KGAOLO 16
“Tla Kwano mo Makedonia”
Go bona masego ka ntlha ya go amogela kabelo le go itshokela pogiso ka boipelo
E tswa mo go Ditiro 16:6-40
1-3. (a) Moya o o boitshepo o ne wa kaela jang Paulo le batho ba a neng a tsamaya le bone? (b) Re tla sekaseka ditiragalo dife?
SETLHOPHA sengwe sa basadi se bolola go tswa mo motseng wa Filipi mo Makedonia. Go ise go ye kae, ba goroga fa nokeng e tshesane ya Gangites. Jaaka e le tlwaelo ya bone, ba nna fa losing lwa noka ba rapela Modimo wa Iseraele. Jehofa o ntse a ba lebile.—2 Ditir. 16:9; Pes. 65:2.
2 Ka yone nako eo, dikilometara di feta 800 kwa botlhaba jwa Filipi, setlhopha sengwe sa banna se bolola go tswa mo motseng wa Lisetera kwa borwa jwa Galatia. Malatsi a le mmalwa moragonyana, ba goroga fa tseleng e kgolo ya Roma e e adilweng ka maje e e yang kwa bophirima jwa kgaolo ya Asia e e nang le batho ba le bantsi. Banna bano—Paulo, Silase le Timotheo—ba tlhoafaletse go tsamaya ka tsela eo gore ba etele kwa Efeso le kwa metseng e mengwe e batho ba le bantsintsi ba yone ba tlhokang go bolelelwa molaetsa o o kaga Keresete. Le fa go ntse jalo, pele ba ka simolola ka loeto lwa bone, moya o o boitshepo o ba thibela ka tsela nngwe e e sa tlhalosiwang mo Baebeleng gore ba se tsene moo. Ba kganelwa go rera mo Asia. Go reng? Jesu—a dirisa moya wa Modimo—o batla go kaela Paulo le batho ba a tsamayang le bone mo loetong lotlhe go ralala Asia Minor, Lewatle la Aegean le go ya kwa dintshing tsa noka e nnye ya Gangites.
3 Go na le dithuto dingwe tsa botlhokwa tse re ka ithutang tsone gompieno mo tseleng e Jesu a neng a kaela ka yone Paulo le batho ba a neng a tsamaya le bone mo loetong lono lo lo sa tlwaelegang lwa go ya kwa Makedonia. Ka jalo, a re sekasekeng dingwe tsa ditiragalo tse di neng tsa direga mo loetong lwa bobedi lwa ga Paulo lwa borongwa lo lo simolotseng mo e ka nnang ka 49 C.E.
“Modimo O ne A re Biditse” (Ditiro 16:6-15)
4, 5. (a) Paulo le batho ba a neng a tsamaya le bone ba ne ba diragalelwa ke eng fa ba le gaufi le Bithinia? (b) Barutwa ba ne ba dira eng, mme go ne ga felela jang?
4 Fa Paulo le batho ba a neng a tsamaya le bone ba ne ba thibelwa go rera mo Asia, ba ile ba ya go rera kwa borwa mo metseng ya Bithinia. Gore ba fitlhe koo, ba tshwanetse ba bo ba ile ba tsamaya malatsi a le mmalwa mo ditseleng tse di seng mo boemong jo bo siameng fa gare ga metse e e phatlaletseng e e nang le batho ba le bantsi e e mo dikgaolong tsa Feregia le Galatia. Le fa go ntse jalo, fa ba atamela Bithinia, Jesu o ne a dirisa moya o o boitshepo gape go ba thiba. (Dit. 16:6, 7) Mo lekgetlong leno, banna bano ba tshwanetse ba bo ba ile ba gakgamalela seno fela thata. Ba ne ba itse gore ba tla rera ka eng le gore ba tla rera jang, mme ba ne ba sa itse gore ba tla rera kae. Go ne go ntse jaaka e kete ba leka go kokota mo kgorong e e yang kwa Asia—mme ba itaya se fololetse. Ba ne ba kokotile le mo kgorong e e yang kwa Bithinia—mme le teng ba itaya se fololetse. Mme gone, Paulo o ne a ikemiseditse go nna a kokota go fitlha a bulelwa. Jaanong banna bano ba ne ba dira sengwe se se sa tlwaelegang. Ba retologela kwa bophirima mme ba tsamaya sekgala sa dikilometara di le 550, ba ntse ba feta metse go fitlha ba goroga kwa boemakepeng jwa Teroase, jo bo neng bo tla dira gore ba kgone go ya kwa Makedonia. (Dit. 16:8) Fa ba le koo, Paulo o ne a kokota lekgetlo la boraro, mme a bulelwa.
5 Mokwadi wa Efangele e bong Luke, yo o neng a tsamaya le setlhopha seno go tswa kwa Teroase, o tlhalosa se se diregileng jaana: “Bosigo Paulo o ne a bona ponatshegelo, monna mongwe wa kwa Makedonia o ne a eme foo a mo kopa a re: ‘Tla kwano mo Makedonia mme o re thuse.’ Fela fa a sena go bona ponatshegelo eo, re ne ra leka go ya kwa Makedonia, re lemoga gore Modimo o ne a re biditse gore re ye go ba bolelela dikgang tse di molemo.”a (Dit. 16:9, 10) Kgabagare, Paulo o ile a itse gore a rere kae. Ruri o tshwanetse a bo a ne a itumetse tota gonne a sa ka a latlhela seditse pele ba wetsa loeto lwa bone! Ka yone nako eo, banna bao ba banè ba ne ba tsamaya ka sekepe go ya kwa Makedonia.
6, 7. (a) Re ka ithuta eng mo go se se neng sa direga fa Paulo a ne a le mo loetong? (b) Dilo tse di neng tsa diragalela Paulo di re tlhomamisetsa eng?
6 Re ka ithuta eng mo pegong eno? Ela tlhoko: Fa Paulo a sena go ya kwa Asia, ke gone moya wa Modimo o neng wa tsereganya, fa Paulo a sena go atamela Bithinia, ke gone Jesu a neng a tsenelela, mme fa Paulo a sena go goroga kwa Teroase, ke gone Jesu a neng a mo kaela gore a ye kwa Makedonia. Le gompieno, Jesu a ka re kaela ka tsela e e tshwanang gonne e le ene Tlhogo ya phuthego. (Bakol. 1:18) Ka sekai, go ka tswa go fetile nako re ntse re akanyetsa go nna babulatsela kgotsa go fudugela kwa lefelong le go tlhokegang baboledi ba Bogosi thata kwa go lone. Le fa go ntse jalo, gongwe fa re sena go tsaya dikgato dingwe go fitlhelela mekgele ya rona, ke gone Jesu a ka re kaelang a dirisa moya wa Modimo. Ka ntlha yang? Akanya ka sekai seno: Mokgweetsi wa koloi a ka kgona go laola koloi gore e ye kafa molemeng kgotsa kafa mojeng, mme seo se ka direga fela fa koloi e tsamaya. Ka tsela e e tshwanang, Jesu o re kaela gore re oketse bodiredi jwa rona, mme seo se ka direga fela fa re tsaya kgato—fa re leka ka natla go fitlhelela mokgele wa rona.
7 Mme gone, go tweng fa maiteko a rona a sa atlege ka yone nako eo? A re tshwanetse go itlhoboga, re akanya gore moya wa Modimo ga o re kaele? Nnyaa. Se lebale gore Paulo le ene ga a ka a atlega ka yone nako eo. Le fa go ntse jalo, o ne a nna a kokota go fitlha kgabagare a bulelwa. Re ka tlhomamisega gore le rona re tla segofadiwa fa ka boitshoko re nna re batla ‘tshono e kgolo ya gore re direle Morena.’—1 Bakor. 16:9.
8. (a) Tlhalosa gore motse wa Filipi o ne o ntse jang. (b) Go ne ga nna le tiragalo efe e e itumedisang ka ntlha ya go rera ga ga Paulo kwa lefelong le ‘batho ba neng ba rapela’ kwa go lone?
8 Fa Paulo le batho ba a tsamayang le bone ba goroga mo kgaolong ya Makedonia, ba ne ba ya kwa Filipi—motse o baagi ba one ba neng ba le motlotlo go bo e le baagi ba Roma. Mo masoleng a Baroma a a neng a rotse tiro a a neng a nna kwa Filipi, lefelo leno le ne le dira gore ba ikutlwe e kete ba nna kwa Itali—e kete lefelo leno ke Roma e nnye e e beilweng mo Makedonia. Kwa ntle ga kgoro ya motse, go bapa le noka e tshesane, barongwa bano ba ne ba fitlhela lefelo le ba neng ba akanya gore “batho ba ne ba phuthegela kwa go lone gore ba rapele.”b Mo letsatsing la Sabata, ba ne ba ya kwa lefelong leo mme ba fitlhela basadi ba le mmalwa ba kokoane foo go tla go rapela Modimo. Barutwa ba ne ba nna fa fatshe mme ba bua le bone. Mosadi mongwe yo o bidiwang Lidia “o ne a reeditse, mme Jehofa o ne a bula pelo ya gagwe thata.” Se Lidia a neng a se utlwa mo barongweng bano se ne sa mo ama pelo mo ene le ba ntlo ya gagwe ba neng ba kolobediwa. Morago ga moo, o ne a pateletsa Paulo le batho ba a tsamayang le bone gore ba tle go nna kwa legaeng la gagwe.c—Dit. 16:13-15.
9. Batho ba le bantsi gompieno ba ile ba etsa jang sekao sa ga Paulo, mme ba ile ba nna le masego afe?
9 Akanya fela boitumelo jo bo neng jwa nna teng fa Lidia a kolobediwa! Ruri Paulo o tshwanetse a bo a ne a itumeletse gore o ne a amogela taletso ya go ‘ya kwa Makedonia’ le gore Jehofa o ne a mo dirisa, ene le batho ba a neng a tsamaya le bone go araba dithapelo tsa basadi bao ba ba boifang Modimo! Le gompieno, bakaulengwe ba le bantsi le bokgaitsadi—ba basha le ba ba godileng, ba ba mo lenyalong le ba ba seng mo go lone—ba fudugela kwa mafelong a baboledi ba Bogosi ba tlhokegang thata kwa go one. Ke boammaaruri gore ba kopana le mathata, mme mathata ano ga se sepe fa a bapisiwa le kgotsofalo e ba nnang le yone fa ba bona batho ba ba jaaka Lidia, ba ba amogelang molaetsa wa Baebele. A le wena o ka dira diphetogo dingwe mo botshelong jwa gago gore o kgone go ya kwa tshimong e go tlhokegang badiri ba ba oketsegileng kwa go yone? O tla bona masego a le mantsi fa o ka dira jalo. Ka sekai, akanya ka Aaron, mokaulengwe mongwe wa dingwaga di le 23 yo o neng a fudugela kwa nageng nngwe kwa Amerika Bogare. O ikutlwa ka tsela e batho ba le bantsi ba ba direlang kwa dinageng tse dingwe ba ikutlwang ka yone, a re: “Go direla kwa nageng e nngwe go nthusitse gore ke gole semoyeng ke bo ke atamalane thata le Jehofa. Ke itumelela tirelo ya tshimo fela thata—ke tshwara dithuto di le robedi tsa Baebele!”
“Boidiidi Jwa Batho bo ne Jwa ba Tlhasela” (Ditiro 16:16-24)
10. Badimona ba ile ba leka jang go kgoreletsa tiro ya ga Paulo le setlhopha se a neng a tsamaya le sone?
10 Ruri Satane o tshwanetse a bo a ne a tuka bogale tota ka gonne dikgang tse di molemo di ne di bolelwa mo lefelong le ene le badimona ba gagwe ba neng ba le laola. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo badimona ba ile ba dira gore Paulo le setlhopha se a neng a tsamaya le sone ba ganediwe mo tirong ya bone ya go rera! Fa Paulo le setlhopha se a neng a tsamaya le sone ba ya kwa lefelong la thapelo, mosetsana mongwe wa motlhanka yo o nang le ledimona, yo o neng a direla beng ba gagwe madi ka go bolelela dilo pele, o ne a nna a ba sala morago, a ntse a goa a re: “Banna bano ke batlhanka ba Modimo Mogodimodimo mme ba lo bolelela gore lo ka bolokwa jang.” Ledimona leno le ka tswa le ne le dira gore mosetsana yono a bue mafoko ano gore go bonale e kete dipolelelopele tsa gagwe le dithuto tsa ga Paulo di tswa mo motsweding o le mongwe. Ka tsela eo, batho ba ne ba tla tlhoma mogopolo mo go ene e seng mo balateding ba boammaaruri ba ga Keresete. Ka gone, Paulo o ne a didimatsa mosetsana yono ka go ntsha ledimona leno mo go ene.—Dit. 16:16-18.
11. Go ne ga direga eng ka Paulo le Silase fa ba sena go ntsha ledimona mo mosetsaneng wa motlhanka?
11 Fa beng ba mosetsana yono wa motlhanka ba lemoga gore lotseno lo ba neng ba lo bona motlhofo fela lo ile, ba ne ba shakgala tota. Ba ne ba gogela Paulo le Silase kwa marekisetsong, kwa bomagiseterata—badiredibagolo ba e neng e le baemedi ba Roma—ba neng ba tshwarela ditsheko gone. Ba ne ba ikuela mo baatlhoding ba ba tletseng tlhaolele le ba ba ratang naga ya bone, ba re: ‘Bajuda bano ba feretlha motse wa rona ka go ruta ditlwaelo tse rona Baroma re sa tshwanelang go di amogela.’ Mafoko a bone a ne a dira gore Paulo le Silase ba tseelwe kgato ka yone nako eo. “Boidiidi jwa batho [jo bo mo marekisetsong] bo ne jwa ba tlhasela,” mme bomagiseterata ba laela gore banna bano “ba itewe ka dithupa.” Go tswa foo, ba ne ba isiwa kwa kgolegelong. Modisa wa kgolegelo o ne a latlhela banna bano ba ba gobetseng mo kgolegelong e e kwa tengteng mme a bofelela dinao tsa bone mo disaneng. (Dit. 16:19-24) Fa a lotlela dikgoro, lefifi la teng le ne le le lentshontsho mo Paulo le Silase ba neng ba sa kgone le go bonana. Le fa go ntse jalo, Jehofa ene o ne a ntse a lebile.—Pes. 139:12.
12. (a) Barutwa ba ga Keresete ba ne ba leba pogiso jang, mme ka ntlha yang? (b) Satane le batho ba gagwe ba sa ntse ba dirisa mekgwa efe go ganetsa batho ba Modimo?
12 Dingwaga di le mmalwa pelenyana ga moo, Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Ba tla lo bogisa.” (Joh. 15:20) Ka jalo, fa Paulo le ditsala tsa gagwe ba ne ba ya kwa Makedonia, ba ne ba itse gore ba tla ganediwa. Fa ba bogisiwa, ga ba a ka ba tsaya seo e le sesupo sa gore Jehofa ga a ba amogele, go na le moo ba ne ba tsaya seo e le sesupo sa gore Satane o galefile. Le gompieno, batho ba ba dirisiwang ke Satane ba sa ntse ba dirisa mekgwa e e tshwanang le e e neng ya dirisiwa kwa Filipi. Baganetsi ba ba tsietsang ba bua maaka ka rona kwa sekolong le kwa mafelong a re berekang kwa go one, mme seo se dira gore re ganediwe. Kwa dinageng tse dingwe, baganetsi ba bodumedi ba re latofatsa le mo dikgotlatshekelong, tota ba re: ‘Basupi bano ba fudua setšhaba ka go ruta dithuto tse rona “ba re dumelang mo setsong” re ka se di amogeleng.’ Mo mafelong mangwe, badumedi ka rona ba a itewa le go latlhelwa mo kgolegelong. Mme gone, Jehofa o bona se se diregang.—1 Pet. 3:12.
“Ba Kolobediwa Kwantle ga go Diega” (Ditiro 16:25-34)
13. Ke eng se se neng sa dira gore modisa wa kgolegelo a botse gore: “Ke tshwanetse go dira eng gore ke bolokwe?”
13 Paulo le Silase ba tshwanetse ba bo ba ile ba tlhoka nako e e rileng gore ba amogele ditiragalo tse di tshosang tse di diregileng mo letsatsing leo. Le fa go ntse jalo, mo gare ga bosigo ba ne ba setse ba lebetse gore ba iteilwe, mo ba neng ba “rapela e bile ba baka Modimo ka pina.” Mme ka tshoganyetso, thoromo ya lefatshe e ne ya reketlisa kgolegelo! Modisa wa kgolegelo o ne a tsoga, a bona dikgoro tsa kgolegelo di butswe mme a boifa gore gongwe magolegwa ano a ne a tshabile. E re ka a ne a itse gore o ne a tlile go atlholelwa go bo a ba letlile go tshaba, “o ne a somola tšhaka ya gagwe a batla go ipolaya.” Mme Paulo o ne a goa a re: “O se ka wa ipolaya, ka gonne rotlhe re teng!” Modisa yo o tshogileng wa kgolegelo o ne a botsa a re: “Borra, ke tshwanetse go dira eng gore ke bolokwe?” Paulo le Silase ba ne ba ka se kgone go mmoloka; ke Jesu fela yo o neng a ka mmoloka. Ka jalo ba ne ba mo raya ba re: “Dumela mo go Morena Jesu mme o tla bolokwa.”—Dit. 16:25-31.
14. (a) Paulo le Silase ba ne ba thusa modisa wa kgolegelo jang? (b) Ke masego afe a Paulo le Silase ba ileng ba a bona ka ntlha ya go itshokela pogiso ka boipelo?
14 A modisa yono wa kgolegelo o ne a botsa potso eno go tswa pelong? Paulo ga a ka a belaela gore a ruri monna yono o ne a batla go itse. Modisa yono wa kgolegelo e ne e le Moditšhaba, a sa itse Dikwalo. Pele a ka nna Mokeresete, o ne a tshwanetse go ithuta dithuto tsa motheo tsa Dikwalo le go di amogela. Ka jalo Paulo le Silase ba ne ba dirisa nako eo go “mmolelela lefoko la ga Jehofa.” Banna bano ba ne ba tshwaregile thata jaana ka go ruta monna yono boammaaruri jwa Dikwalo, mo gongwe ba neng ba setse ba lebetse le ka botlhoko jo ba neng ba bo utlwa ka ntlha ya go itewa. Le fa go ntse jalo, modisa wa kgolegelo o ne a lemoga gore mekwatla ya bone e ne e gobetse, mme a tlhapisa dintho tsa bone. Mme ene le ba ntlo ya gagwe ba ne ba “kolobediwa kwantle ga go diega.” Ruri Paulo le Silase ba ile ba segofadiwa ka go bo ba ile ba itshokela pogiso ka boipelo!—Dit. 16:32-34.
15. (a) Gompieno Basupi ba le bantsi ba ile ba etsa jang sekao sa ga Paulo le Silase? (b) Ke eng fa re tshwanetse go nna re etela batho ba ba mo tshimong ya rona?
15 Fela jaaka Paulo le Silase, gompieno Basupi ba le bantsi ba ba neng ba tshwaretswe tumelo ya bone ba ile ba nna le matswela a a molemo fa ba rera dikgang tse di molemo mo kgolegelong. Ka sekai, nako nngwe diperesente di le 40 tsa Basupi botlhe ba ba neng ba nna mo nageng nngwe e tiro ya rona e neng e thibetswe kwa go yone, ba ne ba ithuta boammaaruri ka Jehofa fa ba ne ba le mo kgolegelong! (Isa. 54:17) Gape ela tlhoko gore modisa wa kgolegelo o ne a kopa go thusiwa fa go sena go nna le thoromo ya lefatshe. Ka tsela e e tshwanang, le gompieno batho bangwe ba pele ba neng ba sa batle go reetsa molaetsa wa Bogosi ba ka nna ba o amogela fela fa ba sena go tlhagelwa ke mathata mangwe a a ngomolang pelo. Fa gangwe le gape re nna re etela batho ba ba leng mo tshimong ya rona, re tla kgona go ba thusa ka nako ya fa ba tlaletswe.
“A Jaanong ba re Ntsha ka Sephiri?” (Ditiro 16:35-40)
16. Dilo di ne tsa fetoga jang letsatsi morago ga gore Paulo le Silase ba itewe?
16 Mo mosong wa letsatsi le le latelang, bomagiseterata ba ne ba laela gore Paulo le Silase ba gololwe. Mme Paulo o ne a re: “Ba ne ba re kgwathisa phatlalatsa re sa bonwa molato, mme gone re le Baroma, e bile ba ne ba re tsenya mo kgolegelong. A jaanong ba re ntsha ka sephiri? A ba tle ka bobone mme ba re ntshe.” E rile bomagiseterata ba utlwa gore banna bano ke baagi ba Roma, “ba ne ba tshoga thata,” gonne ba ne ba gatakile ditshwanelo tsa bone.d Dilo di ne di fetogile jaanong. Barutwa ba ne ba iteilwe phatlalatsa; jaanong bomagiseterata ba ne ba tshwanetse go kopa maitshwarelo phatlalatsa. Ba ne ba kopa Paulo le Silase gore ba tswe mo Filipi. Barutwa bano ba babedi ba ile ba dumela, mme gone ba ne ba batla go kgothatsa pele setlhopha se se golang sa barutwa ba basha. Ba ne ba tsamaya fa ba sena go se kgothatsa.
17. Barutwa ba basha ba ne ba ka ithuta thuto efe e e botlhokwa fa ba bona tsela e Paulo le Silase ba neng ba itshoka ka yone?
17 Fa ditshwanelo tsa ga Paulo le Silase ba e neng e le baagi ba Roma di ka bo di ile tsa tlotliwa, gongwe ba ka bo ba sa itewa. (Dit. 22:25, 26) Mme gone, seo se ne se ka nna sa dira gore barutwa ba kwa Filipi ba akanye gore banna bano ba dirisitse ditshwanelo tsa bone gore ba se ka ba boga ka ntlha ya ga Keresete. Seo se ne se ka ama jang tumelo ya barutwa ba e neng e se baagi ba Roma? Kana bone molao o ne o sa ba sireletse gore ba se ka ba itewa. Ka gone, fa Paulo le ditsala tsa gagwe ba ne ba itshokela go otlhaiwa, ba ne ba tlhomela badumedi ba basha sekao sa gore balatedi ba ga Keresete ba ka kgona go ema ba nitame le fa ba bogisiwa. Gape, fa Paulo le Silase ba ne ba bolela gore ke baagi ba Roma, seo se ne se dira gore batho ba bone gore se bomagiseterata bano ba se dirileng se ne se se kafa molaong. Mme seo se ne se ka dira gore ba se ka ba bogisa badumedi mmogo le Paulo le go ba sireletsa gore ba se tlhole ba tlhaselwa ka tsela e e tshwanang le mo isagweng.
18. (a) Gompieno balebedi ba Bakeresete ba etsa sekao sa ga Paulo jang? (b) Mo motlheng wa rona ke jang re ‘femelang dikgang tse di molemo fa pele ga balaodi gore di rerwe semolao’?
18 Gompieno, balebedi mo phuthegong ya Bokeresete le bone ba etelela pele ka go tlhoma sekao. Badisa bano ba Bakeresete ba iketleeditse go dira sepe fela se ba lebeletseng gore badumedi ka bone ba se dire. Mme fela jaaka Paulo, re nna kelotlhoko gore ke leng le gone ke jang re ka dirisang ditshwanelo tsa rona tsa semolao gore re kgone go itshireletsa. Fa go tlhokega, re ikuela kwa dikgotlatshekelong tsa lefelo la rona, tsa naga ya rona, tota le kwa dikgotlatshekelong tsa boditšhabatšhaba gore di re sireletse semolao gore re tswelele ka kobamelo ya rona. Boikaelelo jwa rona ga se go fetola melao ya naga, go na le moo ke go “femela dikgang tse di molemo fa pele ga balaodi gore di rerwe semolao,” fela jaaka Paulo a ile a kwalela phuthego ya kwa Filipi dingwaga di le lesome a sena go tsenngwa mo kgolegelong koo. (Bafil. 1:7) Le fa go ntse jalo, jaaka Paulo le ditsala tsa gagwe, re ikemiseditse go ‘bolela dikgang tse di molemo’ gongwe le gongwe fela kwa moya wa Modimo o re isang gone, go sa kgathalesege se se ka diregang kwa kgotlatshekelong.—Dit. 16:10.
a Bona lebokose le le reng, “Luke—Mokwadi wa Buka ya Ditiro”.
b Gongwe Bajuda ba ne ba sa letlwe go nna le sinagoge mo Filipi ka gonne motse ono e ne e le motse wa sesole. Kgotsa go ka tswa go ne go se na banna ba le lesome ba Bajuda mo motseng ono—e leng palo e e neng e tlhokega gore go nne le sinagoge.
c Bona lebokose le le reng, “Lidia—Yo o Rekisang Matsela a a Phepole”.
d Molao wa Roma o ne o laela gore ka metlha moagi wa Roma o ne a tshwanetse go sekisiwa pele, mme le ka motlha o ne a sa tshwanela go otlhaiwa phatlalatsa a ise a bonwe molato.