wa maikutlo a a tshwanang le a [ga Timotheo] yo ruri a tla tlhokomelang dilo tse di lo amang. . . . Lo itse bosupi jo a neng a bo naya kaga gagwe, gore jaaka ngwana le rraagwe o ne a nna motlhanka le nna mo go tsweledisetseng pele dikgang tse di molemo.”—Bafil. 2:20-22.
4. (a) Timotheo o ne a newa maikarabelo afe a magolo? (b) Ke dipotso dife tse di ka bodiwang malebana le se Paulo a se buileng mo go 1 Timotheo 4:15?
4 Mo e ka nnang ka nako e Paulo a neng a kwalela Bafilipi ka yone, o ne a naya Timotheo maikarabelo a magolo—a go tlhoma bagolwane le batlhanka ba bodiredi. (1 Tim. 3:1; 5:22) Go bonala sentle gore Timotheo e ne e setse e le molebedi wa Mokeresete yo o ka ikanngwang le yo o ikanyegang. Le fa go ntse jalo, mo go lone lekwalo leo, Paulo o ne a kgothatsa Timotheo gore a ‘dire gore botswelelopele jwa gagwe bo bonatshege mo bathong botlhe.’ (1 Tim. 4:15) A Timotheo o ne a ise a dire gore botswelelopele jwa gagwe bo bonatshege ka selekanyo se segolo? Fa go ntse jalo, Paulo o ne a kaya eng fa a ne a bua mafoko ao, mme kgakololo ya gagwe e ka re solegela molemo jang?
Kafa re ka Dirang ka Teng Gore Dinonofo Tsa Semoya di Bonatshege
5, 6. Ke eng se se neng se ka tsenya boitsheko jwa semoya jwa phuthego ya kwa Efeso mo kotsing, mme Timotheo o ne a ka sireletsa phuthego jang?
5 A re sekasekeng se go buiwang ka sone mo ditemaneng tse di dikologileng 1 Timotheo 4:15. (Bala 1 Timotheo 4:11-16.) Pele ga Paulo a kwala mafoko ao, o ne a ile kwa Makedonia mme o ne a kopile Timotheo gore a sale kwa Efeso. Ka ntlha yang? Batho bangwe mo motseng oo ba ne ba baka dikgaogano mo phuthegong ka go ruta dithuto tsa maaka. Timotheo o ne a tshwanetse go sireletsa phuthego gore e nne e itshekile semoyeng. O ne a tlile go dira seno jang? Tsela e nngwe e ne e tla nna ka go tlhomela ba bangwe sekao se se molemo gore ba se latele.
6 Paulo o ne a kwalela Timotheo jaana: “Nna sekao sa ba ba ikanyegang, mo go bueng, mo boitshwarong, mo loratong, mo tumelong, mo boitshekong.” Gape o ne a re: “Tlhatlhanya ka dilo tseno; nwelelela mo go tsone, gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege mo bathong botlhe.” (1 Tim. 4:12, 15) Botswelelopele jono bo ne bo amana le dinonofo tsa ga Timotheo tsa semoya mme bo ne bo sa amane le maikarabelo ape a a neng a na le one mo phuthegong. Jono ke jone botswelelopele jo Mokeresete mongwe le mongwe a tshwanetseng go batla go bo bontsha.
7. Go lebeletswe gore botlhe mo phuthegong ba dire eng?
7 Gompieno fela jaaka mo motlheng wa ga Timotheo, go na le maikarabelo a a farologaneng mo phuthegong. Bangwe ba direla e le bagolwane kana batlhanka ba bodiredi. Ba bangwe ke babulatsela. Mme ba bangwe bone ba dira tiro ya go eta, ba direla kwa Bethele, kgotsa ke barongwa. Bagolwane ba dira ditiro tse di farologaneng tsa go ruta, jaaka kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo. Le fa go ntse jalo, Bakeresete botlhe—banna, basadi le bana—ba ka kgona go dira gore botswelelopele jwa bone jwa semoya bo bonatshege. (Math. 5:16) Tota e bile, go lebeletswe gore Bakeresete ba ba nang le maikarabelo a a kgethegileng ba dire gore dinonofo tsa bone tsa semoya di bonatshege mo bathong botlhe, fela jaaka Timotheo a ne a dira.
Nna Sekao mo go Bueng
8. Se re se buang se ama jang kobamelo ya rona?
8 Sengwe sa dilo tse Timotheo a neng a tshwanetse go tlhoma sekao mo go tsone e ne e le mo go bueng. Re ka dira jang gore botswelelopele jwa rona bo bonatshege mo ntlheng eno? Se re se buang se senola se re leng sone. Jesu o ne a bua boammaaruri fa a ne a re: “Molomo o bua se se tletseng mo pelong.” (Math. 12:34) Morwarraagwe Jesu ka motsadi a le mongwe e bong Jakobe le ene o ne a lemoga kafa se re se buang se ka amang kobamelo ya rona ka teng. O ne a re: “Fa motho mongwe a ipona a le moobamedi kafa mokgweng le fa go ntse jalo a sa laole loleme lwa gagwe, mme a tswelela a tsietsa pelo ya gagwe, mofuta wa kobamelo wa motho yono ga o na mosola.”—Jak. 1:26.
9. Tsela e re buang ka yone e tshwanetse go tlhoma sekao ka ditsela dife?
9 Se re se buang se ka bontsha ba bangwe mo phuthegong gore re godile go le kana kang semoyeng. Ka jalo, go na le go bua puo e e se nang seriti, e e sa kgothatseng, ya go tshwaya diphoso, kana e e utlwisang ba bangwe botlhoko, Bakeresete ba ba godileng semoyeng ba leka go aga ba bangwe, go ba gomotsa, go ba tshedisa le go ba kgothatsa. (Dia. 12:18; Baef. 4:29; 1 Tim. 6:3-5, 20) Go nna re iketleeditse go tlotla le ba bangwe ka se re se dumelang le go buelela melao ya Modimo e e kwa godimo ya boitsholo go ka bontsha gore re ineetse mo Modimong. (Bar. 1:15, 16) Eleruri batho ba ba dipelo di siameng ba tla ela tlhoko kafa re dirisang ka teng mpho ya rona ya go bua mme ba ka nna ba etsa sekao sa rona.—Bafil. 4:8, 9.
Go Nna Sekao mo Boitshwarong le mo Boitshekong
10. Ke eng fa go le botlhokwa gore re nne le tumelo e e se nang boitimokanyo gore re kgone go dira botswelelopele jwa semoya?
10 Ga go tlhokege fela gore Mokeresete a bue ka tsela e e kgothatsang gore a nne sekao se se molemo. Fa motho a bua dilo tse di siameng mme a sa di dire, ke moitimokanyi. Paulo o ne a tlwaetse go bona boitimokanyo jwa Bafarasai le ditlamorago tsa jone tse di sa siamang. O ne a tlhagisa Timotheo ka makgetlho a le mmalwa gore a se ka a nna moitimokanyi. (1 Tim. 1:5; 4:1, 2) Mme Timotheo e ne e se moitimokanyi. Paulo o ne a kwala jaana mo lekwalong la bobedi le a neng a le kwalela Timotheo: “Ke gakologelwa tumelo e e mo go wena e e se nang boitimokanyo.” (2 Tim. 1:5) Le fa go ntse jalo, Timotheo o ne a tshwanetse go dira gore ba bangwe ba bone gore ke Mokeresete wa boammaaruri. O ne a tshwanetse go nna sekao mo boitshwarong.
11. Paulo o ne a kwalela Timotheo a reng malebana le dikhumo?
11 Mo makwalong a mabedi a Paulo a neng a a kwalela Timotheo, o ne a mo gakolola ka dilo di le mmalwa. Ka sekai, Timotheo o ne a tshwanetse go tila go gagamalela dikhumo. Paulo o ne a kwala jaana: “Lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko, mme ka go gagamalela lorato lono bangwe ba fapositswe mo tumelong e bile ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.” (1 Tim. 6:10) Go rata dikhumo ke letshwao la gore motho o bokoa semoyeng. Mme Bakeresete ba ba kgotsofalelang go tshela botshelo jo bo sa raraanang, jwa go ‘nna le dijo le se ba ipipang ka sone,’ ba bontsha botswelelopele jwa semoya.—1 Tim. 6:6-8; Bafil. 4:11-13.
12. Re ka dira jang gore botswelelopele jwa rona bo bonatshege mo tseleng e re tshelang ka yone?
12 Paulo o ne a bolelela Timotheo kafa go leng botlhokwa ka teng gore basadi ba Bakeresete ba “ikgabise ka diaparo tse di rulagantsweng sentle, ka boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo.” (1 Tim. 2:9) Basadi ba ba bontshang boingotlo le go itekanela sentle mo mogopolong ka tsela e ba aparang ka yone le e ba ipaakanyang ka yone, mmogo le mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo jwa bone, ba tlhoma sekao se se molemo thata. (1 Tim. 3:11) Molaomotheo ono o ama le banna ba Bakeresete. Paulo o ne a gakolola balebedi gore ba nne “tekatekano mo mekgweng, [ba] itekanetse sentle mo mogopolong, [ba] dira dilo ka thulaganyo.” (1 Tim. 3:2) Fa re bontsha dinonofo tseno mo go se re se dirang letsatsi le letsatsi, botswelelopele jwa rona bo tla bonatshega mo bathong botlhe.
13. Re ka nna jang sekao mo boitshekong jaaka Timotheo?
13 Gape Timotheo o ne a tshwanetse go nna sekao mo boitshekong. Fa Paulo a ne a dirisa lefoko leno, o ne a bua ka tlhamalalo ka boitshwaro jwa tlhakanelodikobo. Timotheo o ne a tshwanetse go itshwara sentle segolobogolo fa a dirisana le basadi. O ne a tshwanetse go tshwara ‘basadi ba bagolwane jaaka bommaagwe, makgarebana jaaka bokgaitsadie ka boitsheko jotlhe.’ (1 Tim. 4:12; 5:2) Modimo o itse le ka boitsholo jo bo sa siamang jo bo ka lebegang bo fitlhegile mme kgabagare le batho ba bangwe ba tla itse ka jone. Mme gape ke boammaaruri gore ditiro tse di molemo tsa Mokeresete di ka se nne di fitlhegile. (1 Tim. 5:24, 25) Botlhe mo phuthegong ba ka kgona go dira gore botswelelopele jwa bone bo bonatshege mo boitshwarong le mo boitshekong.
Lorato le Tumelo di Botlhokwa
14. Baebele e gatelela jang botlhokwa jwa go bontshana lorato?
14 Letshwao le legolo le le tlhaolang Bakeresete ba boammaaruri ke lorato. Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Joh. 13:35) Re bontsha lorato loo jang? Lefoko la Modimo le re kgothaletsa gore re ‘itshokelane ka lorato,’ re ‘nne pelonomi mongwe go yo mongwe, re le pelotlhomogi ka bonolo, re itshwarelana re gololesegile,’ le gore re tshole baeng. (Baef. 4:2, 32; Baheb. 13:1, 2) Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Mo loratong lwa bokaulengwe bontshanang lorato lwa bopelonomi.”—Bar. 12:10.
15. Ke eng fa go le botlhokwa gore batho botlhe ba bontshe lorato, segolobogolo balebedi ba Bakeresete?
15 Fa Timotheo a ka bo a ne a le setlhogo kana a se pelonomi fa a dirisana le Bakeresete mmogo le ene, seo se ka bo se sentse molemo o a neng a o dira e le morutisi le molebedi. (Bala 1 Bakorintha 13:1-3.) Mme tsela e Timotheo a neng a bontsha bakaulengwe ba gagwe lorato lwa mmatota ka yone, mmogo le go ba bontsha moya wa go amogela baeng le go ba direla ditiro tse di molemo, e ne ya bontsha gore ruri o dirile botswelelopele jwa semoya. Ka jalo, go ne go tshwanela gore mo lekwalong le moaposetoloi Paulo a neng a le kwalela Timotheo a umake lorato e le nngwe ya dinonofo tse Timotheo a neng a tshwanetse go tlhoma sekao mo go tsone.
16. Ke eng fa Timotheo a ne a tshwanetse go nna le tumelo e e nonofileng?
16 Tumelo ya ga Timotheo e ne ya lekwa fa a ne a le kwa Efeso. Batho bangwe ba ne ba ruta dithuto tse di neng di sa tsamaisane le dithuto tsa boammaaruri tsa Bokeresete. Ba bangwe ba ne ba anamisa “dipolelo tsa maaka” kana ba dira dipatlisiso ka dilo tse di neng di sa solegele phuthego molemo ka tsela epe semoyeng. (Bala 1 Timotheo 1:3, 4.) Paulo o ne a tlhalosa batho bao a re ba ‘gogomositswe ke boikgogomoso, ga ba tlhaloganye sepe, mme ba lwala mo mogopolong kaga dipotso le dikganetsano ka mafoko.’ (1 Tim. 6:3, 4) A tota Timotheo o ne a ka itetla go tlelwa le ke kakanyo ya go akanyetsa gore a ka amogela dikgopolo tse di kotsi tse di neng di tsenelela mo phuthegong? Nnyaa, ka gore Paulo o ne a kgothaletsa Timotheo go “tlhabana tlhabano e e molemo ya tumelo” le go furalela “dipuo tse di se nang mosola tse di senyang boitsheko jwa se se boitshepo le dikganetso tsa se se bidiwang ‘kitso’ mme e se yone.” (1 Tim. 6:12, 20, 21) Ga go na pelaelo gore Timotheo o ne a tsaya tsia kgakololo e e molemo ya ga Paulo.—1 Bakor. 10:12.
17. Tumelo ya rona e ka lekwa jang gompieno?
17 E bile Timotheo o ne a boleletswe gore “mo dipakeng tsa moragonyana tsa nako bangwe ba [ne ba] tla wa mo tumelong, ba tlhokomela dipolelo tse di tlhotlheleditsweng tse di tsietsang le dithuto tsa madimona.” (1 Tim. 4:1) Botlhe mo phuthegong, go akaretsa ba ba nang le maikarabelo, ba tshwanetse go tshwana le Timotheo ka go nna le tumelo e e nonofileng, e e sa reketleng. Fa re emelana le botlhanogi re nitame, re ka dira gore botswelelopele jwa rona bo bonatshege e bile re ka nna dikao mo tumelong.
Dira ka Natla Gore Botswelelopele Jwa Gago bo Bonatshege
18, 19. (a) O ka dira jang gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege mo bathong botlhe? (b) Go tlile go tlotlwa ka eng mo setlhogong se se latelang?
18 Boammaaruri ke gore botswelelopele jwa semoya jwa Mokeresete wa boammaaruri ga bo amane le tsela e a lebegang ka yone, bokgoni jo a nang le jone jwa tlholego, kana maemo a a nang le one. E bile ga bo bontshiwe ke lobaka lo a nang le lone mo phuthegong. Go na le moo, botswelelopele jwa mmatota jwa semoya bo bonatshega fa re ikobela Jehofa mo tseleng e re akanyang ka yone, e re buang ka yone le e re itshwarang ka yone. (Bar. 16:19) Re tshwanetse go ikobela taelo ya gore re ratane le gore re nne le tumelo e e nonofileng. A re tlhatlhanyeng ka mafoko a Paulo a neng a a raya Timotheo mme re nwelelele mo go one, gore botswelelopele jwa rona bo bonatshege mo bathong botlhe.
19 Nonofo e nngwe e re tla nnang le yone fa re dirile botswelelopele jwa semoya e bile re godile semoyeng jaaka Bakeresete ke boipelo, leungo la moya o o boitshepo wa Modimo. (Bagal. 5:22, 23) Mo setlhogong se se latelang go tla tlotlwa ka tsela e re ka nnang le boipelo ka yone le go tswelela re na le jone mo metlheng ya mathata.
O ka Araba Jang?
• Ba bangwe ba ka lemoga eng ka rona mo tseleng e re buang ka yone?
• Botswelelopele jwa rona bo bonatshega jang mo boitshwarong le mo boitshekong jwa rona?
• Ke eng fa Bakeresete ba tshwanetse go tlhoma sekao mo loratong le mo tumelong?
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Timotheo yo mmotlana o ne a godile mo tlhaloganyong go feta dingwaga tsa gagwe
[Ditshwantsho mo go tsebe 13]
A botswelelopele jwa gago bo bonatshega mo go ba bangwe?